Kgaolo ya Lesomethataro
Molaetsa wa Tsholofelo mo Batshwarweng ba ba Nyemileng Moko
1. Tlhalosa seemo sa batshwarwa ba Bajuda kwa Babelona.
E NE e le motlha o o letobo mo hisitoring ya Juda. Batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone ba ne ba tserwe ka dikgoka mo nagagaeng ya bone mme jaanong ba ne ba boga mo botshwarong kwa Babelona. Gone ba ne ba filwe kgololesego e sekae ya gore ba kgone go tswelela le ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. (Jeremia 29:4-7) Bangwe ba bone ba ne ba ithutela ditiro tse di rileng kgotsa ba nna le dikgwebo.a (Nehemia 3:8, 31, 32) Le fa go ntse jalo, batshwarwa ba Bajuda ba ne ba tshela bokete. Ba ne ba le mo bokgobeng, jwa senama mmogo le jwa semoya. A re bone gore jang.
2, 3. Go isiwa botshwarwa go ne ga ama jang tsela ya Bajuda ya go obamela Jehofa?
2 Fa masole a Babelona a ne a senya Jerusalema ka 607 B.C.E., ga ba a ka ba senya setšhaba fela; ba ne ba koafatsa le bodumedi jwa boammaaruri. Ba ne ba thukhutha tempele ya ga Jehofa ba e senya, ba koafatsa thulaganyo ya boperesiti ka go isa bangwe ba lotso lwa Lefi botshwarwa le go bolaya ba bangwe. E re ka go ne go se na ntlo ya kobamelo, go se na sebeso e bile go se na thulaganyo ya boperesiti, go ne go ka se kgonege gore Bajuda ba isetse Modimo wa boammaaruri ditlhabelo jaaka Molao o ne o laetse.
3 Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba sa ntse ba ka boloka bodumedi jwa bone ka go rupa le ka go latela Molao ka fa ba neng ba ka kgona ka teng. Ka sekai, ba ne ba ka tila dijo tse di ilediwang mme ba boloka Sabata. Mme fa ba dira jalo, ba ne ba ka nna ba sotliwa ke batshwari ba bone, gonne Bababelona ba ne ba leba meetlo ya Bajuda ya bodumedi e le boeleele. Tsela e batshwarwa ba neng ba nyemile moko ka yone e ka bonwa mo mafokong ano a mopesalema: “Fa dinokeng tsa Babelona—re ne ra nna fa fatshe koo. Gape re ne ra lela fa re gakologelwa Siona. Re ne ra pega diharepa tsa rona mo ditlhareng tsa modibonoka tse di mo gare ga gagwe. Gonne koo ba ba re dirileng batshwarwa ba ne ba re kopa mafoko a pina, le ba ba re sotlang—ba re kopa gore re ba ipedise: ‘Re opeleleng nngwe ya dipina tsa Siona.’”—Pesalema 137:1-3.
4. Ke ka ntlha yang fa go ne go tla bo go se na mosola gore Bajuda ba batle go gololwa ke ditšhaba tse dingwe, mme ba ne ba ka batla thuso kwa go mang?
4 Ka gone, batshwarwa ba Bajuda ba ne ba ka gomodiwa ke mang? Ba ne ba tla bolokiwa ke mang? Ruri e ne e ka se nne ditšhaba dipe tse di gaufi! Tsotlhe di ne di se na maatla ape fa di bapisiwa le masole a Babelona, mme bontsi jwa tsone di ne di sa rate Bajuda. Mme tsholofelo e ne e le teng. Jehofa, yo ba neng ba mo tsuologetse fa ba ne ba gololesegile, o ne a ba laletsa ka lorato, le mororo ba ne ba le kwa botshwarwa.
