KGAOLO 6
Maatla a go Nyeletsa—“Jehofa ke Motlhabani yo o Maatla”
1-3. (a) Baegepeto ba ile ba tshosetsa Baiseraele ka tsela efe? (b) Jehofa o ne a lwela batho ba gagwe jang?
BAISERAELE ba ne ba gaeletswe—ba le fa gare ga dithaba tse di goletseng kwa godimo le lewatle le le se nang bokgabaganyo. Masole a a setlhogo a Baegepeto a ne a ba setse morago a ikemiseditse go ba nyeletsa.a Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a kgothatsa batho ba Modimo gore ba se ka ba felelwa ke tsholofelo. O ne a ba tlhomamisetsa a re: “Jehofa ka boene o tla lo tlhabanela.”—Ekesodo 14:14.
2 Le fa go ntse jalo, go bonala Moshe a ile a ikuela kwa go Jehofa, mme Modimo o ile a araba jaana: “Ke ka ntlha yang fa o nna o ntse o goela kwa go nna? . . . Tsholetsa thobane ya gago o bo o otlololela seatla sa gago kwa lewatleng mme o le kgaoganye.” (Ekesodo 14:15, 16) Akanya fela kafa dilo di ileng tsa diragala ka teng. Ka yone nako eo Jehofa o laela moengele wa gagwe, mme pilara ya leru e tsamaela kwa morago ga Baiseraele, gongwe e tsharologa go nna jaaka lebota, e thibela Baegepeto go tlhasela. (Ekesodo 14:19, 20; Pesalema 105:39) Moshe o otlolola letsogo la gagwe. Phefo e e maatla e kgaoganya lewatle ka bogare. Ka tsela nngwe metsi a a gatsela mme a bo a ema jaaka dipota, a bula tsela e e lekaneng setšhaba sotlhe!—Ekesodo 14:21; 15:8.
3 Faro o tshwanetse a laela masole a gagwe go boela morago, ka ntlha ya ditiro tseno tse di maatla. Go na le moo, Faro yono yo o boikgogomoso o laela gore ba tlhasele. (Ekesodo 14:23) Baegepeto ba golomela kwa boalong jwa lewatle go tlhasela, mme go ise go ye kae tlhaselo ya bone e fetoga tlhakatlhakano fa maotwana a dikoloi tsa bone a somoga. Fa Baiseraele ba sena go kgabaganya ka pabalesego, Jehofa o laela Moshe jaana: “Otlololela seatla sa gago kwa lewatleng gore metsi a boele mo Baegepetong, mo dikareng tsa bone tsa ntwa le mo bapalaming ba bone ba dipitse.” Metsi a a itirileng dipota a wela fa fatshe a khurumetsa Faro le masole a gagwe!—Ekesodo 14:24-28; Pesalema 136:15.
4. (a) Jehofa o ile a itshupa e le eng kwa Lewatleng le Lehibidu? (b) Batho bangwe ba ka tsibogela jang tsela eno e Jehofa a itshenotseng ka yone?
4 Go gololwa ga setšhaba sa Iseraele kwa Lewatleng le Lehibidu e ne e le tiragalo e e sa lebalegeng mo ditirisanong tsa Modimo le batho. Jehofa o ne a itshupa koo gore ke “motlhabani yo o maatla.” (Ekesodo 15:3) Mme gone, o tsibogela jang tsela eno e Jehofa a itshenotseng ka yone? Ke boammaaruri gore dintwa di baketse batho kutlobotlhoko le mahutsana a le mantsi. A e ka tswa e le gore tsela e Modimo a dirisang maatla a go nyeletsa ka yone e dira gore o mo katoge go na le gore o atamalane le ene?
Jehofa o ne a itshupa gore ke “motlhabani yo o maatla” kwa Lewatleng le Lehibidu
Ntwa ya Modimo fa e Bapisiwa le Dintwa Tsa Batho
5, 6. (a) Ke eng fa go tshwanela go bo Modimo a bidiwa “Jehofa wa masomosomo”? (b) Dintwa tsa Modimo di farologana jang le dintwa tsa batho?
