-
Dipotso Tse di Tswang Kwa BabadingTora ya Tebelo—2006 | January 1
-
-
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Pesalema 102:26 e bolela gore lefatshe le legodimo “di tla nyelela.” A mafoko ano a bolela gore Lefatshe leno le re leng mo go lone le tla senngwa?
Fa mopesalema a ne a rapela Jehofa o ne a re: “O ne wa thaya metheo ya lefatshe ka bolone bogologolo, mme magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. Tsone ka botsone di tla nyelela, mme wena ka bowena o tla nna o eme; mme di tla onala tsotlhe fela jaaka seaparo. O tla di emisetsa fela jaaka diaparo, mme di tla fetsa lobaka lwa tsone.” (Pesalema 102:25, 26) Ditemana tse di dikologileng kgang eno ga di bue ka go senngwa ga lefatshe mme di bua ka go nna gone ga Modimo ka bosakhutleng. Gape se go buiwang ka sone mo go tsone se bontsha kafa kgang eno e e boammaaruri e gomotsang ka gone batlhanka ba Modimo.
-
-
Dipotso Tse di Tswang Kwa BabadingTora ya Tebelo—2006 | January 1
-
-
Le fa go ntse jalo, tota le dingwaga tse dintsintsi tse legodimo le lefatshe di sa bolong go nna gone ka tsone ga di ka ke tsa bapisiwa le lobaka lwa bosakhutleng lo Jehofa a sa bolong go nna gone ka lone. Mopesalema o oketsa ka go re: “Tsone ka botsone [legodimo le lefatshe] di tla nyelela, mme wena ka bowena o tla nna o eme.” (Pesalema 102:26) Legodimo le lefatshe di ka nyelela. Mme ke boammaaruri gore Jehofa o ne a bolela gore di tla nnela ruri. (Pesalema 119:90; Moreri 1:4) Mme gone di ka kgona go nyelediwa fa seo e le boikaelelo jwa Modimo. Go farologana le tsone, Modimo ene ga a ka ke a swa. Dilo tse di bonalang tse Modimo a di bopileng “di eme ka bosaengkae” ka gonne a di tlhokomela. (Pesalema 148:6) Fa Jehofa a ne a ka emisa go ntšhafatsa dilo tse a di bopileng, di ne “di tla onala tsotlhe fela jaaka seaparo.” (Pesalema 102:26) Fela jaaka mo botshelong motho a kgona go dirisa seaparo go fitlhela se felelwa ke mosola mo go ene, Jehofa le ene, fa a ne a batla, o ne a ka dirisa popo ya gagwe go fitlhela e felelwa ke mosola mo go ene. Le fa go ntse jalo, re a itse go tswa mo dikwalong gore seo ga se thato ya gagwe. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore o ikaeletse gore legodimo le lefatshe di nnele ruri.—Pesalema 104:5.
-