Tlotla Jehofa ka go Bontsha Seriti
“Tiro ya [ga Jehofa] ke seriti le bontlentle fela.”—PES. 111:3.
1, 2. (a) O ka tlhalosa “seriti” jang? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?
FA Madison yo o nang le dingwaga di le lesome a ne a kopiwa gore a tlhalose “go nna le seriti” o ne a araba ka bonako a re, “Ke go apara sentle.” Se mosetsanyana yoo a ka tswang a ne a sa se itse ke gore Baebele ya re Modimo o “apere seriti.” (Pes. 104:1, NW) Mo bathong, ka dinako tse dingwe go bontsha seriti go ka akaretsa go apara sentle. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a eletsa gore basadi ba Bakeresete ba “ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata.” (1 Tim. 2:9) Mme boitshwaro jo bo nang le seriti jo bo tlotlang “seriti le bontlentle” jwa ga Jehofa ga bo amane fela le go apara sentle.—Pes. 111:3.
2 Mo Baebeleng, lefoko la Sehebera le le rayang “seriti” gape le ka ranolwa go twe “bontlentle,” “tlotlomalo,” “kgalalelo,” le “tlotlo.” Go ya ka tlhaloso nngwe ya dikishinare, “seriti” ke “go tsewa o le botlhokwa, go tlotlwa kana go tseelwa kwa godimo.” Mme ga go na ope yo o tshwanelwang ke go tlotlwa le go tseelwa kwa godimo go feta Jehofa. Ka jalo, jaaka re le batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng, re tshwanetse go bua le go itshwara ka tsela e e nang le seriti. Ke eng fa batho ba kgona go dira dilo ka tsela e e nang le seriti? Seriti sa ga Jehofa le bontlentle kgotsa bogolo jwa gagwe di bonala jang? Seriti sa Modimo se tshwanetse go re ama jang? Jesu Keresete a ka re rutang ka go bontsha nonofo eno? Mme re ka kgona jang go bontsha seriti ka tsela ya bomodimo?
Lebaka La go Bo re Ka Dira Dilo ka Tsela e e Nang le Seriti
3, 4. (a) Re tshwanetse go itshwara jang malebana le seriti se re se neilweng? (b) Pesalema 8:5-9 e bua ka mang ka tsela ya boporofeti? (Bona ntlha e e kwa tlase.) (c) Jehofa o neile bomang seriti mo nakong e e fetileng?
3 Ka gonne batho botlhe ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo, ba na le bokgoni jwa go dira dilo ka tsela e e nang le seriti. Jehofa o ne a naya motho wa ntlha seriti ka go mo dira motlhokomedi wa lefatshe. (Gen. 1:26, 27) Le fa motho a sena go dira boleo, Jehofa o ne a boa a tlhalosa maikarabelo a motho a nang le one malebana le lefatshe. Ka jalo, le gompieno Modimo o sa ntse a ‘rwesa batho serwalo’ sa seriti. (Bala Pesalema 8:5-9.)a E re ka re neilwe seriti, re tshwanetse go itshwara ka tsela e e nang le seriti—ka go baka leina la ga Jehofa le legolo ka tlotlo le ka seriti.
4 Jehofa o neile batho ba ba mo direlang tirelo e e boitshepo seriti ka selekanyo se se rileng. Modimo o ne a naya Abele seriti ka go amogela setlhabelo sa gagwe, mme a se ka a amogela se se neng se ntshitswe ke mogolowe, e bong Kaine. (Gen. 4:4, 5) Moshe o ne a laelwa gore a ‘beye sengwe sa seriti sa gagwe’ mo go Joshua, monna yo o neng a tlile go mo tlhatlhama go etelela Baiseraele pele. (Dipa. 27:20) Baebele e bua jaana ka morwa Dafide e bong Solomone: “Jehofa a tswelela go dira gore Solomone a nne mogolo go gaisa fa pele ga matlho a Iseraele yotlhe le go mmaya seriti sa segosi jaaka se se iseng se ke se nne mo kgosing epe pele ga gagwe mo Iseraele.” (1 Ditir. 29:25) Modimo o tla naya batlodiwa ba Bakeresete ba ba tsositsweng seriti se se boitshegang, ka gonne ba ile ba bolela “kgalalelo ya bontlentle jwa bogosi jwa gagwe” ka boikanyego. (Pes. 145:11-13) Boidiidi jo bo ntseng bo oketsega jwa “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu, le jone bo na le seabe se se itumedisang le se se nang le seriti ka go galaletsa Jehofa jalo.—Joh. 10:16.
