Kgaolo ya Lesometlhano
Mosadi yo o Moopa o a Ipela
1. Ke ka ntlha yang fa Sara a ne a eletsa go tshola bana, mme go ne ga diragala eng?
SARA o ne a eletsa go tshola bana. Ka maswabi, o ne a le moopa, mme seno se ne se mo hutsafatsa thata. Mo motlheng wa gagwe, boopa bo ne bo tsewa e le kgobo, mme Sara o ne a sa utlwisiwe botlhoko ke seo fela. O ne a eletsa go bona se Modimo a se solofeditseng monna wa gagwe se diragala. Aborahame o ne a tla nna rraagwe losika lo lo neng lo tla segofatsa malapa otlhe a lefatshe. (Genesise 12:1-3) Le fa go ntse jalo, masome a dingwaga Modimo a sena go mo solofetsa jalo, o ne a sa ntse a se na ngwana. Sara o ne a tsofala mme a nna a ntse a se na ngwana. Gongwe ka dinako tse dingwe o ne a tle a ipotse gore a jaana o ne a sa solofela lesidi. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe go itlhoboga ga gagwe go ne ga felela ka boipelo!
2. Ke ka ntlha yang fa re ka kgatlhegela boporofeti jo bo kwadilweng mo go Isaia kgaolo 54?
2 Seemo sa ga Sara se re thusa go tlhaloganya boporofeti jo bo kwadilweng mo go Isaia kgaolo 54. Fano go buiwa le Jerusalema jaaka e kete ke mosadi yo o moopa yo kgabagare a utlwang boipelo jo bogolo jwa go nna le bana ba le bantsi. Ka go tshwantsha batho ba gagwe ba bogologolo ka kakaretso le mosadi wa gagwe, Jehofa o bontsha kafa a ba ratang thata ka teng. Mo godimo ga moo, kgaolo eno ya Isaia e re thusa go rarabolola ntlha ya botlhokwa ya se Baebele e se bitsang “sephiri se se boitshepo.” (Baroma 16:25, 26) Gore “mosadi” ke mang le dilo tse di mo diragalelang tse di boleletsweng pele mo boporofeting jono di naya lesedi la botlhokwa malebana le kobamelo e e itshekileng gompieno.
“Mosadi” o a Tlhalosiwa
3. Ke ka ntlha yang fa “mosadi” yo o moopa a tla nna le lebaka la go ipela?
3 Kgaolo 54 e simolola ka mafoko a boitumelo: “‘Goa ka boipelo, wena mosadi yo o moopa yo o sa belegang! Itumele ka go goa ka boipelo mme o goe ka go tlerebetsa, wena yo o sa nnang le ditlhabi tsa pelegi, gonne barwa ba yo o kgakgabetseng ba bantsi go feta barwa ba mosadi yo o nang le monna yo e leng mong wa gagwe,’ go buile Jehofa.” (Isaia 54:1) A bo Isaia a tshwanetse a bo a itumetse jang ne go bua mafoko ano! Mme a bo go diragadiwa ga one go tla gomotsa Bajuda ba ba ileng botshwarwa kwa Babelona thata jang ne! Ka nako eo Jerusalema o tla bo a sa ntse a swafetse. Go ya kafa batho ba lebang dilo ka teng, go ka se lebege go na le tsholofelo ya gore o tla tsamaya a nniwa gape, fela jaaka mosadi yo o moopa a ka se ka a solofela gore a ka tsamaya a nna le bana a tsofetse. Mme “mosadi” yono o tlile go nna le isagwe e e itumedisang—o tla kgona go tshola. Jerusalema o tla itumela fela thata. O tla boa gape a tlala ka “barwa,” kgotsa banni.
4. (a) Moaposetoloi Paulo o re thusa jang go bona gore Isaia kgaolo 54 e tshwanetse ya bo e tlile go diragadiwa ka tsela e kgolwane go feta ya 537 B.C.E.? (b) “Jerusalema o o kwa godimo” ke eng?
4 Isaia a ka tswa a sa itse, mme boporofeti jwa gagwe bo tla diragadiwa ka ditsela di le mmalwa. Moaposetoloi Paulo o nopola Isaia kgaolo 54 a bo a tlhalosa gore “mosadi” o tshwantshetsa sengwe se se botlhokwa go feta motse o o mo lefatsheng wa Jerusalema. O kwala jaana: “Jerusalema o o kwa godimo o gololesegile, mme ke mmaarona.” (Bagalatia 4:26) “Jerusalema o o kwa godimo” ono ke eng? Ga go pelaelo gore ga se motse wa Jerusalema kwa Nageng e e Solofeditsweng. Motse oo one o mo lefatsheng, ga o “kwa godimo” kwa legodimong. “Jerusalema o o kwa godimo” ke “mosadi” wa Modimo wa selegodimo, phuthego ya gagwe ya dibopiwa tse di nonofileng tsa semoya.
