“O se Ka wa Boifa. Nna ke Tla go Thusa”
JESU o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Diabolo o tla nna a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe ka botlalo.” Le fa go ntse jalo, pele Jesu a ba tlhagisa, o ne a re: “O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o di boga.” E re ka Satane a ntse a tsweletse pele a dirisa matshosetsi a gore re ka tsenngwa mo kgolegelong, e le fa a leka go emisa tiro ya go rera ka Bogosi, go ka direga tota gore dipuso dingwe di bogise Bakeresete ba boammaaruri. (Tshen. 2:10; 12:17) Ka jalo, jaaka Jesu a ne a re gakolola, ke eng se se ka re thusang go ipaakanyetsa go emelana le maano a a boferefere a ga Satane mme re ‘sa boife’?
Eleruri, bontsi jwa rona re kile ra nna le poifo ka nako nngwe mo botshelong. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore ka thuso ya ga Jehofa, re ka kgona go tila go fekeediwa ke poifo. Jang? Tsela nngwe e Jehofa a re thusang ka yone go lebana le kganetso ke ka go re thusa go lemoga maano a a dirisiwang ke Satane mmogo le baemedi ba gagwe. (2 Bakor. 2:11) Go supa gore seno se direga jang, mma re bone se se neng sa diragala mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele. Gape re tla sekaseka dikai dingwe tsa motlha wa segompieno tsa badumedimmogo le rona ba ba ikanyegang ba ba neng ba ‘ema ba nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.’—Baef. 6:11-13.
Kgosi e e Boifang Modimo e Lebana le Mmusi yo o Bosula
Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Kgosi Senakaribe yo o bosula wa kwa Asiria o ne a fenya ditšhaba di le mmalwa mo ntweng. E re ka a ne a itshepile thata morago ga diphenyo tseo, jaanong o ne a ikemisetsa go tlhasela batho ba ga Jehofa le motsemogolo wa bone e bong Jerusalema, kwa Hesekia yo o boifang Modimo a neng a busa e le kgosi gone. (2 Dikg. 18:1-3, 13) Ga go pelaelo gore Satane o ne a dirisa boemo joo gore a tlhotlheletse Senakaribe go tsweletsa pele leano la gagwe la go fedisa kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng.—Gen. 3:15.
Senakaribe o ne a romela baemedi kwa Jerusalema go ya go laela batho ba motse oo gore ba ineele. Mongwe wa baemedi bao e ne e le Rabeshake, yo e neng e le mmueledimogolo wa kgosi.a (2 Dikg. 18:17) Maikaelelo a ga Rabeshake e ne e le go nyemisa Bajuda mooko le go ba dira gore ba ineele kwantle ga go lwa. Rabeshake o ne a dirisa maano afe go leka go boifisa Bajuda?
Go Ikanyega Le fa O le Nosi
Rabeshake o ne a raya baemedi ba ga Hesekia a re: “Kgosi e kgolo, kgosi ya Asiria, e buile jaana: ‘Tshepo e o e ikantseng eno ke eng? . . . Bona! o ikantse setshegetso sa lotlhaka lono lo lo phitsegileng, Egepeto, lo fa motho a itshegeletsa ka lone, lo tla tsenang mo legofing la gagwe lo bo lo le tlhaba.’” (2 Dikg. 18:19, 21) Tatofatso ya ga Rabeshake e ne e le ya maaka ka gonne Hesekia o ne a sa dira kgolagano epe le Egepeto. Le fa go ntse jalo, tatofatso eo e ne e gatelela se Rabeshake a neng a batla gore Bajuda ba nne ba se gakologelwa: ‘Ga go ope yo o tla lo thusang. Lo eme lo le nosi.’
