KGAOLO 12
Bua se se “Molemo go Aga” ba Bangwe
“A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga.”—BAEFESO 4:29.
1-3. (a) Ke mpho efe e Jehofa a re neileng yone, mme e ka dirisiwa jang ka tsela e e sa siamang? (b) E le gore re nne re le mo loratong lwa Modimo, re tshwanetse go dirisa jang mpho ya go bua?
FA O ne o ka naya mongwe yo o mo ratang mpho, o ne o tla ikutlwa jang fa a ne a ka e tshwara ka tsela e e sa siamang ka boomo? A re re o mo neile koloi, mme moragonyana o utlwalela gore o ne a e kgweetsa botlhaswa, a gobatsa batho ba bangwe. A seo se ne se se kitla se go utlwisa botlhoko?
2 Bokgoni jwa go bua ka tsela e e utlwalang sentle ke mpho e e tswang kwa go Jehofa, Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17) Mpho eno, e diphologolo di se nang yone, ga e re thuse fela go bolelela ba bangwe se re se akanyang mme gape e dira gore re kgone go ba bolelela kafa re ikutlwang ka gone. Mme fela jaaka koloi, mpho ya go bua e ka dirisiwa ka tsela e e sa siamang. Ruri Jehofa o tshwanetse a bo a utlwa botlhoko fa re sa bue sentle, re utlwisa ba bangwe botlhoko!
3 E le gore re nne re le mo loratong lwa Modimo, re tshwanetse go dirisa mpho ya go bua ka tsela e Monei wa yone a neng a ikaeletse gore e dirisiwe ka yone. Jehofa o tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore o itumedisiwa ke puo ya mofuta ofe. Lefoko la gagwe la re: “A go se tswe lefoko le le bodileng mo molomong wa lona, fa e se lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.” (Baefeso 4:29) A re tlotleng ka lebaka la go bo re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re buang ka yone, gore re tshwanetse go tila puo ya mofuta mang le kafa re ka buang se se “molemo go aga” ba bangwe ka gone.
LEBAKA LA GO BO RE TSHWANETSE GO ELA TLHOKO TSELA E RE BUANG KA YONE
4, 5. Diane dingwe tsa Baebele di tlhalosa jang kafa mafoko a re a buang a leng maatla ka gone?
4 Lebaka le lengwe le le botlhokwa la go bo re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re buang ka yone ke gore mafoko a na le maatla. Diane 15:4 ya re: “Go ritibala ga loleme ke setlhare sa botshelo, mme tshokamo ya lone e raya go utlwa botlhoko mo moyeng.”a Fela jaaka metsi a tsosolosa setlhare se se omeletseng, puo e e ritibetseng ya motho yo o buang ka bonolo le yone e ka lapolosa batho ba ba mo reeditseng. Go farologana le moo, mafoko a a sokameng a loleme lo lo bosula a ka hutsafatsa ba bangwe. Eleruri, mafoko a re a buang a na le maatla a go utlwisa botlhoko kgotsa a go fodisa.—Diane 18:21.
5 Seane se sengwe fa se tlhalosa kafa mafoko a nang le maatla ka gone, sa re: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” (Diane 12:18) Motho yo o potlakelang go bua a sa akanye a ka utlwisa ba bangwe botlhoko fela thata le go fedisa botsala. A o kile wa utlwisiwa botlhoko thata ke mafoko a a tlhabang? Kafa letlhakoreng le lengwe, sone seane seno sa re: “Loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” Mafoko a a molemo a a buiwang ke motho yo o nang le botlhale jwa bomodimo a ka fodisa pelo e e rothang madi e bile a ka tsosolosa botsala. A go na le nako e o kileng wa fodisiwa ke mafoko a a builweng ka bopelonomi? (Bala Diane 16:24.) Ka gonne re itse gore mafoko a re a buang a ka ama ba bangwe, ruri re tla batla go bua ka tsela e e fodisang, e seng e e utlwisang botlhoko.
