Buka ya Bibela ya bo 19—Dipesalema
Bakwadi: Dafide le ba bangwe
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Ga lo Tlhomamisege
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 460 B.C.E.
1. Buka ya Dipesalema ke eng, mme go kwadilwe eng mo go yone?
BUKA ya Dipesalema e ne e le buka ya difela e e tlhotlheleditsweng ya baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa ba metlha ya bogologolo, setlhopha sa difela tse di boitshepo, kana dipesalema tse 150, tse di rulagantsweng mo di ka opelwang ebile di rulaganyeditswe kobamelo ya phatlalatsa ya ga Jehofa Modimo mo tempeleng ya gagwe kwa Jerusalema. Dipesalema tseno ke difela tsa go baka Jehofa, mme eseng seo fela, gape mo go tsone go na le dithapelo tsa go kokotlelela kutlwelobotlhoko le go kopa thuso, mmogo le mafoko a a tlhalosang ikanyo le tshepo. Di tletse ka ditebogo le boitumelo jo bogolo mmogo le mafoko a a supang boipelo jo bogolo, ee, jo bo fetang selekanyo. Tse dingwe ke ditshobokanyo tsa ditiragalo tsa bogologolo, tse di dirang gore motho a akanye ka bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa le ditiro tsa gagwe tse dikgolo. Di tletse ka boperofeti jo bontsi, bontsi jwa jone e le jo bo ileng jwa diragala ka mo go gakgamatsang. Mo go tsone go na le thuto e ntsi e e nang le mosola le e e agang, yotlhe e kwadilwe ka puo ya maemo a a kwa godimo le ya tshwantshetso eo e dirang gore mmadi a tlhotlheletsege go tswa kwa botennyeng jwa pelo. Dipesalema ke dijo tse re di tsholetsweng tsa semoya, tse di baakantsweng tsa ba tsa rulaganngwa ka tsela e e rokotsang mathe.
2. (a) Go dirisitswe ditlhogo dife mo go Dipesalema, mme di kaya eng? (b) Pesalema ke eng?
2 Ke eng se se botlhokwa ka leina la buka eno, gape ke mang yo o kwadileng Dipesalema? Mo Bibeleng ya Sehebera, buka eno e bidiwa Seʹpher Tehil·limʹ, leina leo le rayang “Buka ya Dipako,” kana re ka re fela ra re Tehil·limʹ, ke go re, “Dipako.” Leina leno ke ntsifatso ya Tehil·lahʹ, seo se rayang “Pako” kana “Sefela sa Pako,” leina leo le fitlhelwang mo mafokonyaneng a a fa godimo ga Pesalema 145. Leina “Dipako” ke lone le le tshwanelang, ereka buka eo e tlotlomatsa pako go Jehofa. Lereo “Dipesalema” le tswa mo Septuagint ya Segerika, eo e dirisitseng lefoko Psal·moiʹ, leo le kayang difela tseo di opelwang go na le seletso. Lefoko leo gape le fitlhelwa mo mafelong a le mmalwa mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete, jaaka mo go Luke 20:42 le Ditihō 1:20. Pesalema ke sefela kana leboko le le boitshepo leo le dirisiwang go bakwa Modimo le fa a obamelwa.
3. Mafokonyana a a fa godimo a re bolelela eng kaga bakwadi ba tsone?
3 Bontsi jwa dipesalema di na le ditlhogo, kana mafokonyana a a fa godimo, mme gantsi ano a bolela leina la mokwadi. Mo ditlhogong tse 73 go kwadilwe leina la ga Dafide, “mokwadi eo o ratègañ oa dipesalema tsa Iseraela.” (2 Sam. 23:1) Kwantle ga pelaelo Dipesalema 2, 72, le 95 le tsone di ne tsa kwalwa ke Dafide. (Bona Ditihō 4:25, Pesalema 72:20, le Bahebera 4:7.) Mo godimo ga moo, go lebega Pesalema 10 le 71 e le tswelediso ya Pesalema 9 le 70 go ya ka go tlhomagana ga tsone mme ka jalo le tsone go ka bolelwa fa di kwadilwe ke Dafide. Dipesalema di le 12 ke tsa ga Asafe, tseo ka phepafalo di buang ka ba ntlo ya ga Asafe, ereka jaana dingwe tsa tseno di bua ka ditiragalo tsa moragonyana ga motlha wa ga Asafe. (Pes. 79; 80; 1 Ditih. 16:4, 5, 7; Esere 2:41) Go bolelwa ka tlhamalalo fa dipesalema di le 11 e le tsa barwa ba ga Kora. (1 Ditih. 6:31-38) Go lebega fa Pesalema 43 e le tswelediso ya Pesalema 42, mme ka jalo le yone go ka bolelwa fa e le ya bomorwa Kora. Mo godimo ga go umaka “bomorwa Kora,” Pesalema 88 gape e bolela mo mafokonyaneng a a fa godimo a yone fa e le ya ga Hemane, mme Pesalema 89 e bolela fa mokwadi wa yone e le Ethane. Pesalema 90 go bolelwa fa e le ya ga Moshe, mme Pesalema 91 le yone e ka nna ya tswa e le ya ga Moshe. Pesalema 127 ke ya ga Solomone. Ka gone bobediborarong jwa dipesalema ke tsa bakwadi ba ba farologaneng.
4. Go tserwe lobaka lo lo kana kang di ntse di kwalwa?
4 Buka ya Dipesalema ke buka e kgolo go di feta tsotlhe mo Bibeleng. Jaaka go supiwa ke Pesalema 90, 126, le 137, go tserwe lobaka lo loleele e ntse e kwalwa, gongwe e ka tswa e simolotswe go kwalwa ka nako ya fa Moshe a ne a kwala (1513-1473 B.C.E.) go fitlhela morago ga go sena go boiwa kwa Babelona mme gongwe le ka motlha wa ga Esere (537-mo e ka nnang ka 460 B.C.E.). Ka gone, go bonala fa buka eno e kwadilwe ka lobaka lwa dingwaga di le sekete. Lefa go le jalo, ditiragalo tse e buang ka tsone ke tsa lobaka lo loleele fela thata, e simolola ka motlha wa popo e bo e sobokanya go dirisana ga ga Jehofa le batlhanka ba gagwe go ya go nako ya go tlhamiwa ga pesalema ya bofelo.
