Kgaolo ya Lesomenngwe
“O se Ka wa Ikanya Batlotlegi”
1, 2. (a) Bajuda ga ba utlwe kgakololo efe e e tlhotlheleditsweng, mme go nna le diphelelo dife? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a botsa a re: ‘Le kae lekwalo la tlhalo?’
“O SE ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene. . . . Go itumela yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo o solofetseng mo go Jehofa Modimo wa gagwe, Modiri wa legodimo le lefatshe.” (Pesalema 146:3-6) Fa fela Bajuda ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Isaia ba ne ba ka dira jaaka mopesalema a gakolotse! Fa fela ba ne ba ka solofela, e seng mo go Egepeto kgotsa mo setšhabeng sepe se sele sa boheitane, mme ba ikanya “Modimo wa ga Jakobe”! Foo, fa baba ba Juda ba mo tlhasela, Jehofa o ne a tla tsaya kgato go mo sireletsa. Le fa go ntse jalo, Juda o ganne go batla thuso kwa go Jehofa. Ka ntlha ya seo, Jehofa o tla letla Jerusalema a senngwa le banni ba Juda ba isiwa botshwarwa kwa Babelona.
2 Juda ke moipolai yo o sa lelelweng. A ka se ka a re o senngwa ka gonne Jehofa a mo tsieditse kgotsa a tlhokomologile kgolagano ya gagwe le setšhaba. Mmopi ga a itlhokomolose dikgolagano. (Jeremia 31:32; Daniele 9:27; Tshenolo 15:4) Jehofa o gatelela ntlha eno ka go botsa Bajuda jaana: “Le kae he, lekwalo la tlhalo la ga mmaalona, yo ke mo tsamaisitseng?” (Isaia 50:1a) Mo Molaong wa ga Moshe, monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe o tshwanetse a mo naya lekwalo la tlhalo. Go tswa foo mosadi o gololesegile gore a ka tsewa ke monna yo mongwe. (Duteronome 24:1, 2) Ka tsela ya tshwantshetso, Jehofa o neile bogosi jwa Iseraele jo e leng morwarraagwe Juda lekwalo le le ntseng jalo, mme Juda ene ga a le newa.a O sa ntse a le “monna yo e leng mong” wa gagwe. (Jeremia 3:8, 14) Eleruri Juda ga a gololesega gore a ka akafala le ditšhaba tsa boheitane. Kamano ya gagwe le Jehofa e tla tswelela pele “go fitlha Shilo [Mesia] a tla.”—Genesise 49:10.
3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ‘rekisa’ batho ba gagwe?
3 Gape Jehofa o botsa Juda jaana: “Ke lo rekisitse mo go ofe wa ba ke ba kolotang?” (Isaia 50:1b) Bajuda ga ba ne ba romelwa kwa botshwarwa jwa Babelona e le go duela sekoloto sengwe se go ka tweng Jehofa o na le sone. Jehofa ga a tshwane le Moiseraele yo o humanegileng yo o tshwanetseng a rekisa bana ba gagwe mo go mongwe yo a mo kolotang gore a duele molato. (Ekesodo 21:7) Go na le moo, Jehofa o ntsha lebaka le tota le dirang gore batho ba gagwe ba isiwe bokgobeng: “Bonang! Lo rekisitswe ka ntlha ya ditlolo tsa lona, le mmaalona o lelekilwe ka ntlha ya diphoso tsa lona.” (Isaia 50:1c) Bajuda ke bone ba latlhileng Jehofa; ga se ene a ba latlhileng.
4, 5. Jehofa o bontsha jang gore o rata batho ba gagwe, mme Juda o arabela jang?
4 Potso ya ga Jehofa e e latelang e bontsha sentle kafa a ratang batho ba gagwe ka teng: “Ke ka ntlha yang fa e rile ke tsena ga bo go se na ope? Fa ke bitsa, go ne go se na ope yo o arabang?” (Isaia 50:2a) Go ntse jaaka e kete Jehofa o tlile kwa legaeng la batho ba gagwe ka batlhanka ba gagwe baporofeti a tla go ba kopa gore ba boele kwa go ene ka pelo ya bone yotlhe. Mme ga ba arabe. Bajuda ba tlhopha go kopa thuso mo bathong ba mo lefatsheng, ka dinako tse dingwe e bile ba e batla kwa Egepeto.—Isaia 30:2; 31:1-3; Jeremia 37:5-7.
