Buka ya Bibela ya bo 12—2 Dikgosi
Mokwadi: Jeremia
Mafelo Ao E Kwaletsweng kwa go One: Jerusalema le Egepeto
Go Wediwa ga go E Kwala: 580 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: mo e ka nnang ka 920–580 B.C.E.
1. Dikgosi wa Bobedi e anela ditiragalo dife, mme di goletsa eng?
BUKA ya Dikgosi wa Bobedi e tswelela ka go tlhalosa ditiragalo tse di sa iketlang tsa Iseraele le Juda. Elisha o ne a tsaya kobo ya ga Elija mme o ne a newa bobediborarong jwa moya wa ga Elija, mme a dira dikgakgamatso di le 16, fa di bapisiwa le di le 8 tsa ga Elija. O ne a tswelela ka go perofesa ka go senngwa ga Iseraele wa motenegi, koo Jehu e leng ene fela yo a neng a bontsha tlhagafalo mo go Jehofa ka lobakanyana. Dikgosi tsa Iseraele di ne tsa tsenelela mo boikepong, go fitlha fa bogosi jo bo kwa bokone bo gapiwa ke Baasiria ka 740 B.C.E. Kwa bogosing jo bo kwa borwa jwa Juda, dikgosi dingwe di le mmalwa tse di tlhomologileng, ebong Jehoshafate, Joashe, Hesekia, le Josia, di ne tsa emisa botenegi ka lobakanyana, mme kgabagare Nebukadenesare o ne a diragatsa dikatlholo tsa ga Jehofa ka go senya Jerusalema, tempele ya yone, le naga ya Juda ka 607 B.C.E. Ka gone boperofeti jwa ga Jehofa bo ne jwa diragadiwa, mme lefoko la gagwe la golediwa!
2. Go ka tweng ka go kwalwa le go nna karolo ya Dikwalo ga Dikgosi wa Bobedi, mme e tsere lobaka lo lokae?
2 Ereka Dikgosi wa Bobedi kwa tshimologong e ne e le karolo ya momeno o le mongwe fela le Dikgosi wa Ntlha, seo se setseng se boletswe kaga go kwalwa ga yone ke Jeremia se a dira le fano, fela jaaka bosupi jwa go amogelwa ga buka eno jaaka karolo ya Dikwalo le gore e boammaaruri. E ne ya wediwa mo e ka nnang ka 580 B.C.E. mme e tsere lobaka lo lo simololang ka go busa ga ga Ahasia wa Iseraele mo e ka nnang ka 920 B.C.E. mme e khutla ka ngwaga wa bo 37 wa go isiwa ga ga Jehoiakine botshwarwa, ka 580 B.C.E.—1:1; 25:27.
3. Ke dilo dife tse di tlhomologileng tseo di bonweng ke baithutamarope tseo di tshegetsang Dikgosi wa Bobedi?
3 Dilo tseo di neng tsa bonwa ke baithutamarope di tshegetsa rekoto ya Dikgosi wa Bobedi mme di re naya bosupi jo bo oketsegileng jwa gore ke ya mmatota. Ka sekai, Leje le le itsegeng thata la Moaba, leo mokwalo wa lone o re nayang kgang ya ntwa e e neng e le fa gare ga Moaba le Iseraele jaaka e bolelwa ke kgosi ya Momoaba Mesha. (3:4, 5) Go na le leje lengwe gape le leleele le le nang le matlhakore a le manè le le motsu kwa godimo la basalete e ntsho la ga Shalemanesere III wa Moasiria, le jaanong le leng kwa British Museum, kwa Lontone, leo le umakang kgosi Jehu wa Iseraele ka leina. Go na le dikwalo dingwe tsa ga kgosi Tigelathe-pilesere III (Pul) wa Asiria, tseo di umakang dikgosi di le mmalwa tsa Iseraele le Juda ka maina, go akaretsa le Menaheme, Ahase, le Peka.—15:19, 20; 16:5-8.a
4. Ke eng seo se tiisetsang gore Dikgosi wa Bobedi ke karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng?
4 Bosupi jo bo phepafetseng jwa go nna boammaaruri ga buka eno bo bonwa ka go tlhalosa ga yone go diragadiwa ga dikatlholo tsa ga Jehofa mo bathong ba gagwe e tlhamalala fela. Jaaka bogosi jwa ntlha jwa Iseraele bo ne bo senyega mme moragonyana go senyega bogosi jwa Juda, re bona maatla a magolo a katlholo ya seperofeti ya ga Jehofa e e mo go Duteronome 28:15–29:28. Mo go senngweng ga dikgosi tseno, “bogale yoa ga Yehofa yoa tukèla lehatshe ye, go tla a le leretse phucō eotlhe e e kwadilweñ mo lokwaloñ lo.” (Dute. 29:27; 2 Dikg. 17:18; 25:1, 9-11) Ditiragalo tse dingwe tse di kwadilweng mo go Dikgosi wa Bobedi di tlhalosiwa gape felo gongwe mo Dikwalong. Mo go Luke 4:24-27, morago ga fa Jesu a se na go bua ka Elija le motlholagadi wa kwa Sarefatha, o bua ka Elisha le Naamane a bontsha gore ke ka ntlhayang fa ene a ne a sa amogelwe jaaka moperofeti kwa gagabo. Ka gone, Dikgosi wa Ntlha le wa Bobedi di lejwa jaaka karolo ya botlhokwa ya Dikwalo tse di Boitshepo.
