Etsa Tumelo ya Bone
O ne A Emela Batho ba Modimo
ESETHERE o ne a leka go ritibala fa a ntse a atamela lolwapa lwa ntlo ya segosi kwa Shushana. Go ne go se motlhofo. Sengwe le sengwe ka ntlo ya segosi—ditshwantsho tsa yone tsa mebalabala tsa dipoo tse di diphuka, tsa bahulametswi le tsa ditau tse di neng di le mo loboteng lwa ditena tse di phatsimang, dipilara tsa yone tsa leje le difikantswe tsa yone tse dikgolo, tota le lefelo le e neng e le mo go lone le le tsholetsegileng gaufi le Dithaba tsa Zagros tse di apesitsweng ke kapoko e bile le le gaufi le metsi a a itshekileng a noka ya Choaspes—se ne se diretswe go gopotsa moeti mongwe le mongwe ka maatla a magolo a monna yo o neng a ipitsa “kgosi e kgolo,” yo Esethere a neng a tlile go mmona. Gape e ne e le monna wa gagwe.
Monna wa gagwe! Ga go na mosetsana ope yo o ikanyegang wa Mojuda yo o neng a ka lebelela go nna le monna yo o tshwanang le Ahasueruse!a O ne a sa lebe kwa sekaong sepe se se jaaka Aborahame, monna yo ka boikokobetso a ileng a amogela kaelo ya Modimo ya gore a reetse Sara, mosadi wa gagwe. (Genesise 21:12) Kgosi e ne e sa itse go le kalo kgotsa e sa itse sepe ka Modimo wa ga Esethere e bong Jehofa kgotsa ka Molao wa Gagwe. Le fa go ntse jalo, Ahasueruse o ne a itse melao ya Baperesia e e neng e akaretsa molao o o neng o iletsa sone se Esethere a neng a tloga a se dira. E ne e le eng seo? Molao o ne o laela gore ope fela yo o neng a ka tla kwa kgosing ya Peresia mme kgosi e sa mmitsa o ne a tshwanelwa ke go swa. Esethere o ne a sa bidiwa mme o ne a ya kwa kgosing. Fa a ntse a atamela lolwapa lo lo mo teng, lo fa a le mo go lone kgosi e neng e tla mmona e le mo setulong sa yone sa bogosi, a ka tswa a ile a ikutlwa e kete o ya go bolawa.—Esethere 4:11; 5:1.
Ke ka ntlha yang fa a ne a itsenya mo kotsing jalo? Mme re ka ithuta eng mo tumelong e mosadi yono yo o molemo a neng a na le yone? Sa ntlha, mma re bone gore go tlile jang gore Esethere a nne le maemo a a kgethegileng a go nna kgosigadi ya Peresia.
O ne “A le Montle”
Esethere e ne e le khutsana. Re itse go le gonnye fela ka batsadi ba ba neng ba mmitsa Hadasa e leng lefoko la Sehebera le le kayang “moretela,” setlhatshana se sentle se se thunyang dithunya tse ditshweu. Fa batsadi ba ga Esethere ba sena go tlhokafala, monna mongwe wa losika lwa gagwe yo o pelontle yo o bidiwang Moredekai, o ne a mo utlwela botlhoko. Moredekai e ne e le ntsalae Esethere mme o ne a feta Esethere thata ka dingwaga. O ne a nna le Esethere kwa ntlong ya gagwe mme a mo tsaya jaaka morwadie.—Esethere 2:5-7, 15.
Moredekai le Esethere e ne e le batshwarwa ba Bajuda kwa motsemogolong wa Peresia, kwa gongwe ba neng ba tshwanelwa ke go itshokela go nyadiwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone le Molao o ba neng ba leka go o latela. Le fa go ntse jalo, Esethere o ne a atamalana thata le ntsalae fa a ntse a mo ruta ka ga Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko, yo mo nakong e e fetileng a neng a namotse batho ba Gagwe gantsi mo mathateng—e bile a ne a tlile go dira jalo gape. (Lefitiko 26:44, 45) Go bonala sentle gore fa nako e ntse e ya, Esethere le Moredekai ba ne ba ratana thata le go ikanyega mongwe go yo mongwe.