5 A Egepeto ke mmoloki yo o ikanyegang go feta Jehofa? Go lebega Bajuda bao ba ba sa ikanyegeng ba lebetse ditiragalo tse di ileng tsa felela ka gore setšhaba sa bone se tsalwe makgolo a dingwaga pelenyana. Jehofa o ba botsa jaana: “A seatla sa me se khutshwafetse mo se ka se kang sa golola, kgotsa a ga go na maatla a go golola mo go nna? Bonang! Ke kgadisa lewatle ka kgalemo ya me; ke dira dinoka naga. Ditlhapi tsa tsone di nkga sebodu ka ntlha ya go bo go se na metsi, e bile di swa ka ntlha ya lenyora. Ke apesa magodimo ka phifalo, e bile ke dira letsela la kgetsi seaparo sa one.”—Isaia 50:2b, 3.
6, 7. Jehofa o ne a bontsha jang gore o na le maatla a go boloka fa Egepeto a ne a tshosetsa?
6 Ka 1513 B.C.E., Egepeto e ne e le mogateledi—e seng mogolodi yo o neng a solofetswe—wa batho ba Modimo. Baiseraele e ne e le makgoba mo nageng eo ya boheitane. Mme Jehofa o ne a ba golola, mme a bo e ne e le kgololo e e itumedisang jang ne! Sa ntlha, o ne a tlisa Dipetso Tse di Lesome mo nageng eno. Morago ga petso ya bolesome e e neng e le botlhoko thata, Faro wa Egepeto o ne a rotloetsa Baiseraele go tswa mo nageng eo. (Ekesodo 7:14–12:31) Le fa go ntse jalo, fela fa ba sena go dira jalo, Faro o ne a fetola mogopolo. O ne a phutha masole a gagwe mme a tswa a ya go pateletsa Baiseraele gore ba boele kwa Egepeto. (Ekesodo 14:5-9) Baiseraele ba ne ba le mo gare ga naka tsa nare ka gonne masole a Egepeto a ne a ba setse morago mme kwa pele ga bone e le Lewatle le Lehibidu! Mme Jehofa o ne a tla ba lwela.
7 Jehofa o ne a emisa Baegepeto ba ise ba ye gope ka go baya leru le legolo fa gare ga bone le Baiseraele. Kafa letlhakoreng la Baegepeto, go ne go le letobo; kafa letlhakoreng la Baiseraele, go ne go le lesedi. (Ekesodo 14:20) Go tswa foo, fa masole a Egepeto a sa ntse a eme jalo, Jehofa o ne a “dira gore lewatle le boele morago ka phefo e e maatla ya botlhaba bosigo jotlhe a fetola boalo jwa lewatle go nna lefatshe le le omileng.” (Ekesodo 14:21) Fa metsi a sena go kgaoganngwa, batho botlhe—banna, basadi le bana—ba ne ba kgona go kgabaganya Lewatle le Lehibidu ka pabalesego. Jehofa o ne a tlosa leru fela fa batho ba gagwe ba setse ba lebile losi lo lo kwa ntlheng e nngwe. Baegepeto ba ne ba golomela mo lewatleng le le omileng ba ba lelekisitse. Fa batho ba ga Jehofa ba setse ba babalesegile kwa losing lwa lewatle, o ne a bulela metsi, a nwetsa Faro le masole a gagwe. Jehofa o ne a lwela batho ba gagwe jalo. A bo seo se kgothatsa Bakeresete jang ne gompieno!—Ekesodo 14:23-28.
