Kgaolo ya Masomeamabedi
Seatla sa ga Jehofa Ga se A Khutshwafala
1. Dilo di eme jang kwa Juda, mme batho ba le bantsi ba ipotsa eng?
SETŠHABA sa Juda se ipolela fa se na le kgolagano le Jehofa. Mme se aparetswe ke mathata. Tshiamiso e a tlhaela, go tletse bokebekwa le kgatelelo mme le fa go solofetswe gore maemo a tla tokafala ga a tokafale. Go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle gotlhelele. Ba le bantsi ba ipotsa gore a Jehofa o tla tsamaya a siamisa dilo. Dilo di eme jalo mo motlheng wa ga Isaia. Mme pego ya ga Isaia kaga motlha ono ga se hisitori fela ya bogologolo. Mafoko a gagwe a na le ditlhagiso tsa boporofeti mo bathong bape fela ba ba iphakang gore ba obamela Modimo mme ba tlhokomologa melao ya Gagwe. E bile boporofeti jo bo tlhotlheleditsweng jo bo kwadilweng mo go Isaia kgaolo 59 bo naya kgothatso e e molemo mo bathong botlhe ba ba lekang go direla Jehofa le fa ba tshela mo metlheng e e bokete le e e kotsi.
Ba Katogile Modimo wa Boammaaruri
2, 3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a sa sireletse Juda?
2 Akanya fela—batho ba Jehofa a dirileng kgolagano le bone ba fetogile batlhanogi! Ba tlogetse Modiri wa bone, ka jalo ba intsha mo seatleng sa gagwe se se sireletsang. Seno se ba baketse mathata a magolo. A ba ka tswa ba pega Jehofa molato ka ntlha ya dinako tsa bone tse di boima? Isaia o ba raya a re: “Bona! Seatla sa ga Jehofa ga se a khutshwafala thata mo se ka se kang sa boloka, le tsebe ya gagwe ga e a nna boima thata mo e ka se kang ya utlwa. Nnyaa, mme ditlolo tsa lona jaanong ke dilo tse di bakang dikgaogano fa gare ga lona le Modimo wa lona, le maleo a lona a bakile gore a lo fitlhele sefatlhego gore a se ka a lo utlwa.”—Isaia 59:1, 2.
3 Mafoko ao a bua puo phaa mme a boammaaruri. Jehofa e sa ntse e le Modimo wa poloko. Jaaka “Moutlwi wa thapelo,” o reetsa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Pesalema 65:2) Le fa go ntse jalo, ga a segofatse batho ba ba dirang bosula. Batho ke bone ba ikgaogantseng le Jehofa. Boikepo jwa bone bo dirile gore a ba fitlhele sefatlhego sa gagwe.
4. Juda o latofadiwa ka eng?
4 Boammaaruri ke gore, Juda o dirile dilo tse di maswe. Boporofeti jwa ga Isaia bo thathamisa mengwe ya melato ya bone: “Diatla tsa lona di kgotletswe ka madi, le menwana ya lona ka tlolo. Dipounama tsa lona di buile maaka. Loleme lwa lona lo ne lwa nna lwa ngunanguna tshiamololo fela.” (Isaia 59:3) Batho ba bua maaka le dilo tse di sa siamang. Go umakwa ga “diatla . . . di kgotletswe ka madi” go bontsha gore bangwe e bile ba bolaile batho. A bo e le go tlontlolola Modimo jang ne, yo Molao wa gagwe o sa kganeleng go bolaya fela mme o iletsa le ‘go tlhoa morwarrago mo pelong ya gago’! (Lefitiko 19:17) Go leofa mo go feteletseng ga banni ba Juda le matswela a gone go tshwanetse ga gopotsa mongwe le mongwe wa rona gompieno gore re tlhoka go laola dikakanyo le maikutlo a boleo. E seng jalo, re ka feleletsa re dira ditiro tsa boikepo tse di ka re kgaoganyang le Modimo.—Baroma 12:9; Bagalatia 5:15; Jakobe 1:14, 15.