SEO SE LENG MO GO DIKGOSI WA BOBEDI
5. Ke kgalemo efe le katlholo efe eo Elija a e nayang Ahasia, mme ka ntlhayang?
5 Ahasia, kgosi ya Iseraele (1:1-18). Morwa yono wa ga Ahabe o ne a lwala ka ntlha ya go bo a ne a wa mo ntlong ya gagwe. O roma batho go ya go botsa Baale-sebube, modimo wa Ekerone, gore a o tla fola. Elija o emisa barongwa ba gagwe mme o ba busetsa kwa kgosing, a mo kgalela go bo a sa botse Modimo wa boammaaruri mme a mmolelela gore o tla swa gonne a ne a se ka a botsa Modimo wa Iseraele. Fa kgosi e roma kgosana le banna ba le 50 go tsaya Elija ba mo isa kwa kgosing, Elija o laela gore molelo o fologe kwa legodimong mme o ba nyeletse. Kgosana ya bobedi le ba ba 50 ba e nang nabo ba diragalelwa ke se se tshwanang. Go romelwa kgosana ya boraro le ba bangwe ba ba 50, mme jaanong Elija o boloka matshelo a bone ka gonne kgosi e ne e mo kopa ka tlotlo. Elija o tsamaya le bone kwa kgosing mme o bolelela Ahasia gape katlholo ya gagwe ya loso. Kgosi e swa fela jaaka Elija a ne a boletse gore go tla nna jalo. Morago Jehorame, morwarraagwe Ahasia o nna kgosi ya Iseraele, ka gonne Ahasia a ne a sena morwa yo a ka tsayang bogosi.
6. Ke ditiragalo dife tse di neng tsa diragala fa Elija a ne a kgaogana le Elisha, mme go akofa go bonala jang gore “Mōea oa ga Eliya” o ne o le mo go Elisha?
6 Elisha o tlhatlhama Elija (2:1-25). Go tla nako ya gore Elija a tsewe. Elisha o tsamaya le ene mo loetong lwa gagwe go tswa Gilegala go ya kwa Bethe-ela, kwa Jeriko, mme kgabagare ba kgabaganya Joredane. Elija o kgaoganya metsi a Joredane ka go a betsa ka seaparo sa gagwe sa seperofeti. Fa a ntse a lebile koloi ya ntwa ya molelo le dipitse tsa molelo di raletse fa gare ga gagwe le Elija mme a bo a bona Elija a tsewa ke sefefo, Elisha o amogela dikarolo di le pedi tsa moya wa ga Elija tse a di solofeditsweng. Go ise go ye kae o bontsha gore “Mōea oa ga Eliya” o mo go ene. (2:15) O sela kobo e e oleng ya ga Elija, a bo a e dirisa go kgaoganya metsi gape. Morago o alafa metsi a a sa itekanelang a Jeriko. Mo tseleng e e yang kwa Bethe-ela, basimanyana bangwe ba simolola go mo sotla ba re: “Tlhatloga logatadima! tlhatloga logatadima!” (2:23) Elisha o kopa thuso mo go Jehofa, mme dibera tse pedi tse di namagadi di tswa mo sekgweng mme di bolaya bana ba ba 42 bao ba diganana.
7. Jehofa o golola Jehoshafate le Jehorame ka ntlhayang?
7 Jehorame, kgosi ya Iseraele (3:1-27). Kgosi eno e tswelela e dira dilo tse di makgapha mo matlhong a ga Jehofa, e dira maleo a a tshwanang le a ga Jeroboame. Kgosi ya Moaba e ne e ntse e duela Iseraele lekgetho mme jaanong e a tsuologa, mme Jehorame o bona thuso ya ga kgosi Jehoshafate wa Juda le kgosi ya Edoma mme o tlhasela Moaba. Fa ba le mo tseleng go ya go tlhasela, masole a bone a fitlha fa lefelong le le senang metsi mme a batla a swa. Dikgosi tse tharo tseno di ya kwa go Elisha go ya go botsa Jehofa Modimo wa gagwe. Ka gonne Jehoshafate a ikanyega, Jehofa o a ba golola mme o ba dira gore ba fenye Moaba.
8. Ke dikgakgamatso dife tse di oketsegileng tseo Elisha a di dirang?
8 Dikgakgamatso tse di oketsegileng tsa ga Elisha (4:1–8:15). Jaaka batho bao a ba kolotang ba setse ba tla tsaya barwa ba gagwe ba babedi go ba dira batlhanka, motlholagadi yono wa morwa mongwe wa baperofeti o kopa thuso mo go Elisha. O ntsifatsa lookwane lwa gagwe ka kgakgamatso mo eleng gore o kgona go rekisa le le lentsi go duela melato ya gagwe. Mosadi mongwe wa Moshunema o lemoga gore Elisha ke moperofeti wa Modimo wa boammaaruri, mme ene le monna wa gagwe ba mmaakanyetsa kamore gore a e dirise fa a le mo Shunema. Jehofa o mo segofatsa ka go mo naya morwa ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, ngwana yoo o tsenwa ke bolwetsi mme o a swa. Mosadi yoo o batla Elisha ka bonako. O ya le ene kwa ntlong ya gagwe, mme o tsosa ngwana ka maatla a ga Jehofa. Fa a boela kwa barweng ba baperofeti kwa Gilegala, Elisha o tlosa “losho mo pitseñ” ka kgakgamatso fa a dira gore maungo a a nang le botlhole a seka a bolaya. Morago o fepa banna ba le lekgolo ka dinkgwe tsa barele di le 20, mme lefa go le jalo ba a “sadisa.”—4:40, 44.