5. (a) Buka ya Dipesalema e supa thulaganyo jang? (b) Ke tshedimosetso efe e nngwe e e newang ke mafokonyana a a fa godimo? (c) Ke ka ntlhayang fa go sa tlhokafale gore lefoko “Sela” le bidiwe fa go balwa dipesalema?
5 Buka ya Dipesalema ke eo e supang thulaganyo. Dafide ka boene o umaka “ditsamaō tsa Modimo oa me, Kgosi ea me, di tsèna mo heloñ ga boitshèpō. Baopedi ba ne ba ètèlèla pele, ba ba letsañ dileco ba ba sala moragō, ba tsencwe gare ke barweetsana ba ba letsañ merōpana, Bakañ Modimo mo diphuthegoñ, eboñ Yehofa.” (Pes. 68:24-26) Seno se tlhalosa lebaka la go bo mafoko ‘Go mokaedi’ a boaboelediwa thata mo mafokonyaneng a a fa godimo, mmogo le mafoko a mantsi a poko le a mmino. Mafokonyana mangwe a a fa godimo a tlhalosa gore pesalema eo e ne e dirisediwa eng kana gore boikaelelo jwa yone e ne e le eng kana a naya ditaolo tsa kafa e tshwanetseng go opelwa ka gone. (Bona mafokonyana a a fa godimo a Pesalema 6, 30, 38, 60, 88, 102, le 120.) Mo dipesalemeng di ka nna 13 tsa ga Dafide, tse di tshwanang le Pesalema 18 le 51, go boletswe ka bokhutshwane ditiragalo tse di dirileng gore di tlhangwe. Dipesalema di le 34 ga di na mafokonyana a a fa godimo gotlhelele. Lefokonyana le le reng “Sela,” leo le tlhagang makgetlo a le 71 mo gare ga dipesalema, gantsi go akanngwa fa e le lereo la boitseanape la mmino kana poko, lemororo go sa itsiwe gore tota botlhokwa jwa lone ke eng. Bangwe ba akantsha gore le kaya gore motho a kgwe setšhe go tlhatlhanya ka tidimalo fa a opela kana fa a opela le fa a letsa seletso. Ka gone, ga go tlhokege gore le bidiwe fa go balwa.
6. (a) Buka ya Dipesalema e kgaogantswe ka dibolumo dife? (b) Ke mang yo go lebegang a ne a rulaganya buka ya Dipesalema labofelo?
6 Go tswa metlheng ya bogologolo, buka ya Dipesalema e ne e ntse e kgaogantswe ka dibuka di le tlhano tse di farologaneng, kana dibolumo, jaana: (1) Pesalema 1-41; (2) Pesalema 42-72; (3) Pesalema 73-89; (4) Pesalema 90-106; (5) Pesalema 107-150. Go lebega setlhopha sa ntlha mo difeleng tseno e le tse di neng tsa tlhangwa ke Dafide. Ka mo go bonalang ka teng Esere, moperesiti le “mokwadi eo o bobèbè mo molaoñ oa ga Moshe,” e ne e le ene yo o neng a dirisiwa ke Jehofa go rulaganya buka ya Dipesalema la bofelo kafa e ntseng ka gone gompieno.—Esere 7:6.
7. Ke dikarolo dife tse dingwe tsa Dipesalema tse di tshwanetseng go elwatlhoko?
7 Go oketsega ka go tlhatlologana ga setlhopha seno sa dibuka e ka nna ya bo e le gone go dirileng gore dingwe tsa dipesalema tseno di boelediwe mo dikarolong tse di farologaneng, tse di tshwanang le Pesalema 14 le 53; 40:13-17 le 70; 57:7-11 le 108:1-5. Nngwe le nngwe ya dikarolo tse tlhano tseno e digelwa ka go galalediwa ga ga Jehofa, go bakwa Modimo—tsa ntlha tse nnè tsa tseno di akaretsa kafa batho ba neng ba arabela ka gone mme ya bofelo ke Pesalema yotlhe ya 150.—Pes. 41:13, ntlhanyana e e kwa tlase NW.
8. Tlhalosa o bo o tshwantshe mokgwa wa go tlhama wa acrostic.n
8 Dipesalema di robabongwe di tlhamilwe ka mokgwa o o kgethegileng; o bidiwa acrostic ka baka la go kgaoganngwa ga tsone ka tatelano ya ditlhaka. (Pesalema 9, 10, 25, 34, 37, 111, 112, 119, le 145) Mo thulaganyong eno temana kana ditemana tsa ntlha tsa karolo ya ntlha di simolola ka tlhaka ya ntlha ya ditlhaka tsa Sehebera, ʼaʹleph (א), temana kana ditemana tse di latelang di simolola ka tlhaka ya bobedi, behth (ב), jalo le jalo, go ya ka ditlhaka tsotlhe kana mo e ka nnang ditlhaka tsotlhe tsa Sehebera. Seno se ka nna sa bo se ne se ba thusa go gakologelwa—akanya fela gore go ne go ka nna jang fa baopedi ba tempele ba ne ba tshwanetse go gakologelwa difela tse ditelele jaaka Pesalema 119! Ka mo go kgatlhisang, go kwalwa ga leina la ga Jehofa ka mokgwa wa acrostic go fitlhelwa mo go Pesalema 96:11. Sephatlo sa ntlha sa temana eno mo Sehebereng se na le mafoko a le manè, mme ditlhaka tsa ntlha tsa mafoko ano, fa di balwa go tswa kafa mojeng go ya kwa molemeng, ke ditumammogo tse nnè tsa Sehebera tsa Tetragrammaton, YHWH (יהוה).
