Anaanela Mpho ya Botshelo E o E Abetsweng
‘Madi a ga Keresete a tla ntlafatsa digakolodi tsa rona mo ditirong tse di suleng gore re direle Modimo yo o tshelang tirelo e e boitshepo.’—BAHEBERA 9:14.
1. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore re tsaya botshelo bo le tlhwatlhwakgolo?
FA O ne o ka bodiwa gore o tsaya botshelo jwa gago bo le tlhwatlhwa e e kana kang, o ne o ka reng. Re tsaya botshelo bo le tlhwatlhwakgolo—jwa rona le jwa batho ba bangwe. Re bontsha seno ka go ya ngakeng fa re lwala kana ka go ya go itlhatlhoba nako le nako. Tota le bontsi jwa batho ba ba tsofetseng le ba ba golafetseng ga ba batle go swa; ba batla go nna ba tshela.
2, 3. (a) Diane 23:22 e gatelela boikarabelo bofe? (b) Modimo o akarediwa ka tsela efe mo boikarabelong jo bo tlhalosiwang mo go Diane 23:22?
2 Tsela e o lebang botshelo bo le botlhokwa ka yone e ama kamano ya gago le batho ba bangwe. Ka sekai, Lefoko la Modimo la re: “Reetsa rrago yo o dirileng gore o tsholwe, mme o se ka wa nyatsa mmago fela ka gonne a tsofetse.” (Diane 23:22) Go “reetsa” ga go kaye fela go utlwa mafoko; seane seno se kaya go utlwa mme go tswa foo o bo o ikobela se o se utlwang. (Ekesodo 15:26; Duteronome 7:12; 13:18; 15:5; Joshua 22:2; Pesalema 81:13) Ke lebaka lefe le Lefoko la Modimo le re nayang lone la go reetsa batsadi? Ga se fela gore batsadi ba gago ba bagolo mo go wena kana gore ba na le maitemogelo a a fetang a gago. Lebaka le le tlhalosiwang ke gore ba ‘dirile gore o tsholwe.’ Dithanolo dingwe di ranola temana eno jaana: “Reetsa rraago yo o go neileng botshelo.” Go a utlwala gore fa e le gore o tsaya botshelo bo le botlhokwa, o tla ikutlwa o ikarabela mo go yo o go neileng botshelo joo.
3 Ke boammaaruri gore, fa o le Mokeresete wa boammaaruri, o tsaya Jehofa e le ene Motswedi o mogolo wa botshelo jwa gago. Ke ka ene ‘o nang le botshelo;’ o kgonang go “tshikhinyega,” le go itshwara jaaka setshedi se se nang le maikutlo; mme jaanong ‘o gone’ e bile o kgona go akanya le go rulaganyetsa isagwe, go akaretsa le botshelo jo bo sa khutleng. (Ditiro 17:28; Pesalema 36:9; Moreri 3:11) Go dumalana le Diane 23:22, go siame go “reetsa” Modimo ka go mo ikobela, o eletsa go tlhaloganya tsela e a lebang botshelo ka yone go na le go bo leba ka tsela epe e sele.
Tlotla Botshelo
4.Go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya motho, go tlotla botshelo e ne ya nna selo se se tsewang se le botlhokwa ka tsela efe?
4 Go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya motho, Jehofa o ile ba bontsha batho ka tlhamalalo gore o ne a sa ba dumelela go dirisa botshelo (kana go se bo dirise sentle) ka mabaka ape fela. Kaine o ne a fedisa botshelo jwa ga monnawe yo o neng a se na molato e bong Abele ka ntlha ya go fekeediwa ke kgalefo e e tlhotlhelediwang ke lefufa. A o akanya gore Kaine o ne a na le tshwanelo ya go dira selo se se ntseng jalo? Modimo o ne a se ka a akanya jalo. O ne a dira gore Kaine a ikarabelele: “O dirileng? Reetsa! Madi a ga monnao a goela kwa go nna go tswa mo mmung.” (Genesise 4:10) Ela tlhoko gore madi a ga Abele a a tshololetsweng fa fatshe a ne a tshwantshetsa botshelo jwa gagwe, jo bo neng bo nyeleditswe ka tsela e e setlhogo pele ga nako, mme a ne a lelela Modimo gore a a busolosetse.—Bahebera 12:24.
