Lobopo lo Tletse ka Dilo Tse di Gakgamatsang
MO LEKGOLONG la dingwaga le le fetileng, baitsesaense ba ne ba dumela gore lobopo lotlhe lo felela mo losagaripeng lwa rona lwa Molala wa Tladi. Mme le fa go ntse jalo, mo lekgolong la bo20 la dingwaga, diphetogo tse dikgolo mo go ithuteng ka dinaledi, fisikisi le thekenoloji di ne tsa dira gore go lemogiwe lobopo lo logolo. Dilo dingwe tse ba neng ba di lemoga di ne di dira gore motho a lemoge gore kitso ya gagwe e a tlhaela. Ka sekai, mo masomeng a dingwaga a bosheng baithutadinaledi ba ne ba lemoga gore ga ba itse gore diperesente di le 90 tsa lobopo di na le eng. Mo godimo ga moo, dilo tse ba di lemogileng di dirile gore baitsesaense ba belaele tsela e ba ntseng ba tlhaloganya melao ya motheo ya fisikisi ka yone. Gone ke boammaaruri, dipotso tse di ntseng jalo ga se selo se sesha.
Ka sekai, go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, bomankge ba fisikisi ba ne ba lemoga sengwe se se sa tlwaelegang ka lobelo lwa lesedi. Ba ne ba fitlhela gore mo mothong yo o etseng tlhoko, ka dinako tsotlhe lesedi le tsamaya ka lobelo lo lo tshwanang go sa kgathalesege gore motho yoo o tsamaya ka lobelo lo lo kana kang. Mme seo se ne se bonala se sa utlwale! Bothata jono bo ne jwa sekasekwa ka 1905 ke Albert Einstein mo kgopolong ya gagwe e e neng ya bontsha gore sekgala (boleele), nako, le bogolo di a tsamaisana. Mme ka 1907, morago ga gore a nne le kgopolo e ntšha e a neng a re ke “selo se se itumedisang thata se nkileng ka akanya ka sone mo botshelong jwa me,” Einstein o ne a simolola go atolosa kgopolo ya gagwe e e tlwaelegileng ya go tsamaisana ga sekgala, nako le boleele, e a neng a e gatisa ka 1916. Mo kgatisong eno ya diphetogo, Einstein o ne a tlhalosa kafa maatlakgogedi, lefaufau le nako di dirisanang mmogo ka teng mme a tokafatsa ditlhaloso tsa ga Isaac Newton tse di malebana le fisikisi.
Lobopo lo lo Atologang
Go ya ka bosupi jo bo neng bo le teng ka nako eo, Einstein o ne a dumela gore lobopo ga lo fetoge—ga lo atologe e bile ga lo ngotlege. Le fa go ntse jalo, ka 1929, moithutadinaledi wa Moamerika e bong Edwin Hubble, o ne a ntsha bosupi jwa gore lobopo lo a atologa.
Mme gape Hubble o ne a tlhalosa masaitsiweng a bogologolo a a malebana le dikarolwana dingwe tse di sa bonaleng sentle tsa lesedi tse di bonalang bosigo mo loaping, tse di neng di bidiwa di-nebula ka gonne di ne di tshwana le maru a digase. A mme dikarolwana tseno tsotlhe di ne di le mo losagaripeng lwa rona kgotsa a di ne di le ka kwa ntle ga lone jaaka moithutadinaledi wa Moboritane e bong Motlotlegi William Herschel (1738-1822) a ne a akantshitse mo lekgolong la dingwaga le le neng le fetile pele ga foo?