9. (a) Ke ditiragalo dife tse di bakileng go kwalwa ga dipesalema tse di dirang gore di ame mogopolo le pelo ka tlhamalalo? (b) Ke eng gape se se oketsang maatla a tsone le go kwalwa ka botswerere?
9 Maboko ano a a boitshepo, a a ka dirwang pina a kwadilwe ka ditemana tsa Sehebera tsa modumo o o sa tsamaisaneng mme a kwadilwe ka mokgwa o o kgatlhisang wa go golaganya dintlha ka tatelano e e matsetseleko. A tsena mo mogopolong le mo pelong ka tlhamalalo. A akantsha dilo tse di tlhaloganyesegang sentle. Mafoko a a kgatlhisang le a a amang maikutlo a a fitlhelwang mo kgannyeng a ka ne ka bontlhanngwe a tsetswe ke botshelo jo bo sa iketlang jwa ga Dafide, mme seo se bonala mo bontsing jwa dipesalema. Ke batho ba sekae fela ba ba tshedileng matshelo a a farologaneng jaaka ene—a nna mosimanyana wa modisa, motlhabani yo o esi yo o neng a tlhabana le Goliathe, moopedi mo ntlong ya kgosi, a latlhwa ke ditsala tse di ikanyegang le baoki, a nna kgosi le mofenyi, rre yo o lorato yo o neng a faraferwe ke ditlhokokutlwano tsa balelapa la gagwe, motho yo o neng a ikutlwela matlhotlhapelo a go leofa mo go masisi gabedi mme lefa go le jalo ka metlha o ne a ntse a le moobamedi yo o matlhagatlhaga wa ga Jehofa a bile a rata Molao wa Gagwe. Ereka a ne a ile a diragalelwa ke dilo tseno, ga go gakgamatse go bo buka ya Dipesalema e tlhalosa maikutlo otlhe a a farologaneng a motho o ka nnang nao! Se gape se oketsang maatla a yone le go kgatlhisa ga yone ke dipapisa tsa sekamaboko le ditshwantshanyo tseo di dirisiwang thata mo mekwalong ya Sehebera.—Pes. 1:6; 22:20; 42:1; 121:3, 4.
10. Ke eng se se supang gore Dipesalema di boammaaruri?
10 Gore difela tseno tsa bogologolo tala tsa go baka Jehofa di boammaaruri go supelwa ka botlalo ke go bo di dumalana ka botlalo le Dikwalo tsotlhe. Buka ya Dipesalema e tsopolwa makgetlo a le mmalwa ke bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. (Pes. 5:9 [Bar. 3:13]; Pes. 10:7 [Bar. 3:14]; Pes. 24:1 [1 Bakor. 10:26]; Pes. 50:14 [Math. 5:33]; Pes. 78:24 [Yoh. 6:31]; Pes. 102:25-27 [Baheb. 1:10-12]; Pes. 112:9 [2 Bakor. 9:9]) Dafide ka boene o ne a bua jaana mo sefeleng sa gagwe sa bofelo: “Mōea oa ga Yehofa o no oa bua ka nna, lehoko ya gagwè le ne le le mo lolemeñ loa me.” Ke one moya oo o o neng wa dira mo go ene go simolola ka letsatsi le a neng a tlodiwa ke Samuele ka lone. (2 Sam. 23:2; 1 Sam. 16:13) Mo godimo ga moo, baaposetoloi ba ne ba tsopola go tswa mo go Dipesalema. Petere o ne a umaka “lokwalō . . . lo Mōea o o Boitshèpō o buileñ ka lōna galè ka molomo oa ga Dafide,” mme gape mo ditsopolong di le mmalwa tse di tswang mo go Dipesalema, mokwadi yo o neng a kwalela Bahebera o ne a bua ka tsone jaaka mafoko ao a neng a buiwa ke Modimo kana a di simolola ka mafoko a a reng, “hèla yaka Mōea o o Boitshèpō o bua.”—Dit. 1:16; 4:25; Baheb. 1:5-14; 3:7; 5:5, 6.
11. Bosupi jo bo tshegetsang seo bo engwa nokeng jang ke mafoko a ga Jesu ka boene?
11 Re ka ntsha bosupi jo bo nonofileng jwa gore e boammaaruri ka go tsopola mafoko a ga Jesu, Morena yo o tsositsweng, fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Mahoko a, ke aōna a nkileñ ka a bua le lona, . . . ha dilō cotlhe di na le go dihala, eboñ tse di kwadilweñ mo molaoñ oa ga Moshe, le mo baperofetiñ, le mo dipesalemeñ, kaga me.” Foo Jesu o ne a sobokanya Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera ka tsela eo Bajuda ba neng ba di amogela ka yone mme ebile ba di itse sentle. Fa a ne a umaka Dipesalema o ne a akaretsa setlhopha sotlhe sa boraro sa Dikwalo, tseo di bidiwang Hagiographa (kana Dikwalo tse di Boitshepo), tseo Dipesalema e neng e le buka ya ntlha ya tsone. Seno se tlhomamisiwa ke seo a neng a ile a se raya batho ba babedi ba ba neng ba ya kwa Emao diura di sekae pelenyana ga moo, fa a ne a “ba phuthololèla mo dikwaloñ cotlhe, dilō tse di kwadilweñ kaga gagwè.”—Luke 24:27, 44.