Mafoko a a buiwang ka bonolo a a lapolosa
6. Ke ka ntlha yang fa go le boima thata go laola loleme?
6 Le fa re ka leka ka natla go le kana kang, ga re ka ke ra kgona go laola loleme ka botlalo. Ka jalo, lebaka la bobedi la go bo re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re buang ka yone ke leno: Boleo le bosaitekanelang bo dira gore re se ka ra dirisa loleme lwa rona ka tsela e e siameng. Se re se buang se tswa mo pelong, mme “tshekamelo ya pelo ya motho e bosula.” (Genesise 8:21; Luke 6:45) Ka jalo go laola loleme go boima tota. (Bala Jakobe 3:2-4.) Le fa re ka se kgone go laola loleme ka botlalo, re ka leka go tokafatsa kafa re le dirisang ka gone. Fela jaaka motho yo o thumang a lebane le metsi a a elelang a tshwanetse go nna a lwa le one, le rona re tshwanetse go nna re lwantsha mokgwa ono o o sa siamang wa go sa dirise loleme ka tsela e e siameng.
7, 8. Jehofa o re tsaya re ikarabela go le kana kang ka se re se buang?
7 Lebaka la boraro la go bo re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re buang ka yone ke gore Jehofa o re tsaya re ikarabela ka se re se buang. Tsela e re dirisang loleme ka yone ga e ame fela kamano ya rona le batho ba bangwe mme e ama gape le kamano ya rona le Jehofa. Jakobe 1:26 ya re: “Fa motho mongwe a ipona a le moobamedi kafa mokgweng le fa go ntse jalo a sa laole loleme lwa gagwe, mme a tswelela a tsietsa pelo ya gagwe, mofuta wa kobamelo wa motho yono ga o na mosola.” Fela jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, tsela e re buang ka yone e amana thata le kobamelo ya rona. Fa re sa laole loleme—re bua dilo tse di utlwisang botlhoko, tse di sa siamang—Modimo a ka tsaya ditiro tsotlhe tsa rona tsa Bokeresete di se na mosola. Ruri eno ke kgang e e masisi.—Jakobe 3:8-10.
8 Go bonala sentle gore re na le mabaka a a utlwalang a go ela tlhoko gore re se ka ra dirisa mpho ya go bua ka tsela e e sa siamang. Pele ga re sekaseka ditsela tse di siameng tsa go bua ka tsela e e agang, a re tlotleng ka puo e tota Mokeresete wa boammaaruri a sa tshwanelang go e bua.
PUO E E UTLWISANG BOTLHOKO
9, 10. (a) Ke puo efe e batho ba bantsi ba setseng ba e bua letsatsi le letsatsi? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go dirisa puo e e ferosang sebete? (Bona gape le ntlha e e kwa tlase.)
9 Puo e e ferosang sebete. Batho ba bantsi gompieno ba bua puo ya matlhapa, e e ferosang sebete, letsatsi le letsatsi. Batho ba le bantsi ba dirisa matlhapa fa ba gatelela se ba se buang kgotsa fa ba sa itse gore ba ka dirisa lefoko lefe. Gantsi batho ba ba dirang metlae ba dirisa puo e e leswe, e e buang ka tsa tlhakanelodikobo go tshegisa batho. Le fa go ntse jalo, puo e e ferosang sebete ke kgang e e masisi. Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng e bong Paulo o ne a gakolola phuthego ya kwa Kolosa go tlogela “puo e e ferosang sebete.” (Bakolosa 3:8) Paulo o ne a bolelela phuthego ya kwa Efeso gore “nyao e e ferosang sebete” ke sengwe sa dilo tse di sa tshwanelang le go “umakwa mo” Bakereseteng ba boammaaruri.—Baefeso 5:3, 4.
