Boswa Jwa Rona jo bo Botlhokwa—Bo Kaya Eng mo go Wena?
“Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng go tloga kwa go thaiweng ga lefatshe.”—MATHAIO 25:34.
1. Batho ba ile ba abelwa dilo dife e le boswa?
BATHO botlhe ba na le dilo tse ba di filweng boswa. Ba bangwe boswa jwa bone e ka tswa e le botshelo jwa manobonobo. Ba bangwe e ka tswa e le botshelo jwa khumanego. Ka dinako tse dingwe, dikokomana tsa nako e e fetileng, di ile tsa abela bana ba tsone boswa jwa go ila ditso tse dingwe ka ntlha ya se se di diragaletseng kana se ba se utlwileng. Le fa go ntse jalo, rotlhe re na le sengwe se re tshwanang ka sone. Rotlhe re amogetse boswa jwa boleo mo mothong wa ntlha e bong Adame. Boswa joo kgabagare bo felela ka loso.—Moreri 9:2, 10; Baroma 5:12.
2, 3. Ke boswa bofe jo Jehofa a ileng a dira gore bana ba ga Adame le Efa ba nne le jone kwa tshimologong, mme ke eng fa ba ile ba se ka ba bo bona?
2 E re ka Jehofa e le Rre wa selegodimo yo o lorato, o ne a abela batho boswa jo bo farologaneng le joo gotlhelele—botshelo jo bo nnetseng ruri jo bo itekanetseng mo Paradaiseng. Batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa, ba ne ba abelwa go simolola botshelo ba itekanetse ba se na boleo. Jehofa Modimo o ne a abela batho polanete eno Lefatshe go nna mpho ya bone. (Pesalema 115:16) O ile a ba abela tshimo ya Edene go nna sekao sa kafa lefatshe lotlhe le tla nnang ka teng mme a abela batsadi ba rona ba ntlha tiro e e molemo e e gwetlhang. Ba ne ba tshwanetse go tshola bana, go tlhokomela lefatshe le mefutafuta ya dimela le diphologolo tsa lone, le go atolosetsa Paradaise mo lefatsheng lotlhe. (Genesise 1:28; 2:8, 9, 15) Bana ba bone ba ne ba tla nna le seabe mo tirong eno. A boswa jo bo molemo jang ne jo ba neng ba tla ba abela jone!
3 Le fa go ntse jalo, Adame le Efa le bana ba bone ba ne ba ka kgona go bona dilo tseno fela fa ba ne ba ka nna le botsala jo bo molemo le Modimo. Adame le Efa ba ne ba tshwanetse go rata Jehofa le go mo ikobela, le fa go ntse jalo, ba ile ba se ka ba anaanela dilo tse Modimo a neng a ba abetse tsone mme ba ne ba tlola molao wa gagwe. Ba ne ba latlhegelwa ke legae la bone la Paradaise le tsholofelo e e molemolemo e Modimo a neng a ba beetse yone. Ka gone, ba ne ba se ka ba abela bana ba bone dilo tseno.—Genesise 2:16, 17; 3:1-24.
4. Re ka bona jang boswa jo Adame a neng a bo latlha?
4 Jehofa o ne a utlwela bana ba ga Adame le Efa botlhoko mme a ba direla thulaganyo ya gore ba nne le tshono ya go bona boswa jo Adame a ileng a bo latlha. Jang? Ka nako e Modimo a e tlhomileng, Morwawe e bong Jesu Keresete o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jwa motho yo o itekanetseng go nna setlhabelo mo boemong jwa bana ba ga Adame. Ka go dira jalo Keresete o ne a ba reka botlhe. Le fa go ntse jalo, ga go itiragalele fela gore ba bone boswa jono. Ba tshwanetse go itirela leina le le siameng mo Modimong e leng se ba ka se dirang ka go bontsha tumelo mo setlhabelong se se rekololang maleo sa ga Jesu le go bontsha tumelo eo ka go mo ikobela. (Johane 3:16, 36; 1 Timotheo 2:5, 6; Bahebera 2:9; 5:9) A tsela e o tshelang ka yone e bontsha gore o anaanela thulaganyo eo?
