A o Itse go Leta?
A O ITSE gore batho ba senya nako e kana kang ngwaga le ngwaga ba letile fela? Ba leta mo meleng ya mabenkele kana kwa seteisheneng sa peterole. Ba leta gore ba thusiwe kwa resetšhurenteng. Ba leta gore ba bone ngaka kana ngaka ya meno. Ba letela dibese le diterena. Ee, motho o dirisa nako e ntsi thata ya botshelo jwa gagwe a letetse gore dilo di diragale. Go ya ka phopholetso nngwe, Bajeremane ba le bosi fela ba senya diura di le dimilione di le dikete di le 4,7 ka ngwaga ba letile fela fa go na le go kgobelelana ga pharakano ya dikoloi! Mongwe o ile a bala gore diura tseno di lekana le palogotlhe ya nako ya botshelo jwa batho ba ba ka nnang 7 000.
Go leta go ka kgoba marapo thata. Mo malatsing ano, go bonala le ka motlha go se na nako e e lekaneng ya go dira sengwe le sengwe mme fa re akanya ka dilo tse dingwe tse re tshwanetseng go di dira, go leta e ka nna kgwetlho tota. Mokwadi Alexander Rose o kile a bolela jaana: “Bontlhanngwe jwa botlhoko jwa go tshela ke go leta.”
Radipolotiki mongwe wa kwa Amerika e bong Benjamin Franklin o ne a lemoga gore go leta gape go ka ja madi a mantsi. Dingwaga di le 250 tse di fetileng o ne a bolela jaana: “Nako ke madi.” Ke gone ka moo borakgwebo ba batlang ditsela tse ka tsone ba ka tilang go diega go go sa tlhokegeng ka nako ya tiro. Fa go dirwa dithoto tse di oketsegileng ka nako e khutshwane go ka nna le dipoelo tse di oketsegileng. Dikgwebo tse di direlang setšhaba ka tlhamalalo di leka go neela batho tirelo e e bofefo—dijo tse di tlang ka bonako, go banka madi o ntse mo koloing, jalo le jalo—ka gonne ba itse gore go itumedisa moreki go akaretsa go fokotsa nako ya go leta.
Go Senya Matshelo a Rona
Mmoki mongwe wa Moamerika wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Ralph Waldo Emerson o kile a ngongorega jaana: “A bo nako e ntsi ya botshelo jwa motho e senngwa ke go leta jang ne!” Bosheng jaana, mokwadi Lance Morrow o ile a ngongorega ka go lapisega pelo le go sa ritibale mo mmeleng go go bakiwang ke go leta. Mme morago ga foo o ile a bua ka “bohutsana jo bo fitlhegileng jwa go leta.” Ke bofe joo? “Go itse gore selo se se tlhwatlhwakgolo se motho o nang naso, nako, karolwana ya botshelo jwa motho, e a nyelela, e latlhegela ruri.” Go utlwisa botlhoko mme go boammaaruri. Nako e e senyegang ka ntlha ya go leta e latlhegela ruri.
Gone mme, fa botshelo bo ne bo se bokhutshwane jaana, re ne re se kitla re amega thata ka go leta. Mme gone botshelo bo bokhutshwane. Dikete tsa dingwaga tse di fetileng, mopesalema wa Baebele o ile a akgela jaana: “Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di le masome a supa, gongwe e ka nna dinyaga di le masome a a ferang mebedi ka ntlha ya thata; le fa go ntse jalo, boipelafatso jwa one ke tapiso le bohutsana fela, gonne bo ile ka bofefo, mme re fofele koo.” (Pesalema 90:10) Go sa kgathalesege gore re nna kwa kae le gore re bomang, matshelo a rona—malatsi, diura le metsotso e e fa pele ga rona fa re tsholwa—e lekanyeditswe. Le fa go ntse jalo, re ka se ka ra kgona go tila maemo a a re pateletsang go senya nako ya botlhokwa re letile gore dilo di diragale kana re letile batho.
