A o Ne o Itse?
Ke eng fa Bajuda ba ne ba phatlaletse fa Jesu a ne a le mo lefatsheng?
Fa Jesu a ne a bolelela setlhopha sa batho ba ba neng ba mo reeditse gore ga ba ka ke ba kgona go ya kwa a yang teng, Bajuda ba ne ba ipotsa jaana: “Monna yono o ikaelela go ya kae . . . ? Ga a ikaelele go ya kwa Bajudeng ba ba phatlaletseng mo gare ga Bagerika . . . ga ke re?” (Johane 7:32-36) Go ise go ye kae, barongwa ba Bakeresete ba ne ba rera dikgang tse di molemo mo Bajudeng ba ba phatlaletseng mo dinageng tse di gaufi le Lewatle la Mediterranean.—Ditiro 2:5-11; 9:2; 13:5, 13, 14; 14:1; 16:1-3; 17:1; 18:12, 19; 28:16, 17.
Go phatlalala gono kgotsa Diaspora, go ne ga direga fa Bajuda ba ntshiwa kwa nagagaeng ya bone mme ba isiwa botshwaro ke dinaga tse di ba thopileng—ba ntlha ke Baasiria ka 740 B.C.E., go tswa foo Bababelona ka 607 B.C.E. Ke masalela a batshwarwa fela a a neng a boela kwa Iseraele. (Isaia 10:21, 22) Ba bangwe ba ne ba phatlalala.
Ka ntlha ya seno mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., metse ya Bajuda e ne e fitlhelwa mo dikgaolong di le 127 tse di laolang tsa Mmusomogolo wa Peresia. (Esethere 1:1; 3:8) Matsapa a Bajuda a go sokololela batho mo Bojudeng a ne a kaya gore fa nako e ntse e ile batho ba le bantsi ba ne ba tla itse Jehofa le Molao o a neng a o neile Bajuda. (Mathaio 23:15) Bajuda ba ba neng ba tswa kwa dinageng di le dintsi ba ne ba le teng kwa Jerusalema kwa Moletlong wa Pentekosete ka 33 C.E., kwa ba neng ba utlwa dikgang tse di molemo kaga Jesu gone. Ka jalo, go phatlalala ga Bajuda mo Mmusomogolong wa Roma go ne ga dira gore Bokeresete bo aname ka bonako.
Kgosi Solomone o ne a na le gouta e kana kang?
Baebele ya re Hirame, kgosi ya Ture, o ne a romelela Solomone ditone di le nnè tsa gouta, kgosigadi ya Sheba e ne ya mo naya ditone tse di lekanang le tseo, mme dikepe di le dintsi tsa ga Solomone di ne tsa tlisa ditone tsa gouta di feta 15 go tswa kwa Ofire. Pego ya re, “selekanyo sa bokete jwa gouta e e neng ya tla kwa go Solomone mo ngwageng o le mongwe se ne se fitlha go ditalenta tsa gouta di le makgolo a le marataro le masome a marataro le borataro” kgotsa ditone di feta 25. (1 Dikgosi 9:14, 28; 10:10, 14) A seno se ka kgonega? Ka nako eo go ne go na le gouta e kana kang?
Mokwalo wa bogologolo o o gabilweng o bakanoki ba reng o bua boammaaruri o bolela gore Pharaoh Thutmose III wa kwa Egepeto (wa mileniamo wa bobedi B.C.E.) o ne a ntshetsa tempele ya Amun-Ra e e kwa Karnak ditone di ka nna 13.5 tsa gouta. Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Kgosi ya Asiria e bong Tiglath-pileser III o ne a amogela ditone di feta 4 tsa gouta e le sehuba go tswa kwa Ture, mme Sargon II o ne a ntshetsa medimo ya Babelona ditone tse di lekanang le tseo tsa gouta e le mpho. Go begwa gore Kgosi ya kwa Makedonia e bong Philip II (359-336 B.C.E.) o ne a ntsha ditone di feta 28 tsa gouta ngwaga le ngwaga kwa meepong ya Pangaeum kwa Thrace.
Fa morwa wa ga Philip e bong Alexander yo Mogolo (336-323 B.C.E.) a ne a thopa motse wa Peresia wa Susa, go bolelwa gore o ne a tsaya ditone di ka nna 1 180 tsa gouta mo motseng oo le ditone di ka nna 7 000 tsa gouta mo Peresia yotlhe. Ka jalo, fa Baebele e bapisiwa le dipego tseno ga e feteletse dilo fa e bua ka gouta e Solomone a neng a na le yone.