KGAOLO 10
“Go Kwadilwe ga Twe”
1-3. Ke ntlha efe ya botlhokwa e Jesu a neng a batla gore batho ba Nasaretha ba e lemoge, mme o tlhagisa bosupi bofe?
JESU o sa tswa go simolola bodiredi jwa gagwe. O boetse kwa Nasaretha, kwa motseng wa gaabo. Boikaelelo jwa ga Keresete ke go thusa batho go lemoga ntlha eno ya botlhokwa: Ke ene Mesia yo o sa bolong go bolelelwa pele! O dirisa bosupi bofe go tshegetsa seno?
2 Ga go pelaelo gore batho ba le bantsi ba lebeletse gore a dire kgakgamatso. Ba utlwile dipego tsa gore Jesu o ntse a dira dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, ga a ba neye sesupo sepe. Go na le moo, jaaka tlwaelo o ya kwa sinagogeng. O ema ka maoto gore a tle a bale, mme o newa momeno wa ga Isaia. Ke momeno o moleele, gongwe e le o o tshopilweng mo dikoteng tse pedi, mme ka kelotlhoko Jesu o phutholola momeno ono go tloga kafa koteng e nngwe go ya kafa go e nngwe go fitlha a bona karolo e a e batlang. Go tswa foo o balela kwa godimo se jaanong e leng Isaia 61:1-3.—Luke 4:16-19.
3 Ga go pelaelo gore bareetsi ba gagwe ba itse mafoko ao. Ke boporofeti jo bo kaga Mesia. Botlhe mo sinagogeng ba tlhomile Jesu matlho. Go sisibetse. Go tswa foo Jesu o simolola go tlhalosa, gongwe a dira jalo lobaka lo loleelenyana: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe.” Bareetsi ba gakgamadiwa ke mafoko a gagwe a a itumedisang, le fa go ntse jalo, go bonala bontsi jwa bone ba sa ntse ba batla gore a ba direle kgakgamatso. Go na le moo, ka bopelokgale Jesu o dirisa sekao sa Dikwalo go senola kafa ba tlhaelang tumelo ka teng. Go ise go ye kae batho ba Nasaretha ba batla go mmolaya!—Luke 4:20-30.
4. Jesu o ile a tlhoma sekao sefe mo bodireding jwa gagwe, mme re tla sekaseka eng mo kgaolong eno?
4 Fano Jesu o ne a tlhoma sekao se a ileng a se diragatsa mo bodireding jotlhe jwa gagwe. O ile a ikaega gotlhelele ka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Ke boammaaruri gore, dikgakgamatso tsa gagwe di ile tsa thusa thata mo go bontsheng gore moya wa Modimo o ne o na le ene. Le fa go ntse jalo, mo go Jesu go ne go se na sepe se se botlhokwa go feta Dikwalo tse di Boitshepo. Mma re sekaseke sekao se a re tlhometseng sone mo kgannyeng eno. Re tla sekaseka tsela e Mong wa rona a neng a nopola Lefoko la Modimo ka yone, kafa a ileng a le femela ka teng, le kafa a ileng a le tlhalosa ka teng.
Go Nopola Lefoko la Modimo
5. Jesu o ne a iketleeleditse go itsise bareetsi ba gagwe eng, mme o ne a bontsha jang gore mafoko a gagwe a boammaaruri?
5 Jesu o ne a batla gore batho ba itse gore molaetsa wa gagwe o tswa kae. O ile a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Nako nngwe o ile a re: “Ga ke dire sepe ka bogame; mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” (Johane 8:28) Mo godimo ga moo, o ile a re: “Dilo tse ke di buang le lona ga ke di bue ka go di itshimololela ka bonna; mme Rara yo o nnang a le seoposengwe le nna o dira ditiro tsa gagwe.” (Johane 14:10) Tsela nngwe e Jesu a neng a tlhomamisa boammaaruri jwa mafoko ao ka yone e ne e le ka go nopola gangwe le gape mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng.
