Kgaolo ya Borobedi
Jehofa Modimo o mo Tempeleng ya Gagwe e e Boitshepo
1, 2. (a) Moporofeti Isaia o bona leng ponatshegelo ya gagwe ya tempele? (b) Ke ka ntlha yang fa Kgosi Usia a ile a se ka a tlhola a amogelwa ke Jehofa?
“LE FA go ntse jalo, mo ngwageng o Kgosi Usia a suleng ka one, ke ne ka bona Jehofa, a ntse mo setulong sa bogosi se se kwa godimo e bile se tsholeditswe, mme dintlha tsa seaparo sa gagwe di ne di tletse mo tempeleng.” (Isaia 6:1) Kgaolo ya bo6 ya buka ya ga Isaia e simolola ka mafoko ano a moporofeti. Ke ngwaga wa 778 B.C.E.
2 Ka kakaretso puso ya ga Usia ya dingwaga tse 52 e le kgosi ya Juda e ile ya atlega tota. E re ka a ne “a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa,” Modimo o ne a mo tshegetsa mo ditirong tsa gagwe tsa sesole, tsa go aga le tsa temothuo. Mme go atlega ga gagwe gape go ne ga mo tlisetsa tshenyego. Kgabagare, pelo ya gagwe e ne ya nna boikgodiso “mo a neng a direla Jehofa Modimo wa gagwe ka go tlhoka boikanyegi mme a tla mo tempeleng ya ga Jehofa go tla go fisa maswalo.” Ka ntlha ya kgato eno ya boikgodiso le ka ntlha ya go galefela baperesiti ba ba neng ba mo kgalema, Usia o ne a swa e le molepero. (2 Ditiragalo 26:3-22) Isaia o ne a simolola tiro ya gagwe ya boporofeti mo e ka nnang ka yone nako eno.
3. (a) A tota Isaia o bona Jehofa? Tlhalosa. (b) Isaia o bona eng, mme ka lebaka lefe?
3 Ga re bolelelwe gore Isaia o bona ponatshegelo eno a le fa kae. Mme se a se bonang ka matlho a gagwe a nama ruri ke ponatshegelo, ga se go bona Mothatayotlhe ka matlho, ka gonne “ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.” (Johane 1:18; Ekesodo 33:20) Mme gone, go bona Mmopi, Jehofa, le fa e le mo ponatshegelong, ke pono e e gakgamatsang. Yo o ntseng mo setulong sa bogosi sa maemo a a kwa godimo, se se tshwantshetsang seabe sa gagwe jaaka Kgosi le Moatlhodi wa bosakhutleng, ke Mmusi wa Lobopo lotlhe le Motswedi wa puso yotlhe e e tshwanelang! Dintlha tsa seaparo sa gagwe se se telele se se phukaletseng di tletse ka tempele. Isaia o bilediwa tirelo ya boporofeti e e tla goletsang maatla a magolo a ga Jehofa le tshiamiso ya gagwe. O tla newa ponatshegelo ya boitshepo jwa Modimo gore a ipaakanyetse seo.
4. (a) Ke ka ntlha yang fa ditsela tse Jehofa a tlhalosiwang a bonwe ka tsone mo ponatshegelong tse di kwadilweng mo Baebeleng di tshwanetse ya bo e le tsa tshwantshetso? (b) Ke eng se re se ithutang kaga Jehofa mo ponatshegelong ya ga Isaia?
