Bakang Keresete, Kgosi e e Galalelang!
“Mo bontlentleng jwa gago tswelela o atlega.”—PES. 45:4.
1, 2. Ke eng fa re kgatlhegela Pesalema ya 45?
KGOSI e e galalelang e palama ka ntlha ya boammaaruri le tshiamo mme e tswelela go fenya baba ba yone. Fa a sena go fenya ntwa ya makgaolakgang, o nyala monyadiwa wa gagwe yo montle. Kgosi e a gopolwa mme e galalediwa mo dikokomaneng tsotlhe tse di latelang. Seo ke setlhogo sa Pesalema ya 45.
2 Le fa go ntse jalo, Pesalema ya 45, ga se kgang fela e e felelang ka boitumelo. Ditiragalo tse di umakilweng mo go yone di na le bokao mo go rona. Di ama matshelo a rona, gone jaanong le mo isagweng. Ka jalo, a re sekasekeng pesalema eno ka kelotlhoko.
“PELO YA ME E TSOSITSWE KE KGANG E E MONATE”
3, 4. (a) “Kgang e e monate” e e re amang ke eng, mme e ama dipelo tsa rona jang? (b) Ke ka tsela efe pina ya rona e leng mabapi le kgosi, mme loleme lwa rona lo tshwana le pene e e setang ka tsela efe?
3 Bala Pesalema 45:1. “Kgang e e monate” e e amang pelo ya mopesalema le go e ‘tsosa’ e amana le kgosi nngwe. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le go ‘tsosa’ kwa tshimologong le ne le kaya go “bela.” Kgang eno e ne e dira gore pelo ya mopesalema e phophome ka tlhagafalo e bo e dira gore loleme lwa gagwe lo tshwane le “pene e e setang ya mokwalolodi yo o setswerere.”
4 Go tweng ka rona? Dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Bomesia ke sengwe se se molemo se se amang dipelo tsa rona. Molaetsa wa Bogosi o ne wa nna “monate” thata ka 1914. Fa e sa le ka nako eo, molaetsa oo ga o tlhole o amana le Bogosi jwa mo isagweng mme o amana le puso ya mmatota e e setseng e busa kwa legodimong. Tseno ke ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi’ tse re di rerang mo “lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:14) A dipelo tsa rona di ‘tsosiwa’ ke molaetsa ono wa Bogosi? A re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhagafalo? Fela jaaka mopesalema, pina ya rona e mabapi le kgosi—Kgosi ya rona, Jesu Keresete. Re bua ka ene e le Kgosi ya Bogosi jwa Bomesia, e e tlhomilweng kwa legodimong. Mo godimo ga moo, re laletsa botlhe—babusi le babusiwa—go ikobela Bogosi jwa gagwe. (Pes. 2:1, 2, 4-12) Mme loleme lwa rona le nna jaaka “pene e e setang ya mokwalolodi yo o setswerere” ka gore re dirisa Lefoko le le kwadilweng fa re le mo tirong ya go rera.
Re itumelela go bolela dikgang tse di molemo tse di malebana le Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete
PUO YA BOPELONOMI E ELELA MO DIPOUNAMENG TSA KGOSI
5. (a) Jesu o ne a le “montle” ka ditsela dife? (b) Puo ya bopelonomi e ne e elela mo dipounameng tsa Kgosi ka tsela efe, mme re ka leka jang go etsa sekao sa gagwe?
5 Bala Pesalema 45:2. Dikwalo ga di bue go le kalo ka ditebego tsa ga Jesu. E re ka e ne e le motho yo o itekanetseng, ga go pelaelo gore o ne a le “montle.” Le fa go ntse jalo, bontle jwa gagwe jo bogolo bo ne bo bonala ka boikanyegi jwa gagwe mo go Jehofa le ka go nna a thokgame. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a rera molaetsa wa Bogosi a dirisa puo ya bopelonomi. (Luke 4:22; Joh. 7:46) A le rona re leka go etsa sekao sa gagwe mo tirong ya go rera ka go dirisa mafoko a a tla amang batho dipelo?—Bakol. 4:6.
6. Modimo o segofaditse Jesu ka “bosakhutleng” jang?
6 E re ka Jesu a ne a ineetse ka pelo yotlhe, Jehofa o ne a mo segofatsa ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, mme o ne a mo duela fa a sena go swa loso lwa go intsha setlhabelo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “E rile [Jesu] a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso. Ka lone lebaka leno gape Modimo o ne a mo godisetsa kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba kafa tlase ga lefatshe, le loleme longwe le longwe lo tle lo bolele ka phuthologo fa lo dumela gore Jesu Keresete ke Morena kgalalelong ya Modimo Rara.” (Bafil. 2:8-11) Jehofa o ne a segofatsa Jesu ka “bosakhutleng” ka go mo tsosetsa mo botshelong jwa bosasweng.—Bar. 6:9.