9. Ke kgakgamatso efe eo e dirwang malebana le Naamane, le ka tlhogo ya selepe?
9 Naamane, kgosana ya masole a Siria, o tsenwe ke lepero. Mosetsana mongwe yo o thopilweng wa Moiseraele o bolelela mosadi wa ga Naamane gore go na le moperofeti kwa Samaria yo a ka mo fodisang. Naamane o tsaya loeto go ya kwa go Elisha, mme go na le go ya kwa go ene ka namana, Elisha o romela lefoko fela la gore a tsamaye a ye go tlhapa ga supa mo Nokeng ya Joredane. Naamane o galefile ka seno se lebega se sa mo neye tlotlo epe. A dinoka tsa Damaseko ga di botoka mo metsing a Iseraele? Mme o fekeediwa gore a reetse Elisha mme o a fola. Elisha o gana go amogela mpho jaaka tuelo, mme moragonyana motlhanka wa gagwe Gehasi o sianela Naamane mme o kopa mpho eo ka leina la ga Elisha. Fa a boa mme a leka go tsietsa Elisha, Gehasi o itewa ka lepero. Elisha o dira kgakgamatso e nngwe gape fa a dira gore tlhogo ya selepe e kokobale mo metsing.
10. Masole a ga Jehofa a a nonofileng thata a bonadiwa jang, mme Elisha o kgoreletsa Basiria jang gore ba se tlhasele?
10 Fa Elisha a tlhagisa kgosi ya Iseraele ka maano a Basiria a go mmolaya, kgosi ya Siria e romela masole kwa Dothana go ya go tshwara Elisha. Fa a bona motse o dikaganyeditswe ke masole a Siria, motlhanka wa ga Elisha o a tshoga. Elisha o mo tlhomamisetsa jaana: “Se boihè: gonne ba ba nañ le rona ba bantsi go heta ba ba nañ le bōnè.” Go tswa foo o rapela Jehofa gore a dire gore motlhanka wa gagwe a bone lesomo le legolo leo le nang le Elisha. “Me bōnañ, thaba ea bo e tletse dipitse le dikara tsa molelō tikologoñ ea ga Elisha.” (6:16, 17) Fa Basiria ba tlhasela, moperofeti o rapela Jehofa gape, mme Basiria ba tobekanngwa ditlhaloganyo go nna jaaka difofu mme ba ikisa kwa kgosing ya Iseraele. Lefa go ntse jalo, go na le gore a ba bolaye, Elisha o bolelela kgosi gore e ba direle moletlo mme e ba busetse gae.
11. Boperofeti jwa ga Elisha jo bo malebana le Basiria le Benehadade bo diragadiwa jang?
11 Moragonyana, Kgosi Benehadade wa Siria o dikaganyetsa Samaria, mme go nna le leuba le legolo. Kgosi ya Iseraele e pega Elisha molato, mme moperofeti o bolelela pele gore go tla nna le dijo tse dintsi mo letsatsing le le latelang. Mo bosigong joo, Jehofa o dira gore Basiria ba utlwe modumo wa masole a le mantsi, mo ba tshabang, ba tlogelela Baiseraele dijo tsotlhe tsa bone. Morago ga lobakanyana, Benehadade o tsenwa ke bolwetsi. Fa a utlwa pego ya gore Elisha o tlile mo Damaseko, o roma Hasaele go mmotsa gore a o tla fola. Karabo ya ga Elisha e bontsha gore kgosi e tla swa le gore Hasaele o tla nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Hasaele o tlhomamisa gore seno se nna jalo ka go bolaya kgosi ka boene mme a itseela bogosi.
12. Morwa wa ga Jehoshafate ebong Jehorame o itshupa e le kgosi ya mofuta ofe?
12 Jehorame, kgosi ya Juda (8:16-29). Fa go santse go le jalo, morwa wa ga Jehoshafate Jehorame o nna kgosi ya Juda. Ga a itshupe a le botoka ka gope mo dikgosing tsa Iseraele, ka a dira makgapha mo matlhong a ga Jehofa. Mosadi wa gagwe ke morwadia Ahabe Athalia, yoo kgaitsadie, yo le ene a bidiwang Jehorame (fa le khutswafaditswe ke Jorame), a busang kwa Iseraele. Fa Jehorame wa Juda a tlhokafala, morwawe Ahasia o nna kgosi kwa Jerusalema.
13. Jehu o ne a dira tlhaselo efe e e bofefo morago ga fa a sena go tlodiwa?
13 Jehu, kgosi ya Iseraele (9:1–10:36). Elisha o roma mongwe wa barwa ba baperofeti go tlotsa Jehu go nna kgosi ya Iseraele le go mo roma gore a ye go bolaya botlhe ba ntlo ya ga Ahabe. Jehu ga a senye nako. O latelela Jehorame, kgosi ya Iseraele, yo a neng a le kwa Jesereele go iphodisetsa dintho tsa ntwa gone. Molebalebi o bona bontsintsi jo bo atamelang jwa banna, mme kgabagare o begela kgosi jaana: “Kgweco e chwana le kgweco ea ga Jehu morwa Nimeshi: gonne o kgwetsa ka thata.” (9:20) Jehorame wa Iseraele le Ahase wa Juda ba botsa gore Jehu o ikaeletse eng. Jehu o araba ka go botsa a re: ‘Go ka nna le kagiso jang, ka maakahalo a ga mmago Jesebele a sa ntse a le kana kana, le boloi jwa gagwe?’ (9:22) Fa Jehorame a retologa a tshaba, Jehu o mo hula ka lerumo le le phololetsang pelo ya gagwe. Mmele wa gagwe o wela mo tshimong ya ga Nabothe, jaaka tuelo e nngwe gape ya madi a a senang molato a a tsholotsweng ke Ahabe. Moragonyana, Jehu le banna ba gagwe ba leleka Ahasia, baa mmolaya, mme o swela mo Megido. Dikgosi tse pedi di a swa mo tlhaselong e e bofefo eno ya ga Jehu.
