Kgaolo ya Bosupa
A bo Go Latlhega Tshimo ya Mofine E e Sa Ikanyegeng!
1, 2. “Moratwa” o jala eng, mme seo se swabisa jang?
“GA GO na sepe se se tshwanang le setshwantsho seno ka puo e ntle le botswerere jwa maemo a a kwa godimo jwa puisano e e nang le matswela.” Moakgedi mongwe wa Baebele o ne a rialo a bua ka ditemana tse di kwa tshimologong tsa Isaia kgaolo 5. Mafoko a ga Isaia ga se setshwantsho fela mme a naya tlhaloso e e amang maikutlo ya tsela e e lorato e Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe ka yone. Go ntse go le jalo, mafoko ano a re tlhagisa ka dilo tse di sa mo itumediseng.
2 Setshwantsho sa ga Isaia se simolola jaana: “Tsweetswee mma ke opelele moratwa wa me pina ya yo ke mo ratang kaga tshimo ya gagwe ya mofine. Go ne go na le tshimo ya mofine e moratwa wa me a neng a na le yone mo thoteng e e ungwang. Mme o ne a e epolola a ntsha maje mo go yone mme a jala mo go yone mofine o mohibidu o o e gaisang yotlhe, a ba a aga tora mo gare ga yone. Gape go ne go na le segatisetso sa beine se a neng a se betla mo go yone. Mme o ne a nna a solofela gore e tlhagise morara, mme ka iketlo e ne ya tlhagisa morara wa naga.”—Isaia 5:1, 2; bapisa Mareko 12:1.
Go Tlhokomelwa ga Tshimo ya Mofine
3, 4. Ke tlhokomelo efe e e lorato e e dirwang mo tshimong ya mofine?
3 Le fa e ka tswa e le gore Isaia o opelela bareetsi ba gagwe setshwantsho seno ka tsela ya mmatota kana nnyaa, ruri se gapa kgatlhego ya bone. Bontsi jwa bone ba tshwanetse ba bo ba itse tiro ya go lema tshimo ya mofine, mme tlhaloso ya ga Isaia e phepafetse e bile e a utlwala. Jaaka batho ba ba lemang mofine gompieno, mong wa tshimo ya mofine ga a jale peo ya morara, mme o jala “mofine o mohibidu o o e gaisang yotlhe” kana wa maemo a a kwa godimo—o o kgaotsweng mo mofineng o mongwe kana e le letlhogela la one. Go a tshwanela gore a jale tshimo eno ya mofine mo “thoteng e e ungwang,” fa tshimo ya mofine e tla golang sentle gone.
4 Gore tshimo ya mofine e ungwe go tlhokega tiro e ntsi. Isaia o tlhalosa gore mong wa yone ‘o epolola mmu le go ntsha maje mo go yone’—tiro e e bokete, e e lapisang! O tshwanetse a bo a dirisa maje a magolwane go “aga tora.” Mo metlheng ya bogologolo ditora tse di ntseng jalo e ne e le mafelo a balebedi ba ba neng ba disa dijalo mo magodung le mo diphologolong ba neng ba ema mo go one.a Gape o aga lobota lwa maje go agelela matlhagare a tshimo ya mofine. (Isaia 5:5) Gantsi go ne go dirwa jalo go thibela mmu wa botlhokwa o o fa godimo gore o se ka wa gogolwa ke metsi.
5. Ke eng se mong a se lebelelang ka tshwanelo mo tshimong ya gagwe ya mofine, mme o bona eng?
5 E re ka mong wa tshimo ya mofine a ne a dirile ka natla jaana go e sireletsa, ruri o ne a ka lebelela gore e ungwe. Ka gonne a lebeletse seno, o betla segatisetso sa beine. A mme o roba se a neng a se solofetse? Nnyaa, tshimo ya mofine e tlhagisa morara wa naga.
Tshimo ya Mofine le Mong wa Yone
6, 7. (a) Mong wa tshimo ya mofine ke mang, mme tshimo ya mofine ke eng? (b) Mong o kopa katlholo efe?