5 Modimo o bidiwa ka sereto se se reng “Jehofa wa masomosomo” ka makgetlo a ka nna makgolo a mabedi le masome a marataro mo Dikwalong Tsa Sehebera le ka makgetlo a mabedi mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. (1 Samuele 1:11) E re ka Jehofa e le Molaodimogolo, o laola setlhopha se segolo sa masole a baengele. (Joshua 5:13-15; 1 Dikgosi 22:19) Tsela e masole ano a nang le bokgoni jwa go nyeletsa ka yone e a gakgamatsa. (Isaia 37:36) Ga go monate go akanya ka go nyelediwa ga batho. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore dintwa tsa Modimo ga di tshwane le dikgotlhang tsa batho tse e seng tsa sepe. Baeteledipele ba masole le ba dipolotiki ba ka leka go buelela dintwa tsa bone ka go ntsha mabaka a a molemo. Mme gone, dintwa tsa batho ka metlha di amana le bogagapa le bopelotshetlha.
6 Jehofa ene ga a nna jalo, ga a tlhotlhelediwe ke go tseega maikutlo. Duteronome 32:4 e bolela jaana: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne sengwe le sengwe se a se dirang se siame. Modimo yo o ikanyegang yo le ka motlha a sa direng tshiamololo; o siame e bile o tlhamaletse.” Lefoko la Modimo le kgala kgalefo e e sa laolesegeng, bosetlhogo le dikgoka. (Genesise 49:7; Pesalema 11:5) Ka gone, Jehofa ga a ke a tsaya kgato a sa akanye. Ga a itlhaganelele go dirisa maatla a gagwe a go nyeletsa, o a dirisa fela fa go sa tlhole go le sepe se a ka se dirang. Go ntse fela jaaka a ile a bolelela moporofeti Esekiele jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘A ke itumedisiwa ke loso lwa motho yo o bosula? A ga ke eletse gore a tlogele ditsela tsa gagwe mme a tswelele a tshela?’”—Esekiele 18:23.
7, 8. (a) Jobe o ne a nna le kakanyo efe e e phoso ka go boga ga gagwe? (b) Elihu o ile a baakanya jang tsela eno e e phoso e Jobe a neng a akanya ka yone? (c) Re ka ithuta eng mo go se se neng sa diragalela Jobe?
7 Mme gone, ke eng fa Jehofa a dirisa maatla a go nyeletsa? Pele re araba, re ka gakologelwa monna yo o siameng Jobe. Satane o ile a tsosa kgang ya gore a Jobe—totatota motho ope fela—o ne a ka nna a ikanyega fa a wetswe ke diteko. Jehofa o ile a tsibogela kgang eo ka go letla gore Satane a leke boikanyegi jwa ga Jobe. Ka ntlha ya seo Jobe o ile a lwala, a latlhegelwa ke dikhumo a ba a swelwa ke bana. (Jobe 1:1–2:8) E re ka Jobe a ne a sa itse ka kgang eno, ka phoso o ne a akanya gore o ne a boga ka ntlha ya go bo Modimo a mo otlhaya ka kotlhao e e sa mo tshwanelang. O ne a botsa Modimo gore ke ka ntlha yang fa a ‘mo kwaile,’ a mo dira “mmaba.”—Jobe 7:20; 13:24.
8 Lekawana lengwe le le bidiwang Elihu le ne la lemotsha Jobe gore tsela e a neng a akanya ka yone e ne e le phoso ka go mo raya le re: “A o akanya gore o siame mo o ka reng, ‘Ke siame thata go feta Modimo’?” (Jobe 35:2) Ee, ga go botlhale go akanya gore re itse botoka go feta Modimo kana go akanya gore ga a re tshwara ka tsela e e siameng. Elihu o ile a re: “Ga go kgonege gore Modimo wa boammaaruri a dire bosula, gore Mothatayotlhe a dire se se sa siamang!” Moragonyana o ile a re: “Ga re ka ke ra kgona go tlhaloganya Mothatayotlhe; o na le maatla a magolo, e bile ga a ke a tlhoka go diragatsa tshiamiso ya gagwe le tshiamo ya gagwe e kgolo.” (Jobe 34:10; 36:22, 23; 37:23) Re ka tlhomamisega gore fa Modimo a lwa, o a bo a na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Fa re ntse re akantse ka seno, a re sekasekeng mangwe a mabaka a go bo ka dinako tse dingwe Modimo wa kagiso a tshwanelwa ke go nna motlhabani.—1 Bakorintha 14:33.