“Tlang Metsing”
5. Mafoko a a reng “tlang metsing” a kayang?
5 Jehofa o dirisa Isaia go bua ka tsela ya boporofeti le batshwarwa ba Bajuda ba ba kwa Babelona: “Heelang, lona lotlhe ba lo nyorilweng! Tlang metsing. Le ba ba se nang madi! Tlang, rekang lo je. Ee, tlang, rekang beine le mashi kwantle ga madi le kwantle ga tlhwatlhwa.” (Isaia 55:1) Mafoko ano a tshwantshetsa dilo di le dintsi. Ka sekai, akanya ka taletso e e reng: “Tlang metsing.” Botshelo bo ka se ka jwa nna teng fa go se na metsi. Fa seedi seo se se tlhwatlhwakgolo se seyo, rona batho re ka tshela gongwe beke fela. Ka gone, go a tshwanela go bo Jehofa a dirisa metsi go tshwantsha kafa mafoko a gagwe a tla amang batshwarwa ba Bajuda ka teng. Molaetsa wa gagwe o tla ba lapolosa, jaaka metsi a a tsididi go le mogote. O tla fedisa go tshwenyega thata ga bone, o ba timola lenyora la boammaaruri le tshiamo. Mme o tla ba naya tsholofelo ya gore ba tla gololwa mo botshwarong. Le fa go ntse jalo, gore batshwarwa ba Bajuda ba solegelwe molemo, ba tla tshwanelwa ke go nwa molaetsa wa Modimo, go o ela tlhoko, le go o dirisa.
6. Bajuda ba tla solegelwa molemo jang fa ba reka “beine le mashi”?
6 Jehofa gape o aba “beine le mashi.” Mashi a nonotsha mebele ya bana gape a ba thusa go gola. Ka tsela e e tshwanang, mafoko a ga Jehofa a tla nonotsha batho ba gagwe semoyeng a bo a dire gore ba kgone go nonotsha kamano ya bone le ene. Mme go tweng ka beine? Gantsi beine e dirisiwa ka dinako tsa boitumelo. Mo Baebeleng, e amana le go atlega le go ipela. (Pesalema 104:15) Fa Jehofa a bolelela batho ba gagwe gore ba ‘reke beine,’ o ba tlhomamisetsa gore fa ba ka boela ka pelo yotlhe mo kobamelong ya boammaaruri seo se tla dira gore ba “ipele fela thata.”—Duteronome 16:15; Pesalema 19:8; Diane 10:22.
7. Ke ka ntlha yang fa kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa mo batshwarweng e gakgamatsa, mme seo se re ruta eng kaga gagwe?
7 A bo Jehofa a nnile pelotlhomogi jang ne ka go solofetsa Bajuda ba ba ileng botshwarwa tapologo e e ntseng jalo ya semoya! Kutlwelobotlhoko ya gagwe e gakgamatsa tota fa re akanya kafa Bajuda ba neng ba le diganana e bile ba tsuolola ka teng. Ga se gore ba tshwanelwa ke go amogelwa ke Jehofa. Le fa go ntse jalo, mopesalema Dafide o ne a kwala jaana makgolo a dingwaga pelenyana ga foo: “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle, o bonya go galefa e bile o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato. Ga a kitla a nna a latofatsa ka bosakhutleng, le gone ga a kitla a nna a kgopilwe ka bosakhutleng.” (Pesalema 103:8, 9) Jehofa ga a latlhe batho ba gagwe, go na le moo, o tsaya kgato pele go boelana le bone. Eleruri, ke Modimo yo o ‘natefelelwang ke bopelonomi jwa lorato.’—Mika 7:18.
Go Ikanya Yo o Sa Tshwanelang
8. Bontsi jwa Bajuda ba ikantse eng, le mororo ba ile ba tlhagisiwa jang?
8 Go tla go fitlha jaanong Bajuda ba le bantsi ga ba a ikanya Jehofa ka botlalo gore a ba boloke. Ka sekai, pele Jerusalema a wa, babusi ba yone ba ne ba ikanya ditšhaba tse di nonofileng gore di ba tshegetse, ba akafala le Egepeto le Babelona, jaaka go ka tualo. (Esekiele 16:26-29; 23:14) Go a utlwala he, go bo Jeremia a ile a ba tlhagisa jaana: “Go hutsegile monna yo o nonofileng yo o ikanyang motho wa mo lefatsheng mme a dira nama lebogo la gagwe, le yo pelo ya gagwe e fapogang mo go Jehofa.” (Jeremia 17:5) Mme batho ba Modimo ba ne ba dira sone fela seo!