5. (a) Ke thibelo efe e Modimo a neng a e tlhoma mo motlheng wa ga Noa, mme o ne a e beetse bomang? (b) Ke ka tsela efe thibelo eno e neng e le kgato e e botlhokwa?
5 Morago ga Morwalela, batho ba ne ba simolola dilo bosha e le batho ba le robedi fela. Mo mafokong a Modimo a neng a a lebisitse mo bathong botlhe, o ne a senola go le gontsi ka tsela e a lebang botshelo le madi di le botlhokwa ka yone. O ne a bolela gore batho ba ne ba ka ja nama ya diphologolo, le fa go ntse jalo a ba beela thibelo eno: “Phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang e e tshelang e ka nna ya nna dijo tsa lona. Jaaka go ntse ka dimela tse di tala, ke di lo naya tsotlhe. Fela nama e e nang le moya wa yone—madi a yone—lo se ka lwa e ja.” (Genesise 9:3, 4) Bajuda bangwe ba tsaya mafoko ao a kaya gore batho ba ne ba sa tshwanela go ja nama kana madi a phologolo e e sa ntseng e tshela. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya go ne go tla bonala sentle gore se Modimo a neng a se iletsa fano ke go ja madi ka boikaelelo jwa go iphepa ka one. Mo godimo ga moo, taelo e Modimo a neng a e neela Noa e ne e le kgato e e botlhokwa thata mo go diragatseng boikaelelo jwa gagwe jo bogolo jo bo akaretsang go dirisa madi—boikaelelo jo bo neng bo tla naya batho tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.
6. Modimo o ne a gatelela jang kafa a tsayang botshelo bo le botlhokwa ka teng a dirisa Noa?
6 Modimo o ne a tswelela jaana: “Madi a lona, a meya ya lona, ke tla a lopa. Ke tla a lopa mo seatleng sa sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang; ke tla lopa moya wa motho le mo seatleng sa motho, mo seatleng sa mongwe le mongwe yo e leng morwarraagwe. Ope fela yo o tshololang madi a motho, madi a gagwe ka esi a tla tshololwa ke motho, gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa gagwe.” (Genesise 9:5, 6) O ka lemoga go tswa mo mafokong ano a Modimo a neng a a lebisitse mo lelapeng lotlhe la motho gore o tsaya madi a motho a emela botshelo jwa gagwe. Mmopi o naya motho botshelo, mme ga go ope yo o tshwanetseng go fedisa botshelo joo jo bo tshwantshediwang ke madi. Fa go direga gore mongwe a bolaye motho jaaka go dirile Kaine, Mmopi o na le tshwanelo ya go “lopa” botshelo jwa mmolai yoo.
7. Ke eng fa re tshwanetse ra kgatlhegela taelo e Modimo a neng a e neela Noa malebana le madi?
7 Modimo ka mafoko ano a gagwe o ne a laela batho gore ba se ka ba dirisa madi ka tsela e e sa tshwanelang. A ga o ise o ipotse gore ke eng fa a ile a laela jalo? Ee, ke eng fa Modimo a ile a nna le pono e e ntseng jalo ka madi? Tota karabo e akaretsa nngwe ya dithuto tsa Baebele tse di botlhokwa go gaisa tsotlhe. Ke yone thuto ya konokono ya molaetsa o Bakeresete ba o bolelang, le mororo dikereke di le dintsi di e itlhokomolosa. Thuto eo ke efe, mme e ama jang botshelo jwa gago, ditshwetso le ditiro tsa gago?
