Kgaolo ya Masomeamabedinngwe
Kobamelo ya Boammaaruri e Anama Lefatshe Lotlhe
1. Isaia kgaolo 60 e tshwere molaetsa ofe o o kgothatsang?
KGAOLO ya 60 ya Isaia e kwadilwe jaaka terama e e tlhotlheletsang maikutlo. Mo ditemaneng tse di kwa tshimologong, re gapiwa kgatlhego ke pono e e botlhoko. Go tswa foo go latela ditiragalo tse di latelanang ka bofefo, di bo di felela ka tsela e e amang maikutlo. Kgaolo eno e tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle go busediwa ga kobamelo ya boammaaruri mo Jerusalema wa bogologolo le go anama mo lefatsheng lotlhe ga kobamelo ya boammaaruri gompieno. Mo godimo ga moo, e bua ka masego a a nnelang ruri a a tla tlelang baobamedi botlhe ba Modimo ba ba ikanyegang. Mongwe le mongwe wa rona a ka nna le seabe mo go diragadiweng ga karolo eno e e kgatlhang ya boporofeti jwa ga Isaia. Ka gone a re e tlhatlhobeng ka kelotlhoko.
Lesedi le Phatsima mo Lefifing
2. Mosadi yo o rapaletseng mo lefifing o neelwa taelo efe, mme ke ka ntlha yang fa go potlakile gore a e ikobele?
2 Mafoko a a simololang kgaolo eno ya Isaia a lebisitswe go mosadi yo o mo maemong a a botlhoko. Go bonala a rapaletse fa fatshe mo lefifing. Ka tshoganetso, lesedi le phunyeletsa mo letobong mme Jehofa, a dirisa Isaia, o tlhaeletsa jaana: “Tsoga, wena mosadi, phatsimisa lesedi, gonne lesedi la gago le tlile le kgalalelo ya ga Jehofa e go phatsimetse.” (Isaia 60:1) Ee, “mosadi” yono o tshwanetse a nanoga mme a dira gore kgalalelo ya Modimo e bonale! Ke ka ntlha yang fa seno se potlakile? Boporofeti bo tswelela jaana: “Bona! lefifi le tla bipa lefatshe, le letobo le lentshontsho le tla bipa ditlhopha tsa ditšhaba; mme Jehofa o tla go phatsimela, le kgalalelo ya gagwe e tla bonwa mo go wena.” (Isaia 60:2) “Mosadi” yono o tshwanetse a “phatsimisa lesedi” gore a thuse ba ba gaufi le ene ba ba sa ntseng ba apaapa mo lefifing. Go tla felela ka eng? “Ruri ditšhaba di tla ya kwa leseding la gago, le dikgosi kwa phatsimong ya go phatsima ga gago.” (Isaia 60:3) Mafoko ano a a mo tshimologong a bontsha ntlha ya konokono ya se se tla tlhalosiwang ka botlalo mo ditemaneng tse di latelang—kobamelo ya boammaaruri e tshwanetse ya anama mo lefatsheng lotlhe!
3. (a) “Mosadi” ke mang”? (b) Ke ka ntlha yang fa “mosadi” a ntse a rapaletse mo lefifing?
3 Le fa Jehofa a bua ka ditiragalo tse di sa ntseng di le kwa pele, o bolelela “mosadi” gore lesedi la gagwe “le tlile.” Seno se gatelela gore ruri boporofeti jono bo tla diragadiwa. “Mosadi” yo go buiwang ka ene ke Siona, kgotsa Jerusalema, motsemogolo wa Juda. (Isaia 52:1, 2; 60:14) Motsemogolo ono o emela setšhaba sotlhe. Fa boporofeti jono bo ne bo diragadiwa la ntlha, “mosadi” yono o fitlhelwa a rapaletse mo lefifing, kwa a ntseng a le teng fa e sa le Jerusalema a senngwa ka 607 B.C.E. Le fa go ntse jalo, ka 537 B.C.E., masalela a a ikanyegang a Bajuda ba ba ileng botshwarwa a boela kwa Jerusalema mme a tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Kgabagare, Jehofa o dira gore lesedi le phatsimele “mosadi” wa gagwe mme batho ba gagwe ba ba busitsweng ba nna motswedi wa lesedi mo ditšhabeng tse di mo lefifing la semoya.
