Ke Mang yo o Tla re Kgaoganyang le Lorato Lwa Modimo?
“Mme rona, re a rata, ka gonne a re ratile pele.”—1 JOHANE 4:19.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go itse gore re a ratwa go le botlhokwa mo go rona? (b) Ke lorato lwa ga mang lo re lo tlhokang thata?
GO BOTLHOKWA go le kana kang mo go wena go itse gore o a ratiwa? Go tloga e sa ntse e le masea go fitlha ba setse ba godile, batho ba itumedisiwa ke go itse gore ba a ratiwa. A o kile wa bona lesea le tshwerwe ka lorato ke matsogo a mmaalone? Gantsi, go sa kgathalesege gore go diregang gaufi le lone, fa le ntse le lebile matlho a a nyenyang a mmaalone, le utlwa le phuthologile, le ritibetse mo matsogong a mmaalone yo o le ratang. Kgotsa a o gakologelwa gore o ne o ikutlwa jang mo dingwageng tsele tse di seng monate tsa fa o ne o sa ntse o le mosha? (1 Bathesalonika 2:7) Ka dinako tse dingwe o ka tswa o ne o sa itse gore o batlang kgotsa gore o ikutlwa jang, le fa go ntse jalo, a bo go ne go le botlhokwa jang go itse gore rrago le mmago ba ne ba go rata! A go ne go sa go thuse go itse gore o ne o ka ba atamela ka bothata le fa e le bofe kgotsa ka potso le fa e le efe? Ee ruri, mo botshelong jotlhe jwa rona, sengwe sa dilo tse re di tlhokang thata ke go ratiwa. Lorato lo lo ntseng jalo lo re tlhomamisetsa gore re botlhokwa.
2 Eleruri lorato lo lo nnetseng ruri lwa batsadi lo re thusa go gola sentle le ka tsela e e lekalekaneng. Le fa go ntse jalo, go itse gore Rraarona wa selegodimo e bong Jehofa o a re rata, ke gone go leng botlhokwa thata gore re itekanele mo moyeng le mo maikutlong. Bangwe ba babadi ba makasine ono ba ka nna ba bo ba se kile ba nna le batsadi ba ba neng ba ba tlhokomela sentle. Fa e le gore go ntse jalo ka wena, gomotsega. Tota le fa o ne o se na lorato lwa batsadi kgotsa fa lo ne lo tlhaela, lorato lwa Modimo lo lo ikanyegang lo a namola.
3. Jehofa o ile a tlhomamisetsa batho ba gagwe jang gore o a ba rata?
3 Jehofa, a dirisa moporofeti wa gagwe e bong Isaia, o ne a bontsha gore mmangwana a ka “lebala” lesea la gagwe le le anyang, mme ene o ne a ka se ka a lebala batho ba gagwe. (Isaia 49:15) Ka tsela e e tshwanang, Dafide o ne a bua jaana a tletse tsholofelo: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pesalema 27:10) A bo seno se kgothatsa jang ne! Le fa maemo a gago e ka tswa e le afe, fa o ineetse mo go Jehofa Modimo, o tshwanetse go nna o gakologetswe gore lorato lo a go ratang ka lone lo gaisa thata lorato lwa motho le fa e le ofe!
Nna O le Mo Loratong Lwa Modimo
4. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhomamisediwa jang gore Modimo o a ba rata?
4 O simolotse leng go itse ka lorato lwa ga Jehofa? Go ka direga gore o tshwana le Bakeresete bale ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Kgaolo ya botlhano ya lekwalo la ga Paulo le a neng a le kwalela Baroma e tlhalosa bontle kafa baleofi, ba ba kileng ba bo ba tlhobogane le Modimo, ba neng ba simolola go itse lorato lwa ga Jehofa ka gone. Mo go temana 5 re bala jaana: “Lorato lwa Modimo lo tshololetswe mo dipelong tsa rona ka moya o o boitshepo, o re neng ra o newa.” Mo go temana 8, Paulo o oketsa jaana: “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.”
