Popo e Senola Botlhale Jwa ga Jehofa
“Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di . . . lemogiwa ka dilo tse di dirilweng.”—BAR. 1:20.
1. Botlhale jwa lefatshe bo amile batho ba bantsi jang gompieno?
LEFOKO “botlhale” le dirisiwa fela le fa go sa tlhokege. Batho bangwe ba re motho o botlhale fela ka gonne a itse dilo tse dintsi. Le fa go ntse jalo, batho ba gompieno go tweng ba botlhale mo lefatsheng ga ba neye batho kaelo e e ka ikanngwang ya kafa ba ka bonang ka teng boikaelelo jwa mmatota mo botshelong. Go na le moo, batho ba ba dumelang go tlhotlhelediwa ke batho bao ba felela ba “heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete [ba] heheutlwa ke makhubu e bile [ba] akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.”—Baef. 4:14.
2, 3. (a) Ke eng fa go twe Jehofa o “botlhale a le nosi”? (b) Botlhale jwa Modimo bo farologana jang le botlhale jwa lefatshe?
2 Mme ga go a nna jalo gotlhelele ka batho ba ba nang le botlhale jwa mmatota, jo ba bo newang ke Jehofa Modimo! Baebele e re bolelela gore Jehofa o “botlhale a le nosi.” (Bar. 16:27) O itse sengwe le sengwe ka lobopo, go akaretsa kafa lo dirilweng ka teng le kwa lo simologileng teng. Melao ya tlholego—e batho ba e dirisang go dira dipatlisiso—yotlhe e dirilwe ke Jehofa. Ka jalo ga a kgatlhwe ke dilo tse di tlhamilweng ke batho, e bile ga a kgatlhwe ke botlhale jwa batho jo go tweng ke jwa maemo a a kwa godimo. “Botlhale jwa lefatshe leno ke boeleele mo Modimong.”—1 Bakor. 3:19.
3 Baebele e re bolelela gore Jehofa o “naya” batlhanka ba gagwe “botlhale.” (Dia. 2:6) Botlhale jo bo tswang kwa Modimong ga bo tshwane le jwa batho ka gonne jone bo utlwala sentle. Bo gatelela botlhokwa jwa go dira ditshwetso tse di molemo tse di theilweng mo kitsong e e tlhomameng le mo go tlhaloganyeng dilo. (Bala Jakobe 3:17.) Moaposetoloi Paulo o ne a gakgamadiwa ke botlhale jwa ga Jehofa. O ne a kwala jaana: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!” (Bar. 11:33) E re ka Jehofa a le botlhale jo bo se nang bolekanngo, re tlhomamisegile gore melao ya gagwe e re kaela gore re tshele ka tsela e e molemolemo. Aitsane, Jehofa ke ene a itseng go feta mongwe le mongwe gore re tshwanetse go dira eng gore re itumele.—Dia. 3:5, 6.
Jesu—“Modiri yo o Setswerere”
4. Tsela e nngwe e re ka lemogang botlhale jwa ga Jehofa ka yone ke efe?
4 Botlhale jwa ga Jehofa, mmogo le dinonofo tse dingwe tsa gagwe tse di molemo, di ka bonwa mo dilong tse a di dirileng. (Bala Baroma 1:20.) Ditiro tsa ga Jehofa, go simolola ka tse dinnye go ya go tse dikgolo, di senola dinonofo tsa gagwe tse di farologaneng. Gongwe le gongwe fela kwa re lebang teng—kwa magodimong a a kwa godimo kana mo mmung o re o gatang—re bona bosupi jo bontsi jwa gore Jehofa ke Mmopi yo o botlhale ka tsela e e se nang bolekanngo e bile o lorato. Re ka ithuta dilo tse dintsi ka ene ka go ela tlhoko dilo tse a di dirileng.—Pes. 19:1; Isa. 40:26.