4 Isaia ga a tlhalose sepe ka tebego ya ga Jehofa mo ponatshegelong ya gagwe—jaaka go dirwa mo diponatshegelong tse di begiwang ke Esekiele, Daniele le Johane. Mme dipego tseo tsotlhe di tlhalosa se se bonwang kwa legodimong ka ditsela tse di sa tshwaneng. (Esekiele 1:26-28; Daniele 7:9, 10; Tshenolo 4:2, 3) Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga gopolwa mofuta le boikaelelo jwa diponatshegelo tseno. Ga se ditlhaloso tsa mmatota tsa kwa Jehofa a leng teng. Leitlho la senama ga le ka ke la bona dilo tsa semoya, le gone mogopolo wa motho o o lekanyeditsweng ga o ka ke wa tlhaloganya lefelo la semoya. Ka jalo diponatshegelo tseno di tlhalosa tshedimosetso e e tshwanetseng ya itsiwe mme di e tlhalosa ka tsela e motho a ka e tlhaloganyang. (Bapisa Tshenolo 1:1.) Mo ponatshegelong ya ga Isaia ga go tlhokege gore go tlhalosiwe tebego ya Modimo. Ponatshegelo e bolelela Isaia gore Jehofa o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo le gore o boitshepo mme dikatlholo tsa gagwe di itshekile.
Boserafe
5. (a) Boserafe ke bomang, mme lefoko leo le kayang? (b) Ke ka ntlha yang fa boserafe ba fitlha difatlhego tsa bone le dinao?
5 Reetsa! Isaia o tswelela pele jaana: “Boserafe ba ne ba eme kwa godimo ga gagwe. Mongwe le mongwe o ne a na le diphuka di le thataro. O ne a nna a ipipile sefatlhego ka tse pedi, a nna a ipipile dinao ka tse pedi mme a fofa ka tse pedi.” (Isaia 6:2) Isaia kgaolo 6 ke lone fela lefelo mo Baebeleng le go umakwang boserafe mo go lone. Go a bonala gore ke dibopiwa tsa baengele ba ba direlang Jehofa ba ba nang le ditshiamelo tsa maemo a a kwa godimo e bile ba tlotlwa thata, ba eme go dikologa setulo sa ga Jehofa sa bogosi sa selegodimo. Go fapaana le Kgosi Usia yo o ikgodisang, ba mo boemong jwa bone ba ikokobeditse tota e bile ba le boingotlo. Ka gonne ba na le Molaodimogolo wa selegodimo, ba bipa difatlhego tsa bone ka diphuka tse pedi; mme ka gonne ba tlotla lefelo le le boitshepo, ba bipa dinao tsa bone ka tse dingwe tse pedi. E re ka boserafe ba le gaufi le Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe, ba ipaya kwa tlase le go feta, gore ba se ka ba kgoreletsa kgalalelo ya Modimo. Lefoko “boserafe,” le le kayang “ba ba lakaselang” kana “ba ba tukang,” le bontsha gore ba a phatsima, mme ba fitlha difatlhego tsa bone gore di se ka tsa bona tsabakelo le kgalalelo e kgolwane ya ga Jehofa.
6. Boserafe ba na le maemo afe fa pele ga ga Jehofa?
6 Boserafe ba dirisa diphuka tsa boraro tse pedi go fofa ka tsone, mme kwantle ga pelaelo, le go okama, kana ‘go ema,’ ka tsone mo mafelong a bone. (Bapisa Duteronome 31:15.) Malebana le maemo a bone, Porofesa Franz Delitzsch o akgela jaana: “Boserafe ruri ba ne ba ka se nne kwa godimo ga tlhogo ya Ene yo o neng a ntse mo setulong sa bogosi, mme ba ne ba okame seaparo sa Gagwe se se neng se tletse mo holong.” (Commentary on the Old Testament) Seno se lebega se utlwala. Ba “eme kwa godimo,” e se gore ba feta Jehofa, mme e le gore ba a mo direla, ba a mo utlwa e bile ba iketleeditse go mo direla.
7. (a) Boserafe ba diragatsa thomo efe? (b) Ke ka ntlha yang fa boserafe ba bolela boitshepo jwa Modimo gararo?
