Aborahame—Sekao sa Tumelo
“[Aborahame e ne e le] rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.”—BAROMA 4:11.
1, 2. (a) Gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba gakologelwa Aborahame ka eng? (b) Ke eng fa Aborahame a bidiwa “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo”?
E NE e le rremogologolwane wa setšhaba se segolo, e le moporofeti, e le rakgwebo, e le moeteledipele. Le fa go ntse jalo, gompieno Bakeresete ba mo gakologelwa thata ka nonofo e e neng ya tlhotlheletsa Jehofa Modimo go mo tsaya e le tsala—tumelo ya gagwe e e sa reketleng. (Isaia 41:8; Jakobe 2:23) Leina la gagwe e ne e le Aborahame, mme Baebele e mmitsa “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.”—Baroma 4:11.
2 A banna ba ba neng ba tshela pele ga Aborahame ba ba jaaka Abele, Enoke le Noa, ba ne ba se ka ba bontsha go nna le tumelo? Ee, mme gone ke Aborahame yo go neng ga dirwa kgolagano le ene gore go segofadiwe ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe. (Genesise 22:18) Ka gone, ka tsela ya tshwantshetso o ne a nna rre wa botlhe ba ba neng ba tla dumela mo Losikeng lo lo solofeditsweng. (Bagalatia 3:8, 9) Ka jalo Aborahame a ka tsewa e le rraarona ka gonne tumelo ya gagwe ke sekao se re ka se etsang. Botshelo jotlhe jwa gagwe bo ka tsewa bo supa tumelo ka gonne bo ne bo tletse ka diteko tse dintsi. Ee ruri, nako e telele pele ga Aborahame a lebana le se re ka reng ke teko e kgolo go gaisa tsotlhe—taelo ya gore a ntshe morwawe Isake setlhabelo—o ne a supa go nna le tumelo mo ditekong di le dintsi tse di potlana. (Genesise 22:1, 2) Mma jaanong re sekaseke dingwe tsa diteko tseno tsa pele tse Aborahame a neng a lebana le tsone mme re bone se di ka re rutang sone.
O Laelwa go Tswa Kwa Ure
3. Baebele e re bolelela eng ka botshelo jwa ga Aborahame?
3 Baebele e simolola go umaka Aberame (yo moragonyana a neng a itsege e le Aborahame) mo go Genesise 11:26, e e reng: “Tera a tswelela go tshela dingwaga di le masome a supa, tse morago ga tsone a neng a nna rraagwe Aberame, Nahore le Harana.” Aberame e ne e le setlogolwana sa ga Sheme yo o neng a boifa Modimo. (Genesise 11:10-24) Go ya ka Genesise 11:31, Aberame o ne a nna le lelapa la gaabo kwa lefelong le le neng le humile la “Ure wa Bakaladia,” motse o o kileng wa bo o le kwa botlhaba jwa Noka ya Euferatese.a Ka gone, ga a gola e le mokgarakgatshegi yo o nnang mo megopeng, go na le moo, e ne e le moagi wa motsesetoropo o o neng o humile thata. Motho o ne a ka reka dilo tse di tswang kwa dinageng di sele mo marekisetsong a Ure. Go ne go na le matlo a mantle a magolo a diphaposi di le 14 a a nang le diphaepe tsa metsi, a agilwe ka go tlhomagana mo mebileng ya teng.
4. (a) Ke dikgwetlho dife tse Ure e neng e di bakela baobamedi ba Modimo wa boammaaruri? (b) Go ne ga tla jang gore Aberame a bontshe tumelo mo go Jehofa?
4 Kwantle ga dikhumo tsa yone, Ure gape e ne e bakela motho ope fela yo o neng a direla Modimo wa boammaaruri kgwetlho e kgolo. E ne e le motse o o neng o tseneletse thata mo kobamelong ya medingwana le tumelobotlhodi. Popego ya naga ya teng e ne e tletse ka dikago tse di goletseng kwa godimo tse di neng di dirisiwa go tlotla modimo wa ngwedi e bong Nanna. Ga go pelaelo gore Aborahame o ne a lebana le kgatelelo e kgolo ya gore a nne le seabe mo kobamelong eno e e boikepo, gongwe e bile a gatelelwa jalo ke bangwe ba losika lwa gagwe. Go ya ka dikwalo dingwe tsa bogologolo tsa Bajuda, rraagwe Aberame e bong Tera, e ne e le modiri wa medingwana ka boene. (Joshua 24:2, 14, 15) Le fa maemo e ka tswa e ne e le afe, Aberame e ne e se moobamedi wa kobamelo ya maaka. Rraagwemogolo yo o neng a setse a tsofetse e bong Sheme o ne a sa ntse a tshela mme ga go pelaelo gore o ne a mo abela kitso e a nang le yone ka Modimo wa boammaaruri. Ka ntlha ya seno, Aberame o ne a bontsha go dumela mo go Jehofa e seng mo go Nanna!—Bagalatia 3:6.
