-
Go Solegelwa Molemo ke Bopelonomi Jwa Lorato Jwa ga JehofaTora ya Tebelo—2002 | May 15
-
-
Bopelonomi Jwa Modimo Jwa Lorato bo a Golola e Bile bo a Sireletsa
11, 12. (a) Jehofa o ne a bontsha Josefa bopelonomi jwa lorato fa a ne a lebane le diteko dife? (b) Modimo o ne a bontsha bopelonomi jwa gagwe jwa lorato jang mo kgannyeng ya ga Josefa?
11 Jaanong, a re sekasekeng Genesise kgaolo 39. E tlotla ka setlogotlogolwana sa ga Aborahame e bong Josefa, yo o neng a rekisediwa mo bokgobeng kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, “Jehofa [o ne] a nna le Josefa.” (Temana 1, 2) Tota le mong wa ga Josefa wa Moegepeto e bong Potifaro, o ne a swetsa ka go re Jehofa o ne a na le Josefa. (Temana 3) Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a lebana le teko e e masisi tota. O ne a latofadiwa ka maaka ka la gore o ne a leka go tlhakanela dikobo le mosadi wa ga Potifaro mme a tsenngwa mo kgolegelong. (Temana 7-20) “Ba ne ba bogisa dinao tsa gagwe ka mehiri, moya wa gagwe wa tsena mo ditshiping” a le “mo lehuting la kgolegelo.”—Genesise 40:15; Pesalema 105:18.
12 Go ne ga diragalang ka nako eo e a neng a lekwa thata ka yone? “Jehofa [o ne] a nna le Josefa a bo a nna a mmontsha bopelonomi jwa lorato.” (Temana 21a) Tiro nngwe ya bopelonomi jwa lorato e ne ya simolola motseletsele wa ditiragalo dingwe tse moragonyana di neng tsa felela ka gore Josefa a tswe mo matshwenyegong a a neng a na le one. Jehofa o ne a dira gore Josefa “a bone kamogelo mo matlhong a modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo.” (Temana 21b) Ka gone, modiredi yono o ne a tlhoma Josefa mo maemong mangwe a boikarabelo. (Temana 22) Morago ga moo, Josefa o ne a kopana le monna yo o neng a mo umaka mo go Faro, mmusi wa Egepeto. (Genesise 40:1-4, 9-15; 41:9-14) Kgosi le yone e ne ya tlhatlosetsa Josefa mo maemong a go nna mmusi wa maemo a bobedi wa Egepeto, mo go neng ga felela ka gore a dire tiro e e bolokang botshelo mo nageng ya Egepeto e e neng e wetswe ke leuba. (Genesise 41:37-55) Josefa o simolotse go boga a le dingwaga di 17 mme go ne ga feta dingwaga tse 12 a ntse a boga jalo! (Genesise 37:2, 4; 41:46) Mme mo dingwageng tseo tsotlhe tsa matshwenyego le go bogisega, Jehofa Modimo o ne a bontsha Josefa bopelonomi jwa lorato ka go mo sireletsa gore a se ka a tlelwa ke masetlapelo a magolo le ka go mmoloka gore a tle a nne le tshiamelo ya go nna le seabe mo go diragatseng maikaelelo a Modimo.
-
-
Go Solegelwa Molemo ke Bopelonomi Jwa Lorato Jwa ga JehofaTora ya Tebelo—2002 | May 15
-
-
16. Baebele e bua Aborahame le Josefa molemo jang?
16 Pego ya Genesise kgaolo 24 e bontsha sentle gore Aborahame o ne a na le kamano e e gaufi thata le Jehofa. Temana ya ntlha e bontsha gore “Jehofa o ne a segofaditse Aborahame mo go sengwe le sengwe.” Motlhanka wa ga Aborahame o ne a bitsa Jehofa “Modimo wa mong wa me Aborahame.” (Temana 12, 27) Mme morutwa Jakobe o bolela gore Aborahame o ne a “bolelwa a siame” mme “a simolola go bidiwa ‘tsala ya ga Jehofa.’” (Jakobe 2:21-23) Go ntse fela jalo le ka Josefa. Kgaolo yotlhe ya Genesise 39 e bontsha sentle gore Jehofa o ne a na le kamano e e gaufi le Josefa. (Temana 2, 3, 21, 23) Mo godimo ga moo, morutwa Setefane o ne a bua jaana ka Josefa: “Modimo o ne a na le ene.”—Ditiro 7:9.
-