A Tsela e o Aparang ka Yone e Galaletsa Modimo?
“Dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 BAKOR. 10:31.
PINA: 34, 61
1, 2. Goreng Basupi ba ga Jehofa ba apara le go ipaakanya ka tsela e e siameng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
LEKWALODIKGANG lengwe la kwa Netherlands le ne la bega jaana ka kopano ya baeteledipele ba dikereke: “Bontsi jwa bone ba apere diaparo tsa go iketla, segolobogolo fa go le mogote. Ga go a nna jalo kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa. . . . Banna le basimane ba apere dibaki e bile ba tsentse dithai, fa boleele jwa mesese ya basadi le basetsana . . . bo siame e bile mesese ya bone e lebega sentle.” Ke boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ba akgolelwa go ‘ikgabisa ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, . . . ka tsela e e tshwanelang [batho] ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo.’ (1 Tim. 2:9, 10) Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka basadi, le fa go ntse jalo, molaomotheo ono o ama le banna ba Bakeresete.
2 Go botlhokwa gore batho ba ga Jehofa ba apare ka tsela e e siameng e bile go botlhokwa le mo Modimong yo re mo obamelang. (Gen. 3:21) Ga go pelaelo gore se Baebele e se buang ka tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone, se bontsha gore Molaodi wa lobopo lotlhe o batla gore baobamedi ba gagwe ba apare ka tsela e e siameng. Ka jalo, tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone ga e a ikaega fela ka se re se ratang. Gape re tshwanetse go akanyetsa le se se tla itumedisang Morena Molaodimogolo Jehofa.
3. Re ka ithuta eng ka moaparo mo Molaong o Modimo a neng a o naya Baiseraele?
3 Ka sekai, mo Molaong o Modimo a neng a o naya Baiseraele, go ne go na le melawana e e neng e ba sireletsa gore ba se ka ba tshela ka tsela e e sa siamang jaaka ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Molao oo o ne o bontsha kafa Jehofa a ikutlwang ka gone ka moaparo o o dirang gore go se ka ga nna le pharologanyo fa gare ga monna le mosadi—moaparo o gompieno o tlhalosiwang e le wa batho botlhe. (Bala Duteronome 22:5.) Go ya ka kaelo ya Modimo e e malebana le moaparo, go a bonala gore Modimo ga a kgatlhiwe ke moaparo o o dirang gore banna ba tshwane le basadi kgotsa basadi ba tshwane le banna, kgotsa moaparo o o dirang gore go nne thata go bona pharologanyo fa gare ga monna le mosadi.
4. Ke eng se se ka thusang Bakeresete go tlhopha diaparo tse di siameng?
4 Lefoko la Modimo le na le melaometheo e e thusang Bakeresete go itirela ditshwetso tse di molemo ka moaparo, go sa kgathalesege gore ba nna kae, ke ba morafe ofe kgotsa gore maemo a bosa a mo lefelong la bone a ntse jang. Ga re tlhoke lenaane la moaparo o o siameng le o o sa siamang. Go na le moo, re kaelwa ke melaometheo ya Baebele e e re letlang go itirela ditshwetso malebana le se re se ratang. A re sekaseke melaometheo ya Baebele e e ka re thusang go lemoga “se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone,” fa re dira tshwetso ka se re tla se aparang.—Bar. 12:1, 2.
“RE ITSHUPA RE LE BADIREDI BA MODIMO”
5, 6. Tsela e re aparang ka yone e tshwanetse go ama ba bangwe jang?
5 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa molaomotheo wa botlhokwa o o mo go 2 Bakorintha 6:4. (Bala.) Tsela e re lebegang ka yone e tlhalosa se tota re leng sone. Batho ba le bantsi ba lemoga gore re batho ba ba ntseng jang go ya ka “se se bonalang mo matlhong.” (1 Sam. 16:7) Ka jalo, e re ka re le batlhanka ba Modimo, re a itse gore go ipaakanya ga se kgang fela ya go apara sengwe se re se ratang. Melaometheo e e mo Lefokong la Modimo e tshwanetse go re tlhotlheletsa go tila go apara diaparo tse di re tshwarang thata, tse di bonaletsang kgotsa tse di tsosang keletso ya thobalano. Seo se akaretsa go apara diaparo tse di tlhomololang dikarolo tsa mmele. Ga go ope yo o tshwanetseng go ikutlwa a sa phuthologa kgotsa go leba go sele ka ntlha ya se re se apereng.
