Kgaolo ya Lesomesupa
Batswakwa ba Phuthelwa mo Ntlong ya Modimo ya Thapelo
1, 2. Go ne ga dirwa kitsiso efe e e kgatlhang ka 1935, mme e ne e le karolo ya eng?
KA LABOTLHANO, May 31, 1935, Joseph F. Rutherford o ne a bua le boidiidi jwa batho mo kopanong kwa Washington, D.C. O ne a tlhalosa gore “boidiidi jo bogolo” kgotsa “bontsintsi jo bogolo” jo bo bonweng ke moaposetoloi Johane mo ponatshegelong ke bomang. Fa Mokaulengwe Rutherford a konela puo ya gagwe o ne a kopa jaana: “Tsweetswee a botlhe ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng ba eme ka dinao.” Go ya ka mongwe wa ba ba neng ba le teng, “batho ba palo e e fetang sephatlo sa ba ba neng ba le teng ba ne ba ema ka dinao.” Go tswa foo sebui se ne sa re: “Bonang! Bontsintsi jo bogolo!” Yo mongwe yo o neng a le teng o gakologelwa jaana: “Sa ntlha, go ne go rile tuu, morago ga moo go ne ga utlwala loshalaba lwa boitumelo mme ga tlhabiwa mokgosi o o kwa godimo e bile ka lobaka lo loleele.”—Tshenolo 7:9; King James Version.
2 Eo e ne e le nako e e tlhomologileng mo go diragadiweng go go tswelelang pele ga boporofeti jo bo kwadilweng dingwaga di ka nna 2 700 pele ga moo jo mo Dibaebeleng tsa rona bo leng mo go Isaia kgaolo 56. Fela jaaka mo dipolelelopeleng tse dingwe tse dintsi tsa Isaia, boporofeti jono bo na le ditsholofetso tse di kgothatsang mmogo le ditlhagiso tse di gagametseng. Mo go diragadiweng ga jone ga ntlha, bo lebisitswe mo bathong ba Modimo a dirileng kgolagano le bone ba motlha wa ga Isaia, mme go diragadiwa ga jone go fetela mo makgolong a dingwaga go fitlha le mo motlheng wa rona.
Se Poloko e se Tlhokang
3. Fa Bajuda ba batla go bolokwa ke Modimo, ba tshwanetse ba dira eng?
3 Isaia kgaolo 56 e simolola ka kgakololo e e yang kwa Bajudeng. Le fa go ntse jalo, baobamedi botlhe ba boammaaruri ba tshwanetse go utlwa se moporofeti a se kwalang. Re bala jaana: “Jehofa o buile jaana: ‘Bolokang tshiamiso, lo dire se se siameng. Gonne poloko ya me e gaufi le go goroga, le tshiamo ya me e gaufi le go senolwa. Go itumela motho yo o nang le go swa yo o dirang seno, le morwa batho yo o se tshwarang, a boloka sabata gore a se ka a e itshepolola, e bile a boloka seatla sa gagwe gore a se ka a dira bosula jwa mofuta ope.’” (Isaia 56:1, 2) Banni ba Juda ba ba batlang go bolokwa ke Modimo ba tshwanetse ba utlwa Molao wa ga Moshe, ba latelela tshiamo le go tshela botshelo jo bo siameng. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa ka boene o tshiamo. Batho ba ba latelelang tshiamo ba itumelela go amogelwa ke Jehofa.—Pesalema 144:15b.
4. Ke ka ntlha yang fa go boloka Sabata go le botlhokwa kwa Iseraele?
4 Boporofeti bo gatelela go bolokwa ga Sabata ka gonne Sabata ke karolo ya botlhokwa ya Molao wa ga Moshe. Ee ruri, lengwe la mabaka a go bo kgabagare banni ba Juda ba ya botshwarwa ke ka gonne ba tlhokomologa Sabata. (Lefitiko 26:34, 35; 2 Ditiragalo 36:20, 21) Sabata ke letshwao la kamano e e kgethegileng e Jehofa a nang le yone le Bajuda, mme batho ba ba bolokang Sabata ba bontsha gore ba tseela kamano eo kwa godimo. (Ekesodo 31:13) Mo godimo ga moo, go boloka Sabata go ne go tla gopotsa batho ba motlha wa ga Isaia gore Jehofa ke Mmopi. Go e boloka jalo gape go ne go tla ba gopotsa gore o ba tlhomogela pelo. (Ekesodo 20:8-11; Duteronome 5:12-15) Sa bofelo, go boloka Sabata go ne go tla dira gore go nne le thulaganyo ya ka metlha, e e tlhomameng ya go obamela Jehofa. Go ikhutsa gangwe ka beke mo tirong ya bone e e tlwaelegileng go ne go tla naya banni ba Juda sebaka sa go rapela, go ithuta le go tlhatlhanya.