6, 7. (a) Jesu o ne a nopola go le kana kang mo Dikwalong Tse di Boitshepo, mme ke eng fa seno se gakgamatsa? (b) Dithuto tsa ga Jesu di ne di farologana jang le tsa bakwadi?
6 Go sekaseka mafoko a a kwadilweng a ga Jesu go senola gore o ne a nopola ka tlhamalalo kana a umaka e se ka tlhamalalo selekanyo se se fetang sephatlo sa dibuka tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Kwa tshimologong seo se ka nna sa se ka sa gakgamatsa go le kalo. O ka nna wa ipotsa gore ke eng fa mo dingwageng tse tharo le sephatlo tse a neng a ruta phatlalatsa ka tsone, a ile a se ka a nopola go tswa mo dibukeng tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng tse di neng di le gone mo motlheng wa gagwe. Mme gone boammaaruri ke gore go ka direga gore o ile a dira jalo. Se lebale gore go kwadilwe karolo e nnye fela ya mafoko le ditiro tsa ga Jesu. (Johane 21:25) Tota e bile, mo diureng di le mmalwa fela o ka kgona go balela kwa godimo mafoko otlhe a a kwadilweng a ga Jesu. Jaanong akanya o bua ka Modimo le Bogosi jwa gagwe ka diura di le mmalwa fela mme o bo o kgona go nopola go feta sephatlo sa dibuka tsa Dikwalo Tsa Sehebera! Mo godimo ga moo, gantsi Jesu o ne a sa tshole memeno. Fa a ne a neela Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng, o ne a nopola dikarolo di le dintsi tsa Dikwalo Tsa Sehebera ka tlhamalalo le ka tsela e e seng ya tlhamalalo—tsotlhe a di nopola jalo ka tlhogo!
7 Go nopola Lefoko la Modimo jalo go bontsha gore Jesu o ne a le tlotla ka tlotlo e kgolo. Bareetsi ba gagwe ba ne “ba tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta, ka e le moo a ne a ba ruta jaaka yo o nang le taolo, mme e seng jaaka bakwadi.” (Mareko 1:22) Fa bakwadi ba ne ba ruta, ba ne ba rata go umaka se go tweng ke molao o o sa kwalwang, ba nopola mafoko a borabi ba ba rutegileng ba nako e e fetileng. Le ka motlha Jesu ga a ise a ko a nopole molao o o sa kwalwang kana mafoko a borabi bangwe. Go na le moo, o ne a tsaya Lefoko la Modimo e le lone le le kgaolang kgang. Gangwe le gape o ne a tle a re: “Go kwadilwe ga twe.” Nako le nako o ne a dirisa mafoko ao kana mangwe a a tshwanang le one go ruta balatedi ba gagwe le go baakanya dikgopolo tse di phoso.
8, 9. (a) Jesu o ne a kgomarela taolo ya Lefoko la Modimo jang fa a ne a phepafatsa tempele? (b) Baeteledipele ba bodumedi ba ba kwa tempeleng ba ile ba bontsha jang gore ba nyatsa Lefoko la Modimo ka lenyatso le legolo?
8 Fa Jesu a ne a phepafatsa tempele kwa Jerusalema, o ile a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo,’ mme lona lo e dira logaga lwa dinokwane.” (Mathaio 21:12, 13; Isaia 56:7; Jeremia 7:11) Morago ga go tsaya kgato eo ya bopelokgale o ne a dira ditiro di le dintsi tse di gakgamatsang mo tempeleng. Basimanyana ba ba neng ba kgatlhilwe thata ke ditiro tseo ba ne ba simolola go mmaka. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go kgopisega, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba botsa Jesu gore a o utlwa se bana bao ba se buang. O ile a araba jaana: “Ee. A lo ne lo ise lo ke lo bale fa go tweng, ‘O lerile pako ka se se tswang mo molomong wa masea le ba ba anyang’?” (Mathaio 21:16; Pesalema 8:2) Jesu o ne a batla gore banna bao ba itse gore Lefoko la Modimo le ne le dumalana le tiragalo eo.