Madi A ne A ka Dirisiwa Jang?
8. Mo thulaganyong ya Molao, Jehofa o ne a tlhoma thibelo efe malebana le go dirisa madi?
8 Jehofa o ne a tlhalosa dintlha ka botlalo kaga botshelo le madi fa a ne a neela Baiseraele Molao. Ka go dira jalo, o ne a tsaya kgato e nngwe gape go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. O ka tswa o itse gore Molao o ne o laela gore ba ntshetse Modimo ditlhabelo, ka dilo tse di jaaka, dijo tsa ditlhaka, leokwane le beine. (Lefitiko 2:1-4; 23:13; Dipalo 15:1-5) Gape go ne go na le ditlhabelo tsa diphologolo. Modimo o ne a laela jaana ka tsone: “Moya wa nama o mo mading, mme nna ka bonna ke a lo beetse mo sebesong gore lo direle meya ya lona tetlanyo, ka gonne madi ke one a dirang tetlanyo ka moya o o mo go one. Ke gone ka moo ke reileng bomorwa Iseraele ka re: ‘Moya ope wa lona o se ka wa ja madi.’” Jehofa o ne a oketsa ka go bolela gore fa mongwe, yo o jaaka motsomi kana molemi, a ne a ka bolaya phologolo go e ja, o ne a tshwanetse go tsholola madi a yone mme a a bipe ka mmu. Lefatshe ke sebeo sa dinao tsa Modimo, mme fa motho a ne a tshololela madi fa fatshe o ne a tla bo a bontsha gore o a tlhaloganya gore botshelo jwa phologolo eo bo boela kwa Moneibotshelong wa yone.—Lefitiko 17:11-13; Isaia 66:1.
9. Tsela e le yosi fela e Molao o neng o laela gore madi a dirisiwe ka yone ke efe, mme boikaelelo jwa gone e ne e le eng?
9 Molao oo e ne e se tlwaelo fela ya bodumedi e e se nang bokao bope mo go rona. A o etse tlhoko gore ke eng fa Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go ja madi? Modimo o ile a re: “Ke gone ka moo ke reileng bomorwa Iseraele ka re: ‘Moya ope wa lona o se ka wa ja madi.’” Lebaka e ne e le lefe? “Nna ka bonna ke a lo beetse mo sebesong gore lo direle meya ya lona tetlanyo.” A o kgona go lemoga gore seno se re naya lesedinyana malebana le gore ke eng fa Modimo a ne a laela Noa gore batho ga ba a tshwanela go ja madi? Mmopi o ne a dira tshwetso ya go tsaya madi a na le bokao jo bo botlhokwa thata, a letla gore a dirisiwe ka tsela e le yosi fela e e kgethegileng e e neng e tla boloka botshelo jwa batho ba le bantsi. A ne a tla nna le seabe sa botlhokwa mo go bipeng (mo go letlanyeng) maleo. Ka gone, mo thulaganyong ya Molao, Modimo o ne a letla gore madi a dirisiwe fela fa go ntshiwa setlhabelo go dira tetlanyo ya botshelo jwa Baiseraele, ba ba neng ba batla gore Jehofa a ba itshwarele maleo.
10. Ke eng fa madi a diphologolo a ne a ka se dire gore batho ba itshwarelwe maleo ka botlalo, mme ditlhabelo tse Molao o neng o laela gore di ntshiwe di ne di gopotsa batho eng?
