Bakwadi ba Bogologolo le Lefoko la Modimo
DIKWALO tsa Sehebera di ne tsa wediwa kwa bokhutlong jwa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, bakanoki ba Bajuda, segolobogolo ba Basoferime le ba Masora moragonyana, ba ne ba le matsetseleko thata mo tseleng e ba neng ba dira ka teng go boloka mokwalo wa Sehebera o le boammaaruri. Le fa go ntse jalo, dibuka tsa ntlhantlha tsa Baebele di ne tsa kwalwa mo metlheng ya ga Moshe le Joshua, dingwaga di le sekete pele ga motlha wa Basoferime. Didirisiwa tse dikwalo tseo di neng di kwalelwa mo go tsone e ne e le dilo tse di senyegang; ka jalo memeno eo e tshwanetse ya bo e ne e kwalololwa gantsintsi. Ke eng se se itsiweng ka tiro ya bakwadi mo metlheng eo ya bogologolo? A go ne go na le bakwalolodi ba ba nang le bokgoni kwa Iseraele wa bogologolo?
Mekwalo ya bogologolo thata ya Baebele e e leng teng gompieno ke dikarolo tsa Memeno ya Lewatle le le Suleng, e mengwe ya yone e neng ya kwalololwa mo lekgolong la boraro le la bobedi B.C.E. Porofesa Alan R. Millard, yo e leng mokanoki wa dipuo tsa Near Eastern le boithutamarope a re: “Ga re na dikhopi tsa ntlha tsa karolo le fa e le efe ya Baebele.” O boa gape a re: “Dingwao tse di re dikologileng di ka bontsha kafa bakwadi ba bogologolo ba neng ba dira ka teng, mme kitso eo e ka thusa go fopholetsa go bona gore mekwalo ya Sehebera le hisitori ya yone e botlhokwa go le kana kang.”
Tiro ya Bogologolo ya Bokwadi
Mekwalo ya hisitori, ya bodumedi, ya molao le ya thuto e ne e kwalwa kwa Mesopotamia dingwaga di le dikete tse nnè tse di fetileng. Dikolo tsa bakwadi di ne di atlegile mme nngwe ya dithuto tse di neng di rutwa e ne e le gore mekwalo e e ntseng e le teng e kwalololwe fela jaaka e ntse. Bakanoki ba motlha wa segompieno ba fitlhela go na le diphetogo di le mmalwa fela mo mekwalong ya kwa Babelona e e kwalolotsweng gantsintsi ka lobaka lwa dingwaga di le sekete le go feta.
Tiro ya bokwadi e ne e sa dirwe fela kwa Mesopotamia. The Oxford Encyclopedia of Archaeology in the Near East ya re: “Mokwadi wa kwa Babelona wa motlha wa dingwaga tsa bo1500 BCE o ne a tla ikutlwa a phuthologile fa a dira mo mafelong a le mmalwa a bokwadi kwa Mesopotamia, Siria, Kanana le Egepeto tota.”a
Mo motlheng wa ga Moshe, tiro ya bokwadi e ne e tseelwa kwa godimo kwa Egepeto. Bakwadi ba ne ba nna ba kwalolola dibuka. Tiro eo e bonwa mo mekgabisong e e mo phupung ya kwa Egepeto e e nang le dingwaga di feta dikete tse nnè. Saetlopedia e e nopotsweng fa godimo e bua jaana ka bakwadi ba bogologolo: “Ka 1999-1001 BCE, ba ne ba kwalolotse e bile ba phuthile dibuka tse dintsi tse di neng di tlhalosa ditlhabologo tse dikgolo tse di nnileng teng kwa Mesopotamia le kwa Egepeto mme ba dirile melao ya kafa mokwadi a tshwanetseng go itshwara ka teng.”
“Melao” eno e ne e akaretsa go dirisiwa ga mekwalo e e neng e na le dintlha tse di malebana le go gatisiwa ga buka eo, tse di neng di dirwa karolo ya mokwalo wa buka. Mekwalo eo e ne e akaretsa maina a mokwadi le mong wa letlapanakwalelo, letlha, motswedi o go tserweng tshedimosetso mo go one, palo ya mela jalo le jalo. Gantsi mokwadi o ne a kwala jaana: “Mokwalo ono o kwalolotswe mo mokwalong wa ntlhantlha mme o ile wa lekolwa gore o siame.” Dintlha tseno di bontsha gore bakwalolodi ba bogologolo ba ne ba tshwenyegile ka gore tshedimosetso e kwalolole ka tlhomamo.