10 Puo e e ferosang sebete e kgopisa Jehofa. Gape e kgopisa batho ba ba mo ratang. Eleruri, tsela e re ratang Jehofa ka yone e re tlhotlheletsa gore re se ka ra bua puo e e ferosang sebete. Fa Paulo a bua ka “ditiro tsa nama,” o umaka “boitshekologo,” jo bo ka akaretsang puo e e sa itshekang. (Bagalatia 5:19-21) Eno ke kgang e e masisi. Motho a ka kgaolwa mo phuthegong fa e le gore le fa a gakololwa gangwe le gape ga a ikwatlhae mme o tswelela a dirisa puo e e buang ka boitsholo jo bo maswe, dilo tse di tlhabisang ditlhong le tse di makgapha kgotsa e e di rotloetsang.b
11, 12. (a) Go bua ka batho ba bangwe go ka nna kotsi leng? (b) Ke ka ntlha yang fa baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetse go tila puo e e senyang ba bangwe maina?
11 Go bua ka batho ba bangwe ka tsela e e sa siamang le go senya ba bangwe maina. Batho ba rata go bua ka batho ba bangwe le ka matshelo a bone. A go bua ka batho go kotsi ka metlha? Nnyaa, e seng fa re bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, tse di jaaka gore ke mang yo o sa tswang go kolobediwa kgotsa yo o tlhokang go kgothadiwa. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba kgatlhegela go itse gore ba bangwe ba ntse ba ya jang e bile ba ne ba bolelelana tshedimosetso e e siameng ka badumedimmogo le bone. (Baefeso 6:21, 22; Bakolosa 4:8, 9) Le fa go ntse jalo, go bua ka batho ba bangwe go ka nna kotsi fa go sokamisa boammaaruri kgotsa go senola dikgang tsa bone tsa botho. Mme gape se se kotsi le go feta ke gore go ka dira gore motho a senye yo mongwe leina, mme ka metlha seo se utlwisa botlhoko. Go senya motho leina ke “go bua maaka ka ene . . . ka tsela e e mo senyang leina le e e mo digang seriti.” Ka sekai, Bafarasai ba ne ba senya Jesu leina ka tsela e e feteletseng gore batho ba bangwe ba se ka ba mo leba sentle. (Mathaio 9:32-34; 12:22-24) Gantsi go senya motho leina go baka dikgotlhang.—Diane 26:20.
12 Jehofa ga a rate batho ba ba dirisang mpho ya go bua go senya ba bangwe maina kgotsa go baka dikgaogano. O tlhoile batho ba ba bakang “manganga mo gare ga bomorwa motho.” (Diane 6:16-19) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “motho yo o senyang ba bangwe leina” ke di·aʹbo·los, le gape e leng leina la ga Satane. Ke ene “Diabolo,” motho yo o boikepo yo o senyang Modimo leina. (Tshenolo 12:9, 10) Eleruri re batla go tila puo e e tla dirang gore re tshwane le Diabolo. Mo phuthegong ga go a letlelelwa puo epe e e senyang batho maina e e bakang ditiro tsa nama tse di jaaka “manganga” le “dikgaogano.” (Bagalatia 5:19-21) Ka jalo, pele ga o bua dikgang dingwe tse o di utlwileng di buiwa ka mongwe, ipotse jaana, ‘A kgang eno e boammaaruri? A ke tla bo ke bontsha bopelonomi fa ke bua ka yone? A go a tlhokega kgotsa go siame go anamisa kgang eno?’—Bala 1 Bathesalonika 4:11.
13, 14. (a) Puo e e kgobang e ka ama jang batho ba ba e reeditseng? (b) Go gobolola ke eng, mme ke ka ntlha yang fa motho yo o gobololang ba bangwe a ipaya mo kotsing?