Boswa jo bo Neng Jwa Abiwa ka Aborahame
5. Aborahame o ile a bontsha jang gore o anaanela botsala jwa gagwe le Jehofa?
5 Jehofa o ne a diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe ka go dirisana le Aborahame ka tsela e e kgethegileng. O ne a laela monna yoo yo o ikanyegang gore a tswe kwa nageng ya gaabo go ya kwa nageng e Modimo a neng a tla mmontsha yone. Aborahame o ne a ikobela seo a sa okaoke. Fa Aborahame a sena go fitlha koo, Jehofa o ne a bolela gore bana ba ga Aborahame, e ne e le bone ba ba neng ba tla newa lefatshe leo go nna boswa, e seng Aborahame ka boene. (Genesise 12:1, 2, 7) Aborahame o ile a tsibogela seo jang? O ne a iketleeleditse go direla Jehofa gongwe le gongwe le ka tsela nngwe le nngwe fela e Modimo a neng a e batla gore bana ba gagwe ba bone boswa jono. Aborahame o ne a direla Jehofa mo lefatsheng leo le e neng e se la gagwe ka dingwaga di le 100 go fitlha a swa. (Genesise 12:4; 25:8-10) A o ne o ka dira jalo? Jehofa o ile a re Aborahame e ne e le “tsala” ya gagwe.—Isaia 41:8.
6. (a) Aborahame o ne a supa eng ka go iketleeletsa go ntsha morwawe setlhabelo? (b) Ke boswa bofe jo bo botlhokwa jo Aborahame a neng a tla bo abela bana ba gagwe?
6 Aborahame o ile a nna dingwaga tse dintsi a letetse go nna le morwa, e bong Isake, yo o neng a mo rata thata. E ne ya re fa mosimane a sena go gola, Jehofa a laela Aborahame go tsaya mosimane go ya go mo ntsha setlhabelo. Aborahame o ne a sa itse gore o ne a tla tloga a dira pontsho ya se Modimo ka boene a neng a tlile go se dira ka go ntsha Morwawe go nna thekololo; le fa go ntse jalo, o ne a ikoba mme o ne a le gaufi le go ntsha Isake setlhabelo fa moengele wa ga Jehofa a mo emisa. (Genesise 22:9-14) Jehofa o ne a setse a boletse gore dilo tse a neng a di solofeditse Aborahame di ne di tla diragadiwa ka Isake. Ka gone, go bonala sentle gore Aborahame o ne a na le tumelo ya gore fa go tlhokega, Modimo o ne a tla tsosa Isake mo baswing, le mororo go ne go ise go ko go direge selo se se ntseng jalo. (Genesise 17:15-18; Bahebera 11:17-19) Jehofa o ile a bolela jaana ka go bo Aborahame a ile a se ka a gana ka morwawe: “Merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa segofala mo losikeng lwa gago.” (Genesise 22:15-18) Seno se ne se supa gore Losika lo lo umakilweng mo go Genesise 3:15, mogolodi wa Bomesia, o ne a tla tswa mo losikeng lwa ga Aborahame. A boswa jo bo botlhokwa jo a neng a tla ba abela jone!
7. Aborahame, Isake le Jakobe ba ne ba bontsha kanaanelo jang ka boswa jwa bone?
7 Aborahame o ne a sa itse bokao jwa se Jehofa a neng a se dira ka nako eo; tota le morwawe e bong Isake le setlogolwana sa gagwe e bong Jakobe ba ba neng ba nna “baruaboswa le ene ba tsholofetso yone eo” ba ne ba sa itse. Mme gone ba ne ba tshepa Jehofa. Ba ne ba se ka ba ikamanya le magosi ape a metse ya naga eo ka gonne ba ne ba lebeletse sengwe se se botoka—“motse o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo.” (Bahebera 11:8-10, 13-16) Le fa go ntse jalo, ga se bana botlhe ba ga Aborahame ba ba ileng ba anaanela kafa boswa jo ba neng ba na le jone ka ntlha ya ga Aborahame bo neng bo le botlhokwa ka teng.
