DIPOTSO TSE DI TSWANG KWA BABADING
“Bomorwa Modimo wa boammaaruri” ba ba umakilweng mo go Genesise 6:2, 4 ba ba neng ba tshela pele ga Morwalela e ne e le bomang?
Go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore polelwana eno e kaya bomorwa Modimo ba moya. Mme gone go na le bosupi bofe?
Temana ya bobedi ya re: “Bomorwa Modimo wa boammaaruri ba simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha.”—Gen. 6:2.
Mo Dikwalong tsa Sehebera, dipolelwana “bomorwa Modimo wa boammaaruri” le “bomorwa Modimo” di tlhaga mo go Genesise 6:2, 4; Jobe 1:6; 2:1; 38:7; le Pesalema 89:6. Ditemana tseo di bontsha eng ka “bomorwa Modimo”?
Ga go pelaelo gore “bomorwa Modimo” ba re balang ka bone mo go Jobe 1:6 e ne e le dibopiwa tsa moya tse di neng di phuthegile fa pele ga Modimo. Mo gare ga bone go ne go na le Satane yo o neng a “kgarakgatshega mo lefatsheng.” (Jobe 1:7; 2:1, 2) Gape mo go Jobe 38:4-7, re bala ka “bomorwa Modimo” ba ba neng ba “goa ba baka,” fa Modimo a ne a ‘baya leje la sekhutlo’ mo lefatsheng. E tshwanetse ya bo e ne e le baengele ka gonne batho ba ne ba ise ba bopiwe ka nako eo. Ga go pelaelo gore “bomorwa Modimo” ba ba umakilweng mo go Pesalema 89:6 ga se batho, mme ke dibopiwa tsa moya tse di neng di na le Modimo kwa legodimong.
Ka jalo, “bomorwa Modimo wa boammaaruri” ba ba umakilweng mo go Genesise 6:2, 4 bone ke bomang? Go dumalana le dintlha tse di mo Baebeleng tse re sa tswang go tlotla ka tsone, go a utlwala go swetsa ka gore pego eno e bua ka bomorwa Modimo ba moya ba ba neng ba tla mo lefatsheng.
Bangwe ga ba dumele gore baengele ba ka nna le keletso ya tlhakanelodikobo. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 22:30 a bontsha gore lenyalo le tlhakanelodikobo ga di yo kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe baengele ba ne ba fetola mebele ya bone go nna batho, ba ja le e leng go nwa le batho. (Gen. 18:1-8; 19:1-3) Ka jalo, go a utlwala go swetsa ka gore fa ba ne ba le mo boemong joo, ba ne ba ka kgona go tlhakanela dikobo le basadi.
Go na le mabaka a a theilweng mo Baebeleng a go dumela gore baengele bangwe ba ne ba dira fela jalo. Jude 6, 7 e tshwantshanya boleo jwa banna ba kwa Sodoma ba ba neng ba latelela dikeletso tsa nama tse e seng tsa tlholego, le boleo jwa “baengele ba ba sa kang ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno.” Baengele bao le batho ba kwa Sodoma ba a tshwana ka gonne botlhe ba ne ba ‘dira kgokafalo mo go feteletseng mme ba sala nama morago gore ba e dirise ka tsela e e seng ya tlholego.’ Ntlha e e tshwanang le eo e e mo go 1 Petere 3:19, 20 e amanya baengele bao ba ba seng kutlo le ‘malatsi a ga Noa.’ (2 Pet. 2:4, 5) Ka jalo, se baengele ba ba seng kutlo ba mo malatsing a ga Noa ba neng ba se dira se ka tshwantshanngwa le boleo jwa kwa Sodoma le Gomora.
Go a utlwala gore re swetse ka gore “bomorwa Modimo wa boammaaruri” ba ba umakilweng mo go Genesise 6:2, 4 e ne e le baengele ba ba neng ba iphetotse batho mme ba dira boitsholo jo bo sa siamang le basadi.
Baebele ya re Jesu o ne a “rerela meya e e mo kgolegelong.” (1 Pet. 3:19) Seo se kaya eng?
Moaposetoloi Petere o ne a re meya eo ke e e neng “e kile ya ne e sa utlwe fa bopelotelele jwa Modimo bo ne bo letile mo malatsing a ga Noa.” (1 Pet. 3:20) Ga go pelaelo gore Petere o ne a bua ka dibopiwa tsa moya tse di neng tsa tlhopha go tsuologa le Satane. Jude o ne a umaka baengele ba ba “sa kang ba boloka boemo jwa bone jwa kwa tshimologong mme ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno,” a re Modimo “o ba beetse katlholo ya letsatsi le legolo mo lefifing le le kwenneng ka dikgole tsa bosakhutleng.”—Jude 6.
Dibopiwa tsa moya ga di a ka tsa nna kutlo ka tsela efe mo malatsing a ga Noa? Pele ga Morwalela, dibopiwa tseno tsa moya tse di boikepo di ne tsa iphetola batho—e leng sengwe se Modimo a neng a sa laela gore di se dire. (Gen. 6:2, 4) Mo godimo ga moo, baengele bao ba ba neng ba tlhakanela dikobo le basadi ba ne ba dira sengwe se e seng sa tlholego. Modimo o ne a sa bopa dibopiwa tsa moya gore di tlhakanele dikobo le basadi. (Gen. 5:2) Baengele bano ba ba boikepo, ba ba seng kutlo, ba tla senngwa ka nako e Modimo a e tlhomileng. Jaaka Jude a tlhalosa, gone jaanong ba mo boemong jwa ‘lefifi le le kwenneng’—le go ka tweng ke kgolegelo ya semoya.
Jesu o ne a rerela leng ‘meya eno e e mo kgolegelong’ mme gone jang? Petere o ne a re seno se diregile fa Jesu a sena go “tshedisiwa mo moyeng.” (1 Pet. 3:18, 19) Gape ela tlhoko gore Petere a re, Jesu ‘o ne a e rerela.’ Go bo Petere a dirisitse pakapheti go bontsha gore Jesu o ile a rera pele Petere a kwala lekwalo la gagwe la ntlha. Ka jalo, go bonala gore nako nngwe morago ga gore Jesu a tsosiwe, o ne a bolelela meya e e boikepo ka kotlhao e e tshwanetseng e meya eno e tlileng go e newa. Molaetsa wa ga Jesu e ne e se wa tsholofelo. E ne e le wa katlholo. (Jona 1:1, 2) Fa Jesu a sena go bontsha tumelo ya gagwe le boikanyegi go fitlha a swa a bo a tsosiwa—e leng bosupi jwa gore tota Diabolo o ne a ka se mo tshware—o ne a na le lebaka la go rera molaetsa o o ntseng jalo wa katlholo.—Joh. 14:30; 16:8-11.
Mo isagweng, Jesu o tla tshwara Satane le baengele bao, a bo a ba latlhela mo moleteng o o se nang bolekanngo. (Luke 8:30, 31; Tshen. 20:1-3) Go fitlha ka nako eo, meya eo e e seng kutlo e tla tswelela e le mo boemong jwa lefifi le le kwenneng la semoya, mme ga go pelaelo gore e tla fedisediwa ruri.—Tshen. 20:7-10.