5. Go ne ga tla jang gore o simolole go lemoga kafa lorato lwa Modimo lo leng logolo ka teng?
5 Ka tsela e e tshwanang, fa o ne o bolelelwa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo o bo o simolola go bontsha tumelo, moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne wa simolola go dira mo pelong ya gago. Ka jalo o ne wa simolola go anaanela bogolo jwa se Jehofa a se dirileng fa a ne a romela Morwawe yo o rategang gore a go swele. Ka tsela eo Jehofa o ne a go thusa go bona gore tota o rata batho go le kana kang. E ne ya re fa o lemoga gore, le mororo o tshotswe o le moleofi yo o tlhoboganeng le Jehofa, o ne a butse tsela ya gore batho ba kaiwe ba siame ka tebelelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng, a seo ga se a ka sa go ama pelo? A ga wa ka wa ikutlwa o rata Jehofa?—Baroma 5:10.
6. Ke ka ntlha yang fa ka dinako dingwe re ka utlwa e kete re katogane thata le Jehofa?
6 E ne ya re fa o sena go gogelwa ke lorato lwa ga Rrago wa selegodimo e bile o fetotse botshelo jwa gago gore a go amogele, o ne wa neela botshelo jwa gago mo Modimong. Jaanong o na le kagiso le Modimo. Le fa go ntse jalo, a ka dinako dingwe o a tle o ikutlwe e kete o katogane thata le Jehofa? Seno se ka diragalela mongwe le mongwe wa rona. Le fa go ntse jalo, ka metlha gakologelwa gore Modimo ga a fetoge. Lorato lwa gagwe lo tlhomame e bile lo nitame fela jaaka letsatsi, leo le se keng le tlogela go romela marang a lone a a bothito a lesedi mo lefatsheng. (Malaki 3:6; Jakobe 1:17) Kafa letlhakoreng le lengwe, rona re ka fetoga—tota le fa e le ka nakwana fela. Jaaka fa lefatshe le dikologa, bontlhanngwe jwa polanete eno bo apesiwa ke lefifi. Ka tsela e e tshwanang, le rona fa re ka fularela Modimo, tota le fa e le ka selekanyo se sennye fela, re ka nna ra utlwa kamano ya rona le ene e kgaoga. Re ka dirang go baakanya seemo seo?
7. Go itlhatlhoba go ka re thusa jang go nna re le mo loratong lwa Modimo?
7 Fa re utlwa e kete re kgaogane le lorato lwa Modimo, re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke setse ke simolotse go tsaya lorato lwa Modimo e se lo lo botlhokwa go le kalo? A ka iketlo ke simolotse go fularela Modimo yo o tshelang le yo o lorato, ke bontsha ka ditsela tse di farologaneng gore ke a koafala mo tumelong? A ke tlhomile mogopolo wa me mo “dilong tsa nama,” go na le go o tlhoma mo “dilong tsa moya”?’ (Baroma 8:5-8; Bahebera 3:12) Fa e le gore re ikgaogantse le Jehofa, re ka tsaya dikgato go baakanya dilo, go boela kwa kamanong e e gaufiufi, le e e lorato le ene. Jakobe o re kgothatsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Tsaya mafoko ano a ga Jude tsiya: “Baratwa, ka go ikaga mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, le go rapela ka moya o o boitshepo, ipolokeng mo loratong lwa Modimo.”—Jude 20, 21.