13 Puo e e kgobang. Jaaka fa go tlhalositswe fa godimo, mafoko a re a buang a ka utlwisa ba bangwe botlhoko. Ke boammaaruri gore ka gonne re sa itekanela, rotlhe re a tle re bue dilo tse re di ikwatlhaelang. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa ka mokgwa wa go bua o o sa letlelelweng gotlhelele mo legaeng la Mokeresete kgotsa mo phuthegong. Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona.” (Baefeso 4:31) Dithanolo tse dingwe di ranola polelwana e e reng “puo ya go kgoba” e le “mafoko a a boikepo,” “puo e e utlwisang botlhoko,” le “puo ya lonyatso.” Puo e e kgobang—e e akaretsang go dirisa maina a a isang motho kwa tlase le go bua ka bogale, go rata go tshwayatshwaya diphoso—e ka dira gore batho ba bangwe ba felelwe ke seriti ba bo ba ikutlwe e se batho ba sepe. Ka gonne bana ba na le dipelo tse di bonolo e bile ba ikanya batho ba ba godileng, ke bone ba segolobogolo ba utlwisiwang botlhoko thata ke puo e e kgobang.—Bakolosa 3:21.
14 Baebele e dirisa mafoko a a maatla fa e kgala go gobolola—mokgwa wa go sotla ba bangwe ka go ba nyatsa, go ba isa kwa tlase kgotsa go ba kgoba. Motho yo o itlwaetsang mokgwa ono o ipaya mo kotsing, ka gonne a ka tlosiwa mo phuthegong fa a sa amogele thuso e a e neelwang kgapetsakgapetsa gore a fetoge. Fa a sa fetole ditsela tsa gagwe, a ka nna a se ka a bona botshelo jo bo sa khutleng. (1 Bakorintha 5:11-13; 6:9, 10) Ka jalo, go bonala sentle gore ga re ka ke ra tswelela re le mo loratong lwa Modimo fa re itlwaetsa go bua puo e e sa siamang, go bua maaka kgotsa go bua ka tsela e e seng pelonomi. Puo e e ntseng jalo e utlwisa botlhoko.
MAFOKO A A “MOLEMO GO AGA”
15. Ke puo ya mofuta ofe ‘e e molemo go aga’?
15 Re ka dirisa jang mpho ya go bua ka tsela e Monei wa yone a neng a ikaeletse gore e dirisiwe ka yone? Gakologelwa gore Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go bua “lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga.” (Baefeso 4:29) Jehofa o a itumela fa re bua mafoko a a agang ba bangwe, a a ba kgothatsang le a a ba nonotshang. Go tlhokega gore motho a akanye ka kelotlhoko gore a kgone go bua mafoko a a ntseng jalo. Baebele ga e re neye tsela e e rileng e re tshwanetseng go e latela; e bile ga e na lenaane la mefuta ya “puo e e itekanetseng” e e amogelesegang. (Tito 2:8) Fa re batla go bua mafoko a a “molemo go aga” ba bangwe, re tshwanetse go gopola dintlha di le tharo tse di motlhofo mme di le botlhokwa tse di bontshang gore puo e a aga: Ke fa e le molemo, e le boammaaruri, e bile e buiwa ka bopelonomi. Re akantse ka dintlha tseno, a re sekasekeng dikai di le mmalwa tsa puo e e agang.—Bona lebokose la setlhogo se se reng “A se Ke se Buang se a Aga?”
16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akgola ba bangwe? (b) Re na le ditshono dife tsa go akgola ba bangwe mo phuthegong? mo lelapeng?
16 Go akgola go tswa pelong. Jehofa le Jesu ba ne ba lemoga gore go tlhokega gore ba bue mafoko a a akgolang le a a bontshang gore ba amogela ba bangwe. (Mathaio 3:17; 25:19-23; Johane 1:47) Re le Bakeresete, le rona re tshwanetse go akgola ba bangwe go tswa pelong. Ka ntlha yang? Diane 15:23 ya re: “A bo lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le le molemo jang ne!” Ipotse jaana: ‘Ke ikutlwa jang fa mongwe a nkakgola go tswa pelong? A ga go intumedise le go nkgothatsa?’ Eleruri, fa mongwe a go akgola go tswa pelong seo se dira gore o itse gore go na le mongwe yo o lemogang se o se dirang, yo o amegang ka wena, le gore se o se dirileng se ne se le botlhokwa thata. Go akgolwa jalo go dira gore o itshepe e bile go go tlhotlheletsa gore o dire ka tlhoafalo thata mo isagweng. E re ka o itumela fa o akgolwa, a le wena ga o a tshwanela gore o leke ka bojotlhe go akgola batho ba bangwe?—Bala Mathaio 7:12.