KGOSI E GODISIWA GO FETA “BALEKANE” BA YONE
7. Ke ka ditsela dife Modimo a neng a tlotsa Jesu go gaisa “balekane” ba gagwe?
7 Bala Pesalema 45:6, 7. Jehofa o ne a tlotsa Jesu gore e nne Kgosi ya Bogosi jwa Bomesia, e re ka Jesu a rata tshiamo thata e bile a tlhoile sengwe le sengwe se se ka tlontlololang Rraagwe. Jesu o ne a tlodiwa ka “leokwane la boitumelo” go gaisa “balekane” ba gagwe, ke gore dikgosi tsa Juda tsa losika lwa ga Dafide. Jang? Sa ntlha, Jesu o ne a tlodiwa ke Jehofa ka boene. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a mo tlotsa gore e nne Kgosi le Moperesiti yo Mogolo. (Pes. 2:2; Baheb. 5:5, 6) Mme gape, Jesu o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo e seng ka leokwane, mme Bogosi jwa gagwe ga se jwa mo lefatsheng mme ke jwa kwa legodimong.
8. Re ka re ‘Modimo ke setulo sa ga Jesu sa bogosi’ jang, mme ke eng fa re ka tlhomamisega gore bogosi jwa gagwe bo siame?
8 Jehofa o ne a tlhoma Morwaawe go nna Kgosi ya Bomesia kwa legodimong ka 1914. ‘Lore lwa segosi lwa bogosi jwa gagwe ke lore lwa segosi lwa thokgamo,’ ka jalo, re ka tlhomamisega gore mo pusong ya gagwe go tla nna le tshiamo le go sa gobelele. O a tshwanelwa ke go nna Kgosi ka gonne ‘Modimo ke setulo sa gagwe sa bogosi.’ Seo se kaya gore Jehofa ke ene a mo neileng bogosi. Mo godimo ga moo, setulo sa ga Jesu sa bogosi se tla nna ka ‘bosaengkae.’ A ga o motlotlo go direla Jehofa o busiwa ke Kgosi eo e e maatla, e e tlhomilweng ke Modimo?
KGOSI E ‘GATLHA TŠHAKA YA YONE’
9, 10. (a) Keresete o ne a gatlha leng tšhaka ya gagwe, mme o ne a e dirisa jang ka gangwe fela? (b) Keresete o sa ntse a tla dirisa jang tšhaka ya gagwe?
9 Bala Pesalema 45:3. Jehofa o laela Kgosi ya gagwe gore e ‘gatlhe tšhaka ya yone mo seropeng sa yone,’ ka go dira jalo a naya Jesu taolo gore a bolotse ntwa kgatlhanong le botlhe ba ba ganetsang bolaodi jwa Modimo a bo a ba atlhole. (Pes. 110:2) E re ka Keresete e le Kgosi ya Motlhabani e e sa fenngweng, o bidiwa “Wena yo o thata.” O ne a gatlha tšhaka ya gagwe ka 1914, mme a fenya Satane le madimona a gagwe a bo a ba ntsha kwa legodimong a ba latlhela mo lefatsheng.—Tshen. 12:7-9.
10 Eo e ne e le tshimologo fela ya phenyo ya Kgosi eno e e palameng pitse. Mme o sa ntse a tla “digela phenyo ya gagwe.” (Tshen. 6:2) Jehofa o sa ntse a tla atlhola dikarolo tsotlhe tsa tsamaiso ya ga Satane mo lefatsheng, mme Satane le madimona a gagwe ba tla tlosiwa. La ntlha, Babelona yo Mogolo, e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, o tla senngwa. Jehofa o ikaeletse go dirisa babusi ba dipolotiki gore ba senye “seaka” seno se se boikepo. (Tshen. 17:16, 17) Go tswa foo, Kgosi ya Motlhabani e tla tlhasela tsamaiso ya dipolotiki ya ga Satane, e e nyeletsa. Keresete yo gape a bidiwang “moengele wa molete o o se nang bolekanngo,” o tla wetsa phenyo ya gagwe ka go latlhela Satane le madimona a gagwe mo moleteng oo. (Tshen. 9:1, 11; 20:1-3) Mma re boneng kafa Pesalema 45 e bolelelang pele ka gone ditiragalo tseo tse di kgatlhang.