8. Banni ba Juda kgabagare ba ya botshwarwa ka ntlha ya go tlhokomologa ditlhagiso dife?
8 Mo motlheng wa ga Isaia, phenyo eo ya Modimo e setse e na le dingwaga di le makgolo a le supa e diragetse. Jaanong Juda ke setšhaba se se ikemetseng ka nosi. Ka dinako tse dingwe, o nna le dipuisano le dipuso tse dingwe, tse di jaaka Asiria le Egepeto. Mme le fa go ntse jalo baeteledipele ba ditšhaba tseno tsa baheitane ba ka se ikanngwe. Ba tla nna ba ikakanyetsa bone pele ga ba akanyetsa dikgolagano dipe fela tse ba di dirang le Juda. Baporofeti ba bua ka leina la ga Jehofa ba tlhagisa batho gore ba se ka ba ikanya batho ba ba ntseng jalo, mme batho ga ba tseye mafoko a baporofeti tsia. Kgabagare, Bajuda ba tla isiwa botshwarwa kwa Babelona mme ba tla nna dingwaga di le 70 teng e le batlhanka. (Jeremia 25:11) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a kitla a lebala batho ba gagwe, le gone ga a kitla a ba kgaphela kwa thoko ka bosakhutleng. Ka nako e e tshwanetseng, o tla ba gakologelwa, mme o tla ba bulela tsela ya gore ba boele kwa nagagaeng ya bone ba tsosolose kobamelo e e itshekileng. Ka boikaelelo bofe? Go baakanyetsa Shilo yo o tlang, ene yo batho botlhe ba tla mo utlwang!
Shilo o a Tla
9. Shilo ke mang, mme ke morutisi wa mofuta ofe?
9 Go feta makgolokgolo a dingwaga. “Tekanyetso e e feletseng ya nako” e a goroga, mme yo o bidiwang Shilo, Morena Jesu Keresete, o a tla mo lefatsheng. (Bagalatia 4:4; Bahebera 1:1, 2) Lebaka la go bo Jehofa a tlhomile mopati wa gagwe yo mogolo go nna Mmueledi wa Bajuda le bontsha kafa Jehofa a ratang batho ba gagwe ka teng. Jesu e nna mmueledi yo o ntseng jang? Wa maemo a a kwa godimodimo! Jesu ga se mmueledi fela, ke morutisi—Morutisi yo Mogolo. Seo ga se gakgamatse ka gonne o na le Motlhatlheledi yo o gakgamatsang—Jehofa Modimo ka boene. (Johane 5:30; 6:45; 7:15, 16, 46; 8:26) Seno se tlhomamisiwa ke se Jesu a se bolelang mo boporofeting ka Isaia: “Morena Molaodimogolo Jehofa o nneile loleme lwa ba ba rutilweng, gore ke tle ke itse kafa ke arabang yo o lapileng ka teng ka lefoko. O tsoga moso le moso; o tsosa tsebe ya me gore e utlwe jaaka ba ba rutilweng.”—Isaia 50:4.b
10. Jesu o bontsha jang lorato lo Jehofa a nang le lone ka batho ba Gagwe, mme Jesu o amogelwa jang?
10 Fa Jesu a ise a tle mo lefatsheng, o ne a dira le Rraagwe kwa legodimong. Kamano e e lorato fa gare ga Rre le Morwa e tlhalosiwa ka tsela ya poko mo go Diane 8:30: “Ke ne ke le fa thoko ga [ga Jehofa] ke le modiri yo o setswerere, . . . ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe.” Jesu o ne a itumedisiwa thata ke go reetsa Rraagwe. Le ene fela jaaka Rraagwe o ne a rata “bomorwa batho.” (Diane 8:31) Fa Jesu a tla mo lefatsheng o araba ‘yo o lapileng ka lefoko.’ O simolola bodiredi jwa gagwe ka go bala molaetsa o o gomotsang go tswa mo boporofeting jwa ga Isaia: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo, . . . go tsamaisa ba ba gateletsweng thata ba golotswe.” (Luke 4:18; Isaia 61:1) Bahumanegi ba utlwa dikgang tse di molemo! Ba ba lapileng ba bona tapologo! A bo kitsiso eo e tshwanetse ya itumedisa batho jang ne! Bangwe ba a itumela—mme e seng botlhe. Kwa bofelong, ba le bantsi ba gana go amogela gore Jesu o rutilwe ke Jehofa.