SEO SE LENG MO GO DIPESALEMA
12. Dipesalema di ama kgang ya boitumelo jang fela kwa tshimologong ya tsone, mmogo le ya Bogosi?
12 Buka ya Ntlha (Pesalema 1-41). Dipesalema tseno tsotlhe ke tsa ga Dafide kwantle ga Pesalema 1, 2, 10, le 33. Pesalema 1 e ama kgang ya botlhokwa fela kwa tshimologong, jaaka e bolela gore go itumela motho yo o natefelelwang ke molao wa ga Jehofa, yo o akanyang ka one bosigo le motshegare e le gore a tle a o latele, ka a sa dire jaaka baleofi ba ba senang bomodimo. Fano ke lekgetlo la ntlha mo go Dipesalema go umakiwa boitumelo. Pesalema 2 e simolola ka potso e e gwetlhang e ba e bolela kafa dikgosi tsotlhe le magosana a lefatshe ba emeng ba le seoposengwe “ba logisanya maanō, kaga Yehofa, le kaga Motlodiwa oa gagwè.” Jehofa o a ba sotla mme go tswa foo o bua le bone ka bogale jo bogolo, a re: “Ke tlhomile kgosi ea me mo thabaneñ ea me e e boitshèpō ea Siona.” Ke ene yo o tla robang a bo a thubaganya ditokitoki botlhe ba ba ganetsanang nae. Lona dikgosi tse dingwe le babusi, “dihèlañ Yehofa ka poihō” mme lo tlotle Morwa wa Gagwe eseng jalo lo tla nyelela! (Dit. 2, 6, 11) Ka gone ka bofefo fela Dipesalema di simolola fela ka go umaka setlhogo sa Bibela sa Bogosi.
13. Ke eng gape se setlhopha sa ntlha sa dipesalema se se tlotlomatsang?
13 Mo setlhopheng seno sa ntlha sa dibuka, selo se segolo se go buiwang ka sone ke dithapelo, tsa kopo mmogo le tsa ditebogo. Pesalema 8 e bapisa bogolo jwa ga Jehofa le bosengsepe jwa motho, mme Pesalema 14 e senola boeleele jwa batho bao ba ganang go ikobela bolaodi jwa Modimo. Pesalema 19 e bontsha kafa popo e e gakgamatsang ya ga Jehofa Modimo e bolelang kgalalelo ya gagwe ka gone, mme ditemana 7-14 di tlotlomatsa mesola ya go boloka molao o o itekanetseng wa Modimo, o moragonyana o tlhalosiwang ka selekanyo se segolo mo go Pesalema 119. Pesalema 23 e amogelwa ke batho botlhe jaaka lokwalo lo lo kwadilweng ka botswerere go gaisa tsotlhe, mme ebile e kgatlhisa fela thata ka mafoko a yone a a tlhaloganyesegang sentle a gore go tshwanetse ga ikanngwa Jehofa ka metlha. Ao tlhe, ekete re ka ‘nna mo ntlong ya ga Jehofa, Modisa yo Mogolo, ka bosakhutleng’! (23:1, 6) Pesalema 37 e fa batho ba ba boifang Modimo ba ba nnang gare ga badirabosula kgakololo e e molemo, mme Pesalema 40 e tlhalosa boipelo jwa go dira thato ya Modimo, fela jaaka Dafide a ne a dira.
14. Ke eng se se bolelwang kaga kgololo mo go Buka ya Bobedi ya Dipesalema, mme ke dithapelo dife tsa ga Dafide tse di tlotlomadiwang?
14 Buka ya Bobedi (Pesalema 42-72). Karolo eno e simolola ka dipesalema di robabobedi tsa bomorwa Kora. Pesalema 42 le 43 ka bobedi di bolelwa fa e le tsa bomorwa Kora, ereka tota ka bobedi e le leboko le le lengwe fela le le nang le dikarolo di le tharo, tseo di tshwaragantsweng ke temana ya mafoko a a tshwanang. (42:5, 11; 43:5) Pesalema 49 e gatelela kafa go sa kakeng ga direga ka gone gore motho a ipatlele morekolodi, mme e lebisa go Modimo jaaka e le ene yo o nonofileng go ka golola motho “mo thateñ ea Bobipō.” (Tem. 15) Pesalema 51 ke thapelo ya ga Dafide, eo a neng a e rapela morago ga boleo jwa gagwe jo bo maswe jo a neng a bo dira le Bathe-shebe, mosadi wa ga Uria wa Mohita, mme e bontsha kafa a neng a ikotlhaile ka mmatota ka gone. (2 Sam. 11:1–12:24) Karolo eno e digela ka “Pesalema ea ga Solomone,” a rapelela bogosi jwa gagwe jwa kagiso a bile a kopa gore masego a ga Jehofa a nne nae.—Pes. 72.
15. Ke eng se Buka ya Boraro e se tlhalosang malebana le hisitori ya Iseraele, dikatlholo tsa ga Jehofa, le kgolagano ya gagwe ya Bogosi?
15 Buka ya Boraro (Pesalema 73-89). Dipesalema di ka nna pedi mo go tseno, Pesalema 74 le 79, di ne tsa tlhamiwa morago ga go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. Ba hutsafaditswe ke namane e tona eno ya tshenyegelo mme ba itopela mo go Jehofa gore a thuse batho ba gagwe ‘ka baka la kgalalelo ya leina la gagwe.’ (79:9) Pesalema 78 e anela ka hisitori ya Iseraele go tswa motlheng wa ga Moshe go fitlhela fa Dafide a ne a “ba tsamaisa ka bocwiriri yoa diatla tsa gagwè” (tem. 72), mme Pesalema 80 e lebisa go Jehofa jaaka “Modisa oa Iseraela” wa mmatota. (Tem. 1) Pesalema 82 le 83 ke maikuelo a magolo go Jehofa a gore a diragatse dikatlholo tsa gagwe mo babeng ba gagwe le baba ba batho ba gagwe. Go na le go nna tsa ipusolosetso, ditopo tseno di direlwa gore kwa bokhutlong “[batho] ba tlè ba batlè leina ya gago, Yehofa . . . [le] gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” (83:16, 18) Kwa bokhutlong jwa karolo eno go tla Pesalema 89, eo e tlotlomatsang “mautlwèlō botlhoko a ga Yehofa,” jaaka go bontshitswe ka mo go tlhomologileng mo kgolaganong ya gagwe le Dafide. Kgolagano eno ke ya gore go ne go tla nna le moruaboswa yo o sa khutleng wa setilo sa bogosi sa ga Dafide, yoo o neng a tla busa ka bosakhutleng fa pele ga ga Jehofa!—Dit. 1, 34-37.