17 Ithute go batla se se molemo mo go ba bangwe, o bo o ba akgola. Mo phuthegong, o ka nna wa utlwa puo e e neetsweng sentle mo pokanong nngwe, wa bona mosha yo o gagamalelang mekgele ya semoya kgotsa wa bona motho yo o godileng yo o nnang gone ka metlha mo dipokanong le fa a na le makoa a bogodi. Go akgola batho bano go tswa pelong go ka ba kgothatsa le go ba nonotsha semoyeng. Mo lelapeng, monna le mosadi ba tshwanetse go akgolana le go bua mafoko a a bontshang gore ba a anaanelana. (Diane 31:10, 28) Bana ba gola sentle segolobogolo fa ba lemoga gore ba tsewa tsia e bile ba a anaanelwa. Go akgola bana le go ba bontsha lorato go a ba lapolosa e bile go a ba nonotsha fela jaaka letsatsi le metsi di dira mo dijalong. Batsadi, batlang ditshono tsa go akgolela bana ba lona dinonofo tsa bone tse di molemo le maiteko a a molemo a ba a dirang. Go akgola bana ba gago jalo go ka dira gore ba nne pelokgale ba bo ba itshepe mme ba tla tlhotlheletsega go leka ka bojotlhe go dira se se siameng.
18, 19. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka ka natla go gomotsa badumedimmogo le rona, mme re ka dira seo jang?
18 Go gomotsa. Jehofa o amega thata ka “ba ba kwa tlase” le “ba ba gateletsweng.” (Isaia 57:15) Lefoko la gagwe le re kgothaletsa go ‘nna re gomotsana’ le go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathesalonika 5:11, 14) Re ka tlhomamisega gore Modimo o lemoga maiteko a re a dirang a go gomotsa badumedimmogo le rona ba dipelo tsa bone di imetsweng ke bohutsana e bile o anaanela maiteko ao.
19 Le fa go ntse jalo, o ka bua eng go aga Mokeresete ka wena yo o kgobegileng marapo kgotsa yo o tshwenyegileng mo maikutlong? O se ka wa akanya gore o tshwanetse go rarabolola bothata jwa gagwe. Mo maemong a le mantsi, gantsi mafoko a a sa raraanang ke one a a thusang thata. Tlhomamisetsa motho yo o kgobegileng marapo gore o amegile ka ene. Ithaope go rapela le motho yo o kgobegileng marapo; o ka kopa Jehofa gore a mo thuse go itse kafa batho ba bangwe le Modimo ba mo ratang ka gone. (Jakobe 5:14, 15) Mo tlhomamisetse gore o a tlhokwa le gore o a ratiwa jaaka e le leloko la phuthego. (1 Bakorintha 12:12-26) Bala temana ya Baebele e e kgothatsang go mo tlhomamisetsa gore ruri Jehofa o amega ka ene. (Pesalema 34:18; Mathaio 10:29-31) Ruri go ipha nako ya go bolelela motho yo o kgobegileng marapo “lefoko le le molemo” le go bua go tswa pelong go tla mo thusa go ikutlwa a ratwa e bile a anaanelwa.—Bala Diane 12:25.
20, 21. Ke mabaka afe a a dirang gore kgakololo e nne le matswela?