KGOSI E “PALAMA KA NTLHA YA BOAMMAARURI”
11. Ke jang Keresete a palamang “ka ntlha ya boammaaruri”?
11 Bala Pesalema 45:4. Kgosi ya Motlhabani ga e lwe ntwa e le fela gore e gape mafelo a a rileng le go gatelela batho. E bolotsa ntwa ya tshiamo ka maikaelelo a a siameng. E “palama ka ntlha ya boammaaruri le boikokobetso le tshiamo.” Boammaaruri jo bogolo jo bo tshwanetseng go femelwa ke jo bo malebana le bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe. Fa Satane a ne a tsuologa, tota o ne a bontsha gore Jehofa ga a na tshwanelo ya go busa. Fa e sa le ka nako eo, madimona le batho ba ntse ba ganetsa boammaaruri joo. Jaanong ke nako ya gore Kgosi ya ga Jehofa e e tloditsweng e palame gore e tlhomamise boammaaruri jo bo malebana le bolaodi jwa ga Jehofa.
12. Kgosi e ‘palama ka ntlha ya boikokobetso’ ka tsela efe?
12 Gape Kgosi eno e ‘palama ka ntlha ya boikokobetso.’ E re ka e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo, o re tlhometse sekao se se molemo sa boikokobetso le go ikobela bolaodi jwa ga Rraagwe ka boikanyegi. (Isa. 50:4, 5; Joh. 5:19) Babusiwa botlhe ba ba ikanyegang ba Kgosi eno ba tshwanetse go latela sekao sa gagwe mme ba ikobele bolaodi jwa ga Jehofa mo dilong tsotlhe. Batho ba ba dirang thato ya gagwe ke bone fela ba ba tla letlelelwang go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo le le solofeditsweng.—Seka. 14:16, 17.
13. Keresete o palama jang ‘ka ntlha ya tshiamo’?
13 Gape Keresete o ‘palama ka ntlha ya tshiamo.’ Tshiamo e Kgosi e e femelang ke “tshiamo ya Modimo”—melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se phoso. (Bar. 3:21; Dute. 32:4) Isaia o ne a porofeta jaana ka ga Kgosi Jesu Keresete: “Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo.” (Isa. 32:1) Puso ya ga Jesu e tla dira gore go nne le “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse di solofeditsweng kwa go tla ‘nnang le tshiamo gone.’ (2 Pet. 3:13) Monni mongwe le mongwe wa lefatshe le lesha o tla tshwanelwa ke go ikobela melao ya ga Jehofa.—Isa. 11:1-5.
KGOSI E FITLHELELA “DILO TSE DI BOITSHEGANG”
14. Seatla sa moja sa ga Keresete se tla fitlhelela jang “dilo tse di boitshegang”? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo.)
14 Fa Kgosi e ntse e palame, e gatlhile tšhaka ya yone mo seropeng. (Pes. 45:3) Le fa go ntse jalo, go tla tla nako ya gore a tseye tšhaka ka seatla sa moja a bo a e dirise. Mopesalema o ne a porofeta jaana: “Seatla sa gago sa moja se tla go ruta dilo tse di boitshegang.” (Pes. 45:4) Fa Jesu Keresete a palama go diragatsa dikatlholo tsa ga Jehofa ka ntwa ya Haramagedona, o tla fitlhelela “dilo tse di boitshegang” kgatlhanong le baba ba gagwe. Ga re itse gore o tla dirisa eng go fedisa tsamaiso ya ga Satane. Le fa go ntse jalo, kgato eo e tla tlisa poifo mo dipelong tsa banni ba lefatshe ba ba sa reetsang ditlhagiso tsa Modimo tsa gore ba ikobele puso ya Kgosi. (Bala Pesalema 2:11, 12.) Mo boporofeting jwa ga Jesu jo bo malebana le metlha ya bofelo, Jesu o ne a re batho ba tla “tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni; gonne maatla a magodimo a tla reketlisiwa.” Gape o ne a re: “Go tswa foo, ba tla bona Morwa motho a tla mo lerung ka maatla le kgalalelo e kgolo.”—Luke 21:26, 27.
15, 16. Ke bomang ba ba tla bopang “masomo” a a latelang Keresete go ya ntweng?
15 Buka ya Tshenolo e bua jaana fa e itsise ka go tla ga ga Kgosi ka “maatla le kgalalelo e kgolo,” e tla go diragatsa katlholo: “Ka bona legodimo le bulega, mme, bona! pitse e tshweu. Mme yo o ntseng mo go yone o bidiwa Boikanngo le Boammaaruri, mme o atlhola a ba a tswelela a lwa ka tshiamo. Gape, masomo a a neng a le kwa legodimong a ne a mo setse morago ka dipitse tse ditshweu, mme a ne a apere leloba le lesweu, le le phepa, le le boleta. Mme mo molomong wa gagwe go tswa tšhaka e e bogale e telele, gore a tle a iteye ditšhaba ka yone, mme o tla e disa ka thobane ya tshipi. Gape o gatisa segatisetso sa beine ya bogale jwa tšhakgalo ya Modimo Mothatayotlhe.”—Tshen. 19:11, 14, 15.
