KGAOLO YA BOSOMETHATARO
O ne A le Botlhale, a le Pelokgale e Bile a Akanyetsa ba Bangwe
1-3. (a) Esethere o ne a ikutlwa jang fa a ntse a atamela setulo sa bogosi sa monna wa gagwe? (b) Kgosi e ne e ikutlwa jang ka go tla ga ga Esethere?
ESETHERE o ne a atamela setulo sa bogosi ka iketlo, pelo ya gagwe e iteela ka bonako. Akanya fela go nna le tshisibalo e kgolo mo ntlong ya segosi ya Peresia kwa Shushane, go sisibetse jaana mo Esethere a neng a utlwa mosito wa dikgato tsa gagwe le modumo o o dirwang ke diaparo tsa segosi tse a di apereng. O ne a leka ka natla gore a se ka a itewa tsebe ke lolwapa lo logolo lwa ntlo ya segosi, dipilara tse dintle le marulelo a a gabilweng a a dirilweng ka mosedara o o tswang kgakala kwa Lebanona. O ne a tlhomile mogopolo mo monneng yo o ntseng mo setulong sa bogosi, monna yo botshelo jwa ga Esethere bo neng bo le mo diatleng tsa gagwe.
2 Kgosi e ne ya leba Esethere ka kelotlhoko fa a ntse a atamela mme ya otlololela lore lwa yone lwa segosi lwa gauta kwa go ene. Se kgosi e se dirileng e ne e se selo se setona, mme gone se ne sa boloka botshelo jwa ga Esethere, ka gonne go dira jalo go ne go bontsha gore kgosi e itshwaretse Esethere phoso e a sa tswang go e dira—e leng go tla kwa kgosing a sa bidiwa. Fa Esethere a ntse a atamela setulo sa bogosi, o ne a otlolola seatla mme a tshwara ntlha ya lore lwa segosi ka kanaanelo e kgolo.—Eseth. 5:1, 2.
3 Tsela e Kgosi Ahasueruse a neng a lebega ka yone e ne e bontsha gore o humile e bile o na le maatla. Go bolelwa gore seaparo se se neng se aparwa ke dikgosi tsa Peresia tsa mo motlheng oo, se ne se ja diranta di le dimilione di le makgolokgolo. Mme gone, Esethere o ne a kgona go bona gore monna wa gagwe o amega ka ene; gore o a mo rata. Kgosi e ne ya re: ‘O na le eng, wena kgosigadi Esethere, le gone ke eng se o se kopang? Le fa e ka nna sephatlo sa bogosi—o tla se newa!’—Eseth. 5:3.
4. Ke dikgwetlho dife tse Esethere a neng a sa ntse a tla lebana le tsone?
4 Esethere o ne a setse a bontshitse tumelo le bopelokgale ka tsela e e tlhomologileng; o ne a tla kwa kgosing go tla go sireletsa batho ba gaabo mo leanong le le neng le tla felela ka gore ba nyelediwe botlhe. Le fa go fitlha ka nako eo dilo di ne di mo tsamaela sentle, o ne a sa ntse a tla lebana le dikgwetlho tse dingwe tse dikgolo. O ne a tshwanetse go bontsha kgosi eno e e ikgantshang gore mogakolodi wa yone yo e mo ikanyang thata, ke monna yo o boikepo yo o neng a tsietsa kgosi gore e atlholele batho ba gaabo Esethere loso. O ne a tla mo tlhatswa pelo jang, mme re ka ithuta eng mo tumelong ya ga Esethere?
O ne A Tlhopha “Nako ya go Bua” ka Botlhale
5, 6. (a) Esethere o ne a dirisa jang molaomotheo o o mo go Moreri 3:1, 7? (b) Tsela e Esethere a ileng a bua le monna wa gagwe ka yone e bontsha jang gore o botlhale?
5 A go ne go tla bo go le botlhale gore Esethere a bolelele kgosi bothata fa pele ga batho botlhe? Gongwe go dira jalo go ne go ka tlhabisa kgosi ditlhong mme ga dira gore mogakolodi wa yone e bong Hamane a itatole se a neng a latofadiwa ka sone. Jaanong Esethere o ne a dira eng? Makgolokgolo a dingwaga pelenyana, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, . . . nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Mor. 3:1, 7) Ga go pelaelo gore rraagwe Esethere yo a mo godisitseng, e bong Moredekai yo o ikanyegang, o ne a rutile mosadi yono yo mosha melaometheo eo fa a ntse a gola. Ruri Esethere o ne a tlhaloganya botlhokwa jwa go tlhopha “nako ya go bua” ka kelotlhoko.