Seriti le Bogolo Jwa ga Jehofa di a Bonala
5. Jehofa o na le seriti se segolo go le kana kang?
5 Mopesalema Dafide o ne a opela jaana mo pineng e e neng e bontsha kafa Modimo a leng mogolo ka teng le kafa batho ba leng bannye ka teng: “Wena Jehofa Morena wa rona, a bo leina la gago le tlotlometse jang ne mo lefatsheng lotlhe, wena yo seriti sa gago se anelwang kwa godimo ga magodimo!” (Pes. 8:1) Go simolola ka nako ya pele ga go bopiwa “magodimo le lefatshe,” go fitlha ka kwa ga nako ya fa boikaelelo jwa Modimo jwa go dira lefatshe paradaise le go dira gore batho ba itekanele bo diragadiwa—go tloga bosasimologeng go ya bosakhutleng—Jehofa Modimo ke Motho yo o tlotlometseng le yo o nang le seriti go feta botlhe mo lobopong.—Gen. 1:1; 1 Bakor. 15:24-28; Tshen. 21:1-5.
6. Ke ka ntlha yang fa mopesalema a ne a re Jehofa o apere seriti?
6 Mopesalema yo o boifang Modimo o tshwanetse a bo a ne amegile maikutlo fa a ne a bona bontlentle jo bo sisibetseng jwa loapi lo lo tletseng dinaledi bosigo, lo lo kgabisitsweng ka dilo tse e keteng majana a a tsabakelang! Ka gonne mopesalema a ne a gakgamaditswe ke kafa Modimo a ‘otlolotseng magodimo ka teng jaaka letsela la mogope,’ o ne a re Jehofa o apere seriti ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jo bogolo jwa go bopa. (Bala Pesalema 104:1, 2.b) Seriti le bogolo jwa Mmopi yo o sa bonaleng, yo e leng mothatayotlhe di bonwa mo dilong tse di bonalang tse a di dirileng.
7, 8. Re bona jang seriti le bontlentle jwa ga Jehofa kwa magodimong?
7 Ka sekai, akanya ka losagaripa lwa Molala wa Tladi. Mo gare ga dinaledi tseno tse dintsintsi, dipolanete le dithulaganyo tsa masedi a tlholego, polanete e e bidiwang Lefatshe e lebega e le potlana thata jaaka tlhaka ya motlhaba mo lotshitshing lo lo boitshegang lwa lewatle. Aitsane, losagaripa lono lo le esi fela lo na le dinaledi di feta dibilione tse 100! Fa o ne o ka bala naledi e le nngwe fela ka motsotswana o sa kgaotse ka lobaka lwa diura di le 24 ka letsatsi, o ne o tla tsaya dingwaga di feta 3 000 go bala dinaledi di le dibilione tse 100.
8 Fa e le gore losagaripa lwa Molala wa Tladi fela lo na le dinaledi di le dibilione tse 100, go tweng ka lobopo lotlhe? Baithutadinaledi ba fopholetsa gore losagaripa lwa Molala wa Tladi e ka tswa e le longwe lwa masagaripa a le dibilione di le 50 go ya go di le 125. Go na le dinaledi di le kae mo lobopong lotlhe? Ruri palo ya tsone e a boitshega. Le fa go ntse jalo, Jehofa “o bala palo ya dinaledi; o di bitsa tsotlhe ka maina a tsone.” (Pes. 147:4) Jaaka o bona kafa Jehofa a apereng seriti le bontlentle ka teng, a ga o tlhotlheletsege go galaletsa leina la gagwe le legolo?
9, 10. Senkgwe se bontsha jang gore Mmopi wa rona o botlhale thata?