5, 6. (a) Jehofa o ne a dira tiro ya go bopa a na le mang? (b) Re tlile go tlotla ka eng, mme ka ntlha yang?
5 Jehofa o ne a se nosi fa a ne a “bopa magodimo le lefatshe.” (Gen. 1:1) Baebele e bontsha gore nako e telele pele ga a bopa dilo, o ne a bopa motho wa moya yo a neng a mo dirisa go bopa “dilo tsotlhe tse dingwe.” Sebopiwa seo sa moya e ne e le Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi—“leitibolo la popo yotlhe”—yo moragonyana a neng a tshela mo lefatsheng e le motho, Jesu. (Bakol. 1:15-17) Fela jaaka Jehofa, Jesu le ene o botlhale. Tota e bile, mo go Diane kgaolo 8 o tlhalosiwa e le botlhale jo bo mothofaditsweng. Kgaolo eo ya Baebele gape ya re Jesu ke “modiri yo o setswerere” wa Modimo.—Dia. 8:12, 22-31.
6 Ka jalo, dilo tse di mo lobopong di senola botlhale jwa ga Jehofa le jwa Modiri wa gagwe yo o Setswerere, Jesu. Popo e re ruta dithuto tsa botlhokwa. A re sekasekeng dikai di le nnè tsa dilo tse di bopilweng tse mo go Diane 30:24-28 di tlhalosiwang di le “botlhale ka tlholego.”a
Thuto ya go Dira ka Natla
7, 8. Ke dilo dife tse di go kgatlhang ka tshoswane?
7 Re ka ithuta dilo dingwe fa re sekaseka kafa ditshedi tse di bidiwang “tse di nnye go di feta tsotlhe mo lefatsheng,” di dirilweng ka teng le kafa di dirang dilo ka teng. Ka sekai, sekaseka botlhale jwa tlholego jwa tshoswane.—Bala Diane 30:24, 25.
8 Babatlisisi bangwe ba dumela gore palo ya ditshoswane e feta ya batho go menagane ga 200 000, mme ditshoswane tseno tsotlhe di dira ka natla mo godimo ga lefatshe le kafa tlase ga lone. Ditshoswane di rulagantswe ka ditlhopha tse di farologaneng, mme mo ditlhopheng tse dintsi go na le mefuta e meraro ya ditshoswane: dikgosigadi, tse ditonanyana le badiri. Mofuta mongwe le mongwe o dira sengwe go tlhokomela setlhopha sa ditshoswane. Tshoswane nngwe ya kwa Amerika Borwa e e segang matlhare, e ka bidiwa molemi wa maemo a a kwa godimo. Setshedinyana seno se nontsha ditshingwana tsa sone tsa dithuthuntshwane gore di kgone go ungwa thata. Babatlisisi ba lemogile gore tiro ya “molemi” yono yo o setswerere e ikaegile ka gore setlhopha se a se tlhokometseng sa ditshoswane se tlhoka dijo di le kana kang.b
9, 10. Re ka dira jang ka natla jaaka ditshoswane?
9 Re ka ithuta sengwe mo ditshoswaneng. Di re ruta gore re tlhoka go dira ka natla gore re bone maduo a a molemo. Baebele ya re: “Tsamaya o ye kwa tshoswaneng, wena setshwakga; bona ditsela tsa yone mme o tlhalefe. Le fa e se na molaodi, modiredi kgotsa mmusi, e baakanya dijo tsa yone selemo; e phuthile dijo tsa yone ka nako ya thobo.” (Dia. 6:6-8) Jehofa le Modiri wa gagwe yo o Setswerere, Jesu, ba dira ka natla. Jesu o ne a re: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong, le nna ke ntse ke a dira.”—Joh. 5:17.