Go Diragadiwa go go Golwane
4. Ke bomang gompieno mo lefatsheng ba ba emelang “mosadi,” mme mafoko ano a boporofeti a dira mo go bomang gape?
4 Se re se kgatlhegelang ka mafoko ano a boporofeti ga se fela go diragadiwa ga one mo Jerusalema wa bogologolo. Gompieno “mosadi” wa ga Jehofa wa selegodimo o emelwa ke “Iseraele wa Modimo” mo lefatsheng. (Bagalatia 6:16) Fa e sa le setšhaba seno sa semoya se nna teng, go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. go tla go fitlha jaanong, se setse se na le maloko a ba ba tloditsweng ka moya ba le 144 000, “ba ba rekilweng mo lefatsheng” ba na le tebelelo ya go busa le Keresete kwa legodimong. (Tshenolo 14:1, 3) Go diragadiwa ga motlha wa gompieno ga Isaia kgaolo 60 go malebana thata le maloko a ba ba 144 000 a a sa ntseng a tshela mo lefatsheng mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1) Boporofeti jono gape bo ama ditsala tsa Bakeresete bano ba ba tloditsweng, “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe.”—Tshenolo 7:9; Johane 10:11, 16.
5. Maloko a masalela a Iseraele wa Modimo a ile a iphitlhela leng a rapaletse mo lefifing, mme Jehofa o ne a ba phatsimisetsa lesedi la gagwe leng?
5 Ka nakwana kwa tshimologong ya bo1900, maloko a Iseraele wa Modimo a a neng a sa ntse a le mo lefatsheng, a ile a iphitlhela a rapaletse mo lefifing, jaaka go ka tualo. Ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne ya konela ba le mo seemong se se tlhalosiwang ka tsela ya tshwantshetso mo bukeng ya Tshenolo—ditopo tsa bone di rapaletse “mo tseleng e e atlhameng ya motse o mogolo o ka tlhaloganyo ya semoya o bidiwang Sodoma le Egepeto.” (Tshenolo 11:8) Le fa go ntse jalo, ka 1919 Jehofa o ne a ba phatsimisetsa lesedi la gagwe. Ba ile ba arabela ka go nanoga ba bo ba phatsimisetsa ba bangwe lesedi la Modimo, ba bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ba se na poifo.—Mathaio 5:14-16; 24:14.
6. Lefatshe ka kakaretso le arabetse jang kitsiso ya gore Jesu o teng e bile ke kgosi, mme ke bomang ba ba gogetsweng mo leseding la ga Jehofa?
6 Batho ka kakaretso ba tlhotlheleditswe ke Satane, ene yo mogolo wa “babusi ba lefatshe ba lefifi leno,” gore ba gane kitsiso ya gore Jesu Keresete o teng e bile ke kgosi, ene yo e leng “lesedi la lefatshe.” (Baefeso 6:12; Johane 8:12; 2 Bakorintha 4:3, 4) Le fa go ntse jalo, batho ba le dimilionemilione ba gogetswe mo leseding la ga Jehofa, go akaretsa “dikgosi” (bao ba nnang baruaboswa ba ba tloditsweng ba Bogosi jwa selegodimo) le “ditšhaba” (boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe).
Kgolo e Tlisa Boipelo jo bo Tswang Pelong
7. “Mosadi” o bona eng se se itumedisang?
7 Jehofa o naya “mosadi” taelo e nngwe, a tsweledisa kgang e e simolotsweng kwa go Isaia 60:3: “Tsholetsa matlho a gago gotlhe fela o bone!” Fa “mosadi” a diragatsa taelo, o bona sengwe se se itumedisang—bana ba gagwe ba tla gae! “Botlhe ba phuthilwe mmogo; ba tlile kwa go wena. Bomorwao ba ntse ba tla ba tswa kgakala, le bomorwadio ba ba tla tlhokomelwang mo letlhakoreng.” (Isaia 60:4) Go bolelwa ga Bogosi mo ditšhabeng tsotlhe mo go simolotseng ka 1919 go ne ga felela ka gore diketekete tsa ‘barwa’ le ‘barwadi’ ba bangwe ba ba tloditsweng ba kopanele le Iseraele wa Modimo. Ka tsela eno Jehofa o ne a tsaya dikgato tsa go wetsa palo e e boleletsweng pele ya 144 000 ya ba ba tla busang le Keresete.—Tshenolo 5:9, 10.
