Kgaolo ya Borataro
Thusa Ngwana wa Gago wa Dingwaga Tsa Bolesome go Gatela Pele
1, 2. Dingwaga tsa bolesome di gwetlha le go itumedisa ka ditsela dife?
FA GO na le ngwana wa dingwaga tsa bolesome mo ntlong go farologane thata le fa go na le wa dingwaga tse tlhano kana di le lesome. Dingwaga tsa bolesome di a gwetlha e bile di lere mathata, lefa go ntse jalo di ka lere boitumelo le masego. Dikao tse di jaaka Josefe, Dafite, Josia le Timotheo di supa kafa basha ba ka dirang dilo ka teng ka tsela e e supang gore ba na le boikarabelo le go nna le botsalano jo bo molemo thata le Jehofa. (Genesise 37:2-11; 1 Samuele 16:11-13; 2 Dikgosi 22:3-7; Ditiro 16:1, 2) Bana ba bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba dira fela jaaka bone. Gongwe e bile o itse bangwe ba bone.
2 Lefa go ntse jalo, dingwaga tsa bolesome di leretse ba bangwe mathata. Bana ba dingwaga tseno ba a itumela e bile ka dinako dingwe ba a hutsafala. Basimane le basetsana ba dingwaga tsa bolesome ba ka nna ba eletsa go bona kgololesego e ntsinyana e bile ba ka nna ba se ka ba rata fa batsadi ba ba tlhomela melelwane. Lefa go ntse jalo, basha ba ba ntseng jalo ga ba ise ba nne le maitemogelo e bile ba tlhoka go thusiwa ka lorato le ka bopelotelele ke batsadi ba bone. Ee, dingwaga tsa bolesome di ka kgatlha thata mme di ka dira gore motho a tlalelwe—batsadi mmogo le bana ba dingwaga tsa bolesome. Basha ba ka thusiwa jang fa ba le mo dingwageng tseno?
3. Batsadi ba ka naya basha ba bone tshono e e molemo jang mo botshelong?
3 Batsadi ba ba latelang kgakololo ya Baebele ba naya bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome tshono e e di gaisang tsotlhe ya gore ba fenye diteko mme e nne bagolo ba ba nang le maikarabelo. Mo dinageng tsotlhe le ka dinako tsotlhe, batsadi le bana ba dingwaga tsa bolesome ba ba neng ba dirisa melaometheo ya Baebele mmogo ba ile ba segofadiwa ka gore ba atlege.—Pesalema 119:1.
GO BUISANA KA BOIKANYEGI LO BUTSE MAFATLHA
4. Ke eng fa go bolelelana diphiri go le botlhokwa thata segolobogolo mo dingwageng tsa bolesome?
4 Baebele ya re: “Kwa go se nang kgakololo gone, maikaelelo a tle a tlhaele.” (Diane 15:22) Fa e le gore go ne go tlhokega gore bana ba gago ba go bolelele diphiri tsa bone fa ba ne ba santse ba le bannye, go botlhokwa thata gore ba dire jalo fa ba le mo dingwageng tsa bolesome—nako ya fa basha ba sa nne thata mo gae mme ba dirisa nako e ntsi ba na le ditsala tsa sekolo kana le bankane ba bone. Fa batsadi le bana ba sa kgone go bolelelana diphiri—go buisana ka boikanyegi ba bulelana mafatlha—basha ba ka fetoga baeng fela mo legaeng. Ka jalo lo ka dira jang gore lo nne lo kgona go buisana fela ka kgololesego?
5. Bana ba dingwaga tsa bolesome ba kgothalediwa gore ba lebe kgang ya go buisana le batsadi ba bone jang?
5 Bana ba dingwaga tsa bolesome le batsadi ba tshwanetse go dira seabe sa bone botlhe mo go seno. Ke boammaaruri gore basha ba ka nna ba fitlhela go le bokete go buisana le batsadi ba bone jaanong go na le fa ba ne ba santse ba le babotlana. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore “kwa go se nang kgogo ya botlhale gone, batho ba a wa, mme mo bontsing jwa bagakolodi go nne le polokego.” (Diane 11:14) Mafoko ano a dira mo go botlhe, basha le bagolo ka go tshwana. Bana ba dingwaga tsa bolesome ba ba lemogang seno ba tla tlhaloganya gore ba santse ba tlhoka go kaelwa ka botlhale, gonne ba lebane le dikgang tse di raraaneng thata go gaisa pele. Ba tshwanetse go lemoga gore batsadi ba bone ba ba dumelang ba mo boemong jo bo siameng thata jwa go ba gakolola gonne ba na le maitemogelo a mantsi a botshelo e bile ba ile ba itshupa ka dingwaga tse dintsi gore ba a ba rata. Ka gone, basha ba ba botlhale ga ba kitla ba tlogela go reetsa batsadi ba bone fa ba fitlha mo dingwageng tseno tsa botshelo jwa bone.