16. Buka ya Bonè e tlotlomatsa bogosi jwa ga Jehofa jang le go boloka ga gagwe kgolagano?
16 Buka ya Bonè (Pesalema 90-106). Fela jaaka Buka ya Boraro, buka eno e na le dipesalema di le 17. E simolola ka thapelo ya ga Moshe, a bolela pharologanyo e kgolo e e leng gone gareng ga go nnela ruri ga Modimo le botshelo jo bo tsayang nako e khutshwane jwa motho yo o swang. Pesalema 92 e tlotlomatsa dinonofo tse dikgolo tsa ga Jehofa. Go tswa foo ke setlhopha sa dibuka tse di molemo, Pesalema 93-100, eo e simololang ka boikuelo jo bo tshikinyang maikutlo jo bo reng “Yehofa oa busa.” Ka gone “lehatshe yeotlhe” le kgothalediwa go ‘opelela Jehofa, go baka leina la gagwe, ka gonne Jehofa o mogolo, me o na le go bakwa segolo.’ “Yehofa o mogolo mo Siona.” (93:1; 96:1, 2, 4; 99:2) Mo go Pesalema 105 le 106 Jehofa o lebogelwa ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tseo a di diretseng batho ba gagwe le go bo a ile a boloka kgolagano ya gagwe le Aberahame ka go bo a ile a naya losika lwa gagwe lefatshe, go sa kgathalesege dingongorego tsa bone tse di senang palo le go nna bosula.
17. Pesalema 104 e kgatlhisa jang ka mo go sa tlwaelegang, mme ke setlhogo sefe se se boelediwang go tswa fano go ya pele?
17 Pesalema 104 e kgatlhisa ka mo go sa tlwaelegang. Eno e tlotlomatsa Jehofa ka baka la seriti sa gagwe le tlotlomalo tseo a nang natso, mme e tlhalosa botlhale jwa gagwe jaaka bo bonala mo ditirong tsa gagwe tse dintsi le ditiro tse a di dirang mo lefatsheng. Go tswa foo go bolelwa setlhogo sa buka yotlhe ya Dipesalema ka maatla a magolo, jaaka tsiboso e tlhaga lantlha e e reng: “Lona, bakañ Yehofa.” (Tem. 35) Kgothatso eno ya gore baobamedi ba boammaaruri ba neele Jehofa pako e e tshwanetseng leina la gagwe, ke lefoko le le lengwe fela fela la Sehebera, ha·lelu–Yahʹ kana ke leo go bidiwa ga lone go tlwaetsweng ke batho botlhe go dikologa lefatshe gompieno e leng “Haleluja.” Go simolola ka temana eno go ya pele, leina leno le tlhaga makgetlo a le 24, dipesalema di le mmalwa di simolola le go digela ka lone.
18. (a) Ke mafokonyana afe a a boelediwang a a tlotlomadiwang mo go Pesalema 107? (b) Dipesalema tse go tweng ke tsa Hallel ke dife?
18 Buka ya Botlhano (Pesalema 107-150). Mo go Pesalema 107 re tlhalosediwa kafa Jehofa a neng a ntsha batho mo kgolegong ka gone, mmogo le mafoko a a boaboelediwang a pina a a reng: “A bo batho ba ka ka ba baka Yehofa ka ntlha ea molemō oa gagwè, le ka ntlha ea ditihō tsa gagwè tse di gakgamatsañ mo baneñ ba batho!” (Dit. 8, 15, 21, 31) Pesalema 113 go ya go 118 ke Dipesalema tse go tweng ke Hallel. Go ya ka Mishnah, dipesalema tseno di ne di opelwa ke Bajuda ka nako ya Tlolaganyo le ka meletlo ya Pentekosete, ya Diobo, le ya Boineelo.
19. Pesalema 117 le 119 di ntse jang fa di bapisiwa, mme dingwe tsa dilo tse di tlhomologileng tsa ya 119 ke dife?
19 Lemororo Pesalema 117 e tlhofofadiwa ke go bo e le pesalema e khutshwane go di feta tsotlhe ebile e le buka ya kgaolo e khutshwane go gaisa tsotlhe mo Bibeleng lefa go le jalo e maatla fela thata. Pesalema 119 ke pesalema e telele go di gaisa tsotlhe ebile e na le dikgaolo tse dintsi go gaisa dibuka tsotlhe tsa Bibela, ereka e na le ditemana di le 176 mo dikarolong tsa yone tse 22 tse di kgaogantsweng ka ditlhaka nngwe le nngwe e na le ditemana di le 8. Ditemana tsotlhe kwantle ga tse pedi tsa tseno (90 le 122) di lebisa ka tsela nngwe go lefoko kana molao wa ga Jehofa Modimo, di boeletsa mafoko otlhe kana a le mmalwa a ano (molao, kgakololo, ditaelo, ditaolo, dikatlholo) a Pesalema 19:7-14 mo karolong nngwe le nngwe ya yone. Lefoko la Modimo le umakiwa makgetlo a feta 170 ka ape fela a mafoko a a 8 a a latelang: (di)taolo, (di)katlholo, molao ditaelo, melawana, (di)kgakololo, (di)polelo, le lefoko kana mafoko.
20, 21. (a) Difela tsa Tlhatlogo ke dife? (b) Di tlhalosa jang gore Dafide o ne a lemoga gore go tshwanetse ga obamelwa mmogo?