Bangwe ba ba Neng ba Nyatsa Boswa
8. Esau o ne a bontsha jang gore o ne a sa anaanele botlhokwa jwa boswa jwa gagwe?
8 Esau, morwa yo mogolo wa ga Isake, o ile a se ka a tsaya tshiamelo ya go nna motsalwapele e le botlhokwa. O ne a se ka a anaanela dilo tse di boitshepo. Ka gone, letsatsi lengwe fa Esau a ne a tshwerwe ke tlala, o ne a rekisetsa monnawe e bong Jakobe tshiamelo ya go nna motsalwapele. Ka eng? Ka go e ananya ka sejonyana se le sengwe sa senkgwe le dikgobe tsa dinawa! (Genesise 25:29-34; Bahebera 12:14-17) Setšhaba se Modimo a neng a tlile go diragatsa dilo tse a neng a di solofeditse Aborahame ka sone se ne sa tswa mo baneng ba ga Jakobe, yo Modimo a neng a fetola leina la gagwe go nna Iseraele. Boswa jono bo ne jwa dira gore ba nne le ditshono dife?
9. Bana ba ga Jakobe, kana Iseraele, ba ne ba bona kgololo efe ka ntlha ya boswa jwa bone jwa semoya?
9 Ka nako ya leuba, Jakobe le lelapa la gagwe ba ne ba fudugela kwa Egepeto. Fa ba le koo ba ne ba fitlha ba ata ba nna palo e kgolo, mme gape ba ne ba nna makgoba. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a se ka a lebala kgolagano ya gagwe le Aborahame. Ka nako e Modimo a neng a e tlhomile, o ne a golola bomorwa Iseraele mo bokgobeng le go ba itsise gore o tla ba gorosa mo “lefatsheng le le elang maši le dinotshe,” lefatshe le a neng a le solofeditse Aborahame.—Ekesodo 3:7, 8; Genesise 15:18-21.
10. Ke ditiragalo dife tse dingwe tse di sa tlwaelegang tse di neng tsa direga kwa Thabeng ya Sinai malebana le boswa jwa bomorwa Iseraele?
10 Fa bana ba Iseraele ba le mo tseleng ya go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng, Jehofa o ne a ba kgobokanyetsa fa Thabeng ya Sinai. Fa ba le koo o ile a ba raya a re: “Fa ruri lo ka reetsa lentswe la me, lwa tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tlaa nna boswabotshwerwe jwa me go feta ditšhaba tsotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me; lo tlaa bo lo ntse bogosi jwa baperesiti mo go nna, le morafe o o boitshepo.” (Ekesodo 19:5, 6) Fa batho ba sena go dumalana le seno ka pelo e le nngwe fela, Jehofa o ne a ba neela Molao—selo se a neng a ise a ko a se direle batho bape ba bangwe.—Pesalema 147:19, 20.
11. Dingwe tsa dilo tse di botlhokwa tse di neng tsa akarediwa mo bosweng jwa semoya jwa bomorwa Iseraele ke dife?
11 A bo setšhaba seno se sesha se ne se na le boswa jwa semoya jo bo molemo jang ne! Ba ne ba obamela Modimo o o osi wa boammaaruri. Ke ene yo o neng a ba golola kwa Egepeto e bile ba ne ba bone ka matlho ditiragalo tse di gakgamatsang tse a neng a di dira fa a ne a ba neela Molao kwa Thabeng ya Sinai. Boswa jwa bone bo ne jwa nonotshiwa le e leng go feta fa ba ne ba newa “ditaetso tse di boitshepo tsa Modimo” ka baporofeti. (Baroma 3:1, 2) Jehofa o ne a ba itlhophela go nna basupi ba gagwe. (Isaia 43:10-12) Losika lwa Bomesia lo ne lo tla tlhaga mo setšhabeng sa bone. Molao o ne wa ba lebisa kwa go ene, o ne o tla ba senolela ene e bile o ne o tshwanetse wa ba thusa go lemoga gore ba a mo tlhoka. (Bagalatia 3:19, 24) Mo godimo ga moo, ba ne ba tla newa tshono ya go dira mmogo le Losika lwa Bomesia ka go nna baperesiti ba bogosi le setšhaba se se boitshepo.—Baroma 9:4, 5.