6 Esethere o ne a re: “Fa go bonala go le molemo mo kgosing, a kgosi e tle gompieno le Hamane kwa moketeng o ke o e diretseng.” (Eseth. 5:4) Kgosi e ne ya dumela mme ya laela gore Hamane a bidiwe. A o kgona go bona gore Esethere o ile a bua ka botlhale? Ga a ka a diga monna wa gagwe seriti mme o ne a rulaganya nako e e siameng e ka yone a ka mmolelelang se se mo tshwenyang.—Bala Diane 10:19.
7, 8. Moletlo wa ntlha o Esethere a neng a o dirile o ne o ntse jang, mme ke eng fa a ne a okaoka go bua le kgosi?
7 Ga go pelaelo gore Esethere o ne a rulaganya moletlo oo ka kelotlhoko, a tlhomamisa gore go na le dilo tsotlhe tse monna wa gagwe a di ratang. Mo moletlong oo go ne go na le beine e e monate e e neng e tla dira gore batho ba itumele. (Pes. 104:15) Ahasueruse o ne a itumetse mo a neng a botsa Esethere gape gore kopo ya gagwe e ka tswa e le eng. A jaanong e ne e le nako ya go bua?
8 Esethere o ne a sa akanye jalo. Go na le moo, o ne a laletsa kgosi le Hamane gore ba tle kwa moletlong o mongwe mo letsatsing le le latelang. (Eseth. 5:7, 8) Goreng a ne a okaoka? Se lebale gore batho botlhe ba gaabo Esethere ba ne ba tlile go bolawa ka taelo ya kgosi. E re ka kgang eno e ne e le masisi, Esethere o ne a tshwanetse go tlhopha nako e e siameng ya go bua. Ka jalo o ne a leta, a batla tshono e nngwe gape ya go bontsha monna wa gagwe kafa a mo tlotlang thata ka gone.
9. Ke eng fa go le botlhokwa go nna pelotelele, mme re ka etsa jang sekao sa ga Esethere mo kgannyeng eno?
9 Bopelotelele ke nonofo e e tlhwatlhwakgolo mme gone e bonwa sewelo. Le fa Esethere a ne a ngomogile pelo e bile a swegaswega go bua se se mo tshwenyang, o ne a nna pelotelele mme a letela nako e e siameng. Re ka ithuta go le gontsi mo sekaong sa gagwe ka gonne gangwe le gape re bona dilo tse di tlhokang go baakanngwa. Fa re batla go lemotsha mongwe yo o nang le taolo ka bothata bongwe, re ka nna ra tshwanelwa ke go etsa Esethere mme re nne pelotelele. Diane 25:15 ya re: “Molaodi o kgonwa ka bopelotelele, mme loleme lo lo bonolo lo ka roba lerapo.” Fa ka bopelotelele re letela nako e e siameng e bile re bua ka bonolo fela jaaka Esethere, re ka kgona go fenya le kganetso e e thata jaaka lerapo. A Jehofa, Modimo wa ga Esethere, o ne a mo segofaletsa bopelotelele le botlhale jwa gagwe?
Bopelotelele bo Felela ka Tshiamiso
10, 11. Ke eng se se neng sa fetola tsela e Hamane a neng a ikutlwa ka yone fa a tswa kwa moletlong wa ntlha, mme mosadi le ditsala tsa gagwe ba ne ba mo tlhotlheletsa gore a dire eng?
10 Bopelotelele jwa ga Esethere bo ne jwa dira gore go nne le ditiragalo dingwe tse di neng di sa lebelelwa. Hamane o ne a tswa kwa moletlong wa ntlha a gatela kwa godimo, “a ipela e bile a itumetse mo pelong” ka gonne kgosi le mohumagadi ba ne ba mo tlotlomaditse. Le fa go ntse jalo, fa Hamane a feta fa kgorong ya ntlo ya segosi o ne a bona Moredekai, Mojuda yole yo o neng a sa ntse a gana go obama fa pele ga gagwe. Jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, Moredekai o ne a sa gane ka gonne a le lonyatso, go na le moo segakolodi sa gagwe se ne se sa mo letle go dira jalo e bile o ne a amegile ka kamano ya gagwe le Jehofa Modimo. Mme Hamane o ne ‘a akofa a galefa fela thata.’—Eseth. 5:9.