11. Ke bomang ba ba tsenang mo jokweng le Jesu, mme ba diragalelwa ke eng?
11 Le fa go ntse jalo, bangwe ba batla go utlwa mo go oketsegileng. Ba tsibogela taletso e e lorato ya ga Jesu ka boitumelo: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” (Mathaio 11:28, 29) Bangwe ba batho ba ba tlang kwa go Jesu ke banna ba morago e nnang baaposetoloi ba gagwe. Ba a itse gore go tsena mo jokweng le Jesu go kaya gore ba tla nna le tiro e ntsi. Gareng ga tse dingwe, tiro eno e akaretsa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi go fitlha kwa dintlheng tsa lefatshe. (Mathaio 24:14) Fa baaposetoloi le barutwa ba bangwe ba tsenelela mo tirong eno, ba fitlhela gore eleruri e tlisetsa meya ya bone tapologo. Bakeresete ba ba ikanyegang gompieno ba dira tiro e e tshwanang, mme go nna le seabe mo go yone go ba itumedisa fela jalo.
Ga a Tsuologe
12. Jesu o bontsha ka ditsela dife gore o utlwa Rraagwe wa selegodimo?
12 Jesu ga a ke a lebala boikaelelo jwa gagwe jwa go tla mo lefatsheng—go tla go dira thato ya Modimo. Tsela e a lebang dilo ka yone e bolelelwa pele jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa o butse tsebe ya me, mme fa e le nna ke ne ke sa tsuologe. Ga ke a ka ka retologela go sele.” (Isaia 50:5) Jesu o utlwa Modimo ka metlha. Ee ruri, e bile a re: “Morwa ga a ka ke a dira selo le fa se le sengwe ka boene fela, fa e se fela se a bonang Rara a se dira.” (Johane 5:19) Fa Jesu a ise a nne motho, o tshwanetse a bo a ile a dira le Rraagwe ka dingwaga di le dimilione, tota le e leng di le dibilione. Fa a sena go tla mo lefatsheng, o sa ntse a latela dikaelo tsa ga Jehofa. Rona balatedi ba ga Keresete ba ba sa itekanelang re tshwanetse ra nna kelotlhoko go gaisa gore re dire fela jaaka Jehofa a kaela!
13. Ke eng se se tlileng go diragalela Jesu, mme o itshupa jang gore o pelokgale?
13 Bangwe ba batho ba ba ganang Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa ba a mmogisa, mme le seno se boleletswe pele: “Ke ne ka naya baitei mokwatla wa me, le ba ba khumolang moriri ka ba naya marama a me. Ga ke a ka ka fitlha sefatlhego sa me mo dilong tse di tlhabisang ditlhong le mo go kgwelweng mathe.” (Isaia 50:6) Go ya ka boporofeti, Mesia o tla utlwisiwa botlhoko le go tlhabisiwa ditlhong ke baganetsi. Jesu o itse seno. Mme o a itse gore pogiso eno e tla fitlha kae. Mme le fa go ntse jalo, fa nako ya gagwe ya fa a le mo lefatsheng e ntse e fela, ga a bontshe go boifa sepe. O ititaya sehuba jaaka legweka a bo a ya Jerusalema, kwa botshelo jwa gagwe e le motho bo tla felelang teng. Fa Jesu a le mo tseleng a ya koo, o raya barutwa ba gagwe a re: “Ke rona bano, re tlhatlogela kwa Jerusalema, mme Morwa motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le bakwadi, mme ba tla mo atlholela loso ba bo ba mo neye batho ba ditšhaba, mme ba tla sotla ka ene ba bo ba mo kgwele mathe mme ba mo kgwathise ba bo ba mmolaye, mme malatsi a le mararo moragonyana o tla tsoga.” (Mareko 10:33, 34) Go tshwarwa setlhogo jaana gotlhe go tla bo go tlhotlhelediwa ke banna ba ba nang le kitso—baperesiti ba bagolo le bakwadi.
14, 15. Mafoko a ga Isaia a gore Jesu o ne a tla itewa le go nyenyefadiwa a diragadiwa jang?