5. Mo tiragalong ya tshwantshetso e e tlhalositsweng mo go Bagalatia 4:22-31, ke mang yo o tshwantshediwang ke (a) Aborahame? (b) Sara? (c) Isake? (d) Hagare? (e) Ishemaele?
5 Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka nna jang le basadi ba le babedi ba tshwantshetso—yo mongwe e le wa selegodimo yo mongwe e le wa mo lefatsheng? A go na le sengwe se se sa dumalaneng fano? Le e seng. Moaposetoloi Paulo o bontsha gore karabo e mo tshwantshetsong ya boporofeti ya lelapa la ga Aborahame. (Bagalatia 4:22-31; bona “Lelapa la ga Aborahame—Tshwantshetso ya Boporofeti,” mo go tsebe 218.) Sara, “mosadi yo o gololesegileng” e bile e le mosadi wa ga Aborahame, o tshwantshetsa phuthego ya ga Jehofa ya dibopiwa tsa semoya ya sekamosadi. Hagare, yo e leng lelata e bile e le mosadi yo mmotlana wa ga Aborahame, kgotsa mogadingwana, o tshwantshetsa Jerusalema o o mo lefatsheng.
6. Phuthego ya Modimo ya selegodimo e ne ya nna mo motlheng o moleele wa boopa ka tsela efe?
6 Fa re sena go utlwa tlhaloso eo, re simolola go bona bokao jwa botlhokwa jwa Isaia 54:1. Morago ga masome a dingwaga a le moopa, Sara o ne a tshola Isake fa a ne a na le dingwaga di le 90. Phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo le yone e ne ya nna le lobaka lo loleele lwa boopa. Bogologolo kwa Edene, Jehofa o ne a solofetsa gore “mosadi” wa gagwe o ne a tla tshola “losika.” (Genesise 3:15) Dingwaga di feta 2 000 moragonyana, Jehofa o ne a dira kgolagano ya gagwe le Aborahame malebana le Losika lo lo solofeditsweng. Mme “mosadi” wa Modimo wa selegodimo o ne a tshwanelwa ke go leta makgolo a le mantsi a dingwaga pele a ka tshola Losika loo. Le fa go ntse jalo, nako e ne ya tla e ka yone bana ba mosadi yono yo o kileng a bo a le “moopa” ba neng ba le bantsi go feta ba Iseraele wa senama. Setshwantsho sa mosadi yo o moopa se re thusa go bona gore ke ka ntlha yang fa baengele ba ne ba tlhoafaletse jaana go bona Losika lo lo boleletsweng pele lo goroga. (1 Petere 1:12) Seo se ile sa diragala leng kgabagare?
7. “Jerusalema o o kwa godimo” o ne a nna le nako ya go ipela leng, jaaka go boleletswe pele mo go Isaia 54:1, mme ke ka ntlha yang fa o araba jalo?
7 Go tsholwa ga ga Jesu e le ngwana wa motho ruri e ne e le nako ya gore baengele ba ipele. (Luke 2:9-14) Mme eo e ne e se yone tiragalo e e boleletsweng pele mo go Isaia 54:1. Fa Jesu a ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo ka 29 C.E. ke gone fela a neng a nna morwa wa semoya wa “Jerusalema o o kwa godimo,” yo o boletsweng phatlalatsa ke Modimo ka boene gore ke ‘Morwawe, moratwa.’ (Mareko 1:10, 11; Bahebera 1:5; 5:4, 5) Ke gone “mosadi” wa Modimo wa selegodimo a neng a nna le lebaka la go ipela, a diragatsa Isaia 54:1. Kgabagare, o ne a tshotse Losika lo lo solofeditsweng, Mesia! Nako ya gagwe ya go nna moopa ka makgolokgolo a dingwaga e ne e fedile. Le fa go ntse jalo, boipelo jwa gagwe bo ne bo sa felele foo.
Mosadi yo o Moopa o Nna le Barwa ba le Bantsi
8. Ke ka ntlha yang fa “mosadi” wa Modimo wa selegodimo a ile a nna le lebaka la go ipela fa a sena go tshola Losika lo lo solofeditsweng?
8 Morago ga gore Jesu a swe a bo a tsoge moragonyana, “mosadi” wa Modimo wa selegodimo o ne a ipelela go amogela Morwa yono yo o ratiwang gape e le “leitibolo le le tswang mo baswing.” (Bakolosa 1:18) Mme o ne a simolola go tshola barwa ba bangwe gape ba semoya. Ka Pentekosete ya 33 C.E., balatedi ba ga Jesu ba ka nna 120 ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo, ka jalo ba amogelwa go nna baruaboswammogo le Keresete. Moragonyana mo letsatsing leo go ne ga okediwa ka ba bangwe ba le 3 000. (Johane 1:12; Ditiro 1:13-15; 2:1-4, 41; Baroma 8:14-16) Setlhopha seno sa barwa se ne sa tswelela pele go gola. Mo makgolong a ntlha a dingwaga tsa botlhanogi jwa Labokeresete, se ne se gola ka monokela. Le fa go ntse jalo, seo se ne se tlile go fetoga mo lekgolong la bo20 la dingwaga.
