-
Re Tlhoka go Gololwa!Tora ya Tebelo—2008 | March 1
-
-
Bontsi jwa rona re ka se ka ra gaelelwa mo tlase ga lefatshe jaaka go ile ga diragala ka badiri ba le robonngwe ba moepo kgotsa ra tshwanelwa ke go lebana le loso la masetlapelo. Le fa go ntse jalo, rotlhe re tlhoka go namolwa ka gonne re ka se kgone go tila ditlamorago tse di botlhoko tsa bolwetse le botsofe mme kgabagare, loso. Tlhogo ya lotso e e ikanyegang e bong Jobe o ne a re: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego. O dule jaaka sethunya mme a kgaolwe, o tshaba jaaka moriti mme ga a tswelele a le teng.” (Jobe 14:1, 2) Gompieno dingwaga di ka nna 3 500 morago ga foo, mafoko ao a sa ntse a le boammaaruri, ka gonne ga go ope wa rona yo o kgonang go falola sengwe se se botlhoko se se re tlhagelang mo botshelong—loso. Go sa kgathalesege gore re nna kae kgotsa gore re tlhokomela botsogo jwa rona go le kana kang, re tlhoka go namolwa mo pogong, mo botsofeng le mo losong.
-
-
Re Tlhoka go Gololwa!Tora ya Tebelo—2008 | March 1
-
-
Go sa kgathalesege gore a o ikutlwa jaaka Jobe kgotsa nnyaa, ga go pelaelo gore fa dingwaga di ntse di feta, le wena o tla “tshaba jaaka moriti” o tshabela kgakala le ditsala tsa gago, ba lelapa la gago, legae la gago mmogo le dilo tsotlhe tse o di fitlheletseng fa o sa ntse o tshela—mme o swe. Kgosi e e botlhale ya Iseraele wa bogologolo e bong Solomone o ne a kwala jaana: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo, ka gonne go ba gakologelwa go lebetswe.”—Moreri 9:5.
-