6. Batsadi ba ba botlhale le ba ba lorato ba tla nna le boikutlo bofe fa go tla mo go buisaneng le bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome?
6 Go tla batla gore motsadi a leke thata gore a bo a le teng fa ngwana wa gagwe yo o mo dingwageng tsa bolesome a batla go bua nae, gore go kgonege gore ba buisane ka kgololesego. Fa e le gore o motsadi, tlhomamisa gore wena o buisana le ene o gololesegile. Seno se ka nna sa se ka sa nna motlhofo. Baebele e bolela gore go na le “motlha wa go didimala, le motlha wa go bua.” (Moreri 3:7) Fa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a ikutlwa a batla go bua, e ka tswa e le nako ya gore o didimale. Gongwe o ne o ikaeletse go ithuta, go itapolosa kana go dira sengwe fela mo legaeng ka nako eo. Gone mme, fa ngwana wa gago a batla go bua le wena, tlogela se o neng o tla se dira mme o mo reetse. Go sa nneng jalo, a ka nna a se ka a leka gape. Gakologelwa sekao sa ga Jesu. Ka nako nngwe o ne a rulagantse gore o tlile go ikhutsa. Mme e ne ya re fa batho ba mo kgobokanela, o ne a tlogela seo mme a simolola go ba ruta. (Mareko 6:30-34) Bana ba bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba kgona go lemoga gore batsadi ba bone ba tshela ba tshwaregile thata, mme ba tlhoka go tlhomamisediwa gore ba ka kgona go buisana le bone fa ba ba tlhoka. Ka gone, dira gore o nne teng o bo o supe gore o amega ka ene.
7. Batsadi ba tshwanetse go tila eng?
7 Leka go gakologelwa gore go ne go ntse jang fa o ne o santse o le ngwana e bile o nne o itshegele fela! Batsadi ba tshwanetse go ja monate fa ba ntse le bana ba bone. Batsadi ba dira jang fa ba na le nako? Fa e le gore ba batla go dirisa nako eo ba dira dilo ba sena le ba malapa a bone, bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome ba tla lemoga ka bonako thata. Fa basha ba ka swetsa gore ditsala tsa bone tsa kwa sekolong di ba akanyetsa thata go feta batsadi ba bone, ba tlile go nna le mathata.
SE LO KA BUISANANG KA SONE
8. Go ka dirwa jang gore ngwana a kgone go lemoga botlhokwa jwa go ikanyega, go dira ka natla le boitsholo jo bo siameng?
8 Fa e le gore batsadi ba ne ba ise ba rute bana ba bone go lemoga botlhokwa jwa go ikanyega le go dira ka natla, ruri ba tshwanetse go dira seo fa ba le mo dingwageng tseo tsa bolesome. (1 Bathesalonika 4:11; 2 Bathesalonika 3:10) Go botlhokwa gape gore ba tlhomamise gore bana ba bone ba dumela ka pelo yotlhe gore go botlhokwa gore ba nne le boitsholo jo bontle le go dira tshiamo. (Diane 20:11) Motsadi o kgona go ruta ngwana dilo tseno ka go mo tlhomela sekao. Fela jaaka banna ba ba sa dumelang ba kgona gore ba “kgonwe kwa ntle ga lefoko ke mokgwa o montle wa basadi ba bone,” bana ba dingwaga tsa bolesome le bone ba ka ithuta melaometheo e e siameng mo boitsholong jwa batsadi ba bone. (1 Petere 3:1) Lefa go ntse jalo, sekao se le nosi ga se a lekana, gonne bana ba kopana le dikao tse dintsi tse di maswe e bile go na le dikgang tse dintsi tse di seng boammaaruri tse di gogelang, ka kwa ntle ga legae. Ka gone, batsadi ba ba lorato, ba tshwanetse go itse se se akanngwang ke bana ka se ba se bonang le se ba se utlwang mme seo se dira gore ba buisane ka ditsela tse di tla nnang mosola.—Diane 20:5.