10 Seo ga se farologane le thulaganyo ya Bokeresete. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ile a kwala jaana a bua ka thulaganyo eno ya Molao e e tlhomilweng ke Modimo: “Mo e ka nnang dilo tsotlhe di ntlafadiwa ka madi go ya ka Molao, mme kwantle ga fa madi a tsholotswe ga go boitshwarelo jo bo nnang gone.” (Bahebera 9:22) Paulo o ile a tlhalosa sentle gore ditlhabelo tse di neng di batlega di ne di sa dire gore Baiseraele e nne batho ba ba itekanetseng, ba ba se nang boleo. O ne a kwala jaana: “Ditlhabelo tseno di dira gore maleo a gakologelwe ngwaga le ngwaga, gonne ga go kgonege gore madi a dipoo le a dipodi a tlose maleo.” (Bahebera 10:1-4) Le fa go ntse jalo, ditlhabelo tse di ntseng jalo di ne di le botlhokwa. Di ne di gakolola Baiseraele gore e ne e le batho ba ba nang le boleo ba ba tlhokang sengwe se se golwane se se neng se tla dira gore maleo a bone a itshwarelwe. Mme gone fa madi a a neng a emela botshelo jwa diphologolo a ne a ka se kgone go bipa maleo a batho ka botlalo, a go ne go ka nna le madi ape a a neng a ka dira jalo?
Tharabololo ya Moneibotshelo
11. Re itse jang gore ditlhabelo tsa madi a diphologolo di ne di lebisitse go sengwe?
11 Tota Molao o ne o lebisa kwa go sengwe se se molemo go feta se se neng se tla dira gore thato ya Modimo e direge. Paulo o ile a botsa jaana: “Jaanong Molao e ne e le wa eng?” O ne a araba jaana: “Go ne ga okediwa ka one go dira gore ditlolo di bonatshege, go fitlha losika lo goroga lo tsholofetso e neng ya dirwa mo go lone; mme o ne wa fetisiwa ka baengele ka seatla sa motsereganyi [Moshe].” (Bagalatia 3:19) Paulo le ene o ne a kwala jaana: “Molao o na le moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang, mme e seng tsone dilo totatota.”—Bahebera 10:1.
12. Malebana le madi, re ka lemoga jang go senolwa kgato ka kgato ga boikaelelo jwa Modimo?
12 Go ya ka se re setseng re se sekasekile go fitlha fano, se lebale gore mo motlheng wa ga Noa, Modimo o ne a laela batho gore ba ne ba ka nna ba ja nama ya diphologolo, mme gone ba ne ba sa tshwanela go ja madi. Fa nako e ntse e ya, Modimo o ne a bolela gore “moya wa nama o mo mading.” Ee, o ne a tlhopha go leba madi e le a a emelang botshelo mme a bo a re: “Nna ka bonna ke a lo beetse mo sebesong gore lo direle meya ya lona tetlanyo.” Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a tlile go senola maikaelelo a gagwe ka tsela e e molemo. Molao e ne e le moriti wa dilo tse di molemo tse di neng di sa ntse di tla. Dilo dife?
13. Ke eng fa loso lwa ga Jesu lo ne lo le botlhokwa?
13 Selo seo sa mmatota se ne se ikaegile ka loso lwa ga Jesu Keresete. Re a itse gore Jesu o ne a bogisiwa le go kokotelwa mo koteng. O ne a bolawa jaaka sekebekwa. Paulo o ile a kwala jaana: “Keresete, fa re ne re sa ntse re le bokoa, o ne a swela batho ba e seng ba bomodimo ka nako e e tlhomilweng. . . . Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Baroma 5:6, 8) Fa Keresete a ne a re swela, o ne a re ntshetsa setlhabelo go bipa maleo a rona. Thekololo ke thuto ya konokono ya molaetsa o o bolelwang ke Bakeresete. (Mathaio 20:28; Johane 3:16; 1 Bakorintha 15:3; 1 Timotheo 2:6) Seno se amana jang le madi le botshelo, mme se ama botshelo jwa gago jang?
14, 15. (a) Dithanolo dingwe di gatelela jang loso lwa ga Jesu fa di ranola Baefeso 1:7? (b) Ke ntlha efe e e mo go Baefeso 1:7 e e ka nnang ya tlhokomologiwa?