6 Mong ke mang, mme tshimo ya mofine ke eng? Mong wa tshimo ya mofine o bontsha dikarabo tsa dipotso tseno fa ene ka boene a bua: “Jaanong, lona banni ba Jerusalema le lona batho ba Juda, tsweetswee atlholang fa gare ga me le tshimo ya me ya mofine. Ke eng se se sa ntseng se tshwanetse go direlwa tshimo ya me ya mofine se ke iseng ke se dire? Ke ka ntlha yang fa ke ne ke solofela gore e tlhagise morara mme ka iketlo ya tlhagisa morara wa naga? Jaanong, tsweetswee, mma ke lo itsiseng se ke se dirang mo tshimong ya me ya mofine: Go tla tlosiwa legora la yone, mme e tla laolelwa go fisiwa. Lobota lwa yone lwa maje lo tshwanetse go thubiwa, mme e tshwanetse ya laolelwa go nna lefelo la go gatakwa.”—Isaia 5:3-5.
7 Ee, Jehofa ke mong wa tshimo ya mofine, mme jaaka go ka tualo, o ipeile mo kgotleng, a kopa gore go ntshiwe katlholo fa gare ga gagwe le tshimo ya gagwe ya mofine e e swabisang. Mme tshimo ya mofine ke eng? Mong wa yone o tlhalosa jaana: “Tshimo ya mofine ya ga Jehofa wa masomosomo ke ntlo ya Iseraele, mme batho ba Juda ke dijalo tse a neng a di rata.”—Isaia 5:7a.
8. Kgang ya go bo Isaia a bitsa Jehofa a re “yo ke mo ratang” e bontsha eng?
8 Isaia o bitsa Jehofa, mong wa tshimo ya mofine, a re “yo ke mo ratang.” (Isaia 5:1) Isaia a ka bua jalo ka lorato ka Modimo ka gonne o na le botsala jo bogolo le Ene. (Bapisa Jobe 29:4; Pesalema 25:14.) Le fa go ntse jalo, lorato lo moporofeti a ratang Modimo ka lone ga se sepe fa lo bapisiwa le lorato lo Modimo a lo bontshitseng ‘tshimo ya gagwe ya mofine’—setšhaba se a se ‘jetseng.’—Bapisa Ekesodo 15:17; Pesalema 80:8, 9.
9. Jehofa o tshwere setšhaba sa gagwe jaaka tshimo e e botlhokwa ya mofine jang?
9 Jehofa o ne a “jala” setšhaba sa gagwe mo lefatsheng la Kanana mme a ba naya melao le ditaolo tsa gagwe, tse di neng di ntse jaaka lobota lo lo ba sireletsang gore ba se ka ba kgotlelwa ke ditšhaba tse dingwe. (Ekesodo 19:5, 6; Pesalema 147:19, 20; Baefeso 2:14) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a ba naya baatlhodi, baperesiti, le baporofeti gore ba ba rute. (2 Dikgosi 17:13; Malaki 2:7; Ditiro 13:20) Fa Iseraele a ne a tshosediwa ka go tlhaselwa ke masole, Jehofa o ne a dira gore go nne le bagolodi. (Bahebera 11:32, 33) Jehofa o botsa jaana a na le lebaka le le utlwalang: “Ke eng se se sa ntseng se tshwanetse go direlwa tshimo ya me ya mofine se ke iseng ke se dire?”
Go Lemoga Tshimo ya Modimo ya Mofine Gompieno
10. Jesu o ne a bua setshwantsho sefe se se amanang le tshimo ya mofine?
10 Jesu a ka nna a bo a ne a akantse ka mafoko a ga Isaia fa a ne a bua setshwantsho sa balemi ba ba bolayang: “Go ne go na le monna mongwe, mong wa ntlo, yo o neng a jala tshimo ya mofine a ba a e agelela ka legora mme a epa segatisetso sa beine mo go yone a ba a tlhoma tora, mme a e hirisetsa badiri ba mo tshimong, mme a tsaya loeto a ya kwa nageng e e kgakala.” Se se utlwisang botlhoko ke gore, badiri ba mo tshimong ba ne ba tsietsa mong wa tshimo ya mofine, ba bo ba bolaya morwa wa gagwe. Jesu gape o ne a bontsha gore setshwantsho seno se ne se sa bue ka Iseraele wa mmatota fela, fa a ne a re: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona [Iseraele wa nama] bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.”—Mathaio 21:33-41, 43.