Lebaka La go Bo Modimo wa Kagiso a Patelesega go Lwa
9. Ke eng fa Modimo yo o boitshepo a lwa?
9 Morago ga gore Moshe a bake Modimo a re ke “motlhabani yo o maatla,” o ne a re: “Jehofa, ke mang yo o tshwanang le wena mo medimong? Ke mang yo o tshwanang le wena, wena yo o boitshepo thata?” (Ekesodo 15:11) Moporofeti Habakuke le ene o ile a kwala jaana: “Matlho a gago a boitshepo thata gore a ka leba se se sa siamang, e bile ga o ka ke wa letlelela bosula.” (Habakuke 1:13) Le fa Jehofa e le Modimo yo o lorato, gape ke Modimo yo o boitshepo, yo o tshiamo le yo o tshiamiso. Ka dinako tse dingwe, dinonofo tseo di mo pateletsa gore a dirise maatla a gagwe a go nyeletsa. (Isaia 59:15-19; Luke 18:7) Ka gone, Modimo ga a kgotlele boitshepo jwa gagwe fa a lwa. Go na le moo, o lwa ka gonne a le boitshepo.—Ekesodo 39:30.
10. Bobaba jo bo boleletsweng pele mo go Genesise 3:15 bo ne bo tla rarabololwa ka tsela efe fela, mme batho ba ba siameng ba tla solegelwa molemo jang?
10 Akanya ka maemo a a neng a tlhaga morago ga gore banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa, ba tsuologele Modimo. (Genesise 3:1-6) Fa Jehofa a ka bo a ile a letlelela tshiamololo ya bone, o ne a tla bo a nyaditse maemo a gagwe ka namana a go nna Molaodimogolo wa Lobopo. E re ka e le Modimo yo o siameng, o ne a patelesega go ba atlholela loso. (Baroma 6:23) Mo boporofeting jwa ntlha jwa Baebele, o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le bobaba gareng ga batlhanka ba gagwe le balatedi ba “noga,” Satane. (Tshenolo 12:9; Genesise 3:15) Kwa bofelong, bobaba jono bo ne bo tla rarabololwa fela ka gore Satane a tšhwetliwe. (Baroma 16:20) Mme go diragadiwa ga katlholo eo go ne go tla felela ka masego a magolo mo bathong ba ba siameng, ka go tlosa tlhotlheletso ya ga Satane mo lefatsheng le go bula tsela ya gore lefatshe lotlhe le nne paradaise. (Mathaio 19:28) Pele nako eo e fitlha, batho ba ba tsayang letlhakore la ga Satane ba ne ba tla nna ba baya botshelo le bomoya jwa batho ba Modimo mo kotsing. Gangwe le gape Jehofa o ne a tla tshwanelwa ke go tla a tsenya letsogo.
Modimo o Tsaya Kgato ya go Fedisa Bosula
11. Ke eng fa Modimo a ne a ikutlwa a patelesega go tlisa morwalela wa lefatshe lotlhe?
11 Nako nngwe e a neng a tsenya letsogo jalo ka yone ke ka nako ya Morwalela wa motlha wa ga Noa. Genesise 6:11, 12 ya re: “Modimo wa boammaaruri o ne a bona gore lefatshe le ne le senyegile e bile le tletse bosetlhogo. Modimo o ne a leba lefatshe, mme le ne le senyegile; batho botlhe ba ne ba dira dilo tse di bosula thata mo lefatsheng.” A Modimo o ne a ka letla gore batho ba ba bosula ba nyeletse gotlhelele masalelanyana a boitshwaro jo bo siameng jo bo neng bo sa ntse bo le teng mo lefatsheng? Nnyaa. Jehofa o ne a ikutlwa a patelesega go tlisa morwalela wa lefatshe lotlhe go nyeletsa batho ba ba neng ba lemaletse go dirisa dikgoka le go dira boitshwaro jo bo maswe mo lefatsheng.
