Kgaolo 38
Ke Ikaeletse Eng mo Botshelong?
“Pele ke ne ke sa tshwenyege ka isagwe. Mme fa ke tloga ke fetsa sekolo, ke ne ka lemoga gore jaanong ke ne ke tlile go lebana le mathata a botshelo le maikarabelo a go itlamela.”—Alex.
AKANYA o rulaganya go tsaya loeto lwa go ya kgakala. O tla simolola pele ka go leba mmapa go bona gore o ka tsaya tsela efe. Go ntse jalo le ka kgang ya go rulaganyetsa isagwe. Lekawana lengwe le le bidiwang Michael le jaanong le direlang kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa la re: “Go nna le ditshono di le dintsi tse di go bulegelang.” Ke eng se se ka go thusang gore o kgone go tlhopha sentle mo ditshonong tseno tse dintsi? Michael a re: “Selo se se ka go thusang ke go ipeela mekgele.”
Tsaya mekgele e tshwana le lefelo le o batlang go ya kwa go lone. Ga o ka ke wa goroga fa o kgarakgatshega fela o sa itse kwa o yang teng. Ka jalo go molemo gore o dirise mmapa go bona gore o tla tsaya tsela efe. Fa o dira jalo o tla bo o tsaya tsiya tlhagiso e e mo go Diane 4:26 e e reng: “Rethefatsa tsela ya lonao lwa gago.” Thanolo ya Contemporary English Version e ranola mafoko ano jaana: “Itse kwa o yang teng.”
Mo dingwageng tse di tlang o tla tshwanelwa ke go dira ditshwetso di le dintsi tse di botlhokwa tse di amanang le kobamelo, tiro, lenyalo, lelapa le dilo tse dingwe tse di botlhokwa. O tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng fa o itse se o se batlang. Mme fa o ntse o dira tshwetso ya se o batlang go se dira mo botshelong, go na le sengwe sa botlhokwa se o sa tshwanelang go se tlodisa matlho.
“Gakologelwa Mmopi wa Gago”
Gore o nne le boitumelo jwa mmatota, o tshwanetse go tsaya tsiya mafoko ano a ga Kgosi Solomone yo o botlhale: “Gakologelwa Mmopi wa gago fa o sa ntse o le mosha.” (Moreri 12:1, Today’s English Version) Seno se raya gore ditshwetso tse o di dirang mo botshelong di tshwanetse go bontsha gore o batla go itumedisa Modimo.
Ke eng fa seno se le botlhokwa? Mo go Tshenolo 4:11, Baebele ya re: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” Dibopiwa tsotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng di tshwanetse go bontsha gore di leboga Mmopi. A le wena o mo lebogela go bo a go file “botshelo le mohemo le dilo tsotlhe”? (Ditiro 17:25) A ga o ikutlwe o tshwanelwa ke go dira sengwe go bontsha gore o lebogela dilo tsotlhe tse Jehofa Modimo a go neileng tsone?
Basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng ka go bo ba sa batle go lebala Mmopi wa bone. Akanyetsa mengwe ya mefuta e e itumedisang ya tirelo e o ka e tsenelang.
Bobulatsela. Babulatsela ba ka metlha ba fetsa nako e ntsi mo bodireding. Thapiso e ba e newang le maitemogelo a ba nnang le one a ba thusa go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ruta Baebele.
Go direla kwa go tlhokegang badiri gone. Bangwe ba fudugela kwa mafelong a go nang le baboledi ba Bogosi ba le mmalwa kwa go one. Ba bangwe ba ithuta puo e sele ba bo ba ya go direla kwa phuthegong e e gaufi ya puo eo kgotsa ba fudugele kwa nageng e sele.a
Tirelo ya borongwa. Babulatsela ba ba itekanetseng sentle mo mmeleng ba thapisediwa go direla kwa dinageng di sele. Barongwa ba tshela botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang.
Tirelo ya Bethele. Maloko a lelapa la Bethele a direla mo diofising tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa. Mo dinageng tse dingwe ba gatisa dibuka tsa Baebele le go di romela.
Tirelo ya dinaga di sele. Batho ba ba dirang tiro eno ba ya kwa dinageng di sele go ya go thusa ka tiro ya go aga Diholo tsa Bogosi, Diholo tsa Dikopano le dikago tsa makala.
Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang ba ba sa nyalang ba thapisediwa go tlhokomela dilo mo diphuthegong le go neela dipuo. Baalogi bangwe ba sekolo seno ba abelwa kwa dinageng di sele.
Go Rulaganya Tsela e Wena o Tla e Tsayang
Bodiredi jwa nako e e tletseng ke tiro e e molemo e e leretseng motho masego a le mantsi. Le fa go ntse jalo, e tlhoka gore motho a e akanyetse ka kelotlhoko. Ka sekai, ipotse, ‘Ke tiro efe e nka e dirang gore ke itlamele?’
Kelly o ne a ipeetse mokgele wa go nna mmulatsela, ka jalo o ne a batla tsela e a ka itlamelang ka yone. A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go tlhopha tiro e e neng e tla nthusa go itlamela fa ke le mo bodireding.”