14 Ka bosigo jwa Nisane 14, 33 C.E., Jesu o mo tshingwaneng ya Gethesemane le bangwe ba balatedi ba gagwe. O a rapela. Ka tshoganyetso, go tla segopa se tla go mo tshwara. Mme ga a boife. O a itse gore Jehofa o na le ene. Jesu o tlhomamisetsa baaposetoloi ba gagwe ba ba tshogileng gore fa a ne a batla, o ne a ka kopa Rraagwe gore a romele mephato e feta lesome le bobedi ya baengele gore ba tle go mo golola, mme o oketsa jaana: “Mo kgannyeng eo, Dikwalo di ne di tla diragadiwa jang?”—Mathaio 26:36, 47, 53, 54.
15 Dilo tsotlhe tse di boleletsweng pele ka ga diteko le loso lwa ga Mesia di a diragala. Morago ga tsheko e e dirilweng ka boferefere fa pele ga Saneheterine, Ponto Pilato o botsolotsa Jesu a bo a dira gore a kgwathisiwe. Masole a Roma a “mo itaya mo tlhogong ka lotlhaka ba bo ba mo kgwela mathe.” Ka jalo mafoko a ga Isaia a a diragadiwa. (Mareko 14:65; 15:19; Mathaio 26:67, 68) Le fa Baebele e sa bolele gore moriri wa ditedu tsa ga Jesu o khumolwa ka tsela ya mmatota—e leng tiro e e bontshang lenyatso le le feteletseng—kwantle ga pelaelo, seno se diragala fela jaaka Isaia a ne a boleletse pele.c—Nehemia 13:25.
16. Fa Jesu a le mo kgatelelong e kgolo, o itshwara jang, mme ke ka ntlha yang fa a sa tlhabiwe ke ditlhong?
16 Fa Jesu a ema fa pele ga ga Pilato, ga a ikopele gore a se ka a bolawa mme o nna a ritibetse ka tidimalo, a itse gore o tshwanetse a swa gore Dikwalo di tle di diragadiwe. Fa mmusi wa Roma a bontsha gore o na le maatla a go atlholela Jesu loso kgotsa go mo golola, Jesu o araba jaana a se na poifo: “O ka bo o se na taolo ka gope kgatlhanong le nna fa o ne o sa e newa go tswa kwa godimo.” (Johane 19:11) Masole a ga Pilato a tshwara Jesu setlhogo, mme ga a kgone go dira gore a tlhajwe ke ditlhong. O tla bo a tlhabisiwa ditlhong ke eng? Ga a otlhaelwe ka tshwanelo molato ope o a o dirileng. Go na le moo, o bogisediwa tshiamo. Mo kgannyeng eno, mafoko a ga Isaia a boporofeti a diragadiwa go ya pele: “Morena Molaodimogolo Jehofa o tla nthusa. Ke gone ka moo ke se kitlang ke tlhoka go ikutlwa ke kokobeditswe. Ke gone ka moo ke tlhomileng sefatlhego sa me jaaka legweka, mme ke itse gore ga nkitla ke tlhabiwa ke ditlhong.”—Isaia 50:7.
17. Jehofa o ntse a tshegetsa Jesu mo bodireding jwa gagwe jotlhe ka ditsela dife?
17 Jesu o pelokgale ka ntlha ya go tshepa Jehofa ka pelo yotlhe. O itshwara ka tsela e e bontshang gore o dumalana ka botlalo le mafoko a ga Isaia: “Yo O mpolelang ke siame o gaufi. Ke mang yo o ka ganetsanang le nna? A re emeng mmogo. Moganetsi wa me wa boatlhodi ke mang? A a nkatamele. Bona! Morena Molaodimogolo Jehofa o tla nthusa. Ke mang yo o ka mpolelang ke le boikepo? Bona! Botlhe fela, ba tla onala jaaka seaparo. Ba tla jewa ke motoutwanenyana fela.” (Isaia 50:8, 9) Ka letsatsi le Jesu a kolobediwang ka lone, Jehofa o bolela fa e le morwa Modimo wa semoya yo o siameng. E bile tota, lentswe la Modimo ka boene le utlwiwa ka nako eo, le re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) Fa Jesu a setse a le gaufi le go wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng, fa a ntse a khubame ka mangole a rapela kwa tshingwaneng ya Gethesemane, ‘moengele o tswa legodimong a bonala kwa go ene mme o a mo nonotsha.’ (Luke 22:41-43) Ka jalo Jesu o a itse gore Rraagwe o amogela botshelo jwa gagwe. Morwa yono wa Modimo yo o itekanetseng ga a dira boleo bope. (1 Petere 2:22) Baba ba gagwe ba mo latofatsa ka maaka ba re ga a latele Sabata, ke letagwa, e bile o na le madimona, mme maaka a bone ga a dire gore Jesu a tlhabiwe ke ditlhong. Modimo o na le ene, ka jalo ke mang yo o ka mo ganetsang?—Luke 7:34; Johane 5:18; 7:20; Baroma 8:31; Bahebera 12:3.