8. Ke eng se se ileng sa itumedisa Iseraele wa Modimo fa e sa le ka 1919?
8 Koketsego eno e ne ya tlisa boipelo. “Ka nako eo o tla leba mme o phatsime, mme pelo ya gago e tla roroma e bo e buduloge, ka gonne mahumo a lewatle a tla tla kwa go wena; dikhumo tsa ditšhaba di tla tla kwa go wena.” (Isaia 60:5) Go phuthiwa ga batlodiwa ka bo1920 le bo1930 go ne ga tlisetsa Iseraele wa Modimo boitumelo jo bogolo. Mme ba nnile le lebaka le lengwe la go ipela. Bogolo jang fa e sa le mo magareng a bo1930, batho ba ba kileng ba nna karolo ya “lewatle” la batho ba ba tlhoboganyeng le Modimo ba dule mo ditšhabeng tsotlhe go tla go obamela le Iseraele wa Modimo. (Isaia 57:20; Hagai 2:7) Batho bano ga ba tswe ba ya go direla Modimo, mongwe le mongwe ka tsela ya gagwe. Go na le moo, ba tla mo ‘mosading’ wa Modimo mme ba nna karolo ya letsomane le le utlwanang la Modimo. Ka ntlha ya seno, batlhanka botlhe ba Modimo ba nna le seabe mo go anamiseng kobamelo ya boammaaruri.
Ditšhaba di Phuthegela mo Jerusalema
9, 10. Ke bomang ba go bonwang ba phuthegela kwa Jerusalema, mme Jehofa o ba amogela jang?
9 Jehofa o tlhalosa go ata goo a dirisa ditshwantsho tse di tlwaetsweng ke batho ba motlha wa ga Isaia. “Mosadi” o ema fa a kgonang go bona sentle teng e leng mo Thabeng ya Siona, mme o simolola ka go keleka lefatshe kwa botlhaba. O bona eng? “Bontsi jo bo boitshegang jwa dikamela bo tla go bipa, dikamelana tse ditonanyana tsa kwa Midiana le kwa Ifa. Tsotlhe tse di tswang kwa Sheba—di tla tla. Di tla tshola gouta le lebano. Mme di tla itsise dipako tsa ga Jehofa.” (Isaia 60:6) Ditlhopha tsa dikamela tse di dirisiwang ke bagwebi ba ba tsayang mesepele ba merafe e e farologaneng di ipaphatha le ditsela tse di yang kwa Jerusalema. (Genesise 37:25, 28; Baatlhodi 6:1, 5; 1 Dikgosi 10:1, 2) Dikamela di gongwe le gongwe, di ntse jaaka morwalela o bipile lefatshe! Ditlhopha tseno tsa dikamela di tlisa dimpho tse di tlhwatlhwakgolo, go bontsha gore bagwebi ba tla ka maitlhomo a go tlisa kagiso. Ba batla go obamela Jehofa le go mo naya tse di molemo go gaisa tsotlhe tse ba nang natso.
10 Bagwebi bano ga se bone fela ba ba tlang. “Matsomane otlhe a Kedare—a tla phuthelwa mmogo kwa go wena. Diphelefu tsa ga Nebaiothe—di tla go direla.” Ee, merafe ya barui le yone e ya Jerusalema. Ba tla ka dimpho tsa dilwana tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo go feta tsotlhe—matsomane a dinku—mme ba ithaopa go nna badiredi. Jehofa o tla ba amogela jang? A re: “Di tla tla mo sebesong sa me ka kamogelo, mme ke tla dira gore ntlo ya me ya bontle e nne ntle.” (Isaia 60:7) Jehofa o amogela dimpho tsa bone, tse di tla dirisiwang mo kobamelong e e itshekileng.—Isaia 56:7; Jeremia 49:28, 29.
11, 12. (a) “Mosadi” o bona eng fa a leba kwa bophirima? (b) Ke eng fa batho ba le bantsi jaana ba itlhaganelela kwa Jerusalema?
11 Jaanong Jehofa o laela “mosadi” gore a lebe kwa bophirima, mme o botsa jaana: “Ke bomang bano ba ba tlang ba fofa fela jaaka leru, le jaaka maeba a ya kwa marobeng a e leng matlo a one?” Jehofa ka boene o araba jaana: “Ditlhaketlhake di tla nna di solofela mo go nna, dikepe tsa Tareshishe fela jaaka la ntlha, gore di tlise bomorwao go tswa kgakala, selefera ya bone le gouta ya bone e na le bone, mo leineng la ga Jehofa Modimo wa gago le mo Moitsheping wa Iseraele, gonne o tla bo a go ntlafaditse.”—Isaia 60:8, 9.