Go bonala Moredekai a ile a nna modiredi kwa ntlong ya segosi kwa Shushana, ka metlha a nna mo kgorong ya yone le batlhanka ba bangwe ba kgosi. (Esethere 2:19, 21; 3:3) Ga re itse gore Esethere yo mosha o ne a dira eng fa a ntse a gola, mme gone go lebega go utlwala gore o ne a tlhokomela ntsalae yo o neng a le mogolo mo go ene le ntlo ya gagwe, e e ka tswang e ne e le ntlo e nnye mo karolong ya maemo a a kwa tlase ya motse kwa moseja wa noka go tswa kwa ntlong ya segosi. Gongwe o ne a itumelela go ya marekisetsong a kwa Shushana, kwa bathudi ba gouta, ba selefera le bagwebi ba bangwe ba neng ba bontsha dilwana tsa bone gone. Esethere o ne a ka se ka a akanya gore moragonyana dilwana tse di ntseng jalo tsa manobonobo e ne e tla nna dilo tse di tlwaelegileng mo go ene; o ne a sa itse gore isagwe e mo tshwaretse eng.
Kgosigadi e Tseelwa Maemo
Letsatsi lengwe, Shushana e ne e duma ka dipuo tsa gore go na le mathata kwa ntlong ya kgosi. Kwa moletlong o mogolo, o Ahasueruse a neng a itumedisa dikgosana tsa gagwe ka dijo tsa maemo le beine kwa go one, kgosi e ne ya swetsa ka gore go bidiwe mosadi wa gagwe yo montle e bong kgosigadi Fasheti yo o neng a keteka le basadi go sele. Mme Fasheti o ne a gana go tla. E re ka kgosi e ne e ikutlwa e tlhabisitswe ditlhong e bile e galefile, e ne ya botsa bagakolodi ba yone gore Fasheti o ne a tshwanetse go otlhaiwa jang. Go ne ga felela jang? O ne a tseelwa maemo a go nna kgosigadi. Batlhanka ba kgosi ba ne ba simolola go batla makgarebane a mantle mo nageng yotlhe; kgosi e ne e tla tlhopha kgosigadi e ntšha mo go bone.—Esethere 1:1–2:4.
Re ka akanya Moredekai a ntse a leba Esethere ka lorato gangwe le gape a le motlotlo mme a tshwenyegile ka ntsalae yono yo mmotlana yo o neng a godile—e bile a le montle ka tsela e e gakgamatsang. Re bala jaana: “Morweetsana yono o ne a bopegile sentle e bile a le montle.” (Esethere 2:7) Bontle bo a kgatlha mme bo tshwanetse go tsamaisana le botlhale le boikokobetso. Fa go sa nna jalo, bo ka dira gore motho a ikgantshe, a nne mabela a bo a nne le mekgwa e mengwe e e sa siamang e e tswang mo pelong. (Diane 11:22) A o kile wa lemoga seo? Mo kgannyeng ya ga Esethere, bontle jwa gagwe bo ne bo tla mo dira motho yo o ntseng jang—yo o molemo kgotsa yo o bosula? Go ne go tla bonala fa nako e ntse e tsamaya.
Batlhanka ba kgosi ba ne ba lemoga Esethere. Ka nako ya letsholo la bone, ba ne ba mo tsaya mo go Moredekai ba bo ba mo isa kwa ntlong ya segosi e e kwa moseja wa noka. (Esethere 2:8) Go tshwanetse ga bo go ne go le thata gore ba kgaogane ka gonne ba ne ba ntse jaaka rre le morwadie. Moredekai o ne a ka se batle gore morwadie yo o mo godisitseng a nyalane le motho ope yo e seng modumedi, tota le fa e ne e ka nna kgosi, mme go ne go se sepe se a ka se dirang. Ruri Esethere o tshwanetse a bo a ile a reetsa ka tlhoafalo fa Moredekai a ne a mo gakolola pele a tsewa! Fa a isiwa kwa ntlong ya segosi kwa Shushana, o ne a ipotsa dipotso tse dintsi. O ne a tlile go tshela botshelo jo bo ntseng jang?