7 Jaanong, a ko o reetse boserafe bao ba ba nang le tshiamelo! “Yono a tlhaeletsa yole a re: ‘O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa wa masomosomo. Lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.’” (Isaia 6:3) Kabelo ya bone ke go bona gore boitshepo jwa ga Jehofa bo a bolelwa le gore kgalalelo ya gagwe e itsisiwe mo lobopong lotlhe, lo lefatshe e leng karolo ya lone. Kgalalelo ya gagwe e bonwa mo go sotlhe se a se bopileng mme e tla tloga e bonwa ke banni botlhe ba lefatshe. (Dipalo 14:21; Pesalema 19:1-3; Habakuke 2:14) Lebaka la go bo go bolelwa gararo go twe, “o boitshepo, o boitshepo, o boitshepo,” ga go supe gore ke Tharonngwe. Go na le moo, go gatelelwa boitshepo jwa Modimo ka go bo boeletsa gararo. (Bapisa Tshenolo 4:8.) Jehofa o boitshepo ka tsela e e sa lekaneng le epe.
8. Dipolelo tsa boserafe di felela ka eng?
8 Le fa palo ya boserafe e sa umakiwe, go ka tswa go na le ditlhopha tsa boserafe gaufi le setulo sa bogosi. Ka go latelana ga bone, ba bolela boitshepo le kgalalelo ya Modimo, ka molodi wa pina. Re bona diphelelo dife? Reetsa gape jaaka Isaia a tswelela pele: “Ditshitswana tsa direpodi tsa simolola go roroma fa go utlwala lentswe la yo o tlhaeletsang, mme ka iketlo ntlo ya tlala mosi.” (Isaia 6:4) Mo Baebeleng, mosi kana leru gantsi le bontsha gore Modimo o teng. (Ekesodo 19:18; 40:34, 35; 1 Dikgosi 8:10, 11; Tshenolo 15:5-8) O bontsha kgalalelo e rona dibopiwa tsa batho re ka se kang ra e atamela.
Ga a Tshwanelege, Mme o Phepafaditswe
9. (a) Ponatshegelo e nna le ditlamorago dife mo go Isaia? (b) Re bona pharologanyo efe fa gare ga ga Isaia le Kgosi Usia?
9 Ponatshegelo eno ya setulo sa ga Jehofa sa bogosi e ama Isaia ka tsela e e boteng. O kwala jaana: “Mme ka re: ‘A bo go latlhega nna! Gonne ke tshwana le fa ke didimaditswe, ka gonne ke motho wa dipounama tse di seng phepa, mme ke nna mo gare ga batho ba dipounama tse di seng phepa; gonne matlho a me a bone Kgosi, Jehofa wa masomosomo ka boene!’” (Isaia 6:5) A bo go na le pharologanyo e kgolo jang ne fa gare ga ga Isaia le Kgosi Usia! Usia o ne a ikgagapelela maemo a moperesiti yo o tloditsweng mme ka go tlhoka tlotlo a tsena mo lefelong le le Boitshepo la tempele. Le fa Usia a ne a bona ditlhomo tsa dipone tsa gouta, sebeso sa gouta sa maswalo, le ditafole tsa “senkgwe sa Go Nna Gone,” ga a ka a bona kamogelo ya ga Jehofa kana go newa thomo epe e e kgethegileng ke ene. (1 Dikgosi 7:48-50; ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Kafa letlhakoreng le lengwe, moporofeti Isaia ga a tlhokomologe boperesiti le fa e le go tsena mo tempeleng a sa tshwanela. Le fa go ntse jalo, o bona ponatshegelo ya ga Jehofa mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo mme o tlotliwa ka go newa thomo e e tswang kwa Modimong ka tlhamalalo. Le fa boserafe ba sa leke go leba Morena wa tempele yo o beilweng bogosi, Isaia ene o letlelelwa gore mo ponatshegelong a bone “Kgosi, Jehofa wa masomosomo ka boene!”