9, 10. Taelo ya gore ‘go dirwe lefelo la mogopo gore le bulege thata’ e ne e tla kaya eng mo mosading yo o neng a nna mo megopeng mo metlheng ya bogologolo, mme ke ka ntlha yang fa seo se kaya motlha wa boitumelo mo mosading yo o ntseng jalo?
9 Isaia o tswelela pele a porofeta ka motlha wa kgolo e e gakgamatsang: “Dira gore lefelo la mogope wa gago le bulege thata. Mme a ba phutholole matsela a mogope wa motlaagana wa gago o mogolo. O se ka wa ithiba. Lelefatsa megala ya mogope wa gago, mme o nonotshe dimapo tseo tsa gago tsa mogope. Gonne o tla ya kafa mojeng le kafa molemeng, le bana ba gago ba tla rua ditšhaba, mme ba tla nna mo metseng e e kgakgabetseng. O se ka wa boifa, gonne ga o kitla o tlhabisiwa ditlhong; mme o se ka wa ikutlwa o kokobeditswe, gonne ga o kitla o swabisiwa. Gonne o tla lebala le ditlhong tsa nako ya gago ya bosha, mme kgobo ya botlholagadi jwa gago jo bo tswelang pele ga o kitla o tlhola o e gakologelwa.”—Isaia 54:2-4.
10 Fano go buiwa le Jerusalema jaaka e kete e ne e le mosadi e bile e le mmè yo o nnang mo megopeng, fela jaaka Sara. Fa mmè yo o ntseng jalo a segofadiwa ka lelapa le le golang, ke nako ya gore a bone gore legae la gagwe le a atolosiwa. O tlhoka go tsenya matsela a maleelenyana a mogope le megala ya teng e meleelenyana a bo a tsenye dimapo tsa mogope mo mafelong a tsone a masha. Eno ke tiro e e mo itumedisang, mme ka nako eno e a tshwaregileng ka yone, go ka nna motlhofo fela gore a lebale dingwaga tse a di ntseng a ipotsa a tlhobaela gore a o tla tsamaya a tshola bana gore ba tsweledise losika pele.
11.(a)“Mosadi” wa Modimo wa selegodimo o ne a segofadiwa jang ka 1914? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.) (b) Go tloga ka 1919 go ya pele, batlodiwa mo lefatsheng ba ile ba segofadiwa jang?
11 Jerusalema wa mo lefatsheng o ne a segofadiwa ka nako e e ntseng jalo ya go ntšhafadiwa morago ga go ya botshwarwa kwa Babelona. “Jerusalema o o kwa godimo” o segofaditswe le go feta foo.a Bogolo jang fa e sa le ka 1919, “bana” ba gagwe ba ba tloditsweng ba ntse ba atlega mo boemong jwa bone jo bo sa tswang go tsosolosiwa jwa semoya. (Isaia 61:4; 66:8) Ba ne ba ‘rua ditšhaba’ ka tsela ya gore ba ile ba anamela kwa dinageng di le dintsi ba senka botlhe ba ba neng ba ka nna karolo ya lelapa la bone la semoya. Ka ntlha ya seo, barwa ba ba tloditsweng ba ne ba kokoanngwa ka lobelo tota. Palo ya bone e e feletseng ya 144 000 e ne ya lebega e wetse mo magareng a bo1930. (Tshenolo 14:3) Ka nako eo tiro ya go rera e ne ya se ka ya tlhola e remeletse mo go kokoanyeng batlodiwa. Le fa go ntse jalo, koketsego e ne ya se ka ya ema ka batlodiwa.
12.Kwantle ga batlodiwa, ke bomang gape ba ba ntseng ba phuthelwa mo phuthegong ya Bokeresete fa e sa le ka bo1930?
12 Jesu ka boene o ne a bolelela pele gore kwantle ga “letsomanyane” la gagwe la bomonnawe ba ba tloditsweng, o ne a tla nna le “dinku tse dingwe” tse di tshwanetseng go tsenngwa mo lesakeng la Bakeresete ba boammaaruri. (Luke 12:32; Johane 10:16) Le fa e se bangwe ba barwa ba ba tloditsweng ba “Jerusalema o o kwa godimo,” ditsala tseno tse di ikanyegang tsa batlodiwa di diragatsa seabe sa botlhokwa se se sa bolong go bolelelwa pele. (Sekarea 8:23) Fa e sa le ka dingwaga tsa bo1930 go fitlha gompieno, “boidiidi jo bogolo” jwa tsone bo setse bo kokoantswe, mme go feletse ka gore phuthego ya Bokeresete e gole ka tsela e e gakgamatsang. (Tshenolo 7:9, 10) Gompieno boidiidi jo bogolo joo bo balwa ka dimilione. Kgolo eno yotlhe e dirile gore go tlhokege thata gore go agiwe Diholo Tsa Bogosi tse di oketsegileng, Diholo Tsa Dikopano, le dikago tsa makala. Mafoko a ga Isaia a lebega a tshwanela tota. A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go nna karolo ya koketsego eo e e boleletsweng pele!