11 Fa Hamane a bolelela mosadi wa gagwe le ditsala kafa Moredekai a sa mo tlotleng ka gone, ba ne ba mo kgothaletsa gore a dire kota ya boleele jwa dimetara di feta 22, mme a kope tetla kwa kgosing gore a kaletse Moredekai mo go yone. Hamane o ne a itumelela kgakololo ya bone mme ka yone nako eo a laela gore kota eo e dirwe.—Eseth. 5:12-14.
12. Ke eng fa kgosi e ne ya laela gore e balelwe dipego tsa semolao tsa Puso, mme e ne ya lemoga eng go tswa mo dipegong tseo?
12 Kgosi ga e a ka ya bona boroko mo bosigong joo. Baebele ya re “kgosi [e ne] ya felelwa ke boroko,” ka jalo ya laela gore e balelwe dipego tsa semolao tsa Puso. Mo dipegong tseo go ne go na le pego e e buang ka leano la go bolaya Ahasueruse. O ne a gopola tiragalo eo; batho ba ba neng ba batla go mmolaya ba ne ba tshwarwa mme ba bolawa. Mme go tweng ka monna yo a neng a senotse leano leo—Moredekai? Ka yone nako eo kgosi e ne ya botsa gore Moredekai o ile a duelwa jang. Karabo e ne ya nna efe? Monna yono o ne a sa direlwa sepe.—Bala Esethere 6:1-3.
13, 14. (a) Go tlile jang gore dilo di se tlhole di tsamaela Hamane sentle? (b) Ditsala tsa ga Hamane le mosadi wa ga gagwe ba ne ba mo raya ba reng?
13 Kgosi e ne ya galefa mme ya botsa gore ke badiredi bafe ba ntlo ya segosi ba ba leng teng ba ba ka mo thusang go baakanya kgang eno e e tlodisitsweng matlho. Se se kgatlhang ke gore Hamane ke ene a neng a le mo lolwapeng lwa kgosi—go bonala a ne a phaketse ka gonne a swegaswega pelo a batla go kopa tetla ya go bolaya Moredekai. Mme pele Hamane a ka bua kopo ya gagwe, kgosi e ne ya mmotsa gore monna yo o itumedisitseng kgosi a ka bontshiwa jang tlotlo. Hamane o ne a ithaya a re kgosi e akantse ka ene. Ka jalo, o ne a akantsha gore motho yoo a newe tlotlo ya maemo a a kwa godimo: A motho yoo a apesiwe diaparo tsa segosi, mme modiredimogolo mongwe a mo tsamaise mo Shushane a palame pitse ya kgosi, a ntse a tlhaeletsa a mmaka gore batho botlhe ba utlwe. Akanya fela gore sefatlhego sa ga Hamane se ne sa nna jang fa a utlwa gore motho yoo yo o tshwanetseng go tlotliwa ke Moredekai! Mme kgosi e ne ya laela mang gore a tsamaye a tlhaeletsa a baka Moredekai? Hamane!—Eseth. 6:4-10.
14 Hamane o ne a dira tiro eo e e sa itumediseng a tletse bogale mme fa a fetsa a itlhaganelela kwa ga gagwe a ngomogile pelo. Mosadi wa gagwe le ditsala di ne tsa re ditiragalo tseo di ne di bontsha gore go na le sengwe se se bosula se se tla diregang; gore Moredekai wa Mojuda o ne a tla mo fenya.—Eseth. 6:12, 13.
15. (a) Bopelotelele jwa ga Esethere bo ne jwa mo solegela molemo jang? (b) Ke eng fa go le botlhale gore re nne le “boikutlo jwa go leta”?
15 E re ka Esethere a ne a le pelotelele, o ne a leta letsatsi le lengwe gape pele a bolelela kgosi kopo ya gagwe, mme seo sa dira gore Hamane a nne le nako ya go ikepela lemena. A e ka tswa e le Jehofa Modimo yo o dirileng gore kgosi e tlhorege boroko? (Dia. 21:1) Ga go gakgamatse go bo Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go nna le “boikutlo jwa go leta”! (Bala Mika 7:7.) Fa re letela Modimo, re ka fitlhela gore ditsela tse a rarabololang mathata a rona ka tsone di botoka thata go feta tse rona re neng re ka di akanya.
O ne A Bua ka Bopelokgale
16, 17. (a) Esethere o ne a bona leng “nako ya go bua”? (b) Esethere o ne a farologane jang le mosadi wa pele wa kgosi e bong Fasheti?
