Go Ithuta go a Duela
A O KILE wa bona batho ba tlhopha leungo? Ba le bantsi ba leba mmala wa lone le bogolo jwa lone go bona gore a le budule sentle. Batho ba bangwe bone ba dupa leungo leo. Ba bangwe ba a le ama, ba bo ba le tamose. Ba bangwe bone ba utlwa boima jwa lone, ba baya lengwe kafa letsogong le lengwe, mme le lengwe kafa letsogong le lengwe go utlwa gore ke lefe le le boima go gaisa le lengwe ka ntlha ya matute a lone. Batho bano ba akanyang? Ba sekaseka dintlha, ba leba gore di farologana kae, ba gakologelwa a ba neng ba a tlhopha mo nakong e e fetileng, mme ba bapisa a ba a bonang gone jaanong le a ba setseng ba a itse. Ba tla nna le matswela a a molemo ka gonne ba dira dilo ka kelotlhoko.
Ke boammaaruri gore matswela a go ithuta Lefoko la Modimo a magolo le go feta. Fa re leba go le ithuta go le botlhokwa thata mo matshelong a rona, tumelo ya rona e a nonofa, lorato lwa rona lo a gola, bodiredi jwa rona e nna jo bo nang le matswela thata, mme ditshwetso tse re di dirang di bontsha sentle gore re na le temogo le botlhale jwa bomodimo. Malebana le matswela a a ntseng jalo, Diane 3:15 e bolela jaana: “Dilo tse dingwe tsotlhe tse di go itumedisang ga di ka ke tsa lekanngwa le jone.” A o nna le matswela a a ntseng jalo? Go ikaegile thata ka tsela e o ithutang ka yone.—Bakol. 1:9, 10.
Go ithuta ke eng? Ga se go bala fela go go sa reng sepe. Go akaretsa go dirisa maatla a mogopolo o akanya ka kelotlhoko kgotsa ka tsela e e tseneletseng ka se o se balang. Go akaretsa go sekaseka se o se balang, o se bapisa le se o setseng o se itse, e bile o ela tlhoko mabaka a a ntshitsweng go tlhalosa dipolelo tse di kwadilweng. Fa o ithuta, akanya thata ka dikgopolo le fa e le dife tse di kwadilweng tse di ka tswang di le disha mo go wena. Gape, akanya kafa wena ka bowena o ka nnang wa dirisa kgakololo ya Dikwalo ka botlalo ka gone. Jaaka Mosupi wa ga Jehofa, gape o tla batla go akanya ka dibaka tsa go dirisa dintlha tseno gore o thuse ba bangwe. Ga go na pelaelo gore go ithuta go akaretsa go tlhatlhanya.
Go Baakanya Mogopolo
Fa o ipaakanyetsa go ithuta, o tla ka dilo tse di tshwanang le Baebele, dikgatiso dipe fela tse o rulaganyetsang go di dirisa, pensele kgotsa pene, gongwe le buka e o tla kwalelang dintlha mo go yone. Mme gape a o baakanya le pelo ya gago? Baebele e re bolelela gore Esera “o ne a etleeditse pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa le go o dira le go ruta molao le tshiamiso mo Iseraele.” (Esera 7:10) Go baakanya pelo ka tsela e e ntseng jalo go akaretsa eng?
Thapelo e re thusa go ithuta Lefoko la Modimo re na le maikutlo a a siameng. Re batla gore pelo ya rona, botho jwa rona jwa kafa teng, bo amogele thuto e Jehofa a re rutang yone. Nako le nako fa o simolola go ithuta, kopa Jehofa gore a go thuse ka moya wa gagwe. (Luke 11:13) Mo kope gore a go thuse go tlhaloganya bokao jwa se o tlileng go se ithuta, kafa se amanang le boikaelelo jwa gagwe ka gone, kafa se ka go thusang ka gone gore o lemoge se se molemo le se se bosula, kafa o tshwanetseng go dirisa melaometheo ya gagwe ka gone mo botshelong jwa gago, le kafa dintlha tseo di amang kamano ya gago le ene ka gone. (Dia. 9:10) Fa o ntse o ithuta, ‘nna o kope Modimo’ gore a go neye botlhale. (Jak. 1:5) Itshekatsheke ka boikanyegi o dirisa se o se ithutang o ntse o kopa Jehofa gore a go thuse go tlosa dikakanyo dipe fela tse di sa siamang kgotsa dikeletso tse di bosula. Ka metlha, ‘arabela Jehofa ka go ntsha ditebogo’ ka ntlha ya dilo tse a di senolang. (Pes. 147:7) Go simolola jalo ka thapelo fa o ithuta go dira gore o atamalane thata le Jehofa, e re ka go re thusa go arabela fa a bua le rona ka Lefoko la gagwe.—Pes. 145:18.