Mo metlheng ya gompieno batho ba ba ganetsang kobamelo ya boammaaruri le bone ba ile ba leka go boifisa Bakeresete ba boammaaruri ka go ba tshosetsa ka go re ba tla ba tsenya mo kgolegelong. Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete, yo o neng a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya gagwe mme a kgaoganngwa le badumedi ka ene ka dingwagangwaga, o ne a tlhalosa se se neng sa mo thusa gore a se ka a fekeediwa ke poifo. O ne a re: “Thapelo e nthusitse gore ke atamalane le Jehofa . . . Ke ne ka gopola mafoko a a kgothatsang a a mo go Isaia 66:2, a a reng Modimo o leba ‘kwa go yo o bogisiwang le yo o moya o ngomogileng.’ Ka metlha temana eno e ne e nnonotsha le go nkgomotsa fela thata.” Mokaulengwe yo le ene a neng a fetsa dingwaga di le dintsi mo kgolegelong a tswaletswe a le esi mo seleng, o ne a re: “Ke ne ka lemoga gore sele eo e nnye e ka nna lefelo le motho a ka nnang le kamano e e gaufi thata le Modimo mo go lone.” Ka jalo go nna le kamano e e gaufi thata le Jehofa go ne ga thusa Bakeresete bano ba babedi go nna le maatla a go itshokela go kgaoganngwa le badumedimmogo le bone. (Pes. 9:9, 10) Babogisi ba ne ba ka ba kgaoganya le ba malapa a bone, ditsala, mmogo le badumedi ka bone, mme Basupi ba ba neng ba le mo kgolegelong ba ne ba itse gore baganetsi ba bone ba ne ba se kitla ba kgona go ba kgaoganya le Jehofa.—Bar. 8:35-39.
Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore re dirise tshono nngwe le nngwe e e re bulegelang go nonotsha kamano ya rona le Jehofa! (Jak. 4:8) Ka metlha re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Jehofa ke wa mmatota go le kana kang mo go nna? A mafoko a gagwe a ntlhotlheletsa thata fa ke dira ditshwetso tse dinnye le tse dikgolo mo botshelong jwa me jwa letsatsi le letsatsi?’ (Luke 16:10) Ga re na lebaka la go boifa fa re dira ka natla gore re nne re na le kamano e e gaufi le Modimo. Fa moporofeti Jeremia a ne a bua mo boemong jwa Bajuda ba ba bogisiwang o ne a re: “Ke biditse leina la gago, tlhe Jehofa, ke le mo kgatamping e e kwa tlasetlase . . . O atametse mo letsatsing le ke neng ka nna ka go bitsa ka lone. O ne wa re: ‘O se ka wa boifa.’”—Dikhu. 3:55-57.
Maiteko a Gore Batlhanka ba Modimo ba Belaele a Retetse
Rabeshake o ne a bua ka boferefere go leka go dira gore batho ba nne le dipelaelo. O ne a re: “A [Jehofa] ga se ene yo Hesekia a tlositseng mafelo a gagwe a a kwa godimo le dibeso tsa gagwe? . . . Jehofa ka boene o ntheile a re, ‘Tsogologela lefatshe leno, mme o le senye.’” (2 Dikg. 18:22, 25) Ka jalo Rabeshake o ne a raya gore Jehofa a ka se lwele batho ba gagwe ka gonne a ne a sa itumelela sengwe se ba se dirileng. Mme go ne go sa nna jalo. Jehofa o ne a itumeletse go bo Hesekia le Bajuda ba boetse mo kobamelong ya boammaaruri.—2 Dikg.18:3-7.
Gompieno, babogisi ba ba maano ba ka nna ba bua tshedimosetso nngwe ya boammaaruri e e ka dirang gore motho yo ba buang le ene a dumalane le bone, mme ba bo ba e tswakanya ka boferefere le maaka ka maikaelelo a go jala dipelaelo. Ka sekai, bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba neng ba le mo kgolegelong ba setse ba kile ba bolelelwa gore mokaulengwe mongwe yo o eteletseng pele mo nageng ya bone o tlogetse boammaaruri, mme ka jalo go tla bo go siame gore le bone ba bo tlogele. Le fa go ntse jalo, seno ga se dire gore Bakeresete ba ba nang le temogo ba nne le dipelaelo.
Ela tlhoko se se diragaletseng kgaitsadi mongwe wa Mokeresete ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Fa a ne a le mo kgolegelong o ne a bontshiwa dipampiri tse mo go tsone go kwadilweng gore mokaulengwe mongwe yo o ikarabelelang mo phuthegong o tlogetse boammaaruri. Motho yo o neng a tlhoma kgaitsadi yono dipotso o ne a mmotsa gore a o ne a beile tumelo ya gagwe mo Mosuping yono. Kgaitsadi yono o ne a mo araba a re: “Le ene ke motho fela yo o sa itekanelang.” Gape o ne a re mokaulengwe yoo o ne a dirisiwa ke Modimo fa fela a ne a sa ntse a latela melaometheo ya Baebele. “Ka gonne se se kwadilweng fano ga se dumalane le se Baebele e se buang, ga e tlhole e le mokaulengwe wa me.” Kgaitsadi yono yo o ikanyegang o ne a latela ka botlhale kgakololo ya Baebele e e reng: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.”—Pes. 146:3.