9. Bajuda ba le bantsi ba ka tswa ba ‘ntsha madi ba a ntshetsa se e seng senkgwe’ ka tsela efe?
9 Jaanong ba dirilwe makgoba ke sengwe sa ditšhaba tse ba neng ba di ikantse. A ba ithutile sengwe? Go ka direga gore ba le bantsi ga ba a ithuta sepe, gonne Jehofa o botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa lo nnela go ntsha madi lo a ntshetsa se e seng senkgwe, mme ke ka ntlha yang fa lo dira ka natla lo direla selo se se felelang se sa kgotsofatse?” (Isaia 55:2a) Fa e le gore Bajuda ba ba ileng botshwarwa ba ikanya motho ope kwantle ga Jehofa, ba ‘ntsha madi ba a ntshetsa se e seng senkgwe.’ Eleruri Babelona ga e kitla e ba golola e re ka e na le mokgwa wa gore ga e ke e letla batshwarwa go boela gae. Boammaaruri ke gore, Babelona ka puso ya yone, kgwebo ya yone le bodumedi jwa yone jwa maaka, e ka se thuse Bajuda ba ba ileng botshwarwa ka sepe.
10. (a) Jehofa o tla duela jang Bajuda ba ba ileng botshwarwa fa ba mo reetsa? (b) Jehofa o ne a dirile kgolagano efe le Dafide?
10 Jehofa o kopa batho ba gagwe jaana: “Ntheetsang ka kelotlhoko, mme lo je se se molemo, mme a moya wa lona o itumelele monono thata. Sekegang tsebe ya lona lo tle kwa go nna. Reetsang, mme moya wa lona o tla nna o tshela, e bile ke tla akofa ke dira kgolagano le lona e e nnang ka bosakhutleng malebana le mapelonomi a lorato a a neng a bontshiwa Dafide a a ikanyegang.” (Isaia 55:2b, 3) Batho bano ba ba nang le tlala ya semoya ba ka ikanya Jehofa fela, mme jaanong o bua le bone ka tsela ya boporofeti a dirisa Isaia. Matshelo a bone tota a ikaegile ka gore ba reetse molaetsa wa Modimo, ka gonne o bolela gore fa ba dira jalo, ‘moya wa bone o tla nna o tshela.’ Mme gone, ‘kgolagano e e nnang ka bosakhutleng’ e Jehofa a tla e dirang le batho ba ba mo reetsang ke eng? Kgolagano eo e “malebana le mapelonomi a lorato a a neng a bontshiwa Dafide.” Makgolo a sekae a dingwaga pelenyana, Jehofa o ne a solofetsa Dafide gore setulo sa gagwe sa bogosi e ne e tla nna “se se tlhomamisitsweng ka thata ka bosakhutleng.” (2 Samuele 7:16) Ka gone, ‘kgolagano e e nnang ka bosakhutleng’ e e umakilweng fano e amana le puso.