14. Boperofeti jwa ga Elija jo bo malebana le Jesebele bo diragadiwa jang?
14 Jaanong go setse Jesebele! Jaaka Jehu a pagame jalo ka phenyo a tsena mo Jesereele, Jesebele o okomela ka fensetere ya gagwe a ikgabisitse thata. Jehu ga a kgatlhiwe ke seno. “Mo latlheleñ ha hatshe” o bolelela batlhanka ba gagwe jalo. O wela fa fatshe, mme madi a gagwe a gasa lobota le dipitse di a mo gata. Fa ba ya go mo fitlha, ba fitlhela fela logata, maoto, le mogofi a diatla tsa gagwe. Seno se diragatsa boperofeti jwa ga Elija jo bo reng, ‘dintša di mo jele, mme o fetogile letshotelo mo nageng ya Jesereele.’—2 Dikg. 9:33, 36, 37; 1 Dikg. 21:23.
15. Jehu o diragalelwa ke dilo dife tsa mefuta e e farologaneng mo tseleng fa a ya Samaria?
15 Morago, Jehu o ntsha taolo ya gore barwa ba ba 70 ba ga Ahabe ba bolawe, mme o tlhatlaganya ditlhogo tsa bone fa kgorong ya Jesereele. Banna botlhe ba ba dumalanang le Ahabe ba Jesereele ba a bolawa. Jaanong, o tswelela pele a ya kwa moshateng wa Iseraele, Samaria! O kopana le bomorwarraagwe Ahasia ba ba 42 mo tseleng, bao ba leng mo loetong go ya kwa Jesereele, ba sa itse se se diragalang. Ba a tshwarwa mme ba a bolawa. Mme jaanong go diragala sengwe se se farologaneng. Jehonadabe morwa Rekabe o tla go kgatlhantsha Jehu. Fa Jehu a mmotsa a re, “A pelo ea gago e siame, yaka pelo ea me e ntse le pelo ea gago?” Jehonadabe o araba a re, “E siame.” Jehu jaanong o tsamaya nae ka koloi ya gagwe gore a iponele ka matlho ‘tlhoafalo ya gagwe mo go Jehofa.’—2 Dikg. 10:15, 16.
16. Jehu o dirile tiro ya gagwe kgatlhanong le ntlo ya ga Ahabe le Baale ka botlalo jang?
16 Fa a goroga kwa Samaria, Jehu o senya sengwe le sengwe seo se tlogetsweng ke Ahabe, tumalanong le mafoko a ga Jehofa mo go Elija. (1 Dikg. 21:21, 22) Lefa go ntse jalo, go tweng ka bodumedi jo bo makgapha jwa Baale? Jehu o bua a re, “Ahabe o ne a dihèla Baale go le go bōtlana; me Yehu o tla mo dihèla go le gotona.” (2 Dikg. 10:18) O biletsa baobamedi bao ba badimona kwa ntlong ya ga Baale, mme o ba laela gore ba apare diaparo tse ba itshupang ka tsone mme o tlhomamisa gore ga go moobamedi ope wa ga Jehofa mo gare ga bone. Morago o romela banna ba gagwe go ya go ba bolaya, a sa letle ope wa bone go falola. Ntlo ya ga Baale e a senngwa, mme lefelo leo le dirwa lefelo la boithomelo, leo le ileng la nna gone go fitlha mo motlheng wa ga Jeremia. “Me Yehu a senya Baale yalo mo Iseraela.”—10:28.
17. Jehu o tlhobosega mo go eng, mme Jehofa o simolola go otlhaya Iseraele jang?
17 Lefa go ntse jalo, le eleng Jehu yo o tlhaga o a tlhobosega. Mo go eng? Ka a tswelela go latela dinamane tsa gouta tseo Jeroboame a neng a di tlhomile kwa Bethe-ela le kwa Dana. Ga a “èla tlhōkō go sepèla mo molaoñ oa ga Yehofa, Modimo oa Iseraela, ka pelo eotlhe ea gagwè.” (10:31) Mme ka ntlha ya tiro ya gagwe kgatlhanong le ntlo ya ga Ahabe, Jehofa o solofetsa ditlogolwana tsa gagwe gore di tla busa Iseraele go fitlha kwa kokomaneng ya bonè. Mo malatsing a gagwe, Jehofa o simolola go kgaoganya karolo e e kwa botlhaba ya bogosi, a dira gore Hasaele wa Siria a tlhasele Iseraele. Morago ga go busa ka dingwaga di le 28, Jehu o a tlhokafala mme morwawe ebong Jehoahase o ne a busa sehularong sa gagwe.
18. Borukutlhi jwa ga Athalia kgatlhanong le Juda bo fedisiwa jang, mme ke dilo dife tse di diragalang mo pusong ya ga Jehoashe?
18 Jehoashe, kgosi ya Juda (11:1–12:21). Kgosigadi Athalia o tshwana fela le Jesebele. Fa a utlwa ka loso lwa ga morwawe Ahasia, o laela gore lelapa lotlhe la bogosi le bolawe mme o nna mo setulong sa bogosi. Ke morwa yo mmotlana fela wa ga Ahasia eleng Jehoashe a falolang loso loo ka a ne a fitlhiwa. Mo ngwageng wa bosupa wa puso ya ga Athalia, Jehoiada moperisiti o tlotsa Jehoashe go nna kgosi mme o dira gore Athalia a bolawe. Jehoiada o bolelela batho gore ba obamele Jehofa, mme o tlhalosetsa kgosi eno yo o sa leng mmotlana ditiro tse a tshwanetseng go di direla Modimo, mme a bo a rulaganyetsa gore ntlo ya ga Jehofa e baakanngwe. A dirisa dimpho, Jehoashe o dira gore a se tlhaselwe ke Hasaele kgosi ya Siria. Morago ga gore a buse mo Jerusalema ka dingwaga di le 40, Jehoashe o bolawa ke batlhanka ba gagwe, mme morwawe Amasia ke ene a busang sehularong sa gagwe.
19. (a) Ke kobamelo efe ya maaka e e tswelelang mo pusong ya ga Jehoahase le Jehoashe kwa Iseraele? (b) Elisha o wetsa tiro ya gagwe jaaka moperofeti wa ga Jehofa jang?