Go arabela ka tsela e e ntseng jalo go farologanya batho ba ga Jehofa le baithuti ba bangwe. Mo go ba ba sa boifeng Modimo, go tlwaelegile gore ba belaele se se kwadilweng le go se ganetsa. Mme rona ga re lebe dilo ka tsela eo. Re ikanya Jehofa. (Dia. 3:5-7) Fa re sa tlhaloganye sengwe, ga re ipolelele fela gore se tshwanetse sa bo se le phoso. Re nna re letile Jehofa fa re ntse re batla dikarabo le go di epa. (Mik. 7:7) Jaaka Esera, mokgele wa rona ke go dira se re se ithutang le go se ruta ba bangwe. Fa re na le pelo e e ntseng jalo, go ithuta ga rona go tla re solegela molemo fela thata.
Kafa o ka Ithutang ka Gone
Go na le gore o simolole ka go bala serapa sa ntlha go ya go fitlha kwa go sa bofelo, simolola pele ka go ipha nako ya go leba setlhogo sotlhe kgotsa kgaolo e o tlileng go e bala. Simolola ka go sekaseka mafoko a setlhogo. Ono ke one molaetsamogolo wa se o tla bong o se ithuta. Morago ga moo ela tlhoko kafa ditlhogwana di amanang le setlhogo se segolo ka gone. Sekaseka ditshwantsho dipe tse di leng teng, ditšhate, kgotsa mabokoso a go ithuta a a mo setlhogong se o se ithutang. Ipotse jaana: ‘Morago ga go sekaseka setlhogo sotlhe, ke solofetse go ithuta eng? Se tla ntsholegela molemo jang?’ Seno se dira gore o ithute o na le boikaelelo.
Jaanong batla dintlha tsa konokono. Ditlhogo tse di ithutiwang tsa Tora ya Tebelo le dibuka dingwe di na le dipotso tse di gatisitsweng. Fa o ntse o bala serapa sengwe le sengwe, go molemo go tshwaya dikarabo. Tota le fa go se na dipotso tsa thuto, o sa ntse o ka nna wa tshwaya dintlha dingwe tse di botlhokwa tse o batlang go di gakologelwa. Fa ntlha nngwe e le ntšha mo go wena, ema nakonyana mo go yone o akanya ka yone go tlhomamisa gore o e tlhaloganya sentle. Ela tlhoko dipapiso kgotsa ditsela tsa go tlhalosa mabaka tse di tla go solegelang molemo mo bodireding jwa tshimo kgotsa tse o ka nnang wa di dirisa fa o abelwa puo mo isagweng. Akanya ka batho bangwe ba ba rileng ba tumelo ya bone e ka nonotshiwang fa o ba tlotlela ka se o se ithutang. Tshwaya dintlha tse o batlang go di dirisa, mme o di boeletse fa o fetsa go ithuta.
Fa o ntse o bala, leba dikwalo tse di umakilweng fela mme di sa nopolwa. Sekaseka go bona gore lokwalo longwe le longwe lo amana jang le kgopolo ya konokono ya serapa.
O ka nna wa kopana le dintlha tse o sa di tlhaloganyeng ka bonako kgotsa tse o tla ratang go di tlhatlhobisisa. Go na le gore o di letle di go ntshe mo tseleng, di tshwaye mme o di sekaseke moragonyana. Gantsi dintlha tseo di tla simolola go utlwala sentle fa o ntse o tswelela pele o bala kgang yotlhe. Fa go sa nna jalo, o ka nna wa dira patlisiso e e oketsegileng. O ka tshwaya dintlha dife tse o tla di sekasekang jalo moragonyana? Gongwe go nopotswe lokwalo longwe lo o sa lo tlhaloganyeng sentle. Kgotsa o ka nna wa se ka wa tlhaloganya ka bonako kafa lo amanang ka gone le kgang e go tlotliwang ka yone. Gongwe o na le maikutlo a gore o tlhaloganya ntlha nngwe mo kgannyeng e o e balang mme ga o e tlhaloganye sentle gore o ka e tlhalosetsa motho yo mongwe. Go na le gore o e fete fela, go ka nna botlhale gore o dire patlisiso ka yone fa o sena go fetsa se o simolotseng go se ithuta.
Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera lekwalo le le neng le na le dintlha di le dintsi, o ne a kgwa moya mo bogareng jwa lone mme a re: “Ntlha ya konokono ke eno.” (Baheb. 8:1) A o nna o ikgakolola jalo nako le nako? A ko o akanye gore ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a dira jalo. Mo dikgaolong tse di fetileng tsa lekwalo la gagwe le le tlhotlheleditsweng, o ne a setse a bontshitse gore Keresete jaaka Moperesiti yo Mogolo thata wa Modimo o ne a tsene mo go le e leng legodimo tota. (Baheb. 4:14–5:10; 6:20) Le fa go ntse jalo, ka go tlhomolola ntlha eno ya konokono le go e gatelela kwa tshimologong ya kgaolo 8, Paulo o ne a baakanya megopolo ya babadi ba lekwalo la gagwe gore ba akanye thata ka tsela e seno se amang matshelo a bone ka yone. O ne a tlhalosa gore Keresete o ne a ba bonalela fa pele ga Modimo e bile o ne a ba buletse tsela gore ba tsene mo “lefelong le le boitshepo” leo la selegodimo. (Baheb. 9:24; 10:19-22) Go tlhomamisega ga bone gore tsholofelo eno e ne e tlile go diragadiwa go ne go tla ba tlhotlheletsa gore ba dirise kgakololo e nngwe e e neng e le teng mo lekwalong leno e e malebana le tumelo, boitshoko le boitshwaro jwa Bokeresete. Ka tsela e e tshwanang, fa re ithuta, go tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa konokono go tla re thusa gore re lemoge kafa kgang e re e ithutang e tlhalosiwang ka gone mme go tla gatelela mabaka a a utlwalang a go dira tumalanong le yone mo megopolong ya rona.
A go ithuta ga gago ka namana go tla go tlhotlheletsa go tsaya kgato? Eno ke potso e e botlhokwa thata. Fa o ithuta sengwe, ipotse jaana: ‘Selo seno se tshwanetse go ama maikutlo a me le mekgele ya me mo botshelong jang? Nka dirisa tshedimosetso eno jang fa ke rarabolola bothata bongwe, fa ke dira tshwetso, kgotsa fa ke leka go fitlhelela mokgele wa me? Nka e dirisa jang mo lelapeng la me, mo bodireding jwa tshimo, mo phuthegong?’ Akanyetsa dipotso tseno ka thapelo, o akanyetsa maemo a mmatota a o ka dirisang kitso ya gago mo go one.
Fa o sena go bala kgaolo nngwe kgotsa setlhogo, iphe nako ya go dira poeletso e khutshwane. Bona gore a o ka kgona go gakologelwa dintlha tsa konokono le mabaka a a di tshegetsang. Kgato eno e tla go thusa gore o tshwarelele tshedimosetso eno gore o e dirise mo isagweng.
Se o Ka se Ithutang
Rona batho ba ga Jehofa, re na le dilo di le dintsi tse re ka di ithutang. Mme re ka simolola kae? Letsatsi le letsatsi, re dira sentle go ithuta temana le dikakgelo tse di tswang mo kgatisong ya Go Tlhatlhoba Dikwalo Letsatsi le Letsatsi. Beke le beke, re nna teng kwa dipokanong tsa phuthego, mme se re se ithutang fa re baakanyetsa dipokano tseno se tla re thusa gore re solegelwe molemo fela thata. Mo godimo ga seno, bangwe ba dirisa nako ka botlhale gore ba ithute dikgatiso dingwe tsa rona tsa Bokeresete tse di gatisitsweng pele ba ithuta boammaaruri. Ba bangwe ba tlhopha karolo nngwe ya mmalo wa Baebele wa beke le beke ba bo ba dira patlisiso e e tseneletseng ya ditemana tsa yone.
Go tweng fa maemo a gago a sa go letle gore o ithute ka kelotlhoko tshedimosetso yotlhe e e tla ithutiwang kwa dipokanong tsa phuthego tsa beke le beke? Tila lemena la go bala ka bonako fela gore o fetse, kgotsa se se maswe go feta seo, go sa bale sepe gotlhelele ka gonne o sa kgone go ithuta tshedimosetso yotlhe. Go na le moo, leba go bona gore o ka ithuta dintlha di le kana kang, mme o di ithute sentle. Dira jalo beke nngwe le nngwe. Fa nako e ntse e tsamaya, leka go atolosa thuto ya gago gore o baakanyetse le dipokano tse dingwe.