6 Fa re le phepa, re apere ka tsela e e nang le seriti e bile re ipaakantse sentle, batho ba tla re tlotla ka go bo re le batlhanka ba Morena Molaodimogolo Jehofa. E bile ba ka batla go atamalana le Modimo yo re mo obamelang. Mo godimo ga moo, tsela e e siameng e re apereng ka yone e tla buelela sentle phuthego ya Modimo e re e emelang. Mme seno se ka felela ka gore batho ba bangwe ba reetse molaetsa wa rona o o bolokang matshelo.
7, 8. Ke leng segolobogolo re tshwanetseng go apara diaparo tse di siameng?
7 Re bontsha gore re tlotla Modimo wa rona yo o boitshepo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le batho ba re ba rerelang, fa re apara ka tsela e e tshwanelang molaetsa o re o rerang le e e galaletsang Jehofa. (Bar. 13:8-10) Seno se botlhokwa segolobogolo fa re dira ditiro tsa Bokeresete, jaaka fa re ya dipokanong kgotsa fa re ya bodireding. Re tshwanetse go apara “ka tsela e e tshwanelang [batho] ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo.” (1 Tim. 2:10) Ke boammaaruri gore moaparo o o rileng o ka tswa o siame mo lefelong lengwe mme o sa siama mo go le lengwe. Ka ntlha ya seo, batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba akanyetsa maemo a mafelo a ba nnang mo go one gore ba se ka ba kgopisa batho ba bangwe.
8 Bala 1 Bakorintha 10:31. Fa re ya kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, re tshwanetse go apara diaparo tse di siameng tse di bontshang seriti, go na le go apara diaparo tse di sa siamang tsa lefatshe tsa feshene. Tota le fa re le kwa mafelong a re robalang kwa go one, re batla go tila go apara ka go latlhelela fela kgotsa go apara ka tsela e e botlhaswa. Fa re dira jalo, re tla kgona go ipolela gore re Basupi ba ga Jehofa. Mme fa tshono e tlhaga, re tla kgona go rerela ba bangwe re gololesegile.
9, 10. Goreng Bafilipi 2:4 e tshwanetse go ama tsela e re aparang ka yone?
9 Bala Bafilipi 2:4. Goreng Bakeresete ba tshwanetse go akanyetsa tsela e moaparo wa bone o amang Bakeresete ba bangwe ka gone? Ke ka gonne batho ba Modimo ba leka ka natla go dirisa kgakololo eno ya Baebele: “Bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo.” (Bakol. 3:2, 5) Ga re batle gore go nne thata gore Bakeresete ba bangwe ba ikobele kgakololo eo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba na le boitsholo jo bo sa siamang jwa thobalano, ba ka tswa ba sa ntse ba lwa le tshekamelo ya go dira boleo. (1 Bakor. 6:9, 10) Ruri ga re batle go ba thatafaletsa ntwa eo le go feta.
10 Fa re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, tsela e re apereng ka yone e tshwanetse go dira gore phuthego e nne lefelo le mo go lone mongwe le mongwe a ka kgonang go nna a itshwere sentle. Re tshwanetse go dira jalo e ka ne re kwa dipokanong kgotsa re a itapolosa. Re na le kgololesego ya go itlhophela gore re batla go apara eng. Le fa go ntse jalo, rotlhe re na le boikarabelo jwa go apara diaparo tse di tla dirang gore go nne motlhofo gore ba bangwe ba nne ba le phepa mo boitsholong le go nna ba latela melao ya Modimo ya go nna boitshepo ka se ba se akanyang, se ba se buang le ka tsela e ba itshwarang ka yone. (1 Pet. 1:15, 16) Lorato lwa mmatota “ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela.”—1 Bakor. 13:4, 5.
DIAPARO TSE DI SIAMENG KA NAKO LE LEFELO LE LE SIAMENG
11, 12. Re tshwanetse go akanyetsa eng fa re tlhopha se re tla se aparang?
