Malapa a Bakeresete—‘Nnang lo Tsogile’
“A re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.”—1 BATHES. 5:6.
1, 2. Ke eng se se tlhokegang gore lelapa le nne le tsogile semoyeng?
FA MOAPOSETOLOI Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Thesalonika malebana le “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa” o ne a re: “Bakaulengwe, ga lo mo lefifing, mo letsatsi leo le ka lo welang ka tshoganyetso jaaka le ne le ka wela magodu, gonne lona lotlhe lo bana ba lesedi le bana ba motshegare. Ga re ba bosigo le fa e le ba lefifi.” Paulo o ne a oketsa jaana: “Jalo, a re se nneng re robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira, mme a re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.”—Joele 2:31; 1 Bathes. 5:4-6.
2 Kgakololo e Paulo a neng a e naya Bathesalonika e tshwanela thata Bakeresete ba ba tshelang mo ‘motlheng wa bokhutlo.’ (Dan. 12:4) Fa bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya ga Satane bo ntse bo atamela, Satane o ititeile sehuba gore o tla faposa baobamedi ba boammaaruri ba le bantsi ka tsela e a ka kgonang ka yone gore ba se ka ba direla Modimo. Ka jalo, go tla bo go le botlhale go tsaya tsia kgakololo ya ga Paulo ya go nna re tsogile semoyeng. Fa lelapa la Bakeresete le batla go atlega gore le nne le tsogile, go botlhokwa gore mongwe le mongwe mo lelapeng a diragatse boikarabelo jwa gagwe jwa Dikwalo. Ka jalo, ke seabe sefe se banna ba ba nyetseng, basadi le bana ba nang le sone go thusa malapa a bone go ‘nna a tsogile’?
Banna ba ba Nyetseng—Etsang “Modisa yo o Molemo”
3. Go ya ka 1 Timotheo 5:8, boikarabelo jwa monna jaaka e le tlhogo ya lelapa bo akaretsa eng?
3 Baebele ya re: “Mosadi . . . tlhogo ya gagwe ke monna.” (1 Bakor. 11:3) Boikarabelo jwa monna jaaka e le tlhogo ya lelapa bo akaretsa eng? Fa Dikwalo di tlhalosa sengwe se ditlhogo tsa malapa di tshwanetseng go se dira di bolela jaana: “Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Tim. 5:8) Eleruri, monna o tshwanetse go tlamela ba lelapa la gagwe ka se ba se tlhokang. Le fa go ntse jalo, fa e le gore o batla go thusa lelapa la gagwe gore le nne le tsogile semoyeng, ga a tshwanela go le tlamela ka madi fela. O tshwanetse go aga lelapa la gagwe semoyeng, a thuse botlhe mo lelapeng gore ba nonotshe kamano ya bone le Modimo. (Dia. 24:3, 4) A ka dira seo jang?
4. Ke eng se se ka thusang monna gore a atlege mo go ageng lelapa la gagwe semoyeng?
4 E re ka ‘monna e le tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego,’ monna yo o nyetseng o tshwanetse go sekaseka le go etsa tsela e Jesu a dirisang botlhogo jwa gagwe mo phuthegong ka yone. (Baef. 5:23) Ela tlhoko kafa Jesu a tlhalosang kamano ya gagwe le balatedi ba gagwe ka gone. (Bala Johane 10:14, 15.) Ke eng se se ka dirang gore monna yo o batlang go aga lelapa la gagwe semoyeng a atlege? Ke seno: Ithute se Jesu a se buileng le se a se dirileng jaaka “modisa yo o molemo” mme o “latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.”—1 Pet. 2:21.