5. Bosula jwa Juda bo ile bokgakaleng bofe?
5 Boleo bo aparetse setšhaba sotlhe. Boporofeti jwa re: “Ga go na ope yo o tlhaeletsang ka tshiamo, e bile ga go na ope gotlhelele yo o ileng kgotlatshekelong ka boikanyegi. Go ikantswe selo se e seng sa mmatota, e bile go buiwa se se se nang mosola. Go ntse go ithwalwa matshwenyego, e bile go tsholwa se se utlwisang botlhoko.” (Isaia 59:4) Ga go na ope yo o buang tshiamo. Tota le mo dikgotleng tsa molao, ga go a tlwaelega go bona motho yo o ikanyegang. Juda o furaletse Jehofa mme o ikantse dikgolagano tse a di dirileng le ditšhaba, tota le medingwana e e sa tsheleng. Tsotlhe tseno ke “selo se e seng sa mmatota,” ga di na mosola ope. (Isaia 40:17, 23; 41:29) Ka ntlha ya seno, go nna le dipuisano tse dintsi, mme tsotlhe ga di thuse ka sepe. Go dirwa dithulaganyo, mme di felela ka mathata le botlhoko.
6. Dilo tse di dirilweng ke Labokeresete di tshwana jang le tse di dirilweng ke Juda?
6 Go tlhoka tshiamo le go nna le thubakanyo ga Juda go tshwana thata le ga Labokeresete. (Bona “Jerusalema wa Motlhanogi—Setshwani sa Labokeresete,” mo go tsebe 294.) Go lolwe dintwa tse pedi tsa lefatshe tse di matlho mahibidu tse di akaretsang ditšhaba tse go tweng ke tsa Bokeresete. Go tla go fitlha jaanong, mofuta wa bodumedi jwa Labokeresete o palelwa ke go fedisa go gailwa ga merafe le go bolaana ga ditso mo go dirwang ke maloko a gagwe. (2 Timotheo 3:5) Le fa Jesu a ile a ruta balatedi ba gagwe gore ba ikanye Bogosi jwa Modimo, ditšhaba tsa Labokeresete di sa ntse di tshepa go sirelediwa ke mekoa ya dibetsa le dikgolagano tsa bopolotiki. (Mathaio 6:10) Tota e bile, bontsi jwa badiri ba bagolo ba dibetsa tsa lefatshe ba mo dinageng tsa Labokeresete! Ee, fa Labokeresete a ikanya gore o tla newa isagwe e e sireletsegileng ke maiteko a batho le makgotla a batho, le ene o ikanya “selo se e seng sa mmatota.”
Go Bona Ditlamorago Tse di Botlhoko
7. Ke ka ntlha yang fa maano a Juda a felela ka se se bosula fela?
7 Kobamelo ya medingwana le go sa ikanyege ga di ka ke tsa tlhagisa setšhaba se se molemo. Ka ntlha ya go dira dilo tseno, Bajuda ba ba sa ikanyegeng jaanong ba bona ditlamorago tsa mathata a ba a itiretseng. Re bala jaana: “Ba elame mae a noga e e botlhole, mme ba ne ba nnetse go loga bobi fela jwa segokgo. Ope fela yo o jang mangwe a mae a bone o ne a tla swa, le lee le le thubagantsweng le tla tswa noga e e botlhole.” (Isaia 59:5) Maano a Juda ga a tlhagise sepe sa botlhokwa, go tswa fela ka nako ya fa a logwa go fitlha a diragala. Dikakanyo tsa bone tse di phoso di felela ka bosula fela, jaaka mae a noga e e botlhole a tlhagisa dinoga tse di botlhole fela. Mme setšhaba se a boga.