11. Ke tshimo efe ya mofine ya semoya e e neng e le teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme go ne ga diragala eng fa baaposetoloi ba se na go swa?
11 “Setšhaba” se sesha seo se ne sa itshupa e le “Iseraele wa Modimo”—setšhaba sa semoya sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 fa ba feletse. (Bagalatia 6:16; 1 Petere 2:9, 10; Tshenolo 7:3, 4) Jesu o ne a tshwantsha barutwa bano le “dikala” mo ‘mofineng wa boammaaruri,’ e leng ene ka boene. Go a utlwala gore go ka lebelelwa gore dikala tseno di ungwe. (Johane 15:1-5) Ba tshwanetse ba nna le dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Keresete mme ba nne le seabe mo tirong ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.” (Mathaio 24:14; Bagalatia 5:22, 23) Mme fa e sa le ka loso lwa baaposetoloi ba ba lesome le bobedi, bontsi jo bogolo jwa ba ba ipolelang e le dikala tsa “mofine wa boammaaruri” ba ile ba itshupa e se tsa boammaaruri—ba tlhagisa morara wa naga mo boemong jwa maungo a a siameng.—Mathaio 13:24-30, 38, 39.
12. Mafoko a ga Isaia a kgala Labokeresete jang, mme a tshwaretse Bakeresete ba boammaaruri thuto efe?
12 Ka jalo, mafoko a ga Isaia a go kgala Juda a diragala mo go Labokeresete gompieno. Go tlhatlhoba hisitori ya gagwe—dintwa tsa gagwe, go tlhabanela tumelo ga gagwe, Dikgotlatshekelo Tse di Kgatlhanong le Boikeodi tsa gagwe—go senola kafa maungo a gagwe a ntseng a le botlha ka teng! Le fa go ntse jalo, mofine wa boammaaruri wa Bakeresete ba ba tloditsweng le balekane ba bone ba “boidiidi jo bogolo” ba tshwanetse ba utlwa mafoko a ga Isaia. (Tshenolo 7:9) Fa ba batla go itumedisa mong wa tshimo ya mofine, mongwe le mongwe wa bone le jaaka setlhopha, ba tshwanetse ba tlhagisa maungo a a mo itumedisang.
“Morara wa Naga”
13. Jehofa o tla dira eng ka tshimo ya gagwe ya mofine ka gonne e tlhagisa maungo a a sa siamang?
13 E re ka Jehofa a tsere matsapa a magolo thata go tlhokomela le go tlhagolela tshimo ya gagwe ya mofine, go a utlwala gore a bo a letetse gore e nne “tshimo ya mofine ya beine e e phophomang!” (Isaia 27:2) Le fa go ntse jalo, go na le gore e tlhagise maungo a a nang le mosola, e tlhagisa “morara wa naga,” o tota e leng “dilo tse di nkgang” kana “dikungwa [tse di bodileng] tse di nkgang.” (Isaia 5:2; ntlhanyana e e kwa tlase go NW; Jeremia 2:21) Ka jalo, Jehofa o bolela gore o tla tlosa “legora” la gagwe le le sireletsang go dikologa setšhaba seo. Setšhaba seno se tla ‘bewa gore e nne sengwe se se sentsweng’ mme se tla latlhiwa se bo se tlelwe ke komelelo. (Bala Isaia 5:6.) Moshe o ne a tlhagisitse gore ba ne ba tla diragalelwa ke dilo tse di ntseng jalo fa ba ne ba sa utlwe Molao wa Modimo.—Duteronome 11:17; 28:63, 64; 29:22, 23.