12 Akanya fela o eme le “mosadi” yono, o lebile kwa bophirima, go kgabaganya Lewatle le Legolo. O bona eng? Leru le le kgakala la marontho a masweu le le fa godimo ga metsi. A lebega jaaka dinonyane, mme fa a ntse a atamela, o bona gore ke dikepe di phutholotswe diseile tsa tsone di feletse. Di tswa “kgakala.”a (Isaia 49:12) Dikepe tse di tabogelang kwa Siona di dintsi mo e keteng ke lesomo la maeba a ya kwa a nnang teng. Ke eng fa dikepe tseno di le mo lobelong jaana? Di gakaletse go isa morwalo wa tsone wa baobamedi ba ga Jehofa ba ba tswang kwa maemakepeng a a kgakala. Eleruri, batho botlhe ba ba sa tswang go goroga—Baiseraele mmogo le batswakwa, go tswa kwa botlhaba kgotsa kwa bophirima le go tswa kwa dinageng tse di gaufi kgotsa tse di kgakala—ba itlhaganeletse kwa Jerusalema go ya go ineela gotlhelele mo leineng la ga Jehofa, Modimo wa bone.—Isaia 55:5.
13. Mo metlheng ya gompieno, ‘barwa’ le ‘barwadi’ ke bomang, mme “dikhumo tsa ditšhaba” ke bomang?
13 A bo Isaia 60:4-9 e tlhalosa sentle jang ne kgolo e e diragetseng mo lefatsheng lotlhe fa e sa le “mosadi” wa ga Jehofa a simolola go bonesa lesedi mo lefifing la lefatshe leno! Sa ntlha go ne ga tla ‘barwa’ le ‘barwadi’ ba Siona wa selegodimo, ba ba neng ba nna Bakeresete ba ba tloditsweng. Ka 1931 bano ba ne ba ipolela phatlalatsa fa e le Basupi ba ga Jehofa. Foo boidiidi jwa batho ba ba pelonomi, “dikhumo tsa ditšhaba” le “mahumo a lewatle,” bo ne jwa itlhaganela go kopanela le bomonnawe Keresete ba ba setseng.b Gompieno batlhanka bano botlhe ba ga Jehofa ba ba tswang mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe e bile e le ba mefuta yotlhe ya botshelo ba kopanela le Iseraele wa Modimo mo go bakeng Morena Molaodimogolo wa bone, Jehofa, le mo go tlotlomatseng leina la gagwe gore ke lone leina le legolo go a gaisa otlhe mo lobopong lotlhe.
14. Batho ba ba sa tswang go goroga ba “tla mo sebesong sa [Modimo]” ka tsela efe?
14 Mme go tewang fa go twe bano ba ba sa tswang go goroga ba tswa mo ditšhabeng ba “tla mo sebesong sa [Modimo]”? Setlhabelo se bewa mo sebesong. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa polelwana e e amanang le setlhabelo fa a ne a kwala jaana: “Ke a lo rapela . . . gore lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Baroma 12:1) Bakeresete ba boammaaruri ba iketleeditse go dira ka natla. (Luke 9:23, 24) Ba dirisa nako, maatla le bokgoni jwa bone go ema kobamelo e e itshekileng nokeng. (Baroma 6:13) Ka go dira jalo, ba ntshetsa Modimo ditlhabelo tse di amogelesegang tsa pako. (Bahebera 13:15) A bo go kgothatsa jang ne gore dimilione tsa baobamedi ba ga Jehofa gompieno, bannye le bagolo, ba dirile gore dilo tse di amanang le Bogosi jwa Modimo e nne tsone tse di tlang pele ga dikeletso tsa bone! Ba bontsha moya wa go intsha setlhabelo tota.—Mathaio 6:33; 2 Bakorintha 5:15.
Ba ba Sa Tswang go Goroga ba Thusa go Atolosa
15. (a) Mo metlheng ya bogologolo, kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e ne e bontshiwa jang malebana le batswakwa? (b) Mo metlheng ya gompieno, “batswakwa” ba ile ba thusa jang mo go ageng kobamelo ya boammaaruri?