5. Tota Bakeresete ba ka dirisa jang kgakololo ya gore ba boloke Sabata?
5 Mme go tweng ka Bakeresete? A kgothatso ya gore go bolokwe Sabata e a ba ama? E seng ka tlhamalalo ka gonne Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao mme ka jalo ga ba tlhoke go boloka Sabata. (Bakolosa 2:16, 17) Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba na le “boikhutso jwa sabata.” ‘Boikhutso jono jwa sabata’ bo akaretsa go nna le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo gore se ka re boloka le go tlogela go ikaega fela ka ditiro. (Bahebera 4:6-10) Ka gone, mafoko a boporofeti jwa ga Isaia malebana le Sabata a gopotsa batlhanka ba ga Jehofa gompieno kafa go tlhokegang ka teng gore ba dumele mo thulaganyong ya Modimo ya poloko. Gape ke kgopotso e e molemo ya gore re tlhoka go nna le kamano e e molemo le Jehofa le go mo obamela ka metlha.
Kgomotso ya Motswakwa le Moopafadiwa
6. Ke ditlhopha dife tse pedi tse go buiwang le tsone jaanong?
6 Jaanong Jehofa o bua le ditlhopha tse pedi tse di batlang go mo direla mme e le tse Molao wa ga Moshe o di thibelang go tsena mo phuthegong ya Bajuda. Re bala jaana: “A motswakwa yo o ikgolagantseng le Jehofa a se ka a re, ‘Ruri Jehofa o tla nkgaoganya le batho ba gagwe.’ Le moopafadiwa a a se ka a re, ‘Bona! Ke setlhare se se omileng.’” (Isaia 56:3) Motswakwa o boifa gore o tla tlosiwa mo Iseraele. Moopafadiwa o boifa gore a ka se tsamaye a nnile le bana go boloka leina la gagwe. Ditlhopha tseno ka bobedi di tshwanetse tsa nametsega. Pele re bona gore ka ntlha yang, a re tlhatlhobe gore Molao o ba tsaya jang fa ba bapisiwa le setšhaba sa Iseraele.
7.Molao o thibela batswakwa ba kwa Iseraele dilo dife?
7 Batswakwa ba ba sa rupang ga ba a dumelelwa go nna le seabe mo kobamelong le Iseraele. Ka sekai, ga ba a letlelelwa go ja Tlolaganyo. (Ekesodo 12:43) Batswakwa ba ba sa robeng melao ya naga ka boomo fela ba tshwarwa ka tshiamiso e bile ba a amogelwa, mme ga ba na kgolagano e e nnetseng ruri le setšhaba. Gone ke boammaaruri, bangwe ba amogela Molao ka pelo yotlhe, mme ba rupisa banna ba bone go supa seno. Go tswa foo e nna basokologi, ba na le tshiamelo ya go obamela mo lelwapeng la ntlo ya ga Jehofa le go tsewa ba le karolo ya phuthego ya Iseraele. (Lefitiko 17:10-14; 20:2; 24:22) Le fa go ntse jalo, tota le basokologi ga ba nne le seabe ka botlalo mo kgolaganong ya ga Jehofa le Iseraele, e bile ga ba na naga e ba e ruang boswa mo Nageng e e Solofeditsweng. Batswakwa ba bangwe ba ka nna ba ya go rapela kwa tempeleng, e bile go bonala gore ba ka isa ditlhabelo ka tsamaiso ya boperesiti fa fela ditlhabelo tseo di dumalana le Molao. (Lefitiko 22:25; 1 Dikgosi 8:41-43) Mme Baiseraele ga ba a tshwanela go itsalanya thata le bone.