Porofesa Millard, yo o nopotsweng fa godimo, a re: “Motho o kgona go lemoga gore bakwadi ba ne ba na le mokgwa wa go kwalolola o o neng o akaretsa go lekola tiro le go e baakanya diphoso, e leng mokgwa o o neng o thibela diphoso. Mengwe ya mekgwa eno, segolobogolo go bala palo ya mela kana ya mafoko, e ne ya boa ya dirisiwa mo ditsong tsa Masora kwa tshimologong ya Metlha ya Bogare.” Ka jalo, ka nako ya ga Moshe le Joshua, mokgwa o o neng o kgothaletsa go nna kelotlhoko le go kwala ka tlhomamo o ne o setse o dirisiwa kwa Botlhabagare.
A Baiseraele le bone ba ne ba na le bakwalolodi ba ba itseng tiro? Ke eng se Baebele e se bontshang?
Bakwadi Kwa Iseraele wa Bogologolo
Moshe o godile e le leloko la lelapa la ga Faro. (Ekesodo 2:10; Ditiro 7:21, 22) Go ya ka batho ba ba ithutang ditso tsa Baegepeto, kgodiso ya ga Moshe e tshwanetse ya bo e ile ya akaretsa go ithuta go bala le go kwala ka tsela ya Seegepeto le go nna le bokgoni bongwe jwa bokwadi. Porofesa James K. Hoffmeier mo bukeng ya gagwe Israel in Egypt, a re: “Go na le lebaka la go bo re ka dumela kgang ya Baebele e e tlhalosang Moshe e le motho yo o neng a kgona go kwala ka ditiragalo, go kwala ka mesepele le go dira ditiro tse dingwe tsa bokwadi.”b
Baebele e umaka batho ba bangwe kwa Iseraele wa bogologolo ba ba neng ba na le bokgoni jwa go kwala. Go ya ka The Cambridge History of the Bible, Moshe “o ne a tlhoma badiredibagolo ba ba itseng go bala le go kwala . . . gore ba kwale ditshwetso le go rulaganya ga batho.” Tshwetso eno e theilwe mo go Duteronome 1:15 e e reng: “Ka jalo [nna Moshe] ke ne ka tsaya ditlhogo tsa ditso tsa lona, . . . ka ba tlhoma go nna ditlhogo mo go lona, dikgosana tsa dikete le dikgosana tsa makgolo le dikgosana tsa ditlhopha tsa masome a matlhano le dikgosana tsa masome le badiredi ba ditso tsa lona.” Badiredi bano e ne e le bomang?
Lefoko la Sehebera la “modiredi” le tlhaga makgetlho a le mmalwa mo mekwalong ya Baebele e e buang ka metlha ya ga Moshe le Joshua. Bakanoki ba le mmalwa ba tlhalosa gore lefoko leno le raya “mokwaledi,” “yo o ‘kwalang’ kana ‘dipego,’” le “modiredi yo o neng a thusa moatlhodi ka tiro ya gagwe ya bokwaledi.” Makgetlho a lefoko leno la Sehebera le tlhagang ka one a bontsha gore go ne go na le bakwaledi ba le bantsi kwa Iseraele mme ba ne ba na le maikarabelo a mantsi fa go ne go rulaganngwa tsamaiso ya setšhaba seo.
Sekai sa boraro se amana le baperesiti ba kwa Iseraele. Encyclopaedia Judaica ya re “ditiro tsa bone tsa bodumedi le tse e seng tsa bodumedi di ne di tlhoka gore ba bo ba itse go bala le go kwala.” Ka sekai, Moshe o ne a laela bomorwa Lefi jaana: “Kwa bokhutlong jwa dingwaga dingwe le dingwe di le supa, . . . o bale molao ono fa pele ga Iseraele yotlhe e utlwa.” Baperesiti e ne e le bone batlhokomedi ba khopi ya Molao. Ke bone ba neng ba ntsha tetla e bile ba kaela go kwalwa ga dikhopi tse dingwe.—Duteronome 31:10, 11.