14 Dikereke dingwe di gatelela loso lwa ga Jesu, balatedi ba tsone ba rata go bua dilo tse di jaaka, “Jesu o ntshwetse.” Ela tlhoko kafa dithanolo tse dingwe tsa Baebele di ranolang Baefeso 1:7 ka teng: “Ke ka ene e bile ke ka loso lwa gagwe re boneng kgololo, ke go re, go tlosiwa ga ditlolo tsa rona.” (The American Bible, ka Frank Scheil Ballentine, 1902) “Ka loso lwa ga Keresete re bona kgololo le go itshwarelwa maleo.” (Today’s English Version, 1966) “Ke ka Keresete le ka setlhabelo sa botshelo jwa gagwe go bo re golotswe, kgololo e e bolelang go itshwarelwa ga maleo.” (The New Testament, ka William Barclay, 1969) “Ke ka loso lwa ga Keresete go bo maleo a rona a itshwaretswe le go bo re golotswe.” (The Translator’s New Testament, 1973) O kgona go bona gore dithanolo tseno di gatelela loso lwa ga Jesu. Bangwe ba ka re, ‘mme gone loso lwa ga Jesu lo botlhokwa fela thata. Ka jalo, ke eng se se tlhaelang mo dithanolong tseno?’
15 Tota fa o ne o ka ikaega fela ka dithanolo tseno, o ne o ka nna wa tlhokomologa ntlha e e botlhokwa thata, mme seno se ne se ka lekanyetsa tsela e o tlhaloganyang molaetsa wa Baebele ka yone. Dithanolo tse di ntseng jalo ga di tlhagise ntlha ya gore mokwalo wa ntlhantlha wa Baefeso 1:7 o na le lefoko la Segerika le le kayang “madi.” Ka gone, dithanolo tsa Baebele di le dintsi, tse di jaaka Thanolo ya Lefatshe le Lesha, di nepile fa di ranola temana eno jaana: “Re gololwa ka thekololo ka madi a gagwe, ee, boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, go ya ka dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.”
16. Mafoko a a reng “ka madi a gagwe” a tshwanetse go gatelela eng mo mogopolong wa rona?
16 Mafoko a a reng “ka madi a gagwe” a na le bokao jo bogolo mme a tshwanetse go dira gore re akanye thata ka one. Go ne go sa tlhokege loso fela, tota le e leng lwa motho yo o itekanetseng Jesu. O ne a diragatsa se se neng se boleletswe pele mo Molaong, segolobogolo malebana le Letsatsi la Tetlanyo. Mo letsatsing leo le le kgethegileng, go ne go ntshiwa ditlhabelo ka diphologolo tse go laetsweng gore di dirisiwe. Go tswa foo moperesiti yo mogolo o ne a tsena ka mangwe a madi a tsone mo phaposing ya Boitshepo Jwa Maitshepo ya motlaagana kana tempele, go a isa fa pele ga Modimo jaaka e kete o a isa fa pele ga gagwe ka tsela ya mmatota.—Ekesodo 25:22; Lefitiko 16:2-19.