9, 10. Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba ruta bana ba bone kaga dikgang tsa tlhakanelodikobo, mme ba ka dira seno jang?
9 Seno se boammaaruri thata fa go tla mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo. Batsadi, a lo tlhajwa ke ditlhong go tlotla le bana ba lona ka tlhakanelodikobo? Lefa go ka tswa go ntse jalo, leka go go dira, ka go bo basha ba tlile go ithuta seo mo mothong mongwe o sele. Fa ba sa di ithute mo go wena, go itse mang gore ba tlile go di utlwa di sokamisitswe? Mo Baebeleng, Jehofa ga a tile dikgang tse di buang ka tlhakanelodikobo, batsadi le bone ga ba a tshwanela.—Diane 4:1-4; 5:1-21.
10 Se se itumedisang ke gore, Baebele e kaela ka phepafalo mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo e bile Mokgatlho wa Watchtower o ile wa gatisa tshedimosetso e e mosola thata e e supang gore kaelo eno e santse e tlhokega thata mo lefatsheng leno la segompieno. Ke eng o sa dirise dilo tse di ka go thusang tseno? Ka sekai, ke eng fa wena le morwao kana morwadio le sa bale karolo e e reng “Tlhakanelo-Dikobo le Maitsholo A A Siameng” mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo? O tla gakgamadiwa ke matswela a a tla go itumedisang.
11. Batsadi ba ka ruta bana ba bone go direla Jehofa ka tsela efe e e molemo?
11 Ke kgang efe e e botlhokwa thata e batsadi le bana ba tshwanetseng go tlotla ka yone? Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka yone fa a ne a kwala jaana: “[Bana ba lona] lo ba godisetse mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.” (Baefeso 6:4) Bana ba tshwanetse gore ba ithute ka Jehofa ka metlha. Totatota, ba tshwanetse go ithuta go mo rata e bile ba tshwanetse gore ba batle go mo direla. Fano le gone o ka ba ruta dilo tse dintsi ka go ba tlhomela sekao. Fa basha ba bona batsadi ba bone ba rata Modimo ‘ka dipelo tsotlhe tsa bone, le ka mowa otlhe wa bone le ka tlhaloganyo yotlhe,’ le gore seno se ungwa maungo a a molemo mo matshelong a batsadi ba bone, ba tlile go tlhotlheletsega go dira jalo le bone. (Mathaio 22:37) Ka tsela e e tshwanang, fa basha ba lemoga gore batsadi ba bone ga ba rate dithoto ka tsela e e feteletseng, ba baya Bogosi jwa Modimo kwa pele, ba tla kgona go nna le boikutlo jo bo tshwanang.—Moreri 7:12; Mathaio 6:31-33.
12, 13. Batsadi ba tshwanetse go nna ba gakologetswe dintlha dife gore thuto ya lelapa e atlege?
12 Thuto ya lelapa ya Baebele e e tshwarwang beke le beke e thusa ka tsela e e tlhomologileng thata mo go ruteng basha dilo tse di botlhokwa tsa semoya. (Pesalema 119:33, 34; Diane 4:20-23) Go botlhokwa thata gore thuto e e ntseng jalo e tshwarwe ka metlha. (Pesalema 1:1-3) Batsadi le bana ba tshwanetse go lemoga gore thuto ya lelapa e tshwanetse go tla pele ga ditiro tse dingwe e seng gore ditiro di tle pele. Mo godimo ga moo, boikutlo e tshwanetse ya nna jo bo siameng gore thuto ya lelapa e tle e nne mosola. Rre mongwe o ne a re: “Selo sa botlhokwa ke gore motshwari wa yone a dire gore botlhe ba ritibale ba bo ba nne ka tsela e e supang gore ba tlotla thuto ya lelapa—e se ka ya gagamala mme legale go se ka ga tshamekiwa. Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go dira dilo ka tekatekano e bile ba babotlana ba tla tshwanela go nna ba kgalemiwa gore ba nne le boikutlo jo bo siameng. Fa dilo di sa tsamaye sentle ka lekgetlho le le lengwe kana a mabedi, nna pelotelele mme o lebelele lekgetlho le le tlang.” Ene rre yono o ne a bolela gore nako le nako fa a simolola thuto ka thapelo o kopa Jehofa ka tlhamalalo gore a thuse botlhe ba ba leng teng gore ba nne le kgopolo e e siameng.—Pesalema 119:66.