O Lekwa Tumelo
5. Ke taelo efe le tsholofetso efe e Modimo a neng a e neela Aberame fa a ne a sa ntse a le kwa Ure?
5 Tumelo ya ga Aberame e ne e tlile go lekwa. Modimo o ne a iponatsha mo go ene mme a mo laela jaana: “Tswa mo nageng ya gaeno le mo go ba losika lwa gago le mo ntlong ya ga rraago o ye kwa nageng e ke tla e go bontshang; mme ke tla dira setšhaba se segolo ka wena e bile ke tla go segofatsa mme ke tla dira gore leina la gago le nne legolo; ke bo ke go supa o le tshegofatso. Ke tla segofatsa ba ba go segofatsang, mme yo o go hutsang ke tla mo hutsa, mme malapa otlhe a lefatshe ruri a tla itshegofatsa ka wena.”—Genesise 12:1-3; Ditiro 7:2, 3.
6. Ke eng fa go ile ga tlhoka Aberame tumelo e kgolo go tswa kwa Ure?
6 Aberame o ne a godile e bile a se na bana. O ne a ka nna jang “setšhaba se segolo”? Mme naga eno e o neng a laetswe go ya kwa go yone e ne e le kae? Modimo o ne a se ka a mmolelela ka nako eo. Ka gone, go ne ga tlhoka Aberame tumelo e kgolo go tlogela Ure e e humileng le manobonobo a yone. Buka ya Family, Love and the Bible e akgela jaana malebana le metlha ya bogologolo: “Kotlhao e e botlhoko go gaisa tsotlhe e e neng e ka newa mongwe mo lelapeng yo o dirileng tlolomolao e e masisi e ne e le go mo leleka mo lelapeng, a sa tlhole e nna ‘leloko’ la lelapa. . . . Ke gone ka moo kgato e e tserweng ke Aborahame e neng e le go bontsha kutlo le go ikanya Modimo ka tsela e e sa tshwaneng le epe, fa a ne a ikobela taelo ya Modimo ka go tswa mo nageng ya gaabo a bo a kgaogana le batho ba gaabo.”
7. Gompieno Bakeresete ba ka lebana jang le diteko tse di tshwanang le tsa ga Aberame?
7 Bakeresete le bone ba ka lebana le diteko tse di ntseng jalo gompieno. Fela jaaka Aberame, re ka ikutlwa re gatelelwa go tsaya dikhumo di le botlhokwa go feta dilo tsa puso ya Modimo. (1 Johane 2:16) Re ka nna ra ganediwa ke ba lelapa ba e seng badumedi go akaretsa le ba losika ba ba kgaotsweng, ba ba ka nnang ba leka go re ngoka go dira botsala jo bo sa siamang. (Mathaio 10:34-36; 1 Bakorintha 5:11-13; 15:33) Ka gone, Aberame o ne a re tlhomela sekao se se molemo. O ne a dira gore botsala jwa gagwe le Jehofa bo nne botlhokwa go feta sepe se sele—tota le e leng go feta ba lelapa. O ne a sa itse sentle ka tlhomamo gore ditsholofetso tsa Modimo di ne di tla diragadiwa jang, leng kgotsa kae. Le fa go ntse jalo, o ne a iketleeleditse go dira gore botshelo jwa gagwe bo ikaege thata ka ditsholofetso tseo. A bo seno e le kgothatso e e molemo jang ne gore re dire gore Bogosi e nne jone jo bo tlang pele mo botshelong jwa rona!—Mathaio 6:33.