10. Ke ka ntlha yang fa Isaia a tshoga fa a bona ponatshegelo eno?
10 Pharologanyo e Isaia a e bonang fa gare ga boitshepo jwa Modimo le kafa ene a leng moleofi ka gone e dira gore a ikutlwe a se phepa gotlhelele. E re ka a boifa thata, o akanya gore o tla swa. (Ekesodo 33:20) O utlwa boserafe ba baka Modimo ka dipounama tse di phepa, mme ene dipounama tsa gagwe ga di phepa e bile di leswafadiwa go ya pele ke leswe la dipounama tsa batho ba a nnang mo gare ga bone le ba a utlwang puo ya bone. Jehofa o boitshepo, mme batlhanka ba gagwe ba tshwanetse ba nna le nonofo eo. (1 Petere 1:15, 16) Le fa gone Isaia a setse a tlhophilwe go nna mmueledi wa Modimo, o amiwa thata ke go lemoga gore ke moleofi mme ga a na dipounama tse di phepa tse di tshwanelang mmueledi wa Kgosi e e galalelang, e e boitshepo. Ba tla itshwara jang kwa legodimong?
11. (a) Mongwe wa boserafe o dira eng, mme kgato eno e tshwantshetsa eng? (b) Go akanya ka se serafe a se bolelelang Isaia go ka re thusa jang fa re ikutlwa re sa tshwanelege go nna batlhanka ba Modimo?
11 Mo boemong jwa go koba Isaia wa maemo a a kwa tlase gore a tswe fa pele ga ga Jehofa, boserafe ba tsaya kgato gore ba mo thuse. Pego ya re: “Foo mongwe wa boserafe a fofela kwa go nna, mme mo seatleng sa gagwe go ne go na le legala le le tukang le a neng a le ogotse ka tang mo sebesong. Mme a ama molomo wa me a bo a re: ‘Bona! Seno se amile dipounama tsa gago, mme tlolo ya gago e tlogile le boleo jwa gago bo diretswe tetlanyo.’” (Isaia 6:6, 7) Ka tsela ya tshwantshetso, molelo o na le maatla a go ntlafatsa. Fa serafe a tsaya legala le le tukang, le le tswang mo molelong o o boitshepo wa sebeso a le baya mo dipounameng tsa ga Isaia, o tlhomamisetsa Isaia gore maleo a gagwe a itshwaretswe ka selekanyo se se tlhokegang gore a ka amogelwa ke Modimo a bo a rongwe ke ene. A bo seno se re nametsa pelo jang ne! Le rona re leofile mme ga re tshwanelege go atamela Modimo. Mme re golotswe ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo mme re ka amogelwa ke Modimo e bile re ka mo atamela ka thapelo.—2 Bakorintha 5:18, 21; 1 Johane 4:10.
12. Isaia o bona sebeso sefe, mme molelo o nna le diphelelo dife?
12 Selo se sengwe se se re gopotsang gore seno ke ponatshegelo ke gore go umakiwa “sebeso.” (Bapisa Tshenolo 8:3; 9:13.) Go ne go na le dibeso di le pedi kwa tempeleng kwa Jerusalema. Fa pele fela ga sesiro sa Boitshepo jwa Maitshepo go ne go na le sebeso se sennye sa maswalo, mme fa pele ga kgoro ya lefelo le le boitshepo go ne go na le sebeso se segolo sa ditlhabelo, kwa molelo o neng o dirwa gore o nne o tuka ka metlha teng. (Lefitiko 6:12, 13; 16:12, 13) Mme dibeso tseno tsa mo lefatsheng di ne di tshwantshetsa, di emela dilo tse dikgolwane. (Bahebera 8:5; 9:23; 10:5-10) Molelo o o tswang legodimong ke one o neng wa laila tshupelo e e fisiwang e e neng e le mo sebesong fa tempele e ne e kgakolwa ke Kgosi Solomone. (2 Ditiragalo 7:1-3) Jaanong molelo o o tswang mo sebesong sa boammaaruri, sa selegodimo ke one o tlosang leswe mo dipounameng tsa ga Isaia.