12. Le mororo Baiseraele ba ile ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, ke eng se ba ileng ba se ka ba se bona? Ka ntlha yang?
12 Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ka go gorosa Baiseraele kwa Nageng e e Solofeditsweng. Mme gone, naga eo e ile ya se ka ya nna ‘lefelo la boikhutso’ jwa mmatota ka ntlha ya go tlhoka tumelo ga bone jaaka fa moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa moragonyana. Ba ne ba se ka ba tsena botlhe mo “boikhutsong jwa Modimo” ka gonne ba ile ba se ka ba lemoga le go dira dilo tumalanong le boikaelelo jwa letsatsi la boikhutso jwa Modimo ka boene, le le neng la simologa morago ga go bopiwa ga ga Adame le Efa.—Bahebera 4:3-10.
13. Setšhaba sa Iseraele se ile sa latlhegelwa ke eng ka ntlha ya go se anaanele boswa jwa bone jwa semoya?
13 Baiseraele ba tlholego ba ne ba ka nna ba bopa palo e e feletseng ya ba ba neng ba tla busa le Mesia mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo e le bogosi jwa baperesiti le setšhaba se se boitshepo. Le fa go ntse jalo ba ne ba se ka ba anaanela boswa jwa bone jo bo botlhokwa. Ke masalela a sekae fela a Baiseraele ba tlholego ba ba neng ba amogela Mesia fa a ne a goroga. Ka ntlha ya seno, ke palo e nnye fela ya bone e e neng ya akarediwa mo bogosing jwa baperesiti jo go boleletsweng pele ka jone. Baiseraele ba tlholego ba ile ba amogwa Bogosi mme jwa newa “morafe o o ungwang maungo a jone.” (Mathaio 21:43) Ke morafe ofe oo?
Boswa Kwa Legodimong
14, 15. (a) Ditšhaba di ile tsa simolola go itshegofatsa jang ka “losika” lwa ga Aborahame morago ga loso lwa ga Jesu? (b) Maloko a “Iseraele wa Modimo” ba abelwa eng go nna boswa jwa bone?
14 Morafe o o neng wa newa Bogosi ke “Iseraele wa Modimo,” Iseraele wa semoya, o o dirilweng ka balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu Keresete ba ba 144 000. (Bagalatia 6:16; Tshenolo 5:9, 10; 14:1-3) Bangwe ba batho bano ba ba 144 000 e ne e le Bajuda ba tlholego, mme gone bontsi e ne e le Baditšhaba. Ka tsela eo, se Jehofa a neng a se solofeditse Aborahame, gore ditšhaba tsotlhe di ne di tla itshegofatsa mo “losikeng” lwa gagwe, se ne sa simolola go diragadiwa. (Ditiro 3:25, 26; Bagalatia 3:8, 9) Mo tiragatsong eo ya ntlha, baditšhaba ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo mme Jehofa Modimo a ba itseela go nna barwa ba gagwe ba semoya, go nna bomorwarraagwe Jesu Keresete. Ka gone, le bone ba ne ba nna karolo ya bobedi ya “losika” loo.—Bagalatia 3:28, 29.
15 Pele ga Jesu a swa, o ne a dira kgolagano le Bajuda ba e neng e tla nna maloko a setšhaba seo se sesha, kgolagano e e neng e tla tlhomamisiwa ka madi a gagwe. Batho bano ba go dirilweng kgolagano eo ba ne ba tla ‘itekanedisiwa ruriruri,’ fa ba dumela mo setlhabelong seno. (Bahebera 10:14-18) Ba ne ba tla ‘bolelwa e le ba ba siameng’ le go itshwarelwa maleo. (1 Bakorintha 6:11) Ka gone, ba tshwana le Adame pele ga a leofa. Le fa go ntse jalo, ga ba tle go tshela mo paradaiseng ya mo lefatsheng. Jesu o ile a re o ne a ya go ba baakanyetsa manno kwa legodimong. (Johane 14:2, 3) Ba tlogela botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng gore ba bone ‘boswa jo ba bo beetsweng kwa magodimong.’ (1 Petere 1:4) Ba ya go dirang teng? Jesu o ile a tlhalosa jaana: “Ke dira kgolagano le lona . . . ya bogosi.”—Luke 22:29.