8. Tumelo ya ga Aberame e ile ya ama jang ba lelapa la gagwe, mme Bakeresete ba ka ithuta eng mo go seno?
8 Go tweng ka ba lelapa la ga Aberame? Go bonala tumelo ya ga Aberame e ile ya nna le tlhotlheletso e kgolo mo go bone, ka gonne mosadi wa gagwe e bong Sarai, le Lote morwa monnawe yo e neng e le khutsana ba ne ba tlhotlheletsega go ikobela taelo ya Modimo mme ba tswa kwa Ure. Monnawe Aberame e bong Nahore le bangwe ba bana ba gagwe moragonyana ba ne ba fuduga kwa Ure mme ba ya go nna kwa Harana, koo ba neng ba fitlha ba obamela Jehofa teng. (Genesise 24:1-4, 10, 31; 27:43; 29:4, 5) Ebu, tota le rraagwe Aberame e bong Tera o ne a dumela go fuduga le morwawe! Ke gone ka moo Baebele e mo nayang tlotlo jaaka tlhogo ya lelapa gore ke ene yo o neng a fudugela kwa Kanana. (Genesise 11:31) A le rona re ka se ka ra atlega fa re neela ba masika a rona bosupi ka botlhale?
9. Aberame o ne a tshwanelwa ke go dira dithulaganyo dife tsa mosepele, mme ke eng fa seo se ka tswa se ile sa mo tlhoka go intsha setlhabelo?
9 Pele Aberame a simolola mosepele, o ne a na le dilo tse dintsi go di dira. O ne a tshwanelwa ke go rekisa ntlo ya gagwe le dithoto mme a reke megope, dikamela, dijo le didirisiwa tse a neng a tla di tlhoka. Aberame o tshwanetse a bo a ile a latlhegelwa ke madi mangwe ka ntlha ya go dira dithulaganyo tseo tsa lepotlapotla, mme gone, o ne a itumelela go ikobela Jehofa. A bo e tshwanetse ya bo e ile ya nna letsatsi le le itumedisang jang ne fa Aberame a sena go wetsa dithulaganyo mme ene le mokoloko wa ba a neng a sepela le bone ba ema kwa ntle ga dipota tsa Ure ba letetse go tsaya mosepele! Mokoloko oo o ne wa tsaya mosepele go ya ntlheng ya bokonebophirima o iphaphathile le Noka ya Euferatese. Morago ga go fetsa dibeke ba le mo mosepeleng, ba tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 1 000, ba ne ba fitlha mo motseng o o kwa bokone jwa Mesopotamia o o bidiwang Harana, o mekoloko ya batsamai e neng e rata thata go fapogela mo go one.
10, 11. (a) Lebaka le le dirileng gore Aberame a fitlhe a nne ka nakwana kwa Harana e ka tswa e le lefe? (b) Ke kgothatso efe e e ka newang Bakeresete ba ba tlhokomelang batsadi ba bone ba ba godileng?
10 Aberame o ne a fitlha a nna kwa Harana, gongwe e le ka ntlha ya go akanyetsa rraagwe yo o neng a setse a godile e bong Tera. (Lefitiko 19:32) Bakeresete ba le bantsi gompieno le bone ba na le tshiamelo ya go tlhokomela batsadi ba bone ba ba godileng kana ba ba lwalang, bangwe e bile ba tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe gore ba kgone go dira jalo. Fa seno se tlhokega, batho bano ba ka tlhomamisega gore go intsha setlhabelo jalo ka lorato go “a amogelesega mo ponong ya Modimo.”—1 Timotheo 5:4.
11 Nako e ne ya feta. “Malatsi a ga Tera a ne a nna dingwaga di le makgolo a mabedi le botlhano. Morago ga moo Tera a swela mo Harana.” Aberame o tshwanetse a bo a ile a hutsafadiwa thata ke loso lwa gagwe, mme e ne ya re fa nako ya khutsafalo e sena go feta, o ne a tloga koo ka bonako. “Aberame o ne a le dingwaga di le masome a supa le botlhano fa a ne a tswa mo Harana. Ka jalo Aberame a tsaya Sarai mosadi wa gagwe le Lote morwa wa ga morwarraagwe le dithoto tsotlhe tse ba neng ba di kokoantse le meya e ba neng ba e bapetse mo Harana, mme ba tswa ba tsena mo tseleng ba ya kwa lefatsheng la Kanana.”—Genesise 11:32; 12:4, 5.