8. Ke eng se se bontshang gore tsela e Juda a akanyang ka yone e phoso?
8 Banni bangwe ba Juda ba ka nna ba leka go dirisa thubakanyo go leka go itshireletsa, mme ga ba kitla ba atlega. Go dirisa dikgoka ga go ka ke ga sireletsa mo boemong jwa go ikanya Jehofa le go dira tshiamo fela jaaka bobi jwa segokgo bo ka se ka jwa tsaya maemo a letsela la mmatota go sireletsa motho fa seemo sa loapi se sa jese di welang. Isaia o bolela jaana: “Bobi jwa bone ga bo kitla bo direla jaaka seaparo, le gone ga ba kitla ba ipipa ka ditiro tsa bone. Ditiro tsa bone ke ditiro tse di utlwisang botlhoko, le tiro ya thubakanyo e mo diatleng tsa bone. Dinao tsa bone di ntse di sianela kwa bosuleng fela, mme ba itlhaganeletse go tsholola madi a a se nang molato. Dikakanyo tsa bone ke dikakanyo tse di utlwisang botlhoko; go thopa le go senya go mo ditseleng tsa bone tse dikgolo.” (Isaia 59:6, 7) Tsela e Juda a akanyang ka yone e phoso. Ka go dirisa thubakanyo go leka go rarabolola mathata a gagwe, o bontsha boikutlo jo bo sa siamang. Ga a na sepe le gore bontsi jwa batho ba a ba bolayang ga ba na molato le gore bangwe ba bone ke batlhanka ba boammaaruri ba Modimo.
9. Ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba Labokeresete ba ka se ka ba nna le kagiso ya boammaaruri?
9 Mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a re gopotsa tshololo ya madi e e dirilweng ke Labokeresete. Eleruri, Jehofa o tla mo otlhaela go senya leina la Bokeresete thata jaana! Fela jaaka Bajuda ba motlha wa ga Isaia, Labokeresete o tsere tsela e e kgopo mo boitsholong ka gonne baeteledipele ba gagwe ba dumela gore ke yone fela e ka thusang. Fa ba ntse ba bua ka kagiso, ba dira ditiro tsa go tlhoka tshiamiso. A boitimokanyo! E re ka baeteledipele ba Labokeresete ba sa ntse ba dirisa tsela eno, kagiso ya boammaaruri e tla nna e le kgakala le bone. Ke fela jaaka boporofeti bo tswelela pele bo re: “Ba tlhokomologile tsela ya kagiso, mme ga go na tshiamiso mo ditselaneng tsa bone. Ba itshokamiseditse ditsela tsa bone. Ga go na ope gotlhelele yo o gatang mo go tsone yo o tla itseng kagiso.”—Isaia 59:8.
Go Apaapa mo Lefifing la Semoya
10. Isaia o ipobola eng a buelela Juda?
10 Jehofa a ka se ka a segofatsa ditsela tsa Juda tsa tsietso le tse di senyang. (Pesalema 11:5) Ka jalo, Isaia o ipobola molato wa Juda jaana, a buelela setšhaba sotlhe: ‘Tshiamiso e kgakala le rona, le tshiamo ga e re tshware. Re nna re solofela lesedi, mme bona! lefifi; re solofela phatsimo, mme ra nna re tsamaya mo letobong le le tswelelang pele. Re nna re apaapa lobota fela jaaka banna ba ba difofu, e bile re nna re apaapa jaaka ba ba se nang matlho. Re kgopilwe mo motshegareng o mogolo fela jaaka mo lefifing la maitseboa; mo gare ga ba ba thata re tshwana fela le batho ba ba suleng. Re nna re fegelwa, rotlhe fela, fela jaaka dibera; mme re nna re kuruetsa ka khutsafalo fela jaaka maeba.’ (Isaia 59:9-11a) Bajuda ga ba a letla Lefoko la Modimo le nna lobone lwa dinao tsa bone le lesedi la tsela ya bone. (Pesalema 119:105) Ka ntlha ya seo, go lefifi. Tota le mo motshegareng o mogolo, ba nnela go apaapa jaaka e kete go bosigo. Go ntse jaaka e kete ba sule. E re ka ba eletsa kgololo, ba fegelwa kwa godimo jaaka dibera tse di tshwerweng ke tlala kgotsa tse di gobetseng. Bangwe ba kuruetsa ka tsela e e tlhomolang pelo, jaaka maeba a a jewang ke bodutu.