18, 19. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba diragalelwa ke dilo dife fela jaaka Jesu?
18 Jesu o tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Johane 15:20) Go ise go ye kae mafoko ano a a diragala. Ka Pentekosete ya 33 C.E., moya o o boitshepo o tshologela mo barutweng ba ba ikanyegang ba ga Jesu, mme phuthego ya Bokeresete e a tsalwa. Morago fela ga moo baeteledipele ba bodumedi ba leka go emisa tiro ya go rera ya banna le basadi bano ba ba ikanyegang ba ga jaanong ba dirang le Jesu e le karolo ya “losika lwa ga Aborahame” e bile ba itlhophetswe ke Modimo go nna barwa ba gagwe ba semoya. (Bagalatia 3:26, 29; 4:5, 6) Fa e sa le ka lekgolo la ntlha la dingwaga go tla go fitlha jaanong, Bakeresete ba ba tloditsweng, le fa ba emela tshiamo ka tlhoafalo, ba ile ba tshwanelwa ke go emelana le go tladikiwa ka maaka le go bogisiwa mo go botlhoko ke baba ba ga Jesu.
19 Le fa go ntse jalo, ba gakologelwa mafoko ano a a kgothatsang a ga Jesu: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong.” (Mathaio 5:11, 12) Ka gone, le fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ka tlhaselwa botlhoko jang, ba nna ba le motlotlo. Go sa kgathalesege gore baganetsi ba bone ba ka reng, ba itse gore Modimo o ba boletse ba le tshiamo. Mo matlhong a gagwe ga ba “na molato e bile [ga ba] na go ka latofadiwa ka sepe.”—Bakolosa 1:21, 22.
20. (a) Ke bomang ba ba tshegetsang Bakeresete ba ba tloditsweng, mme ba diragaletswe ke eng? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng le “dinku tse dingwe” ba nna le loleme lwa ba ba rutilweng jang?
20 Mo metlheng ya bosheng jaana Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshegediwa ke “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe.” Bano le bone ba emela tshiamo. Ka jalo, ba bogile mmogo le barwarraabone ba ba tloditsweng e bile ba “tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” Jehofa o ba boletse ba siame gore ba tle ba falole ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshenolo 7:9, 14, 15; Johane 10:16; Jakobe 2:23) Tota le fa baganetsi ba bone ba lebega ba nonofile gone jaanong, boporofeti jwa ga Isaia bo bolela gore ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, baganetsi bao ba tla nna jaaka seaparo se se jelweng ke motlhwa, se se tshwanelwang fela ke go latlhiwa. Ga jaanong, Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le ba “dinku tse dingwe” ba nna ba nonofile ka go rapela ka metlha, ka go ithuta Lefoko la Modimo le ka go nna teng kwa dipokanong tsa kobamelo. Ka gone ba rutiwa ke Jehofa e bile ba ithuta go bua ka loleme lwa ba ba rutilweng.
Ikanye Leina la ga Jehofa
21. (a)K e bomang ba ba tsamayang mo leseding, mme ba nna le diphelelo dife? (b) Go diragala eng ka ba ba tsamayang mo lefifing?