16 Esethere o ne a sa batle gore kgosi e bo e fele pelo; mo moletlong wa bobedi, o ne a tshwanetse go mmolelela sengwe le sengwe. Mme o ne a tla dira seo jang? Kgosi e ne ya mo naya tshono e nngwe gape ka go mmotsa gore kopo ya gagwe e ka tswa e le efe. (Eseth. 7:2) Jaanong e ne e le ‘nako ya gore Esethere a bue.’
17 Gongwe Esethere a ka tswa a ile a rapela Modimo mo pelong pele a bua mafoko ano: “Fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, wena kgosi, le gone fa go bonala go le molemo mo kgosing, mma ke newe moya wa me go ya kafa topong ya me le batho ba gaetsho go ya kafa kopong ya me.” (Eseth. 7:3) Ela tlhoko gore o ne a tlhomamisetsa kgosi gore o amogela se kgosi e bonang se le molemo. Ruri Esethere o ne a farologane thata le Fasheti, mosadi wa pele wa kgosi, yo o neng a tlontlolola monna wa gagwe ka boomo! (Eseth. 1:10-12) Mo godimo ga moo, Esethere ga a ka a tshwaya kgosi phoso go bo e ikanya Hamane. Go na le moo, o ne a rapela kgosi gore e mo sireletse ka gonne botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing.
18. Esethere o ne a tlhalosetsa kgosi bothata jang?
18 Ga go pelaelo gore kopo eo e ile ya ama kgosi ya bo ya mo gakgamatsa. Tota ke mang yo o neng a ka nna le sebete sa go tsenya botshelo jwa mohumagadi wa gagwe mo kotsing? Esethere o ne a tswelela ka gore: “Re rekisitswe, nna le batho ba gaetsho, gore re nyelediwe, re bolawe re bo re senngwe. Jaanong fa re ka bo re rekiseditswe go nna batlhanka le malata fela, nkabo ke didimetse. Mme matshwenyego ano ga a tshwanela fa a lere tshenyegelo mo kgosing.” (Eseth. 7:4) Ela tlhoko gore Esethere o ne a tlhalosetsa kgosi se tota e leng bothata, mme a oketsa ka gore a ka bo a didimetse fa e le gore ba tshosediwa fela ka go dirwa makgoba. Le fa go ntse jalo, go gailwa gono ga morafe go ne go tla ama kgosi fela thata mo Esethere a neng a ka se ka a didimala ka kgang eno.
19. Re ka ithuta eng mo go Esethere ka go nna le bokgoni jwa go tlhatswa motho pelo?
19 Sekao sa ga Esethere se re ruta go le gontsi ka go nna le bokgoni jwa go tlhatswa motho pelo. Fa o ka tshwanelwa ke go bolelela mongwe yo o mo ratang kgotsa yo o nang le taolo bothata bongwe jo bo masisi, o ka thusiwa thata ke go nna pelotelele, go bua ka tlotlo e bile o sa fitlhe sepe jaaka Esethere.—Dia. 16:21, 23.
20, 21. (a) Esethere o ne a senola jang leano la ga Hamane, mme seo se ne sa dira gore kgosi e itshware jang? (b) Hamane o ne a itshwara jang fa a senolwa gore ke leferefere?
20 Ahasueruse o ne a botsa jaana: “Ke mang yoo, le gone o kae tota motho yo o itirileng pelokgale gore a dire jalo?” Akanya fela Esethere a supa Hamane ka monwana a re: “Monna yoo, moganetsi le mmaba, ke Hamane yo o bosula yo.” Hamane o ne a dira eng? O ne a tsenwa ke tsebetsebe. Akanya fela sefatlhego sa kgosi se hibila a galefile fa a lemoga gore mogakolodi wa gagwe yo a mo ikanyang o mo tsieditse gore a saene molao o o neng o tla felela ka gore mosadi wa gagwe yo o rategang a bolawe! Kgosi e ne ya tswela kwa tshingwaneng e galefile gore e wele makgwafo.—Eseth. 7:5-7.