Mmè yo o Amegang ka Bana ba Gagwe
13, 14. (a) Ke bothata bofe jo go lebegang bo le teng malebana le mafoko mangwe a a dirisiwang a lebisitswe go “mosadi” wa Modimo wa selegodimo? (b) Tsela e Modimo a dirisitseng dikamano tsa lelapa tsa tshwantshetso ka yone e ka re fa dintlha dife?
13 Re setse re bone gore fa boporofeti jono bo diragadiwa ka tsela e kgolwane, “mosadi” o emela phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo. Mme fa re sena go bala Isaia 54:4, re ka ipotsa gore phuthego eo ya dibopiwa tsa semoya e ka tswa e ile ya tlhabisiwa ditlhong kgotsa go kgobiwa jang. Ditemana tse di latelang tsa re “mosadi” wa Modimo o tla ganwa, o tla bogisiwa e bile o tla tlhaselwa. E bile o tla kgotla bogale jwa Modimo. Dilo tse di ntseng jalo di ka dira jang mo phuthegong ya dibopiwa tse di itekanetseng tsa moya tse di iseng di ke di leofe? Go ikaegile ka mofuta wa lelapa leno.
14 Jehofa o dirisa dikamano tsa lelapa—monna le mosadi, mmè le bana—go tlhalosa dintlha tsa botlhokwa tsa semoya ka gonne batho ba kgona go tlhaloganya dikai tse di ntseng jalo. Go sa kgathalesege gore malapa a rona a ntse jang, re tshwanetse ra bo re itse gore lenyalo le le siameng kgotsa kamano e ntle ya motsadi le ngwana e tshwanetse ya nna jang. A bo Jehofa a re ruta ka tsela e e utlwalang sentle jang ne gore o na le kamano e e lorato, e e gaufiufi le batlhanka ba gagwe ba bantsintsi ba semoya le gore ba a mo ikanya! Mme a bo a re ruta ka tsela e e kgatlhang jang ne gore phuthego ya gagwe ya selegodimo e amega ka bana ba yone ba ba tloditsweng ka moya ba ba mo lefatsheng! Fa batlhanka ba e leng batho ba boga, batlhanka ba ba ikanyegang ba selegodimo, “Jerusalema o o kwa godimo,” le bone ba a boga. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a re: “Go ya bokgakaleng jo lo neng lwa go dira mo go mongwe wa ba babotlana thata wa barwarre bano [ba ba tloditsweng ka moya], lo ne lwa go dira mo go nna.”—Mathaio 25:40.
15, 16. Isaia 54:5, 6 e diragadiwa jang la ntlha, mme e diragadiwa jang ka tsela e kgolwane?
15 Ga go gakgamatse he go bo bontsi jwa se se bolelelwang “mosadi” wa ga Jehofa wa selegodimo se bontsha dilo tse di diragalelang bana ba gagwe mo lefatsheng. Akanya ka mafoko ano: “‘Modiri wa gago yo Mogolo ke monna yo e leng mong wa gago, Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe; mme Moitshepi wa Iseraele ke Morekolodi wa gago. O tla bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe. Gonne Jehofa o ne a go bitsa jaaka e kete o mosadi yo o tlogetsweng fela e bile a utlwile botlhoko mo moyeng, le jaaka mosadi wa nako ya bosha yo o neng a latlhiwa,’ go buile Modimo wa gago.”—Isaia 54:5, 6.
16 Mosadi yo go buiwang le ene fano ke mang? Mo go diragadiweng ga ntlha, ke Jerusalema, yo o emelang batho ba Modimo. Fa ba ntse ba ile botshwarwa kwa Babelona dingwaga di le 70, ba tla utlwa e kete Jehofa o ba latlhile e bile o ba tlogetse fela. Mo go diragadiweng go go golwane, mafoko ano a lebisitswe go “Jerusalema o o kwa godimo” le mo tiragalong ya gore kgabagare a bo a ile a tshola “losika” a diragatsa Genesise 3:15.
Kotlhao ya Nakwana, Masego a Bosakhutleng
17. (a) Jerusalema wa mo lefatsheng o tla nna le “morwalela” wa kgakalo ya Modimo ka tsela efe? (b) Barwa ba “Jerusalema o o kwa godimo” ba ile ba nna le “morwalela” ofe?