9 Jaanong a re tloseng matlho a rona kwa magodimong a a boitshegang mme re tlotle ka sengwe se se tlwaelegileng se se jaaka senkgwe. Jehofa ga se “Modiri wa legodimo le lefatshe” fela mme gape ke “Ene Yo o nayang ba ba tshwerweng ke tlala senkgwe.” (Pes. 146:6, 7) “Seriti le bontlentle” jwa Modimo di bonala mo ditirong tsa gagwe tse dikgolo, tse di akaretsang dijalo tse senkgwe se dirwang ka tsone. (Bala Pesalema 111:1-5.) Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno.” (Math. 6:11) Senkgwe e ne e le sejo se segolo sa ditšhaba tse dintsi tsa bogologolo, go akaretsa le Baiseraele. Le fa senkgwe se tsewa e le sejo se se sa reng sepe, go dirisiwa mokgwa o o raraaneng go fetola dilo tsa konokono tse se dirwang ka sone gore e felele e le senkgwe se se monate.
10 Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, Baiseraele ba ne ba dirisa korong kana bupi jwa barele le metsi go dira senkgwe. Ka dinako tse dingwe go ne go dirisiwa sebediso fa go dirwa senkgwe. Fa dilo tseno tse di sa raraanang di kopana, go nna le dikhemikale tse di golaganang ka tsela e e gakgamatsang. Ga go tlhaloganngwe ka botlalo gore dilo tseno di bereka jang fa di kopane. Gape tsela e mmele o silang senkgwe ka yone e raraane e bile e a gakgamatsa. Ke sone se mopesalema a neng a opela jaana: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale”! (Pes. 104:24) A le wena o tlhotlheletsega go baka Jehofa jalo?
Seriti le Bogolo Jwa Modimo di go Ama Jang?
11, 12. Go tlhatlhanya ka popo ya Modimo go ka re ama jang?
11 Ga go tlhokege gore re bo re le baithutadinaledi gore re kgatlhwe ke loapi bosigo, e bile ga go tlhokege gore re bo re le baitsesaense gore re itumelele go ja senkgwe. Le fa go ntse jalo, gore re anaanele bogolo jwa Mmopi wa rona, re tshwanetse go ipha nako ya go tlhatlhanya ka ditiro tsa diatla tsa gagwe. Go tlhatlhanya jalo go ka re thusa ka eng? Go tshwana le go tlhatlhanya ka ditiro tse dingwe tsa ga Jehofa.
12 Dafide o ne a opela jaana ka ditiro tse dikgolo tse Jehofa a di diretseng batho ba Gagwe: “Ke tla tlhatlhanya ka bontlentle jo bo galalelang jwa seriti sa gago le dikgang tsa ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.” (Pes. 145:5) Re bontsha gore re amega ka ditiro tseno ka go ithuta Baebele le ka go ipha nako ya go tlhatlhanya ka se re se balang mo go yone. Go tlhatlhanya jalo go thusa ka eng? Go re thusa go anaanela seriti le bogolo jwa Modimo thata. Ka jalo re tlhotlheletsega go tlotla Jehofa jaaka Dafide fa a ne a re: “Fa e le bogolo jwa gago, ke tla bo bolela.” (Pes. 145:6) Go tlhatlhanya ka ditiro tsa Modimo tse di gakgamatsang go tshwanetse ga nonotsha kamano ya rona le Jehofa mme ga re tlhotlheletsa go bolelela ba bangwe ka ene ka matlhagatlhaga e bile re ikemiseditse. A o bolela dikgang tse di molemo ka matlhagatlhaga mme o thusa batho go itse ka seriti, bogolo le tlotlomalo ya ga Jehofa Modimo?
Jesu o Bontsha Seriti sa ga Jehofa ka Botlalo
13. (a) Go ya ka Daniele 7:13, 14, Jehofa o neile Morwawe eng? (b) Jaaka Jesu e le Kgosi, o tshwara batho ba a ba busang jang?
13 Morwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo mme a tlotla Rraagwe yo o kwa legodimong yo o nang le seriti. Jehofa o ne a naya Morwawe yo o tsetsweng a le esi seriti ka tsela e e kgethegileng ka go mo naya ‘bobusi le bogosi.’ (Bala Daniele 7:13, 14.) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a boikgodiso e bile ga a boikgogomoso. Go na le moo, ke Mmusi yo o kutlwelobotlhoko yo o tlhaloganyang gore batho ba a ba busang ba na le mo ba tlhaelang teng, mme o ba tshwara ka tsela e e nang le seriti. Sekaseka sekai sa kafa Jesu yo e leng Kgosi e e Tlhophilweng a neng a tshwara batho ba a neng a kopana le bone ka teng, segolobogolo ba ba neng ba sa batliwe e bile ba sa ratiwe.