Go Fetoga ga Maemo ga go Fetole Lorato Lwa Modimo
8. Ke diphetogo dife tse di ka diregang ka tshoganyetso mo matshelong a rona?
8 Botshelo jwa rona mo tsamaisong eno ya dilo bo kgona go fetolwa ke dilo di le dintsi. Kgosi Solomone o ne a ela tlhoko gore “[rotlhe re] diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Ka tshoganyetso fela botshelo jwa rona bo ka fetoga gotlhelele. Letsatsi lengwe re itekanetse, mme le le latelang re lwala thata fela. Letsatsi lengwe tiro ya rona ya boitshediso e bonala e tlhomame, mme le le latelang re latlhegetswe ke tiro. Mongwe yo re mo ratang a ka nna a tlhokafala, ka tshoganyetso fela. Bakeresete mo nageng nngwe ba ka nna ba bo ba le mo kagisong ka lobakanyana, mme e re ka tshoganyetso fela, go runye pogiso e e botlhoko. Gongwe re latofadiwa ka sengwe se se seng boammaaruri, mme ka ntlha ya seo, re bo re sa tshwarwe sentle. Ee, botshelo ga bo a tlhomama e bile ga o ka ke wa itse se se tla diragalang ka moso.—Jakobe 4:13-15.
9. Ke ka ntlha yang fa go tla bo go le molemo go sekaseka karolo ya Baroma kgaolo 8?
9 Fa re diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko, re ka nna ra simolola go utlwa e kete re latlhilwe, gongwe re bo re akanye gore Modimo ga a tlhole a re rata. E re ka rotlhe re na le go diragalelwa ke dilo tseno, re dira sentle go sekaseka ka kelotlhoko mafoko a a kgothatsang thata a ga moaposetoloi Paulo a a kwadilweng mo go Baroma kgaolo 8. Mafoko ano a ne a kwaletswe Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Le fa go ntse jalo, a dira le mo go ba dinku tse dingwe, ba ba kailweng ba siame jaaka ditsala tsa Modimo, fela jaaka go ne go ntse ka Aborahame wa metlha ya pele ga Bokeresete.—Baroma 4:20-22; Jakobe 2:21-23.
10, 11. (a) Baba ba a tle ba latofatse batho ba Modimo ka ditatofatso dife? (b) Ke ka ntlha yang fa ditatofatso tse di ntseng jalo tota di sa tshwenye Bakeresete?
10 Bala Baroma 8:31-34. Paulo o botsa jaana: “Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?” Ke boammaaruri gore Satane le lefatshe la gagwe le le boikepo ba kgatlhanong le rona. Baba ba ka nna ba re latofatsa ka ditatofatso tsa maaka, le kwa dikgotlatshekelong tsa lefatshe tota. Batsadi bangwe ba Bakeresete ba ile ba bo ba latofadiwa ka gore ba tlhoile bana ba bone, gonne ba sa letle gore ba newe kalafi e e thulanang le molao wa Modimo kgotsa ba sa ba letle go tlhakanela mo meketeng ya boheitane. (Ditiro 15:28, 29; 2 Bakorintha 6:14-16) Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang ba ile ba latofadiwa ka ditatofatso tsa maaka tsa gore ke baepapuso ka gonne ba ne ba gana go bolaya beng ka bone mo ntweng kgotsa ba sa batle go inaakanya le dipolotiki. (Johane 17:16) Baganetsi bangwe ba ile ba anamisa maaka a a re senyang leina mo metsweding ya dikgang, ba bo ba latofatsa Basupi ba ga Jehofa ka maaka ba re ke lekoko le le kotsi.
11 Mme o se ka wa lebala gore mo metlheng ya baaposetoloi, go ne ga bolelwa jaana: “Re a itse gore lekoko leno le a kgalwa gongwe le gongwe.” (Ditiro 28:22) Mme gone a ditatofatso tsa maaka di a re tshwenya? Ke Modimo yo o kayang Bakeresete ba boammaaruri ba siame, a theile seo mo tumelong ya bone mo setlhabelong sa ga Keresete. Jehofa o ne a ka tlogela jang go tlhola a rata baobamedi ba gagwe a sena go ba naya mpho e e tlhwatlhwakgolo go di feta tsotlhe tse a neng a ka ba naya tsone—Morwawe ka namana yo o rategang thata? (1 Johane 4:10) E re ka jaanong Keresete a tsositswe mo baswing mme a beilwe mo letsogong la moja la Modimo, o buelela Bakeresete ka tlhagafalo. Ke mang yo o ka nnang le tshwanelo ya go ema a ganetsa Keresete fa a buelela balatedi ba gagwe kgotsa ke mang yo o ka kgonang go ganetsa Modimo fa a kaya gore o amogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang? Ga a yo!—Isaia 50:8, 9; Bahebera 4:15, 16.