16. Bakeresete ba ba tloditsweng ba letetswe ke tiro efe e e itumedisang?
16 Dingwe tsa dilo tse di tla dirwang ke batho bano ba ba tla busang le Keresete ba le kwa legodimong e tla nna go tlosa dilo tsotlhe tse di amanang le go tsuologela bolaodi jwa ga Jehofa. (Tshenolo 2:26, 27) E re ka e le karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame, ba tla nna le seabe mo go tlisetseng batho ba ditšhaba tsotlhe masego a go nna le botshelo jo bo itekanetseng. (Baroma 8:17-21) A boswa jo bo molemo jang ne jo ba nang najo!—Baefeso 1:16-18.
17. Bakeresete ba ba tloditsweng ba itumelela dikarolo dife tsa boswa jwa bone fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng?
17 Mme gone, ga se gore boswa jotlhe jwa balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu bo tla nna fela mo isagweng. Jesu o ile a ba thusa go itse Jehofa, Modimo o o osi wa boammaaruri, ka tsela e go neng go se ope yo o neng a ka ba mo ruta ka yone. (Mathaio 11:27; Johane 17:3, 26) O ne a ba ruta se go ‘ikanya Jehofa’ go se bolelang le se go ikobela Jehofa go se akaretsang. (Bahebera 2:13; 5:7-9) Jesu o ile a ba abela kitso ya boammaaruri jo bo malebana le maikaelelo a Modimo le go ba tlhomamisetsa gore moya o o boitshepo o ne o tla ba thusa go a tlhaloganya ka botlalo. (Johane 14:24-26) O ile a gatelela botlhokwa jwa Bogosi jwa Modimo mo megopolong le mo dipelong tsa bone. (Mathaio 6:10, 33) Gape Jesu o ile a ba abela tiro ya go neela bosupi le go dira batho barutwa mo Jerusalema, Judea, Samarea le go ya kwa dikarolong tse di kgakalakgakala tsa lefatshe.—Mathaio 24:14; 28:19, 20; Ditiro 1:8.
Boswa jo bo Botlhokwa Jwa Boidiidi jo Bogolo
18. Tsholofetso ya ga Jehofa ya gore ditšhaba tsotlhe di tla itshegofatsa ka “losika” lwa ga Aborahame e diragadiwa jang gompieno?
18 Palo yotlhe ya Iseraele wa semoya, e leng “letsomanyane” la baruaboswa ba Bogosi, e tshwanetse ya bo e setse e tlhophilwe. (Luke 12:32) Go setse go fetile masome a dingwaga jaanong Jehofa a lebisa tlhokomelo mo go phuthiweng ga boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe. Ka gone, se Jehofa a neng a se solofetsa Aborahame gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di ne di tla itshegofatsa mo “losikeng” lwa gagwe, se diragadiwa ka tsela e kgolo. Batho bano ba ba lesego le bone ba direla Jehofa tirelo e e boitshepo ka boipelo e bile ba a lemoga gore poloko ya bone e ikaegile ka go dumela mo go Kwana ya Modimo, Jesu Keresete. (Tshenolo 7:9, 10) A o amogetse taletso ya ga Jehofa ya bopelotshweu ya gore o nne mongwe wa setlhopha seno se se itumetseng?
19. Batho ba ditšhaba ba gone jaanong ba segofadiwang ba letetse boswa bofe?
19 Jehofa o naya ba e seng maloko a letsomanyane boswa bofe jo bo botlhokwa? Nnyaa, e seng boswa jwa kwa legodimong. Ke boswa jo Adame a ka bong a ile a bo abela bana ba gagwe—tsholofelo ya go tshela botshelo jo bo itekanetseng mo paradaiseng e e tla aparelang lefatshe lotlhe ka bonya ka bonya. E tla bo e le lefatshe le mo go lone “loso lo tla [bong] lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:4) Ka gone, Mafoko ano a Modimo a a tlhotlheleditsweng a bua le wena: “Ikanye Jehofa, o bo o dire molemo; aga mo lefatsheng o latelele boikanngo. Le gone o inatefise mo go Jehofa; mme o tlaa go naya dikeletso tsa pelo ya gago. Gonne e tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone . . . Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso. Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:3, 4, 10, 11, 29.