10 E re ka re le baetsi ba Modimo le Keresete, le rona re tshwanetse go dira ka natla. Le fa re ka tswa re neilwe kabelo efe mo phuthegong ya Modimo, rotlhe re tshwanetse go nna “le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58) Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re latele kgakololo eno e Paulo a neng a e naya Bakeresete ba kwa Roma: “Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona. Tukang mo moyeng. Nnang batlhanka ba ga Jehofa.” (Bar. 12:11) Maiteko a re a dirang go dira thato ya ga Jehofa ga se a lefela, ka gonne Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—Baheb. 6:10.
Kamano ya Rona le Modimo e a Sirelediwa
11. Tlhalosa kafa pela e bopegileng ka teng le kafa e tshelang ka teng.
11 Pela ke sebopiwa se sengwe se sennye se re ka ithutang dithuto tsa botlhokwa mo go sone. (Bala Diane 30:26.) E batlile e tshwana le mmutla o mogolo mme e na le ditsebe tse dikhutshwane tse dikgolokwe le maoto a makhutshwane. Phologotswana eno e nna mo mafelong a a nang le mafika. Ka gonne e na le matlho a a bogale, e kgona go iphitlhela dibatana mo dikhuting le mo mapharong a a mo mapaweng a e nnang mo go one. Pela e tshela sentle fa e nna le dipela tse dingwe, mme seo se a e sireletsa e bile se e thusa gore e nne e thuthafetse mariga.c
12, 13. Re ka ithuta dithuto dife mo peleng?
12 Re ka ithuta eng mo peleng? Sa ntlha, ela tlhoko gore phologotswana eno ga e ipeye mo kotsing ya go tlhaselwa. Go na le moo, e dirisa matlho a yone a a bogale gore e kgone go bona dibatana di sa ntse di le kgakala, mme e nna e le gaufi le dikhuti le mapharo a a ka sireletsang botshelo jwa yone fa e tlhaselwa. Ka tsela e e tshwanang, re tlhoka go nna re ntshitse matlho dinameng ka tsela ya semoya gore re kgone go bona dikotsi tse di fitlhegileng mo lefatsheng la ga Satane. Moaposetoloi Petere o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Pet. 5:8) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a nna a disitse gore a bone mekgwa yotlhe e Satane a ka e dirisang go dira gore a se ka a ikanyega. (Math. 4:1-11) Jesu o tlhometse balatedi ba gagwe sekao se se molemo ruri!
13 Tsela e nngwe e re ka nnang re disitse ka yone ke go sola tshireletso ya ga Jehofa ya semoya molemo. Re tshwanetse go tlhagafalela go ithuta Lefoko la Modimo le go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Luke 4:4; Baheb. 10:24, 25) Gape, fela jaaka pela e tshela sentle fa e nna le dipela tse dingwe, re tshwanetse go nna re atamalane le Bakeresete mmogo le rona gore re tle re “kgothatsane.” (Bar. 1:12) Fa re dira se re ka se kgonang gore Jehofa a nne a re sireleditse, re bontsha gore re dumalana le mopesalema Dafide, yo o neng a re: “Jehofa ke lefika la me le legolo le kago ya me e e thata le Mofalotsi wa me. Modimo wa me ke lefika la me. Ke tla tshabela kwa go ene.”—Pes. 18:2.
Go Itshoka Le fa Re Ganediwa
14. Le fa tsie e le nngwe fela e sa jese kgakge, go ka tweng ka lesogodi la tsie?
14 Gape re ka ithuta sengwe mo tsieng. Tsie e le nngwe fela, e e boleele jwa disentimetara di ka nna tlhano, ga e jese kgakge, mme lesogodi la tsie lone le jesa kgakge. (Bala Diane 30:27.) Lesogodi la tsie le itsege le rata dijo, mme ka ponyo ya leitlho le ka laila tshimo e e siametseng go rojwa. Baebele e tshwantsha modumo wa lesomo la ditshenekegi, tse di akaretsang tsie, le modumo wa dikara tsa ntwa mmogo le modumo wa dikgabo tsa molelo fa di laila serite. (Joele 2:3, 5) Batho ba tle ba gotse molelo gore o laile lesogodi le le atamelang la tsie, mme gantsi leano leno ga le bereke. Ka ntlha yang? Tsie e e suleng e tima molelo, mme go tswa foo lesogodi la tsie e e setseng le tswelela pele le sa kgorelediwe ke sepe. Le fa lesogodi la tsie le se na kgosi kana moeteledipele, le tshwana le mophato o o rulagantsweng sentle wa masole, o o ka fenyang sekgoreletsi le fa e le sefe.d—Joele 2:25.