Moruaboswa yo o Nnelang Ruri wa Bogosi Jwa Bosakhutleng
11. Ke ka ntlha yang fa batshwarwa ba ba kwa Babelona ba ka tsaya gore se Modimo a se solofeditseng Dafide ke toro fela?
11 Gone ke boammaaruri, kgopolo ya gore go ka nna le bogosi jwa losika lwa ga Dafide e ka utlwala e le toro fela mo batshwarweng bao ba Bajuda. Ba latlhegetswe ke naga ya bone le e leng ke go nna setšhaba ga bone! Mme ke ka nakwana fela. Jehofa ga a lebala kgolagano ya gagwe le Dafide. Le fa go ka tswa go lebega go ka se kgonege go le kana kang mo matlhong a batho, boikaelelo jwa Modimo malebana le Bogosi jo bo nnelang ruri mo losikeng lwa ga Dafide ruri bo tla diragala. Mme jang le gone leng? Ka 537 B.C.E., Jehofa o golola batho ba gagwe mo botshwarong jwa Babelona a bo a ba busetsa kwa nagagaeng ya bone. A seno se felela ka gore go tlhomiwe bogosi jo bo nnelang ruri? Nnyaa, ba tswelela pele ba busiwa ke mmusomogolo o mongwe wa seheitane, wa Bameda le Baperesia. “Dinako tse di tlhomilweng” tsa gore ditšhaba di buse ga di ise di wele. (Luke 21:24) E re ka Iseraele e se na kgosi, go sa ntse go tla feta makgolo a dingwaga se Jehofa a se solofeditseng Dafide se sa diragale.
12. Jehofa o ne a tsaya kgato efe go diragatsa kgolagano ya Bogosi e a neng a e dirile le Dafide?
12 Dingwaga di feta 500 Iseraele a sena go gololwa mo botshwarong jwa Babelona, Jehofa o ne a tsaya kgato ya botlhokwa malebana le go diragatsa kgolagano ya Bogosi fa a ne a fudusetsa botshelo jwa ga Morwawe wa motsalwapele, tshimologo ya tiro ya gagwe ya popo, go tswa mo kgalalelong ya selegodimo go tsena mo popelong ya ga Marea, kgarebane ya Mojuda. (Bakolosa 1:15-17) Fa moengele wa ga Jehofa a itsise ka tiragalo eno o ne a raya Marea a re: “Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Ka jalo Jesu o ne a tsholwa mo losikeng lwa ga Dafide a bo a abelwa boswa jwa go nna le tshwanelo ya go busa. Fa Jesu a sena go bewa mo setulong sa bogosi o ne a tla busa “go ya bosakhutleng.” (Isaia 9:7; Daniele 7:14) Ka gone, jaanong go ne go setse go bulegile tsela ya gore go diragadiwe tsholofetso ya ga Jehofa ya makgolokgolo a dingwaga ya go naya Kgosi Dafide moruaboswa yo o nnelang ruri.
“Molaodi mo Ditlhopheng Tsa Ditšhaba”
13. Jesu e ne e le “mosupi mo ditlhopheng tsa ditšhaba” jang mo bodireding jwa gagwe mmogo le fa a sena go tlhatloga?
13 Kgosi eno ya mo isagweng e tla dira eng? Jehofa a re: “Bona! Ke mo neile go nna mosupi mo ditlhopheng tsa ditšhaba, jaaka moeteledipele le molaodi mo ditlhopheng tsa ditšhaba.” (Isaia 55:4) Fa Jesu a gola, e ne e le moemedi wa ga Jehofa mo lefatsheng, mosupi wa Modimo mo ditšhabeng. Fa a ne a sa ntse a tshela e le motho, bodiredi jwa gagwe bo ne bo itebagantse le ‘dinku tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele.’ Le fa go ntse jalo, pele fela ga gore a tlhatlogele kwa legodimong, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa . . . Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 10:5, 6; 15:24; 28:19, 20) Ka gone, fa nako e ntse e ya, molaetsa wa Bogosi o ne wa isiwa kwa bathong ba e seng Bajuda, mme bangwe ba bone ba ne ba nna le seabe mo go diragatseng kgolagano e e dirilweng le Dafide. (Ditiro 13:46) Ka tsela eno, Jesu o ne a tswelela e le “mosupi [wa ga Jehofa] mo ditlhopheng tsa ditšhaba,” tota le fa a sena go swa le go tsosiwa a ba a tlhatlogela kwa legodimong.
14, 15. (a) Jesu o ne a itshupa jang e le “moeteledipele le molaodi”? (b) Balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le tebelelo efe?