5. Ke kitso efe e Modisa yo o Molemo a nang le yone ka phuthego?
5 Fa re bua ka tsela ya tshwantshetso, kamano magareng ga modisa le dinku tsa gagwe e ikaegile ka gore di mo itse di bo di mo ikanye. Modisa o itse sengwe le sengwe ka dinku tsa gagwe mme le dinku di a mo itse e bile di a mo ikanya. Di itse lentswe la gagwe e bile di a le ikobela. Jesu o ne a re: “Ke itse dinku tsa me le tsone di a nkitse.” O itse sengwe le sengwe ka phuthego. Lefoko la Segerika fano le le ranotsweng e le “itse” le kaya “go itse sengwe sentle.” Ruri Modisa yo o Molemo o itse dinku tsa gagwe sentle. O a itse gore nku nngwe le nngwe e tlhoka eng, makoa a yone le dinonofo tsa yone. Ga go sepe se Motlhomasekao wa rona a sa se lemogeng ka dinku tsa gagwe. Mme dinku di itse modisa wa tsone sentle e bile di ikanya boeteledipele jwa gagwe.
6. Banna ba ba nyetseng ba ka etsa Modisa yo o Molemo jang?
6 E le gore monna yo o nyetseng a kgone go dirisa botlhogo jwa gagwe jaaka Keresete, o tshwanetse go ithuta go iteba e le modisa mme a lebe ba ba mo tlhokomelong ya gagwe e le dinku. O tshwanetse go leka ka natla gore a itse lelapa la gagwe sentle. A ruri monna a ka nna le kitso eo? Ee, fa a buisana sentle le maloko otlhe a lelapa la gagwe, a reetsa se ba tshwenyegileng ka sone, a etelela pele mo dilong tse lelapa le di dirang, a le kelotlhoko gore o dira ditshwetso tse di siameng malebana le kobamelo ya lelapa, go nna gone kwa dipokanong, kwa tirelong ya tshimo, boitapoloso le boitlosobodutu. Fa monna wa Mokeresete a etelela pele a na le kitso ya Lefoko la Modimo e bile a itse ba ba mo tlhokomelong ya gagwe, ga go pelaelo gore maloko a lelapa la gagwe a tla ikanya botlhogo jwa gagwe mme o tla kgotsofalela go ba bona ba ntse ba utlwana mo kobamelong ya boammaaruri.
7, 8. Monna yo o nyetseng a ka etsa Modisa yo o Molemo jang ka go bontsha ba ba mo tlhokomelong ya gagwe lorato?
7 Gape modisa yo o molemo o kgatlhegela dinku tsa gagwe. Fa re ithuta dipego tsa Diefangele tse di malebana le botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe, dipelo tsa rona di tlhotlheletsega go anaanela tsela e Jesu a neng a amega ka barutwa ba gagwe ka yone. O ile a bo a “neela moya wa gagwe mo boemong jwa dinku.” Banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go etsa Jesu ka go bontsha ba ba mo taolong ya bone lorato. Monna yo o batlang go amogelwa ke Modimo ga a kitla a gatelela mosadi wa gagwe mme o tswelela a mo rata “fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego.” (Baef. 5:25) Mafoko a gagwe a tshwanetse gore a nne pelonomi le go bontsha go mo akanyetsa, ka gonne o tshwanelwa ke tlotlo.—1 Pet. 3:7.
8 Tlhogo ya lelapa e tshwanetse go tlotlomatsa melaometheo ya Modimo e nitame fa e thapisa bana. Le fa go ntse jalo, ga a tshwanela go palelwa ke go bontsha bana ba gagwe lorato. Ba tshwanetse go otlhaiwa ka lorato fa go tlhokega. Bana ba bangwe ba ka tsaya lobaka go feta ba bangwe go tlhaloganya gore ke eng se se lebeletsweng mo go bone. Fa go le jalo, rre o tshwanetse go nna pelotelele le bone. Fa banna ba latela sekao sa ga Jesu ka metlha, go tla rena kagiso go bo go nne le tshireletsego mo lelapeng. Malapa a bone a nna le tshireletsego ya semoya e mopesalema a neng a opela ka yone.—Bala Pesalema 23:1-6.
9. Fela jaaka tlhogo ya lotso e bong Noa, banna ba Bakeresete ba na le boikarabelo bofe, mme ke eng se se tla ba thusang go bo diragatsa?