14. Balepero ba ne ba lejwa jang kwa Iseraele bogologolo?
14 Mo metlheng ya bogologolo batho ba ba neng ba na le lepero gantsi ba ne ba swa loso lo lo botlhoko thata. Ka bonya ka bonya dikarolo tsa mebele ya bone di ne di tshwaediwa ke bolwetse joo. Go alafa molepero go ne go tsewa go le thata fela jaaka go tsosa motho mo baswing. (Dipa. 12:12; 2 Dikg. 5:7, 14) Balepero ba ne ba tsewa ba itshekologile mme ba ne ba tlhoilwe e bile ba lelekwa mo setšhabeng. Fa balepero ba ne ba atamela batho, ba ne ba tshwanetse go goeletsa tlhagiso eno: “Boitshekologo, boitshekologo!” (Lefi. 13:43-46) Molepero o ne a tsewa jaaka motho yo o suleng. Go ya ka direkoto tsa baruti, molepero o ne a sa tshwanela go atamela ope ka sekgala se se kwa tlase ga dimetara di ka nna 1,7. Go ne ga begwa gore fa moruti mongwe a ne a bona molepero, le fa a ne a le kgakajana, o ne a mo konopa ka maje gore a se ka a atamela.
15. Jesu o ne a tshwara jang molepero mongwe?
15 Le fa go ntse jalo, se re se elang tlhoko ke kafa Jesu a neng a tshwara ka teng molepero mongwe yo o neng a tlile kwa go ene mme a kopa gore a fodisiwe. (Bala Mareko 1:40-42.) Go na le gore Jesu a leleke molepero yoo, o ne a tshwara monna yono yo batho ba neng ba sa mmatle ka tsela e e bontshang kutlwelobotlhoko le seriti. Jesu o ne a bona e le monna yo o tlhomolang pelo yo o tlhokang thuso. Ka gonne Jesu a ne a amegile maikutlo, o ne a bontsha kutlwelobotlhoko mme a tsaya kgato ka bonako. O ne a otlolola seatla, a ama molepero mme a mo fodisa.
16. O ithutile eng mo tseleng e Jesu a neng a tshwara ba bangwe ka yone?
16 Jaaka re le balatedi ba ga Jesu, re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a bontsha seriti sa ga Rraagwe ka yone? Tsela nngwe ke ka go lemoga gore batho botlhe—go sa kgathalesege maemo, botsogo kana dingwaga tsa bone—ba tshwanetse go tlotlwa. (1 Pet. 2:17) Batho ba ba okametseng ba bangwe, jaaka banna ba ba nyetseng, batsadi le bagolwane ba Bakeresete, ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go naya batho ba ba ba okametseng seriti le go ba thusa gore ba nne ba itlotla. Baebele e bua jaana fa e bontsha gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go dira jalo: “Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.”—Bar. 12:10.
Go Bontsha Seriti mo Kobamelong
17. Re ka ithuta eng mo Dikwalong malebana le go bontsha seriti fa re obamela Jehofa?
17 Re tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore re bontsha seriti segolobogolo fa re obamela Jehofa. Moreri 5:1 ya re: “Disa dinao tsa gago le fa e le leng fela fa o ya kwa ntlong ya Modimo wa boammaaruri.” Moshe le Joshua ba ne ba laetswe gore ba role bompaatšhane ba bone fa ba le mo lefelong le le boitshepo. (Ekes. 3:5; Josh. 5:15) Ba ne ba tshwanetse go dira jalo e le tsela ya go bontsha tlotlo. Baperesiti ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse go apara marokgwe a kafa teng a leloba gore ba “bipe nama e e sa ikategang.” (Ekes. 28:42, 43) Seo se ne se dira gore ba bo ba ipipile sentle fa ba direla kwa sebesong. Leloko lengwe le lengwe la lelapa la moperesiti le ne le tshwanetse go ikobela molao wa Modimo wa go bontsha seriti.