12. Aberame o ne a dira eng fa a le kwa Harana?
12 Go a kgatlha go lemoga gore fa Aberame a le kwa Harana, o ne a ‘kokoanya dithoto.’ Le fa Aberame a ile a itima dithoto di le dintsi gore a fuduge kwa Ure, o ne a tswa kwa Harana e le monna yo o humileng. Ga go pelaelo gore seno e ne e le ka ntlha ya masego a Modimo. (Moreri 5:19) Le fa gompieno Modimo a sa solofetse batho botlhe ba gagwe gore o tla ba humisa, o a ikanyega mo tsholofetsong ya gagwe ya gore batho ba ba tlogelang ‘magae a bone, bomorwarraabone, kana bomorwadiarraabone’ ka ntlha ya Bogosi, o tla ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. (Mareko 10:29, 30) Gape Aberame o ne a ‘bapala meya,’ ke gore, setlhopha sa batlhanka. Mekwalo ya Jerusalem Targum le Chaldee Paraphrase e bolela gore Aberame o ile ‘a ba dira basokologi.’ (Genesise 18:19) A tumelo e o nang le yone e go tlhotlheletsa go bua le baagelani ba gago, badirikawena, kana ba o tsenang sekolo le bone? Go na le gore Aberame a fitlhe a iketle kwa Harana le go lebala ka taelo ya Modimo, o ne a dirisa nako e a neng a le koo ka yone ka tsela e e molemo. Mme gone, nako ya gagwe koo e ne e fedile. “Foo Aberame a tsamaya fela jaaka Jehofa a buile le ene.”—Genesise 12:4.
Ka Kwa ga Euferatese
13. Aberame o ne a kgabaganya Noka ya Euferatese leng, mme bokao jwa tiragalo eno e ne e le eng?
13 Aberame o ne a tshwanelwa ke go tsaya mosepele gape. Mokoloko wa gagwe o ne wa tswa kwa Harana o ya kwa bophirima, o tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 90. Go ka direga gore Aberame o ne a fitlha a nna go sekae kwa Karakemishe, e bogologolo e neng e le lefelo le legolo la kgwebo le le neng le le ka kwa ga Euferatese. E ne e le lefelo la konokono le mekoloko ya batsamai e neng e kgabaganya fa go lone.b Mokoloko wa ga Aberame o ne wa kgabaganya noka eno leng? Baebele e bontsha gore o ne a kgabaganya foo dingwaga di le 430 pele ga Phudugo ya Bajuda kwa Egepeto ka Nisane 14, 1513 B.C.E. Ekesodo 12:41 ya re: “Go ne ga diragala kwa bokhutlong jwa dingwaga di le makgolo a manè le masome a le mararo, go ne ga ba ga diragala mo go lone letsatsi leno gore masomosomo otlhe a ga Jehofa a tswe mo lefatsheng la Egepeto.” Ka gone, go bonala kgolagano ya ga Aborahame e ile ya simolola go dira ka Nisane 14, 1943 B.C.E., fa ka boikokobetso Aberame a ne a kgabaganya Euferatese.
14. (a) Aberame o ne a kgona go bona eng ka matlho a gagwe a tumelo? (b) Gompieno batho ba Modimo ba lesego go feta Aberame ka tsela efe?
14 Aberame o ne a tlogetse motse o o humileng. Le fa go ntse jalo, jaanong o ne a ka kgona go bona ka leitlho la mogopolo “motse o o nang le metheo ya mmatota,” puso e e tla busang batho ka tshiamo. (Bahebera 11:10) Ee, le fa Aberame a ne a na le tshedimosetso e nnye fela, o ne a simolola go tlhaloganya dintlha tsa motheo tsa maikaelelo a Modimo a go golola batho ba ba swang. Gompieno re lesego go bo re tlhaloganya maikaelelo a Modimo ka tsela e e botoka thata go feta Aberame. (Diane 4:18) Gone jaanong “motse,” kana puso ya Bogosi, e Aberame a neng a e solofetse ke selo se se setseng se le teng—e ne ya tlhomiwa kwa magodimong go tloga ka 1914. Ka gone, a seno ga se a tshwanela go re tlhotlheletsa go dira dilo tse di supang tumelo le go ikanya Jehofa?