15 Ba ba sa tswang go goroga ba dirisa dithoto tsa bone mmogo le ditirelo tsa bone go ema “mosadi” wa ga Jehofa nokeng. “Batswakwa ba tla aga dipota tsa gago, mme dikgosi tsa bone di tla go direla; gonne ke tla bo ke go iteile mo bogaleng jwa me, mme mo kamogelong ya me ke tla go utlwela botlhoko.” (Isaia 60:10) Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e ne ya bontshiwa mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. fa batswakwa ba ne ba thusa mo tirong ya go aga kwa Jerusalema. (Esera 3:7; Nehemia 3:26) Fa seno se diragadiwa ka tsela e kgolwane gompieno, “batswakwa,” boidiidi jo bogolo, ba ema masalela a a tloditsweng nokeng go aga kobamelo ya boammaaruri. Ba thusa go bopa dinonofo tsa Bokeresete mo go ba ba ithutang Baebele le bone mme ka jalo ba bopa diphuthego tsa Bokeresete le go nonotsha “dipota” tsa phuthego ya ga Jehofa tse di ntseng jaaka tsa motse. (1 Bakorintha 3:10-15) Mme ba aga le ka tsela ya mmatota, ba dira ka natla fa go agiwa Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano, le dikago tsa Bethele. Ka gone ba thusa barwarraabone ba ba tloditsweng go tlhokomela dilo tse di tlhokwang mo phuthegong ya ga Jehofa e e golang.—Isaia 61:5.
16, 17. (a) “Dikgoro” tsa phuthego ya Modimo di ntse di butswe ka tsela efe? (b) “Dikgosi” di ile tsa direla Siona jang? (c) Go tla diragala eng ka batho ba ba lekang go tswala “dikgoro” tse Jehofa a batlang gore di nne di butswe?
16 Ngwaga le ngwaga, ka ntlha ya thulaganyo ya semoya ya go aga, “batswakwa” ba le dikete di le makgolokgolo ba simolola go kopanela le phuthego ya ga Jehofa, mme tsela e sa ntse e bulegile gore go ka tla ba ba oketsegileng. Jehofa a re: “Dikgoro tsa gago di tla nna di butswe ka metlha; ga di kitla di tswalwa motshegare le fa e le bosigo, gore o tlisediwe dikhumo tsa ditšhaba, mme dikgosi tsa bone di tla bo di eteletse pele.” (Isaia 60:11) Le fa go ntse jalo, “dikgosi” tse di etelelang pele mo go tliseng dikhumo tsa ditšhaba kwa Siona ke bomang? Mo metlheng ya bogologolo Jehofa o ile a tlhotlheletsa dipelo tsa babusi bangwe gore ba ‘direle’ Siona. Ka sekai, Kurose o ne a etelela pele ka go busetsa Bajuda kwa Jerusalema go ya go aga tempele sesha. Moragonyana Aretaserese o ne a ntsha dithoto mme a romela Nehemia go ya go aga dipota tsa Jerusalema sesha. (Esera 1:2, 3; Nehemia 2:1-8) Eleruri “pelo ya kgosi e ntse jaaka melatswana ya metsi mo seatleng sa ga Jehofa.” (Diane 21:1) Modimo wa rona a ka tlhotlheletsa le babusi ba ba nonofileng go dira tumalanong le thato ya gagwe.
17 Mo metlheng ya gompieno “dikgosi” di le dintsi, kgotsa babusi, ba ile ba leka go tswala “dikgoro” tsa phuthego ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ile ba direla Siona ka go dira ditshwetso tse di ileng tsa thusa go dira gore “dikgoro” di nne di butswe. (Baroma 13:4) Ka 1919, babusi ba ile ba golola Joseph F. Rutherford le ditsala tsa gagwe ba sena go tsenngwa mo kgolegelong go sa tshwanela. (Tshenolo 11:13) Dipuso tsa batho di ne tsa “kometsa” noka ya pogiso e e neng e tlisiwa ke Satane fa a sena go digwa kwa legodimong. (Tshenolo 12:16 ) Dipuso dingwe di ile tsa rotloetsa gore go amogelwe madumedi a a farologaneng, ka dinako tse dingwe ba dira jalo go thusa Basupi ba ga Jehofa tota. Go direla gono go ile ga tlhofofaletsa boidiidi jwa batho ba ba pelonomi dilo gore ba kgone go tsena ka “dikgoro” tse di butsweng ba tsena mo phuthegong ya ga Jehofa. Mme go tweng ka baganetsi ba ba lekang go tswala “dikgoro” tseo? Ga ba kitla ba atlega le ka motlha. Jehofa o bolela jaana kaga bone: “Setšhaba sepe le bogosi bope jo bo se kitlang bo go direla bo tla nyelela; mme ditšhaba tsone ruri di tla swafala.” (Isaia 60:12) Botlhe ba ba lwantshang “mosadi” wa Modimo—e ka tswa e le batho kgotsa mekgatlho—ba tla nyelela kwa ntweng e e tlang ya Haramagedona, fa ba sa nyelela pele ga yone.—Tshenolo 16:14, 16.
