Kwa Bofelong Batho Botlhe ba Tla Nna le Matlo a a Siameng!
KAFA ntle fela ga Nairobi, kwa Kenya, go na le dikago tse dintle mo lefelong le le bidiwang Gigiri la United Nations le le thekeleditsweng la bogolo jwa diheketara di le 56, le mo go lone go nang le ntlokgolo ya UN-HABITAT. Dikago tseno di bontsha kafa dinaga di le dintsi di ikemiseditseng ka teng go rarabolola bothata jo bo mo lefatsheng lotlhe jwa go tlhaela ga matlo. Fa o ntse o tsamaya mo Tselaneng ya Paraka ya Gigiri, e le yone e fitlhelwang mo lefelong leno, o kgona go bona gore go ka fitlhelelwa go le gontsi tota fa go na le tirisanommogo e bile go na le madi a a lekaneng. Lefelo leno le pele e neng e le thotobolo fela ya matlakala le ile la baakanngwa gore le boe gape le bereke sentle le gore e nne lefelo le badiri ba teng le baeng ba itlosang bodutu mo go lone.
Le fa go ntse jalo, dikilometara di se kae fela go bapa le lone go na le mekhukhu e e sa tswang go tlhomiwa, e e oketsegang ka iketlo. Ke selo se se utlwisang botlhoko se se re gakololang fela kafa go leng thata ka teng go rarabolola bothata jwa gone jaanong jwa go tlhaela ga matlo. Mekhukhu e e agilweng ka mmu, dithupana le dithini e bogolo jwa disekweremetara di ka nna 16. Ditselana tse di mo gare ga yone di nkga bosula ka ntlha ya metsi a a leswe a a elelang mo go tsone. Batho ba ba nnang fano ba duelela metsi a bone go menagane ga tlhano go feta a a duelwang ke moagi yo o sa itsholelang go le kalo kwa United States. Bontsi jwa batho ba ba 40 000 ba ba nnang fano ba na le dingwaga tse di fa gare ga 20 le 40. Ga se gore ba ditshwakga kgotsa ba a itsemeletsa. Ba tlile fano ka gonne ba ne ba batlana le ditiro mo toropong e e fa gaufi ya Nairobi.
Go farologana le bone, baeteledipele ba lefatshe bone ba phuthegela mo lefelong le le phepa, le le siametseng go dirisiwa e bile le le lentle gore ba buisane ka isagwe ya banna, basadi le bana ba ba humanegileng bano ba ba nnang fela fa thoko ga lefelo leno le ba kopanetseng mo go lone. Go ya ka mokwaledikakaretso wa United Nations, selo se se kgobang marapo ke gore “lefatshe le na le dilo tse di tlhokegang, bokgoni le maatla” a go tokafatsa thata botshelo jwa batho ba ba nnang mo mekhukhung. Ke eng se se tshwanetseng go dirwa? Rre Annan o konela ka go re: “Ke solofela gore . . . mongwe le mongwe yo o amegang [a ka kgona] go fenya bothata jwa go se kgathalele dilo le go tlhoka boikemisetso mo go tsa sepolotiki, e leng dilo tse di ntseng di kgoreletsa kgatelopele.”
Le fa go ntse jalo, tsholofetso eo ke ya mmatota go le kana kang? Ke eng se se ka dirwang gore boradipolotiki ba ditšhabatšhaba le ba dinaga, ba tlogele dilo tse bone ba di kgatlhegelang mme ba batle tharabololo e e tla solegelang batho botlhe molemo? Go na le Mongwe yo o nang le dilo tsotlhe tse di tlhokegang, yo o nang le bokgoni le yo o nang le maatla a go fedisa bothata jo bo leng teng gone jaanong. Se se botlhokwa le go feta ke gore gape o na le kutlwelobotlhoko e bile o ikemiseditse go tsaya kgato mo bogautshwaneng. Tota e bile, puso ya gagwe e setse e na le thulaganyo e e feletseng e e tla rarabololang gotlhelele bothata jwa lefatshe lotlhe jwa go tlhaela ga matlo.
Thulaganyo e Ntšha ya Kago ya Matlo
Mo Baebeleng, Mmopi wa rona, Jehofa Modimo o re bolelela se a ikaeletseng go se dira. O solofetsa jaana: “Ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha.” (Isaia 65:17) Seno se tla felela ka diphetogo tse dikgolo. Puso e ntšha ya “magodimo” e tla kgona go dira se gone jaanong puso ya motho e palelwang ke go se dira. Bogosi kana puso ya Modimo, e tla tlhomamisa gore batho botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng le lesha ba na le botsogo jo bo siameng, ba sireletsegile e bile ba a itlotla. Isaia o ne a bolelelwa bogologolo gore batho ba ba batlang go nna maloko a lefatshe leno le lesha ba tla phuthiwa “kwa bofelong jwa metlha.” (Isaia 2:1-4) Seno se raya gore go gaufi thata gore diphetogo tseno di direge.—Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5.