17. Jesu o ne a diragatsa jang se se neng se tshwantshediwa ke Letsatsi la Tetlanyo?
17 Jaaka fa Paulo a ile a tlhalosa, Jesu o ne a diragatsa se se neng se tshwantshediwa ke Letsatsi la Tetlanyo. Sa ntlha, o ne a umaka gore moperesiti yo mogolo kwa Iseraele o ne a tsena gangwe fela ka ngwaga mo lefelong la Boitshepo Jwa Maitshepo ka madi a ka one a neng ‘a ikisetsa tshupelo a bo a a isetsa le maleo a batho a botlhokakitso.’ (Bahebera 9:6, 7) Go dumalana le seo, fa Jesu a sena go tsosiwa e le motho wa moya, o ne a ya legodimong ka bolone. E re ka e ne e le moya, a se na mmele wa nama le madi, o ne a ka itlhagisa “gore a re bonalele fa pele ga Modimo.” O ne a neela Modimo eng? O ne a se ka a mo neela sengwe se se ka bonwang, go na le moo, o ne a mo neela sengwe se se nang le bokao jwa botlhokwa. Paulo o ne a tswelela jaana: “E rile Keresete a tla e le moperesiti yo mogolo . . . o ne a tsena, nnyaa, e seng ka madi a dipodi le a dipowana, mme ka madi a gagwe, a tsena gangwe felafela mo lefelong le le boitshepo mme a re bonela kgololo ya bosakhutleng. Gonne fa madi a dipodi le a dipoo . . . [a] itshepisa nama gore e nne phepa, madi a ga Keresete, yo ka moya wa bosakhutleng a neng a ikisa tshupelo kwa Modimong a se na molato, one a tla ntlafatsa digakolodi tsa rona mo ditirong tse di suleng go le kana kang gore re direle Modimo yo o tshelang tirelo e e boitshepo?” Ee, Jesu o ne a neela Modimo boleng jwa madi a gagwe.—Bahebera 9:11-14, 24, 28; 10:11-14; 1 Petere 3:18.
18. Ke eng fa mafoko a Baebele kaga madi a tshwanetse go nna botlhokwa mo Bakereseteng gompieno?
18 Boammaaruri jono jwa Modimo bo re thusa go tlhaloganya dikarolo tsotlhe tse di gakgamatsang tsa se Baebele e se buang ka madi—gore ke eng fa Modimo a a leba ka tsela e a a lebang ka yone, kafa re tshwanetseng go a leba ka teng, le gore ke eng fa re tshwanetse go tlotla thibelo e Modimo a re beetseng yone malebana le go dirisa madi. Fa o bala dibuka tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, o tla fitlhela gore gangwe le gape go buiwa ka madi a ga Keresete. (Bona lebokoso.) Seno se bontsha sentle gore Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dumela “mo mading a [ga Jesu].” (Baroma 3:25) Go itshwarelwa ga maleo a rona le go nna le kagiso le Modimo go ka kgonega fela ‘ka madi a Jesu a a tsholotseng.’ (Bakolosa 1:20) Ruri go ntse jalo ka ba Jesu a ileng a dira kgolagano e e kgethegileng le bone ya gore ba buse le ene kwa legodimong. (Luke 22:20, 28-30; 1 Bakorintha 11:25; Bahebera 13:20) Go ntse jalo le ka “boidiidi jo bogolo” gompieno, ba ba tla falolang “pitlagano e kgolo” e e tlang le go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng ya mo lefatsheng. Ka tsela ya tshwantshetso, ba ‘tlhatswa diaparo tsa bone tse di telele mo mading a Kwana.’—Tshenolo 7:9, 14.
19, 20. (a) Ke eng fa Modimo a ile a tlhopha go thibela go dirisiwa ga madi, mme re tshwanetse go ikutlwa jang ka gone? (b) Re tshwanetse go kgatlhegela go itse eng?
19 Ga go pelaelo gore, madi a na le bokao jo bo kgethegileng mo Modimong. Go tshwanetse ga nna jalo le ka rona. Mmopi, yo o amegileng ka botshelo, o na le tshwanelo ya go beela batho thibelo malebana le se ba ka se dirang ka madi. E re ka a ne a amega thata ka botshelo jwa rona, o ne a batla gore madi a dirisiwe ka tsela e le yosi fela e e botlhokwa thata, tsela e e leng yone fela e e dirang gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. Tsela eo e ne e akaretsa madi a a botlhokwa a ga Jesu. A bo re tshwanetse go leboga thata jang ne go bo Jehofa Modimo a ile a tsaya kgato ka tsela e e re solegelang molemo ka go dirisa madi—madi a ga Jesu—ka tsela eno e e bolokang botshelo! Mme a bo re tshwanetse go leboga Jesu thata jang ne ka go bo a ile a intsha setlhabelo ka go letla gore madi a gagwe a tshololwe mo boemong jwa rona! Ruri re ka kgona go tlhaloganya lebaka la go bo moaposetoloi Johane a ile a re: “A yo o re ratang le yo o re golotseng mo maleong a rona ka madi a gagwe—mme o ne a dira gore re nne bogosi, baperesiti ba Modimo wa gagwe le Rara—ee, a nne le kgalalelo le thata ka bosaengkae. Amen.”—Tshenolo 1:5, 6.