14 Gape Jesu o ne a tla nna “moeteledipele le molaodi.” Fela jaaka go tlhalositswe mo boporofeting jono, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a amogela maikarabelo a boeteledipele jwa gagwe ka botlalo mme a etelela pele mo dilong tsotlhe, a ngoka boidiidi jwa batho, a ba ruta mafoko a boammaaruri, e bile a bontsha melemo e e tlelang batho ba ba latelang boeteledipele jwa gagwe. (Mathaio 4:24; 7:28, 29; 11:5) O ne a thapisa barutwa ba gagwe sentle, a ba baakanyetsa gore ba dire tiro e kgolo ya go rera e e neng e larile kwa pele. (Luke 10:1-12; Ditiro 1:8; Bakolosa 1:23) Mo dingwageng di le tharo le sephatlo fela, Jesu o ne a thaya motheo wa phuthego e e utlwanang ya ditšhaba tsotlhe ka maloko a le diketekete a a tswang mo ditsong tse dintsi! “Moeteledipele le molaodi” wa boammaaruri ke ene fela a neng a ka dira tiro e e kalokalo.b
15 Batho ba ba neng ba phuthetswe mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo, mme ba ne ba nna le tebelelo ya go nna babusimmogo le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Tshenolo 14:1) Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa ga Isaia ga bo bue fela ka metlha ya fa Bokeresete bo simologa. Bosupi bo bontsha gore Jesu Keresete ga a ka a simolola go busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo pele ga 1914. Nakwana fela morago ga moo, go ne ga tlhaga seemo mo Bakereseteng ba ba tloditsweng mo lefatsheng se se neng se tshwana ka dilo di le dintsi le seemo sa Bajuda ba ba ileng botshwarwa ka lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E. Tota e bile, se se diragaletseng Bakeresete bao ke tiragatso e kgolwane ya boporofeti jwa ga Isaia.
Botshwarwa Jwa Motlha wa Gompieno le Kgololo
16. Fa Jesu a sena go bewa bogosi ka 1914 go ne ga latela mathata afe?
16 Go tlhomiwa ga ga Jesu gore e nne Kgosi ka 1914 go ne ga bonala ka mathata a magolo mo lefatsheng. Ka ntlha yang? Ka gonne fa Jesu a nna Kgosi, o ne a koba Satane le dibopiwa tse dingwe tse di boikepo tsa semoya kwa legodimong. Fa Satane a setse a kganeletswe mo lefatsheng, o ne a simolola go lwantsha baitshepi ba ba setseng, masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng. (Tshenolo 12:7-12, 17) Setlhoa sa tiragalo eno se ne sa nna ka 1918 fa tiro ya go rera phatlalatsa e ne e batla e ema gotlhelele mme bakaedi ba ba ikarabelang ba Mokgatlho wa Watch Tower ba tsenngwa mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka tsa boepapuso. Ka tsela eno, batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ne ba nna mo botshwarong jwa semoya, jo bo tshwanang le botshwarwa jwa mmatota jwa Bajuda ba bogologolo. Ba ne ba kgobiwa tota.
17. Seemo sa batlodiwa se ne sa fetoga jang ka 1919, mme ba ne ba nonotshiwa jang ka nako eo?
17 Le fa go ntse jalo go nna mo botshwarong ga batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng ga go a ka ga tsaya lobaka. Ka March 26, 1919, bakaedi ba ba neng ba latlhetswe mo kgolegelong ba ne ba gololwa, mme morago ditatofatso tsotlhe tse ba neng ba di lebisitswe di ne tsa tlogelwa. Jehofa o ne a tshololela moya o o boitshepo mo bathong ba gagwe ba ba golotsweng, a ba naya maatla a go dira tiro e e neng e larile kwa pele. Ka boipelo ba ne ba tsibogela taletso ya gore ba “tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshenolo 22:17) Ba ne ba reka “beine le mashi kwantle ga madi le kwantle ga tlhwatlhwa” mme ba nonotshiwa semoyeng ba nonotshediwa koketsego e e neng e tlile go diragala, e masalela a batlodiwa a neng a sa e lebelela.