19 Jehoahase le Jehoashe, dikgosi tsa Iseraele (13:1-25). Morwa wa ga Jehu eleng Jehoahase o tswelela ka kobamelo ya medimo ya disetwa, mme Baiseraele ba busiwa ke Basiria, lemororo Jehoahase a sa tlosiwa mo setulong sa bogosi. Fa nako e ntse e tsamaya Jehofa o golola Baiseraele, mme ba tswelela ka kobamelo ya ga Jeroboame ya namane. Fa Jehoahase a tlhokafala, morwawe Jehoashe o nna kgosi ya Iseraele mo sehularong sa gagwe, fa Jehoashe yo mongwe a ne a busa kwa Juda. Jehoashe wa Iseraele o tswelela ka kobamelo ya medimo ya disetwa ya ga rraagwe. Fa a tlhokafala morwawe Jeroboame o nna kgosi. Elisha o tsenwa ke bolwetsi mme o swa mo pusong ya ga Jehoashe, fa a sena go bolela boperofeti jwa gagwe jwa bofelo jwa gore Jehoashe o tla tlhasela Siria gararo, mme bo diragadiwa fela jalo. Kgakgamatso ya bofelo e diragala morago ga loso lwa ga Elisha, fa monna yo o suleng a ne a latlhelwa mo lebitleng la gagwe, mme a tsoga a ema ka dinao fela fa a sena go kgoma marapo a ga Elisha.
20. Tlhalosa puso ya ga Amasia wa Juda.
20 Amasia, kgosi ya Juda (14:1-22). Amasia o dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, mme o palelwa ke go senya mafelo a a tlotlometseng a a dirisediwang kobamelo. O fenngwa mo ntweng ke Jehoashe wa Iseraele. Morago ga go busa dingwaga di le 29, o bolawa ke batsuolodi. Morwawe Asaria o tlhongwa kgosi mo sehularong sa gagwe.
21. Go ne ga diragala eng mo pusong ya ga Jereboame II kwa Iseraele?
21 Jeroboame II, kgosi ya Iseraele (14:23-29). Jeroboame wa bobedi yo o tsileng go nna kgosi mo Iseraele o tswelela ka kobamelo ya ga rraagwemogologolwane ya maaka. O busa mo Samaria ka dingwaga di le 41 mme o kgona go gapa mafelo a a thopilweng a Iseraele. Morwawe Sekaria o busa morago ga gagwe.
22. Ke eng seo se anelwang ka puso ya ga Asaria wa Juda?
22 Asaria (Usia), kgosi ya Juda (15:1-7). Asaria o busa dingwaga di le 52. O thokgame fa pele ga ga Jehofa mme gaa senye mafelo a a tlotlometseng. Moragonyana, Jehofa o mo itaya ka lepero, mme morwawe Jothame o dira ditiro tsa segosi, a nna kgosi morago ga loso lwa ga Asaria.
23. Ke bosula bofe jo bo neng bo le mo Iseraele fa Baasiria ba ne ba ba tlhasela?
23 Sekaria, Shalume, Menaheme, Pekahia, le Peka, dikgosi tsa Iseraele (15:8-31). Go ya kafa Jehofa a solofeditseng ka gone, setulo sa bogosi sa Iseraele se nniwa ke bantlo ya ga Jehu go fitlha ka kokomana ya bonè, Sekaria. (10:30) Ka mo go tshwanelang, o nna kgosi ya Samaria, mme dikgwedi di le thataro moragonyana o bolawa ke batsuolodi. Shalume, yo a itseelang bogosi fela bo sa mo tshwanela, o busa ka kgwedi e le nngwe fela. Kobamelo ya maaka, botsuolodi, le polaano di tswelela go nna gone mo pusong ya dikgosi tsa Iseraele Menaheme, Pekahia, le Peka jaaka ba ntse ba latelelana. Asiria e a ba dikaganyetsa go ba bolaya fa go busa Peka. Hoshea o bolaya Peka, mme o nna kgosi ya bofelo ya Iseraele.
24. Morago ga ga Jothame, Ahase wa Juda o dira boleo bofe mabapi le kobamelo?
24 Jothame le Ahase, dikgosi tsa Juda (15:32–16:20). Jothame o dirisa kobamelo e e itshekileng mme o tlogela mafelo a a tlotlometseng go tswelela a ntse a le gone. Ahase morwawe o latela dikgosi tsa Iseraele ka go dira se se makgapha mo matlhong a ga Jehofa. Fa a tlhaselwa ke dikgosi tsa Iseraele le Siria, o ikuela kwa kgosing ya Asiria gore e mo thuse. Basiria baa mo thusa, ba thopa Damaseko, mme Ahase o ya koo go ya go kgatlhantsha kgosi ya Asiria. Fa a bona sebeso sa kobamelo koo, Ahase o laela gore go agiwe se sengwe kwa Jerusalema se se tshwanang le sone, mme o simolola go dira ditlhabelo mo go sone go na le mo sebesong sa koporo sa tempele ya ga Jehofa. Morwawe Hesekia o nna kgosi ya Juda sehularong sa gagwe.
25. Iseraele e tsenngwa jang mo botshwarong, mme ka ntlhayang?
25 Hoshee, kgosi ya bofelo ya Iseraele (17:1-41). Iseraele jaanong e busiwa ke Baasiria. Hoshee o a tsuologa mme o kopa thuso kwa Egepeto, mme mo ngwageng wa borobongwe wa puso ya gagwe, Iseraele e gapiwa ke Asiria mme ba isiwa botshwarwa. Ka gone bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele bo khutla jalo. Ka ntlhayang? “Ka bana ba Iseraela ba leohetse Yehofa Modimo oa bōnè, . . . Me ba dihèla medimo ea disètwa, e Yehofa o buileñ nabō kaga eōna, a re, Lo se ka loa diha selō se. Ke gōna ka mouō Yehofa o na a nna bogale thata le ba Iseraela, a ba tlosa mo ponoñ ea gagwè.” (17:7, 12, 18) Baasiria ba lere batho go tswa kwa botlhaba go tla go aga mo nageng eno, mme bano “ba boiha Yehofa,” lemororo ba tswelela pele go obamela medimo ya bone.—17:33.