Fa re na le kitso ya boammaaruri ka Lefoko la Modimo mme re bo re dirisa kgakololo ya lone, seno se tla re thusa gore re itise kgatlhanong le dipuo tse di tsietsang tse di ka reketlisang boitshoko jwa rona. (Baef. 4:13, 14; Baheb. 6:19) Ka jalo, gore re kgone go akanya sentle fa re gateletswe, re tshwanetse go tlhagafalela go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go ithuta re le rosi. (Baheb. 4:12) Eno ke nako ya go oketsa kitso ya rona le go nonotsha tumelo ya rona. Mokaulengwe mongwe yo o neng a fetsa dingwaga di le dintsi mo kgolegelong, a tswaletswe a le esi mo seleng, o ne a re: “Ke rata go kgothatsa mongwe le mongwe gore a anaanele dijo tsotlhe tsa semoya tse re di newang ka gonne ga re itse gore di tla re solegelwa molemo jang mo isagweng.” Eleruri fa re ithuta Lefoko la Modimo ka kelotlhoko gompieno mmogo le dikgatiso tse re di newang ke setlhopha sa motlhanka, fa re lebana le mathata a a masisi, moya o o boitshepo o tla ‘busetsa mo megopolong ya rona’ se re ithutileng sone.—Joh. 14:26.
Go Sirelediwa mo Matshosetsing
Rabeshake o ne a leka go tshosetsa Bajuda. O ne a re: “Tsweetswee dirang peelano le morena wa me kgosi ya Asiria, mme mma ke lo neye dipitse di le dikete di le pedi go bona gore a lo kgona go pega bapalami mo go tsone. Jaanong o ka busetsa jang sefatlhego sa molaodi a le mongwe wa batlhanka ba babotlana go ba feta botlhe ba morena wa me morago?” (2 Dikg. 18:23, 24) Fa re leba kgang eno ka tsela e batho ba e lebang ka yone, Hesekia le batho ba gagwe ba ne ba ka se ka ba kgona go emelana le mophato o o maatla wa Asiria.
Gompieno batho ba ba re bogisang ba ka bonala ba le maatla fela thata, segolobogolo fa Puso e ba ema nokeng. Go ne go ntse jalo ka batho ba ba neng ba bogisa Bakeresete ka nako ya puso ya Banasi ka Ntwa ya Lefatshe II. Ba ne ba leka go tshosetsa batlhanka ba le bantsi ba Modimo. Mongwe wa bakaulengwe ba rona yo o neng a fetsa dingwaga di le dintsi kwa kgolegelong, moragonyana o ne a tlhalosa kafa a neng a tshosediwa ka gone. Nako nngwe modiredi mongwe wa puso o ne a mmotsa jaana: “A o bone gore monnao o bolailwe jang? O ithutile eng mo go seo?” O ne a araba jaana: “Ke mosupi wa ga Jehofa mme ke tla nna ke ntse ke le ene.” Modiredi yoo wa puso o ne a mo tshosetsa ka gore: “Jaanong go tla latela wena.” Le fa go ntse jalo mokaulengwe yono wa rona o ne a nna a nitame mme mmaba yoo ga a ka a tlhola a mo tshosetsa. Ke eng se se neng sa mo thusa gore a nne a nitame le fa a tshosediwa? O ne a araba jaana: “Ke ne ka ikanya leina la ga Jehofa.”—Dia. 18:10.
Fa re na le tumelo e e feletseng mo go Jehofa, re a bo re tshotse thebe e kgolo e e re sireletsang mo dilong tsotlhe tse Satane a di dirisang go re gobatsa semoyeng. (Baef. 6:16) Ka jalo go tla bo go le molemo gore re rapele Jehofa re mo kope gore a nonotshe tumelo ya rona. (Luke 17:5) Gape re tshwanetse go dirisa dithulaganyo tse di re nonotshang tumelo tse re di newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego. Fa re lebane le matshosetsi, tumelo ya rona e a nonofa fa re gakologelwa tsela e Jehofa a neng a kgothatsa moporofeti Esekiele ka yone fa a ne a tshwanelwa ke go naya batho ba ba tlhogoethata molaetsa. Jehofa o ne a mo raya a re: “Ke dirile gore sefatlhego sa gago se nne thata fela jaaka difatlhego tsa bone le phatla ya gago e nne thata fela jaaka diphatla tsa bone. Ke dirile gore phatla ya gago e nne jaaka teemane, e nne thata go feta legweka.” (Esek. 3:8, 9) Fa go tlhokega, Jehofa a ka re thusa gore re tshwane le Esekiele mme re nne thata jaaka teemane.
