Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng!
“Tlhe Jehofa, tsweetswee gakologelwa kafa ke tsamaileng ka teng fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo e e feletseng.”—2 DIKG. 20:3.
PINA: 52, 65
1-3. Go direla Modimo “ka pelo e e feletseng” go kaya eng? Tshwantsha.
E RE ka re sa itekanela, go motlhofo gore re dire diphoso. Se se itumedisang ke gore Jehofa ga a ‘re direle go ya kafa maleong a rona.’ Fa re ikwatlhaya e bile re kopa Jehofa gore a re itshwarele re na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu, o tla re itshwarela. (Pes. 103:10) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Dafide a ile a bolelela Solomone, fa re batla gore Jehofa a amogele kobamelo ya rona, re tshwanetse go ‘mo direla ka pelo e e feletseng.’ (1 Ditir. 28:9) Re ka dira seo jang le fa gone re sa itekanela?
2 Sengwe se se ka re thusang go dira jalo ke go bapisa botshelo jwa ga Kgosi Asa le jwa ga Kgosi Amasia. Banna bano ba e neng e le dikgosi tsa kwa Juda ba ne ba dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, mme Asa ene o ne a dira jalo ka pelo e e feletseng. (2 Ditir. 15:16, 17; 25:1, 2; Dia. 17:3) Boobabedi ba ne ba sa itekanela e bile ba dira diphoso. Le fa go ntse jalo, Asa ga a ka a tlola melao ya Modimo ka gonne pelo ya gagwe e ne ‘e feletse’ mo Modimong. (1 Ditir. 28:9) Amasia ene o ne a sa ineela mo Modimong ka pelo e e feletseng. Fa a sena go fenya baba ba Modimo, o ne a gapa medingwana ya bone mme a simolola go e obamela.—2 Ditir. 25:11-16.
3 Go direla Modimo “ka pelo e e feletseng” go kaya go mo rata le go batla go mo direla ka bosakhutleng. Gantsi Baebele e dirisa lefoko “pelo” go tlhalosa motho yo re leng ene mo teng. Lefoko leno le akaretsa dilo tse re di eletsang, tse re di akanyang, tsela e re dirang dilo le e re lebang dilo ka yone, dilo tse re kgonang go di dira, maitlhomo le mekgele ya rona. Ka jalo, motho yo o direlang Jehofa ka pelo e e feletseng ga a mo direle ka boitimokanyi. Kobamelo ya gagwe ga e nne seomodiro fela. Gotweng ka rona? Le fa gone re sa itekanela, re ka kgona go direla Modimo ka pelo e e feletseng fa fela re tswelela re ineetse mo go ene ka botlalo.—2 Ditir. 19:9.
4. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
4 Gore re kgone go tlhaloganya sentle gore go direla Jehofa ka pelo e e feletseng go kaya eng, mma re sekaseke botshelo jwa ga Asa le dikgosi dingwe tsa Juda tse di neng di direla Jehofa ka pelo e e feletseng e bong Jehoshafate, Hesekia le Josia. Banna bano ba ne ba dira diphoso, mme gone, Jehofa o ne a ba amogela. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a re ba mo direla ka pelo e e feletseng, mme re ka ba etsa jang?
PELO YA GA ASA E NE E “FELETSE MO GO JEHOFA”
5. Asa o ne a dira eng fa a sena go nna kgosi?
5 Asa e ne e le kgosi ya boraro ya Juda fa setšhaba sa Iseraele se sena go kgaoganngwa. O ne a fedisa kobamelo ya medingwana mo motseng wa Juda a bo a leleka diaka tse di ithekisang tsa banna kwa tempeleng. Gape o ne a tlosa mmêmogolo wa gagwe e bong Maaka “mo bohumagading, ka gonne o ne a [dirile] . . . modingwana o o tshosang.” (1 Dikg. 15:11-13) Mo godimo ga moo, Asa o ne a kgothaletsa batho gore ba “batle Jehofa . . . le go dira [kgotsa go ikobela] molao le taelo.” O ne a kgothaletsa batho gore ba obamele Jehofa.—2 Ditir. 14:4.