12, 13. (a) Ke maemo afe a a se kitlang a re kgaoganya le lorato lwa Modimo? (b) Boitlhomobogolo jwa ga Diabolo ke bofe fa a re tlisetsa mathata? (c) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba feleletsa e le bafenyi?
12 Bala Baroma 8:35-37. Kwantle ga rona, a go na le mongwe kgotsa selo sengwe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Jehofa le Morwawe, e bong Keresete Jesu? Satane a ka nna a dirisa baemedi ba gagwe ba mo lefatsheng go bakela Bakeresete mathata. Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, ba le bantsi ba bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ile ba bogisiwa mo go botlhoko mo dinageng di le dintsi. Mo mafelong mangwe gompieno, bakaulengwe ba rona ba lebana le mathata a ikonomi letsatsi le letsatsi. Ba bangwe ba utlwa botlhoko jwa tlala kgotsa jwa go tlhoka diaparo tse di lekaneng. Boitlhomobogolo jwa ga Diabolo fa a re bakela maemo a a thata ano ke bofe? Bongwe jwa maikaelelo a gagwe ke go senya kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa. Satane o batla go dira gore re dumele gore lorato lwa Modimo lo tsidifetse. Mme gone a go ntse jalo?
13 Jaaka Paulo, yo o neng a nopola Pesalema 44:22, re ithutile Lefoko le le kwadilweng la Modimo. Re tlhaloganya gore ke ka ntlha ya leina la Modimo go bo dilo tseno di re diragalela, rona “dinku” tsa gagwe. Mo kgannyeng eno go amega go itshepisiwa ga leina la Modimo le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe. Ke ka ntlha ya dikgang tse di tshwanang le tseno tsa konokono go bo Modimo a letlile diteko, e seng ka gonne a sa tlhole a re rata. Le fa maemo a a re ngomolang pelo e ka tswa e le afe, re a tlhomamisega gore lorato lo Modimo a ratang batho ba gagwe ka lone, go akaretsa le mongwe le mongwe wa rona, ga lo ise lo fetoge. Le fa go ka bonala e kete re fentswe, gone re tlile go feleletsa re fentse fa re nna re boloka bothokgami. Re nonotshiwa le go bolokwa ke go itse gore lorato lwa Modimo ga lo fele.
14. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a tlhatswegile pelo gore Modimo o rata Bakeresete le fa ba lebana le mathata?
14 Bala Baroma 8:38, 39. Ke eng se se neng sa tlhatswa Paulo pelo gore go ne go se na sepe se se neng se ka kgaoganya Bakeresete le lorato lwa Modimo? Ga go na pelaelo gore dilo tse di neng tsa diragalela Paulo ka namana fa a ne a le mo bodireding di ne tsa nonotsha tumelo ya gagwe gore mathata a ne a se kitla a fetola lorato lo Modimo a re ratang ka lone. (2 Bakorintha 11:23-27; Bafilipi 4:13) Gape, Paulo o ne a itse ka boikaelelo jwa ga Jehofa jwa bosakhutleng le tsela e a neng a dirisana ka yone mo nakong e e fetileng le batho ba Gagwe. A loso ka bolone lo ka fenya lorato lwa Modimo mo go ba ba mo diretseng ka boikanyegi? Le e seng! Batho bano ba ba ikanyegang ba bo ba swa ba tla tswelela ba tshela mo mogopolong o o itekanetseng wa Modimo, mme o tla ba tsosa ka nako e e tshwanetseng.—Luke 20:37, 38; 1 Bakorintha 15:22-26.
15, 16. Kaya dilo dingwe tse di ka se kang tsa dira gore Modimo a tlogele go rata batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.