14. Jehofa o lebeletse gore setšhaba sa gagwe se tlhagise maungo afe, mme sone se tlhagisa maungo afe?
14 Modimo o lebeletse gore setšhaba se nne le maungo a a siameng. Mika yo o tshedileng mo motlheng wa ga Isaia o bolela jaana: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?” (Mika 6:8; Sekarea 7:9) Le fa go ntse jalo, setšhaba ga se reetse kgothatso ya ga Jehofa. “[Modimo] o ne a nna a solofela katlholo, mme, bona! ga tlolwa molao; a solofela tshiamo, mme bona! ga nna selelo.” (Isaia 5:7b) Moshe o ne a bolelela pele gore setšhaba se se sa ikanyegeng seno se ne se tla tlhagisa morara o o botlhole go tswa mo “mofineng wa Sodoma.” (Duteronome 32:32) Ka gone, boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong, go akaretsa bosodoma, e ka tswa e le tsela e nngwe e ba fapogang Molao wa Modimo ka yone. (Lefitiko 18:22) Polelwana e e reng “ga tlolwa molao” gape e ka ranolwa go twe “ga tshololwa madi.” Kwantle ga pelaelo go tshwarwa mo go setlhogo jalo go bakile “selelo” mo go ba ba sa tshwarweng sentle—selelo se se fitlhileng kwa ditsebeng tsa Mojadi wa tshimo ya mofine.—Bapisa Jobe 34:28.
15, 16. Bakeresete ba boammaaruri ba ka tila jang go tlhagisa maungo a a sa siamang a a tlhagisitsweng ke Iseraele?
15 Jehofa Modimo ke “morati wa tshiamo le tshiamiso.” (Pesalema 33:5) O ne a laela Bajuda jaana: “Lo se ka lwa dira ka go tlhoka tshiamiso mo katlholong. O se ka wa tshwara motho wa maemo a a kwa tlase ka go tlhaola, gape motho yo mogolo ka maemo, o se ka wa mo rata bogolo go ba bangwe. O atlhole mongwe ka wena ka tshiamiso.” (Lefitiko 19:15) Ka jalo re tshwanetse ra tila go tlhaola batho fa re dirisana le ba bangwe, re se ka ra letla dilo tse di jaaka lotso, dingwaga tsa bogolo, khumo, kana khumanego go laola tsela e re lebang batho ka yone. (Jakobe 2:1-4) Go botlhokwa thata gore ba ba mo maemong a bolebedi ba se ka ba ‘dira sepe go ya ka tshekamelo ya go tsaya letlhakore,’ mme ka metlha ba leke go utlwa matlhakore oomabedi a kgang pele ba atlhola.—1 Timotheo 5:21; Diane 18:13.
16 Mo godimo ga moo, go ka nna motlhofo gore Bakeresete ba ba nnang mo lefatsheng le le sa utlweng molao ba nne le boikutlo jo bo sa siamang kana jwa botsuolodi malebana le melao ya Modimo. Mme Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse ba ‘iketleeletsa go utlwa’ melao ya Modimo. (Jakobe 3:17) Le fa go na le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le thubakanyo mo “tsamaisong ya jaanong e e boikepo ya dilo,” ba tshwanetse ba ‘tlhokomela ka kelotlhoko e kgolo gore kafa ba tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale.’ (Bagalatia 1:4; Baefeso 5:15) Ba batla go tila tsela ya go repisa dilo e lefatshe le lebang tlhakanelodikobo ka yone, mme fa ba nna le dikgotlhang, ba tshwanetse ba di rarabolola ba se na “bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba.” (Baefeso 4:31) Bakeresete ba boammaaruri ba dira gore Modimo a tlotlwe le go dira gore a ba amogele ka go lwela go dira dilo ka tshiamo.