Go Emelana le Dithaelo
Baganetsi ba lemogile gore fa maano a bone otlhe a itaya sefololetse, motho a ka ineela fa ba mo raela ka go mo solofetsa go mo naya sengwe. Rabeshake le ene o ne a dirisa leano leno. O ne a raya ba ba neng ba le kwa Jerusalema a re: “Kgosi ya Asiria e buile jaana: ‘Ineeleng mo go nna . . . go fitlha ke tla ke bo ke lo isa kwa lefatsheng le le tshwanang le lefatshe la lona, lefatshe la dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha, lefatshe la senkgwe le masimo a mofine, lefatshe la ditlhare tsa motlhware wa leokwane le tswina ya dinotshe; mme lo nne lo tshele gore lo se ka lwa swa.’” (2 Dikg. 18:31, 32) Batho ba ba neng ba tswaletswe mo motseng wa Jerusalema o o neng o dikanyeditswe, ba tshwanetse ba bo ba ne ba rokotsa mathe fa ba akanya gore ba ka ja senkgwe se se sa tswang go bakiwa le go nwa beine e ntšha!
Morongwa mongwe yo o neng a le mo kgolegelong le ene o kile a solofediwa sengwe go leka go dira gore a ineele. O ne a bolelelwa gore o tla isiwa kwa “legaeng la manobonobo” le le nang le “tshingwana e ntle” ka dikgwedi di le thataro gore a kgone go ikakanya sentle. Le fa go ntse jalo, mokaulengwe yono o ne a nna a ikanyega mme a se ka a tlhanogela melaometheo ya Bokeresete. Ke eng se se neng sa mo thusa? O ne a tlhalosa jaana moragonyana: “Ke ne ke tlhola ke akanya ka Bogosi gore ke jone fela tsholofelo ya mmatota. . . . Ka gonne ke ne ke na le kitso e e nnonotshang tumelo ka bogosi jwa Modimo, ke tlhomamisegile ka jone, ke sa belaele sepe, ke ne nka se reketlisiwe.
Bogosi jwa Modimo ke jwa mmatota go le kana kang mo go rona? Tlhogo ya lotso e bong Aborahame, moaposetoloi Paulo, mmogo le Jesu ka boene ba ne ba kgona go itshokela diteko tse di boima ka ntlha ya gore Bogosi e ne e le jwa mmatota mo go bone. (Bafil. 3:13, 14; Baheb. 11:8-10; 12:2) Fa re tswelela re baya Bogosi kwa pele mo matshelong a rona mme re nna re akantse ka masego a jone a a nnelang ruri, le rona re ka fenya thaelo ya go amogela dilo tse go bonalang di ka re golola mo ditekong ka nakwana.—2 Bakor. 4:16-18.
Jehofa Ga a Na go Re Latlha
Le fa Rabeshake a ne a lekile ka ditsela tse dintsi go tshosetsa Bajuda, Hesekia le batho ba a neng a ba busa ba ne ba ikanya Jehofa ka botlalo. (2 Dikg. 19:15, 19; Isa. 37:5-7) Mme Jehofa o ne a araba dithapelo tsa bone ka go romela moengele gore a bolaye batlhabani ba le 185 000 ka bosigo bo le bongwe mo kampeng ya Asiria. Mo letsatsing le le latelang, Senakeribe o ne a boela kwa motsemogolong wa gagwe e bong Ninife ka masole a le mmalwa fela mme a tlhabilwe ke ditlhong.—2 Dikg. 19:35, 36.
Ka jalo, go bonala sentle gore Jehofa ga a ka a latlha ba ba neng ba mo ikantse. Dikao tsa motlha wa gompieno tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba emang ba nitame le fa ba lekwa, di bontsha gore Jehofa o ntse a dira jalo le gompieno. Go a utlwala go bo Rraarona yo o kwa legodimong a re tlhomamisetsa jaana: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”—Isa. 41:13.
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Rabeshake” e ne e le sereto sa modiredimogolo wa kwa Asiria yo o itsegeng. Leina la monna yono ga le umakiwe mo pegong eno.
[Mafoko a a mo go tsebe 13]
Jehofa mo Lefokong la gagwe o tlhomamisetsa batlhanka ba gagwe ka makgetlo a a fetang 30 jaana: “O se ka wa boifa”
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Maano a ga Rabeshake a ne a tshwana jang le a a dirisiwang ke baba ba batho ba Modimo gompieno?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Go atamalana thata le Jehofa, go re thusa gore re nne re ikanyega le fa re lekwa