13. Jehofa o botsa potso efe, mme o akaretsa mang fa a re “re”?
13 A re reetseng le Isaia. “Ka simolola go utlwa lentswe la ga Jehofa le re: ‘Ke tla roma mang, mme ke mang yo o tla re elang?’ Mme ka re: ‘Ke fano! Roma nna.’” (Isaia 6:8) Go phepafetse gore potso e Jehofa a e botsang e bolediwa gore Isaia a e arabe, ka gonne ga go na moporofeti ope yo mongwe wa motho mo ponatshegelong eno. Kwantle ga pelaelo ke taletso ya gore Isaia a nne morongwa wa ga Jehofa. Mme ke ka ntlha yang fa Jehofa a botsa jaana, “Ke mang yo o tla re elang?” Jehofa jaanong o akaretsa motho yo mongwe gape ka go fetola leemedi a sa tlhole a dirisa la motho a le mongwe e leng “ke” jaanong a dirisa leemedi la batho ba bantsi “re.” Mang? A yono e ne e se ene Morwawe yo o tsetsweng a le esi, yo moragonyana a neng a nna monna Jesu Keresete? Eleruri, ke ene Morwa yono yo Modimo a neng a mo raya a re, “A re dire motho mo setshwanong sa rona.” (Genesise 1:26; Diane 8:30, 31) Ee, yo o nang le Jehofa kwa malwapeng a magodimo ke Morwawe yo o tsetsweng a le esi.—Johane 1:14.
14. Isaia o arabela jang mo taletsong ya ga Jehofa, mme o re tlhomela sekao sefe?
14 Isaia ga a etsaetsege pele a araba! Le fa molaetsa e ka tswa e le wa eng, o araba jaana ka bofefo: “Ke fano! Roma nna.” Le gone ga a botse gore fa a ka dumela go romiwa o tla amogela eng. Moya wa gagwe wa go ithaopa ke sekao se sentle mo batlhankeng botlhe ba Modimo gompieno, ba ba romilweng go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.’ (Mathaio 24:14) Fela jaaka Isaia, ba ngaparela thomo ya bone ka boikanyegi mme ba diragatsa “bosupi mo ditšhabeng tsotlhe,” le fa batho ba le bantsi ba sa kgatlhege. Mme ba tswelela pele ka tshepo, jaaka Isaia a ne a dira, ba itse gore thomo ya bone e tswa kwa mothong yo mogolo go gaisa botlhe.
Thomo ya ga Isaia
15, 16. (a) Isaia o tshwanetse a raya “batho bano” a reng, mme ba tla arabela jang? (b) A tsela e batho ba itshwarang ka yone e bakwa ke phoso nngwe ya ga Isaia? Tlhalosa.
15 Jaanong Jehofa o tlhalosa se Isaia a tshwanetseng go se bua le gore batho ba tla araba jang: “Tsamaya, mme o reye batho bano o re, ‘Utlwang gangwe le gape, mme lo se ka lwa tlhaloganya; bonang gangwe le gape, mme lo se ka lwa nna le kitso epe.’ Dira gore pelo ya batho bano e se ka ya tlhola e amogela sepe, mme o dire gore ditsebe tsa bone di nne logwadi, o ngaparaganye matlho a bone, gore ba se ka ba bona ka matlho a bone le gore ba se ka ba utlwa ka ditsebe tsa bone, le gore pelo ya bone e se ka ya tlhaloganya le gore ba se ka ba boela morago mme ba fodisiwa.” (Isaia 6:9, 10) A seno se kaya gore Isaia a phantshe fela a sa akanye mme a kgopise Bajuda, a dira gore ba nne ba sa utlwane le Jehofa? Le eseng! Batho bano ke batho ba gaabo Isaia ba a ikutlwang a amana thata le bone. Mme mafoko a ga Jehofa a bontsha kafa batho ba tla itshwarang ka teng ka molaetsa wa gagwe, go sa kgathalesege gore Isaia o diragatsa thomo ya gagwe ka boikanyegi go le kana kang.