‘Aga ba Ntlo ya Gago’
Jehofa o lemoga gore ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go dira ka natla gore di tlamele baratiwa ba bone. Diane 24:27 e bolela jaana: “Baakanyetsa tiro ya gago kwa ntle, mme o e ipaakanyetse kwa tshimong.” Lefa go ntse jalo, dilo tsa semoya tse di tlhokwang ke ba lelapa la gago ga di a tshwanela go tlhokomologiwa. Ka gone, temana eno e tswelela pele jaana: “Morago ga moo gape o age ba ntlo ya gago.” Ditlhogo tsa malapa di ka dira seno jang? Diane 24:3 e bolela jaana: “[Ntlo] e tla tlhomamisiwa thata ka temogo.”
Temogo e ka solegela ba ntlo ya gago molemo jang? Temogo ke bokgoni jwa mogopolo jwa go leba ka kwa ga selo se se bonwang. Go ka bolelwa gore thuto ya lelapa e e nang le matswela e simolola ka go ithuta lelapa la gago ka bolone. Maloko a lelapa la gago a gatela pele jang semoyeng? Reetsa ka kelotlhoko fa o ntse o tlotla le bone. A go na le moya mongwe wa go ngongorega kgotsa wa letlhoo? A go batla dilo tse di bonalang ke selo se se botlhokwa thata mo go bone? Fa o le mo bodireding jwa tshimo le bana ba gago, a ba ikutlwa ba phuthologile go bidiwa Basupi ba ga Jehofa fa pele ga dithaka tsa bone? A ba itumelela thulaganyo ya gago ya lelapa ya go bala Baebele le go e ithuta? A ruri ba dira gore tsela ya ga Jehofa e nne tsela ya bone ya botshelo? Go sekaseka seno ka kelotlhoko go tla senola se wena jaaka tlhogo ya lelapa o tlhokang go se dira gore o age dinonofo tsa semoya mo lelokong lengwe le lengwe la lelapa.
Batla ditlhogo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di tlotlang ka dilo tse di kgethegileng tse ba di tlhokang. Morago ga moo, bolelela lelapa go sa le gale gore ke eng se se tlileng go ithutiwa gore ba tle ba kgone go nna ba akanya ka tshedimosetso eo. Dira gore go rene maemo a lorato ka nako ya fa lo ithuta. Tlhomolola botlhokwa jwa dilo tse lo di ithutang kwantle ga go otlhaya leloko lepe la lelapa kgotsa go le tlhabisa ditlhong, o bontsha kafa lelapa la gago le tlhokang go di dirisa ka gone. Dira gore leloko lengwe le lengwe la lelapa le nne le seabe. Thusa mongwe le mongwe go bona kafa Lefoko la ga Jehofa le ‘itekanetseng’ ka gone mo go re neyeng se se tlhokegang mo botshelong.—Pes. 19:7.
Go Bona Maduo
Batho ba ba elang dilo tlhoko mme ba sa tlhaloganye dilo tsa semoya ba kgona go ithuta ka lobopo, ditiragalo tsa lefatshe, tota le go ithuta ka bone ka bobone mme ga ba kgone go tlhaloganya bokao jwa mmatota jwa se ba se bonang. Kafa letlhakoreng le lengwe, ka thuso ya moya wa Modimo, batho ba ba ithutang Lefoko la Modimo ka metlha ba kgona go lemoga ditiro tsa Modimo mo dilong tseno, ba kgona go lemoga go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele, le go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo a go segofatsa batho ba ba kutlo.—Mar. 13:4-29; Bar. 1:20; Tshen. 12:12.
Le fa seno ka bosone se kgatlha thata jaana, ga se a tshwanela go dira gore re ikgantshe. Go na le moo, go tlhatlhoba Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi go re thusa gore re nne re ntse re le boikokobetso. (Dute. 17:18-20) Gape go re sireletsa mo ‘maatleng a a tsietsang a boleo’ ka gonne fa Lefoko la Modimo le tshela mo dipelong tsa rona, go ka se direge gore boleo jo bo gogelang bo fekeetse go ikemisetsa ga rona go emelana le jone. (Baheb. 2:1; 3:13; Bakol. 3:5-10) Ka gone, re tla “tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa gore [re] mo itumedise ka botlalo jaaka [re] tswelela [re] ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.” (Bakol. 1:10) Mokgele wa rona ke go dira jalo fa re ithuta Lefoko la Modimo, mme fa re o fitlhelela re a bo re bona maduo a magolo thata.