9 Tlhogo ya lotso e bong Noa o ne a tshela mo nakong ya bofelo jwa lefatshe la motlha wa gagwe. Mme Jehofa o ne a mmoloka “a babalesegile le ba bangwe ba le supa fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi.” (2 Pet. 2:5) Noa o ne a na le boikarabelo jwa go thusa ba lelapa la gagwe gore ba falole Morwalela. Ditlhogo tsa malapa a Bakeresete di mo boemong jo bo tshwanang le joo mo malatsing ano a bofelo. (Math. 24:37) A bo go le botlhokwa jang ne gore ba ithute mo sekaong sa “modisa yo o molemo” ba bo ba leke ka natla go mo etsa!
Basadi ba ba Nyetsweng —‘Agang Malapa a Lona’
10. Go kaya eng gore mosadi a ikobele monna wa gagwe?
10 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena.” (Baef. 5:22) Polelo eno ga e kaye gore basadi ba na le maemo a a kwa tlase. Pele ga Modimo wa boammaaruri a bopa mosadi wa ntlha e bong Efa, o ne a bua jaana: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.” (Gen. 2:18) Seabe sa go nna “mothusi” le “motlatsi”—sa go ema monna wa gagwe nokeng fa a ntse a diragatsa boikarabelo jwa gagwe jwa lelapa—ke se se tlotlegang tota.
11. Mosadi yo o tlhomang sekao ‘o aga lelapa la gagwe’ jang?
11 Mosadi yo o tlhomang sekao o direla lelapa la gagwe dilo tse di molemo. (Bala Diane 14:1.) Mosadi yo o botlhale o tlotla thulaganyo ya botlhogo fela thata, o farologana le mosadi wa seeleele yo o sa tlotleng thulaganyo eno. O ikobela monna wa gagwe, go na le go bontsha moya wa botlhokakutlo le wa go itaola o lefatshe leno le o bontshang. (Baef. 2:2) Mosadi wa seeleele o itlhaganelela go bua maswe ka monna wa gagwe, mme mosadi yo o botlhale ene o dira ka natla go dira gore bana ba gagwe le batho ba bangwe ba tlotle monna wa gagwe. Mosadi yo o ntseng jalo o ela tlhoko gore a se ka a nyatsa botlhogo jwa monna wa gagwe ka go ngongorega le go ganetsana le ene. Ntlha e nngwe gape e a tshwanetseng go e ela tlhoko ke kgang ya go somarela madi. Mosadi wa seeleele a ka nna a senya didirisiwa tsa lelapa tse di bereketsweng ka natla. Mme mosadi yo o emang monna wa gagwe nokeng ga a nna jalo. O dirisana le monna wa gagwe sentle mo dikgannyeng tsa madi. O dira dilo ka botlhale e bile o somarela madi. Ga a pateletse monna wa gagwe go bereka diura tse di oketsegileng.
12. Mosadi a ka dira eng go thusa lelapa la gagwe go ‘nna le tsogile’?
12 Mosadi yo o tlhomang sekao o thusa lelapa la gagwe go ‘nna le tsogile’ ka go thusa monna wa gagwe go ruta bana dilo tsa semoya. (Dia. 1:8) O ema thulaganyo ya Kobamelo ya Lelapa nokeng ka botlalo. Mo godimo ga moo, o ema monna wa gagwe nokeng fa a kgalemela bana le go ba otlhaya. Ruri o farologane le mosadi yo o sa emeng monna wa gagwe nokeng, yo bana ba gagwe ba sotlegang mo nameng le mo semoyeng!
13. Ke eng fa go le botlhokwa gore mosadi a eme monna wa gagwe nokeng mo ditirong tse a di dirang tse di amanang le puso ya Modimo?