16 Batho ke bone ba ba molato. Isaia o tla bua le bone “gangwe le gape,” mme ga ba ne ba amogela molaetsa le fa e le go tlhaloganya. Bontsi jwa bone ba tla nna tlhogoethata e bile ba sa amogele molaetsa, jaaka e kete ba foufetse gotlhelele e bile ba susu. Ka go ya kwa go bone kgapetsakgapetsa, Isaia o tla letla gore “batho bano” ba bontshe gore ga ba batle go tlhaloganya. Ba tla supa gore ba tswetse megopolo ya bone le dipelo tsa bone gore ba se ka ba utlwa molaetsa wa ga Isaia—molaetsa wa Modimo—o o yang kwa go bone. A bo batho ba ntse jalo jang ne gompieno! Ba le bantsi tota mo go bone ba gana go reetsa Basupi ba ga Jehofa fa ba ntse ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo bo tlang jwa Modimo.
17. Fa Isaia a botsa a re, “Ka lobaka lo lo kae?” o bua ka eng?
17 Isaia o tshwenyegile: “Foo ka re: ‘Ka lobaka lo lo kae, Jehofa?’ Foo a re: ‘Go fitlha metse e thubagana e nna marope, gore e nne e se na monni, le matlo a nne a se na motho wa mo lefatsheng, le mmu ka boone o senngwa gore o nne kgakgabalo; le Jehofa a tlosetsa batho ba mo lefatsheng kgakala, mme boemo jwa go tlogelwa bo nna bogolo thata mo lefatsheng.’” (Isaia 6:11, 12) Fa Isaia a botsa a re, “Ka lobaka lo lo kae?” ga a botse gore o tla tshwanelwa ke go tswelela a rerela batho ba ba sa kgatlhegeng ka lobaka lo lo kae. Go na le moo, o amegile ka batho mme o botsa gore boemo jwa bone jo bo maswe jwa semoya bo tla tswelela ka lobaka lo lo kae le gore leina la ga Jehofa le tla tlontlololwa ka lobaka lo lo kae mo lefatsheng. (Bona Pesalema 74:9-11.) Ka jalo he, boemo jono jo bo se nang tlhaloganyo bo tla tswelela pele ka lobaka lo lo kae?
18. Seemo se se bosula sa semoya sa batho se tla tswelela pele go fitlha leng, a mme Isaia o tla tshela go fitlha a bona boporofeti jono bo diragadiwa ka botlalo?
18 Ija wee, karabo ya ga Jehofa e bontsha gore seemo se se bosula sa semoya sa batho se tla tswelela pele go fitlha diphelelo tse di feletseng tsa go sa utlwe Modimo di diragala, fela jaaka di tlhalositswe mo kgolaganong ya gagwe. (Lefitiko 26:21-33; Duteronome 28:49-68) Setšhaba se tla senngwa, batho ba tla fudusiwa, mme lefatshe le tla kgakgabadiwa. Isaia ga a kitla a tshela go fitlha a bona go senngwa ga Jerusalema le tempele ya yone ke masole a Bababelona ka 607 B.C.E., le fa gone a tla porofeta dingwaga di feta 40, a tswelela pele le ka nako ya fa go busa setlogolwana sa ga Kgosi Usia e bong Hesekia. Le fa go ntse jalo, Isaia o tla nna a dira thomo ya gagwe ka boikanyegi go fitlha a swa dingwaga di feta 100 pele masetlapelo ao a setšhaba a diragala.