9 Moragonyana baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba kokoana mme ba itebaganya le Jesu ba mmotsa jaana: “O dira dilo tseno ka taolo efe?” (Mathaio 21:23) Jesu o ne a tlhalositse sentle gore Motswedi wa taolo ya gagwe ke ofe. O ne a sa itshimololela dikgopolo tse disha, a itlhamela dithuto tse disha. Se a neng a se dira fela e ne e le go dirisa se Lefoko le le tlhotlheleditsweng la ga Rraagwe le neng le se bolela. Ka gone, baperesiti le bakwadi bao ba ne ba bontsha go nyatsa Jehofa le Lefoko la gagwe ka lenyatso le legolo. Go ne go tshwanela gore Jesu a ba kgaleme fa a ntse a senola boikepo jwa maitlhomo a bone.—Mathaio 21:23-46.
10. Re ka etsa Jesu jang mo tseleng e a neng a dirisa Lefoko la Modimo ka yone, mme ke didirisiwa dife tse re nang le tsone tse Jesu a neng a se na tsone?
10 Jaaka Jesu, gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba ikaega ka Lefoko la Modimo mo bodireding. Basupi ba ga Jehofa ba itsege lefatshe ka bophara ka tlhagafalo ya bone mo go boleleleng ba bangwe molaetsa wa Baebele. Dikgatiso tsa rona di nopola Baebele thata le go umaka mafoko a yone. Mme le rona re dira jalo mo bodireding jwa rona, re leka go dirisa Dikwalo nako nngwe le nngwe fa re bua le batho. (2 Timotheo 3:16) A bo re itumela jang ne fa motho a re letla go mmalela go tswa mo Baebeleng le go tlotla le ene ka botlhokwa le bokao jwa Lefoko la Modimo! Ga re kgone go gakologelwa sengwe le sengwe jaaka Jesu, le fa go ntse jalo re na le didirisiwa di le dintsi tse di neng di seo mo motlheng wa ga Jesu. Ntle le gore re na le Baebele e e feletseng ka dipuo tse dintsintsi, re na le dikgatiso di le dintsi tsa Baebele tse di re thusang go bona temana nngwe le nngwe e re e batlang. A re ikemisetseng go tswelela pele re nopola Baebele le go dirisa tshono nngwe le nngwe go kaela batho mo go yone!
Go Femela Lefoko la Modimo
11. Ke eng fa Jesu a ile a tshwanelwa ke go femela Lefoko la Modimo gangwe le gape?
11 Jesu o ne a fitlhela gore Lefoko la Modimo le ne le tlhaselwa gangwe le gape, mme seo se ne se sa mo gakgamatse. O ile a raya Rraagwe jaana mo thapelong: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Mme Jesu o ne a itse sentle gore Satane, “mmusi wa lefatshe,” ke “moaki le ramaaka.” (Johane 8:44; 14:30) Fa Jesu a ne a gana go ineela mo thaelong ya ga Satane o ne a nopola Dikwalo makgetlo a le mararo. Satane o ne a nopola temana nngwe go tswa mo Dipesalemeng, a e sokamisa ka boomo, mme Jesu o ne a tsibogela seo ka go femela Lefoko la Modimo.—Mathaio 4:6, 7.
12-14. (a) Baeteledipele ba bodumedi ba ile ba bontsha jang gore ba nyatsa Molao wa ga Moshe? (b) Jesu o ile a femela Lefoko la Modimo jang?
12 Gantsi Jesu o ne a femela Dikwalo Tse di Boitshepo mo bathong ba ba neng ba sa di dirise sentle le ba ba neng ba di tlhalosa ka tsela e e phoso. Baeteledipele ba motlha wa gagwe ba bodumedi ba ne ba dirisa Lefoko la Modimo ka tsela e e sa siamang. Ba ne ba gatelela thata gore batho ba ikobele dikarolo tse di sa reng sepe tsa Molao wa ga Moshe mme ba sa re sepe ka melaometheo e melao eo e neng e ikaegile ka yone. Ka gone ba ne ba kgothaletsa batho go latela kobamelo ya seomodiro fela, e e ikaegileng fela ka dilo tse di bonwang ka matlho go na le ka dilo tse di botlhokwa—tse di jaaka tshiamiso, kutlwelobotlhoko le boikanyegi. (Mathaio 23:23) Jesu o ne a femela Molao wa Modimo ka tsela efe?