12. (a) Jehofa o ne a bolelela pele eng malebana le “losika” lwa ga Aborahame? (b) Ke eng fa Baamore ba ne ba tshwanelwa ke go nyelediwa?
12 Go ne go ntse jalo le ka nako ya fa Modimo a ne a atlhola Bakanana. Jehofa o ne a senola gore mo go Aborahame go ne go tla tswa losika lo malapa otlhe a lefatshe a neng a tla itshegofatsa ka lone. Go dumalana le boikaelelo joo, Modimo o ne a laela gore ditlogolwana tsa ga Aborahame di ne di tla newa naga ya Kanana, naga e e neng e nniwa ke batho ba ba bidiwang Baamore. Modimo o ne a ka nna le lebaka lefe le le utlwalang la go pateletsa batho bao go tswa mo nageng ya bone? Jehofa o ne a bolelela pele gore o ne a tla ba tlosa jalo morago ga dingwaga di le 400—fa ‘nako ya gore Baamore ba otlhaelwe maleo a bone e goroga.’b (Genesise 12:1-3; 13:14, 15; 15:13, 16; 22:18) Mo nakong eo, bosula jwa Baamore bo ne jwa nnela maswe kwa pele. Kanana e ne ya fetoga naga ya kobamelo ya medingwana, ya tshololo ya madi le mekgwa e e maswe ya tlhakanelodikobo. (Ekesodo 23:24; 34:12, 13; Dipalo 33:52) Banni ba naga eo ba ne ba bile ba bolaya bana ka go ba ntsha ditlhabelo. A Modimo yo o boitshepo o ne a ka tsenya batho ba gagwe mo bosuleng jo bo ntseng jalo? Nnyaa! O ne a bolela jaana: “Lefatshe le itshekologile mme ke tla tlisa kotlhao mo go lone ka ntlha ya phoso ya lone, mme lefatshe le tla tlhatsetsa banni ba lone kwa ntle.” (Lefitiko 18:21-25) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a se ka a bolaya batho fela a sa tlhaole. Bakanana ba ba ratang tshiamo ba ba jaaka Rahabe le Bagibeone ba ne ba namolwa.—Joshua 6:25; 9:3-27.
Go Lwela Leina la Gagwe
13, 14. (a) Ke eng fa Jehofa a ne a patelesega go itshepisa leina la gagwe? (b) Jehofa o ne a itlhatswa leina jang?
13 E re ka Jehofa a le boitshepo, leina la gagwe le lone le boitshepo. (Lefitiko 22:32) Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Botlhanogi jwa kwa Edene bo ne jwa leswafatsa leina la Modimo, bo tsosa dipelaelo ka Modimo le tsela ya gagwe ya go busa. Jehofa o ne a ka se ka a tlogelela tshebo le botlhanogi joo. O ne a patelesega go itlhatswa leina.—Isaia 48:11.
14 Akanya gape ka Baiseraele. Fa fela ba ne ba sa ntse ba le makgoba kwa Egepeto, tsholofetso e Modimo a neng a e solofeditse Aborahame ya gore ka losika lwa gagwe malapa otlhe a lefatshe a ne a tla itshegofatsa, e ne e bonala e se kitla e direga. Mme Jehofa ka go ba golola le go ba dira setšhaba, o ne a itlhatswa leina. Ke gone ka moo moporofeti Daniele a ileng a bua jaana le Modimo wa gagwe mo thapelong: “Jehofa, Modimo wa rona, wena yo o neng wa ntsha batho ba gago kwa lefatsheng la Egepeto ka seatla se se nonofileng wa bo wa itirela leina.”—Daniele 9:15.