17 Boporofeti bo tswelela pele jaana: “‘Ke ne ka go tlogela gotlhelele ka nakwana, mme ke tla go phutha mmogo ka mautlwelobotlhoko a magolo. Ke ne ka go subela sefatlhego sa me ka morwalela wa kgakalo ka nakwana, mme ke tla go utlwela botlhoko ka bopelonomi jwa lorato ka bosakhutleng,’ go buile Morekolodi wa gago, Jehofa.” (Isaia 54:7, 8) Jerusalema wa mo lefatsheng o fekeediwa ke “morwalela” wa kgakalo ya Modimo fa masole a Babelona a tlhasela ka 607 B.C.E. Botshwarwa jwa gagwe jwa dingwaga tse 70 bo ka lebega e le nako e telele. Le fa go ntse jalo, diteko tse di ntseng jalo di nna tsa “nakwana” fela fa di bapisiwa le masego a bosakhutleng a a tla tlelang ba ba tsibogelang kotlhao eo sentle. Ka tsela e e tshwanang, barwa ba ba tloditsweng ba “Jerusalema o o kwa godimo” ba ne ba ikutlwa e kete ba fekeeditswe ke “morwalela” wa kgalefo ya Modimo, fa Jehofa a ne a letla gore ba tlhaselwe ke boradipolotiki ba rotloediwa ke Babelona o Mogolo. Mme a bo kotlhao eo e ile ya lebega e le ya nakwana jang ne moragonyana, fa e bapisiwa le motlha o o ileng wa latela wa masego a semoya fa e sa le ka 1919!
18. Ke molaomotheo ofe wa botlhokwa o re ka o lemogang malebana le bogale jwa ga Jehofa mo bathong ba gagwe, mme seno se ka re ama jang rona ka namana?
18 Ditemana tseno di bontsha boammaaruri jo bongwe jo bogolo—bogale jwa Modimo bo a feta, mme bopelotlhomogi jwa gagwe bo nnetse ruri. Bogale jwa gagwe bo tukela dilo tse di sa siamang, mme ka metlha bo lekanyeditswe, e bile bo na le boikaelelo. Mme fa re amogela kotlhao ya ga Jehofa, bogale jwa gagwe e nna jwa “nakwana” fela, go tswa foo bo a fela. Bo tseelwa sebaka ke “mautlwelobotlhoko [a gagwe] a magolo”—boitshwarelo jwa gagwe le bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato. Tseno di nna “ka bosakhutleng.” Ka gone, fa re leofa, ga re a tshwanela go ikgogona go ikotlhaya le go leka go tseregana le Modimo. Fa e le boleo jo bo masisi, re tshwanetse ra bua le bagolwane ba phuthego ka bonako. (Jakobe 5:14) Ke boammaaruri gore kotlhao e ka tlhokega, mme go ka nna bokete go e amogela. (Bahebera 12:11) Mme e tla bo e le ya nakwana fa e bapisiwa le masego a bosakhutleng a a tlang fa Jehofa Modimo a re itshwaretse!
19, 20. (a) Kgolagano ya motshewagodimo ke eng, mme e amana jang le batshwarwa ba ba kwa Babelona? (b) ‘Kgolagano ya kagiso’ e tlhomamisetsa Bakeresete ba ba tloditsweng eng gompieno?
19 Jaanong Jehofa o naya batho ba gagwe kgothatso e e gomotsang: “‘Seno se ntse fela jaaka metlha ya ga Noa mo go nna. Fela jaaka ke ikanne gore metsi a ga Noa ga a kitla a tlhola a feta mo godimo ga lefatshe, fela jalo ke ikanne gore ke se ka ka go gakalela le fa e le go go kgalemela. Gonne dithaba di ka tlosiwa, le dithota di ka kgokgweetsega, mme bopelonomi jwa me jwa lorato ga bo kitla bo tlosiwa mo go wena, le fa e le kgolagano ya me ya kagiso ga e kitla e kgokgweetsega,’ go buile Jehofa, Yo o go utlwelang botlhoko.” (Isaia 54:9, 10) Morago ga Morwalela, Modimo o ne a dira kgolagano—e e a tleng e bidiwe kgolagano ya motshewagodimo—le Noa le setshedi sengwe le sengwe se se tshelang. Jehofa o ne a solofetsa gore o ne a se kitla a tlhola a senya lefatshe ka morwalela wa lefatshe lotlhe. (Genesise 9:8-17) Seo se kaya eng mo go Isaia le mo bathong ba gagabo?