11. Ke ka ntlha yang fa ditsholofelo tsa Juda tsa go bona tshiamiso le poloko e le tsa lefela?
11 Isaia o itse sentle gore lebaka la go bo Juda a le mo mathateng jaana ke ka gonne a tsuologetse Modimo. A re: “Re ne ra nna ra solofela tshiamiso, mme e ne e seyo; ra solofela poloko, mme e nnetse kgakala le rona. Gonne go tlhanoga ga rona go setse go le gontsi fa pele ga gago; mme fa e le maleo a rona, mongwe le mongwe o supile kgatlhanong le rona. Gonne go tlhanoga ga rona go na le rona; mme fa e le ditlolo tsa rona, re di itse sentle. Go ntse go dirwa tlolo le go latola Jehofa; mme Modimo wa rona o ne a tlogelwa, ga buiwa ka kgatelelo le ka go tlhanoga, ga akanngwa ga ba ga ngunangunwa mafoko a maaka go tswa mo pelong.” (Isaia 59:11b-13) E re ka banni ba Juda ba sa ikwatlhaya, maleo a bone ga a itshwarelwa. Tshiamiso ga e tlhole e le teng mo nageng ka gonne batho ba latlhile Jehofa. Ba itshupile e le ba maaka mo dilong tsotlhe, e bile ba gatelela barwarraabone. Ba tshwana kgo le batho ba Labokeresete gompieno! Ba le bantsi ba bone ga ba tlhokomologe tshiamiso fela, mme gape ba bogisa Basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, ba ba lekang go dira thato ya Modimo.
Jehofa o Diragatsa Katlholo
12. Boikutlo jwa batho ba ba tshwanetseng ba diragatsa tshiamiso kwa Juda ke bofe?
12 Go lebega go se na tshiamiso, tshiamo kgotsa boammaaruri kwa Juda. “Tshiamiso e ne ya patelesega go boela morago, tshiamo e ne ya nna e eme kgakala fela. Gonne boammaaruri bo kgopilwe le mo patlelong, mme se se siameng ga se kgone go tsena.” (Isaia 59:14) Kafa morago ga dikgoro tsa motse kwa Juda, go na le dipatlelo tse banna ba bagolwane ba kopanang kwa go tsone go tla go tlhatlhoba dikgetsi tsa molao. (Ruthe 4:1, 2, 11) Banna bano ba tshwanetse go atlhola ka tshiamo ba dirisa tshiamiso, ba se ka ba amogela pipamolomo. (Duteronome 16:18-20) Mme bone ga ba dire jalo, ba atlhola go ya ka dikeletso tsa bone tsa bopelotshetlha. Se se maswe le go feta, ba leba batho bape fela ba ka bopeloephepa ba lekang go dira molemo e le batho ba ba ka tsiediwang motlhofo. Re bala jaana: “Boammaaruri ga bo yo, mongwe le mongwe yo o fapogang mo bosuleng o a thopiwa.”—Isaia 59:15a.
13. E re ka baatlhodi ba Juda ba itlhokomolosa tiro ya bone, Jehofa o tla dira eng?
13 Batho ba ba sa kgaleng boitsholo jo bo makgapha ba lebala gore Modimo ga se sefofu, ga a tlhaele kitso, e bile ga se motho yo o se nang maatla. Isaia o kwala jaana: “Jehofa a bona, mme go ne go le bosula mo matlhong a gagwe ka gonne go ne go se na tshiamiso. E rile a bona gore go ne go se na motho ope, a bonala a akabetse ka gonne go ne go se na ope yo o tsereganyang. Mme lebogo la gagwe la mmolokela, le tshiamo ya gagwe e ne ya mo tshegetsa.” (Isaia 59:15b, 16) E re ka batho ba ba tlhomilweng go nna baatlhodi ba itlhokomolosa tiro ya bone, Jehofa o tla tsenya letsogo mo kgannyeng eo. Fa a dira jalo, o tla dira ka tshiamo le ka thata.
14. (a) Batho ba le bantsi gompieno ba na le boikutlo bofe? (b) Jehofa o ipaakanyetsa go tsaya kgato jang?
14 Go na le seemo se se tshwanang gompieno. Re tshela mo lefatsheng le mo go lone batho ba le bantsi “ba sa [tlholeng] ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro.” (Baefeso 4:19) Ke batho ba se kae fela ba ba dumelang gore Jehofa o tla tsamaya a tsaya kgato ya go tlosa bosula mo lefatsheng. Mme boporofeti jwa ga Isaia bo bontsha gore Jehofa o lebeletse ditiro tsa batho ka kelotlhoko. O dira dikatlholo, mme ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, o dira tumalanong le dikatlholo tseo. A dikatlholo tsa gagwe di siame? Isaia o bontsha gore go ntse jalo. O kwala jaana ka kgang ya setšhaba sa Juda: “Foo [Jehofa] a apara tshiamo e le moitshomelo wa gagwe wa phemelo, le tlhoro ya phemelo ya poloko a e rwala mo tlhogong. Mo godimo ga moo, a apara diaparo tsa pusoloso e le kapari ya mokgabo mme a ipipa ka tlhoafalo jaaka e kete ke seaparo se se se nang mabogo.” (Isaia 59:17) Mafoko ano a boporofeti a tshwantsha Jehofa e le motlhabani yo o ipaakanyetsang ntwa. O ititeile sehuba gore o tla diragatsa maikaelelo a gagwe. O tlhomamisa gore tshiamo ya gagwe e feletse e bile e ka se belaelwe ke ope. E bile o tla dira ditiro tsa gagwe tsa go atlhola ka tlhoafalo ya botlhokapoifo. Kwantle ga pelaelo go tla rena tshiamo.
15. (a) Bakeresete ba boammaaruri ba tla itshwara jang fa Jehofa a diragatsa katlholo? (b) Go ka tweng ka dikatlholo tsa ga Jehofa?
15 Gompieno kwa dinageng dingwe, baba ba boammaaruri ba leka go kgoreletsa tiro ya batlhanka ba ga Jehofa ka go anamisa maaka le go ba senya leina. Bakeresete ba boammaaruri ba emela boammaaruri ba sa okaoke, mme ga ba ke ba batla go ipusolosetsa. (Baroma 12:19) Tota le fa Jehofa a fetsa kgang le Labokeresete wa motlhanogi, baobamedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng ga ba ne ba nna le seabe mo go senngweng ga gagwe. Ba a itse gore pusoloso ke ya ga Jehofa le gore o tla tsaya kgato e e tshwanetseng fa nako e tla. Boporofeti bo re tlhomamisetsa jaana: “O tla duela ka tsela e e tshwanang tumalanong le ditiro, baganetsi ba gagwe a ba neye tšararego, baba ba gagwe a ba tshware ka tsela e e ba tshwanelang. O tla lefetsa ditlhaketlhake ka go di tshwara ka tsela e e di tshwanelang.” (Isaia 59:18) Fela jaaka mo motlheng wa ga Isaia, dikatlholo tsa Modimo di tla bo di siame e bile di feletse. E bile di tla fitlha kwa ‘ditlhaketlhakeng,’ kwa dikarolong tse di kgakala. Ga go na ope yo o tla bong a le kgakala kgotsa a katogile thata mo a ka se fitlhelelweng ke ditiro tsa ga Jehofa tsa katlholo.
16. Ke bomang ba ba tla falolang ditiro tsa ga Jehofa tsa katlholo, mme go falola ga bone go tla ba ruta eng?
16 Bao ba lekang ka natla yotlhe go dira se se siameng Jehofa o ba atlhola ka tshiamo. Isaia o bolelela pele gore go tswa kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go ya kwa go e nngwe—mo lefatsheng lotlhe—batho ba ba ntseng jalo ba tla falola. Mme go sirelediwa ga bone ke Jehofa go tla dira gore ba mo tlotle le go feta pele. (Malaki 1:11) Re bala jaana: “Ba tla simolola go boifa leina la ga Jehofa go tloga kwa bophirimatsatsi, mme ba tla simolola go boifa kgalalelo ya gagwe go tloga kwa botlhabatsatsi, gonne o tla tsena jaaka noka e e bakang matshwenyego, e moya wa ga Jehofa o e kgokgweeditseng.” (Isaia 59:19) Fela jaaka matsubutsubu a a mashetla a kgorometsa metsi a mantsi a a senyang mme a tsamaya a gogola sengwe le sengwe se se mo tseleng ya one, moya wa ga Jehofa o tla gogola dilo tsotlhe tse di kgoreletsang go dirwa ga thato ya gagwe. Moya wa gagwe o maatla go feta nonofo epe e motho a nang le yone. Fa a o dirisa go diragatsa katlholo mo bathong le mo ditšhabeng, o tla atlega tota e bile e le ka tsela e e feletseng.
Tsholofelo le Masego A ba Ba Ikwatlhayang
17. Morekolodi wa Siona ke mang, mme o rekolola Siona leng?
17 Mo Molaong wa ga Moshe, Moiseraele yo o neng a ithekisa mo bokgobeng o ne a ka rekololwa mo bokgobeng ke morekolodi. Pelenyana mo bukeng ya ga Isaia ya boporofeti, Jehofa o ile a tlhalosiwa e le Morekolodi wa batho ba ba ikwatlhayang. (Isaia 48:17) Jaanong le fano gape o tlhalosiwa e le Morekolodi wa ba ba ikwatlhayang. Isaia o kwadile tsholofetso ya ga Jehofa jaana: “‘Morekolodi o tla tla mo Siona, le mo go ba ba retologang mo tlolong mo go Jakobe,’ go bua Jehofa.” (Isaia 59:20) Tsholofetso eno e e kgothatsang e diragadiwa ka 537 B.C.E. Mme e diragadiwa le ka tsela e nngwe gape. Moaposetoloi Paulo o ne a nopola mafoko ano mo thanolong ya Septuagint mme a a lebisa mo Bakereseteng. O ne a kwala jaana: “Ka mokgwa ono Iseraele yotlhe e tla bolokwa. Fela jaaka go kwadilwe go twe: ‘Mogolodi o tla tswa mo Siona a ba a tlosa ditlwaelo tse e seng tsa bomodimo mo go Jakobe. Mme seno ke kgolagano ya me le bone, fa ke tlosa maleo a bone.’” (Baroma 11:26, 27) Eleruri, boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa ka tsela e kgolwane tota—e e fitlhang mo nakong ya rona le go feta nako ya rona. Jang?
18. Jehofa o ne a dira gore go nne le “Iseraele wa Modimo” leng mme gone jang?
18 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, palo e potlana ya masalela a setšhaba sa Iseraele e ne ya amogela Jesu e le Mesia. (Baroma 9:27; 11:5) Ka letsatsi la Pentekosete 33 C.E., Jehofa o ne a tshololela moya wa gagwe o o boitshepo mo badumeding bao ba ka nna 120 mme a ba tlisa mo kgolaganong ya gagwe e ntšha e e tsereganngwang ke Jesu Keresete. (Jeremia 31:31-33; Bahebera 9:15) Ka letsatsi leo go ne ga simologa “Iseraele wa Modimo,” setšhaba se sesha se maloko a sone a tlhaolwang ka go tsalwa ka moya wa Modimo, e seng ka gonne e le ba lotso lwa ga Aborahame. (Bagalatia 6:16) Go simolola ka Korenelio, setšhaba se sesha se ne sa akaretsa Baditšhaba ba ba sa rupang. (Ditiro 10:24-48; Tshenolo 5:9, 10) Ka gone ba ne ba tsewa ke Jehofa Modimo mme ba nna bana ba gagwe ba semoya, baruaboswammogo le Jesu.—Baroma 8:16, 17.
19. Jehofa o dira kgolagano efe le Iseraele wa Modimo?
19 Jaanong Jehofa o dira kgolagano le Iseraele wa Modimo. Re bala jaana: “‘Fa e le nna, kgolagano ya me le bone ke eno,’ go buile Jehofa. ‘Moya wa me o o mo go wena le mafoko a me a ke a tsentseng mo molomong wa gago—ga a kitla a tlosiwa mo molomong wa gago kgotsa mo molomong wa bana ba gago kgotsa mo molomong wa bana ba bana ba gago,’ go buile Jehofa, ‘go tloga jaanong le go ya bosakhutleng.’” (Isaia 59:21) Le fa mafoko ano a ka tswa a ne a dira kgotsa a sa dire mo go Isaia ka boene, ruri a ne a diragadiwa mo go Jesu, yo o neng a tlhomamisediwa gore ‘o ne a tla bona bana ba gagwe.’ (Isaia 53:10) Jesu o ne a bua mafoko a o neng a a rutilwe ke Jehofa, mme moya wa ga Jehofa o ne wa nna mo go ene. (Johane 1:18; 7:16) Go a tshwanela he go bo bomorwarraagwe le baruaboswammogo le ene, maloko a Iseraele wa Modimo, le bone ba amogela moya o o boitshepo wa ga Jehofa le go rera molaetsa o ba o rutilweng ke Rraabone wa selegodimo. Botlhe ke “batho ba ba rutiwang ke Jehofa.” (Isaia 54:13; Luke 12:12; Ditiro 2:38) E ka tswa e le ka Isaia kgotsa ka Jesu, yo Isaia a mo tshwantshetsang mo boporofeting, jaanong Jehofa o dira kgolagano ya gore a ka se ka a tsamaya a tsaya ope mo boemong jwa bone mme o tla ba dirisa jaaka basupi ba gagwe ka bosakhutleng. (Isaia 43:10) Le fa go ntse jalo, “bana” ba bone ba le bone ba solegelwang molemo ke kgolagano eno ke bomang?
20. Se Jehofa a se solofeditseng Aborahame se ne sa diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
20 Mo metlheng ya bogologolo Jehofa o ne a solofetsa Aborahame jaana: “Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago.” (Genesise 22:18) Go dumalana le seno, palo e potlana ya masalela a Baiseraele ba tlholego ba ba neng ba amogela Mesia a ne a ya kwa ditšhabeng tse dintsi, a rera dikgang tse di molemo kaga Keresete. Go simolola ka Korenelio, Baditšhaba ba le bantsi ba ba sa rupang ba ne ba “itshegofatsa” ka Jesu, Losika lwa ga Aborahame. Ba ne ba nna karolo ya Iseraele wa Modimo le karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame. Ke karolo ya “setšhaba se se boitshepo” sa ga Jehofa se se romilweng gore se “bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe tsa yo o neng a [ba] bitsa mo lefifing a [ba] isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.”—1 Petere 2:9; Bagalatia 3:7-9, 14, 26-29.
21. (a) Iseraele wa Modimo o nnile le “bana” bafe mo metlheng ya gompieno? (b) “Bana” ba kgothadiwa jang ke kgolagano kgotsa tumalano e Jehofa a e dirileng le Iseraele wa Modimo?