Baopafadiwa ba Newa Leina ka Bosakhutleng
8. (a) Mo Molaong, baopafadiwa ba ne ba tsewa jang? (b) Baopafadiwa ba ne ba dirisiwa jang mo ditšhabeng tsa boheitane, mme ka dinako tse dingwe lereo “moopafadiwa” le ka kaya eng?
8 Baopafadiwa, le fa ba tshotswe ke batsadi ba Bajuda, ga ba letlelelwe go nna maloko a a feletseng a setšhaba sa Iseraele.a (Duteronome 23:1) Mo ditšhabeng dingwe tsa boheitane tsa metlha ya Baebele, baopafadiwa ba ne ba na le maemo a a kgethegileng mme e ne e le ngwao go opafatsa bangwe ba bana ba ba neng ba gapilwe mo ntweng. Baopafadiwa ba ne ba tlhomilwe go nna badiredi mo matlong a segosi. Moopafadiwa a ka nna “motlhokomedi wa basadi,” “motlhokomedi wa bagadingwana,” kgotsa motlhokomedi wa mohumagadi. (Esethere 2:3, 12-15; 4:4-6, 9) Ga go na bosupi bope jwa gore Baiseraele ba ne ba latela mekgwa eo kgotsa gore baopafadiwa ba ne ba batlelwa thata go thapelwa go direla dikgosi tsa Baiseraele.b
9. Jehofa o bolelela ba ba opafaditsweng ka tsela ya mmatota mafoko afe a a nametsang?
9 Kwantle ga gore kwa Iseraele batho ba ba opafaditsweng ka tsela ya mmatota ga ba nne le seabe se se kalo mo kobamelong ya Modimo wa boammaaruri, gape ba na le kgobo e kgolo ya gore ga ba kgone go tshola bana ba ba tla tsweledisang leina la lelapa pele. A bo mafoko a a latelang a boporofeti a gomotsa jang he! Re bala jaana: “Jehofa o reile baopafadiwa ba ba bolokang bosabata ba me le ba ba tlhophileng se se intumedisitseng ba ba tshwereng kgolagano ya me a re: ‘Ke tla ba naya mo ntlong ya me le mo dipoteng tsa me sefikantswe le leina, sengwe se se botoka go na le barwa le barwadi. Ke tla ba naya leina ka bosakhutleng, le le se kitlang le kgaolwa.’”—Isaia 56:4, 5.
10. Seemo sa baopafadiwa se ile sa fetoga leng, mme fa e sa le ka nako eo ba ile ba nna le tshiamelo efe?
10 Ee, nako e tla tla e ka yone le e leng go nna yo o opafaditsweng ka tsela ya mmatota go se kitlang go tlhola go nna sekgoreletsi sa go amogelwa go nna motlhanka yo o feletseng wa ga Jehofa. Fa baopafadiwa ba le kutlo, ba tla nna le “sefikantswe,” kgotsa lefelo, mo ntlong ya ga Jehofa le leina, e le sengwe se se botoka go feta barwa le barwadi. Seno se diragala leng? E seng pele ga loso lwa ga Jesu Keresete. Ka nako eo Kgolagano ya bogologolo ya Molao e ne ya tseelwa maemo ke kgolagano e ntšha, mme Iseraele wa senama o ne a tseelwa maemo ke “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Fa e sa le ka nako eo, botlhe ba ba nang le tumelo ba ile ba kgona go naya Modimo kobamelo e a e amogelang. Go tlhomologa ga senama le maemo a mmele ga di tlhole di na le bokao. Batho ba ba itshokang ka boikanyegi, le fa ba le mo seemong sefe sa mmele, ba tla nna le “leina ka bosakhutleng, le le se kitlang le kgaolwa.” Jehofa ga a kitla a ba lebala. Maina a bone a tla kwalwa mo ‘bukeng ya gagwe ya kgakologelo,’ mme ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—Malaki 3:16; Diane 22:1; 1 Johane 2:17.