20. “Dinku tse dingwe” di itumelela jang bontsi jwa dilo tse e leng boswa jwa Bakeresete ba ba tloditsweng?
20 “Dinku tse dingwe” tsa ga Jesu di na le boswa mo lefatsheng le le tla bong le busiwa ke Bogosi jwa selegodimo. (Johane 10:16a) Le fa ba se kitla ba nna kwa magodimong, ba abelwa bontsi jwa dilo tse e leng boswa jwa semoya jwa batlodiwa. Ke ka thuso ya setlhopha sotlhe sa batlodiwa, “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” go bo dinku tse dingwe di ile tsa nna le tshono ya go tlhaloganya ditsholofetso tse di botlhokwa tse di mo Lefokong la Modimo. (Mathaio 24:45-47; 25:34) Batlodiwa le dinku tse dingwe ba direla Modimo o o osi wa boammaaruri, Jehofa, mmogo. (Johane 17:20, 21) Ba leboga Modimo mmogo ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu se se letlanyang. Ba mo direla mmogo e le letsomane le le lengwe kafa tlase ga Modisa a le mongwe e bong Jesu Keresete. (Johane 10:16b) Botlhe ke bontlhanngwe jwa bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. Ba nna le seabe mmogo mo tshiamelong ya go nna Basupi ba ga Jehofa le ba Bogosi jwa gagwe. Ee, fa o le motlhanka wa ga Jehofa yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng, dilo tseno tsotlhe ke dingwe tsa dilo tse e leng boswa jwa gago jwa semoya.
21, 22. Rotlhe re ka bontsha jang gore re ngomaela boswa jwa rona jwa semoya?
21 O tsaya boswa jono jwa semoya bo le botlhokwa go le kana kang? A o bo tsaya bo le botlhokwa sentle mo e bileng o dirang gore go dira thato ya Modimo e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa gago? A o supa seo ka go sekegela tsebe kgakololo ya Lefoko la Modimo le ya Mokgatlho wa gagwe ya gore re nne gone ka metlha mo dipokanong tsotlhe tsa phuthego ya Bokeresete? (Bahebera 10:24, 25) A o tsaya boswa jono bo le botlhokwa thata mo e bileng o tswelelang pele go direla Modimo le fa o lebane le mathata? A tsela e o bo anaanelang ka yone e nonofile sentle go go thusa go fenya diteko dipe fela tse di ka dirang gore bo go latlhegele?
22 E kete rotlhe re ka ngomaela boswa jwa semoya jo Modimo a re abetseng jone. Fa re ntse re tlhomile matlho a rona mo Paradaiseng e e tlang, a re nneng le seabe ka botlalo mo ditshiamelong tsa semoya tse Jehofa a re abelang tsone gone jaanong. Ka go dira ka natla gore botshelo jwa rona bo ikaege thata ka botsala jo re nang le jone le Jehofa, re a bo re neela bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore re tsaya boswa jono jo re bo neilweng ke Modimo bo le botlhokwa thata. E kete re ka nna bangwe ba batho ba ba reng: “Ke tlaa go godisa, Kgosi; ke tlaa baka leina la gago ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”—Pesalema 145:1.
O ka Tlhalosa Jang?
• Fa Adame a ka bo a ile a ikanyega mo Modimong, a ka bo a ile a re abela boswa bofe?
• Bana ba ga Aborahame ba ile ba tshwara jang boswa jo ba neng ba na le jone?
• Boswa jwa balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng bo akaretsa eng?
• Boidiidi jo bogolo bo na le boswa bofe, mme bo ka bontsha jang gore ruri bo a bo anaanela?
[Ditshwantsho mo go tsebe 20]
Bana ba ga Aborahame ba ile ba amogela tsholofetso ya boswa jo bo botlhokwa
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
A o anaanela boswa jwa gago jwa semoya?