6. Asa o ne a dira eng fa masole a Ethiopia a ne a tlhasela Juda?
6 Jehofa o ne a segofatsa naga ya Juda ka go dira gore go nne le kagiso mo dingwageng tsa ntlha tse di lesome tsa puso ya ga Asa. Morago ga moo, Sera wa Moethiopia o ne a tlhasela Juda a na le banna ba le 1 000 000 le dikara di le 300. (2 Ditir. 14:1, 6, 9, 10) Asa o ile a dira eng mo nakong eo ya tlalelo? O ne a bontsha gore o ikanya Jehofa ka pelo yotlhe. (Bala 2 Ditiragalo 14:11.) Modimo o ne a araba thapelo ya ga Asa e e tswang pelong ka go mo thusa gore a fenye masole a Ethiopia. (2 Ditir. 14:12, 13) Tota le fa dikgosi dingwe di ne di sa ikanyege mo go ene, Jehofa o ne a ba thusa go fenya baba ba bone ka ntlha ya leina la gagwe. (1 Dikg. 20:13, 26-30) Le fa go ntse jalo, Asa ene o ne a ikaega ka Modimo, mme Jehofa a araba thapelo ya gagwe. Gone ke boammaaruri gore moragonyana Asa o ne a dira ditshwetso tse di sa siamang. Ka sekai, o ne a kopa thuso mo kgosing ya Siria go na le go kopa thuso mo go Jehofa. (1 Dikg. 15:16-22) Le fa go ntse jalo, fa Modimo a tlhatlhoba Asa, o ne a bona gore pelo ya gagwe e ne e “feletse mo go Jehofa malatsi otlhe a gagwe.” Re ka etsa Asa jang fa re batla go dira se se siameng?—1 Dikg. 15:14.
7, 8. O ka etsa Asa jang fa o direla Jehofa?
7 Re tshwanetse go itlhatlhoba go bona gore a re direla Jehofa ka pelo e e feletseng. Ipotse jaana: ‘A ke ikemiseditse go itumedisa Jehofa, go femela kobamelo ya boammaaruri le go sireletsa batho ba gagwe mo tlhotlheletsong e e sa siamang?’ Akanya fela gore Asa o ne a tlhoka go nna pelokgale jang gore a kgone go tlosa mmêmogolo wa gagwe e bong Maaka “mo bohumagading.” O ka tswa o sa itse ope yo o itshwarang jaaka mmêmogolo wa ga Asa, mme gone, go ka tswa go na le maemo a mo go one o ka kgonang go nna pelokgale jaaka Asa. Ka sekai, a re re mongwe mo lelapeng la lona o dira boleo jo bo masisi a bo a sa ikwatlhaye mme a bo a tshwanelwa ke go tlosiwa mo phuthegong. A o ne o tla tswelela o dirisana le motho yoo? Pelo ya gago e ne e tla go tlhotlheletsa gore o dire eng?
8 Fela jaaka Asa, o ka bontsha gore o direla Jehofa ka pelo e e feletseng ka go ikaega ka Modimo fa o lebane le kganetso, tota le fa go lebega e kete o ka se kgone go e fenya. O ka nna wa sotliwa kwa sekolong ka gonne o le Mosupi wa ga Jehofa e bile o emela se o se dumelang. Kgotsa badirimmogo le wena kwa tirong ba ka go sotla ka gonne o tsaya malatsi gore o ye go dira ditiro tsa kobamelo kgotsa ba ka dira jalo ka gonne o sa nke o bereka diura tse di oketsegileng gore o amogele madi a mantsi. Fa o lebane le maemo ano, rapela Modimo fela jaaka Asa a ile a dira. Ikaege ka Jehofa, mme o tswelela o emela se o itseng gore se siame. Gopola gore Modimo o ne a nonotsha Asa le go mo thusa mme le wena o tla go nonotsha.