Boidiidi jo Bogolo bo Tabogela Kwa Batlodiweng ba Modimo
18. Ke ditlhopha dife tse pedi tse di fitlhelwang mo gare ga barutwa ba ga Jesu Keresete, mme ba bopa eng gompieno?
18 Barutwa ba ga Jesu ba na le nngwe ya ditsholofelo tse pedi. Sa ntlha, go phuthilwe “letsomanyane” la palo ya 144 000—Bakeresete ba ba tloditsweng ba Bajuda mmogo le Baditšhaba ba e leng “Iseraele wa Modimo” mme ba na le tsholofelo ya go busa le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Luke 12:32; Bagalatia 6:16; Tshenolo 14:1) Sa bobedi, “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” bo ile jwa itlhagisa mo metlheng ya bofelo. Ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Pele ga pitlagano e kgolo e simologa, bontsintsi jono—jo palo ya jone e sa bolelelwang pele—bo direla mmogo le letsomanyane, mme ditlhopha tseno ka bobedi di bopa “letsomane le le lengwe” le le kaelwang ke “modisa a le mongwe.”—Tshenolo 7:9, 10; Johane 10:16.
19. “Setšhaba” se pele se neng se sa itsewe ke Iseraele wa Modimo se ile sa tsibogela jang taletso ya setšhaba seo sa semoya?
19 Go phuthwa ga boidiidi jono jo bogolo go ka lemogiwa mo mafokong a a latelang a boporofeti jwa ga Isaia: “Bona! O tla bitsa setšhaba se o sa se itseng, mme batho ba setšhaba se se sa go itseng ba tla sianela kwa go wena, ka ntlha ya ga Jehofa Modimo wa gago, le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele, ka gonne o tla bo a go dirile montle.” (Isaia 55:5) Mo dingwageng tsa fa masalela a a tloditsweng a sena go gololwa mo botshwarong jwa semoya, kwa tshimologong a ne a sa tlhaloganye gore a ne a tla dirisiwa go phuthela “setšhaba” se sengwe se segolo mo kobamelong ya ga Jehofa pele ga Haramagedona. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, batho ba le bantsi ba dipelo tse di ikanyegang ba ba neng ba se na tsholofelo ya selegodimo ba ne ba simolola go kopanela le batlodiwa le go direla Jehofa ka tlhoafalo e e tshwanang le ya batlodiwa. Batho bano ba ba neng ba sa tswa go tla ba ne ba lemoga bontle jwa batho ba Modimo, ba lemoga gore Jehofa o ne a le mo gare ga bone. (Sekarea 8:23) Ka bo1930, batlodiwa ba ne ba simolola go tlhaloganya gore tota setlhopha seno ke bomang, se palo ya sone e neng e ntse e gola mo gare ga bone. Ba ne ba lemoga gore go ne go sa ntse go na le tiro e kgolo ya go phutha. Boidiidi jo bogolo bo ne bo akofa go tla go kopanela le batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone, mme ka lebaka le le utlwalang.
20. (a) Mo motlheng wa rona, ke ka ntlha yang fa go potlakile gore re ‘batle Jehofa,’ mme seno se dirwa jang? (b) Jehofa o tla tshwara jang batho ba ba mmatlang?
20 Mo motlheng wa ga Isaia, taletso e ne ya re: “Batlang Jehofa, a sa ntse a ka bonwa. Mmitseng a sa ntse a le gaufi.” (Isaia 55:6) Mo motlheng wa rona, mafoko ano a tshwanela batho ba ba bopang Iseraele wa Modimo mmogo le boidiidi jo bogolo jo bo ntseng bo oketsega. Masego a ga Jehofa ga a abiwe fela, e bile ga a ne a laletsa batho ka bosakhutleng. Jaanong ke nako ya go senka go amogelwa ke Modimo. Fa nako e e tlhomilweng ya katlholo ya ga Jehofa e tla, go tla bo go le thari thata. Ka gone, Isaia a re: “A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le motho yo o kotsi dikakanyo tsa gagwe; mme a boele kwa go Jehofa, yo o tla mo utlwelang botlhoko, le kwa Modimong wa rona, gonne o tla itshwarela ka tsela e kgolo.”—Isaia 55:7.