Batswakwa ba Obamela le Batho ba Modimo
11. Gore batswakwa ba amogele masego, ba kgothadiwa go dira eng?
11 Mme go tweng ka batswakwa? Jaanong boporofeti bo boela mo go bone, mme Jehofa o na le mafoko a a ka ba gomotsang tota. Isaia o kwala jaana: “Batswakwa ba ba ikgolagantseng le Jehofa gore ba mo direle le gore ba rate leina la ga Jehofa, gore ba nne batlhanka ba gagwe, botlhe ba ba bolokang sabata gore ba se ka ba e itshepolola e bile ba tshwere kgolagano ya me, gape ke tla ba tlisa mo thabeng ya me e e boitshepo ke bo ke dire gore ba ipele mo teng ga ntlo ya me ya thapelo. Ditshupelo tsa bone tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tsa bone e tla nna tsa go amogelwa mo sebesong sa me. Gonne ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe.”—Isaia 56:6, 7.
12. Go kile ga ne go dumelwa eng malebana le boporofeti jwa ga Jesu jwa “dinku tse dingwe”?
12 Mo motlheng wa rona “batswakwa” ba ntse ba tla ka monokela. Pele ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, go ne go itsiwe gore batho ba ba neng ba tla bolokwa ba ne ba le bantsi go feta ba ba nang le tsholofelo ya go busa kwa legodimong le Jesu—ba gompieno re itseng e le Iseraele wa Modimo. Baithuti ba Baebele ba ne ba itse mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Johane 10:16: “Ke na le dinku tse dingwe, tse e seng tsa lesaka leno; tseo le tsone ke tshwanetse go di tlisa, di tla reetsa lentswe la me, mme di tla nna letsomane le le lengwe, modisa a le mongwe.” Batho bao ba “dinku tse dingwe” ba ne ba itsiwe e le ba setlhopha sa mo lefatsheng. Mme bontsi jwa Baithuti ba Baebele ba ne ba dumela gore dinku tse dingwe di ne di tla bonala ka nako ya Puso ya Mileniamo ya ga Jesu Keresete.
13. Ke ka ntlha yang fa go ne ga bolelwa gore dinku tsa Mathaio kgaolo 25 di tshwanetse tsa bonala mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo?
13 Kgabagare, go ne ga dirwa kgatelopele malebana le tsela e go tlhaloganngwang ka yone lokwalo longwe lo lo tsamaisanang le lono lo lo buang ka dinku. Mo go Mathaio kgaolo 25, go kwadilwe ka setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi. Go ya ka setshwantsho seo, dinku di amogela botshelo jo bo sa khutleng ka gonne di tshegetsa bomonnawe Jesu. Ka gone, ke setlhopha se se farologaneng gotlhelele le bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng. Ka 1923 kwa kopanong nngwe kwa Los Angeles, California, U.S.A., go ne ga tlhalosiwa gore dinku tseo di tshwanetse tsa bonala, e seng ka nako ya Mileniamo, mme mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu o ne a bua setshwantsho seno fa a ne a araba potso e e reng: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?”—Mathaio 24:3.
14, 15. Go ne ga nna le kgatelopele jang malebana le tsela e go tlhaloganngwang ka yone seemo sa dinku tse dingwe mo motlheng wa bokhutlo?
14 Ka bo1920 batho bangwe ba ba neng ba kopanela le Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola go akanya gore moya wa ga Jehofa o ne o sa ba supele gore ba tshwaetswe go tshela kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, e ne e le batlhanka ba ba tlhoafetseng ba Modimo Mogodimodimo. Ka 1931 seemo sa bone se ne sa tlhaloganngwa botoka fa buka ya Vindication e ne e gatisiwa. Vindication e ne e tlhalosa buka ya Esekiele temana ka temana, mme ya tlhalosa ponatshegelo ya “monna” yo o tshwereng kurwana ya enke ya mokwaledi. (Esekiele 9:1-11) “Monna” yono o ralala Jerusalema a tshwaya diphatla tsa batho ba ba fegelwang le ba ba sonelang ka ntlha ya makgapha a a dirwang mo gare ga yone. “Monna” yono o emela bomonnawe Jesu, masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tshelang mo lefatsheng ka nako ya katlholo ya Jerusalema wa tshwantshetso, Labokeresete. Batho ba ba tshwaiwang ke ba dinku tse dingwe ba ba tshelang ka nako eo. Mo ponatshegelong eno bone ga ba akarediwe fa badiragatsakatlholo ba ga Jehofa ba ipusolosetsa mo motseng oo wa batlhanogi.