13 Mosadi yo o emang monna wa gagwe nokeng o ikutlwa jang fa a bona monna wa gagwe a dira ka natla mo phuthegong ya Bokeresete? O a itumela! O itumelela tshiamelo e monna wa gagwe a nang le yone le fa monna wa gagwe a ka tswa e le motlhanka wa bodiredi, mogolwane, kgotsa gongwe e le leloko la Komiti ya Puisano le Dikokelo kgotsa la Komiti ya Kago ya Kgaolo. Go tla tlhoka gore a intshe setlhabelo gore a eme monna wa gagwe nokeng ka mafoko le ka ditiro. Mme gone, o a lemoga gore seabe se monna wa gagwe a nnang le sone mo ditirong tse di amanang le puso ya Modimo se thusa lelapa lotlhe gore le nne le tsogile semoyeng.
14. (a) Mosadi yo o emang monna wa gagwe nokeng a ka thatafalelwa ke eng, mme a ka fenya bothata joo jang? (b) Mosadi o thusa jang gore lelapa lotlhe le itumele?
14 E ka nna kgwetlho gore mosadi a tlhome sekao ka go ema monna wa gagwe nokeng, fa monna a dira tshwetso e a sa dumalaneng le yone. Le fa go ntse jalo, o bontsha “moya o o didimetseng le o o bonolo” mme o dirisana le monna wa gagwe go dira gore tshwetso e a e dirileng e atlege. (1 Pet. 3:4) Mosadi yo o molemo o leka go latela dikao tse di molemo tsa basadi ba ba ratang Modimo ba motlha o o fetileng, ba ba jaaka Sara, Ruthe, Abigaile le mmaagwe Jesu e bong Marea. (1 Pet. 3:5, 6) Gape o etsa dikao tsa basadi ba ba godileng ba motlha wa rona ba ba ‘nang le poifo ya bomodimo.’ (Tito 2:3, 4) Mosadi yo o tlhomang sekao o thusa gore lenyalo la bone le atlege le gore lelapa lotlhe le itumele ka go rata monna wa gagwe le ka go mo tlotla. Legae la gagwe ke lefelo la kgomotso le la polokesego. Monna yo o godileng semoyeng o tsaya mosadi yo o mo emang nokeng a le tlhwatlhwakgolo!—Dia. 18:22.
Basha—‘Tlhomang Matlho a Lona e Seng mo Dilong Tse di Bonwang’
15. Basha ba ka dirisana mmogo jang le batsadi ba bone gore lelapa le ‘nne le tsogile’?
15 Lona basha, lo ka dira mmogo jang le batsadi ba lona gore lelapa la lona le ‘nne le tsogile’ semoyeng? Akanyang ka sekgele se Jehofa a se beileng fa pele ga lona. Gongwe go tloga fa o sa ntse o le ngwana, batsadi ba gago ba ne ba go bontsha ditshwantsho tse di bontshang kafa botshelo bo tla nnang ka teng kwa Paradaiseng. Fa o ntse o gola, go ka direga gore ba ile ba dirisa Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete go go thusa go bona ka leitlho la mogopolo gore botshelo jo bo sa khutleng bo tla nna jang mo lefatsheng le lesha. Go nna o tlhomile mogopolo wa gago mo tirelong ya ga Jehofa le go rulaganya botshelo jwa gago ka tsela e e tshwanetseng go tla go thusa go ‘nna o tsogile.’
16, 17. Basha ba ka dira eng gore ba siane lobelo lwa botshelo ka katlego?
16 Akanya ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 1 Bakorintha 9:24. (E bale.) Siana lobelo lwa botshelo ka boikaelelo jwa go fenya. Tlhopha tsela e e tla felelang ka gore o bone sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng. Ba le bantsi ba ile ba itetla go itewa tsebe ke go gagamalela dikhumo mme ba se ka ba tlhoma matlho a bone mo sekgeleng. Ruri seo ke boeleele! Motho yo o tshelang botshelo jwa gagwe a batla go huma a ka se ka a nna le boitumelo jwa mmatota. Dilo tse motho a ka di rekang ka madi ke tsa nakwana fela. Le fa go ntse jalo, wena tlhoma matlho a gago “e seng mo dilong tse di bonwang.” Go reng? Ka gonne “dilo tse di sa bonweng ke tse di sa khutleng.”—2 Bakor. 4:18.