15, 16. Baboledi ba Bogosi ba motlha wa segompieno ba tshwana jang le lesogodi la tsie?
15 Moporofeti Joele o ne a tshwantsha tiro ya batlhanka ba ga Jehofa le kafa tsie e dirang ka teng. O ne a re: “Ba siana jaaka banna ba ba maatla. Ba tlhatloga lobota jaaka banna ba ntwa. Mme mongwe le mongwe wa bone o tsamaya ka ditsela tsa gagwe, mme ga ba fetole ditselana tsa bone. Ga ba kgorometsane. Ba nna ba tsamaya jaaka monna yo o nonofileng mo tseleng ya gagwe; mme fa bangwe ba ka wa mo gare ga dibetsa tse di konopiwang, ba bangwe ga ba tswe mo tseleng.”—Joele 2:7, 8.
16 Ruri boporofeti jono bo tlhalosa se se dirwang ke baboledi ba Bogosi jwa Modimo ba motlha wa gompieno sentle! Ga go na “lobota” lope lwa kganetso lo lo kileng lwa kgona go emisa tiro ya bone ya go rera. Go na le moo, ba etsa Jesu, yo o neng a tswelela a dira thato ya Modimo le fa batho ba bantsi ba ne ba mo nyatsa. (Isa. 53:3) Ke boammaaruri gore Bakeresete bangwe ba ‘ole mo gare ga dibetsa tse di konopiwang’ ka go bolaelwa tumelo ya bone. Mme tiro ya go rera yone e tsweletse, e bile palo ya baboledi ba Bogosi e nna e ntse e oketsega. Tota e bile, gantsi kganetso e ile ya thusa go anamisetsa dikgang tse di molemo kwa bathong ba go neng go ka direga gore ba se ka ba utlwa molaetsa wa Bogosi. (Dit. 8:1, 4) A mo bodireding jwa gago, o itshoka jaaka tsie—le fa batho ba sa kgatlhegele molaetsa kana ba ganetsa?—Baheb. 10:39.
“Ngaparelang se se Molemo”
17. Ke eng fa maoto a mmamagwatagwatane a kgona go kgomarela mo mafelong a a borethe?
17 Go lebega mmamagwatagwatane yo monnye a sa laolwe ke maatlakgogedi. (Bala Diane 30:28.) Tota e bile, baitsesaense ba jesiwa kgakge ke tsela e setshedi seno se sennye se kgonang ka teng go palama dipota le disiling tse di borethe mme se sa we. Mmamagwatagwatane o kgona jang go dira jalo? Ga se ka gonne a na le sekgomaretsi sa mofuta mongwe. Go na le moo, menwana ya maoto ya mmamagwatagwatane e na le makokoma a a nang le sengwe se e keteng ke maboa a le diketekete. Makokoma ano one a na le maodi a mannye thata a le makgolokgolo a a nang le dintlha tse di bopegileng jaaka dipirinki. Maatla a a mo maoding ano a lekane go ka rwala bokete jwa mmele wa mmamagwatagwatane—tota le fa a lelemela a kaname mo galaseng! Ka gonne babatlisisi ba jesiwa kgakge ke bokgoni jono jwa mmamagwatagwatane, ba re dilo tse di ka dirwang go dira dikgomaretsi tse di kgomarelang jaaka maoto a mmamagwatagwatane di ka nna maatla tota.e