20 Go a gomotsa go itse gore kotlhao e e ba lebaneng—go ya botshwarwa kwa Babelona dingwaga di le 70—e tla diragala gangwe fela. Fa e fetile, e ka se tlhole e diragala gape. Morago ga moo, ‘kgolagano ya Modimo ya kagiso’ e tla bo e diragadiwa. Lefoko la Sehebera le le kayang “kagiso” ga le kaye fela go se nne teng ga ntwa, mme le kaya le go tshela sentle ga mofuta mongwe le mongwe. Kafa letlhakoreng la Modimo kgolagano eno e nnela ruri. Dithota le dithaba di ka nyelela mme bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato mo bathong ba gagwe ba ba ikanyegang bo ka se ka jwa fela. Ka maswabi, setšhaba sa gagwe sa mo lefatsheng kgabagare se tla palelwa ke go diragatsa se kgolagano e se batlang mo go sone mme se tla fedisa kagiso ya sone ka go gana Mesia. Le fa go ntse jalo, barwa ba “Jerusalema o o kwa godimo” ba ne ba dira botoka thata. Fa motlha o o bokete mo go bone wa go otlhaiwa o sena go fela, ba ne ba tlhomamisediwa gore Modimo o tla ba sireletsa.
Polokesego ya Semoya ya Batho ba Modimo
21, 22. (a) Ke eng fa go twe “Jerusalema o o kwa godimo” o a bogisiwa le go heheutlwa ke ditsuatsue? (b) Boemo jo bo itumetseng jwa “mosadi” wa Modimo wa selegodimo bo ne bo tla supa eng malebana le “bana” ba gagwe ba ba mo lefatsheng?
21 Jehofa o tswelela ka go bolelela pele polokesego ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang: “Wena mosadi yo o bogisiwang, yo o heheutliwang ke ditsuatsue, yo o sa gomodiweng, bona, ke baya maje a gago ka seretse se se thata, mme ke tla thaya motheo wa gago ka maje a a tlhwatlhwakgolo a safire. Ke tla dira ditlhoa tsa gago ka maje a a tlhwatlhwakgolo a rubi, le dikgoro tsa gago ka maje a a phatsimang jaaka molelo, le melelwane ya gago yotlhe ka maje a a itumedisang. Mme bomorwao botlhe e tla nna batho ba ba rutiwang ke Jehofa, mme kagiso ya bomorwao e tla nna kgolo. O tla tlhomamisiwa ka thata mo tshiamong. O tla nna kgakala le go gatelelwa—gonne ga o kitla o boifa ope—le fa e le sepe se se tshosang, gonne ga se kitla se go atamela. Fa ope fela a ka ba a tlhasela, e tla bo e se ka ditaelo tsa me. Le fa e le mang yo o go tlhaselang o tla wa ka ntlha ya gago.”—Isaia 54:11-15.
22 Gone ke boammaaruri, “mosadi” wa ga Jehofa yo o mo mannong a semoya ga a ise a ko a bogisiwe kgotsa a heheutliwe ke ditsuatsue ka tlhamalalo. Mme o ne a utlwa a boga fa “bana” ba gagwe ba ba tloditsweng mo lefatsheng ba ne ba boga, segolobogolo fa ba ne ba le mo botshwarong jwa semoya ka 1918-19. Ka tsela e e tshwanang, fa “mosadi” wa selegodimo a golediwa, go nna le boemo jo bo tshwanang mo baneng ba gagwe. Jaanong ela tlhoko tlhaloso e ntle ya “Jerusalema o o kwa godimo.” Maje a a tlhwatlhwakgolo a a mo dikgorong, “seretse se se thata” se se tlhwatlhwakgolo, metheo, le e leng melelwane, e bontsha “bontle, kgalalelo, boitsheko, maatla le go tiya” jaaka go bolela buka nngwe. Ke eng se se neng se tla tsenya Bakeresete ba ba tloditsweng mo boemong jo bo ntseng jalo jo bo sireletsegileng le jo bo itumetseng?
23.(a) Go ‘rutiwa ke Jehofa’ go amile Bakeresete ba ba tloditsweng jang mo metlheng ya bofelo? (b) Batho ba Modimo ba segofaditswe ka ‘melelwane ya maje a a itumedisang’ ka tsela efe?
23 Temana ya 13 ya Isaia kgaolo 54 e re fa lesedi—botlhe e tla nna “ba ba rutiwang ke Jehofa.” Jesu ka boene o ne a dirisa mafoko a temana eno mo balateding ba gagwe ba ba tloditsweng. (Johane 6:45) Moporofeti Daniele o ne a bolelela pele gore mo ‘motlheng ono wa bokhutlo,’ batlodiwa ba ne ba tla segofadiwa ka kitso e ntsi ya boammaaruri le temogo ya semoya. (Daniele 12:3, 4) Temogo e e ntseng jalo e dirile gore ba kgone go etelela pele mo tirong e kgolo go gaisa tsotlhe ya go ruta mo hisitoring, ba anamisa thuto ya Modimo mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Mo godimo ga moo, temogo e e ntseng jalo e ba thusitse go bona pharologanyo fa gare ga bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka. Isaia 54:12 e umaka ‘melelwane ya maje a a itumedisang.’ Fa e sa le ka 1919, Jehofa o neile batlodiwa go tlhaloganya melelwane botoka—melelwane ya semoya—e e ba farologanyang le bodumedi jwa maaka le dikarolo tse di boikepo tsa lefatshe leno. (Esekiele 44:23; Johane 17:14; Jakobe 1:27) Ka jalo ba tlhaotswe go nna batho ba Modimo.—1 Petere 2:9.