13 Gangwe le gape mo Therong ya kwa Thabeng, Jesu o ne a dirisa mafoko a a reng “lo utlwile gore go ne ga twe,” fa a tlile go umaka karolo nngwe ya Molao wa ga Moshe. Morago ga go bua mafoko ao o ne a re “mme nna ke lo raya ke re,” go tswa foo a bo a tlhalosa ka botlalo molaomotheo o o akaretsang se se fetang go ikobela Molao ka tsela ya seomodiro fela. A o ne a ganetsa Molao? Nnyaa, o ne a o femela. Ka sekai, batho ba ne ba tlwaelane thata le molao o o reng, “O se ka wa bolaya motho.” Mme Jesu ene o ne a ba raya a re go ila motho e ne e le go tlola se tota e leng boikaelelo jwa molao oo. Ka tsela e e tshwanang, fa motho a itetla go nna le keletso e e sa siamang ka motho yo e seng molekane wa gagwe wa lenyalo o a bo a tlola molaomotheo o o malebana le molao wa Modimo o o iletsang go dira boaka.—Mathaio 5:17, 18, 21, 22, 27-39.
14 Kgabagare Jesu o ne a re: “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘O rate moagelani wa gago mme o tlhoe mmaba wa gago.’ Le fa go ntse jalo, ke a lo raya ka re: Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:43, 44) A taelo ya gore “o tlhoe mmaba wa gago” e ne e tswa mo Lefokong la Modimo? Mafoko ao ke a a neng a itlhametswe ke baeteledipele ba bodumedi. Ba ne ba nyenyefatsa Molao o o siameng wa Modimo ka dikgopolo tsa batho. Ka bopelokgale Jesu o ne a femela Lefoko la Modimo mo tlhotlheletsong e e kotsi ya dingwao tsa batho.—Mareko 7:9-13.
15. Jesu o ne a femela Molao wa Modimo jang kgatlhanong le maiteko a go dira gore o lebege o gagametse thata go sa tlhokege e bile o sa akanyetse?
15 Gape baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tlhasela Lefoko la Modimo ka go dira gore batho ba le tseye le gagamaditse molao go sa tlhokege kana le sa akanyetse. Ka nako ya fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba kgetla diako di se kae fa ba ne ba kgabaganya mo masimong, Bafarasai bangwe ba ne ba bolela gore ba tlola molao wa Sabata. Jesu o ne a dirisa sekai sa Dikwalo go femela Lefoko la Modimo mo kgopolong e e ntseng jalo e e feteletsang dilo. O ne a bua a lebisitse mo tiragalong e e leng yone fela e Dikwalo di e umakang e e malebana le go dirisiwa ga senkgwe sa tshupo kafa ntle ga lefelo le le boitshepo—fa Dafide le banna ba gagwe ba ba tshwerweng ke tlala ba ne ba se ja. Jesu o ne a bontsha Bafarasai bano gore ba ne ba itlhokomolositse bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa.—Mareko 2:23-27.
16. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba fetotse taelo ya ga Moshe jang e e malebana le tlhalo, mme Jesu o ne a tsibogela seo jang?