Go Jaka mo Nageng e e Solofeditsweng
15, 16. (a) Ke eng fa go ne go tlhokega bopelokgale gore Aberame a agele Jehofa sebeso? (b) Gompieno Bakeresete ba ka nna pelokgale jang jaaka Aberame?
15 Genesise 12:5, 6 e re bolelela jaana: “La bofelo ba goroga mo lefatsheng la Kanana. Mme Aberame a ralala lefatshe leo go ya go fitlha kwa Shekema, gaufi le ditlhare tse dikgolo tsa More.” Shekeme e ne e le dikilometara di le 50 kwa bokone jwa Jerusalema mme e ne e le mo mokgatsheng o o nonneng o o ileng wa tlhalosiwa e le “paradaise ya naga e e boitshepo.” Le fa go le jalo, “ka nako eo Mokanana o ne a le mo lefatsheng leo.” Aberame o ne a tshwanelwa ke go tsaya matsapa a go sireletsa lelapa la gagwe mo tlhotlheletsong e e bosula e re ka Bakanana ba ne ba na le boitsholo jo bo maswe.—Ekesodo 34:11-16.
16 E ne e le lekgetlo la bobedi fa “Jehofa a bonala kwa go Aberame a re: ‘Ke tlile go naya losika lwa gago lefatshe leno.’” A bo go ne go itumedisa jang ne! Ke boammaaruri gore go ne ga tlhoka Aberame tumelo gore a itumelele selo se se neng se tlile go bonwa fela ke ditlogolwana tse a neng a tlile go nna le tsone. Le fa go le jalo, Aberame o ne a tsibogela seo ka go “aga sebeso gone a se agela Jehofa, yo o neng a bonetse kwa go ene.” (Genesise 12:7) Mokanoki mongwe wa Baebele o akantsha jaana: “Go aga sebeso mo nageng eo totatota ka tsela nngwe go ne go bontsha gore o gapa naga eo mo motheong wa tshwanelo e a neng a na le yone fa a tswelela a bontsha go nna le tumelo.” Go aga sebeso seo gape go ne go bontsha bopelokgale. Ga go pelaelo gore, sebeso seo e ne e le sa mofuta o moragonyana o neng wa tlhalosiwa mo kgolaganong ya Molao, se dirilwe ka matlapa a a sa dirwang sepe (a a sa betliwang). (Ekesodo 20:24, 25) Se ne se tla farologana gotlhelele le dibeso tsa Bakanana. Ka gone Aberame o ne a nna pelokgale go bontsha phatlalatsa gore ke moobamedi wa Modimo wa boammaaruri Jehofa, mo go neng go mmaya mo kotsing ya go ilwa le e leng go tlhaselwa. Go tweng ka rona gompieno? A bangwe ba rona—segolobogolo basha—re tshaba go itsise baagelani ba rona kana ba re tsenang sekolo le bone gore re baobamedi ba ga Jehofa? E kete sekai sa bopelokgale sa ga Aberame se ka re kgothatsa rotlhe gore re nne motlotlo go bo re le batlhanka ba ga Jehofa!
17. Aberame o ne a itshupa jang e le moreri wa leina la Modimo, mme gompieno seno se gopotsa Bakeresete eng?
17 Gongwe le gongwe kwa Aberame a neng a ya gone, o ne a dira gore kobamelo ya ga Jehofa e nne yone e tlang pele. “Moragonyana a fuduga koo a ya kwa kgaolong e e dithaba ntlheng ya botlhaba jwa Bethele mme a tlhoma mogope wa gagwe Bethele e le kafa bophirima mme Ai e le kafa botlhaba. Morago ga moo a agela Jehofa sebeso gone mme a simolola go bitsa leina la ga Jehofa.” (Genesise 12:8) Polelwana ya Sehebera e e reng “bitsa leina” gape e bolela “go itsise (go rera) leina.” Ga go pelaelo gore Aberame o ne a itsise leina la ga Jehofa ka bopelokgale mo baagelaning ba gagwe ba Bakanana. (Genesise 14:22-24) Seno se re gopotsa boikarabelo jo gompieno re nang le jone jwa go nna le seabe se segolo ka mo re ka kgonang ka teng mo go ‘boleleng leina la gagwe phatlalatsa.’—Bahebera 13:15; Baroma 10:10.