26, 27. (a) Hesekia wa Juda o dira dilo tse di molemo jang mo matlhong a ga Jehofa? (b) Jehofa o araba jang thapelo ya ga Hesekia ya gore a kganele tlhaselo ya Baasiria? (c) Boperofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa ka mo go oketsegileng jang?
26 Hesekia, kgosi ya Juda (18:1–20:21). Hesekia o dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka seo rraagwemogolo Dafide a neng a se dira. O tlosa kobamelo ya maaka mme o senya mafelo a a tlotlometseng, o senya le eleng noga ya koporo eo Moshe a neng a e dirile ka gonne batho jaanong ba e obamela. Senakeribe, kgosi ya Asiria, o tlhasela Juda mme o thopa le metse e e sireleditsweng. Hesekia o leka go e reka mo go ene ka madi a a kwa godimo, mme Senakeribe o romela motlhanka wa gagwe Rabeshake, yoo a tlang fa loboteng lwa Jerusalema mme a ba patelela gore ba ineele a ba a sotla Jehofa batho ba gagwe ba mo reeditse. Moperofeti Isaia o tlhomamisetsa Hesekia yo o ikanyegang ka molaetsa gore Senakeribe o tla senngwa. “Yehofa o bua yana, a re, U seka ua boiha.” (19:6) Jaaka Senakeribe a tswelela pele go tshosetsa, Hesekia o rapela Jehofa ka tlhoafalo a re: “Yehofa, Modimo oa rona, kea gu rapèla, a ko u re gololè mo seatleñ sa gagwè, gore magosi aotlhe a lehatshe a itse ha e le wèna Yehofa Modimo, eboñ wèna wesi.”—19:19.
27 A Jehofa o araba thapelo eno e e senang bogagapa? Lantlha, o romela molaetsa ka Isaia go re “tlhōahalō ea ga Yehofa e tla diha seo se” mme e tla busetsa baba bao kwa morago. (19:31) Morago, mo go jone bosigo joo, o roma moengele wa gagwe go bolaya batho ba le 185 000 mo kampeng ya Baasiria. Mo mosong “ba bo ba le ditoto botlhe hèla.” (19:35) Senakeribe o boela kwa morago a fentswe, mme o nna kwa Ninife. Ke koo modimo wa gagwe Niseroke a sa mo thuseng ka sepe gape, ka go bo o ne a bolawa ke bomorwawe a o obamela, go diragatsa boperofeti jwa ga Isaia.—19:7, 37.
28. Hesekia o ne a itsege thata ka eng, mme o ne a dira boleo bofe?
28 Hesekia o lwala mo a tla swang, mme Jehofa o reetsa thapelo ya gagwe mme a lelefatsa botshelo jwa gagwe ka dingwaga tse dingwe di le 15. Kgosi ya Babelona e roma barongwa ba yone ka dimpho, mme Hesekia o tswelela go ba bontsha ntlo ya gagwe ya dikhumo. Isaia o perofesa gore sengwe le sengwe se se mo ntlong ya gagwe ka letsatsi lengwe se tla isiwa kwa Babelona. Morago Hesekia o a tlhokafala, a itsege ka bonatla jwa gagwe le mosele o a neng a o aga o o neng o lere metsi mo motseng wa Jerusalema.
29. Manase o ne a tlhoma kobamelo efe ya medimo ya disetwa, mme Jehofa o ne a bolelela pele masetlapelo afe, mme Manase o ne a dira boleo bofe gape jo bo oketsegileng?
29 Manase, Amone, le Josia, dikgosi tsa Juda (21:1–23:30). Manase o busa sefularong sa ga rraagwe, Hesekia, mme o busa dingwaga di le 55, a dira se se makgapha mo matlhong a ga Jehofa. O busetsa mafelo a a tlotlometseng a kobamelo ya maaka, mme o agela Baale dibeso, a dira pale e e boitshepo fela jaaka Ahabe, mme o dira ntlo ya ga Jehofa lefelo la medimo ya disetwa. Jehofa o bolelela pele gore o tla tlisa matlhotlhapelo mo Jerusalema fela jaaka a dirile kwa Samaria, ‘a e phimola a bo a e pitikolola.’ Manase le ene o tsholola madi a a senang molato “a le magolo thata.” (21:13, 16) O tlhatlhangwa ke morwawe Amone, yo a tswelelang a dira dilo tse di makgapha ka dingwaga di le pedi, go fitlha a ba a bolawa ke batsuolodi.