20 Modimo wa rona yo o botlhale jo bogolo le Moneibotshelo wa rona ga a bolo go akanyetsa thulaganyo eno e e bolokang botshelo. Ka gone, re ka botsa jaana, ‘Seno se tshwanetse go ama jang ditshwetso tsa rona le ditiro tsa rona?’ Setlhogo se se latelang se tla araba potso eno.
O ne O ka Araba Jang?
• Re ka ithuta eng mo pegong ya ga Abele le ya ga Noa ka tsela e Modimo a lebang madi ka yone?
• Mo Molaong, ke thibelo efe e Modimo a neng a e tlhoma malebana le go dirisa madi, mme ka ntlha yang?
• Jesu o ne a diragatsa jang se se neng se tshwantshediwa ke Letsatsi la Tetlanyo?
• Madi a ga Jesu a ka boloka botshelo jwa rona ka tsela efe?
[Lebokoso mo go tsebe 18]
KE MADI AFE A A BOLOKANG BOTSHELO?
“Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone, gore lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.”—Ditiro 20:28.
“Jalo, e re ka jaanong re boletswe re le ba ba siameng ka madi a gagwe, re tla bolokwa segolobogolo ka ene mo tšhakgalong.”—Baroma 5:9.
“Lo ne lo se na tsholofelo e bile lo se na Modimo mo lefatsheng. Mme jaanong lo le seoposengwe le Keresete Jesu lona ba lo kileng lwa bo lo le kgakala thata lo simolotse go nna gaufi ka madi a ga Keresete.”—Baefeso 2:12, 13.
“Modimo o ne a bona go le molemo gore botlalo jotlhe bo nne mo go ene, le go letlanyetsa gape dilo tsotlhe tse dingwe ka ene ka go dira kagiso ka madi ao a a tsholotseng mo koteng ya tlhokofatso.”—Bakolosa 1:19, 20.
“Jalo, bakaulengwe, . . . re na le bopelokgale jwa tsela ya go tsena mo lefelong le le boitshepo ka madi a ga Jesu.”—Bahebera 10:19.
“Lo ne lwa gololwa mo mokgweng wa lona wa boitshwaro o o se nang maungo o lo o amogetseng ka ngwao mo go borraalonamogologolwane . . . . Mme e ne e le ka madi a a tlhokegang, a a tshwanang le a kwanyana e e se nang molato e bile e se na selabe, one a ga Keresete.”—1 Petere 1:18, 19.
“Fa re tsamaya mo leseding jaaka ene ka boene a le mo leseding, re na le kabalano mongwe go yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwawe a re phepafatsa mo boleong jotlhe.”—1 Johane 1:7.
“O a tshwanela go tsaya lokwalo lwa momeno o ba o bula dikano tsa lone, ka gonne o ne wa tlhabiwa mme ka madi a gago o ne wa rekela Modimo batho ba tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.”—Tshenolo 5:9.
“Molatofatsi wa bakaulengwe ba rona o piriganyeditswe kwa tlase . . . Mme ba ne ba mo fenya ka ntlha ya madi a Kwana le ka ntlha ya lefoko la go neela bosupi ga bone.”—Tshenolo 12:10, 11.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Modimo o ne a dirisa Molao gore go bonale sentle gore madi a ne a ka dira gore batho ba itshwarelwe maleo
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Ka madi a ga Jesu, matshelo a batho ba le bantsi a ne a ka bolokwa