20 Go tswa foo, re fitlhela setlhopha se sengwe sa dipesalema, Difela tsa Tlhatlogo tse 15, Pesalema 120-134. Baranodi ba ile ba ranola polelwana eno ka ditsela tse di farologaneng ka go bo ba sa tlhaloganye seo e se rayang ka botlalo. Bangwe ba bolela fa a lebisitse go mafoko a maemo a a kwa godimo a a leng mo dipesalemeng tseno, lemororo go sa lebege go na le lebaka le le utlwalang la go di tsaya fa di le kwa godimo go na le dipesalema tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng. Baakgedi ba le bantsi ba akantsha gore lereo leno le tswa mo go opelweng ga difela tseno ke baobamedi ba ba neng ba palamela kwa godimo, kana “ba tlhatlogela kwa godimo,” kwa Jerusalema go ya meletlong ya ngwaga le ngwaga, loeto lwa go ya kwa motsemogolong oo lo tsewa jaaka tlhatlogo ka gonne motsemogolo oo o ne o le kwa godimo mo dithabeng tsa Juda. (Bapisa Esere 7:9.) Dafide segolobogolo o ne a tlhaloganya fela thata gore batho ba Modimo ba ne ba tlhoka go obamela mmogo. O ne a itumelela go utlwa taletso e e reng: “A re eeñ kwa tluñ ea ga Yehofa”; mme ditso tseo di ne tsa tlhatloga, “go ntshetsa leina ya ga Yehofa malebogō.” Ka baka leo o ne a kopela Jerusalema kagiso, pabalesego, le tlhogonolofalo, a rapela ka go re: “Ka ntlha ea ntlo ea ga Yehofa, Modimo oa rona, ke tla gu batlèla se se molemō.”—Pes. 122:1, 4, 9.
21 Pesalema 132 e bolela kafa Dafide a neng a ikanela gore o ne a se kitla a ikhutsa go fitlhela a bonela Jehofa lefelo le le tshwanetseng la go ikhutsa, jaaka a ne a emelwa ke letlole la kgolagano. Morago ga letlole leo le sena go tlhongwa mo Siona, Jehofa o tlhalosiwa ka mafoko a a kgatlhisang a poko a bolela fa a tlhophile Siona, “bonnō yoa boikhucō yoa me ka bosakhutleñ: ha, ke gōna ha ke tla nnañ gōna: gonne ke go eleditse.” O ne a tlotla lefelo leno le e leng boremelelo jwa kobamelo, “gonne Yehofa o laoletse tshegōhacō gōna.” “A Yehofa a gu segōhatsè a le mo Siona.”—132:1-6, 13, 14; 133:3; 134:3; bona le Pesalema 48.
22. (a) Go tshwanelwa ke pako ga ga Jehofa go tlotlomadiwa jang? (b) Setlhogo se se galalelang sa buka eno se tlhatlogela kwa konelong ya sone jang mo dipesalemeng tsa bofelo?
22 Pesalema 135 e tlotlomatsa Jehofa jaaka Modimo yo o tshwanelwang go bakwa yo o dirang go kgatlhega ga gagwe gotlhe, a sa tshwane le medimo ya disetwa e e seng ya sepe le e e sa kakeng ya dira sepe, eo badiri ba yone ba tla nnang fela jaaka yone. Pesalema 136 ke kopelo ya batho ba arabela, temana nngwe le nngwe ya yone e digela ka go re: “Gonne boutlwèlō botlhoko yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ.” Go bontshiwa fa dikarabelo tsa go nna jalo di ne tsa dirisiwa mo makgetlong a le mantsi. (1 Ditih. 16:41; 2 Ditih. 5:13; 7:6; 20:21; Esere 3:11) Pesalema 137 e bolela kafa dipolelo tsa Bajuda di neng di tlhologeletswe go ya kwa Siona ka gone fa ba ne ba le kwa botshwarong kwa Babelona mme gape e supa gore ba ne ba seka ba lebala difela, kana dipesalema, tsa Siona lemororo ba ne ba le kgakala le nagagae ya bone. Pesalema 145 e tlotlomatsa bomolemo jwa ga Jehofa le bogosi jwa gagwe, e bontsha gore “o boloka botlhe ba ba mo ratañ; mme baikepi botlhe o tla ba senya.” (Tem. 20) Go tswa foo, jaaka konelo e e tlhotlheletsang, Pesalema 146-150 e boa e ama setlhogo se segolo sa buka eno, nngwe le nngwe ya yone e simolola le go digela ka mafoko a a reng, “Bakañ Yehofa.” Pina e e monate eno ya pako e konela ka tsela e e molemo mo go Pesalema ya bo 150, moo e ikuelang mo lobopong lotlhe go baka Jehofa gone makgetlo a le 13 mo ditemaneng di le thataro.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
23. (a) Ke molaetsa ofe o o dirang le gompieno o o mo go Dipesalema? (b) Leina la ga Jehofa le bolaodi jwa gagwe di tlotlomadiwa jang?
23 Ka baka la go kwalwa ka botswerere ka botlalo ga tsone le mokgwa o di kwadilweng ka one, dipesalema tsa Bibela di tshwanetse go akarediwa mo dibukeng tse dikgolo tsa puo epe fela. Lefa go ntse jalo, ga se dibuka fela. Ke molaetsa o o dirang le gompieno o o tswang kwa Molaoding yo Mogolo wa lobopo lotlhe, Jehofa Modimo ka boene. Di thusa gore motho a tlhaloganye dithuto tsa motheo tsa Bibela, di bua santlhantlha fela ka Jehofa, Mokwadi wa tsone. O bontshiwa ka phepafalo fa e le Mmopi wa lobopo le sengwe le sengwe se se mo go lone. (8:3-9; 90:1, 2; 100:3; 104:1-5, 24; 139:14) Eleruri leina Jehofa le tlotlomadiwa mo bukeng eno ya Dipesalema, moo le tlhagang gone makgetlo a le 700. Mo godimo ga moo, khutshwafatso ya lone ya “Jah” e fitlhelwa makgetlo a le 43, mo go rayang gore gotlhegotlhe leina la Modimo le umakiwa mo e ka nnang palogare ya makgetlo a le 5, mo Pesalemeng nngwe le nngwe. Mo godimo ga moo, go buiwa ka Jehofa go twe ʼElo·himʹ, kana Modimo makgetlo a ka nna 350. Go bontshiwa gore puso ya ga Jehofa e kgolo ka go lebisiwa go ene go twe “Molaodi Mogolo” mo dipesalemeng di le mmalwa.—68:20; 69:6; 71:5; 73:28; 140:7; 141:8, NW.