18. Aberame o ne a na le kamano e e ntseng jang le baagi ba Kanana?
18 Aberame o ne a se ka a nna nako e telele mo go lepe la mafelo ano. “Morago ga moo Aberame a tlhatlhamolola bothibelelo, a tsamaya jaanong go tswa bothibelelong go ya bothibelelong jo bongwe go ela kwa Negebe”—naga e e omeletseng e e kwa borwa jwa dithaba tsa Juda. (Genesise 12:9) Fa Aberame a ntse a tsamaya jalo le go itshupa e le moobamedi wa ga Jehofa mo go lengwe le lengwe la mafelo ao a masha, ene le ba lelapa la gagwe ba ne “ba bolela phatlalatsa gore e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.” (Bahebera 11:13) Mo nakong eo yotlhe ba ne ba ntse ba tila go itsalanya le baagelani ba bone ba baheitane. Le gompieno Bakeresete ba tshwanetse go ipoloka ‘ba se karolo ya lefatshe.’ (Johane 17:16) Le fa gone re le pelonomi e bile re le maitseo mo baagelaning ba rona le badirikarona, re ela tlhoko gore re se ka ra nna le boitshwaro jo bo bontshang moya wa lefatshe leno le le fularetseng Modimo.—Baefeso 2:2, 3.
19. (a) Ke eng fa botshelo jwa go kgarakgatshega bo ka tswa bo ile jwa leretse Aberame le Sarai dikgwetlho? (b) Ke dikgwetlho dife tse dingwe tse Aberame a neng a tlile go lebana le tsone?
19 A re se lebaleng gore go tlwaela botshelo jo bo makgwakgwa jwa go kgarakgatshega go ne go se motlhofo mo go Aberame kana Sarai. Ba ne ba tshela ka go ja dikungo tsa matsomane a bone go na le go ja dijo tse ba di rekileng mo go lengwe la mabenkele a a tletseng dilwana a Ure; ba ne ba nna mo megopeng mo boemong jwa go nna mo ntlong e e agilweng sentle. (Bahebera 11:9) Aberame o ne a na le dilo tse dintsi go di dira; o ne a na le boikarabelo jo bontsi jwa go tlhokomela matsomane le batlhanka ba gagwe. Ga go pelaelo gore Sarai o ne a dira ditiro tse gantsi di neng di dirwa ke basadi ba setso seo: go duba, go besa senkgwe, go otlha ulu, go roka diaparo. (Genesise 18:6, 7; 2 Dikgosi 23:7; Diane 31:19; Esekiele 13:18) Le fa go ntse jalo, go ne go na le diteko tse disha tse di neng di tlile go tlhaga. Aberame le ba lelapa la gagwe ba ne ba tla tloga ba lebana le seemo se se neng se tlile go baya botshelo jwa bone mo kotsing! A tumelo ya ga Aberame e ne e tla kgona go lebana le kgwetlho eo?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Le fa gone jaanong noka ya Euferatese e le sekgala sa dikilometara tse 16 go tswa kwa botlhaba jwa lefelo le Ure e kileng ya bo e le fa go lone, bosupi bo bontsha gore bogologolo noka eno e ne e le fela kafa bophirima jwa motse ono. Ke gone ka moo moragonyana go neng go ka twe Aberame o tswa “ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka [ya Euferatese].”—Joshua 24:3.
b Makgolokgolo a dingwaga moragonyana Kgosi Ashurnasirpal II wa Asiria o ne a dirisa dikota go kgabaganya Euferatese gaufi le Karakemishe. Baebele ga e bue gore a Aberame le ene a ka tswa a ile a dira jalo kana ene le mokoloko wa gagwe ba ne ba e gobua fela.
A o Etse Tlhoko?
• Ke eng fa Aberame a bidiwa “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo”?
• Ke eng fa go ne go tlhoka Aberame tumelo go fuduga kwa Ure wa Bakaladia?
• Aberame o ile a bontsha jang gore kobamelo ya ga Jehofa ke yone e e tlang pele?
[Mmapa mo go tsebe 16]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
MOSEPELE WA GA ABERAME
Ure
Harana
Karakemishe
KANANA
Lewatle le Legolo
[Motswedi wa Setshwantsho]
Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go ne ga tlhoka Aberame tumelo go tlogela botshelo jo bo monate jwa Ure
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ka go nna mo megopeng, Aberame le ba lelapa la gagwe ba ne “ba bolela phatlalatsa gore e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo”