Kgaolo ya Lesomerobongwe
Boitimokanyo bo a Senolwa!
1. Jesu le Jehofa ba leba boitimokanyo jang, mme bo dirwa jang mo motlheng wa ga Isaia?
JESU o ne a raya baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe a re: “Eleruri ka fa ntle, lo bonala lo siame mo bathong, mme mo teng lo tletse boitimokanyo le go tlhoka molao.” (Mathaio 23:28) Tsela e Jesu a kgalang boitimokanyo ka yone e bontsha tsela e Rraagwe wa selegodimo a bo lebang ka yone. Kgaolo 58 ya boporofeti jwa ga Isaia e remeletse thata mo boitimokanyong jo bo anameng kwa Juda. Dikgotlhang, kgatelelo le thubakanyo di atile, mme Sabata e setse e bolokwa ka tsela ya seomodiro fela e e sa kayeng sepe. Batho ba direla Jehofa ka go ikgolola fela mme ba dira tshupo e e feteletseng ya boineelo ka go itima dijo mme go sa tswe pelong. Ga go gane Jehofa a senola se ba leng sone!
‘Bolelela Batho Maleo a Bone’
2. Isaia o supa moya ofe fa a ntse a bolela molaetsa wa ga Jehofa, mme o tshwana le bomang gompieno?
2 Le fa Jehofa a ferosiwa sebete ke boitshwaro jwa Juda, mafoko a Gagwe a akaretsa kopo e e tswang pelong ya gore setšhaba seno se ikwatlhaye. Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla gore kgalemo ya gagwe e utlwale sentle. Ka gone o laela Isaia jaana: “Tlhaeletsa ka lentswe la gago lotlhe; o se ka wa ithiba. Tsholetsa lentswe la gago fela jaaka lonaka, mme o bolelele batho ba me go tlhanoga ga bone, le ba ntlo ya ga Jakobe maleo a bone.” (Isaia 58:1) Go bolela mafoko a ga Jehofa ka bopelokgale go ka nna ga dira gore Isaia a tlhoiwe ke batho, mme ga a ikgogone. O sa ntse a na le moya ole wa boineelo o a neng a na le one fa a ne a re: “Ke fano! Roma nna.” (Isaia 6:8) A bo Isaia e le sekao se se molemo jang ne sa go itshoka mo Basuping ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno, ba gape ba romilweng go rera Lefoko la Modimo le go senola boitimokanyo jwa bodumedi!—Pesalema 118:6; 2 Timotheo 4:1-5.
3, 4. (a)Batho ba motlha wa ga Isaia ba dira gore ba lebege e kete ba ntse jang? (b) Seemo sa mmatota kwa Juda ke sefe?
3 Batho ba motlha wa ga Isaia ba dira gore go lebege e kete ba batla Jehofa e bile ba itumelela dikatlholo tsa gagwe tse di siameng. Mafoko a ga Jehofa a balega jaana: “Ke nna yo ba neng ba nna ba mo senka letsatsi le letsatsi, mme ba ne ba bontsha go itumedisiwa ke kitso ya ditsela tsa me, jaaka setšhaba se se neng se tsweledisa tshiamo e bile se sa tlogela tshiamiso ya Modimo wa bone, ka gonne ba ne ba nna ba nkopa dikatlholo tse di siameng, ba atamela Modimo yo o neng a ba itumedisa.” (Isaia 58:2) A maiphako ano a go rata ditsela tsa ga Jehofa a tswa pelong? Nnyaa. Ba ntse “jaaka setšhaba se se neng se tsweledisa tshiamo,” mme ke tebego ya kafa ntle fela. Totatota, setšhaba seno se ‘tlogetse tshiamiso ya Modimo wa bone.’
4 Seemo se tshwana thata le se se neng sa senolelwa moporofeti Esekiele moragonyana. Jehofa o ne a bolelela Esekiele gore Bajuda ba ne ba raana ba re: “Tlang, tsweetswee, lo utlwe gore ke lefoko lefe le le tswang mo go Jehofa.” Mme Modimo o ne a tlhagisa Esekiele gore ga ba peloephepa: “Ba tla tsena kwa go wena, . . . mme ruri ba tla utlwa mafoko a gago mme ga ba kitla ba a diragatsa, gonne ba bua dikeletso tse di fekeetsang ka molomo wa bone mme pelo ya bone e latelela papadi ya bone ya tshiamololo. Mme bona! mo go bone o tshwana le pina ya lorato lwa maikutlo, jaaka mongwe yo o nang le lentswe le lentle e bile a tshameka seletswa sa megala sentle. Ruri ba tla utlwa mafoko a gago, mme ga go na bape ba ba a diragatsang.” (Esekiele 33:30-32) Batho ba motlha wa ga Isaia le bone ba bolela gore ba batla Jehofa ka metlha, mme ga ba ikobele mafoko a gagwe.
Go Itima Dijo ga Boitimokanyo
5. Bajuda ba leka jang go dira gore ba amogelwe ke Modimo, mme Jehofa o arabela jang?
5 Bajuda ba itima dijo e le seomodiro fela, ka maiteko a gore ba amogelwe ke Modimo, mme poifomodimo ya bone e e seng ya boammaaruri e ba tlhoboganya le Jehofa. Ba botsa jaana go lebega ba gakgametse: “Re ne re itima dijo ka lebaka lefe mme [o] sa bone, re bogisa moya wa rona mme [o] sa lemoge?” Jehofa o araba a sa potapote, a re: “Eleruri lo ne lo itumela mo letsatsing la go itima dijo ga lona, fa go ne go na le batho ba lona botlhe ba ba dirang ka natla ba lo neng lo nna lo ba gatelela go dira. Eleruri lo ne lo itima dijo ka ntlha ya go omana le go lwa, le ka ntlha ya go itaya ka lebole la boikepo. A ga lo a ka lwa tswelela lo itima dijo jaaka mo motlheng wa go utlwatsa lentswe la lona kwa bogodimong? A go itima dijo mo ke go tlhophang go tshwanetse ga nna jaana, jaaka letsatsi la gore motho wa mo lefatsheng a bogise moya wa gagwe? Gore a ikobe tlhogo fela jaaka mokhasi, le gore a phutholole letsela la kgetsi le melora go nna sekanamelo sa gagwe? A ke sone se lo se bitsang go itima dijo le letsatsi le le amogelesegang mo go Jehofa?”—Isaia 58:3-5.
6. Ke ditiro dife tsa Bajuda tse di bontshang fa go itima dijo ga bone e le ga boitimokanyo?
6 Fa batho bano ba ntse ba itima dijo, ba itira e kete ba siame, e bile ba kopa gore Jehofa a ba atlhole ka tshiamo, kafa letlhakoreng le lengwe ba latelela menate ya bopelotshetlha le dilo tsa kgwebo. Ba inaakanya le dikgotlhang, kgatelelo le thubakanyo. Ba leka go bipa maitshwaro a bone ka go lela gore ba bonwe—ba ikoba ditlhogo jaaka mokhasi e bile ba nna mo letseleng la kgetsi le mo meloreng—jaaka e kete ba ikwatlhaela maleo a bone. Seno sotlhe se thusang fa ba tswelela pele ba tsuologa? Ga ba bontshe khutsafalo epe ya bomodimo le boikwatlhao tse di tshwanetseng tsa tsamaisana le go itima dijo mo go dirwang go tswa pelong. Go bokolela ga bone—le fa go le modumo—ga go utlwiwe kwa legodimong.
7. Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba itshwara jang ka tsela e e supang boitimokanyo, mme batho ba le bantsi gompieno ba dira jalo jang?
7 Bajuda ba motlha wa ga Jesu le bone ba ne ba itima dijo jalo gore ba bonwe, ba bangwe ba go dira gabedi ka beke! (Mathaio 6:16-18; Luke 18:11, 12) Baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi le bone ba ne ba etsa kokomana ya motlha wa ga Isaia ka go nna peloethata le go gatelela. Ka gone, Jesu ka bopelokgale o ne a senola baitimokanyi bao ba bodumedi, a ba bolelela gore kobamelo ya bone e ne e se na mosola. (Mathaio 15:7-9) Gompieno le gone, batho ba le dimilione ba “bolela phatlalatsa gore ba itse Modimo, mme ba mo itatola ka ditiro tsa bone, ka gonne ba makgapha mme ga ba utlwe e bile ga ba amogelelwe tiro e e molemo ya mofuta ope.” (Tito 1:16) Batho bao ba ka solofela gore Modimo a ba tlhomogele pelo, mme ditiro tsa bone di senola gore ga ba peloephepa. Go fapaana le seo, Basupi ba ga Jehofa ba bontsha boineelo jwa boammaaruri jwa bomodimo le lorato lwa boammaaruri lwa bokaulengwe.—Johane 13:35.
Se Boikwatlhao Jwa Boammaaruri bo se Akaretsang
8, 9. Boikwatlhao jwa mmatota bo tshwanetse jwa patiwa ke ditiro dife tse di siameng?
8 Jehofa ga a batle fela gore batho ba gagwe ba itime dijo ka ntlha ya maleo a bone; o batla gore ba ikwatlhaye. Foo o tla ba amogela. (Esekiele 18:23, 32) O tlhalosa gore fa motho a batla gore go itima dijo ga gagwe go nne le bokao, o tshwanetse gape a baakanya maleo a gagwe a a fetileng. Akanya ka dipotso tse di fatang maikutlo tse Jehofa a di botsang: “A mo ga se gone go itima dijo mo ke go tlhophang? Go bofolola mehiri ya boikepo, go bofolola dibofo tsa mopako wa jokwe, le go lesa ba ba gateletsweng go tsamaya ba gololesegile, le gore lo kgaoganye mopako wa jokwe mongwe le mongwe sebedi?”—Isaia 58:6.
9 Mehiri le mepako ya dijokwe e tshwantshetsa sentle bokgoba jo bo gatelelang. Ka jalo mo boemong jwa go itima dijo mme kafa letlhakoreng le lengwe ba gatelela badumedikabone, batho ba tshwanetse ba utlwa taelo eno: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.” (Lefitiko 19:18) Ba tshwanetse ba golola botlhe ba ba ba gateletseng le ba ba ba dirileng makgoba e se ka tshiamo.a Ditiro tsa bodumedi tse di direlwang go bonwa ke batho, tse di jaaka go itima dijo, di ka se tseye maemo a boineelo jwa bomodimo jwa mmatota le ditiro tse di supang lorato lwa bokaulengwe. Mongwe wa batho ba motlha wa ga Isaia, moporofeti Mika, o kwala jaana: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”—Mika 6:8.
10, 11. (a) Mo Bajudeng, ke eng se se neng se ka nna botoka go feta go itima dijo? (b) Bakeresete gompieno ba ka dirisa jang kgakololo e Jehofa a neng a e naya Bajuda?
10 Tshiamiso, bopelonomi le boingotlo di tlhoka gore motho a direle ba bangwe molemo, e leng sone se se batlwang ke Molao wa ga Jehofa. (Mathaio 7:12) Sengwe se se botoka thata go feta go itima dijo e ne e tla nna go abela batlhoki khumo ya bone. Jehofa o botsa jaana: “A [go itima dijo mo ke go batlang] ga se go kgaoganyetsa yo o tshwerweng ke tlala senkgwe sa gago, le gore o tlise ba ba bogisiwang, ba ba se nang magae mo ntlong ya gago? Gore, fa o ka bona mongwe a sa ikatega, o mmipe, le gore o se ka wa iphitlhela nama ya gago?” (Isaia 58:7) Ee, mo boemong jwa go itima dijo gore ba bonwe ke batho, batho ba ba kgonang ba tshwanetse ba abela batlhoki ba ba nnang le bone mo Juda—nama ya bone—dijo, diaparo kgotsa bonno.
11 Melaometheo eno e e molemo ya lorato lwa bokaulengwe le kutlwelobotlhoko e Jehofa a e bontshang ga e dire fela mo Bajudeng ba motlha wa ga Isaia. E kaela le Bakeresete. Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ruri he, fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Phuthego ya Bokeresete e tshwanetse ya nna boremelelo jwa lorato lwa bokaulengwe, bogolo jang ka ntlha ya dinako tse di ntseng di thatafalela pele tse re tshelang mo go tsone.—2 Timotheo 3:1; Jakobe 1:27.
Kutlo e Tlisa Masego a Magolo
12. Jehofa o tla dira eng fa batho ba gagwe ba mo ikobela?
12 Fa fela batho ba ga Jehofa ba ne ba ka nna le temogo ya gore ba utlwe kgalemo ya gagwe e e lorato! Jehofa a re: “Foo lesedi la gago le ne le tla tlhaba fela jaaka bosa; le go fola go ne go tla go tlela ka bofefo. Mme tshiamo ya gago e ne e tla tsamaya fa pele ga gago; kgalalelo ya ga Jehofa e ne e tla nna setlhopha sa gago sa masole a a sireletsang kafa morago. Foo o ne o tla bitsa, mme Jehofa o ne a tla araba; o ne o tla goa o kopa thuso, mme o ne a tla re, ‘Ke fano!’” (Isaia 58:8, 9a) A mafoko a a kgothatsang, a a monate! Jehofa o segofatsa le go sireletsa batho ba ba ratang bopelonomi jwa lorato le tshiamo. Fa batho ba ga Jehofa ba ka ikwatlhaela bopeloethata le boitimokanyo jwa bone ba bo ba mo ikobela, dilo di tla ba tsamaela botoka fela thata. Jehofa o tla thusa setšhaba “go fola,” go tokafala semoyeng le senameng. Gape o tla ba dibela, fela jaaka a ile a dibela borraabonemogologolwane fa ba ne ba tswa kwa Egepeto. Mme o tla tsaya kgato ka bonako go arabela dikopo tsa bone tsa gore ba thusiwe.—Ekesodo 14:19, 20, 31.
13. Bajuda ba tla nna le masego afe fa ba tsibogela kgothatso ya ga Jehofa?
13 Jaanong Jehofa o oketsa mafoko a gagwe a pele, a re: “Fa o ka tlosa jokwe [ya bokgoba jo bo setlhogo, jo bo sa bontsheng tshiamiso] mo gare ga gago, go supa ka monwana [gongwe ka go sotla le ditatofatso tsa maaka] le go bua se se utlwisang botlhoko; mme wa naya yo o tshwerweng ke tlala keletso ya moya wa gago, mme wa kgotsofatsa moya o o bogisiwang, le lesedi la gago le tla phatsima mo lefifing, le letobo la gago le tla nna jaaka sethoboloko.” (Isaia 58:9b, 10) Bopelotshetlha le bopeloethata ga di duele e bile di baka bogale jwa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, bopelontle le bopelotshweu di tlisa masego a magolo a Modimo, bogolo jang fa di dirisiwa mo bathong ba ba bolawang ke tlala le ba ba sotlegang. Fa fela Bajuda ba ne ba ka reetsa mafoko ano a boammaaruri! Foo phatsimo ya bone le katlego ya bone ya semoya di tla dira gore ba tsabakele jaaka letsatsi la sethoboloko, di tlosa letobo lepe fela. Mo godimo ga tsotlhe, ba tla tlisetsa Jehofa tlotlo le pako, ene yo e leng Motswedi wa kgalalelo ya bone le masego.—1 Dikgosi 8:41-43.
Setšhaba se a Tsosolosiwa
14. (a) Batho ba motlha wa ga Isaia ba tsibogela mafoko a gagwe jang? (b) Jehofa o tswelela pele go naya batho eng?
14 Ka maswabi, setšhaba se tlhokomologa kopo ya ga Jehofa mme se tsenelela kwa teng mo boikepong. Kgabagare, ga go na sepe se Jehofa a ka se dirang fa e se go ba isa botshwarwa, fela jaaka a tlhagisitse. (Duteronome 28:15, 36, 37, 64, 65) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Jehofa a a latelang ka Isaia a sa ntse a naya tsholofelo. Modimo o bolelela pele gore masalela a a amogetseng kotlhao a ba a ikwatlhaya a tla boela nageng ya Juda ka boipelo, le fa e swafetse.
15. Jehofa o bolelela pele go tsosoloswa gofe mo go itumedisang?
15 Jehofa o dirisa Isaia go bolela jaana, a bua ka nako e e tlang fa batho ba gagwe ba tla bo ba tsosolosiwa ka 537 B.C.E.: “Ruri Jehofa o tla go etelela pele ka metlha a bo a kgotsofatsa moya wa gago le mo lefatsheng le le sheleng, mme o tla nonotsha marapo a gago; mme o tla nna jaaka tshingwana e e nang le metsi a mantsi, le jaaka motswedi wa metsi, o metsi a one a sa akeng [“feleng,” The New English Bible].” (Isaia 58:11) Jehofa o tla tsosolosa nagagae ya Iseraele e e sheleng gore e boe e ungwe thata. Mme se se molemo le go feta ke gore, o tla segofatsa batho ba gagwe ba ba ikwatlhayang, a nonotshe “marapo” a bone gore a nne le botshelo ka botlalo a se ka a tlhola a sule semoyeng. (Esekiele 37:1-14) Batho ka bobone ba tla nna jaaka “tshingwana e e nang le metsi a mantsi” e e tletseng ka maungo a semoya.
16. Naga e tla tsosolosiwa jang?
16 Go tsosoloswa jalo go tla akaretsa go agiwa sesha ga metse e e sentsweng ke batlhasedi ba Babelona ka 607 B.C.E. “Ka ntlha ya gago batho ba tla aga mafelo a a swafetseng ka nako e telele; o tla tsosa le metheo ya dikokomana tse di tswelelang pele. Mme o tla bidiwa mmaakanyi wa phatlha, motsosolosi wa ditsela tse go ka nniwang fa go tsone.” (Isaia 58:12) Dipolelwana tse di tsamaisanang tseno, “mafelo a a swafetseng ka nako e telele” le “metheo ya dikokomana tse di tswelelang pele” (kgotsa, metheo e e ntseng e le marope ka dikokomana tse dintsi) di bontsha gore masalela a a buseditsweng gae a tla aga sesha marope a metse ya Juda, bogolo jang Jerusalema. (Nehemia 2:5; 12:27; Isaia 44:28) Ba tla baakanya “phatlha”—lefoko le le akaretsang le le kayang diphatlha mo dipoteng tsa Jerusalema le tsa metse e mengwe.—Jeremia 31:38-40; Amose 9:14.
Masego a go Boloka Sabata ka Boikanyegi
17. Jehofa o ikuela jang mo bathong ba gagwe gore ba utlwe melao ya Sabata?
17 Sabata e ne e le tsela ya Modimo ya go bontsha kafa a amegileng thata ka teng ka botsogo jwa batho ba gagwe jwa semoya le jwa senama. Jesu o ne a re: “Sabata e ne ya nna gone ka ntlha ya motho.” (Mareko 2:27) Letsatsi leno le le neng le itshepisitswe ke Jehofa le ne le naya Baiseraele tshono e e kgethegileng ya go bontsha gore ba rata Modimo. Ka maswabi, mo motlheng wa ga Isaia e setse e le letsatsi la go tshegetsa dingwao tse di sa kayeng sepe le go kgotsofatsa dikeletso tsa bopelotshetlha. Ka jalo, Jehofa o na le lebaka le lengwe gape la go kgalemela batho ba gagwe. Mme o leka gape go fitlhelela dipelo tsa bone. A re: “Fa e le gore ka ntlha ya sabata o tla busetsa lonao lwa gago morago malebana le go dira dilo tse di go itumedisang mo letsatsing la me le le boitshepo, mme wa bitsa sabata boitumelo jo bogolo, letsatsi le le boitshepo la ga Jehofa, le le galalediwang, mme wa le galaletsa go na le gore o dire kafa ditseleng tsa gago, go na le go bona se se go itumedisang le go bua lefoko; foo o tla itumela thata mo go Jehofa, mme ke tla dira gore o palame mo mafelong a a kwa godimo a lefatshe; mme ke tla dira gore o je mo go se se ruilweng boswa sa ga Jakobe rragomogologolwane, gonne molomo wa ga Jehofa o go buile.”—Isaia 58:13, 14.
18. Go se tlotle Sabata ga Juda go tla felela ka eng?
18 Sabata ke letsatsi la go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya, la go rapela le la kobamelo ya lelapa. Le tshwanetse la thusa Bajuda go akanya ka ditiro tse di molemo tse Jehofa a di ba diretseng le tshiamiso le lorato tse di bontshiwang mo Molaong wa gagwe. Ka gone, go boloka letsatsi leno le le boitshepo ka boikanyegi go tshwanetse ga thusa batho go atamelana thata le Modimo wa bone. Mo boemong jwa seo, ba senya Sabata mme ka jalo ba mo kotsing ya go tingwa masego a ga Jehofa.—Lefitiko 26:34; 2 Ditiragalo 36:21.
19. Batho ba Modimo ba tla nna le masego afe a magolo fa ba ka simolola go boloka Sabata?
19 Le fa go ntse jalo, fa Bajuda ba ithuta sengwe mo kotlhaong ba bo ba boela kwa go tshegetseng thulaganyo ya Sabata, ba tla nna le masego a magolo. Diphelelo tse di molemo tsa kobamelo ya boammaaruri le go tlotla Sabata di tla ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa bone. (Duteronome 28:1-13; Pesalema 19:7-11) Ka sekai, Jehofa o tla dira gore batho ba gagwe ba “palame mafelo a a kwa godimo a lefatshe.” Polelwana eno e bontsha go sireletsega le go fenya baba. Le fa e le mang yo o laolang mafelo a a kwa godimo—dithota le dithaba—o laola naga. (Duteronome 32:13; 33:29) Ka nako nngwe Iseraele o ne a ikobela Jehofa, mme ene o ne a sireletsa setšhaba seno e bile ditšhaba tse dingwe di ne di se tlotla le eleng go se boifa. (Joshua 2:9-11; 1 Dikgosi 4:20, 21) Fa ba ka simolola go ikobela Jehofa gape, ba tla busediwa kgalalelo ele ya pele. Jehofa o tla naya batho ba gagwe karolo e e feletseng ya “se se ruilweng boswa sa ga Jakobe”—masego a a solofeditsweng ka kgolagano ya Gagwe le borraabonemogologolwane, bogolo jang masego a go bona Naga e e Solofeditsweng.—Pesalema 105:8-11.
20. Bakeresete ba na le ‘boikhutso bofe jwa sabata’?
20 A Bakeresete ba ka ithuta sengwe mo go seno? Ka loso lwa ga Jesu Keresete, Molao wa ga Moshe o ne wa fedisiwa, go akaretsa le dilo tse di batlwang ke Sabata. (Bakolosa 2:16, 17) Le fa go ntse jalo, moya o go boloka Sabata go tshwanetseng go ka bo go o kgothaleditse Juda—wa go baya dilo tsa semoya kwa pele le go atamelana le Jehofa—o sa ntse o le botlhokwa mo baobameding ba ga Jehofa. (Mathaio 6:33; Jakobe 4:8) Mo godimo ga moo, fa Paulo a kwalela Bahebera, a re: “Go santse go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo.” Bakeresete ba tsena mo ‘boikhutsong jono jwa sabata’ ka go ikobela Jehofa le ka go latelela tshiamo ba ikaegile ka tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete. (Bahebera 3:12, 18, 19; 4:6, 9-11, 14-16) Mo Bakereseteng, mofuta ono wa go boloka sabata ga o dirwe gangwe fela ka beke, mme o dirwa letsatsi le letsatsi.—Bakolosa 3:23, 24.
Iseraele wa Semoya o ‘Palame Mafelo a a Kwa Godimo a Lefatshe’
21, 22. Jehofa o dirile jang gore Iseraele wa Modimo ‘a palame mafelo a a kwa godimo a lefatshe’?
21 Fa e sa le Bakeresete ba ba tloditsweng ba gololwa mo botshwarong jwa Babelona ka 1919, ba ntse ba boloka ka boikanyegi se se neng se tshwantshediwa ke Sabata. Ka ntlha ya seo, Jehofa o dirile gore ba ‘palame mafelo a a kwa godimo a lefatshe.’ Ka tsela efe? Morago kwa ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a dira kgolagano le ditlogolwana tsa ga Aborahame gore fa ba ne ba ka mo ikobela, ba ne ba tla nna bogosi jwa baperesiti le setšhaba se se boitshepo. (Ekesodo 19:5, 6) Mo dingwageng tsotlhe tse 40 ba le kwa nageng, Jehofa o ne a ba sikara ka tshireletsego, jaaka ntsu e sikara mamphorwana go a sireletsa, mme a ba segofatsa ka dilo tse dintsi. (Duteronome 32:10-12) Le fa go ntse jalo, setšhaba se ne se se na tumelo, mme kgabagare sa latlhegelwa ke ditshiamelo tsotlhe tse se ka bong se nnile le tsone. Le fa seo se diragetse, Jehofa o sa ntse a na le bogosi jwa baperesiti gompieno. Ke Iseraele wa Modimo wa semoya.—Bagalatia 6:16; 1 Petere 2:9.
22 Mo ‘motlheng wa bofelo,’ setšhaba seno sa semoya se dirile sengwe se Iseraele wa bogologolo a paletsweng ke go se dira. Ba ntse ba na le tumelo mo go Jehofa. (Daniele 8:17) E re ka maloko a sone a boloka melao ya ga Jehofa le ditsela tsa gagwe tsa maemo a a kwa godimo, Jehofa o ba goletsa ka tsela ya semoya. (Diane 4:4, 5, 8; Tshenolo 11:12) E re ka ba sireletsegile mo lesweng le le ba dikologileng, ba tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo, mme mo boemong jwa gore ba batle go latela ditsela tsa bone, ba ‘itumelela Jehofa thata’ mmogo le Lefoko la gagwe. (Pesalema 37:4) Jehofa o ntse a ba sireleditse semoyeng le fa go na le kganetso e kgolo mo lefatsheng lotlhe. E sa le ka 1919 “lefatshe” la bone la semoya ga le ise le ko le fenngwe. (Isaia 66:8) Ba sa ntse e le setšhaba sa leina la gagwe le le kwa godimo, le ba le bolelang ka boipelo mo lefatsheng lotlhe. (Duteronome 32:3; Ditiro 15:14) Mo godimo ga moo, palo e e oketsegang ya batho ba ba pelonomi go tswa mo ditšhabeng tsotlhe jaanong ba kopanela le bone mo tshiamelong e kgolo ya go rutiwa ditsela tsa ga Jehofa le go thusiwa go tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.
23. Jehofa o dirile jang gore batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ba “je mo go se se ruilweng boswa sa ga Jakobe”?
23 Jehofa o dirile gore batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ba “je mo go se se ruilweng boswa sa ga Jakobe.” Fa Isake a ne a segofatsa Jakobe mo boemong jwa ga Esau, mafoko a tlhogo eno ya lotso a ne a bolelela pele masego mo bathong botlhe ba ba neng ba tla nna le tumelo mo Losikeng lo lo solofeditsweng lwa ga Aborahame. (Genesise 27:27-29; Bagalatia 3:16, 17) Fela jaaka Jakobe—e seng Esau—Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone ba ‘anaanela dilo tse di boitshepo,’ bogolo jang dijo tsa semoya tse Modimo a di abang ka bontsi. (Bahebera 12:16, 17; Mathaio 4:4) Dijo tseno tsa semoya—tse di akaretsang kitso ya se Jehofa a se fitlhelelang ka Losika lo lo solofeditsweng le ba ba dirisanang le Losika loo—di a nonotsha, di naya maatla e bile di botlhokwa mo botshelong jwa bone jwa semoya. Ka gone, go botlhokwa gore ka metlha ba je dijo tsa semoya ka go bala le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo. (Pesalema 1:1-3) Go botlhokwa gore ba kopanele le badumedi ka bone kwa dipokanong tsa Bokeresete. E bile go botlhokwa gore ba tshegetse ditekanyetso tse di kwa godimo tsa kobamelo e e itshekileng fa ba ntse ba abela batho ba bangwe dijo tseo ka boipelo.
24. Bakeresete ba boammaaruri ba itshwara jang gompieno?
24 Fa Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba emetse go diragadiwa ga ditsholofetso tsa ga Jehofa ka tlhoafalo, e kete ba ka tswelela pele ba gana mefuta yotlhe ya boitimokanyi. Ba nonotshiwa ke “se se ruilweng boswa sa ga Jakobe,” e kete ba ka tswelela pele ba sireletsegile semoyeng mo ‘mafelong a a kwa godimo a lefatshe.’
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Jehofa o ne a dira thulaganyo ya gore batho ba gagwe fa ba wetse mo molatong ba ithekise e nne makgoba—tota e nne badiri ba ba thapilweng—gore ba duele molato wa bone. (Lefitiko 25:39-43) Le fa go ntse jalo, Molao o ne o tlhoka gore makgoba a tshwarwe sentle. Fa ba ne ba tshwarwa setlhogo ba ne ba tshwanetse go gololwa.—Ekesodo 21:2, 3, 26, 27; Duteronome 15:12-15.
[Setshwantsho mo go tsebe 278]
Bajuda ba ne ba itima dijo le go oba ditlhogo ba itira e kete ba a ikwatlhaya—mme ga ba a ka ba fetola ditsela tsa bone
[Setshwantsho mo go tsebe 283]
Ba ba kgonang, ba abela batlhoki bonno, diaparo kgotsa dilo tse ba di tlhokang
[Setshwantsho mo go tsebe 286]
Fa Juda a ikwatlhaya, o tla tsosolosa metse ya gagwe e e sentsweng