21 Fa Hamane a sena go senolwa gore ke leferefere, o ne a gagabela kwa dinaong tsa mohumagadi. Fa kgosi e boela mo phaposing mme e bona Hamane a le mo sekanamelong sa ga Esethere a ntse a mo rapela, e ne ya galefa mme ya latofatsa Hamane ka gore o leka go betelela mohumagadi mo ntlong ya kgosi. Tatofatso eo e ne ya tlhomamisetsa Hamane gore o tlile go bolawa. O ne a ntshiwa foo, a bipilwe sefatlhego. Go tswa foo, mongwe wa badiredi ba kgosi o ne a bolelela kgosi ka kota e kgolo e Hamane a neng a e diretse Moredekai. Ka yone nako eo, Ahasueruse a laela gore Hamane a kalediwe mo go yone.—Eseth. 7:8-10.
22. Sekao sa ga Esethere se re bontsha jang gore le ka motlha re se ka ra itlhoboga, ra felelwa ke tshepo kgotsa ra felelwa ke tumelo?
22 Mo lefatsheng leno le le se nang tshiamiso, re ka nna ra akanya gore ga re na go tsamaya re bona tshiamiso. A o kile wa ikutlwa ka tsela eo? Esethere ga a ka a itlhoboga, a felelwa ke tshepo e bile ga a ka a felelwa ke tumelo. Fa tshono e bulega, o ile a bua ka bopelokgale a emela se se siameng mme a ikanya gore Jehofa o tla tsaya kgato e e tshwanetseng. Ke sone se le rona re tshwanetseng go se dira! Jehofa ga a fetoga, o sa ntse a tshwana le mo motlheng wa ga Esethere. O sa ntse a kgona go dirisa dirai tse maferefere le baikepi ba di dirang gore a kgone go ba tshwara, fela jaaka a ile a dira ka Hamane.—Bala Pesalema 7:11-16.
O ne A Direla Jehofa le Batho ba Gagwe a sa Ikakanyetse a le Esi
23. (a) Kgosi e ne ya duela Moredekai le Esethere jang? (b) Boporofeti jo Jakobe a neng a bo bolelela pele fa a tloga a swa, jo bo malebana le Benjamine bo ne jwa diragadiwa jang? (Bona lebokose le le reng, “Boporofeti bo a Diragadiwa.”)
23 Kgabagare kgosi e ne ya itse gore Moredekai ke mang—e ne e se motho fela yo o ikanyegang yo a neng a sireletsa kgosi gore e se ka ya bolawa, mme gape e ne e le rraagwe Esethere yo a mo godisitseng. Ahasueruse o ne a naya Moredekai maemo a ga Hamane a go nna tonakgolo. A naya Esethere ntlo ya ga Hamane, go akaretsa le dikhumo tsa gagwe tse dintsi, mme Esethere a tlhoma Moredekai gore a di tlhokomele.—Eseth. 8:1, 2.
24, 25. (a) Ke eng fa Esethere a ne a ka se kgobe kgetsi fa a sena go senola leano la ga Hamane? (b) Esethere o ne a tsenya botshelo jwa gagwe gape mo kotsing jang?
24 E re ka jaanong Esethere le Moredekai ba ne ba babalesegile, a mohumagadi o ne a ka kgoba kgetsi? Fela fa e le gore o ne a ikakanyetsa a le nosi. Ka nako eo, taelo ya ga Hamane ya gore Bajuda botlhe ba bolawe e ne e romelwa kwa dintlheng tsotlhe tsa mmusomogolo. Hamane o ne a latlhetse bola kgotsa Pure—e go bonalang e ne e le tsela nngwe ya go dirisana le meya—go bona gore ke nako efe e e siametseng go diragatsa tlhaselo eo e e setlhogo. (Eseth. 9:24-26) Go ne go sa ntse go setse dikgwedi di se kae pele ga letsatsi leo, mme gone le ne le atamela ka bofefo. A masetlapelo ao a ne a sa ntse a ka thibelwa?
25 E re ka Esethere e ne e le motho yo o amegang ka ba bangwe, o ne a tsenya botshelo jwa gagwe gape mo kotsing ka go ya kwa kgosing a sa bidiwa. Mo lekgetlong leno o ne a buelela batho ba gaabo, a kopa monna wa gagwe gore a phimole taelo eo e e setlhogo. Le fa go ntse jalo, melao e e neng e ntshitswe ka tetla ya kgosi ya Peresia e ne e ka se phimolwe. (Dan. 6:12, 15) Ka jalo, kgosi e ne ya naya Esethere le Moredekai tetla ya go tlhoma molao o mongwe. Go ne ga ntshiwa molao wa bobedi o o neng o naya Bajuda tetla ya go itshireletsa. Bapalami ba dipitse ba ne ba ragogela kwa dintlheng tsotlhe tsa mmusomogolo ba isetsa Bajuda dikgang tseno tse di itumedisang. Jaanong Bajuda ba ne ba na le tsholofelo. (Eseth. 8:3-16) Akanya fela Bajuda ba ba mo dikarolong tsotlhe tsa mmusomogolo ono ba tlhometse ba ipaakanyetsa ntwa, e leng selo se ba neng ba ka se se dire fa go ne go sa ntshiwa molao oo o mosha. Mme gone sa botlhokwa ke gore, a “Jehofa wa masomosomo” o ne a tla ema batho ba gagwe nokeng?—1 Sam. 17:45.