16 Gape baeteledipele ba bodumedi ba ne ba leka go fokotsa maatla a Molao wa Modimo ka go loga maano a go kekologa melao. Ka sekai Molao o ne o letla gore monna a tlhale mosadi wa gagwe fa a fitlhela “sengwe se se seng sentle” mo go ene, sengwe se go bonalang se ne se baka bothata jo bo neng bo tla leretse lelapa matlhabisaditlhong. (Duteronome 24:1) Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Jesu, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba dirisa karolo eo ya molao go nna seipato sa go letla gore monna a tlhale mosadi wa gagwe ka mabaka a mefuta yotlhe—le e leng fa a ne a ka fisa dijo fa a mo apeela!a Jesu o ile a bontsha gore ba ne ba sokamisitse mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Moshe ka tsela e e masisi tota. Go tswa foo o ne a busetsa tsela ya kwa tshimologong e Jehofa a lebang lenyalo ka yone, ya gore monna a nyale mosadi a le mongwe fela, le gore lebaka le le lengwe fela le le letlang motho go tlhala ke fa yo mongwe a dirile boaka.—Mathaio 19:3-12.
17. Gompieno Bakeresete ba ka etsa Jesu jang fa ba femela Lefoko la Modimo?
17 Balatedi ba ga Jesu le bone gompieno ba ikutlwa ba patelesega go femela Dikwalo Tse di Boitshepo. Fa baeteledipele ba bodumedi ba bolela gore melao ya Lefoko la Modimo e siilwe ke nako, totatota ba a bo ba tlhasela Baebele ka tsela e e bofitlha. Gape Baebele e a bo e tlhaselwa fa madumedi a ruta batho dithuto tsa maaka a bo a re ke dithuto tse di tswang mo Baebeleng. Re go tsaya e le tshiamelo go femela Lefoko la Modimo le le boitshepo la boammaaruri—ka sekai, re bontsha batho gore Modimo ga se karolo ya Tharonngwe. (Duteronome 4:39) Kafa letlhakoreng le lengwe, re le femela jalo ka go dirisa botlhale, ka bonolo le tlotlo e kgolo.—1 Petere 3:15.
Go Tlhalosa Lefoko la Modimo
18, 19. Ke dikai dife tse di bontshang gore Jesu o ne a na le bokgoni jo bo molemo jwa go tlhalosa Lefoko la Modimo?
18 Jesu o ne a tshela kwa legodimong ka nako ya fa Dikwalo Tsa Sehebera di kwalwa. Ruri o tshwanetse a bo a ile a itumelela tshono ya go tla mo lefatsheng go tla go nna le seabe mo go tlhaloseng Lefoko la Modimo! Ka sekai, akanya ka letsatsi le le sa lebalegeng morago ga tsogo ya gagwe fa a ne a kopana le barutwa ba gagwe ba babedi mo tseleng e e yang Emao. Pele ga ba lemoga gore ke mang, ba ne ba mmolelela kafa ba utlwileng botlhoko ka teng le go tlhakanngwa tlhogo ke loso lwa Mong wa bone yo ba mo ratang. O ile a tsiboga jang? “A simolola kwa go Moshe le Baporofeti botlhe a ba phuthololela dilo tse di ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.” Seo se ne sa ba ama jang? Moragonyana ba ne ba raana ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?”—Luke 24:15-32.
19 Moragonyana mo go lone letsatsi leo, Jesu o ne a kopana le baaposetoloi ba gagwe le batho ba bangwe. Ela tlhoko se a ileng a ba direla sone: “A bula megopolo ya bone ka botlalo gore e tlhaloganye se se kaiwang ke Dikwalo.” (Luke 24:45) Ga go pelaelo gore, nako eo e e itumedisang e ne ya ba gopotsa makgetlo a le mantsi a Jesu a neng a ba diretse sengwe se se tshwanang le seo ka one—go akaretsa le ope fela yo o neng a reetsa. Gantsi o ne a tsaya dikwalo tse di neng di itsege thata a bo a di tlhalosa ka tsela e e neng e nna le matswela a a molemo mo bareetsing ba gagwe—go ba thusa go tlhaloganya Lefoko la Modimo ka tsela e ntšha le e e tseneletseng.
20, 21. Jesu o ne a tlhalosa jang mafoko a Jehofa a ileng a a bua le Moshe ka nako ya fa Moshe a bona setlhatshana se tuka?