Maduo a Bopelotshetlha
17. Mo tatlhegong ya ntlha ya molaetsa wa ga Isaia go kgalwa boitshwaro bofe jo bo maswe?
17 Mo temaneng ya bo8, Isaia ga a tlhole a nopola mafoko a ga Jehofa. Ene ka boene o bolela ditatlhego tsa ntlha tse thataro, a kgala mongwe wa “morara wa naga” o o tlhagisitsweng kwa Juda: “A bo go latlhega ba ba gokaganyang matlo, le ba ba kopanyang masimo go fitlha go sa tlhole go na le bonno mme lona go dirilwe gore lo nne lo le nosi mo lefatsheng! Jehofa wa masomosomo o ikanne mo ditsebeng tsa me gore matlo a le mantsi, le fa a le magolo e bile a le molemo, ruri a tla nna selo sa go akabalelwa, a se na monni. Gonne le eleng ditema di le lesome tsa tshimo ya mofine di tla tlhagisa selekanyo se le sengwe sa bata, le eleng selekanyo sa homere sa peo se tla tlhagisa selekanyo sa ifa fela.”—Isaia 5:8-10.
18, 19. Batho ba motlha wa ga Isaia ba tlhokomologa jang melao ya ga Jehofa e e malebana le dithoto tsa batho, mme seo se tla felela ka eng mo go bone?
18 Kwa Iseraeleng wa bogologolo tota lefatshe lotlhe e ne e le la ga Jehofa. Lelapa lengwe le lengwe le ne le na le boswa jo bo tswang kwa Modimong, jo ba neng ba ka bo hirisa kana ba adimana ka jone ka theko mme ba ne ba ka se ka ba bo rekisetsa “ruri.” (Lefitiko 25:23) Molao ono o ne o thibela go se dirisiwe sentle ga ditsha, jaaka go laola setsha o le nosi. Gape o ne o sireletsa malapa gore a se ka a tsena mo khumanegong e e feteletseng. Le fa go ntse jalo, bangwe kwa Juda ka bopelotshetlha ba ne ba tlola melao ya Modimo e e malebana le dithoto tsa batho. Mika o ne a kwala jaana: “Ba eleditse masimo mme ba a gapile; le matlo, mme ba a tsere; gape ba tsieditse monna yo o nonofileng le ba ntlo ya gagwe, motho le sa gagwe se a se ruileng boswa.” (Mika 2:2) Mme Diane 20:21 e tlhagisa jaana: “Boswa bo bonwa ka bogagaru la ntlha, mme isagwe ya jone ga e na go segofadiwa.”
19 Jehofa o solofetsa gore o tla tseela batho bano ba ba pelotshetlha dilo tse ba di boneng ka tsela e e bosula. Matlo a ba a gapang a tla nna a “se na monni.” Dinaga tse ba di eletsang ka bopelotshetlha di tla tlhagisa karolwana fela ya se di kgonang go se tlhagisa. Ga go bolelwe gore phutso eno e tla diragala jang le gone leng. Bontlhanngwe jwa yone bogolo jang, bo tshwanetse jwa bo bo lebisitse mo maemong a a tla tlisiwang ke go isiwa botshwarwa kwa Babelona mo isagweng.—Isaia 27:10.
20. Gompieno Bakeresete ba ka tila jang go etsa boikutlo jwa bopelotshetlha jo bo neng jwa bontshiwa ke bangwe kwa Iseraele?
20 Gompieno Bakeresete ba tshwanetse ba ila bopelotshetlha jwa go se kgotsofale jo bo tshwanang le jo bo neng jwa bontshiwa ke Baiseraele bangwe morago koo. (Diane 27:20) Fa motho a tsaya dilo tse di bonalang di le botlhokwa mo go feteletseng, go motlhofo gore a simolole ditsela tse di sa amogelesegeng tsa go nna le madi. Go ka nna motlhofo gore motho a raelesege go tsena mo dikgwebong tse di belaetsang kana mo dithulaganyong tsa go huma ka bonako tse di sa lebegeng di ikanyega. “Yo o potlakelang go nna le dikhumo ga a na go nna a se na molato.” (Diane 28:20) Ka gone, a bo go le botlhokwa jang ne go kgotsofalela se re nang le sone!—1 Timotheo 6:8.