Go Ithuta go Leta
Bontsi jwa rona re kile ra tsamaya le mokgweetsi yo o nnang a ntse a leka go feta koloi e e fa pele ga gagwe. Gantsi go a bo go se na sepe se se patikang—go se na sepe se mokgweetsi a itlhaganeletseng go ya go se dira. Le fa go ntse jalo, ga a kgone go itshokela gore mokgweetsi yo mongwe a laole motsamao wa gagwe. Go tlhoka ga gagwe bopelotelele go supa gore ga a ithuta go leta. Go ithuta? Ee, go itse go leta ke thuto e e tshwanetseng ya ithutiwa. Ga go na ope yo o tshotsweng a go kgona. Bana fa e sa le masea ba batla go tlhokomelwa ka yone nako eo fa ba tshwerwe ke tlala kana fa ba sa ikutlwe monate. Fa ba ntse ba gola ke gone ba tlhaloganyang gore ka dinako tse dingwe ba tshwanetse go letela se ba se batlang. Ebu, e re ka go leta e le karolo ya botshelo jwa rona e re sa kgoneng go e tila, go itse go leta ka bopelotelele fa go tlhokega go supa fa re le batho ba ba godileng.
Le gale go na le maemo a tshoganyetso a mo go one go fela pelo e leng selo se se utlwalang. Monna yo o nyetseng yo o potlakisetsang mosadi wa gagwe kwa kokelong ka go bo lesea la bone le lesha le tloga le tsholwa a ka tshwanelwa ke go fela pelo fa go nna le tiego. Baengele ba ba neng ba kgothaletsa Lote gore a tswe kwa Sodoma ba ne ba sa ikaelela go leta fa Lote a ne a diega. Tshenyego e ne e le gaufi, mme matshelo a ga Lote le ba lelapa la gagwe a ne a le mo kotsing. (Genesise 19:15, 16) Le fa go ntse jalo, mo makgetlong a le mantsi, go a bo go se na matshelo ape a a leng mo kotsing fa batho ba patelesega go leta. Mo makgetlong ao, dilo di ka bo di le botoka thata fa mongwe le mongwe a ka bo a ithuta go nna pelotelele—tota le fa go leta go bakiwa ke go bo mongwe a ne a sa kgone go dira dilo sentle kana a sa kgathale. Mo godimo ga moo, go ne go tla nna motlhofo thata go nna pelotelele fa mongwe le mongwe a ne a ka ithuta go dirisa nako e a letang ka yone ka tsela e e mosola. Lebokoso le le mo tsebeng 5 le na le dikakantsho dingwe tsa go dira gore motho a se ka a kgona fela go itshokela nako ya go leta mme gape a e sole molemo.
Ga re a tshwanela go itlhokomolosa lebaka la gore go nna le moya wa go fela pelo go ka supa boikutlo jwa boikgodiso, boikutlo jwa gore motho o botlhokwa thata go ka letisiwa. Go botlhokwa gore ope fela yo o nang le boikutlo jo bo ntseng jalo a sekaseke mafoko ano a Baebele: “Yo o pelotelele mo moweng o molemo bogolo go yo o boikgodiso mo moweng.” (Moreri 7:8) Boikgodiso kana boikgogomoso ke bokoa jo bo masisi jwa botho mme seane sa Baebele se bolela jaana: “Mongwe le mongwe yo o pelo e e ikgodisang o sefedisapelo mo go Jehofa.” (Diane 16:5) Ka gone, go ithuta bopelotelele—go ithuta go leta—go ka re tlhoka gore re itlhatlhobe sentle le dikamano tsa rona le batho ba ba re dikologileng.
Bopelotelele bo Tla Duelwa
Gantsi re fitlhela go le motlhofo go leta fa re tlhatswegile pelo gore re tla solegelwa molemo ke se re se letetseng le gore kgabagare se tla tla tota. Malebana le seno, go molemo go akanya ka gore baobamedi botlhe ba ba tlhoafetseng ba Modimo ba letetse go diragadiwa ga ditsholofetso tsa gagwe tse di gakgamatsang tse di mo Baebeleng. Ka sekai, re bolelelwa jaana mo pesalemeng e e tlhotlheleditsweng ke Modimo: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” Tsholofetso eno e ne ya boelediwa ke moaposetoloi Johane fa a ne a re: “Yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (Pesalema 37:29; 1 Johane 2:17) Go phepafetse gore, fa re ne re ka tshelela ruri, go leta e ne e ka se ka ya nna bothata jo bogolo. Mme gone jaanong ga re tshelele ruri. A tota e bile go a utlwala go bua ka botshelo jo bo sa khutleng?