26, 27. (a) Phenyo e Jehofa a neng a e naya batho ba gagwe e ne e le kgolo go le kana kang? (b) Ke boporofeti bofe jo bo neng jwa diragadiwa fa bomorwa Hamane ba nyelediwa?
26 Kgabagare fa letsatsi le le neng le tlhophilwe le goroga, batho ba Modimo ba ne ba ipaakantse. Mo lekgetlong leno, tota le badiredibagolo ba bantsi ba mmuso wa Peresia ba ne ba ba eme nokeng, ka gonne go ne go setse go itsege gongwe le gongwe gore tonakgolo e ntšha ke Moredekai wa Mojuda. Jehofa o ne a dira gore batho ba gagwe ba fenye. Ga go pelaelo gore o ne a sireletsa batho ba gagwe gore ba se ka ba nyelediwa ka go dira gore baba botlhe ba bone ba fenngwe.a—Eseth. 9:1-6.
27 Kgang e nngwe ke gore Moredekai o ne a ka se sireletsege fa a ne a ka okamela ntlo ya ga Hamane barwa ba ba lesome ba monna yoo yo o bosula ba sa ntse ba tshela. Ka jalo, le bone ba ne ba bolawa. (Eseth. 9:7-10) Mme boporofeti bongwe jwa Baebele bo ne jwa diragadiwa ka gonne pelenyana ga foo, Modimo o ne a ile a bolelela pele gore Baamaleke, ba e neng e le baba ba ba boikepo ba batho ba gagwe, ba ne ba tla fedisiwa gotlhelele. (Dute. 25:17-19) Bomorwa Hamane e ka tswa e ne e le bone batho ba bofelofelo ba setšhaba seo se se atlhotsweng.
28, 29. (a) Ke eng fa e ne e le thato ya ga Jehofa gore Esethere le batho ba gaabo ba nne le seabe mo ntweng? (b) Sekao sa ga Esethere se re solegela molemo jang gompieno?
28 Le fa Esethere a ne a sa ntse a le mosha, o ne a tshwanelwa ke go rwala maikarabelo mangwe a magolo—a a jaaka go tlhoma melao ya segosi e e amanang le ntwa le go bolawa ga batho. Go ne go se motlhofo. Mme gone, thato ya ga Jehofa e ne e le gore batho ba gagwe ba sirelediwe gore ba se ka ba senngwa; Mesia o ne a tshwanetse go tswa mo setšhabeng sa Iseraele, ene yo o neng a tla tlisetsa batho botlhe tsholofelo! (Gen. 22:18) Gompieno batlhanka ba Modimo ba itumelela go itse gore fa Mesia e bong Jesu a ne a tla mo lefatsheng, o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba se ka ba tlhola ba nna le seabe mo dintweng.—Math. 26:52.
29 Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba mo ntweng ya semoya; Satane o ikemiseditse go feta le fa e le leng pele go senya tumelo ya rona mo go Jehofa Modimo. (Bala 2 Bakorintha 10:3, 4.) Ruri go a itumedisa go nna le sekao se se jaaka Esethere! Fela jaaka ene, e kete re ka bontsha tumelo ka go bua ka botlhale re le pelotelele, ka go nna pelokgale le ka go iketleeletsa go femela batho ba Modimo le go bontsha gore re amega ka bone.
a Kgosi e ne ya letla Bajuda gore le mo letsatsing le le latelang ba lwe mme ba nyeletse baba ba bone. (Eseth. 9:12-14) Tota le gompieno, Bajuda ba sa ntse ba gopola phenyo eo ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Adare, e e welang kwa bofelong jwa kgwedi ya Tlhakole le kwa masimologong a kgwedi ya Mopitlwe. Moletlo oo o bidiwa Purime, o teeletswe ka bola jo Hamane a ileng a bo latlhela fa a ne a batla go fedisa Baiseraele.