15. Ke eng fa Jehofa a ile a namola Bajuda kwa botshwarong jwa Babelona?
15 Selo se se kgatlhang ke gore, Daniele o ile a rapela jaana ka nako ya fa Bajuda ba ne ba tlhoka gore Jehofa a tseye kgato gape ka ntlha ya leina la Gagwe. Bajuda ba ba tsuologileng ba ne ba iphitlhela ba le kwa botshwarong, mo lekgetlhong leno ba le kwa Babelona. Motsemogolo wa bone wa Jerusalema o ne o le marope fela. Daniele o ne a itse gore go busediwa ga Bajuda kwa nagagaeng ya bone go ne go tla tlotlomatsa leina la ga Jehofa. Ke gone ka moo Daniele a ileng a rapela jaana: “Re itshwarele tlhe Jehofa. Ao tlhe Jehofa, re tlhwaele tsebe mme o re thuse! O se ka wa diega, ka ntlha ya leina la gago, wena Modimo wa me, ka gonne leina la gago le ntse le bidiwa mo motseng wa gago le mo bathong ba gago.”—Daniele 9:18, 19.
Go Lwela Batho ba Gagwe
16. Tlhalosa lebaka la go bo go rata go lwela ga ga Jehofa leina la gagwe go sa bolele gore o setlhogo e bile ga a akanyetse.
16 A kgang ya go bo Jehofa a rata go lwela leina la gagwe e bolela gore o setlhogo e bile ga a akanyetse? Ga go a nna jalo, ka gonne fa a tsaya kgato go dumalana le go nna boitshepo ga gagwe le go rata tshiamiso ga gagwe, o a bo a sireletsa batho ba gagwe. Akanya ka Genesise kgaolo 14. Mo go yone re bala ka dikgosi tse nnê tse di neng tsa tlhasela mme tsa gapa Lote morwa wa ga mogoloe Aborahame, di mo gapa le lelapa la gagwe. Ka thuso ya Modimo, Aborahame o ile a fenya masole ano a a nonofileng ka phenyo e kgolo! Go ka direga gore pego ya phenyo eno e ne ya nna yone ya ntlha go kwalwa mo ‘bukeng ya Dintwa tsa ga Jehofa,’ buka e mo go yone go bonalang go ile ga kwalwa le dipego tsa dintwa tse dingwe tse di sa kwalwang mo Baebeleng. (Dipalo 21:14) Go ne go sa ntse go tlile go nna le diphenyo tse dingwe tse dintsi.
17. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o ile a lwela Baiseraele fa ba sena go tsena mo nageng ya Kanana? Neela dikai.
17 Ka bonako fela fa Baiseraele ba sena go tsena mo nageng ya Kanana, Moshe o ne a ba tlhomamisetsa jaana: “Jehofa, Modimo wa lona o tla tsamaya fa pele ga lona mme o tla lo tlhabanela fela jaaka a dirile kwa Egepeto fa pele ga matlho a lona.” (Duteronome 1:30; 20:1) Ruri Jehofa o ile a lwela batho ba gagwe, a ba thusa go fenya baba ba bone ka diphenyo tse dikgolo go tloga ka motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua, go ya jalo le nako ya Baatlhodi le go fitlha ka nako ya fa go busa dikgosi tse di ikanyegang tsa Juda.—Joshua 10:1-14; Baatlhodi 4:12-17; 2 Samuele 5:17-21.
18. (a) Ke eng fa re ka lebogela go bo Jehofa a sa fetoga? (b) Go tla direga eng fa bobaba jo bo tlhalositsweng mo go Genesise 3:15 bo fitlha mo setlhoeng sa jone?
18 Jehofa ga a fetoga; le boikaelelo jwa gagwe jwa go dira lefatshe leno paradaise e e ritibetseng ga bo a fetoga. (Genesise 1:27, 28) Modimo o sa ntse a ila bosula. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o rata batho ba gagwe thata mme o tla tloga a tsaya kgato go ba sireletsa. (Pesalema 11:7) Tota e bile, go lebeletswe gore bobaba jo bo tlhalosiwang mo go Genesise 3:15 mo bogautshwaneng bo felele ka phetogo e kgolo le e e maatla. Jehofa o tla boa gape a nna “motlhabani yo o maatla” gore a itshepise leina la gagwe le go sireletsa batho ba gagwe!—Sekarea 14:3; Tshenolo 16:14, 16.