13 Batsadi ba ba dumelang ba na le boikarabelo jwa go tshwara thuto ya lelapa. Gone ke boammaaruri gore batsadi ba bangwe ga se ditswerere mo go ruteng e bile go ka nna bokete mo go bone go dira gore thuto ya lelapa e kgatlhe. Lefa go ntse jalo, fa e le gore o rata bana ba gago ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome ka ‘ditiro le ka boammaaruri,’ o tla eletsa go ba thusa gore ba ikokobetse le go ikanyega ka ditsela tse di tla ba dirang gore ba gatele pele semoyeng. (1 Johane 3:18) Ba ka nna ba ngongorega ka dinako dingwe mme gone, ba tla lemoga gore o batla gore ba bone melemo.
14. Duteronome 11:18, 19 e ka dirisiwa jang fa o buisana le bana ba dingwaga tsa bolesome ka dilo tsa semoya?
14 Thuto ya lelapa ga se lone lekgetlho fela le lo ka buisanang ka lone ka dilo tse di botlhokwa tsa semoya. A o gakologelwa kafa Jehofa a laetseng batsadi ka teng? O ne a re: “Ke gone bolokang mafoko a, a me, mo pelong ya lona, le mo moweng wa lona; lo a bofelele mo diatleng tsa lona go nna sesupo, a nne sebeo sa fa gare ga matlho a lona. Lo a rute bana ba lona, lo bue ka ga one, fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.” (Duteronome 11:18, 19; bona gape Duteronome 6:6, 7.) Seno ga se reye gore batsadi ba tshwanetse go rerela bana ba bone ba sa kgaotse. Mme tlhogo ya lelapa e e lorato e tla nna e disitse ditshono tsa go aga lelapa gore le lebe dilo ka tsela ya semoya.
KGALEMELO LE TLOTLO
15, 16. (a) Kgalemelo ke eng? (b) Ke mang yo o nang le boikarabelo jwa go kgalemela, mme ke mang yo o nang le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore e a reediwa?
15 Kgalemelo ke thapiso e e thusang go baakanya diphoso mme e akaretsa puisano. Kgalemelo e kaya thata go baakanya go na le go otlhaya—lefa gone kotlhao e ka nna ya tlhokega. Bana ba gago ba ne ba tlhoka go kgalemelwa fa ba santse ba le bannye mme jaanong jaaka ba le mo dingwageng tsa bolesome ba go tlhoka ka tsela e e farologaneng, gongwe e bile thata. Bana ba dingwaga tseno tsa bolesome ba ba botlhale ba itse gore seno se boammaaruri.
16 Baebele ya re: “Lesilo le nyatsa thuto ya rra lone, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o bapala bonokopela.” (Diane 15:5) Re ithuta go le gontsi mo lokwalong lono. Lo kaya gore ba tla kgalemelwa. Ngwana ga a kake a ‘ela kgalemelo tlhoko’ fa a sa kgalemiwe. Jehofa o neile batsadi boikarabelo jwa go kgalemela, segolobogolo rre. Lefa go ntse jalo, ngwana o na le boikarabelo jwa go reetsa kotlhao eo. Fa a reetsa rraagwe kana mmaagwe fa a mo kgalemela ka botlhale o tla ithuta go le gontsi e bile ga a kitla a dira diphoso tse dintsi. (Diane 1:8) Baebele ya re: “Khumanego le ditlhong di tlaa nna kwa go yo o ganang thuto, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o tla tlotlwa.”—Diane 13:18.
17. Batsadi ba tshwanetse go leka thata go lekalekanya dilo jang fa ba kgalemela?
17 Batsadi ga ba a tshwanela go feteletsa dilo fa ba kgalemela bana. Ba tshwanetse go tila go gagamala thata mo ba ka galefisang bana ba bone, gongwe e bile ba dira gore bana ba bone ba se ka ba itshepa. (Bakolosa 3:21) Gape, batsadi ga ba kake ba letlelela sengwe le sengwe mo go tla dirang gore bana ba se ka ba thapisiwa ka tshwanelo. Go ka nna kotsi thata fa ba ka letla sengwe le sengwe. Diane 29:17 ya re: “Otlhaya morwao, mme o tlaa go naya boikhutso; ee, o tlaa jesa mowa wa gago monate.” Lefa go ntse jalo, temana ya 21 ya re: “Yo o sa leng a godisa motlhanka wa gagwe mo bonyaneng jwa gagwe ka tlekeetso o tlaa [nna motho yo o senang tebogo, NW] mo bofelong.” Le mororo temana eno e bua ka motlhanka, e raya le mosha ope fela yo o mo lelapeng.