Seru sa Boitlosobodutu jo bo Belaetsang
21. Go kgalwa maleo afe mo tatlhegong ya bobedi ya molaetsa wa ga Isaia?
21 Morago ga moo go tla tatlhego ya bobedi ya molaetsa wa ga Isaia: “A bo go latlhega ba ba tsogang go sa le phakela gore ba senke bojalwa jo bo tagang, ba ba nnelang go diega go fitlha lefifi la maitseboa mo ba fisiwang ke beine! Mme go tla nna le harepa le seletswa sa megala, moropana le folutu, le beine kwa medirong ya bone; mme ga ba lebe tiro ya ga Jehofa, le tiro ya diatla tsa gagwe ga ba e bona.”—Isaia 5:11, 12.
22. Go bontshiwa go tlhoka boitshwaro jang kwa Iseraele, mme seo se tla felela ka eng mo setšhabeng?
22 Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng” e bile ga a time batlhanka ba gagwe boitlosobodutu jo bo siameng. (1 Timotheo 1:11) Le fa go ntse jalo, batho bano ba ba batlang go ijesa monate ba feteletsa dilo tota! Baebele ya re: “Ba ba tagwang gantsi ba a bo ba tagilwe bosigo.” (1 Bathesalonika 5:7) Mme batho ba boporofeti jono ba ba ratang tlhapedi ba simolola go nwa go sa le phakela ba bo ba tswelela ba nwa go fitlha maitseboa! Ba itshwara jaaka e kete Modimo ga a yo, jaaka e kete ga a kitla a ba sekisetsa ditiro tsa bone. Isaia o bolelela pele gore ba ba ntseng jalo ba na le isagwe e e sa itumediseng. “Batho ba me ba tla tshwanelwa ke go ya botshwarwa ka ntlha ya go tlhoka kitso; mme kgalalelo ya bone e tla nna batho ba ba bolawang ke tlala, le boidiidi jwa bone bo tla bo bo phaphaletse ka ntlha ya lenyora.” (Isaia 5:13) E re ka ba gana go dira tumalanong le kitso ya boammaaruri, batho ba kgolagano ya Modimo—ba maemo a a kwa godimo le ba maemo a a kwa tlase—ba tla fologela kwa Sheole.—Bala Isaia 5:14-17.
23, 24. Bakeresete ba rotloediwa go nna le boikgapo le tekatekano mo dilong dife?
23 “Mediro ya ditlhapelo,” kana “meletlo e e sa laolegeng,” le yone e ne e le bothata mo Bakereseteng bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Bagalatia 5:21; Byington; 2 Petere 2:13) Ka jalo ga go gakgamatse go bo Bakeresete bangwe ba ba ineetseng gompieno ba bontshitse go se lebe dilo sentle malebana le dikokoano. Go nwa majalwa ka tsela e e sa laolweng go dirile gore bangwe ba nne modumo ba tlhodie. (Diane 20:1) E bile go na le ba ba neng ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong ba tlhotlhelediwa ke go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, mme dikokoano dingwe di ile tsa letlelelwa gore di tswelele pele bosigo jotlhe, di bo di kgoreletsa ditiro tsa Bokeresete letsatsi le le latelang.
24 Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba tekatekano ba tlhagisa maungo a a siameng e bile ba dirisa boikgapo le go nna tekatekano fa ba tlhopha boitlosobodutu. Ba tsaya tsia kgakololo ya ga Paulo e e fitlhelwang mo go Baroma 13:13: “Jaaka mo nakong ya motshegare a re tsamayeng ka mokgwa o montle, e seng mo medirong ya ditlhapelo le mo medirong ya botagwa.”
Go Tlhoa Boleo le go Rata Boammaaruri
25, 26. Isaia o senola dikakanyo dife tse di bosula tsa Baiseraele mo tatlhegong ya boraro le ya boné ya molaetsa wa gagwe?
