O ‘Dirilwe ka Tsela e e Gakgamatsang’!
FA O akanya ka bokgoni jo bo gakgamatsang jo diphologolo tse di farologaneng di nang le jone, a ka dinako dingwe o ikutlwa o eletsa gore o ka bo o tshwana le tsone? Gongwe o eletsa e kete o ne o ka kgona go fofela kwa godimo jaaka nonyane ya albatross, go thuma jaaka dolofine, go bona jaaka ntsu kgotsa go taboga jaaka letlotse.
Ee, diphologolo di na le bokgoni jo bo gakgamatsang. Mme le rona re na le jone! Ee ruri, mmele wa motho o ile wa tlhalosiwa e le motšhini o o sa tlhaeleng sepe. Mme gone, re feta metšhini kgakala. Re kgona go itlhamela dilo, re eletsa go itse dilo, re kgona go akanya e bile re na le botswerere—dinonofo tse di re tlhotlheletsang go tlhama metšhini e e dirang gore re kgone go dira sengwe le sengwe se re akanyang ka sone. Re kgona go fofa go feta le e leng ka lobelo lwa modumo; re kgona go laola dikepe mo godimo le ka fa tlase ga mawatle a magolo; re kgona go bona dilo tse di kgakalakgakala le rona tse di mo lefaufaung; re kgona go bona mo teng ga sele e e tshelang; re kgona go dira melemo, dikalafi le botegeniki jo bo re thusang go lemoga le go alafa malwetse.
Tota le kwantle ga thuso ya botegeniki, batho ba ba nang le botsogo jo bo siameng e bile ba thapisitswe sentle ba ka kgona go dira dilo tse di gakgamatsang. Ka sekai, kwa Metshamekong ya Diolimpiki, bajiminasi, batho ba ba thabuelang mo metsing ba le kwa godimo, batho ba ba relelang mo aeseng, ba ba relelang mo kapokong, mmogo le batshameki ba bangwe, ba dira dilo tse di gakgamatsang ka bofefo, ka botswerere, ka botlhale le ka matsetseleko mo go dirang gore batho ba ba lebileng ba sale ba jelwe ke kgakge.
A o anaanela bokgoni jo bo kgethegileng jo o nang le jone jaaka motho? Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o se moatlelete wa Diolimpiki mme gone, o na le bokgoni jo o tshwanetseng go bo anaanela. Mokwadi mongwe wa bogologolo wa Baebele o ne a tlhalosa kafa a anaanelang Modimo ka teng ka go opela jaana: “Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.”a (Pesalema 139:14) Ke eng fa o sa akanye ka mafoko ano fa o ntse o bala ditlhogo tse di latelang? Mo ditlhogong tseno, go tla sekasekiwa ka botlalo dingwe tsa dilo tse di gakgamatsang ka mmele wa motho mmogo le dinonofo tse dingwe tse di botlhokwa thata tse di dirang gore re tlhomologe thata.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Babadi ba ba kgatlhegelang go itse ka kgang ya popo fa e bapisiwa le thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, ba ka nna ba rata go bala boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? le jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking. O ka bona diboroutšhara tseno mo Basuping ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa go tswa mo bagatising ba makasine ono.
[Lebokoso mo go tsebe 3]
RE DIRILWE GORE RE KGONE GO SOMARELA MAATLA
Go bo re kgona go ema le go tsamaya re tlhamaletse go dira gore re somarele maatla ka gonne mesifa ya rona ga e bereke thata go boloka mebele ya rona e tlhamaletse. Mmatlisisi mongwe wa thuto ya thulaganyo ya ditshika e bong John R. Skoyles o ne a bolela gore, tota e bile, ‘re dirisa diperesente di le supa fela tsa maatla fa re eme go na le fa re rapame.’ O oketsa ka gore, ntša e dirisa mo e ka nnang diperesente di le 70 tsa maatla fa e eme (ka maoto a le manè) go na le fa e rapame.