16 Ke bomang ba e tla bong e le batlhabani mmogo le Keresete, ba ba bopang “masomo” a legodimo a a mo latelang mo ntweng? Fa Jesu a ne a gatlha tšhaka ya gagwe la ntlha go leleka Satane le madimona a gagwe kwa legodimong, o ne a na le “baengele ba gagwe.” (Tshen. 12:7-9) Ka jalo, go a utlwala go swetsa ka gore kwa ntweng ya Haramagedona, masomo a ga Keresete a tla bo a akaretsa baengele ba ba boitshepo. A go tla bo go na le batho ba bangwe gape mo masomong ao? Jesu o ne a solofetsa bomorwarraagwe ba ba tloditsweng a re: “Yo o fenyang a ba a boloka ditiro tsa me go fitlha kwa bokhutlong ke tla mo naya taolo godimo ga ditšhaba, mme o tla disa batho ka thobane ya tshipi mo ba tla thubegang dikarolwana jaaka dijana tsa letsopa, fela jaaka ke amogetse mo go Rre.” (Tshen. 2:26, 27) Ka jalo, masomo a ga Keresete a kwa legodimong a tla akaretsa le bomorwarraagwe ba ba tloditsweng ba ka nako eo ba tla bong ba amogetse tuelo ya bone kwa legodimong. Babusimmogo le ene ba ba tloditsweng ba tla bo ba na le ene fa a “fitlhelela dilo tse di boitshegang” fa a ntse a disa ditšhaba ka thobane ya tshipi.
KGOSI E WETSA PHENYO YA YONE
17. (a) Pitse e tshweu e Keresete a e palameng e tshwantshetsa eng? (b) Tšhaka le bora di emela eng?
17 Bala Pesalema 45:5. Kgosi e palame pitse e tshweu, e e tshwantshetsang ntwa e e siameng le e e amogelesegang mo matlhong a ga Jehofa. (Tshen. 6:2; 19:11) O tshotse tšhaka le bora. Re bala jaana: “Ka leba, mme, bona! pitse e tshweu; mme yo o e pagameng o ne a tshotse bora; a newa serwalo, mme a tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.” Tšhaka le bora di emela mekgwa e Keresete a tla e dirisang go atlhola baba ba gagwe.
18. Ke jang “metswi” ya ga Keresete e tla nnang “bogale”?
18 Mopesalema o bua ka tsela ya poko fa a bolelela pele gore ‘metswi ya kgosi e e bogale, e tla tlhaba dipelo tsa baba ba gagwe me e dire gore batho ba we fa pele ga yone.’ Polao eo e tla direga mo lefatsheng lotlhe. Jeremia o bolelela pele jaana: “Ba Jehofa a ba bolaileng ba tla bo ba le go tloga kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go fitlha ntlheng e nngwe ya lefatshe.” (Jer. 25:33) Boporofeti jo bo tshwanang le joo jwa re: “Gape ka bona moengele a eme mo letsatsing, mme a goa ka lentswe le le kwa godimo a raya dinonyane tsotlhe tse di fofang mo gare ga legodimo a re: ‘Tlang kwano, phuthegelang kwa dijong tse dikgolo tsa maitseboa tsa Modimo, gore lo je dikarolo tse di dinama tsa dikgosi le dikarolo tse di dinama tsa balaodi ba sesole le dikarolo tse di dinama tsa banna ba ba nonofileng le dikarolo tse di dinama tsa dipitse le tsa ba ba di pagameng, le dikarolo tse di dinama tsa botlhe, tsa bagololesegi mmogo le tsa batlhanka le tsa ba bannye le ba bagolo.’”—Tshen. 19:17, 18.
19. Ke jang Keresete a tla ‘tswelelang go atlega’ le go wetsa phenyo ya gagwe?
19 Morago ga gore Keresete ‘mo bontlentleng jwa gagwe’ a fedise tsamaiso ya dilo e e boikepo ya ga Satane mo lefatsheng, o tla ‘tswelela go atlega.’ (Pes. 45:4) O tla wetsa phenyo ya gagwe ka go latlhela Satane le madimona a gagwe mo moleteng o o se nang bolekanngo ka nako ya Puso ya Dingwaga di le Sekete. (Tshen. 20:2, 3) E re ka Diabolo le madimona a gagwe ba tla bo ba le mo boemong jwa go sa dire sepe jo bo tshwanang le loso, banni ba lefatshe ba tla bo ba gololesegile mo tlhotlheletsong ya ga Satane e bile ba tla kgona go ikobela ka botlalo Kgosi ya bone e e galalelang le e e fenyang. Le fa go ntse jalo, pele ba ka bona lefatshe lotlhe le fetolwa ka iketlo go nna paradaise, ba tla nna le lebaka le lengwe gape la go itumela le Kgosi ya bone le babusimmogo le yone. Re tla tlotla ka tiragalo eo e e itumedisang mo setlhogong se se latelang.