9. Fa re rera, re ka bontsha jang gore re direla Jehofa ka pelo e e feletseng?
9 Batlhanka ba Modimo ga ba ikakanyetse fela ba le bosi. Ka sekai, Asa o ne a kgothaletsa batho gore ba obamele Jehofa. Le rona re thusa batho gore “ba batle Jehofa.” Ruri Jehofa o a itumela fa a bona re bua le baagelani ba rona ka ene, mme re dira jalo ka gonne re mo rata e bile re amega ka isagwe le boitumelo jwa batho!
JEHOSHAFATE O NE A BATLA JEHOFA
10, 11. O ka etsa sekao sa ga Jehoshafate jang?
10 Morwa Asa e bong Jehoshafate o ne a “nna a tsamaya mo tseleng ya ga Asa rraagwe.” (2 Ditir. 20:31, 32) Jang? Jehoshafate o ne a kgothaletsa batho gore ba batle Jehofa fela jaaka rraagwe a ne a dira. O ne a dira jalo ka go rulaganya letsholo la go ruta batho le mo go lone go neng go dirisiwa “buka ya molao wa ga Jehofa.” (2 Ditir. 17:7-10) O ne a bo a ya kwa bogosing jwa Iseraele jwa kwa bokone le kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime, “gore a tle a ba busetse kwa go Jehofa.” (2 Ditir. 19:4) Jehoshafate o ne a “batla Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.”—2 Ditir. 22:9.
11 Rotlhe re ka nna le seabe mo letsholong le legolo la go ruta le Jehofa a le rulagantseng gompieno. A o ipeetse mokgele wa gore kgwedi le kgwedi o rute ba bangwe Lefoko la Modimo le go ba kgothaletsa gore ba mo direle? Fa o dira ka natla e bile o kopa Jehofa gore a go thuse, o ka kgona go nna le motho yo o ithutang Baebele le ene. A o rapela Jehofa gore a go thuse go dira seno? A o iketleleeditse go dira seno, gongwe le e leng go fokotsa nako e o e dirisang mo dilong tsa botho? Fela jaaka Jehoshafate a ile a ya kwa kgaolong ya Eferaime gore a thuse batho gore ba boe ba obamele Jehofa, le rona re ka leka go thusa batho ba ba tsidifetseng. Mo godimo ga moo, bagolwane ba rulaganya gore ba etele le go thusa batho ba ba tlositsweng mo phuthegong ba ba ka tswang ba tlogetse ditiro tse di bosula tse ba neng ba di dira.
12, 13. (a) Jehoshafate o ne a dira eng fa a ne a le mo maemong a a thata? (b) Ke eng fa re tshwanetse go etsa Jehoshafate ka go kopa Jehofa gore a re thuse fa re tlaletswe?
12 Jehoshafate o ne a etsa rraagwe e bong Asa ka go tswelela a ineetse mo Modimong le fa gone a ne a tshosediwa. (Bala 2 Ditiragalo 20:2-4.) Gone ke boammaaruri gore Jehoshafate o ne a tshogile! Le fa go ntse jalo, o ne a ‘ikemiseditse go batla Jehofa.’ O ne a rapela Jehofa mme a mmolelela gore ene le batho ba gagwe ga ba “na maatla fa pele ga boidiidi jo bogolo” jo bo ba tshosetsang mme gape a tlhalosa gore ga ba itse gore ba dire eng. O ne a ikaega ka Jehofa, mme a re: “Matlho a rona a [lebile] kwa go wena.”—2 Ditir. 20:12.
13 Fela jaaka Jehoshafate, le rona ka dinako dingwe re ka ikutlwa re tlaletswe, re sa itse gore re dire eng. (2 Bakor. 4:8, 9) Mme gopola gore Jehoshafate o ne a rapela phatlalatsa a tlhalosetsa Jehofa gore ene le batho ba gagwe ba ne ba sena maatla. (2 Ditir. 20:5) Ba e leng ditlhogo tsa malapa ba ka etsa sekao sa ga Jehoshafate ka go kopa Jehofa gore a ba kaele le gore a ba thuse go lebana le mathata. O se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke go rapela ka tsela eo fa o na le ba lelapa la gago. Ba tla lemoga gore o ikanya Jehofa. Modimo o tla go thusa fela jaaka a ile a thusa Jehoshafate.