Ela tlhoko kafa khopi ya ntlha ya Molao e neng ya dirwa ka gone. Mo kgweding ya bofelo ya botshelo jwa ga Moshe, o ne a raya Baiseraele a re: “Mo letsatsing le lo kgabaganyang Joredane ka lone lo tsena mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago a le go nayang, o itlhomele maje a magolo o bo o a tshasa kalaka. Mme o kwale mafoko otlhe a molao ono mo go one.” (Duteronome 27:1-4) Fa Jeriko le Ai di sena go senngwa Baiseraele ba ne ba phuthegela kwa Thabeng ya Ebale, e e mo bogareng jwa Lefatshe le le Solofeditsweng. Koo Joshua o ne a kwala mo majeng a sebeso “sekaelo sa molao wa ga Moshe.” (Joshua 8:30-32) Mekwalo eo e ne e ka nna teng fela ka gonne batho ba itse go kwala le go bala. Seno se bontsha gore Baiseraele ba bogologolo ba ne ba na le kitso le bokgoni jwa go boloka mekwalo ya bone e e boitshepo ka tsela e e tlhomameng.
Go Nna Boammaaruri ga Dikwalo
Morago ga metlha ya ga Moshe le Joshua, go ne ga kwalwa dibuka tse dingwe tsa Baebele tsa Sehebera mme go ne ga dirwa dikhopi tsa tsone tse di kwadilweng ka seatla. Fa dikhopi tseno di ne di onala kana di senngwa ke bongola le mouta, di ne di tshwanetse go dirwa gape. Mokgwa ono wa go kwalolola o ne wa tswelela ka dingwagangwaga.
Le fa bakwalolodi ba tsere matsapa ka go nna kelotlhoko, diphoso tsone di nnile teng. A mme diphoso tsa bakwalolodi di fetotse mokwalo wa Baebele thata? Nnyaa. Ka kakaretso, diphoso tseno ga di bonale e bile ga di ame ka gope bokao jwa molaetsa wa Baebele jaaka seo se ile sa lemogiwa fa go bapisiwa le mekwalo ya bogologolo.
Mo Bakereseteng, tsela e Jesu Keresete a neng a leba ka yone dikwalo tsa bogologolo tsa Baebele e bontsha gore mekwalo ya Dikwalo tse di Boitshepo e nepile. Dipolelwana tse di tshwanang le “A lo ne lwa se ka lwa bala mo bukeng ya ga Moshe?” le “Moshe o ne a lo naya Molao, a ga go jalo?” di bontsha gore Jesu o ne a tsaya dikhopi tse di neng di le teng tse di neng di kwadile ka seatla ka nako e a neng a le mo lefatsheng di le boammaaruri. (Mareko 12:26; Johane 7:19) Gape Jesu o ne a tlhomamisa gore Dikwalo tsa Sehebera tsotlhe di boammaaruri fa a ne a re: “Dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe le mo Baporofeting le Dipesalema ka ga me di tshwanetse go diragala.”—Luke 24:44.
Ka jalo re na le lebaka la go dumela gore Dikwalo Tse di Boitshepo di kwalolotswe ka tsela e e tlhomameng go tloga bogologolo. Go ntse fela jaaka moporofeti yo o tlhotlheleditsweng e bong Isaia a ile a kwala: “Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.”—Isaia 40:8.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Joshua yo o tshedileng ka bo1500 BCE o umaka motse wa Bakanana o o bidiwang Kiriathe-sefere, e e kayang “Motse wa Buka” kana “Motse wa Mokwadi.”—Joshua 15:15, 16.
b Go ka balwa ka makgetlho a Moshe a neng a kwala ka dikgang tsa molao mo go Ekesodo 24:4, 7; 34:27, 28; le Duteronome 31:24-26. Mo go Duteronome 31:22 go umakiwa gore Moshe o ne a kwala pina, mme mo go Dipalo 33:2 go umakiwa gore o ne a kwala dintlha tse di amanang le mosepele wa kwa nageng.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Mokwadi wa Moegepeto a le mo tirong
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Dibuka tsa ntlhantlha tsa Baebele di kwadilwe ka motlha wa ga Moshe