18. (a) Tsholofetso ya gore ditlhare di tla gola thata kwa Iseraele e kaya eng? (b) ‘Lefelo la dinao tsa ga Jehofa’ ke eng gompieno?
18 Morago ga tlhagiso eno ya katlholo, boporofeti bo boela kwa ditsholofetsong tse di malebana le go itumela le go atlega. Jehofa o bua jaana le “mosadi” wa gagwe: “Kgalalelo ya Lebanona e tla tla mo go wena, le setlhare sa mofira, setlharesetuba le mokuperese ka nako e le nngwe, e le go dira gore lefelo la me le le boitshepo le nne lentle; mme ke tla galaletsa lefelo la dinao tsa me.” (Isaia 60:13) Ditlhare tse di golang thata di tshwantshetsa bontle le go ungwa. (Isaia 41:19; 55:13) Dipolelwana tse di mo temaneng eno tse di reng ‘lefelo le le boitshepo’ le “lefelo la dinao tsa me” di lebisitse go tempele ya Jerusalema. (1 Ditiragalo 28:2; Pesalema 99:5) Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore tempele e e kwa Jerusalema e ne e le sengwe se se tshwantshetsang tempele e kgolwane ya semoya, thulaganyo ya go ya go obamela Jehofa mo motheong wa setlhabelo sa ga Keresete. (Bahebera 8:1-5; 9:2-10, 23) Gompieno Jehofa o galaletsa ‘lefelo la dinao tsa gagwe,’ malwapa a a mo lefatsheng a tempele eno e kgolo ya semoya. Fa nako e ntse e ya a gogela mo e leng gore a gogela batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe gore ba tle go nna le seabe mo kobamelong ya boammaaruri koo.—Isaia 2:1-4; Hagai 2:7.
19. Baganetsi ba tla patelesega go dumela eng, mme ba tla dira seno le fa e ka nna leng?
19 Jaanong Jehofa o bua gape le baganetsi, a re: “Bomorwa batho ba ba go bogisang ba tla ya kwa go wena, ba ikobile; botlhe ba ba go tshwarang ka go tlhoka tlotlo ba tla obama fa dipatong tsa dinao tsa gago, mme ba tla go bitsa motse wa ga Jehofa, Siona wa Moitshepi wa Iseraele.” (Isaia 60:14) Ee, fa baganetsi bangwe ba bona koketsego e kgolo le botshelo jo bo botoka jo masego a Modimo a bo tlisetsang batho ba gagwe, ba tla patelesega go ikoba le go bitsa “mosadi.” Ke gore, ba tla patelesega go dumela—le fa e ka nna ka Haramagedona—gore masalela a a tloditsweng le ditsala tsa bone ruri ba emela phuthego ya Modimo ya selegodimo, “motse wa ga Jehofa, Siona wa Moitshepi wa Iseraele.”
Go Dirisa Dithuso Tse di Leng Teng
20. “Mosadi” o bona phetogo efe e kgolo?
20 A bo “mosadi” wa ga Jehofa a bona phetogo e kgolo jang ne! Jehofa a re: “Mo boemong jwa gore o nne yo o tlogetsweng gotlhelele e bile o tlhoilwe, go se na ope yo o ralalang, ke tla go tlhoma jaaka sengwe sa go ikgogomosa ka bosakhutleng, boitumelo jwa kokomana morago ga kokomana. O tla anya mashi a ditšhaba, o tla anya mabele a dikgosi; mme ruri o tla itse gore nna, Jehofa, ke Mmoloki wa gago, mme Yo o Maatla wa ga Jakobe ke Morekolodi wa gago.”—Isaia 60:15, 16.
21. (a) Jerusalema wa bogologolo o fetoga jang “sengwe sa go ikgogomosa”? (b) Batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba nnile le masego afe fa e sa le ka 1919, mme ba antse “mashi a ditšhaba” jang?