Fa Kelly a le kwa sekolong se segolwane o ne a tlhopha khoso ya go ithuta tiro ya diatla. Seo se ne sa mo thusa gore a fitlhelele mokgele wa gagwe o mogolo. A re: “Ke ne ke batla go nna modiredi wa nako e e tletseng. E ne e le sone selo se se tlang pele mo botshelong jwa me.” Kelly o itumelela tshwetso e a e dirileng. A re: “Ke akanya gore ke dirile tshwetso e e molemo go gaisa tsotlhe.”
Kopa Kaelo
Fa o tsere loeto o le mo lefelong le o sa le itseng, nako nngwe o ka nna wa tlhoka go kopa kaelo. O ka dira jalo le fa o rulaganyetsa isagwe. Kopa kgakololo ya batho ba bangwe. Diane 20:18 ya re: “Dithulaganyo di tlhomamisiwa thata, ka kgakololo.”
Bangwe ba batho ba ba ka go thusang thata ke batsadi ba gago. Mme o ka kopa kgakololo le mo Bakereseteng ba bangwe ba ba godileng semoyeng ba botshelo jwa bone bo bontshang gore ba dirisa kgakololo ya Dikwalo. Roberto wa dingwaga di le 27 yo e leng leloko la lelapa la Bethele a re: “Leba bagolo ba ba tlhomang sekao se se molemo mo phuthegong ya lona kgotsa tse di gaufi le lefelo la lona.”
Jehofa Modimo o batla go go thusa go feta motho ope fela gore o dire ditshwetso tse di tla dirang gore o itumele thata mo botshelong. Ka jalo, mo kope gore a go thuse go ‘tswelela o lemoga se e leng thato ya gagwe’ ka isagwe ya gago. (Baefeso 5:17) Ka metlha latela kgakololo eno e e mo go Diane 3:5, 6: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba DVD ya, “Young People Ask—What Will I Do With My Life?” E teng ka dipuo tse di fetang 30
[Ntlha e e kwa tlase]
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“‘Ntekang . . . ,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘gore a ga nkitla ke lo bulela dikgoro tsa morwalela tsa magodimo ke bo ke lo tshololela lesego go fitlha lo sa tlhole lo tlhoka sepe.’”—Malaki 3:10.
KAKANTSHO
Bua le bangwe ba ba nang le dingwaga di le dintsi ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng Ba botse gore ke eng fa ba ile ba tlhopha tiro eo le gore ke masego afe a ba neng ba a bona.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Maatla a motlakase a ka dira gore sedirisiwa sa motlakase se dire sentle. Moya o o boitshepo wa Modimo le one o ka go thusa go fitlhelela go le gontsi mo bodireding jwa gagwe.—Ditiro 1:8.
SE KE SE IKAELETSENG!
Gore ke itumelele bodiredi ka botlalo, ke tla bua le ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke tiro efe e o kgonang go e dira sentle?
● O ka dirisa jang bokgoni jwa gago go baka Jehofa?
● Ke mofuta ofe wa tirelo ya nako e e tletseng o o o kgatlhegelang thata mo go e go tlotlilweng ka yone mo kgaolong eno?
[Mafoko a a mo go tsebe 313]
“Ke kgatlhwa thata ke sekao sa batsadi ba me. Ke ne ka kgothadiwa thata ke tlhoafalo ya bone mo bodireding, tsela e ba neng ba itshokela mathata a madi ka yone le tsela e ba neng ba nkgothatsa ka yone gore ke tsenele bodiredi jwa nako e e tletseng.”—Jarrod
[Lebokoso mo go tsebe 314]
Tsebe ya go Kwalela Dintlha
Mekgele ya Mme
Tshwaya gore ke mekgele efe e o ka ratang go ipeela yone. Kwala mekgele eo mo meleng e e latelang kgotsa o itirele mela e mengwe.
Mekgele e e Amanang le Bodiredi
□ Go oketsa nako e ke e fetsang mo bodireding go nna diura di le ․․․․ ka kgwedi
□ Go tsamaisa dikgatiso di le ․․․․ kgwedi le kgwedi
□ Go dirisa Baebele fa ke bua le batho ka se ke se dumelang
□ Go dira maeto a go boela a le ․․․․․ kgwedi le kgwedi
□ Go simolola thuto ya Baebele
Mekgele e mengwe: ․․․․
Mekgele ya go Ithuta
□ Go bala ditsebe di le ․․․․․ tsa Baebele letsatsi le letsatsi
□ Go baakanyetsa dipokano tsa beke le beke
□ Go dira dipatlisiso ka ditlhogo tseno tsa Baebele: ․․․․․
Mekgele e e Amanang le Phuthego
□ Gore ke se ka ka tswa mo dipokanong ke sa akgela
□ Go simolola motlotlo le mongwe yo o godileng yo nka ratang go mo itse botoka
□ Go etela mongwe yo o godileng kgotsa yo o lwalang mo phuthegong
Mekgele e mengwe: ․․․․․
Letlha la Gompieno ․․․․․
Morago ga dikgwedi di le thataro sekaseka lenaane leno go bona gore a o fitlheletse mekgele ya gago. Dira diphetogo kgotsa o e oketse kafa go tlhokegang ka gone.
[Setshwantsho mo go tsebe 312]
Fa o ipeetse mekgele o tla kgona go fitlhelela se o se batlang mo botshelong