15 Mathata le fa e le afe a botshelo jwa gompieno bo ka re leretseng one—e ka tswa e le kotsi e e koafatsang, bolwetse jo bo sa foleng, kgotsa mathata a tsa ikonomi—ga go na sepe se se ka senyang lorato lo Modimo a ratang batho ba gagwe ka lone. Baengele ba ba nonofileng, ba ba tshwanang le moengele yo o sa utlweng yo o neng a nna Satane, ga ba ka ke ba tlhotlheletsa Jehofa gore a tlogele go rata batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng. (Jobe 2:3) Dipuso di ka nna tsa iletsa batlhanka ba Modimo go dira, tsa ba tsenya mo kgolegelong, tsa bo tsa ba tshwara makgwakgwa di bo di ba bitse “batho ba ba sa amogelweng mo setšhabeng.” (1 Bakorintha 4:13) Letlhoo leo le le sa tshwanelang le ditšhaba di nang le lone le ka nna la gatelela batho gore ba re hularele, mme ga le dire gore Molaodimogolo wa lobopo a re latlhe.
16 Jaaka Bakeresete, ga re a tshwanela go boifa gore sepe sa dilo tse Paulo a reng ke “dilo tse jaanong di leng fano”—ditiragalo, le maemo a tsamaiso eno ya jaanong ya dilo—kgotsa “dilo tse di tlang” mo isagweng di ka senya lorato lo Modimo a nang le lone ka batho ba gagwe. Tota le fa bathati ba lefatshe le ba legodimo ba ka lwa le rona, lorato lo lo ikanyegang lwa Modimo lo tla nna lo re tshegetsa. Jaaka fa Paulo a ne a tlhalosa, le fa e le “bogodimo kgotsa boteng” ga di na go kgoreletsa lorato lwa Modimo. Ee, le fa sengwe se ka leka go re kgoba marapo kgotsa go re laola, ga se ka ke sa re kgaoganya le lorato lwa Modimo; e bile ga go na sebopiwa sepe se sengwe se se ka senyang kamano ya Mmopi le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Lorato lwa Modimo ga lo ke lo fela; lo nnetse ruri.—1 Bakorintha 13:8.
Anaanela Bopelonomi jo bo Lorato Jwa Modimo ka Bosakhutleng
17. (a) Ke ka ntlha yang fa go nna le lorato lwa Modimo go le botoka “go gaisa botshelo”? (b) Re bontsha jang gore re anaanela bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo?
17 Lorato lwa Modimo lo botlhokwa go le kana kang mo go wena? A o ikutlwa ka tsela e Dafide a neng a ikutlwa ka yone, yo o neng a kwala jaana: “Ka gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo botoka go na le botshelo, dipounama tsa me di tla go akgola. Ka jalo ke tla go baka ka nako ya fa ke sa ntse ke tshela; ke tla tsholetsa diatla tsa me mo leineng la gago”? (Pesalema 63:3, 4) Eleruri, a go na le sengwe se botshelo mo lefatsheng leno bo ka re nayang sone se se molemo go gaisa go itumelela lorato lwa Modimo le botsalano jwa gagwe jo bo ikanyegang? Ka sekai, a go gagamalela go nna le tiro nngwe ya boitshediso ya maemo a a kwa godimo go botoka go feta go nna le kagiso ya mogopolo le boitumelo jo bo nnang teng ka ntlha ya kamano e e gaufiufi le Modimo? (Luke 12:15) Bakeresete bangwe ba ile ba tshwanelwa ke gore ba tlhophe gore a ba tla latlha Jehofa kgotsa ba bolawe. Seno se ne sa diragalela ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa mo dikampeng tsa pogisetso tsa Bonasi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Kwantle ga ba sekae fela, bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba tlhopha go nna mo loratong lwa Modimo, ba iketleeditse go lebana le loso fa go tlhokega. Ba ba nnang ba ikanyega mo loratong lwa gagwe ba ka solofela gore ba tla amogela isagwe e e sa khutleng go tswa mo Modimong, sengwe se lefatshe leno le ka se kang la re naya sone. (Mareko 8:34-36) Mme ga se kgang ya botshelo jo bo sa khutleng fela.