HESEKIA O NE A NNA A DIRA SE SE MOLEMO
14, 15. Hesekia o ne a bontsha jang gore o ikaegile ka Jehofa?
14 Go farologana le Jehoshafate, fa Hesekia a ne a batla go itsege e le kgosi e e neng ya “ngaparela Jehofa,” o ne a tshwanetse go gana tlhotlheletso ya ga rraagwe yo o neng a obamela medingwana. Hesekia o ne a “tlosa mafelo a a kwa godimo mme a thubaganya dipilara tse di boitshepo le go kgaola kota e e boitshepo a ba a thubaganya noga ya kgotlho e Moshe a neng a e dirile,” e jaanong batho ba neng ba e obamela. O ne a ineetse ka botlalo mo go Jehofa ka gonne o ne “a tswelela a boloka ditaelo . . . tse Jehofa a neng a di laetse Moshe.”—2 Dikg. 18:1-6.
15 Hesekia o ne a tswelela a ikaegile ka Jehofa ka pelo yotlhe fa Baasiria ba ne ba batla go tlhasela motse wa Jerusalema. Ka nako eo, Asiria e ne e le yone mmusomogolo wa lefatshe e bile e ne e setse e sentse motse wa Juda. Kgosi ya Asiria e bong Senakeribe o ne a kgoba Jehofa mme a leka go tshosetsa Hesekia gore a ineele. Le fa go ntse jalo, Hesekia o ne a rapela a bontsha gore o dumela gore Jehofa o tla ba boloka. (Bala Isaia 37:15-20.) Modimo o ne a araba thapelo ya gagwe ka go romela moengele gore a bolaye masole a Asiria a le 185 000.—Isa. 37:36, 37.
16, 17. O ka etsa Hesekia jang fa o direla Modimo?
16 Moragonyana Hesekia o ne a lwalela go swa. O ne a kopa Jehofa gore a gopole ditiro tsa gagwe tsa boikanyegi. (Bala 2 Dikgosi 20:1-3.) Re a itse gore Baebele ya re re ka se lebelele gore Modimo a re fodise ka kgakgamatso kgotsa a oketse dingwaga tsa botshelo jwa rona. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Hesekia, re ka kgona go raya Jehofa re re: ‘Ke tsamaile fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo e e feletseng.’ A o dumela gore Jehofa a ka kgona go go thusa fa o lwala le gore o iketleleeditse go dira jalo?—Pes. 41:3.
17 Fa re ntse re akanya ka sekao sa ga Hesekia, gongwe re ka nna ra lemoga gore go na le sengwe se se koafatsang kamano ya rona le Jehofa kgotsa se se dirang gore re se ka ra mo direla ka pelo e e feletseng. Ruri ga re batle go etsa batho ba ba sa obameleng Jehofa ba ba tseelang batho bangwe kwa godimo thata ba dirisa metswedi ya go ikgolaganya le batho ka Internet. Gone ke boammaaruri gore Bakeresete bangwe ba itumelela go ikgolaganya le ba malapa a bone le ditsala ba dirisa Internet. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba dirisa Internet ka tsela e e feteletseng gore ba ikgolaganye le batho ba ba sa ba itseng. Kgotsa ba dirisa nako e ntsi mo Internet ba bala ka batho bao e bile ba leba dinepe tsa bone. Gape re ka iphitlhela re wetse mo kotsing ya go rata melaetsa kgotsa tshedimosetso e e seng botlhokwa e e romelelwang batho ba le bantsi go ba tlosa bodutu. Tota e bile, Mokeresete a ka nna a simolola go ikgogomosa fa batho ba le bantsi ba rata dilo tse a di kwalang mo Internet, kgotsa a ka kgopisega fa ba sa tlhole ba ikgolaganya le ene. Akanya fela moaposetoloi Paulo kgotsa Perisila le Akhwila ba fetsa nako e ntsi letsatsi le letsatsi ba tsenya ditshwantsho mo Internet kgotsa ba ikgolaganya le batho ba e seng Bakeresete. Baebele ya re Paulo o ne a ‘tshwaregile thata ka lefoko.’ Mme Perisila le Akhwila ba ne ba dirisa nako ya bone go tlhalosetsa ba bangwe “tsela ya Modimo sentle ka botlalo.” (Dit. 18:4, 5, 26) Re ka ipotsa jaana, ‘A ke tila go tseela batho bangwe kwa godimo thata kgotsa go dirisa nako e ntsi mo dilong tse di seng botlhokwa?’—Bala Baefeso 5:15, 16.