25 Jaanong utlwa tatlhego ya boraro le ya bonè ya molaetsa wa ga Isaia: “A bo go latlhega ba ba gogang tlolo ka megala ya maaka, le boleo jaaka e kete ba bo goga ka megala ya koloi; ba ba reng: ‘A tiro ya gagwe e potlake; a e tle ka bonako gore re e bone; mme a boikaelelo jwa Moitshepi wa Iseraele bo atamele mme bo tle, gore re tle re bo itse!’ A bo go latlhega ba ba reng molemo ke bosula le bosula ke molemo, ba ba bayang lefifi mo boemong jwa lesedi le lesedi mo boemong jwa lefifi, ba ba bayang bogalaka mo boemong jwa botshe le botshe mo boemong jwa bogalaka!”—Isaia 5:18-20.
26 A bo eno e le tlhaloso e e utlwalang sentle jang ne ya batho ba ba dirang boleo! Ba golagane le boleo fela jaaka diphologolo tse di gogang dikoloi di golegelwa mo go tsone. Baleofi bano ga ba boife letsatsi le le tlang la katlholo ka gope. Ba bua jaana ba sotla: “A [tiro ya Modimo] e tle ka bonako!” Go na le go ineela mo Molaong wa Modimo, ba sokamisa dilo, ba bolela gore “molemo ke bosula le bosula ke molemo.”—Bapisa Jeremia 6:15; 2 Petere 3:3-7.
27. Bakeresete gompieno ba ka tila go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa Baiseraele jang?
27 Bakeresete gompieno ba tshwanetse ba leka ka bojotlhe go tila boikutlo jo bo ntseng jalo. Ka sekai, ga ba amogele tsela e lefatshe le lebang boaka le bosodoma ka yone. (Baefeso 4:18, 19) Ke boammaaruri, Mokeresete a ka ‘tsaya kgato e e phoso’ e e ka nnang ya mo gogela gore a dire boleo jo bo masisi. (Bagalatia 6:1) Bagolwane mo phuthegong ba iketleeditse go thusa batho ba ba oleng e bile ba tlhoka thuso. (Jakobe 5:14, 15) Motho a ka kgona go tsoga semoyeng a thusiwa ke dithapelo le kgakololo e e tswang mo Baebeleng. E seng jalo go na le kotsi ya go nna “motlhanka wa boleo.” (Johane 8:34) Bakeresete ba leka go nna ba “se na selabe e bile [ba] se na setshubaba” fa pele ga ga Jehofa go na le gore ba sotle Modimo le go tlhokomologa letsatsi le le tlang la katlholo.—2 Petere 3:14; Bagalatia 6:7, 8.
28. Mo ditatlhegong tsa bofelo tsa molaetsa wa ga Isaia go kgalwa maleo afe, mme Bakeresete ba ka tila maleo a a ntseng jalo jang gompieno?
28 Go a tshwanela go bo Isaia a oketsa ka ditatlhego tseno tsa bofelo: “A bo go latlhega ba ba botlhale mo matlhong a bone le ba ba bonokopela mo difatlhegong tsa bone! A bo go latlhega ba e leng dinatla mo go nweng beine, le batho ba ba nang le maatla a botlhaga a go tlhakanya bojalwa jo bo tagang, ba ba bolelang fa moikepi a siame gore ba tle ba newe pipamolomo, le ba ba tlosang le yone tshiamo ya motho yo o siameng mo go ene!” (Isaia 5:21-23) Go bonala mafoko ano a ne a lebisitswe mo bathong ba e neng e le baatlhodi mo nageng eo. Gompieno bagolwane ba phuthego ba tila go lebega ba le “botlhale mo matlhong a bone.” Ka boikokobetso ba amogela kgakololo ya bagolwane ba bangwe mme ba ngaparela ditaelo tsa phuthego thata. (Diane 1:5; 1 Bakorintha 14:33) Ba dirisa majalwa ka tekatekano, ga ba ke ba nwa pele ba dira ditiro tsa phuthego. (Hosea 4:11) Gape bagolwane ba tila le eleng gone go lebega e kete ba a kgetholola. (Jakobe 2:9) A bo ba farologane jang ne le baruti ba Labokeresete! Bontsi jwa bone ba mpampetsa baleofi ba ba nang le tlhotlheletso le ba ba humileng mo gare ga bone, go fapaana gotlhelele le ditlhagiso tsa ga moaposetoloi Paulo tse di mo go Baroma 1:18, 26, 27; 1 Bakorintha 6:9, 10; le Baefeso 5:3-5.