18. Kgalemelo ke sesupo sa eng, mme batsadi ba tila eng fa ba kgalemela nako le nako fa go na le phoso?
18 Ka boammaaruri, motsadi o a bo a supa gore o rata ngwana wa gagwe fa a mo kgalemela. (Bahebere 12:6, 11) Fa o le motsadi, o a itse gore go bokete go kgalemela ngwana ka tsela e e tshwanetseng nako le nako fa a dira phoso. Go ka bonala go le motlhofo go lesa ngwana yo o bogoma gore a dire kafa a batlang ka teng. Lefa go ntse jalo, kgabagare, motsadi yo o dirang dilo jaana o tla duelela seo ka go nna le lelapa le a sa kgoneng go le laola.—Diane 29:15; Bagalatia 6:9.
TIRO LE MOTSHAMEKO
19, 20. Batsadi ba ka dira jang ka botlhale fa go tla mo kgannyeng ya boitlosobodutu jwa bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome?
19 Mo metlheng ya bogologolo, gantsi bana ba ne ba lebelelwa gore ba thuse mo lelapeng kana kwa masimong. Bana ba gompieno ba na le nako e ntsi ya go nna fela ba sa dire sepe. E le gore ba nne le se ba ka se dirang ka nako eo, bagwebi ba dira dilo tse dintsi tsa go itlosa bodutu. Fa o tlhakanya seno le ntlha ya gore lefatshe ga le lebe melao ya Baebele ya boitsholo e le botlhokwa, se se salang ke gore seno se ka baka mathata.
20 Ka gone, motsadi yo o botlhale ke ene a dirang ditshwetso tsa bofelo mo kgannyeng ya boitlosobodutu. Lefa go ntse jalo, o se ka wa lebala gore ngwana yono o a gola. Fa dingwaga di ntse di feta, o tla solofela gore go dirisanwe le ene jaaka mogolo. Ka jalo, motsadi o tshwanetse gore a mo letle ka mo go oketsegileng go itlhophela boitlosobodutu fa a ntse a gola—fela fa e le gore tsela e a tlhophang ka yone e supa gore o godile semoyeng. Ka dinako tse dingwe ngwana wa dingwaga tseno tsa bolesome a ka nna a se ka a tlhopha mmino, ditsala le tse dingwe jalo ka botlhale. Fa seno se diragala, o tshwanetse go tlotla seno le ngwana yono gore a tle a kgone go tlhopha botoka mo isagweng.
21. Go lekalekanya dilo fa go tla mo nakong e e dirisiwang mo boitlosobodutung go ka sireletsa ngwana wa dingwaga tsa bolesome jang?
21 Boitlosobodutu bo ka beelwa nako e kana kang? Mo dinageng tse dingwe bana ba dirwa gore ba dumele gore ba ka itlosa bodutu fela ba sa kgaotse. Ka gone, mosha a ka dira gore fa a tswa kwa “monateng” mongwe a bo a fetela kwa go o mongwe. Ke boikarabelo jwa batsadi go mo ruta gore go na le dilo tse dingwe gape tse a tshwanetseng go di dira ka nako ya gagwe, jaaka lelapa, thuto ya motho ka namana, go etela batho ba ba godileng semoyeng, dipokano tsa Bokeresete le ditiro tsa mo legaeng. Seno se tla thibela gore “ditlhapelo tsa botshelo” di se ka tsa khupetsa Lefoko la Modimo.—Luke 8:11-15.