18. Ke ka ntlha yang fa botshelo jo bo sa khutleng bo eletsega jaana?
18 Le fa gone go sa kgonege go tshela ka bosakhutleng kwantle ga ga Jehofa, leka go akanya fela gore botshelo jo boleeleleele bo ne bo ka nna jang kwantle ga Mmopi wa rona. Bo ne bo tla lapisa, go se na se re se tshelelang. Jehofa o neile batho ba gagwe tiro e e kgotsofatsang gore ba e dire mo metlheng eno ya bofelo. Ka jalo re ka solofela gore fa Jehofa, Modiragatsamaikaelelo yo Mogolo, a re naya botshelo jo bo sa khutleng, bo tla bo bo tletse ka dilo tse di kgatlhang, tse di tshwanelang tse re ka di ithutang le go di dira. (Moreri 3:11) Le fa re ka batlisisa go le kana kang mo dimileniamong tse di tlang, le ka motlha ga re kitla re bo re tsamaya re tlhaloganya ka botlalo “boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso.”—Baroma 11:33.
Rara O a Go Rata
19. Jesu Keresete o ne a kgothatsa barutwa ba gagwe ka mafoko afe fa a ne a kgaogana le bone?
19 Ka Nisane 14, 33 C.E., mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a na le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba 11, Jesu o ne a bua dilo di le dintsi go ba nonotshetsa se se larileng kwa pele. Botlhe ba ne ba ngaparetse Jesu mo ditekong tsa gagwe, e bile ba ne ba utlwile lorato lwa gagwe mo go bone ka namana. (Luke 22:28, 30; Johane 1:16; 13:1) Mme Jesu o ne a ba tlhomamisetsa jaana: “Rara ka boene o a lo rata.” (Johane 16:27) A bo mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a thusa barutwa jang ne go lemoga maikutlo a a bonolo a Rraabone wa selegodimo a neng a na le one ka bone!
20. O ikemiseditse go dirang, mme o ka nna le tshepo mo go eng?
20 Ba le bantsi ba ba tshelang gone jaanong ba diretse Jehofa ka boikanyegi ka masomesome a dingwaga. Ga go na pelaelo gore pele ga tsamaiso e e boikepo eno ya dilo e fela, re tla lebana le diteko tse dingwe di le dintsi. Le ka motlha o se ka wa letla diteko tseno kgotsa mathata a dira gore o belaele lorato lwa Modimo lo lo ikanyegang lo a go ratang ka lone. Ntlha eno e botlhokwa thata: Jehofa o a go rata. (Jakobe 5:11) A mongwe le mongwe wa rona a tswelele pele a dira karolo ya gagwe, a boloke ditaelo tsa Modimo ka boikanyegi. (Johane 15:8-10) E kete re ka dirisa sebaka sengwe le sengwe go galaletsa leina la gagwe. Re tshwanetse go nonotsha maikaelelo a rona a gore re tla tswelela pele re atamelane le Jehofa ka thapelo le ka go ithuta Lefoko la gagwe. Le fa go ka diregang ka moso, fa re dira gotlhe mo re ka go kgonang go itumedisa Jehofa, re tla nna re le mo kagisong, re tlhatswegile pelo ka botlalo ka lorato lwa gagwe lo lo sa feleng.—2 Petere 3:14.
O ne O ka Arabela Jang?
• Gore re nne re ntse re itekanetse mo semoyeng le mo maikutlong, re tlhoka lorato lwa ga mang segolobogolo?
• Ke dilo dife tse di ka se kang tsa dira gore Jehofa a tlogele go rata batlhanka ba gagwe?
• Ke ka ntlha yang fa go nna le lorato lwa ga Jehofa go le “molemo go gaisa botshelo”?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Fa re ikutlwa re kgaogane le lorato lwa Modimo, re ka leka go baakanya dilo
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Paulo o ne a tlhaloganya lebaka la go bogisiwa ga gagwe