11 Fa batlhanka ba Modimo ba dira tshwetso ka se ba tla se aparang, ba a itse gore “go na le nako ya tiragalo nngwe le nngwe le ka ga tiro nngwe le nngwe.” (Mor. 3:1, 17) Gone ke boammaaruri gore maemo a bosa le dipaka tse di farologaneng di ama se re tla se aparang. Go ntse jalo le ka maemo a rona a a farologaneng a botshelo le mafelo a re nnang kwa go one. Le fa go ntse jalo, melao ya ga Jehofa ga e fetofetoge go ya ka maemo a bosa.—Mal. 3:6.
12 Kwa mafelong a go leng mogote kwa go one, e ka nna kgwetlho go dira gore moaparo wa rona e nne o o nang le seriti le o o bontshang gore re batho ba ba itseng go dira ditshwetso tse di molemo. Ka jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba a itumela fa re tila go apara diaparo tse di re tshwarang thata kgotsa tse di bonaletsang. (Jobe 31:1) Gape fa re iketlile kwa lewatleng kgotsa kwa mafelong a go thuma, diaparo tse re thumang ka tsone di tshwanetse go bontsha seriti. (Dia. 11:2, 20) Tota le fa batho ba bangwe ba apara diaparo tsa go thuma tse di sa bontsheng seriti, rona ba re direlang Jehofa, re amegile ka go nna batho ba ba amogelesegang mo Modimong yo o boitshepo yo re mo ratang.
13. Goreng kgakololo e e mo go 1 Bakorintha 10:32, 33 e tshwanetse go ama ditshwetso tse re di dirang malebana le moaparo?
13 Go na le molaomotheo o mongwe o o ka re thusang go tlhopha diaparo tse di siameng. Ke molaomotheo o o re thusang go amega ka digakolodi tsa batho ba bangwe, e ka ne e le Basupi kgotsa e se bone. (Bala 1 Bakorintha 10:32, 33.) Re tshwanetse go tsaya kgang ya go tila go apara diaparo tse di ka kgopisang batho ba bangwe e le masisi. Paulo o ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga.” Mme o ne a tlhalosa lebaka la seno jaana: “Gonne le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa.” (Bar. 15:2, 3) Jesu o ne a tsaya go thusa batho ba bangwe go le botlhokwa go feta dilo tse ene a di ratang. Fa a ba thusa, seo se ne se mo thusa gore a dire thato ya Modimo. Ka jalo, re tla tila go apara diaparo tse re di ratang tse di ka dirang gore batho ba re ba rerelang ba iteege tsebe.
14. Batsadi ba ka thapisa jang bana ba bone gore ba galaletse Modimo ka tsela e ba aparang ka yone?
14 Batsadi ba Bakeresete ba na le boikarabelo jwa go ruta malapa a bone go dirisa melaometheo ya Baebele. Seno se akaretsa go tlhomamisa gore bone le bana ba bone ba leka ka natla go ipedisa pelo ya Modimo ka tsela e e siameng e ba aparang le e ba ipaakanyang ka yone. (Dia. 22:6; 27:11) Batsadi ba ka tlhotlheletsa bana ba bone gore ba tlotle Modimo yo ba mo obamelang ka go ba tlhomela sekao se se molemo le ka go ba naya kgakololo e e lorato le e e mosola. Ruri go a itumedisa fa batsadi ba ruta bana ba bone gore ba ka tlhopha jang diaparo tse di siameng le gore ba ka di reka kae! Seno ga se akaretse fela diaparo tse ba di ratang, gape se akaretsa go tlhopha diaparo tse di tla dirang gore ba tswelele ba na le tshiamelo ya go emela Jehofa Modimo.
DIRISA KGOLOLESEGO YA GAGO YA GO ITLHOPHELA KA BOTLHALE
15. Ke eng se se tshwanetseng go re thusa go tlhopha se re tla se aparang?
15 Lefoko la Modimo le na le kgakololo e e molemo e e ka re thusang go dira ditshwetso tse di tla galaletsang Modimo. Le fa go ntse jalo, re sa ntse re tlhoka go itlhophela gore ke eng se re tla se aparang. Re rata dilo tse di farologaneng e bile fa go tla mo go tsa madi, ga re lekane re se meno. Mme gone, diaparo tsa rona di tshwanetse go nna phepa, di bontshe seriti, di tshwanele lefelo le re yang kwa go lone e bile di se ka tsa kgopisa batho ba bangwe.