24. Ke eng se se buiwang mo go Dipesalema malebana le motho yo o swang, me go fiwa kgakololo efe e e utlwalang?
24 Phapaanong le Modimo o o sa khutleng, go bontshiwa fa motho yo o swang a tsholetswe mo boleong mme ebile a tlhoka mogolodi, mme go bontshiwa fa a swa ebile a boela kwa “tshenyegoñ,” a tsena mo Bobipong, seo e leng lebitla le motho a fitlhwang mo go lone. (6:4, 5; 49:7-20; 51:5, 7; 89:48; 90:1-5; 115:17; 146:4) Buka ya Dipesalema e gatelela gore go tlhokega gore batho ba utlwe molao wa Modimo le go ikanya mo go Jehofa. (1:1, 2; 62:8; 65:5; 77:12; 115:11; 118:8; 119:97, 105, 165) E re tlhagisa gore re se ka ra ikgogomosa le go dira “melato e e hitlhegileñ” (19:12-14; 131:1) ebile e kgothaletsa gore batho ba ikanyege ba bo ba tsalane le batho ba ba molemo. (15:1-5; 26:5; 101:5) E bontsha gore go itshwara sentle go dira gore motho a amogelwe ke Jehofa. (34:13-15; 97:10) E naya tsholofelo e e phatsimang ka go bua e re “poloka ke ea ga Yehofa” le gore fa e le ka ba ba mmoifang, o tla “golola mōea oa bōnè mo loshuñ.” (3:8; 33:19) Seno se re lere mo karolong ya yone ya boperofeti.
25. (a) Tota buka ya Dipesalema e tletse ka eng? (b) Petere o ne a dirisa Dipesalema jang fa a ne a supa gore Dafide yo Mogolwane ke mang?
25 Tota buka ya Dipesalema e tletse ka boperofeti jo bo lebisitseng go Jesu Keresete, “morwa Dafide,” le seabe se a neng a tla nna naso jaaka Motlodiwa wa ga Jehofa le Kgosi.a (Math. 1:1) Fa phuthego ya Bokeresete e ne e tlhongwa ka Pentekosete ya 33 C.E., moya o o boitshepo o ne wa simolola go senolela baaposetoloi tiragatso ya boperofeti jono. Mo go lone letsatsi leo, Petere o ne a tsopola kgapetsa kgapetsa mo go Dipesalema fa a ne a tlhalosa setlhogo sa puo ya gagwe e e itsegeng thata. Seno se ne se lebisitse go motho mongwe: “Yesu oa Nasaretha.” Mo e ka nnang karolo ya bofelo ya tlhaloso ya gagwe e thailwe mo ditsopolong tse di tswang mo go Dipesalema tseo di tlhomamisang gore Keresete Jesu ke Dafide yo Mogolwane le gore Jehofa o ne a se kitla a tlogela moya wa ga Jesu mo Bobipong mme gore o ne a tla mo tsosa mo baswing. Nnyaa, “Dafide ga a ka a tlhatlogèla magodimoñ,” mme jaaka a ne a bolelela pele mo go Pesalema 110:1, Morena wa gagwe ke ene yo o neng a dira jalo. Morena wa ga Dafide ke mang? Petere o fitlha kwa setlhoeng sa puo ya gagwe a bo a araba jaana ka lentswe le le nonofileng: “Ena Yesu eo lo mmapotseñ”!—Dit. 2:14-36; Pes. 16:8-11; 132:11.
26. Puo ya ga Petere e itshupile e na le mosola jang?
26 A puo ya ga Petere, eo e neng e thailwe mo Dipesalemeng, e ne e na le mosola? Go bo go ne ga kolobediwa batho ba ka nna 3 000 bao ba neng ba tsena mo phuthegong ya Bokeresete ka lone letsatsi leo ke yone karabo.—Dit. 2:41.
27. “Mōea o o Boitshèpō” o ne wa phutholola Pesalema 2 jang?
27 Ka bokhutshwane fela moragonyana, kwa pokanong e e kgethegileng, barutwa bao ba ne ba ikuela kwa go Jehofa mme ba tsopola mo go Pesalema 2:1, 2. Ba ne ba bolela gore ditemana tseno di diragaditswe fa babusi ba ne ba tshwaraganela go lwantshana le “Yesu Motlhanka oa gago eo o boitshèpō, eo [Modimo] u nu u mo tloditse.” Mme polelo eo e tswelela ka gore “botlhe ba tlala Mōea o o Boitshèpō.”—Dit. 4:23-31.
28. (a) Paulo o tlhalosa kgang efe mo go Bahebera kgaolo 1 go ya go 3, a dirisa Dipesalema? (b) Pesalema 110:4 e naya Paulo jang motheo wa go tlhalosa boperesiti jwa ga Melekisedeke?
28 Jaanong, leba mo lokwalong lwa Bahebera. Mo dikgaolong tsa ntlha tse pedi, re fitlhela go tsopotswe mo go Dipesalema makgetlo a le mmalwa malebana le bogolo jwa ga Jesu, jaaka Morwa Modimo wa selegodimo yo o tlhomilweng mo setilong sa bogosi, kwa godimo ga baengele. Paulo o bontsha go tswa go Pesalema 22:22 le ditsopolo tse dingwe gore Jesu o na le phuthego ya “bakauleñwe,” ba eleng karolo ya losika lwa ga Aberahame le “baabedwi ba picō ea selegodimo.” (Baheb. 2:10-13, 16; 3:1) Go tswa foo, go simolola ka Bahebera 6:20 le go tswelapele go ya mo go kgaolo 7, moaposetoloi yono o bua go le gontsi ka maemo a mangwe a ga Jesu a “moperisiti eo mogolo ka bosakhutleñ kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.” Seno se lebisitse mo tsholofetsong e Modimo o neng wa e ikanela e e mo go Pesalema 110:4, eo Paulo a e umakang gangwe le gape fa a supa fa boperesiti jwa ga Jesu e le jwa maemo a a kwa godimo go feta jwa ga Arone. Paulo o tlhalosa gore go ya ka ikano eo ya ga Jehofa Jesu Keresete ke moperesiti, eseng mo lefatsheng, mme kwa legodimong mme ebile “èna o nntse moperisiti ka metlha eotlhe”—boperesiti jono jwa gagwe bo tla solegela batho molemo ka bosakhutleng.—Baheb. 7:3, 15-17, 23-28.