19. (a) Tshwantsha kafa tsela e Modimo a dirisang maatla a gagwe a go nyeletsa ka yone e ka re atamalanyang le ene ka teng. (b) Tsela e Modimo a iketleeleditseng go re lwela ka yone e tshwanetse go re ama jang?
19 Akanya ka setshwantsho seno: A re re lelapa la monna mongwe le tlhaselwa ke phologolo e e bogale mme monna yoo o lwa le sebatana seo a bo a se bolaya. A o ne o ka lebelela gore mosadi le bana ba gagwe ba kgopisiwe ke seno? Nnyaa, o ne o tla lebelela gore ba anaanele lorato lono lwa go intsha setlhabelo lo a ba ratang ka lone. Le rona ga re a tshwanela go kgopisiwa ke tsela e Modimo a dirisang maatla a gagwe a go nyeletsa ka yone. Tsela e a iketleeleditseng go re lwela le go re sireletsa ka yone e tshwanetse ya godisa tsela e re mo ratang ka yone. Le tsela e re tlotlang maatla a gagwe a magolo ka yone e tshwanetse go oketsega. Ka gone, re ka kgona “go direla Modimo tirelo e e boitshepo ka tsela e a e amogelang re mmoifa e bile re mo tlotla.”—Bahebera 12:28.
Atamalana le “Motlhabani yo o Maatla”
20. Fa re bala dipego tsa Baebele tse re ka tswang re sa di tlhaloganye sentle malebana le dintwa tsa Modimo, re tshwanetse ra di tsibogela jang, mme ka ntlha yang?
20 Ke boammaaruri gore, Baebele ga e re tlhalosetse dintlha tsotlhe tsa ditshwetso tsa ga Jehofa malebana le ntwa nngwe le nngwe e a e lwang. Mme gone re ka tlhomamisega ka seno mo mabakeng otlhe: Jehofa ga a ke a dirisa maatla a gagwe a go nyeletsa ka tsela e e sa siamang, e e sa akanyetseng kana e e setlhogo. Gantsi go sekaseka dintlha tse di dikologileng pego nngwe mo Baebeleng kana tshedimosetso nngwe e e amanang le yone go ka re thusa go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. (Diane 18:13) Tota le fa re sa itse dintlha tsotlhe, go ithuta go le gontsi ka Jehofa le go akanya thata ka dinonofo tsa gagwe tse di botlhokwa go ka re thusa go fenya dipelaelo dipe fela tse re ka nnang le tsone. Fa re dira jalo, re tla lemoga gore re na le mabaka a mantsi a go ikanya Modimo wa rona, Jehofa.—Jobe 34:12.
21. Le fa ka dinako tse dingwe Jehofa e le “motlhabani yo o maatla,” totatota o ntse jang?
21 Le fa gone Jehofa e le “motlhabani yo o maatla” fa maemo a mo tlhoka go nna jalo, seno ga se bolele gore ke ntwadumela. Mo ponatshegelong ya ga Esekiele ya koloi ya selegodimo, Jehofa o tshwantshiwa a ipaakanyeditse go lwa le baba ba gagwe. Le fa go ntse jalo, Esekiele o ne a bona Modimo a dikaganyeditswe ke motshe wa godimo—o e leng letshwao la kagiso. (Genesise 9:13; Esekiele 1:28; Tshenolo 4:3) Ga go pelaelo gore Jehofa o bonolo e bile o rata kagiso. Moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Jehofa o dirisa dinonofo tsotlhe tsa gagwe ka go lekalekana. Ruri ke tlotla e kgolo thata go bo re ka kgona go atamalana le Modimo yo o maatla jalo mme gone a le lorato!
a Go ya ka raditiragalo wa Mojuda e bong Josephus, Bahebera ba ne ba “setswe morago ke dikoloi di le 600 le bapalami ba dipitse ba le 50 000 le masole a a tsamayang ka dinao a ka nna 200 000.”—Jewish Antiquities, II, 324 [xv, 3].
b Go bonala fa lefoko “Baamore” fano le akaretsa ditšhaba tsotlhe tsa Kanana.—Duteronome 1:6-8, 19-21, 27; Joshua 24:15, 18.