15 Ka 1932 go tlhaloganngwa ka botlalo ga tiragalo ya boporofeti ya ga Kgosi Jehu wa Iseraele le Jehonadabe, motshegetsi wa gagwe yo e seng Moiseraele, go ne ga bontsha kafa dinku tseno tse dingwe di tshegetsang bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng ka teng—fela jaaka Jehonadabe a ile a tsamaya le Jehu a ba a mo tshegetsa fa a ne a fedisa kobamelo ya ga Baale. Kgabagare, ka 1935 dinku tse dingwe tse di tshelang ka nako ya bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo di ne tsa itsiwe e le boidiidi jo bogolo jo bo bonwang mo ponatshegelong ke moaposetoloi Johane. Seno se ne sa tlhalosiwa la ntlha kwa kopanong e e setseng e umakilwe e e neng e le kwa Washington, D.C., fa Joseph F. Rutherford a ne a tlhalosa ba ba nang le tsholofelo ya mo lefatsheng a re ke “bontsintsi jo bogolo.”
16. “Batswakwa” ba na le ditshiamelo le maikarabelo afe?
16 Ka gone go ne ga lemogwa kgato ka kgato gore “batswakwa” ba na le seabe se segolo mo maikaelelong a ga Jehofa mo metlheng eno ya bofelo. Ba tla kwa Iseraeleng wa Modimo gore ba tle go obamela Jehofa. (Sekarea 8:23) Bone mmogo le setšhaba seo sa semoya, ba neela Modimo ditlhabelo tse a di amogelang mme ba tsena mo boikhutsong jwa sabata. (Bahebera 13:15, 16) Mo godimo ga moo, ba obamela kwa tempeleng ya Modimo ya semoya, eo, jaaka tempele e e kwa Jerusalema, e leng “ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe.” (Mareko 11:17) Ba na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu Keresete sa thekololo, ‘ba tlhatswa diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.’ Mme ba direla Jehofa ka metlha, “ba mo direla tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.”—Tshenolo 7:14, 15.
17. Batswakwa ba motlha wa gompieno ba tshwara kgolagano e ntšha jang?
17 Batswakwa bano ba motlha wa gompieno ba tshwara kgolagano e ntšha ka tsela ya gore ka go kopanela le Iseraele wa Modimo, ba itumelela melemo le masego a a tlang ka kgolagano eno e ntšha. Le fa ba sa nne le seabe mo kgolaganong eo, ba ineela gotlhelele mo melaong e e amanang le yone. Ka gone molao wa ga Jehofa o mo dipelong tsa bone, mme ba simolola go itse Jehofa e le Rraabone wa selegodimo e bile e le Molaodimogolo.—Jeremia 31:33, 34; Mathaio 6:9; Johane 17:3.
18. Ke tiro efe ya go phutha e e ntseng e dirwa mo motlheng wa bokhutlo?
18 Boporofeti jwa ga Isaia bo tswelela pele jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa, yo o phuthang mmogo ba ba phatlaladitsweng ba Iseraele, o bua jaana: ‘Ke tla phuthela mmogo kwa go ene ba bangwe kwantle ga ba gagwe ba ba setseng ba phuthilwe mmogo.’” (Isaia 56:8) Ka nako ya bokhutlo, Jehofa o ile a phutha “ba ba phatlaladitsweng ba Iseraele,” ba masalela a a tloditsweng. Mo godimo ga moo, o phutha ba bangwe, ba boidiidi jo bogolo. Ba obamela mmogo ka kagiso le kutlwano ba tlhokometswe ke Jehofa le Kgosi ya gagwe e e tlhomilweng, Keresete Jesu. E re ka ba ikanyega mo pusong ya ga Jehofa ka Keresete, Modisa yo o Molemo o ba dirile letsomane le le utlwanang le le itumetseng.