17 “Dilo tse di sa bonweng” di akaretsa masego a Bogosi. Rulaganya go tshela botshelo jwa gago gore o fitlhelele masego ao. Boitumelo jwa mmatota bo nna teng fela fa motho a dirisa botshelo jwa gagwe mo tirelong ya ga Jehofa. Go direla Modimo wa boammaaruri go go naya tshono ya go fitlhelela mekgele e mennye le e megolo.a Go ipeela mekgele ya semoya e o ka e fitlhelelang go ka go thusa gore o tlhome mogopolo mo go direleng Modimo, o lebile pele go bona sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng.—1 Joh. 2:17.
18, 19. Mosha a ka tlhomamisa jang gore o dirile boammaaruri gore e nne jwa gagwe?
18 Basha, kgato ya ntlha e lo ka e tsayang mo tseleng e e isang botshelong ke go dira gore boammaaruri e nne jwa gago. A o tsere kgato eo? Ipotse: ‘A ke motho yo o ratang dilo tsa semoya, kgotsa a batsadi ba me ba tshwanetse go nna ba nkgakolola go nna le seabe mo go tsone? A ke lwela go nna le dinonofo tse di dirang gore ke itumedise Modimo? A ke leka ka natla go nna le thulaganyo ya ka metlha ya ditiro tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri tse di jaaka go rapela ka metlha, go ithuta, go nna gone kwa dipokanong le go nna le seabe kwa bodireding jwa tshimo? A ke atamalana le Modimo ka go leka go nna le kamano le ene?’—Jak. 4:8.
19 Akanya ka sekao sa ga Moshe. Le fa a goletse mo setsong sa baditšhaba, o ne a tlhopha go itsiwe e le moobamedi wa ga Jehofa go na le gore a itsiwe e le morwa morwadia Faro. (Bala Bahebera 11:24-27.) Basha ba Bakeresete, le lona lo tshwanetse go ititaya sehuba gore lo direle Jehofa ka boikanyegi. Fa lo dira jalo lo tla nna le boitumelo jwa mmatota, botshelo jo bo itumedisang gone jaanong, le tsholofelo ya go ‘tshwara botshelo jwa mmatota ka thata.’—1 Tim. 6:19.
20. Ke mang yo o amogelang sekgele mo lobelong lwa botshelo?
20 Mo metshamekong ya bogologolo, lobelo lo ne lo fenngwa ke motabogi a le esi fela. Ga go a nna jalo mo lobelong lwa botshelo. Modimo o rata gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:3, 4) Go na le ba le bantsi ba ba ileng ba taboga ka katlego pele ga wena o taboga, mme go na le ba le bantsi ba ba tabogang le wena. (Baheb. 12:1, 2) Botlhe ba ba sa ineeleng ba tla bona sekgele. Ka jalo, ititeye sehuba gore o fenye!
21. Go tla sekasekiwa eng mo setlhogong se se latelang?
21 Go tla ga “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa” go ka se ka ga tilwa. (Mal. 4:5) Letsatsi leo ga le a tshwanela go wela malapa a Bakeresete a sa lebelela. Go botlhokwa gore botlhe mo lelapeng ba sikare maikarabelo a bone a Dikwalo. O ka dira eng gape gore o nne o tsogile mo semoyeng mme o nonotshe kamano ya gago le Modimo? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dintlha tse tharo tse di amang boitekanelo jwa bomoya jwa lelapa lotlhe.
[Ntlha e e kwa tlase]
O Ithutile Eng?
• Ke eng fa go le botlhokwa gore malapa a Bakeresete a ‘nne a tsogile’?
• Monna a ka etsa jang sekao sa Modisa yo o Molemo?
• Mosadi yo o tlhomang sekao a ka dira eng go ema monna wa gagwe nokeng?
• Basha ba ka thusa jang gore malapa a gabone a nne a tsogile semoyeng?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Mosadi yo o emang monna wa gagwe nokeng o tlhwatlhwakgolo mo monneng wa semoya