19. Le fa setšhaba seno se tla kgaolwa jaaka setlhare, Modimo o tlhomamisetsa Isaia eng?
19 Tshenyego e e tla tlogelang Juda a ‘sentswe gore a nne kgakgabalo’ ruri e tla tla, mme tsholofelo e teng. (2 Dikgosi 25:1-26) Jehofa o tlhomamisetsa Isaia jaana: “Mo go lone go tla bo go sa ntse go na le nngwesomeng mme gape e tla nna sengwe sa go fisiwa, jaaka setlhare se setona le jaaka setlhare se segolo thata tse di nnang le sesana fa di rengwa; losika lo lo boitshepo e tla nna sesana sa lone.” (Isaia 6:13) Ee, go tla sala “nngwesomeng, . . . losika lo lo boitshepo,” fela jaaka sesana sa setlhare se segolo se se remilweng. Kwantle ga pelaelo, go tlhomamisediwa jaana go gomotsa Isaia—go tla fitlhelwa masalela a a boitshepo mo bathong ba gaabo. Le fa setšhaba se fisiwa kgapetsakgapetsa, jaaka setlhare se segolo se se kgaolwang gore se nne setukisi, go tla sala sesana sa botlhokwa sa setlhare sa tshwantshetso sa Iseraele. Se tla nna losika, kana lotsalo, lo lo boitshepo mo go Jehofa. Fa nako e ntse e tsamaya, se tla tlhoga gape, mme setlhare se tla gola gape.—Bapisa Jobe 14:7-9; Daniele 4:26.
20. Karolo ya bofelo ya boporofeti jwa ga Isaia e ne ya diragadiwa jang la ntlha?
20 A mafoko a boporofeti joo a ne a diragala? Ee. Dingwaga di le masome a supa fa lefatshe la Juda le se na go kgakgabadiwa, masalela a a boifang Modimo a ne a boa kwa botshwarong jwa Babelona. Ba ne ba aga tempele le motse sesha mme ba busetsa kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng. Go busediwa jalo ga Bajuda mo lefatsheng la bone le ba le neilweng ke Modimo go ne ga dira gore tiragatso ya bobedi ya boporofeti jono jo Jehofa a neng a bo neile Isaia e kgone go diragala. Seo e ne e tla nna eng?—Esera 1:1-4.
Ditiragatso Tse Dingwe
21-23. (a) Boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa diragadiwa mo go mang mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme jang? (b) “Losika lo lo boitshepo” e ne e le mang mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme lo ne lwa bolokwa jang?
21 Tiro ya ga Isaia ya boporofeti e ne e tshwantshetsa go sa le pele tiro e Mesia, Jesu Keresete, a neng a tla e dira dingwaga di ka nna 800 moragonyana. (Isaia 8:18; 61:1, 2; Luke 4:16-21; Bahebera 2:13, 14) Le fa a ne a le mogolwane mo go Isaia, Jesu le ene o ne a iketleeditse fela jalo gore a rongwe ke Rraagwe wa selegodimo, a re: “Bona! Ke tlile go dira thato ya gago.”—Bahebera 10:5-9; Pesalema 40:6-8.
22 Jaaka Isaia, Jesu ka boikanyegi o ne a dira tiro e a neng a romilwe go e dira mme batho ba itshwara ka tsela e e tshwanang. Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba sa batle go amogela molaetsa fela jaaka ba moporofeti Isaia a neng a ba rerela. (Isaia 1:4) Jesu o ne a dirisa ditshwantsho thata mo bodireding jwa gagwe. Seno se ne sa dira gore barutwa ba gagwe ba botse ba re: “Ke ka ntlha yang o bua le bone o dirisa ditshwantsho?” Jesu o ne a ba araba jaana: “Lona lo neilwe go tlhaloganya diphiri tse di boitshepo tsa bogosi jwa magodimo, mme batho bale ga baa go newa. Ke gone ka moo ke buang le bone ke dirisa ditshwantsho, ka gonne, go leba, ba lebela lefela, le go utlwa, ba utlwela lefela, le gone ga ba tlhaloganye; mme mo go bone boporofeti jwa ga Isaia bo a diragala, jo bo reng, ‘Go utlwa, lo tla utlwa mme lo sa tlhaloganye ka gope; mme, go leba, lo tla leba mme lo sa bone ka gope. Gonne pelo ya batho bano ga e tlhole e amogela sepe, mme ka ditsebe tsa bone ba utlwile mme ga ba arabele, ba tswetse matlho a bone; gore le ka motlha ba tle ba se ka ba bona ka matlho a bone mme ba utlwa ka ditsebe tsa bone mme ba go tlhaloganya ka dipelo tsa bone mme ba boele morago, mme ke ba fodise.’”—Mathaio 13:10, 11, 13-15; Mareko 4:10-12; Luke 8:9, 10.