21 Gompieno go lebega palo e e feletseng ya Iseraele wa Modimo e setse e phuthilwe. Mme ditšhaba di sa ntse di segofadiwa—e bile e le ka selekanyo se segolo. Jang? Ka tsela ya gore Iseraele wa Modimo o ile a nna le “bana,” barutwa ba ga Jesu ba tsholofelo ya bone e leng go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:11, 29) “Bana” bano le bone ba rutiwa ke Jehofa e bile ba rutiwa ditsela tsa gagwe. (Isaia 2:2-4) Le fa ba sa kolobediwe ka moya o o boitshepo kgotsa ba sa lejwe e le ba ba tla nnang le seabe mo kgolaganong e ntšha, ba nonotshiwa ke moya wa ga Jehofa o o boitshepo gore ba fenye dikgoreletsi tsotlhe tse Satane a di bayang mo tseleng ya tiro ya bone ya go rera. (Isaia 40:28-31) Palo ya bone jaanong e tshwara dimilione mme e ntse e oketsega fa ba ntse ba nna le bana ba e leng ba bone. Kgolagano kgotsa tumalano ya ga Jehofa le batlodiwa e naya “bana” bano tsholofelo ya gore le bone Jehofa o tla tswelela pele a ba dirisa e le babueledi ba gagwe ka bosakhutleng.—Tshenolo 21:3, 4, 7.
22. Re ka tshepa Jehofa ka eng, mme seno se tshwanetse sa re ama jang?
22 A rotlhe he, re tsweleleng pele re na le tumelo mo go Jehofa. O a rata e bile o kgona go boloka! Seatla sa gagwe le ka motlha se ka se nne sekhutshwane; ka metlha o tla golola batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Botlhe ba ba mo ikanyang ba tla tswelela pele ba tshwere mafoko a gagwe a a molemo mo melomong ya bone “go tloga jaanong le go ya bosakhutleng.”
[Lebokoso mo go tsebe 294]
Jerusalema wa Motlhanogi—Setshwani sa Labokeresete
Jerusalema, motse o mogolo wa setšhaba se Modimo o se itlhophetseng, o tshwantshetsa phuthego ya Modimo ya selegodimo ya dibopiwa tsa semoya mmogo le setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tsosediwang kwa legodimong go nna monyadiwa wa ga Keresete. (Bagalatia 4:25, 26; Tshenolo 21:2) Le fa go ntse jalo, gantsi banni ba Jerusalema ba ne ba sa ikanyege mo go Jehofa, mme motse o ne o tlhalosiwa e le seaka le mosadi yo o akafalang. (Esekiele 16:3, 15, 30-42) Fa Jerusalema a le mo seemong seo, e ne e le setshwani se se tshwanelang sentle sa Labokeresete.
Jesu o ne a bitsa Jerusalema “mmolai wa baporofeti le mokgobotletsi wa ba ba rometsweng kwa go ene.” (Luke 13:34; Mathaio 16:21) Jaaka Jerusalema yo o sa ikanyegeng, Labokeresete o iphaka fa a direla Modimo wa boammaaruri mme o kgakala thata le ditsela tsa Modimo tse di siameng. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla atlhola Labokeresete ka tsone ditekanyetso tse di siameng tse a atlhotseng Jerusalema wa motlhanogi ka tsone.
[Setshwantsho mo go tsebe 296]
Moatlhodi o tshwanetse a atlhola ka tshiamo, a batla tshiamiso mme a se ka a amogela pipamolomo
[Setshwantsho mo go tsebe 298]
Fela jaaka noka e e tlhatsang, dikatlholo tsa ga Jehofa di tla gogola dikgoreletsi tsotlhe tsa go dira thato ya gagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 302]
Jehofa o dira kgolagano ya gore batho ba gagwe le ka motlha ba ka se latlhegelwe ke tshiamelo ya go nna basupi ba gagwe