21 Jaanong ela tlhoko sengwe se se farologaneng thata: “Ke mang mo go lona yo o boifang Jehofa, yo o reetsang lentswe la motlhanka wa gagwe, yo o ileng a tsamaya mo lefifing le le sa feleng le yo go iseng go ke go nne le phatsimo mo go ene? A a ikanye leina la ga Jehofa a ba a itshegetse ka Modimo wa gagwe.” (Isaia 50:10) Batho ba ba reetsang lentswe la Motlhanka wa Modimo, Jesu Keresete, ba tsamaya mo leseding. (Johane 3:21) Ga ba dirise leina la Modimo Jehofa fela, mme gape ba ikanya ene yo o bidiwang ka leina leo. Le fa e le gore ba kile ba bo ba tsamaya mo lefifing, jaanong ga ba boife batho. Ba itshegetsa ka Modimo. Le fa go ntse jalo, ba ba tswelelang pele ba tsamaya mo lefifing ba tshelela mo poifong ya motho. Go ntse jalo ka Ponto Pilato. Le fa a itse gore Jesu ga a na molato mo melatong ya maaka e ba mo latofatsang ka yone, poifo e dira gore motlhankedi yoo wa Roma a palelwe ke go golola Jesu. Masole a Roma a bolaya Morwa Modimo, mme Jehofa o a mo tsosa a bo a mo rwesa kgalalelo le tlotlo. Pilato ene? Go ya ka mokwalahisitori wa Mojuda e bong Flavius Josephus, dingwaga di le nnè fela morago ga loso lwa ga Jesu, Pilato o ne a tseelwa sebaka ke mongwe go nna mmusi wa Moroma a bo a laelwa gore a boele kwa Roma go ya go ikarabela melato e e masisi e a e dirileng. Go tweng ka Bajuda ba ba bolaileng Jesu? Go ise go wele dingwaga di le 40 morago ga foo, masole a Roma a ne a senya Jerusalema a bo a dira gore banni ba teng ba bolawe kgotsa ba dirwe makgoba. Batho ba ba tlhophang go nna mo lefifing ga ba nne le isagwe e e phatsimang!—Johane 3:19.
22. Ke ka ntlha yang fa e le boeleele tota go batla poloko mo bathong?
22 Go batla poloko mo bathong ke boeleele tota. Boporofeti jwa ga Isaia bo tlhalosa lebaka la go bo e le boeleele: “Bonang! Lona lotlhe ba lo tlhosetsang molelo, ba lo dirang gore ditlhase di bonese, tsamayang mo leseding la molelo wa lona, le mo gare ga ditlhase tse lo di tshubileng. Lo tla nna le seno go tswa mo seatleng sa me: Lo tla rapama lo le mo botlhokong jo bogolo.” (Isaia 50:11) Baeteledipele ba batho ga ba nnele ruri. Motho yo o buang ka tsela e e gapang maikutlo a ka ratiwa ke batho ka nakwana. Mme le motho yo o peloephepa tota ga a kgone go dira sengwe le sengwe. Mo boemong jwa go gotsa molelo o o tutumang, jaaka balatedi ba gagwe ba lebeletse, a ka kgona go tshuba “ditlhase” di se kae fela, tse di tla ntshang lesedinyana le mogote o e seng wa sepe di bo di fela ka bonako. Mme ba ba ikanyang Shilo, Mesia yo o solofeditsweng wa Modimo ga ba kitla ba swabisiwa le ka motlha.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo ditemaneng tsa ntlha tse tharo tsa Isaia kgaolo 50, Jehofa o tlhalosa setšhaba sa Juda fa se feletse a re ke mosadi wa gagwe mme banni ba teng a re ke bana ba gagwe.
b Go simolola ka temana 4 go ya kwa bofelong jwa kgaolo, go lebega mokwadi a bua ka ga gagwe. Isaia a ka tswa a ile a diragalelwa ke dingwe tsa diteko tse a di umakang mo ditemaneng tseno. Le fa go ntse jalo, boporofeti jono bo diragadiwa ka botlalo mo go Jesu Keresete.
c Se se kgatlhang ke gore mo thanolong ya Septuagint, Isaia 50:6 e balega jaana: “Ke ne ka kgwathisiwa mo mokwatleng, mme ka itewa ka mabole mo marameng.”
[Setshwantsho mo go tsebe 155]
Bajuda ba ikanya babusi ba batho go na le go ikanya Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 156, 157]
Kwa Lewatleng le Lehibidu, Jehofa o ne a sireletsa batho ba gagwe ka go baya leru le legolo fa gare ga bone le Baegepeto