Se se botlhokwa ke gore mo mafokong a a kwadilweng mo ditemaneng tse dingwe tsa Isaia kgaolo 65, Modimo o bolela ka tlhamalalo gore ka nako eo o tla abela mongwe le mongwe legae le a se nang go le amogiwa. A re: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele.” (Isaia 65:21, 22) Akanya fela kwa bofelong o setse o na le ntlo e e siameng e bile o nna mo tikologong e e phepa le mo maemong a a babalesegileng mo paradaiseng e ntle! Ke mang yo o sa tlhologelelweng maemo a a ntseng jalo? Mme gone o ka tlhomamisega jang ka se Modimo a se solofeditseng?
Tsholofetso E o Ka e Ikanyang
Fa Modimo a ne a bopa Adame le Efa kwa tshimologong, ga a ka a ba tlogela fela ba le mo thotobolong. Go na le moo, o ne a ba baya mo tshimong ya Edene, paraka e ntle e e neng e na le moya o o phepa, metsi a mantsi le dijo. (Genesise 2:8-15) Adame o ne a bolelelwa gore a “tlatse lefatshe,” mme e seng ka tsela e e feteletseng. (Genesise 1:28) Go tloga fela kwa tshimologong, Modimo o ne a ikaeletse gore ka nako eo mongwe le mongwe a itumelele go dirwa ga dilo ka tolamo, ka kutlwano le go itumelela ntletsentletse ya dilo tse di molemo.
Moragonyana, mo metlheng ya ga Noa, batho ba ne ba rata thubakanyo thata le boitsholo jo bo sa siamang. Ka gone “lefatshe le ne la senyega mo ponong ya Modimo wa boammaaruri.” (Genesise 6:11, 12) A Modimo o ne a itlhokomolosa seemo seno? Nnyaa. O ne a tsaya kgato ka bonako. O ne a phepafatsa lefatshe ka go tlisa Morwalela wa lefatshe lotlhe ka ntlha ya leina la gagwe le ka ntlha ya ga Noa yo o siameng le bana ba gagwe. Ka gone fa Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo arakeng ba bo ba tsena mo legaeng la bone le lesha, ba ne ba bolelelwa gape gore ba aname ba bo ‘ba ate ba ntsifale ba tlatse lefatshe.’—Genesise 9:1.
Le e leng moragonyana, Modimo o ne a naya Baiseraele boswa jo a neng a bo solofeditse rraabonemogologolwane e bong Aborahame. Lefatshe leo le le Solofeditsweng e ne e le ‘lefatshe le le molemo le le le bulegileng, le le elang ka mashi le tswina ya dinotshe.’ (Ekesodo 3:8) Ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga bone, Baiseraele ba ne ba kgarakgatshega mo nageng ba se na legae le le tlhomameng ka dingwaga di le 40. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ka gore kwa bofelong a ba neye lefatshe le ba tla nnang mo go lone. Pego e e tlhotlheleditsweng e bega jaana: “Jehofa a ba naya boikhutso mo tikologong yotlhe . . . Ga go na tsholofetso epe e e neng ya se ka ya diragadiwa mo tsholofetsong yotlhe e e molemo e Jehofa a neng a e solofeditse ntlo ya Iseraele; e ne ya diragadiwa yotlhe fela.”—Joshua 21:43-45.
Kwa Bofelong Mongwe le Mongwe o Tla Nna le Legae!
Ka gone go bonala sentle gore mafoko a ga Jehofa mo go Isaia kgaolo 65 ga se ditsholofetso fela tse di sa reng sepe. E re ka e le Mmopi wa dilo tsotlhe, ruri o na le maatla a go dira sepe fela se a tlhokang go se dira gore a phepafatse lefatshe le go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka lone. (Isaia 40:26, 28; 55:10, 11) Mo godimo ga moo, Baebele e re tlhomamisetsa gore o batla go dira jalo. (Pesalema 72:12, 13) O setse a kile a tlamela batho ba ba siameng ka matlo a a siameng mo nakong e e fetileng, mme go ise go ye kae o tla dira jalo gape.