18. Re ka tlhomamisa jang gore ka metlha re ‘ngaparela se se molemo’?
18 Re ka ithuta eng mo go mmamagwatagwatane? Baebele e re gakolola jaana: “Tlhoang se se boikepo, ngaparelang se se molemo.” (Bar. 12:9) Ditlhotlheletso tse di bosula tse di anameng mo lefatsheng la ga Satane di ka dira gore re tlogele go ngaparela melaometheo ya bomodimo. Ka sekai, go tsalana le batho ba ba sa ngapareleng melao ya Modimo—e ka tswa e le kwa sekolong kana kwa tirong, kana ka boitlosobodutu bongwe jo bo sa siamang—go ka fedisa boikemisetso jwa rona jwa go dira se se siameng. O se ka wa dumela gore seo se go diragalele! Lefoko la Modimo le tlhagisa jaana: “O se ka wa ipona o le botlhale.” (Dia. 3:7) Go na le moo, latela kgakololo e e botlhale e Moshe a neng a e naya batho ba Modimo mo metlheng ya bogologolo: “O boife Jehofa Modimo wa gago. O mo direle, o mo ngaparele.” (Dute. 10:20) Fa re ngaparela Jehofa, re tla bo re etsa Jesu, yo go neng ga buiwa jaana ka ene: “O ratile tshiamo, mme wa tlhoa go tlhoka molao.”—Baheb. 1:9.
Se re Ithutang Sone mo Popong
19. (a) Wena o lemoga dinonofo dife tsa ga Jehofa mo popong? (b) Botlhale jwa Modimo bo ka re solegela molemo jang?
19 Jaaka re bone, dinonofo tsa ga Jehofa di bonwa sentle mo dilong tse a di dirileng, mme gape popo ya gagwe e re ruta dithuto tsa botlhokwa. Fa re ntse re ithuta ditiro tsa ga Jehofa, re gakgamadiwa thata ke botlhale jwa gagwe. Go tlhwaela botlhale jwa Modimo tsebe go tla dira gore re itumele thata gone jaanong mme go tla re sireletsa mo isagweng. (Mor. 7:12) Ee, re tla iponela gore mafoko a a re tlhomamisetsang seno a a mo go Diane 3:13, 18 a boammaaruri: “Go itumela motho yo o boneng botlhale, le motho yo o nnang le temogo. Ke setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme ba ba bo ngangatlelang ba tla bidiwa ba ba itumetseng.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go ka nna molemo gore basha segolobogolo ba batle ditshupiso tse di mo dintlheng tse di kwa tlase mme ba akgele ka patlisiso e ba e dirileng fa go ithutiwa setlhogo seno kwa Thutong ya Tora ya Tebelo ya phuthego.
b Gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng ka tshoswane e e segang matlhare, bona makasine wa Tsogang! wa March 22, 1997, tsebe 31 (ka Seesemane), le Tsogang! ya June 8, 2002, tsebe 18.
c Gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng ka pela, bona Tsogang! ya September 8, 1990, tsebe 15-16 (ka Seesemane).
d Gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng ka tsie, bona Tsogang! ya October 22, 1976, tsebe 11 (ka Seesemane).
e Gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng ka mmamagwatagwatane, bona Tsogang! ya April 2008, tsebe 26.
A o A Gakologelwa?
Re ithuta dithuto dife tse di molemo . . . .
• mo tshoswaneng?
• mo peleng?
• mo tsieng?
• mo go mmamagwatagwatane?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
A o dira ka natla jaaka tshoswane e e segang matlhare?
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Pela e sirelediwa ke go nna le dipela tse dingwe. A le wena o dira se se tshwanang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Badiredi ba Bakeresete ba itshoka jaaka tsie
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Fela jaaka mmamagwatagwatane a ngaparela fa a tsamayang teng, Bakeresete le bone ba ngaparela se se siameng
[Motswedi wa Setshwantsho]
Stockbyte/Getty Images