O ne A Bona Kamogelo “Mo Matlhong a Mongwe le Mongwe yo o Mmonang”
Esethere o ne a iphitlhela a le mo lefelong le lesha le a neng a sa le tlwaela gotlhelele. E ne e le mongwe wa “barweetsana ba le bantsi” ba ba neng ba phuthilwe gongwe le gongwe mo Mmusomogolong wa Peresia. Dingwao tsa bone, dipuo tsa bone mmogo le tsela e ba neng ba itshwara ka yone e tshwanetse ya bo e ne e farologane thata. Barweetsana bano ba ne ba tlhokometswe ke molaodi Hegai mme ba ne ba tla ntlafadiwa gore ba nne bantle thata, ba ne ba tla sidilwa ka maokwane a a nkgang monate ka lobaka lwa mo e ka nnang ngwaga. (Esethere 2:8, 12) Botshelo jo bo ntseng jalo bo tshwanetse jwa bo bo ne bo ka dira gore go nne motlhofo gore barweetsana bano ba amege thata ka tsela e ba lebegang ka yone, ba nne mabela ba bo ba rate kgaisano. Esethere ene o ne a amega jang?
Ga go ope mo lefatsheng yo o neng a ka tshwenyega ka Esethere go feta kafa Moredekai a neng a tshwenyegile ka gone. Re utlwa gore o ne a ya gaufi thata le ntlo ya basadi letsatsi le letsatsi a bo a leka go utlwa gore Esethere o tsoga jang. (Esethere 2:11) Fa a ntse a utlwa tshedimosetso ka ga Esethere, gongwe a e bolelelwa ke batlhanka ba ntlo ya segosi ba ba neng ba dumela go mo thusa, o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa a le motlotlo ka ene. Ka ntlha yang?
Hegai o ne a kgatlhilwe thata ke Esethere mo a neng a dirisana le ene ka bopelonomi jwa lorato mme a mo naya malata a le supa le lefelo le le a gaisang otlhe mo ntlong ya basadi. E bile pego eno ya re: “Nako eno yotlhe Esethere o ne a tswelela a bona kamogelo mo matlhong a mongwe le mongwe yo o mmonang.” (Esethere 2:9, 15) A bontle ka bojone fela bo ne bo ka kgatlha mongwe le mongwe thata jaana? Nnyaa, go ne go na le sengwe se se kgatlhang ka ga Esethere go feta seo.
Ka sekai, re bala jaana: “Esethere o ne a sa bolela kaga batho ba gagabo kgotsa kaga ba losika lwa gagwe, gonne Moredekai ka boene o ne a mo laetse gore a se ka a bolela.” (Esethere 2:10) Moredekai o ne a laetse mosetsana yono gore a se ka a bua gore ke Mojuda; ntle le pelaelo o ne a bona gore batho ba segosi ba Peresia ba ne ba tlhoile batho ba gagabo. A bo go ile ga mo itumedisa jang go itse gore le jaanong, tota le fa Esethere a ne a sa tlhole a nna le ene, o ne a sa ntse a le botlhale e bile a le kutlo!
Basha le bone gompieno ba ka ipedisa batsadi ba bone le batho ba ba ba godisang. Fa batsadi ba bone ba seyo—tota le fa ba dikologilwe ke batho ba ba sa tseyeng dilo masisi, ba ba nang le maitsholo a a sa siamang kgotsa ba ba bogale—ba ka kgona go gana tlhotlheletso e e sa siamang mme ba tswelele ba tshela ka ditekanyetso tse ba itseng gore di siame. Fa ba dira jalo, ba ipedisa pelo ya ga Rraabone yo o kwa legodimong, fela jaaka Esethere a ne a dira.—Diane 27:11.
Fa nako e goroga ya gore Esethere a eme fa pele ga kgosi, o ne a letlelelwa go tlhopha dilo dipe fela tse a neng a ka akanya gore o tla di tlhoka, gongwe tse di neng di ka mo ntlafatsa le go feta. Le fa go ntse jalo, o ne a latela kgakololo ya ga Hegai mme ka boikokobetso a se ka a kopa sepe se se fetang se a neng a se fiwa. (Esethere 2:15) A ka tswa a ile a lemoga gore bontle ka bojone bo ka se gape pelo ya kgosi; go nna boingotlo le go ikokobetsa e ne e le tsone dinonofo tse di sa tlwaelegang mo lolwapeng loo tse di neng di ka mo kgatlha. A o ne a nepile?
Pego e araba jaana: “Kgosi ya rata Esethere go feta basadi ba bangwe botlhe, mo o neng a bona kamogelo e ntsi le bopelonomi jwa lorato mo go yone go feta makgarebane a mangwe otlhe. Mme a baya serwalo sa tlhogo sa segosi mo tlhogong ya gagwe a ba a mo dira kgosigadi mo boemong jwa ga Fasheti.” (Esethere 2:17) Go tshwanetse ga bo go ne go le boima gore mosetsana yono yo o boikokobetso wa Mojuda a tlwaele botshelo jwa gagwe jo bosha—e ne e le kgosigadi e ntšha, mosadi wa kgosi e e neng e na le maatla thata mo lefatsheng ka nako eo! A maemo a gagwe a masha a ile a mo ya tlhogong, a dira gore a nne mabela?