21 Go feta dingwaga di le 70 Jerusalema wa bogologolo a seyo mo mmapeng, jaaka go ka tualo, “go se na ope yo o ralalang.” Mme go simolola ka 537 B.C.E., Jehofa o dira gore motse o boe o nne le banni, a o dira “sengwe sa go ikgogomosa.” Ka tsela e e tshwanang, go ya kwa bokhutlong jwa ntwa ya ntlha ya lefatshe, Iseraele wa Modimo o ne a nna mo motlheng wa kgakgabalo o mo go one a neng a ikutlwa a ‘tlogetswe gotlhelele.’ Mme ka 1919, Jehofa o ne a rekolola batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng mo botshwarong, mme fa e sa le ka nako eo o ba segofaditse ka koketsego e kgolo le khumo ya semoya. Batho ba gagwe ba antse “mashi a ditšhaba,” ba dirisa dithuso tsa ditšhaba go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri pele. Ka sekai, go dirisa boranyane jwa saense ya segompieno ka botlhale go dirile gore Dibaebele le dibuka tsa Baebele di kgone go ranolwa le go gatisiwa ka dipuo di le makgolokgolo. Ka ntlha ya seo, batho ba le dikete di le makgolokgolo ngwaga le ngwaga ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme ba simolola go itse gore Jehofa, ka Keresete, ke Mmoloki le Morekolodi wa bone.—Ditiro 5:31; 1 Johane 4:14.
Kgatelopele ya Phuthego
22. Jehofa o solofetsa mofuta ofe o o kgethegileng wa kgatelopele?
22 Go oketsega ga palo ya batho ba ga Jehofa go tsamaya le kgatelopele ya phuthego. Jehofa a re: “Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta, mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi; ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.” (Isaia 60:17) Go dirisa gouta mo boemong jwa kgotlho ke kgatelopele, fela jaaka go ntse ka didirisiwa tse dingwe tse di umakilweng fano. Go dumalana le seno, batho ba ga Jehofa ba ntse ba bona dithulaganyo tsa phuthego di tokafadiwa go ralala metlha ya bofelo.
23, 24. Batho ba ga Jehofa ba ntse ba nna le dithulaganyo dife tse di botoka fa e sa le ka 1919?
23 Go fitlha ka 1919, diphuthego di ne di na le bagolwane le batiakone ba ba neng ba tlhophiwa ka tsela ya temokerasi. Go simolola ka ngwaga oo, mokaedi wa tirelo o ne a tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo gore a tlhokomele ditiro tsa phuthego tsa tirelo ya tshimo, mme mo mafelong mangwe bagolwane bangwe ba ba tlhophilweng ba ne ba ganetsa mokaedi wa tirelo. Dilo di ne tsa fetoga ka 1932. Ka makasine wa Tora ya Tebelo, diphuthego di ne tsa laelwa gore di se ka tsa tlhola di tlhopha bagolwane le batiakone. Go na le moo, di ne di tla tlhopha komiti ya tirelo gore e dirisane le mokaedi wa tirelo. Eo e ne e le tokafatso e kgolo.
24 Ka 1938 go ne ga tlisiwa “gouta” e e oketsegileng fa go ne go dirwa gore batlhanka botlhe ba phuthego ba tlhophiwe ka tsela ya puso ya Modimo. Tsamaiso ya phuthego e ne ya tlhokomelwa ke motlhanka wa mophato (moragonyana, motlhanka wa phuthego) le batlhanka ba ba farologaneng ba ba neng ba mo thusa, botlhe ba tlhomilwe ka kaelo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”c (Mathaio 24:45-47) Le fa go ntse jalo, ka 1972, go ne ga lemogiwa gore mokgwa wa Dikwalo wa go okamela phuthego ke ka setlhopha sa bagolwane e seng ke motho a le mongwe fela. (Bafilipi 1:1) Go ne ga dirwa diphetogo tse dingwe mo phuthegong mmogo le mo Setlhopheng se se Laolang. Sekai sa seno se ne sa bonala ka October 7, 2000, fa go ne go itsisiwe gore maloko a Setlhopha se se Laolang a e neng e le bakaedi ba Mokgatlho wa Watch Tower wa Pennsylvania le makgotla a a amanang le one a ne a itlhophetse go tlogela kabelo eo. Ka tsela eno, Setlhopha se se Laolang, se se emelang motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, se kgona go nna le nako e e oketsegileng ya go tlhokomela tiro ya go okamela “phuthego ya Modimo” le ditsala tsa sone, dinku tse dingwe. (Ditiro 20:28) Dithulaganyo tseo tsotlhe di tokafaditse dilo. Di nonotshitse phuthego ya ga Jehofa e bile di thusitse baobamedi ba gagwe.