20 Kgakololo e e nang le matswela. E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, rotlhe re tlhoka go gakololwa nako le nako. Baebele e re kgothatsa jaana: “Reetsa kgakololo mme o amogele kotlhao, gore o tle o nne botlhale mo isagweng ya gago.” (Diane 19:20) Bagolwane ga se bone fela ba ba tshwanetseng go gakolola batho ba bangwe. Batsadi ba tshwanetse go gakolola bana. (Baefeso 6:4) Bokgaitsadi ba ba godileng semoyeng ba ka nna ba tshwanelwa ke go gakolola makgarebe. (Tito 2:3-5) Go rata batho ba bangwe go re tlhotlheletsa gore re batle go ba naya kgakololo e ba tla e amogelang kwantle ga go ikutlwa e kete ba a gatelelwa. Ke eng se se ka re thusang go naya kgakololo e e ntseng jalo? Akanya ka dintlha di le tharo tse di dirang gore kgakololo e nne le matswela: boikutlo le boikaelelo jwa motho yo o gakololang, lebaka la go bo kgakololo e neelwa le tsela e e neelwang ka yone.
21 Gore kgakololo e nne le matswela go ikaegile ka motho yo o e neelang. Ipotse jaana, ‘Go ka nna motlhofo gore ke amogele kgakololo mo maemong afe?’ Fa o itse gore motho yo o go gakololang o amega ka wena, ga a bue ka gonne a betilwe ke pelo e bile ga a na maikaelelo a a sa siamang, go nna motlhofo go amogela kgakololo ya gagwe. Ka jalo fa o gakolola ba bangwe, a ga o a tshwanela go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo? Gape kgakololo e e nang le matswela e theilwe mo Lefokong la Modimo. (2 Timotheo 3:16) E ka ne re nopola ka tlhamalalo mo Baebeleng kgotsa re sa nopole mo go yone, re tshwanetse go nna le lebaka la Dikwalo la kgakololo epe e re e neelang. Ka jalo, bagolwane ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba pateletsa batho go dira dilo ka tsela ya bone; le gone ba se ka ba sokamisa Dikwalo, ba dira gore go bonale e kete Baebele e tshegetsa tsela nngwe e bone ba lebang dilo ka yone. Gape kgakololo e nna le matswela thata fa e neelwa ka tsela e e tshwanetseng. Kgakololo e e neelwang ka bopelonomi e motlhofo go amogelwa e bile e dira gore motho yo o e amogelang a tswelele a na le seriti. —Bakolosa 4:6.
22. O ikemiseditse go dira eng malebana le go dirisa mpho ya go bua?
22 Eleruri, go bua ke mpho e e molemo e e tswang kwa Modimong. Tsela e re ratang Jehofa ka yone e tshwanetse go re tlhotlheletsa go dirisa mpho eno ka tsela e e siameng e seng ka tsela e e sa siamang. A re gakologelweng gore mafoko a re a buang le batho ba bangwe a na le maatla—maatla a go aga kgotsa a go utlwisa botlhoko. Ka jalo, a re lekeng ka natla go dirisa mpho eno ka tsela e Monei wa yone a neng a ikaeletse gore e dirisiwe ka yone—“go aga” ba bangwe. Ka jalo puo ya rona e tla kgothatsa le go lapolosa ba bangwe e bile e tla re thusa go tswelela re le mo loratong lwa Modimo.
a Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “tshokamo” mo go Diane 15:4 gape le ka raya “go kgopama, go nna bosula.”
b Lefoko “boitshekologo” jaaka le dirisitswe mo Baebeleng, ke lefoko le le akaretsang dilo di le dintsi tse di ka akaretsang maleo a a farologaneng. Le fa e se maleo otlhe a boitshekologo a motho a ka tseelwang kgato ya boatlhodi ka ntlha ya one, motho a ka lelekwa mo phuthegong fa a itlwaeditse go dira boitshekologo jo bo feteletseng.—2 Bakorintha 12:21; Baefeso 4:19; bona setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2006.