Le e seng! Esethere o ne a tswelela a ikobela rraagwe yo o mo godisitseng e bong Moredekai. Ga a ka a bolelela ope gore o amana le setšhaba sa Bajuda. Mo godimo ga moo, fa Moredekai a senola leano la go bolaya Ahasueruse, Esethere o ne a nna kutlo mme a bolelela kgosi ka tlhagiso eno, mme leano la babolai le ne la folotsa. (Esethere 2:20-23) O ne a sa ntse a bontsha tumelo mo Modimong wa gagwe ka go nna boikokobetso le go nna kutlo. Gompieno ga se batho ba le bantsi ba ba tsayang go nna kutlo e le nonofo e e molemo; go tlhoka kutlo le go tsuologa go aname. Le fa go ntse jalo, batho ba ba nang le tumelo ya mmatota ba tsaya go nna kutlo go le botlhokwa, fela jaaka Esethere a ne a dira.
Fa Tumelo ya ga Esethere E ne E Lekwa
Monna yo o bidiwang Hamane o ne a nna le maemo mo lolwapeng lwa ga Ahasueruse. Kgosi e ne ya mo tlhoma gore e nne tonakgolo, ka jalo ya dira gore Hamane a nne mogakolodi wa yone yo mogolo le gore a nne wa maemo a bobedi mo mmusomogolong. Kgosi e ne ya ba ya laela gore mongwe le mongwe fa a bona modiredimogolo yono, a obame fa pele ga gagwe. (Esethere 3:1-4) Molao oo o ne wa thatafalela Moredekai. O ne a dumela gore motho o tshwanetse go ikobela kgosi fa seo se sa dire gore a tlontlolole Modimo. Aitsane, Hamane e ne e le “Moagage.” Seo se raya gore e ne e le setlogolwana sa ga Agage, kgosi ya Baamaleke yo o neng a bolawa ke moporofeti wa Modimo e bong Samuele. (1 Samuele 15:33) Baamaleke ba ne ba le boikepo mo ba neng ba itirile baba ba ga Jehofa le Iseraele. Modimo o ne a ganne setšhaba sa Baamaleke.b (Duteronome 25:19) Mojuda yo o ikanyegang o ne a ka obama jang fa pele ga Moamaleke mongwe wa segosi? Moredekai o ne a ka se dire jalo. O ne a ema a nitame. Le gompieno banna le basadi ba ba ikanyegang ba ile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba ikobele molaomotheo ono: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.
Hamane o ne a galefile. Le fa go ntse jalo, o ne a sa kgotsofalela go bo a bone lebaka la go bolaya Moredekai. O ne a batla go bolaya batho botlhe ba gagabo Moredekai! Hamane o ne a bua Bajuda bosula mo kgosing. Ga a ka a ba umaka ka leina mme o ne a ba tlhalosa e le batho ba ba se nang mosola, e le setšhaba “se se gasameng se se itomolotseng mo gare ga ditšhaba.” Se se maswe le go feta ke gore o ne a re ba ne ba sa ikobele melao ya kgosi; ka jalo, e ne e le batsuolodi ba ba kotsi. O ne a ithaopela gore o tla tsenya madi a mantsi e le moneelo mo letloleng la kgosi gore a thuse mo ditshenyegelong tsa go bolaya Bajuda botlhe ba ba mo mmusomogolong.c Ahasueruse o ne a naya Hamane palamonwana ya kgosi e e tshwayang gore a saene taelo epe fela e a neng a e akantse.—Esethere 3:5-10.