29. Tshimo ya ga Jehofa ya mofine ya Baiseraele e tlile go bona bokhutlo bofe jwa masetlapelo?
29 Isaia o konela molaetsa ono wa boporofeti ka go tlhalosa bokhutlo jwa masetlapelo jwa ba ba “[ganneng] molao wa ga Jehofa” mme ba sa ungwa maungo a a siameng. (Isaia 5:24, 25; Hosea 9:16; Malaki 4:1) O bolela jaana: “[Jehofa] o tsholeleditse setšhaba sengwe se segolo se se kgakala sesupo, mme o se leleditse molodi kwa ntlheng ya lefatshe; mme bona! se tla potlakela go tsena ka bofefo.”—Isaia 5:26; Duteronome 28:49; Jeremia 5:15.
30. Ke mang yo o tla phuthang ‘setšhaba se segolo’ kgatlhanong le batho ba ga Jehofa, mme seo se tla felela ka eng?
30 Mo metlheng ya bogologolo kota fa e tlhomilwe mo lefelong le le tsholetsegileng e ne e ka nna “sesupo,” kana lefelo la bophuthegelo la batho kana masole. (Bapisa Isaia 18:3; Jeremia 51:27.) Jaanong Jehofa ka boene o tla phutha ‘setšhaba se segolo’ seno se se sa bidiwang ka leina gore se diragatse katlholo ya gagwe.b O tla ‘se leletsa molodi,’ ke gore, a se tlhokomedisa gore batho ba gagwe ba ba sa utlweng ba tshwanelwa ke go fenngwa. Go tswa foo moporofeti o tlhalosa go tlhasela ka bofefo mo go tshosang ga bafenyi bano ba ba tshwanang le ditau ba ba tla ‘tshwarang se ba se tsomang,’ ke gore, setšhaba sa Modimo, “mme ba tsamaye ka sone se babalesegile” ba se tlisa botshwarong. (Bala Isaia 5:27-30a.) Mme a bo lefatshe la batho ba ga Jehofa le nna le diphelelo tse di botlhoko jang ne! “Motho o tla tlhoma lefatshe matlho, mme bona! go na le lefifi le le tshwenyang thata; le eleng lesedi le fifetse ka ntlha ya marothodi a a welang mo go lone.”—Isaia 5:30b.
31. Bakeresete ba boammaaruri ba ka tila jang go otlhaiwa jaaka tshimo ya ga Jehofa ya mofine ya Baiseraele?
31 Ee, tshimo ya mofine e Modimo a e lemileng ka lorato e itshupa e sa ungwe—e tshwanelwa fela ke tshenyego. A bo mafoko a ga Isaia a na le thuto ya botlhokwa jang ne mo bathong botlhe ba ba direlang Jehofa gompieno! E kete ba ka leka gore ba se ka ba ungwa sepe fa e se maungo a a siameng, mme seo se tlisetse Jehofa pako mme se dire gore le bone ka bobone ba bolokwe!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bakanoki bangwe ba dumela gore dikago tse di tlhwatlhwatlase tse di sa nneleng ruri, tse di jaaka maobo, kana mekgoro, di ne di tlwaelegile thata go feta ditora tsa maje. (Isaia 1:8) Fa go na le tora seo se ne se bontsha gore mong o tseetse ‘tshimo ya gagwe ya mofine’ matsapa ka tsela e e sa tlwaelegang.
b Mo dipolelelopeleng tse dingwe, Isaia o tlhalosa Babelona e le setšhaba se se diragatsang katlholo e e ripitlang ya ga Jehofa mo Juda.
[Setshwantsho mo go tsebe 83]
Moleofi o golagane le boleo jaaka phologolo e e gogang koloi e golegetswe mo go yone
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 85]