Balebeledi ba ba Difofu, Dintša Tse di se Nang Mantswe
19. Diphologolo tsa naga le tsa kwa sekgweng di lalediwa go tla go dira eng?
19 Mafoko a a fa godimo a a botsalano, a a kgothatsang, a latelwa ke mafoko a a fapaaneng gotlhelele e bile a gakgamatsa. Jehofa o iketleeditse go bontsha batswakwa le baopafadiwa bopelotlhomogi. Mme batho ba le bantsi ba ba iphakang go nna maloko a phuthego ya Modimo ba bonwa molato e bile ba tlile go atlholwa. Mo godimo ga moo, tota e bile ga ba tshwanelwe ke go fitlhwa sentle mme ba tshwanelwa fela ke go jewa ke dibatana tse di gagolakang. Ka gone, re bala jaana: “Lona lotlhe diphologolo tsa naga e e bulegileng, tlang lo je, lona lotlhe diphologolo tsa naga tse di mo sekgweng.” (Isaia 56:9) Diphologolo tseno tsa naga di tlile go ja eng? Boporofeti bo tla tlhalosa. Ka go dira jalo bo ka re gopotsa se se tlileng go diragalela batho ba ba ganetsang Modimo ka nako ya ntwa e e tlang ya Haramagedona, ba mebele ya bone e e bolailweng e tlogelwang gore e jewe ke dinonyane tsa legodimo.—Tshenolo 19:17, 18.
20, 21. Ke ditlhaelo dife tse di dirang gore baeteledipele ba bodumedi e nne bagogi ba ba se nang mosola ba semoya?
20 Boporofeti bo tswelela jaana: “Balebeledi ba gagwe ba difofu. Ga go bape ba bone ba ba tsereng tsia. Botlhe ke dintša tse di sa kgoneng go bua; ga di kgone go bogola, di a hemahema, di a rapama, di rata go otsela. E bile ke dintša tse di nang le keletso e e nonofileng ya moya; ga ba ise ba ko ba kgotsofale. Gape ke badisa ba ba sa kgoneng go tlhaloganya. Botlhe ba fapogetse mo tseleng ya bone, mongwe le mongwe gore a bone papadi ya gagwe ya tshiamololo mo molelwaneng wa gagwe: ‘Tlang! Mmang ke tseyeng beinenyana; mme a re nweng go feta selekanyo bojalwa jo bo tagang. Mme letsatsi la ka moso le tla tshwana fela le gompieno, le le legolo ka tsela e kgolwane thata.’”—Isaia 56:10-12.
21 Baeteledipele ba bodumedi ba Juda ba re ba obamela Jehofa. Ba iphaka gore ke “balebeledi ba gagwe.” Mme ba difofu semoyeng, ga ba na mantswe, e bile ba a otsela. Fa ba sa kgone go nna ba lebeletse le go itsise ka kotsi, mosola wa bone ke ofe? Balebeledi bao ba bodumedi ga ba tlhaloganye, ga ba tshwanelege gore ba ka naya batho ba sekadinku kaelo ya semoya. Mo godimo ga moo, ba bosula. Ba na le dikeletso tse di sa kgotsofaleng tsa bopelotshetlha. Mo boemong jwa go latela kaelo ya ga Jehofa, ba latela tsela ya bone, ba batla papadi e e tlang ka tshiamololo, ba nwa bojalwa jo bo tagang mo go feteletseng e bile ba kgothaletsa ba bangwe gore ba dire se se tshwanang. Ga ba itse sepe ka katlholo e e tlang ya Modimo mo e leng gore ba bolelela batho gore dilo di tla apara tshiamo.
22. Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba tshwana jang le ba Juda wa bogologolo?
22 Pelenyana mo boporofeting jwa gagwe, Isaia o ne a dirisa tshwantshiso e e tshwanang fa a tlhalosa baeteledipele ba ba sa ikanyegeng ba bodumedi ba kwa Juda—ba tagilwe semoyeng, ba a otsela e bile ga ba tlhaloganye. Ba ne ba imetsa setšhaba ka dingwao tsa batho, ba bua maaka a bodumedi ba bo ba ikanya Asiria gore e ka ba thusa go na le go ikanya Modimo. (2 Dikgosi 16:5-9; Isaia 29:1, 9-14) Go bonala sentle gore ga ba a ithuta sepe. Ka maswabi, baeteledipele ba ba ntseng jalo ba ne ba le teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mo boemong jwa go amogela dikgang tse di molemo tse ba di tlisediwang ke Morwa wa Modimo, ba ne ba gana Jesu mme ba loga maano a go mmolaya. Jesu o ne a ba bitsa ka tlhamalalo a re ke “bagogi ba ba foufetseng,” a oketsa ka go re, “fa motho yo o foufetseng a goga motho yo o foufetseng, ba tla wela mo kgatamping mmogo.”—Mathaio 15:14.