30. Ke ka ntlhayang fa Josia a boela kwa go Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe mme o dira seo jang?
30 Batho jaanong ba dira morwa wa ga Amone Josia kgosi. Mo pusong ya gagwe ya dingwaga tse 31, o diegisa go senngwa ga Juda ka nakwana ka go “sepela mo tseleñ eotlhe ea ga Dafide rragwè.” (22:2) O simolola go baakanya ntlo ya ga Jehofa, mme moperisiti mogolo o bona buka ya Molao koo. Yone e tlhomamisa gore morafe oo o tla senngwa ka ntlha ya go sa utlweng ga one Jehofa, mme Josia o tlhomamisediwa gore ga go kitla go tla mo motlheng wa gagwe ka ntlha ya go ikanyega ga gagwe. O phepafatsa ntlo ya ga Jehofa le naga yotlhe a tlosa kobamelo ya badimona mme o tsweledisa tiro ya gagwe ya go senya medimo ya disetwa go fitlha kwa Bethe-ela, koo a senyang sebeso sa ga Jeroboame a diragatsa boperofeti jo bo mo go 1 Dikgosi 13:1, 2. O tlhoma Tlolaganyo ya ga Jehofa gape. “Me pele ga gagwè go no go sena kgosi epè e e chwanañ naè, e e neñ ea shokologèla mo go Yehofa ka pelo eotlhe ea eōna, le ka mōea otlhe oa eōna, kaha molaoñ otlhe oa ga Moshe.” (23:25) Lefa go ntse jalo, bogale jwa ga Jehofa bo santse bo tuka ka ntlha ya ditlolo tsa ga Manase. Josia o tlhokafala mo ntweng kgatlhanong le kgosi ya Egepeto kwa Megido.
31. Ke dilo dife tse di utlwisang botlhoko tseo di neng tsa wela Juda morago ga loso lwa ga Josia?
31 Jehoahase, Jehoiakime, le Johoiakine, dikgosi tsa Juda (23:31–24:17). Morago ga go busa ka dikgwedi di le tharo, morwa wa ga Josia Jehoahase o thopiwa ke kgosi ya Egepeto e mo isa botshwarwa, mme morwarraagwe Eliakime, yo leina la gagwe le fetolelwang go nna Jehoiakime, o tlhomiwa mo setulong sa bogosi. O latela tsela e e phoso ya borraagwemogolo mme o thopiwa ke Nebukadenesare, kgosi ya Babelona, mme o mo tsuologela morago ga dingwaga di le tharo. Fa Jehoiakime a tlhokafala morwawe Jehoiakine o simolola go busa. Nebukadenesare o dikaganyetsa Jerusalema, a e thopa, mme o tsaya khumo ya ntlo ya ga Jehofa a e isa kwa Babelona “yaka Yehofa a buile” ka Isaia. (24:13; 20:17) Jehoiakine le diketekete tsa babusiwa ba gagwe di isiwa botshwarwa kwa Babelona.
32. Ke ditiragalo dife tse di boitshegang tseo di neng tsa gogela kwa go senngweng ga Jerusalema le naga ya yone?
32 Sedekia, kgosi ya bofelo ya Juda (24:18–25:30). Nebukadenesare o dira malomaagwe Jehoiakine ebong Mathania kgosi mme o fetola leina la gagwe a re ke Sedekia. O busa dingwaga di le 11 mo Jerusalema mme o tswelela go dira dilo tse di makgapha mo matlhong a ga Jehofa. O tsuologela Babelona, ka jalo mo ngwageng wa borobongwe wa ga Sedekia, Nebukadenesare le masomosomo otlhe a gagwe aa mo tlhasela mme a dikaganyetsa Jerusalema. Motse o tlhaselwa ke leuba morago ga dikgwedi di le 18. Dithako di a thubiwa, mme Sedekia o tshwarwa a leka go tshaba. Barwa ba gagwe ba bolaiwa a ba lebile, mme ene o a foufadiwa. Mo kgweding e e latelang, matlo otlhe a magolo a mo motseng, go akaretsa le ntlo ya ga Jehofa le ntlo ya kgosi, a tshujwa ka molelo mme dithako tsa motse le tsone di a senngwa. Bontsi jwa bafalodi bo isiwa botshwarwa kwa Babelona. Gedalia o tlhongwa jaaka mmusi wa masalela a a ikokobeditseng ao a setseng mo nageng ya Juda. Lefa go ntse jalo, o a bolawa, mme batho ba tshabela kwa Egepeto. Ka gone, naga e nna marope fela go tloga ka kgwedi ya bosupa ya 607 B.C.E. Mafoko a bofelo a Dikgosi wa Bobedi a re bolelela ka dilo tse di molemo tseo kgosi ya Babelona e di direlang Jehoiakine mo ngwageng wa bo 37 wa go thopiwa ga gagwe.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
33. Ke dikao dife tse di molemo tseo di newang mo go Dikgosi wa Bobedi tseo re tshwanetseng go di latela?
33 Lefa e tlhalosa ka go wa ga bogosi jwa Iseraele le jwa Juda, Dikgosi wa Bobedi e tletse ka dikai di le dintsi tsa batho bao ba ileng ba segofadiwa ke Jehofa fa ba ne ba bontsha go mo rata le go rata melaometheo e e siameng ya gagwe. Motlholagadi wa Sarefatha, le mosadi wa Moshunema yo a nnileng pele ga gagwe ba ne ba amogela masego a magolo ka go bo ba ile ba tshola moperofeti wa Modimo. (4:8-17, 32-37) Nonofo ya ga Jehofa ya go tlhokomela batho ka metlha e ne ya bontshiwa fa Elisha a ne a fepa banna ba le lekgolo ka dinkgwe di le 20, le eleng fela jaaka Jesu le ene a ne a tlile go dira dikgakgamatso tse di tshwanang moragonyana. (2 Dikg. 4:42-44; Math. 14:16-21; Mar. 8:1-9) Tlhokomela ka moo Jehonadabe a neng a amogela masego ka gone ka go lalediwa go tsamaya le Jehu mo kareng ya gagwe go bona fa baobamedi ba Baale ba ne ba senngwa. Mme ka ntlhayang? Ka go bo a ne a tsaya kgato ka go tswa a ya go kgatlhantsha Jehu yo o tlhaga. (2 Dikg. 10:15, 16) Mme gape, re bona dikao tse di molemo mo go Hesekia le Josia, bao ba neng ba ikokobetsa ba bo ba tlotla leina la ga Jehofa le Molao wa gagwe ka tshwanelo. (19:14-19; 22:11-13) Tseno ke dikao tse di molemo tse re tshwanetseng go di latela.