Pele ga re araba, akanya gore Modimo o ile a bopa batsadi ba rona ba ntlha ka boikaelelo jwa gore ba tshelele ruri. Fela ka gonne ba ile ba leofa, ba ile ba latlhegelwa ke tsholofelo eo, ya latlhegela bone le bana ba bone—go akaretsa le rona. Le fa go ntse jalo, ka bonako morago ga gore ba leofe, Modimo o ile a itsise maikaelelo a gagwe a go fetola matswela a go tlhoka kutlo ga bone. O ne a solofetsa go tla ga “peo” e go ileng ga bonala fa e le Jesu Keresete.—Genesise 3:15; Baroma 5:18.
Gore a rona ka borona re tla solegelwa molemo ke go diragadiwa ga ditsholofetso tsa gagwe ke tshwetso e rona ka borona re tshwanetseng go e dira. Go dira jalo go tla tlhoka bopelotelele. Go re thusa go ithuta mofuta ono wa bopelotelele, Baebele e re kgothaletsa gore re tlhatlhanye ka sekao sa molemirui. O jala peo ya gagwe mme ga go na se a ka se dirang fa e se go leta ka bopelotelele—a dira gotlhe mo a ka go kgonang go sireletsa dijalo tsa gagwe—go fitlha ka nako ya thobo. Ka nako eo bopelotelele jwa gagwe bo a duelwa mme o bona maungo a tiro ya gagwe. (Jakobe 5:7) Moaposetoloi Paulo o umaka sekai se sengwe sa bopelotelele. O re gakolola ka banna le basadi ba ba ikanyegang ba bogologolo. Ba ne ba lebeletse pele go bona go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo mme ba ne ba tshwanelwa ke go letela nako ya Modimo e e tlhomilweng. Paulo o re kgothaletsa go etsa batho bano ba “ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.”—Bahebera 6:11, 12.
Ee, go leta ke selo se re sa kgoneng go se tila mo botshelong. Mme ga e a tshwanela go nna selo se se nnang se re tshwenya. Mo bathong ba ba letetseng go bona ditsholofetso tsa Modimo di diragala, e ka nna selo se se itumedisang. Ba ka dirisa nako e ba ntseng ba letile ka yone go lwela go nna le botsala jo bogolo le Modimo le go dira dilo tse di supang tumelo ya bone. Mme ka go rapela, go ithuta le go tlhatlhanya, ba ka kgona go nna le tshepo e e sa tshikinyegeng ya gore sengwe le sengwe se Modimo a se solofeditseng se tla diragala ka nako e a e beileng.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 5]
FOKOTSA TLALELO YA GO LETA!
Rulaganya e sa le gale! Fa e le gore o itse gore o tla tshwanelwa ke go leta, ipaakanyetse go bala, go kwala, go loga kana go dira sengwe se se mosola.
Dirisa nako eo go tlhatlhanya, e leng selo se se boima thata mo nakong e e potlakileng e re tshelang mo go yone.
Baya dikgatiso tse o ka di balang gaufi le thelefouno gore o tle o di dirise fa e le gore o tla tshwanelwa ke go leta; mo metsotsong e le metlhano kana e le lesome o ka bala ditsebe di le mmalwa.
Fa lo letile lo le setlhopha, fa go tshwanela, dirisang tshono eo go simolola metlotlo le batho ba bangwe le go ba neela dikakantsho tse di agang.
Boloka selo se o ka kwalelang mo go sone kana se o ka se balang mo koloing ya gago go se dirisetsa nako ya fa o tshwanetse go leta o sa lebelela.
Tswala matlho, ritibala kana o rapele.
GO LETA KA KATLEGO GO IKAEGILE THATA KA BOIKUTLO JWA GAGO LE GO AKANYETSA DILO KWA PELE.