23 Ka go nopola mo go Isaia, Jesu o ne a bontsha gore boporofeti jono bo ne bo diragadiwa mo motlheng wa gagwe. Batho ka kakaretso ba ne ba na le boikutlo jwa pelo jo bo tshwanang le jwa Bajuda mo motlheng wa ga Isaia. Ba ne ba itira difofu le bosusu mo molaetseng wa gagwe mme ka jalo ba senngwa. (Mathaio 23:35-38; 24:1, 2) Seno se diragetse fa masole a Baroma a eteletswe pele ke Mojenerale Titus a ne a tlhasela Jerusalema ka 70 C.E. mme a senya motse le tempele ya one. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba ile ba reetsa Jesu mme ba nna barutwa ba gagwe. Jesu o ne a bolela gore bano ba a “itumela.” (Mathaio 13:16-23, 51) O ne a ile a ba bolelela gore fa ba bona “Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng,” ba “simolole go tshabela kwa dithabeng.” (Luke 21:20-22) Ka jalo “losika lo lo boitshepo” lo lo neng lo bontshitse tumelo le lo lo neng lo bopilwe go nna setšhaba sa semoya, “Iseraele wa Modimo,” lo ne lwa bolokwa.a—Bagalatia 6:16.
24. Paulo o ne a bontsha gore boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa jang, mme seno se supa eng?
24 Mo e ka nnang ka 60 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a golegwa ka go tswalelwa mo ntlong ya gagwe kwa Roma. Fa a le koo o ne a rulaganya go kopana le “banna ba bagolo ba Bajuda” le ba bangwe mme a ba naya “bosupi ka botlalo kaga bogosi jwa Modimo.” Fa batho ba le bantsi ba ne ba sa amogele molaetsa wa gagwe, Paulo o ne a tlhalosa gore seno se ne se diragatsa boporofeti jwa ga Isaia. (Ditiro 28:17-27; Isaia 6:9, 10) Ka jalo barutwa ba ga Jesu ba ne ba diragatsa thomo e e tshwanang le ya ga Isaia.
25. Basupi ba Modimo ba motlha wa gompieno ba lemogile eng, mme ba itshwara jang ka seo?
25 Fela jalo, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba lemoga gore Jehofa Modimo o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo. (Malaki 3:1) Jaaka Isaia, ba re: “Ke fano! Roma nna.” Ka tlhoafalo, ba bolela molaetsa o o tlhagisang ka bokhutlo jo bo atamelang jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Mme le fa go ntse jalo, jaaka Jesu a bontshitse, ke batho ba sekae fela ba ba bulang matlho a bone le ditsebe tsa bone gore ba bone ba bo ba utlwe mme ba bolokwe. (Mathaio 7:13, 14) Eleruri, go itumela ba ba dirang gore dipelo tsa bone di reetse ‘mme ba fodisiwe’!—Isaia 6:8, 10.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka 66 C.E., fa Bajuda ba tsuologa, masole a Baroma a eteletswe pele ke Cestius Gallus a ne a dikanyetsa Jerusalema mme a tsenelela motse go ya go fitlha kwa dipoteng tsa tempele. Go tswa foo ba ne ba boela morago, mme barutwa ba ga Jesu ba kgona go tshabela kwa dithabeng tsa Perea pele Baroma ba boa ka 70 C.E.
[Setshwantsho mo go tsebe 94]
“Ke fano! Roma nna.”
[Setshwantsho mo go tsebe 97]
‘Go fitlha metse e thubagana e nna marope, gore e nne e se na monni’