34. Dikgosi wa Bobedi e re ruta eng malebana le go tlotla batlhanka ba ba tlhomilweng le mabapi le molato wa madi?
34 Jehofa ga a letle ope go tlontlolola motlhanka wa gagwe yo o mo tlhomileng. Fa bana ba diganana ba ne ba sotla Elisha jaaka moperofeti wa ga Jehofa, O ipusolosetsa ka bonako. (2:23, 24) Mo godimo ga moo, Jehofa o tsaya masisi madi a batho ba ba senang molato. Ntlo ya ga Ahabe e ne e atlhotswe mo go botlhoko eseng fela ka go obamela ga yone Baale mme ka ntlha ya madi ao e neng e a tsholotse. Ka gone, Jehu o ne a tlolediwa go busolosa “madi a batlhanka botlhe ba ga Yehofa, a a cholocweñ ke Yesebele.” Fa katlholo e ne e diragadiwa kgatlhanong le Jehorame, Jehu o ne a gakologelwa gore seo e ne e le ka ntlha ya “madi a ga Nabothe, le madi a bomorwawè.” (9:7, 26) Ka mo go tshwanang, molato wa madi o o neng o dirilwe ke Manase kgabagare o ne wa tiisetsa katlholo ya Juda. Fa a oketsa boleo jwa gagwe jwa kobamelo ya maaka, Manase o ne a ‘tlatsa Jerusalema ka madi go tswa ntlheng nngwe go ya ntlheng e nngwe.’ Le eleng lefa Manase moragonyana a ne a ikwatlhaela tsela ya gagwe e e phoso, molato oo wa madi o ne wa sala. (2 Ditih. 33:12, 13) Le eleng puso e e molemolemo ya ga Josia, le go tlosa ga gagwe medimo yotlhe ya disetwa, ga e a ka ya tlosa molato wa madi oo o neng wa dirwa mo pusong ya ga Manase. Dingwaga di le dintsi moragonyana, fa Jehofa a ne a tlisa badiragatsakatlholo ba gagwe kgatlhanong le Jerusalema, o ne a bolela gore e ne e le ka ntlha ya go bo Manase a ne a “tlatsa Yerusalema ka madi a a senañ molato: me Yehofa a gana go ichwarèla.” (2 Dikg. 21:16; 24:4) Ka mo go tshwanang, Jesu o ne a bolela gore Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a tla senngwa ka gonne baperisiti ba gagwe e ne e le barwa ba batho ba ba tsholotseng madi a baperofeti, ‘gore ba welwe ke molato wa madi a basiami a a tsholotsweng mo lefatsheng.’ (Math. 23:29-36) Modimo o tlhagisa lefatshe gore o tlile go lefetsa madi a a senang molato ao a ileng a tshololwa, segolobogolo madi a “ba ba bolaecweñ lehoko ya Modimo.”—Tshen. 6:9, 10.
35. (a) Elija, Elisha, le Isaia ba tlhomamisitswe jang gore ke baperofeti ba boammaaruri? (b) Petere o bua eng ka boperofeti malebana le Elija?
35 Go diragatsa ga ga Jehofa dikatlholo tsa gagwe tsa seperofeti ka tlhomamo ebile a sa fose le gone go a bontshiwa mo go Dikgosi wa Bobedi. Re tlhokomedisiwa baperofeti ba bararo ba bagolo, Elija, Elisha, le Isaia. Boperofeti jwa mongwe le mongwe wa bone bo supiwa bo diragadiwa ka mo go gakgamatsang. (2 Dikg. 9:36, 37; 10:10, 17; 3:14, 18, 24; 13:18, 19, 25; 19:20, 32-36; 20:16, 17; 24:13) Elija o tlhomamisiwa gape gore ke moperofeti wa boammaaruri fa a tlhaga le moperofeti Moshe le Moperofeti yo Mogolo, Jesu Keresete, fa ba ne ba fetoga ponalo mo thabeng. (Math. 17:1-5) Fa a bua ka kgalalelo e e ileng ya bonala ka nako eo, Petere o bua jaana: “Me re na le lehoko ya polèlèlō pele le rurehadicwe bogolo; ye lo tla boñ lo diha sentlè ha lo le tlhōkōmèla, yaka ha e ka bo e le lobōnè lo lo phatsimañ mo heloñ ha go lehihi, go tlo go tsamaeè bosa boo sè, le naledi ea moshō e lo cwèlè mo dipeduñ.”—2 Pet. 1:19.
36. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a utlwela batho ba gagwe botlhoko, mme tsholofelo ya rona mo Bogosing jwa Losika e nonotshiwa jang?
36 Ditiragalo tse di kwadilweng mo go Dikgosi wa Bobedi e senola ka phepafalo gore katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le batho botlhe ba bodumedi jwa maaka le botlhe bao ba tshololang madi a a senang molato ke go senngwa. Lefa go le jalo, Jehofa o amogela o bile o utlwela batho ba gagwe botlhoko “ka ntlha ea kgōlaganō ea gagwè le Aberahame, le Isake, le Yakobe.” (2 Dikg. 13:23) O ne a ba boloka “ka ntlha ea Dafide motlhanka oa gagwè.” (8:19) O tla bontsha boutlwelobotlhoko jo bo tshwanang mo go bao ba retologelang kwa go ene mo motlheng ono. Mme jaaka re sekaseka pego ya Bibela le ditsholofetso tsa gagwe, abo re ka solofela jang ne mme ra lebelela pele Bogosi jwa “morwa Dafide,” Jesu Keresete yo eleng Losika lo lo solofeditsweng, joo mo go jone tshololo ya madi le boikepo di tla bong di seyo!—Math. 1:1; Isa. 2:4; Pes. 145:20.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 152, 325; Bol. 2, ditsebe 908, 1101.