24. Re ka tlhomamisa jang gore re rutiwa ke Jehofa?
24 Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a ipotsa jaana, ‘A ke rutiwa ke Jehofa?’ Thuto e e ntseng jalo ga e itlele fela. Re tshwanetse ra dira boiteko. Fa re bala Lefoko la Modimo ka metlha le go tlhatlhanya ka lone le fa re reetsa ditaelo ka go bala dibuka tse di thailweng mo Baebeleng tse di gatisitsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le ka go baakanyetsa le go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, ruri re tla bo re rutiwa ke Jehofa. (Mathaio 24:45-47) Fa re leka go dirisa se re se ithutang le go nna re thantse semoyeng e bile re disitse, thuto ya Modimo e tla re tlhaola re le ba ba farologaneng le batho ba ba mo lefatsheng leno le le sa reng sepe ka Modimo. (1 Petere 5:8, 9) Se se botoka le go feta, e tla re thusa gore re ‘atamele Modimo.’—Jakobe 1:22-25; 4:8.
25. Tsholofetso ya Modimo ya go tlisa kagiso e kaya eng mo bathong ba gagwe mo metlheng ya gompieno?
25 Boporofeti jwa ga Isaia gape bo bontsha gore batlodiwa ba segofaditswe ka kagiso e kgolo. A seno se raya gore ga ba ke ba tlhaselwa? Nnyaa, mme Modimo o ba tlhomamisetsa gore a ka se ka a laela gore ba tlhaselwe e bile a ka se letle gore ditlhaselo tse di ntseng jalo di atlege. Re bala jaana: “‘Bona! Ke bopile modiri yo o setswerere, yo o butswelang molelo wa magala e bile a ntsha sebetsa e le tiro ya gagwe. Nna gape ke bopile motho yo o senyang gore a dire tiro ya go senya. Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato. Seno ke se se ruilweng boswa sa batlhanka ba ga Jehofa, mme tshiamo ya bone e tswa mo go nna,’ go bua Jehofa.”—Isaia 54:16, 17.
26. Ke ka ntlha yang fa go kgothatsa go itse gore Jehofa ke Mmopi wa batho botlhe?
26 Jehofa o gopotsa batlhanka ba gagwe gore ke ene Mmopi, e le lekgetlho la bobedi mo kgaolong eno ya Isaia. Pelenyana, o bolelela mosadi wa gagwe wa tshwantshetso gore ke ‘Modiri wa gagwe yo Mogolo.’ Jaanong a re ke Mmopi wa batho botlhe. Temana 16 e tlhalosa mothudi wa tshipi a butswela magala a leubelo la gagwe fa a ntse a dira dibetsa tsa gagwe tsa tshenyo, gape e tshwantsha motlhabani, “motho yo o senyang gore a dire tiro ya go senya.” Batho ba ba ntseng jalo ba ka tswa ba tshosa batho ba bangwe, mme a tota ba ka solofela go fenya Mmopi wa bone? Ka jalo gompieno, le fa batho ba ba maatla thata ba lefatshe leno ba tlhasela batho ba ga Jehofa, ba ka se ka ba atlega kwa bofelong. Jang jalo?
27, 28. Re ka tlhomamisega ka eng mo metlheng eno ya mathata, mme ke eng fa re itse gore Satane a ka se atlege fa a re tlhasela?
27 Nako ya go tlhasela batho ba Modimo le kobamelo ya bone ya moya le boammaaruri ka tsela e e bakang tshenyo e fetile. (Johane 4:23, 24) Jehofa o ne a letla Babelona o Mogolo go tlhasela ka tsela e ka nakwana e neng e lebega e atlega. Ka nakwana, “Jerusalema o o kwa godimo” o ne a bona bana ba gagwe ba batla ba didimadiwa gotlhelele fa tiro ya go rera mo lefatsheng e ne e batla e ema tsi! Go ka se tlhole go direga gape! Jaanong o ipela ka barwa ba gagwe, ka gonne, ka tsela ya semoya, ba ka se fenngwe. (Johane 16:33; 1 Johane 5:4) Ee, go ile ga dirwa dibetsa tsa go ba tlhasela, mme go sa ntse go tla dirwa tse dingwe. (Tshenolo 12:17) Mme ga di a atlega e bile ga di kitla di atlega. Satane ga a na sebetsa se se ka fekeetsang tumelo le tlhoafalo e e tukang ya batlodiwa le ditsala tsa bone. Kagiso eno ya semoya ke “se se ruilweng boswa sa batlhanka ba ga Jehofa,” ka jalo ga go na ope yo o ka ba e tseelang ka dikgoka.—Pesalema 118:6; Baroma 8:38, 39.