21. Setšhaba sa Iseraele se itshupile se sa ikanyege jang mo maikanong a a neng a dirilwe ke bagologolwane ba bone?
21 Polelwana e e reng “a boele kwa go Jehofa” e kaya gore batho ba ba tlhokang go ikwatlhaya ba kile ba nna le kamano le Modimo. Polelwana eno e re gopotsa gore dilo tse dintsi tsa karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia di diragala lantlha mo batshwarweng ba Bajuda kwa Babelona. Makgolo a dingwaga pele ga foo, bagologolwane ba batshwarwa bano ba ne ba bolela kafa ba ititeileng sehuba ka teng gore ba tla utlwa Jehofa fa ba ne ba bolela jaana: “Go ka se direge gore re tlogele Jehofa re direle medimo e mengwe.” (Joshua 24:16) Hisitori e bontsha gore se ba neng ba re se “ka se direge” se ne sa direga—gangwe le gape! Go tlhoka tumelo ga batho ba Modimo ke gone go bakileng gore ba bo ba le batshwarwa kwa Babelona.
22. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a re dikakanyo tsa gagwe le ditsela tsa gagwe di kwa godimo ga tsa batho?
22 Go tla diragala eng fa ba ikwatlhaya? Jehofa o dirisa Isaia go solofetsa gore o tla “itshwarela ka tsela e kgolo.” Mme o oketsa jaana: “‘Gonne dikakanyo tsa lona ga se dikakanyo tsa me, le gone ditsela tsa me ga se ditsela tsa lona,’ go bua Jehofa. ‘Gonne jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.’” (Isaia 55:8, 9) Jehofa o itekanetse mme dikakanyo le ditsela tsa gagwe di kwa godimo mo di ka se kang tsa fitlhelelwa. Le bopelotlhomogi jwa gagwe ke jwa selekanyo se rona batho re ka se kang ra ba ra se fitlhelela. Akanya fela: Fa re itshwarela motho yo mongwe, ke gore moleofi o itshwarela moleofi. Re lemoga gore le rona ka letsatsi lengwe re tla tlhoka gore mongwe ka rona a re itshwarele. (Mathaio 6:12) Mme Jehofa, le fa gone a se ke a tlhoka go itshwarelwa, o itshwarela “ka tsela e kgolo”! Eleruri, ke Modimo wa bopelonomi jo bogolo jwa lorato. Mme Jehofa ka bopelotlhomogi jwa gagwe o bula dikgoro tsa morwalela tsa magodimo, a tshololela masego mo bathong ba ba boelang kwa go ene ka dipelo tsotlhe tsa bone.—Malaki 3:10.
Batho ba ba Boelang Kwa go Jehofa ba a Segofadiwa
23. Jehofa o tshwantsha jang kafa go tlhomamisegileng ka teng gore lefoko la gagwe le tla diragala?
23 Jehofa o solofetsa batho ba gagwe jaana: “Fela jaaka pula e e nang e fologa, le kapoko, e tswa kwa magodimong mme e sa boele kwa lefelong leo, mme e kolobetsa lefatshe e dira gore le tlhagise maungo le bo le tlhogise, mme mojadi a newe peo le moji a newe senkgwe, lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.” (Isaia 55:10, 11) Sengwe le sengwe se Jehofa a se bolelang ruri se tla diragala. Fela jaaka pula le kapoko e e wang go tswa kwa loaping e diragatsa boikaelelo jwa yone jwa go kolobetsa mmu le go tlhagisa maungo, lefoko la ga Jehofa le le tswang mo molomong wa gagwe le ikanyega fela jalo ka botlalo. Se a se solofetsang, o tla se diragatsa—le fa go ka nna jang.—Dipalo 23:19.
24, 25. Batshwarwa ba Bajuda ba ba diragatsang molaetsa wa ga Jehofa o o tlang ka Isaia ba emetswe ke masego afe?