29. Ke sekao sefe se se tlhomologileng sa kobamelo se re tshwanetseng go se tlhokomela, jaaka go boletswe mo go Dipesalema ebile go tlhalositswe mo go Bahebera 10:5-10?
29 Mo godimo ga moo, mo go Bahebera 10:5-10, re bolelelwa kafa Jesu o neng a anaanela ka tsela e e molemo go intsha setlhabelo ga gagwe seo e neng e le thato ya Modimo ka ene le kaga boikemisetso jwa gagwe jwa go diragatsa thato eo. Seno se thailwe mo mafokong a ga Dafide a a mo go Pesalema 40:6-8. Moya ono wa boineelo o eleng sekao se se molemo ke oo go ka re solegelang molemo rotlhe go o akanyetsa le go o etsa e le gore re tle re amogelwe ke Modimo.—Bona le Pesalema 116:14-19.
30. Dipesalema di ile tsa bolelela pele botshelo jwa ga Jesu ka botlalo jang, mme o tshwanetse a bo a ile a gomodiwa ke se se mo go tsone jang?
30 Tsela eo Jesu a neng a e tsaya, eo e neng ya felela ka teko e e botlhoko eo a neng a e itshokela mo koteng ya tlhokofatso, e ne ya bolelelwa pele mo go Dipesalema ka botlalo ka mo go gakgamatsang. Teko eno e ne e akaretsa go nosiwa santlhokwe, go laolwa ga diaparo tsa gagwe ka bola, go utlwisiwa botlhoko mo diatleng tsa gagwe le mo maotong, go sotlwa, le tlalelo e kgolo ya mogopolo eo a neng a e supa ka go goa ka kutlobotlhoko a re: “Modimo oa me, Modimo oa me, u ntatlhetseñ?” (Math. 27:34, 35, 43, 46; Pes. 22:1, 7, 8, 14-18; 69:20, 21) Jaaka go bontshitswe mo go Yohane 19:23-30, le eleng mo diureng tseo, Jesu o tshwanetse a bo a ne a gomodiwa thata le go kaelwa ke se se kwadilweng mo go Dipesalema, a itse gore dikwalo tseno tsotlhe di ne di tshwanetse go diragadiwa ka botlalo. Jesu o ne a itse gore Dipesalema gape di ne di bua kaga go tsoga ga gagwe le go tlotlomadiwa. Kwantle ga pelaelo o ne a akantse ka dilo tseno fa a ne a etelela baaposetoloi ba gagwe pele “go ōpèla sehela,” kana dipesalema, mo bosigong jwa bofelo pele ga loso lwa gagwe.—Math. 26:30.
31. Buka ya Dipesalema e bolelela pele eng malebana le Losika lwa Bogosi le phuthego ya ga Jesu?
31 Ka gone Dipesalema di supa ka phepafalo gore “morwa Dafide” le Losika lwa Bogosi ke Keresete Jesu, yo jaanong a leng mo maemong a a kwa godimo jaaka Kgosi le Moperesiti kwa Siona wa selegodimo. Re ka felelwa ke sebaka fa re ka leka go tlhalosa mafoko otlhe a Dipesalema ao a tsopotsweng mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika jaaka a ne a diragala mo go Motlodiwa wa ga Jehofa, mme fano re kwadile dikai di sekae tse di oketsegileng: Pes. 78:2—Math. 13:31-35; Pes. 69:4—Yoh. 15:25; Pes. 118:22, 23—Mar. 12:10, 11 le Dit. 4:11; Pes. 34:20—Yoh. 19:33, 36; Pes. 45:6, 7—Baheb. 1:8, 9. Gape, go bolelelwa pele ka phuthego ya ga Jesu ya balatedi ba gagwe ba boammaaruri mo go Dipesalema, eseng jaaka batho ka bongwe, mme jaaka setlhopha sa batho bao ba amogelwang ke Modimo ba tswa mo merafeng yotlhe go tla go nna le seabe mo tirong ya go baka leina la ga Jehofa.—Pes. 117:1—Bar. 15:11; Pes. 68:18—Baef. 4:8-11; Pes. 95:7-11—Baheb. 3:7, 8; 4:7.
32. (a) Fa re ithuta Dipesalema re lemoga eng malebana le go tlotlomadiwa ga Jehofa le maikaelelo a Bogosi? (b) Re tshwanetse go supa boikanyego jwa rona le ditebogo jang, go bontsha gore re anaanela bogosi?
32 Fa re ithuta Dipesalema kanaanelo ya rona ka bogosi jwa ga Jehofa Modimo, joo A bo busang ka Losika lo lo solofeditsweng le Moruaboswa wa Bogosi, kgalalelo ya Gagwe le tlotlomalo di tla oketsega. Ekete ka metlha re ka nna gareng ga baikanyegi bao ba itumelelang ‘borena jo bo galalelang jwa tlotlego ya ga Jehofa’ le bao go buiwang ka bone mo go Pesalema 145, eo e bidiwang “Pesalema ea pako; ea ga Dafide”: “Ba tla bua kaga kgalalèlō ea bogosi yoa gago, ba bua kaga thata ea gago; Go itsise bana ba batho ditihō tsa gagwè tsa bonatla, le kgalalèlō ea borèna yoa bogosi yoa gagwè. Bogosi yoa gago ke bogosi yo bo senañ bokhutlō, le pushō ea gago e eme go ea ditshikatshikeñ cotlhe.” (Pes. 145:5, 11-13) Fela jaaka pesalema e ne ya bolelela pele, kgalalelo ya Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo ka Keresete e itsisiwe bana ba batho mo merafeng yotlhe le eleng go feta pele. Abo re tshwanetse go lebogela Bogosi joo le Kgosi ya jone jang ne! Mafoko a a konelang a Dipesalema tseno a tshwanela eleruri a a reng: “A dilō cotlhe hèla tse di nañ le mōea di bakè Yehofa. Bakañ Yehofa.”—150:6.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 710-11.