28 Nnyaa, ga go na sepe se lefatshe la ga Satane le ka se dirang se se ka tsamayang se emisa tiro le kobamelo e e phepa e e tswelelang pele ya batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo. Bana ba ba tloditsweng ba “Jerusalema o o kwa godimo” ba gomoditswe thata ke kgothatso eo. Go ntse jalo le ka ba boidiidi jo bogolo. Fa re ntse re itse go le gontsi ka phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo le tsela e e dirisanang ka yone le baobamedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng, tumelo ya rona e tla nonofa. Fa fela tumelo ya rona e nonofile, dibetsa tsa ga Satane di tla itshupa di se na mosola fa re tlhaselwa ka tsone!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ya ka Tshenolo 12:1-17, “mosadi” wa Modimo o ne a segofadiwa thata ka go tshola ‘ngwana’ wa botlhokwatlhokwa—e seng morwa a le mongwe fela wa semoya, mme Bogosi jwa ga Mesia kwa legodimong. Bo ne jwa tsholwa ka 1914. (Bona Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, ditsebe 177-86.) Boporofeti jwa ga Isaia bo bua thata ka boitumelo jo mosadi yono a nnang le jone ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo mo barweng ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng.
[Lebokoso mo go tsebe 218, 219]
Lelapa la ga Aborahame—Tshwantshetso ya Boporofeti
Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore lelapa la ga Aborahame ke tiragalo e e tshwantshetsang, tshwantshetso ya boporofeti ya kamano ya ga Jehofa le phuthego ya gagwe ya selegodimo le setšhaba se se mo lefatsheng sa Iseraele kafa tlase ga kgolagano ya Molao wa ga Moshe.—Bagalatia 4:22-31.
Aborahame, jaaka tlhogo ya lelapa o emela Jehofa Modimo. Tsela e Aborahame a neng a iketleeditse ka yone go ntsha morwawe yo o rategang e bong Isake setlhabelo e tshwantshetsa go sa le gale go iketleetsa ga ga Jehofa go ntsha Morwawe yo o rategang go nna setlhabelo sa maleo a batho.—Genesise 22:1-13; Johane 3:16.
Sara o tshwantshetsa “mosadi” wa Modimo wa selegodimo, phuthego ya gagwe ya dibopiwa tsa moya. Phuthego eo ya selegodimo e tlhalosiwa sentle go twe ke mosadi wa ga Jehofa, gonne e dirisana thata le Jehofa, e ikobela botlhogo jwa gagwe e bile e dirisana mmogo le ene ka botlalo go diragatsa maikaelelo a gagwe. Gape o bidiwa “Jerusalema o o kwa godimo.” (Bagalatia 4:26) Ene “mosadi” yoo o umakiwa mo go Genesise 3:15, mme o tlhalosiwa mo ponatshegelong e e mo go Tshenolo 12:1-6, 13-17.
Isake o tshwantshetsa Losika lwa mosadi wa Modimo lwa semoya. Mo go diragadiweng ga ntlha, yono ke Jesu Keresete. Le fa go ntse jalo, moragonyana losika lono lo ne lwa akaretsa bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng, ba ba itseetsweng go nna barwa ba semoya mme ba nna baruaboswa mmogo le Keresete.—Baroma 8:15-17; Bagalatia 3:16, 29.
Hagare, mosadi wa ga Aborahame yo mmotlana, kgotsa mogadingwana wa gagwe, e ne e le motlhanka. O tshwantshetsa sentle Jerusalema wa mo lefatsheng, kwa Molao wa ga Moshe o neng o laola teng, o senola balatedi botlhe ba one e le batlhanka ba boleo le loso. Paulo o ne a re “Hagare . . . o kaya Sinai, thaba e e kwa Arabia,” ka gonne kgolagano ya Molao e ne ya tlhomiwa koo.—Bagalatia 3:10, 13; 4:25.
Ishemaele, morwa Hagare, o tshwantshetsa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, barwa ba Jerusalema fa e sa ntse e le batlhanka ba Molao wa ga Moshe. Fela jaaka Ishemaele a ne a bogisa Isake, fela jalo Bajuda bao ba ile ba bogisa Bakeresete, ba e neng e le barwa ba ba tloditsweng ba ga Sara wa tshwantshetso, “Jerusalema o o kwa godimo.” Mme fela jaaka Aborahame a ile a tsamaisa Hagare le Ishemaele, Jehofa kgabagare o ne a tlogela Jerusalema le barwa ba gagwe ba ba tsuologang.—Mathaio 23:37, 38.
[Setshwantsho mo go tsebe 220]
Fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo, mme Isaia 54:1 e ne ya diragadiwa ka tsela e e botlhokwa thata
[Setshwantsho mo go tsebe 225]
Jehofa o ne a subela Jerusalema sefatlhego “ka nakwana”
[Ditshwantsho mo go tsebe 231]
A motlhabani le mothudi wa tshipi ba ka fenya Mmopi wa bone?