18. Re bontsha seriti jang fa re obamela Jehofa?
18 Ka jalo, go bontsha seriti mo kobamelong go akaretsa go bontsha tlotlo. Gore re tshwanelwe ke go bontshiwa tlotlo, re tshwanetse go itshwara ka tsela e e tlotlegang. Ga re a tshwanela go bontsha seriti fela ka go itshema kana ka go dira gore re bonwe ke batho. Ga re a tshwanela go amega fela ka se batho ba se bonang mme re tshwanetse go amega ka se Modimo a se bonang—pelo ya rona. (1 Sam. 16:7; Dia. 21:2) Go nna le seriti e tshwanetse go nna karolo ya botshelo jwa rona e bile go tshwanetse ga ama tsela e re itshwarang ka yone, tsela e re ikutlwang ka yone, kafa re dirisanang ka teng le ba bangwe, le kafa re itebang ka teng. Eleruri re tshwanetse go bontsha seriti ka dinako tsotlhe le mo go sengwe le sengwe se re se buang le se re se dirang. Fa go tliwa mo tseleng e re itshwarang ka yone, moaparo wa rona le tsela e re ipaakanyang ka yone, re tlhwaela mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo tsebe: “Ka tsela epe ga re neye lebaka lepe la go kgopisa, gore bodiredi jwa rona bo se ka jwa bonwa molato; mme ka tsela nngwe le nngwe re itshupa re le badiredi ba Modimo.” (2 Bakor. 6:3, 4) Re ‘kgabisa thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe.’—Tito 2:10.
Tswelela o Bontsha Seriti ka Tsela ya Bomodimo
19, 20. (a) Re ka bontsha ba bangwe seriti jang? (b) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng mabapi le seriti?
19 Bakeresete ba ba tloditsweng, ba e leng “baemedi ba ga Keresete,” ba bontsha seriti. (2 Bakor. 5:20) Ba “dinku tse dingwe,” ba ba ba emang nokeng ka boikanyego, ke barongwa ba ba nang le seriti ba Bogosi jwa ga Mesia. Moemedi kana morongwa o bua ka bopelokgale le ka seriti fa a buelela puso e a e emelang. Ka jalo, re tshwanetse go bua ka seriti le ka bopelokgale fa re emela puso ya Modimo, e leng Bogosi jwa gagwe. (Baef. 6:19, 20) Mme fa re tlisetsa ba bangwe “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka,” a ga re ba bontshe seriti?—Isa. 52:7.
20 Re tshwanetse go ititaya sehuba gore re tla galaletsa Modimo ka go dira dilo ka tsela e e tsamaisanang le seriti sa gagwe. (1 Pet. 2:12) A ka metlha re bontsheng gore re mo tlotla thata, re tlotla kobamelo ya gagwe, e bile re tlotla baobamedi mmogo le rona. Mme e kete Jehofa, yo o apereng seriti le bontlentle, a ka itumelela tsela e e bontshang seriti e re mo obamelang ka yone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema kgaolo 8 gape a bua ka tsela ya boporofeti a lebisitse mo monneng yo o itekanetseng, Jesu Keresete.—Baheb. 2:5-9.
b Pesalema 104:1, 2 (NW): “Baka Jehofa, wena moya wa me. Wena Jehofa Modimo wa me, o itshupile o le mogolo thata. O apere seriti le bontlentle, o ipipa ka lesedi jaaka e kete ka seaparo, o otlolola magodimo jaaka letsela la mogope.”
O ka Araba Jang?
• Go tlhaloganya bogolo le seriti sa ga Jehofa go tshwanetse ga re ama jang?
• Re ka ithuta eng ka seriti mo tseleng e Jesu a neng a tshwara molepero mongwe ka yone?
• Re ka tlotla Jehofa jang ka ditsela tse di bontshang seriti?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jehofa o ne a bontsha Abele seriti jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Senkgwe le sone se senola ditiro tsa ga Jehofa tse dikgolo
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
O ithutile eng ka seriti mo tseleng e Jesu a neng a tshwara molepero mongwe ka yone?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Kobamelo e e nang le seriti e akaretsa go tlotla Jehofa