Fa Hubble a ne a fopholetsa la ntlha sekgala sa go ya kwa go nngwe ya dikarolwana tseno, e leng Great Nebula e e mo teng ga losagaripa lwa dinaledi lwa Andromeda, o ne a swetsa ka gore karolwana eo tota e ne e le losagaripa lo lo neng lo le bokgakala jwa sekgala se lesedi le se tsamayang ka dingwaga di le milione. Phopholetso eo e ne e kaya gore Great Nebula e kgakala thata go na le losagaripa lwa Molala wa Tladi, lo lo nang le boatlhamo jwa sekgala sa dikilometara di le 100 000 se lesedi le tsamayang ka sone mo ngwageng. Fa Hubble a ntse a lekanya sekgala sa dikarolwana tse dingwe, o ne a simolola go lemoga selekanyo se segolo sa lobopo mme a simolola diphetogo mo thutong ya dinaledi le mo thutong ya lobopo.a
E nnile ka bonako morago ga foo fa Hubble a ne a lemoga gore lobopo lo a atologa, ka gonne o ne a bona gore masagaripa mangwe a a kgakala a ne a sutela kgakala le lefatshe. O ne a lemoga gape gore fa losagaripa lo le kgakala thata, lo suta ka bonako le go feta. Dilo tse a di lemogileng di bontsha gore lobopo lo ba neng ba le itse mo nakong e e fetileng lo lonnye go gaisa lo ba lo itseng gone jaanong. Fa Hubble a ne a gatisa buka e a e kwadileng malebana le dilo tse a di lemogileng ka 1929, o ne a simolola kgopolo ya big bang, e e bontshang gore lobopo lo simologile fa go ne go nna le go thunya go gogolo mo e ka nnang dingwaga di le dibilione di le 13 tse di fetileng. Mme go sa ntse go na le mo gontsi mo go sa itsiweng ka kgang eno.
Lobopo lo Atologa ka Bonako go le Kana Kang?
Fa e sa le ka nako ya ga Hubble, baithutadinaledi ba ile ba leka go lekanya ka nepo ka mo ba ka kgonang ka teng selekanyo se lobopo lo atologang ka sone e leng se go tweng ke “Hubble constant,” (kgopolo ya ga Hubble ya gore dilo ga di fetoge). Ke ka ntlha yang fa selekanyo seno se le botlhokwa jaana? Fa baithutadinaledi ba ka kgona go lekanya gore lobopo lo atologa ka bofefo jo bo kana kang, ba ka kgona go dirisa selekanyo seo go fopholetsa gore lo ka nna le dingwaga tse kae. Mo godimo ga moo, selekanyo sa go atologa ga lobopo se ka nna sa nna le ditlamorago tse dikgolo mo nakong e e tlang. Jang? Ka sekai, go tlhalosiwa gore, fa lobopo lo atologa ka bonya thata, kgabagare maatlakgogedi a ka nna maatla thata mme a dira gore sengwe le sengwe se phutlhamele ruri! Mme fa lo atologa ka bonako thata, lo ka nna lwa atologela ruri lwa ba lwa phatlalala.
Le fa gone dilekanyo tse di nepileng di ile tsa araba dipotso dingwe, go ile ga tsoga dipotso tse dingwe—dipotso tse di dirang gore re belaele tsela e kgang ya matter e tlhaloganngwang ka teng le maatla a konokono a tlhago.
Dilo Tse di sa Itsegeng
Ka 1998, babatlisisi ba ba neng ba tlhatlhoba lesedi go tswa go mofuta mongwe o o kgethegileng wa naledi ya supernova kgotsa naledi e e thunyang, ba ne ba bona bosupi jwa gore tota go atologa ga lobopo go a akofa!b Mo tshimologong baitsesaense ba ne ba belaela gore a seno se boammaaruri, mme go ise go ye kae go ne ga nna le bosupi jo bo oketsegileng. Mme gone, ba ne ba batla go itse gore ke mofuta ofe wa maatla a a dirang gore go atologa gono go akofe. Sa ntlha, go ne go bonala fa maatla ao a ne a dira kgatlhanong le maatlakgogedi; mo godimo ga moo, go ne go sa tsamaisane le dikgopolo tse ba neng ba di dumela ka nako eo. Go a tshwanela go bo mofuta ono wa maatla a a sa itsegeng a ile a bidiwa dark energy, mme a ka tswa a dira diperesente tse di ka nnang 75 tsa lobopo!
Le fa go ntse jalo, dark energy ga se maatla fela a “lefifi” a a sa tlwaelegang a a bonweng bosheng jaana. Go ile ga bonwa bosupi jwa maatla a mangwe ka bo1980 fa baithutadinaledi ba ne ba tlhatlhoba masagaripa a a farologaneng. Masagaripa ano, mmogo le a rona, a ne a bonala a dikologa ka bofefo thata mo e leng gore ga a kgone go nna mmogo. Ga go na pelaelo gore go na le mofuta mongwe wa matter o o tshwanetseng wa bo o naya masagaripa ao maatlakgogedi a a tlhokegang gore a kgone go nna a le mmogo. Mme ke mofuta ofe wa matter? E re ka baitsesaense ba ne ba sa itse, ba ne ba e bitsa dark matter, e re ka e sa kgone go monya, go ntsha kgotsa go bontsha selekanyo sa marang a a ka kgonang go bonwa ka sone.c Go na le dark matter, e e kana kang mo lobopong? Dipalo di bontsha gore e ka nna diperesente di le 22 kgotsa go feta tsa bogolo jwa lobopo.