16. Goreng go le botlhokwa go tsaya matsapa a go batla diaparo tse di siameng?
16 Ke boammaaruri gore ga se ka metlha go leng motlhofo go dira ditshwetso tse di molemo le tse di bontshang gore re akanyeditse matlhakore otlhe a kgang. Mabenkele a le mantsi a rekisa diaparo tsa bosheng tse di rategang tsa feshene, ka jalo, ga go motlhofo go bona mesese, mabolaose, marokgwe kgotsa disutu tse di sa re tshwareng thata. Le fa go ntse jalo, baobamedi ka rona ba tla anaanela go bo re tsere matsapa a go reka diaparo tse dintle, tse di siameng. Go itse gore tsela e re apereng ka yone e itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong go tla dira gore re se ka re ikutlwa molato go bo re tsere matsapa a go batla diaparo tse di siameng.
17. Ke dilo dife tse mokaulengwe a tshwanetseng go di akanyetsa ka go nna le ditedu?
17 Gotweng ka bakaulengwe ba ba nang le ditedu? Molao wa ga Moshe o ne o letla banna go nna le ditedu. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ga ba tshele ka Molao wa ga Moshe e bile ga ba tlhoke go o ikobela. (Lefi. 19:27; 21:5; Bagal. 3:24, 25) Mo dinageng tse dingwe, go siame go nna le ditedu tse dinnye tse di beotsweng sentle mme motho yo o nang le tsone a ka kgona go rera ka Bogosi. Tota e bile, bakaulengwe bangwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ba na le ditedu. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe bangwe ba sweditse ka gore ba se ka ba nna le tsone. (1 Bakor. 8:9, 13; 10:32) Mo merafeng e mengwe le kwa mafelong a mangwe, go nna le ditedu ga go a tlwaelega e bile ga go a siama gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le tsone. Tota e bile, go nna le tsone go ka kgoreletsa mokaulengwe gore a se ka a galaletsa Modimo ka tsela e a ipaakanyang ka yone e bile go ka dira gore a nne le sengwe se a ka tshwaiwang phoso ka sone.—Bar. 15:1-3; 1 Tim. 3:2, 7.
18, 19. Mika 6:8 e re thusa jang fa re leka go dira gore tsela e re aparang ka yone e itumedise Modimo?
18 Ruri go a itumedisa gore Jehofa ga a re imetsa ka go re naya lenaane la melao ya kafa re tshwanetseng go apara le go ipaakanya ka gone. Go na le moo, o re letla gore re dirise kgololesego ya rona ya go itlhophela le go itirela ditshwetso tse di siameng mme re tshwanetse go dira seno re ikaegile ka melaometheo ya Baebele. Tota tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone e tshwanetse go bontsha gore re batla go ‘nna boingotlo fa re tsamaya le Modimo wa rona.’—Mik. 6:8.
19 Go nna boingotlo ga rona go akaretsa go sekaseka gore a tsela e re dirang dilo ka yone e dumalana le tsela e Jehofa a leng boitshepo ka yone, ka gonne re ikaegile thata ka kaelo ya gagwe. Gape, go nna boingotlo go akaretsa go tlotla tsela e batho ba bangwe ba ikutlwang ka yone le e ba akanyang ka yone. Ka jalo, re ‘nna boingotlo fa re tsamaya le Modimo’ ka go tshela ka melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo le ka go tlotla dilo tse ba bangwe ba tshwenyegileng thata ka tsone.
20. Tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone e tshwanetse go ama ba bangwe jang?
20 Tsela e re aparang ka yone ga e a tshwanela go dira gore batho ba belaele gore a re baobamedi ba ga Jehofa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le batho ba bangwe botlhe ba tshwanetse go lemoga gore re tshwanelegela go emela Modimo wa rona yo o siameng. Melao ya gagwe ke ya maemo a a kwa godimo e bile re itumelela go tshela ka yone. Re akgola bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba aparang sentle le ba ba itshwereng sentle, ka gonne seo se dira gore batho ba ba peloephepa ba batle go utlwa molaetsa o o bolokang matshelo wa Baebele e bile se dira gore Jehofa a itumele le go galalediwa. Ga go pelaelo gore go dira ditshwetso tse di molemo ka moaparo go tla tswelela go galaletsa Ene yo o apereng “thata le bontlentle.”—Pes. 104:1, 2.