Balebeledi ba Motlha wa Gompieno
23. Go diragaditswe boporofeti bofe jwa ga Petere malebana le baeteledipele ba bodumedi?
23 Moaposetoloi Petere o ne a tlhagisa gore barutisi ba maaka le bone ba ne ba tla timetsa Bakeresete. O ne a kwala jaana: “Gape go ne ga nna le baporofeti ba maaka mo bathong [ba Iseraele], fela jaaka gape go tla nna le barutisi ba maaka mo go lona. Bone bano ka go kukunela ba tla tlisa mo teng makoko a a senyang gape ba tla itatola le e leng mong wa bone yo o ba rekileng, ba itlisetsa tshenyego e e bofefo.” (2 Petere 2:1) Dithuto tsa maaka le makoko a barutisi ba ba ntseng jalo ba maaka di ile tsa felela ka eng? Labokeresete, yo baeteledipele ba gagwe ba bodumedi gompieno ba rapelelang gore Modimo a segofatse ditsala tsa bone tsa bopolotiki ba bo ba solofetsa isagwe e e molemo. Baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba itshupile ba le difofu, ba se na mantswe e bile ba otsela mo dilong tsa semoya.
24. Iseraele wa semoya le batswakwa ba na le kutlwano e e ntseng jang?
24 Le fa go ntse jalo, Jehofa o tlisa dimilione tsa batswakwa gore ba tle go obamela le ba bofelo ba Iseraele wa Modimo mo ntlong ya gagwe e kgolo ya semoya ya thapelo. Batswakwa bano, le fa ba tswa mo ditšhabeng le mo ditsong le dipuong tse dintsi, ba a utlwana bone ka bobone gape ba utlwana le Iseraele wa Modimo. Ba dumela gore poloko e ka tswa fela kwa go Jehofa Modimo ka Jesu Keresete. Go rata Jehofa go ba tlhotlheletsa gore ba kopanele le bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng mo go boleleng ka tumelo ya bone. Mme ba gomodiwa thata ke mafoko a moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng yo o neng a kwala a re: “Fa o bolela ‘lefoko leo le le mo molomong wa gago’ phatlalatsa, gore Jesu ke Morena, o bo o dumela mo pelong ya gago gore Modimo o ne a mo tsosa mo baswing, o tla bolokwa.”—Baroma 10:9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lereo “moopafadiwa” gape le ne la simolola go kaya modiredi wa ntlo ya kgosi, go sa tewe gore o opafaditswe. E re ka Moethiopia yo o neng a kolobediwa ke Filipi go lebega e ne e le mosokologi—o ne a kolobediwa pele ga go bulelwa batho ba ba sa rupang ba e seng Bajuda sebaka—o tshwanetse a bo a ne a le moopafadiwa ka tsela eo.—Ditiro 8:27-39.
b Ebede-meleke, yo o neng a thusa Jeremia e bile a kgona go dirisana le Kgosi Sedekia ka tlhamalalo, o bidiwa moopafadiwa. Seno go lebega se lebisitse mo tirong ya gagwe ya go nna modiredi wa ntlo ya kgosi e seng gore o ne a opafaditswe.—Jeremia 38:7-13.
[Setshwantsho mo go tsebe 250]
Sabata e ne e tla naya batho sebaka sa go rapela, go ithuta le go tlhatlhanya
[Ditshwantsho mo go tsebe 256]
Seemo sa dinku tse dingwe se ne sa tlhalosiwa sentle kwa kopanong e kgolo ya kwa Washington, D.C., ka 1935 (setshwantsho sa kolobetso se fa tlase, sa thulaganyo se kafa mojeng)
[Setshwantsho mo go tsebe 259]
Diphologolo tsa naga di lalediwa gore di tle go ja
[Ditshwantsho mo go tsebe 261]
Batswakwa le Iseraele wa Modimo ba a utlwana