Akanya ka seno: Go ya ka diphopholetso, matter, e e tlwaelegileng e lekana le diperesente tse di ka nnang nnè tsa bogolo jwa lobopo. Dilo tseno tse pedi tse dikgolo tse di sa itsegeng—dark matter le dark energy—di bonala e le tsone di tlatsang diperesente tse di setseng. Ka jalo, mo e ka nnang diperesente di le 95 tsa lobopo e sa ntse e le masaitseweng gotlhelele!d
Dipatlisiso Tse di sa Feleng
Saense e batlana le dikarabo, mme gantsi dikarabo tse di rileng di dira gore go tsoge dipotso tse dingwe. Ntlha eno e re gakolola mafoko a a botlhokwa ano a a kwadilweng mo Baebeleng mo go Moreri 3:11. A balega jaana: “[Modimo] o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone. E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone, gore [le ka motlha batho ba se ka ba lemoga] tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.”
Gone ke boammaaruri gore gone jaanong re kgona go amogela kitso e e lekanyeditsweng fela, ka gonne re tshela botshelo jo bokhutshwane mme bontsi jwa kitso eo ke diphopholetso, tse di ka nnang tsa fetoga. Mme seemo seno ke sa nakwana, ka gonne Modimo o ikaeletse go naya batho ba ba ikanyegang botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng la Paradaise, mo ba ka kgonang go tlhatlhoba popo go ya go ile mme ka tsela eo ba bone kitso ya boammaaruri. —Pesalema 37:11, 29; Luke 23:43.
Ka jalo, ga re tlhoke go boifa gore lobopo lo tla senngwa. Tota e bile, baitsesaense ba ithutile go sekaenyana fela ka dilo tse tota di leng teng, mme Mmopi ene o itse sengwe le sengwe.—Tshenolo 4:11.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The World Book Encyclopedia ya re: Thutodinaledi ke thuto ya dilo tse di mo lefaufaung. Thutolobopo, ke karolo e nngwe ya thutodinaledi, “ke thuto ya tsela e lobopo lo bopegileng ka yone le tsela e le atologang ka yone le maatla a a dirang mo go lone. Baithutalobopo ba leka go tlhalosa kafa lobopo lo bopegileng ka teng, le gore go diregile eng fa e sa le le bopiwa le gore ke eng se se ka nnang sa direga mo isagweng.”
b Dinaledi tse di thunyang di bidiwa di-supernova tsa type 1a mme phatsimo ya tsone e ka nna bogale jo bo lekanang le phatsimo ya matsatsi a le bilione ka nakwana. Baithutadinaledi ba dirisa dinaledi tseno tsa supernova go dira dilekanyo tsa bone.
c Go ne ga akantshiwa gore go na le dark matter ka bo1930 mme seo se ne sa tlhomamisiwa ka bo1980. Gompieno baithutadinaledi ba lekanya gore masagaripa a ka tswa a na le dark matter e e kana kang ka go ela tlhoko gore losagaripa lo lo rileng lo oba jang lesedi go tswa mo dilong tse di kgakala.
d Ngwaga wa 2009 o bidiwa “Ngwaga wa Thutodinaledi ya Lefatshe Lotlhe,” mme ke ngwaga wa bo400 morago ga gore Galileo Galilei a dirise thelesekoupo ya thutodinaledi e le ka lekgetlho la ntlha.
[Lebokoso mo go tsebe 17]
LEBA KWA GODIMO MME O IKOKOBETSE
Fa motlhanka mongwe wa bogologolo wa Modimo a ne a leba kwa loaping le le phepa le le sa kgotlelwang bosigo, o ne a ikutlwa a na le tshisimogo e kgolo e a neng a e tlhalosa ka go e kwala ka tsela ya poko. Pesalema 8:3, 4 e balega jaana: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse, le morwa motho wa mo lefatsheng ke eng go bo o mo tlhokomela?” Le fa go ntse jalo, mopesalema o ne a se na dithelesekoupo kgotsa dikhamera tse di kgethegileng. Mme a bo rona re tshwanetse go nna le tlotlo e kgolo le go feta jang ne!
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
74% tsa dark energy
22% tsa dark matter
4% tsa matter e e tlwaelegileng
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
Background: Based on NASA photo
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]
Background: Based on NASA photo