24 Ka gone, fa Bajuda ba utlwa mafoko a a buiwang le bone ka boporofeti jwa ga Isaia, ruri ba tla amogela poloko e Jehofa a e solofeditseng. Ka ntlha ya seo, ba tla ipela thata. Jehofa a re: “Lo tla tsamaya ka go ipela, mme lo tla tlisiwa ka kagiso. Dithaba le dithota di tla thama fa pele ga lona di goa ka boipelo, le ditlhare tsotlhe tsa tshimo di tla opa diatla. Mo boemong jwa lesuthu la mitlwa go tla tlhoga setlhare sa mofira. Mo boemong jwa sebabetsane go tla tlhoga setlhare sa moretela. Mme se tla nna sengwe se se itsegeng mo go Jehofa, sesupo sa bosakhutleng seo se se kitlang se kgaolwa.”—Isaia 55:12, 13.
25 Ka 537 B.C.E., batshwarwa ba Bajuda ruri ba tswa mo Babelona ba ipela. (Pesalema 126:1, 2) Fa ba tsena kwa Jerusalema, ba fitlhela naga e tletse ka masuthu a mitlwa le sebabetsane—se lebale gore naga eno e ntse e swafetse ka masome a dingwaga. Mme batho ba Modimo ba ba buseditsweng gae jaanong ba ka thusa go tlisa phetogo e e itumedisang! Ditlhare tse di telele, tse di jaaka mofira le moretela, di tsaya maemo a mitlwa le sebabetsane. Masego a ga Jehofa a bonala sentle fa batho ba gagwe ba mo direla ba “goa ka boipelo.” Go ntse jaaka e kete naga ka boyone e a ipela.
26. Batho ba Modimo gompieno ba mo maemong afe a a itumedisang?
26 Ka 1919 masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng a ne a gololwa mo botshwarong jwa bone jwa semoya. (Isaia 66:8) Bone mmogo le boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe, jaanong ba direla Modimo ka boipelo mo paradaiseng ya semoya. E re ka ba sa kgotlelwa ke tlhotlheletso epe ya Babelona, ba mo seemong sa go ratiwa, se mo go Jehofa jaanong e leng “sengwe se se itsegeng.” Katlego ya bone ya semoya e galaletsa leina la gagwe e bile e mo tlotlomatsa jaaka Modimo wa boporofeti jwa boammaaruri. Se Jehofa a se ba diretseng se bontsha gore ke Modimo e bile ke bosupi jwa gore fa a buile selo o a se diragatsa le gore o utlwela botlhoko batho ba ba ikwatlhayang. E kete botlhe ba ba tswelelang pele ba ‘reka beine le mashi kwantle ga madi le kwantle ga tlhwatlhwa’ ba ka ipelela go mo direla ka bosakhutleng!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go fitlhetswe maina a le mantsi a Bajuda mo direkotong tsa bogologolo tsa dikgwebo tsa Babelona.
b Jesu o sa ntse a okametse tiro ya go dira barutwa. (Tshenolo 14:14-16) Gompieno, banna le basadi ba Bakeresete ba leba Jesu e le Tlhogo ya phuthego. (1 Bakorintha 11:3) Mme ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, Jesu o tla tsaya kgato jaaka “moeteledipele le molaodi” ka tsela e nngwe, fa a kaela tlhabano ya makgaolakgang kgatlhanong le baba ba Modimo kwa ntweng ya Haramagedona.—Tshenolo 19:19-21.
[Setshwantsho mo go tsebe 234]
Bajuda ba ba tshwerweng ke lenyora la semoya ba lalediwa gore ba ‘tle metsing’ le gore ba tle go ‘reka beine le mashi’
[Setshwantsho mo go tsebe 239]
Jesu o ne a itshupa e le “moeteledipele le molaodi” mo ditlhopheng tsa ditšhaba
[Ditshwantsho mo go tsebe 244, 245]
“A moikepi a tlogele tsela ya gagwe”