20 Mo go nngwe ya dinako tseo, Jesu o ne a bua le setlhopha sa Basadukai. E ne e le lekoko la Sejuda le le neng le amana le boperesiti jwa Sejuda mme ba ne ba sa dumele gore go na le tsogo ya baswi. Jesu o ile a ba raya a re: “Ka ga tsogo ya baswi, a lo ne lwa se ka lwa bala se se neng sa buiwa le lona ke Modimo, a re, ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe’? Ke Modimo, e seng wa baswi, mme wa batshedi.” (Mathaio 22:31, 32) Lekwalo leo ke lekwalo le ba neng ba le itse sentle, le le neng le kwadilwe ke monna yo Basadukai ba neng ba mo tlotla thata—Moshe. Le fa go ntse jalo, a o lemoga kafa tlhaloso ya ga Jesu e neng e le maatla ka teng?
21 Moshe o ile a buisana le Jehofa ka nako ya fa a ne a bona setlhatshana se tuka mo e ka nnang ka ngwaga wa 1514 B.C.E. (Ekesodo 3:2, 6) Ka nako eo, Aborahame o ne a na le dingwaga tse 329 a sule, Isake di le 224 mme Jakobe di le 197. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a re: “Ke nna” Modimo wa bone. Basadukai bao ba ne ba itse gore e ne e se jaaka e kete Jehofa ke modimo mongwe wa baheitane wa baswi, a busa lefelo lengwe la masaitsiweng. Nnyaa, ke Modimo “wa batshedi,” jaaka Jesu a ile a bua. Seo se ne se bolela eng? Jesu o ne a konela ka mafoko ano a a maatla: “Botlhe ba a tshela mo go ene.” (Luke 20:38) Jehofa o bolokile batlhanka ba gagwe ba a ba ratang ba ba suleng ba sireletsegile mo mogopolong wa gagwe o o se nang selekanyo le o o sa tsofaleng. Boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go tsosa batho ba ba ntseng jalo bo tlhomamisegile thata jaana mo go ka buiwang ka bone go twe ba a tshela. (Baroma 4:16, 17) A eo ga se tsela e e molemo ya go tlhalosa Lefoko la Modimo? Ga go gakgamatse go bo ‘boidiidi bo ile jwa tshwarwa ke kgakge’!—Mathaio 22:33.
22, 23. (a) Re ka etsa Jesu jang fa re tlhalosa Lefoko la Modimo? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
22 Gompieno Bakeresete ba na le tshiamelo ya go etsa tsela ya ga Jesu ya go tlhalosa Lefoko la Modimo. Ke boammaaruri gore mogopolo wa rona ga o a itekanela. Le fa go ntse jalo, gantsi re kgona go tlotla le batho ba bangwe ka lokwalo lo ba setseng ba lo itse mme re ba tlhalosetse dikarolo dingwe tsa lone tse ba iseng ba ko ba akanye ka tsone. Ka sekai, ba ka tswa ba na le lobaka lo loleele ba boaboeletsa mafoko a a reng “Leina la gago le itshepisiwe” le a a reng, “A bogosi jwa gago bo tle” kwantle ga go itse leina la Modimo kana gore Bogosi jwa gagwe ke eng. (Mathaio 6:9, 10) A bo e le tshono e e molemo jang ne fa mongwe a re letla go mo tlhalosetsa boammaaruri jo bo ntseng jalo jwa Baebele ka tsela e e utlwalang sentle le e e sa raraanang!
23 Go nopola go tswa mo Lefokong la Modimo, go le femela le go le tlhalosa, ke ditsela tsa konokono tsa go etsa tsela ya ga Jesu ya go itsise ba bangwe boammaaruri. Mma jaanong go tswa fano re sekasekeng mekgwa mengwe e e molemo e Jesu a neng a e dirisa go ama dipelo tsa bareetsi ba gagwe ka dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele.
a Rahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Josephus, yo ene ka boene e neng e le Mofarasai yo o tlhadileng mosadi, moragonyana o ne a bolela gore motho o ne a letleletswe go tlhala “ka mabaka ape fela (mme bontsi jwa mabaka ano a a direga mo banneng).”