22. Boitlosobodutu bo tshwanetse go lekalekanngwa le eng mo botshelong jwa ngwana wa dingwaga tsa bolesome?
22 Kgosi Solomone o ne a re: “Ke a itse go re, ga go na sepe se se molemo mo go bone bogolo go go itumela le go dira molemo ka metlha yotlhe ya go tshela ga bone. Le gone ke neo ya Modimo gore motho mongwe le mongwe a je a nwe, mme a je monate ka letsapa lotlhe la gagwe.” (Moreri 3:12, 13) Ee, o tla itumela fa o tshela ka tekatekano. Mme, go ntse fela jalo le fa o dira ka natla. Bana ba bantsi ba dingwaga tsa bolesome gompieno ga ba ithute go itumelela go dira ka natla kana go ikutlwa o itlotla ka go bo o ile wa lwa le bothata bongwe mme wa bo rarabolola. Bangwe ga ba bone tshono ya go ithuta sengwe kana tiro nngwe ya diatla gore ba kgone go itlamela moragonyana mo botshelong. Seno ke selo se se gwetlhang batsadi tota. A o ka tlhomamisa gore ngwana wa gago a bone ditshono tseo? Fa e le gore o ka kgona go ruta ngwana wa gago botlhokwa jwa go dira ka natla le go go itumelela, ngwana yono o tla kgona go leba dilo sentle e bile seo se tla mo solegela molemo botshelo jwa gagwe jotlhe.
GO TSWA MO DINGWAGENG TSA BOLESOME GO YA BOGODING
23. Batsadi ba ka kgothatsa bana ba dingwaga tsa bolesome jang?
23 Lokwalo lono lo santse lo le boammaaruri tota lefa o na le mathata ka ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome: “Lorato ga lo ke lo tlhaela gope.” (1 Bakorinthe 13:8) Le ka motlha o se ka wa tlogela go mmontsha lorato lo kwa ntle ga pelaelo o mo ratang ka lone. Ipotse jaana, ‘A ke akgola ngwanake fa a kgonne go rarabolola mathata kana fa a fentse dikgoreletsi? A ke dirisa ditshono tse ke di bonang go bolelela ngwanake gore ke a mo rata le go mo itumelela pele ditshono tseo di feta?’ Lefa ka dinako tse dingwe le ka nna la kgopisana, fa bana ba tlhomamisa gore o a ba rata, ba tlile go go rata le bone.
24. Ke molaomotheo ofe wa Dikwalo o o leng boammaaruri fa o dirisiwa jaaka molao wa botlhe fa go godisiwa bana, mme ke eng se se tshwanetseng go nna se gakologetswe?
24 Ke boammaaruri gore bana ba tla itirela ditshwetso tse di bokete fa ba ntse ba gola. Ka dinako tse dingwe batsadi ba ka nna ba se ka ba rata ditshwetso tseo. Go tweng fa ngwana wa bone a swetsa gore ga a tlhole a batla go direla Jehofa Modimo? Seno se ka diragala. Tota le barwa bangwe ba ga Jehofa ba semoya ba ile ba gana kgakololo ya gagwe mme ba tsuologa. (Genesise 6:2; Juta 6) Bana ga se dikhomputara, tse di ka nnang tsa direlwa dithulaganyo tsa gore di dire jaaka rona re batla. Ke dibopiwa tse di kgonang go itlhophela, tse di ikarabelelang mo go Jehofa ka ditshwetso tse di di dirang. Lefa go ntse jalo, Diane 22:6 e boammaaruri fa e dirisiwa jaaka molao wa botlhe: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.”
25. Tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe e batsadi ba ka supang ka yone gore ba itumelela tshiamelo e Jehofa a e ba neileng ya go nna batsadi ke efe?
25 Ka jalo, bontsha bana ba gago lorato tota. Dira bojotlhe go sala melaometheo ya Baebele morago fa o ntse o ba godisa. Tlhoma sekao se se molemo sa boitsholo jwa bomodimo. Fa o dira jalo o tla naya bana ba gago tshono e e molemo go gaisa ya gore e nne bagolo ba ba nang le boikarabelo, ba ba boifang Modimo. Eno ke tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe e batsadi ba ka lebogelang Jehofa ka yone tshiamelo e a e ba fileng ya go nna batsadi.
MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . BATSADI JANG GO GODISA BANA BA BONE BA DINGWAGA TSA BOLESOME?
Puisano e botlhokwa.—Diane 15:22.
Re tshwanetse go bala Lefoko la Modimo ka metlha.—Pesalema 1:1, 2.
Motho yo o botlhale o reetsa kgakololo.—Diane 15:5.
Tiro le motshameko di na le dinako tsa tsone.—Moreri 3:12, 13.
[Setshwantsho mo go tsebe 67]
Dira gore o bo o le teng fa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a batla go bua le wena
[Setshwantsho mo go tsebe 69]
Thuto ya Baebele e e tshwarwang ka metlha e botlhokwa thata mo lelapeng
[Setshwantsho mo go tsebe 70]
Bolelela bana ba gago gore o a ba rata le gore o a ba itumelela