JOSIA O NE A BOLOKA DITAELO TSA GA JEHOFA
18, 19. O ka rata go etsa sekao sa ga Josia ka ditsela dife?
18 Setlogolwana sa ga Hesekia e bong Kgosi Josia o ne a ikobela melao ya ga Jehofa ka ‘pelo yotlhe ya gagwe.’ (2 Ditir. 34:31) Fa a sa ntse a le mosha, o ne a “simolola go batla Modimo wa ga Dafide,” mme fa a le dingwaga di le 20, o ne a fedisa kobamelo ya medingwana mo Juda. (Bala 2 Ditiragalo 34:1-3.) Josia o ne a tlhagafaletse go dira thato ya Modimo, mme o ne a dira jalo go gaisa dikgosi tse dintsi tsa Juda. Mo godimo ga moo, fa mekwalo ya ntlhantlha ya Molao wa ga Moshe e bonwa, o ne a e balelwa mme seo sa mo tlhotlheletsa gore a dire thato ya Modimo ka tsela e e oketsegileng. O ne a kgothaletsa batho gore ba direle Jehofa. Ka ntlha ya seo, batho “ba ne ba se ka ba fapoga mo go saleng Jehofa,” fa Josia a ne a sa ntse a busa.—2 Ditir. 34:27, 33.
19 Fela jaaka Josia, basha ba tshwanetse go simolola go direla Jehofa ba sa ntse ba le bannye. Rremogolo wa ga Josia e bong Kgosi Manase a ka tswa a ile a ruta Josia gore Modimo o kutlwelobotlhoko. Basha, atamalanang le bagodi ba ba ikanyegang ba ba mo phuthegong kgotsa mo lelapeng la lona mme lo ithute kafa Jehofa a ileng a ba tlhokomela ka gone. Gape gopolang gore Josia o ile a thusiwa ke go bala Dikwalo mme a tlhotlheletsega go tsaya kgato. Fa o bala Lefoko la Modimo ka metlha, o tla tlhotlheletsega go dirisa se o se ithutang mme seno se tla dira gore o itumele. Gape kamano ya gago le Jehofa e tla nonofa e bile o tla batla go thusa ba bangwe gore le bone ba ithute ka Modimo. (Bala 2 Ditiragalo 34:18, 19.) Gape go ithuta Baebele go ka go thusa gore o bone ditsela tsa go tokafatsa tsela e o direlang Modimo ka yone. Fa o sena go di bona, tsaya matsapa go tokafatsa mo go tlhokegang gone fela jaaka Josia a ile a dira.
DIRELA JEHOFA KA PELO E E FELETSENG!
20, 21. (a) Dikgosi tse nnê tse re buileng ka tsone di tshwana ka eng? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
20 A go sekaseka matshelo a dikgosi tsa Juda tse di neng di direla Jehofa ka pelo e e feletseng go go solegetse molemo? Banna bano ba ne ba tlhagafaletse go dira thato ya Modimo e bile ba ne ba ikemiseditse go e diragatsa. Ba ne ba tswelela ba dira thato ya Modimo le fa ba ne ba lebane le baba ba ba boifisang. Sa botlhokwa le go feta, ba ne ba direla Jehofa ka maitlhomo a a siameng.
21 Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, dikgosi tse nnê tse re sa tswang go bua ka tsone di ne di dira diphoso. Le fa go ntse jalo, fa Motlhatlhobi wa pelo a ba tlhatlhoba, o ne a bona gore ba ne ba mo direla ka pelo e e feletseng. Le rona re dira diphoso. Fa Jehofa a re tlhatlhoba, a o bona gore re mo direla ka pelo e e feletseng? Mma re tlotle ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.