Go ise go ye kae, barongwa ba ne ba taboga ka dipitse mo karolong nngwe le nngwe ya mmusomogolo, ba isa molaetsa wa gore Bajuda ba atlholetswe loso. Akanya fela gore molaetsa o o ntseng jalo o ne wa ama batho jang fa o fitlha kwa karolong e e kwa kgakala ya Jerusalema, kwa masalela a Bajuda ba ba neng ba boile kwa botshwarwa kwa Babelona ba neng ba sa ntse ba semeletse ba aga sesha motse o o neng o ise o nne le dipota tse di ka o sireletsang. Gongwe Moredekai o ile a akanya ka bone, mmogo le ditsala tsa gagwe le ba losika ba ba neng ba le kwa Shushana fa a ne a utlwa dikgang tseo tse di botlhoko. O ne a fuduegile maikutlo mme a gagoganya diaparo, a apara letsela la kgetsi a bo a itshela melora mo tlhogong mme a lelela kwa godimo mo gare ga motse. Le fa go ntse jalo, Hamane o ne a ntse a nwa le kgosi, go se tsapa lepe le mo fisang pelo ka khutsafalo e a neng a e baketse Bajuda ba bantsi le ditsala tsa bone kwa Shushana.—Esethere 3:12–4:1.
Moredekai o ne a itse gore o tshwanetse go tsaya kgato. Mme o ne a ka dirang? Esethere o ne a utlwa kafa a tshwenyegileng ka teng a bo a mo romelela diaparo, mme Moredekai o ne a gana go gomotsega. Gongwe o ne a sa bolo go ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo wa gagwe e bong Jehofa a ne a ile a letlelela gore Esethere yo a mo ratang a tsewe mo go ene mme a dirwe mohumagadi wa mmusi wa moheitane. Jaanong go ne go lebega lebaka le simolola go senoga. Moredekai o ne a romela molaetsa kwa go kgosigadi Esethere, a mo kopa gore a ba buelele kwa kgosing, a emele “batho ba gagabo.”—Esethere 4:4-8.
Esethere o tshwanetse a bo a ile a kotlomana pelo fa a utlwa molaetsa oo. Jaanong o ne a lebane le teko e kgolo go gaisa tsotlhe ya tumelo. O ne a tshogile, jaaka go ne go utlwala mo karabong ya gagwe fa a araba Moredekai. Esethere o ne a mo gopotsa ka molao wa kgosi. Fa motho a ne a ka ya kwa kgosing e sa mmitsa o ne a ka atlholelwa loso. O ne a ka se ka a bolawa fela fa kgosi e ne e ka mo otlololela lore lwa yone lwa segosi lwa gouta. A Esethere o ne a na le lebaka lepe la go lebelela gore a se ka a bolawa, segolobogolo fa a akanya ka se se diragaletseng Fasheti fa a ne a bidiwa ke kgosi a bo a gana go tla? O ne a bolelela Moredekai gore go ne go fetile malatsi a le 30 kgosi e sa mmitsa gore a tle kwa go yone! E re ka e ne e setse e le lobaka lo loleele a sa bidiwe, a ka tswa a ne a akanya gore kgosi eno e e fetofetogang e ne e sa tlhole e mo rata.d—Esethere 4:9-11.
Moredekai o ne a araba Esethere a nitame gore a mo nonotshe tumelo. O ne a mo tlhomamisetsa gore fa a ka se tseye kgato, poloko ya Bajuda e ne e tla tswa go sele. Mme Esethere o ne a ka lebelela jang gore a falole fa pogiso e setse e simologile? Mo kgannyeng eno, Moredekai o ne a bontsha gore o na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, yo o neng a se kitla a letla gore batho ba Gagwe ba bolawe e bile a se kitla a letla gore ditsholofetso tsa gagwe di se ka tsa diragadiwa. (Joshua 23:14) Go tswa foo Moredekai o ne a botsa Esethere jaana: “Ke mang yo o itseng gore o ka tswa o fitlheletse tlotlomalo ya segosi ka ntlha ya motlha o o ntseng jaana?” (Esethere 4:12-14) Moredekai o ne a ikanya Modimo wa gagwe e bong Jehofa ka botlalo. A le rona re mo ikanya jalo?—Diane 3:5, 6.
Tumelo e e Nonofileng go Gaisa go Boifa Loso
Jaanong Esethere o ne a tshwanetse go tsaya kgato ya makgaolakgang. O ne a kopa Moredekai gore a laele batho ba gagabo gore le bone jaaka ene ba itime dijo ka malatsi a le mararo, a bo a konela molaetsa wa gagwe ka mafoko a a bontshang tumelo le bopelokgale a a ntseng a boelediwa go ralala makgolokgolo a dingwaga: “Fa e le gore ke tla nyelela, ke tla nyelela.” (Esethere 4:15-17) Esethere o tshwanetse a bo a ile a rapela ka tlhoafalo mo malatsing ao a mararo go feta le fa e le leng pele mo botshelong jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, kgabagare nako ya go tsaya kgato e ne ya goroga. O ne a apara diaparo tsa gagwe tse dintle thata tsa segosi, a dira sotlhe se a ka se kgonang go kgatlha kgosi. Go tswa foo o ne a tsamaya.
Jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong ya setlhogo seno, Esethere o ne a ya kwa lolwapeng lwa kgosi. Re ka akanya fela kafa a neng a tlhobaela thata ka teng e bile a rapela ka tlhoafalo. O ne a tsena mo lolwapeng, mo a neng a kgona go bona Ahasueruse a le mo setulong sa gagwe sa bogosi. Esethere a ka tswa a ile a leba sefatlhego sa ga Ahasueruse a leka go bona gore o ikutlwa jang—sefatlhego se mo matlhakoreng a sone se neng se na le moriri o o lekalekanang o tlhokometswe sentle le ditedu tse di neng di beotswe go nna khutlonnè. Fa e le gore o ile a tshwanelwa ke go leta, a ka tswa a ile a utlwa e kete o letile lobaka lo loleele thata. Le fa go ntse jalo nako e ne ya goroga—monna wa gagwe o ne a mmona. Ahasueruse o tshwanetse a bo a ne a gakgametse mme sefatlhego sa gagwe se ne sa nna botsalano. O ne a mo otlololela lore lwa gagwe lwa segosi lwa gouta!—Esethere 5:1, 2.
Jaanong Esethere o ne a tla reediwa. O ne a tsere kgato go emela Modimo wa gagwe le batho ba gagabo, ka go dira jalo a tlhomela batlhanka botlhe ba Modimo go fitlha gompieno sekao se se molemo sa go nna le tumelo. Le fa go ntse jalo, seno e ne e le tshimologo fela ya tiro ya gagwe. O ne a ka tlhatswa kgosi pelo jang gore mogakolodi wa gagwe yo a mo ratang e bong Hamane, o ne a logile leano le le bosula? O ne a ka thusa batho ba gagabo jang gore ba se ka ba senngwa? Re tla sekaseka dipotso tseno mo setlhogong se se tla latelang mo nakong e e tlang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go akanngwa gore Ahasueruse e ne e le Xerxes I, yo o neng a busa Mmusomogolo wa Peresia mo masimologong a lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E.
b Hamane e ka tswa e ne e le mongwe wa Baamaleke ba bofelofelo ka gonne “masalela” a bone a ne a senngwa bogologolo mo motlheng wa ga Kgosi Hesekia.—1 Ditiragalo 4:43.
c Hamane o ne a re o tla ntsha ditalenta tsa selefera di le 10 000, tse gompieno e ka nnang diranta di le dimilione di le makgolokgolo. Fa e le gore Ahasueruse e ne e le Xerxes I, madi ao a ga Hamane a ka tswa a ile a mo ngoka. Xerxes o ne a senyegetswe ke madi a mantsi mo ntweng e a neng a fentswe ke Bagerika mo go yone, e go lebegang a e lole pele a nyala Esethere.
d Xerxes I o ne a itsege ka go fetofetoga maikutlo e bile a tle a galefe thata. Rahisitori mongwe wa Mogerika e bong Herodotus o ne a kwala ka dikai dingwe tse di diragetseng fa Xerxes a ne a lwa le Gerika. Kgosi e ne ya laela gore go agiwe borogo jo bo kokobalang jo bo agilweng mo godimo ga dikepe go kgabaganya bodiba jwa metsi jwa Hellespont. Fa borogo jono bo sena go senngwa ke matsubutsubu, Xerxes o ne a laela gore batho ba ba neng ba bo aga ba kgaolwe ditlhogo a bo a dira gore banna ba gagwe ba “otlhae” bodiba jwa metsi jwa Hellespont ka go itaya metsi fa go ntse go balwa mafoko a a tlhapatsang. Mo go lone letsholo leo, fa monna mongwe yo o humileng a ne a kopa gore morwawe a se ka a tsenela bosole, Xerxes o ne a laela gore morwa yoo a kgaoganngwe ka bogare mme mmele wa gagwe o bo o bewa mo pontsheng gore e nne tlhagiso.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Moredekai o ne a na le lebaka le le utlwalang la go nna motlotlo ka morwadie yo a mo godisitseng
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Esethere o ne a itse gore boikokobetso le botlhale di botlhokwa thata go na le bontle
[Setshwantsho mo go tsebe 22, 23]
Esethere o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse batho ba Modimo