Tota e bile, fa Morwawe, Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela gore ‘thato ya Modimo e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’ (Mathaio 6:10) O ne a bontsha gore lefatshe le tla nna paradaise. (Luke 23:43) Akanya ka se seno se tla se kayang. Go tla bo go sa tlhole go na le mekhukhu, batho ba ba robalang mo mebileng kgotsa ba ba lelekiwang mo magaeng a bone. A bo eo e tla bo e le nako e e itumedisang jang ne! Kwa bofelong, fa Bogosi jwa Modimo bo busa, mongwe le mongwe o tla nna le legae le le nnetseng ruri!
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]
MATLO A KWA ISERAELE WA BOGOLOGOLO
Go bonala sentle gore fela jaaka Bakanana ba ba neng ba le gone pele ga bone, Baiseraele ba ne ba rata matlo a a agilweng ka maje, e re ka a ne a tiile thata go gaisa a mangwe e bile a ba sireletsa le go feta mo bathong ba ba senyang. (Isaia 9:10; Amose 5:11) Le fa go ntse jalo, mo mafelong a a kwa tlase, go ne go agiwa matlo ka ditena tsa mmu tse di omisitsweng ka letsatsi kgotsa tse di besitsweng mo molelong. Bontsi jwa marulelo a teng a ne a le sephaphathi, mme ka dinako tse dingwe a na le kamore e nngwe mo marulelong. Gantsi go ne go nna le pesetso mo lolwapeng mme ka dinako tse dingwe go nna le sediba kgotsa bobolokelo jwa metsi.—2 Samuele 17:18.
Molao wa ga Moshe o ne o na le ditsela di le mmalwa tse di neng di tshwanetse go latelwa fa go agiwa ntlo. Ebu, pabalesego e ne e le selo sa botlhokwa thata. Borulelo jwa ntlo bo ne bo tshwanetse go agelwa lobota lo lo thekeletsang gore go se ka ga nna le dikotsi. Molao wa bolesome o ne o tlhagisa Baiseraele kgatlhanong le go eletsa ntlo ya mongwe ka bone. Motho ope fela yo o neng a batla go rekisa ntlo ya gagwe o ne a fetsa nako e e rileng a na le tshwanelo ya gore a ka boa a e reka gape.—Ekesodo 20:17; Lefitiko 25:29-33; Duteronome 22:8.
Gape ntlo kwa Iseraele e ne e le lefelo la botlhokwa la go ithuta dilo tsa semoya. Borre ba ne ba laetswe ka tlhamalalo gore ba rute bana ba bone melao ya Modimo fa ba ntse mo matlong a bone, mme ntlo e ne e sa tshwanela go nna le sepe fela se se amanang le kobamelo ya medingwana.—Duteronome 6:6, 7; 7:26.
[Setshwantsho]
Kwa Iseraele bogologolo, matlo a ne a dirisediwa dilo tsa semoya, tse di jaaka go ketekiwa ga Moletlo wa Diobo
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]
MATLO A BOGOLOGOLO
Baebele ga e re bolelele sepe malebana le gore motho wa ntlha Adame o ne a nna mo ntlong. Le fa go ntse jalo, Genesise 4:17 ya re Kaine ‘o ne a tshwarega mo go ageng motse mme a bitsa leina la motse oo ka leina la ga morwawe e bong Enoke.’ Go ya ka tsela e dilo di lejwang ka yone gompieno, motse ono go bonala e ne e le lefelo fela le go nniwang mo go lone le le thekeleditsweng. Pego eno ga e bolele gore go ne go na le matlo a mofuta ofe. Gongwe mo motseng ono otlhe go ne go nna fela ba lelapa la ga Kaine.
Bogologolo go ne go nniwa thata mo megopeng. Setlogolwana se sengwe sa ga Kaine e bong Jabale, o bidiwa go twe ke “mosimolodi wa ba ba nnang mo megopeng e bile ba na le diruiwa.” (Genesise 4:20) Go itshupa fela gore megope e ne e le motlhofo go e aga le go tsamaya ka yone fa o ntse o fuduga go tswa mo lefelong le lengwe go ya go le lengwe.
Ka yone nako eo, go ne ga simolola go nna le metse e e tlhabologileng thata e e neng e na le matlo a a manobonobo thata. Ka sekai, mo motseng wa Ure o tlhogo ya lotso e bong Aborame (Aborahame) a kileng a nna mo go one, matlotla a teng a bontsha gore batho bangwe ba ne ba nna mo matlong a manobonobo a a polasetarilweng le a a pentilweng bosweu a a nang le dikamore di le 13 kgotsa di le 14. Mongwe le mongwe o tshwanetse a bo a ne a eletsa go nna mo matlong a a ntseng jalo mo metlheng eo.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Modimo o solofetsa batho ba ba siameng matlo a a babalesegileng