25. Ke mang yo o ntseng a tlhotlheletsa kgatelopele mo phuthegong ya batho ba ga Jehofa, mme ba solegetswe molemo jang?
25 Ke mang yo o ntseng a tlhotlheletsa ditokafatso tseno? A di nnile gone ka ntlha ya bokgoni jwa go rulaganya kgotsa ka ntlha ya botlhale jwa batho bangwe? Nnyaa, gonne Jehofa o ne a re: “Ke tla tlisa gouta.” Kgatelopele eno yotlhe e nnile gone ka ntlha ya kaelo ya Modimo. Fa batho ba ga Jehofa ba ntse ba ikobela kaelo ya gagwe le go dira diphetogo, ba solegelwa molemo. Go rena kagiso mo gare ga bone, mme go rata tshiamo go ba tlhotlheletsa gore ba mo direle.
26. Ke letshwao lefe le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri le le lemogiwang le ke baganetsi tota?
26 Kagiso e e tswang kwa Modimong e na le maatla a go fetola. Jehofa o solofetsa jaana: “Thubakanyo ga e kitla e tlhola e utlwiwa mo lefatsheng la gago, thopo le tshenyo mo melelwaneng ya gago. Mme ruri o tla bitsa dipota tsa gago Poloko le dikgoro tsa gago Pako.” (Isaia 60:18) A bo mafoko ao a le boammaaruri jang ne! Tota le baganetsi ba a dumela gore kagiso ke letshwao le le tlhomologileng la Bakeresete ba boammaaruri. (Mika 4:3) Kagiso eno e ba nang nayo le Modimo le mo gare ga Basupi ba ga Jehofa ka bobone e dira gore lefelo lengwe le lengwe la Bokeresete le go kopanelwang mo go lone e nne lefelo le le lapolosang mo lefatsheng leno le le tletseng thubakanyo. (1 Petere 2:17) Ke maoko fela a kagiso e ntsi e e tla nnang teng fa banni botlhe ba lefatshe e tla bo e le “batho ba ba rutiwang ke Jehofa.”—Isaia 11:9; 54:13.
Lesedi le le Gakgamatsang la go Amogelwa ke Modimo
27. Ke lesedi lefe le le phatsimelang “mosadi” wa ga Jehofa ka metlha?
27 Bogolo jwa lesedi le le phatsimelang Jerusalema bo tlhalosiwa ke Jehofa fa a re: “Letsatsi ga le kitla le tlhola le nna lesedi la gago motshegare, mme ngwedi ga a kitla a tlhola a go fa lesedi la phatsimo. Mme Jehofa o tla nna lesedi le le nnang ka bosakhutleng mo go wena, le Modimo wa gago o tla nna bontle jwa gago. Letsatsi la gago ga le kitla le tlhola le phirima, le fa e le ngwedi wa gago go ngotlega lesedi; gonne Jehofa o tla nna lesedi le le nnang ka bosakhutleng mo go wena, mme malatsi a go hutsafala ga gago a tla bo a weditswe.” (Isaia 60:19, 20) Jehofa o tla tswelela pele a le “lesedi le le nnang ka bosakhutleng” mo ‘mosading’ wa gagwe. Ga a kitla a tsamaya a “phirima” jaaka letsatsi kgotsa a “ngotlega lesedi” jaaka ngwedi.d Lesedi la gagwe la ka metlha la kamogelo le phatsimela Bakeresete ba ba tloditsweng, baemedi ba “mosadi” wa Modimo ba e leng batho. Bone, mmogo le boidiidi jo bogolo, ba na le lesedi la semoya le legolo mo e leng gore ga go na lefifi lepe mo bopolotiking jwa lefatshe kgotsa mo go tsa ikonomi le le ka le fokotsang. E bile ba solofetse mo isagweng e e phatsimang e Jehofa a ba e solofeditseng.—Baroma 2:7; Tshenolo 21:3-5.
28. (a) Go solofediwa eng malebana le banni ba ba boelang Jerusalema? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba rua eng ka 1919? (c) Basiami ba tla rua lefatshe ka nako e e kana kang?
28 Jehofa o tswelela pele go bolela jaana malebana le banni ba Jerusalema: “Fa e le batho ba gago, botlhe e tla nna ba ba siameng; ba tla rua lefatshe ka bosakhutleng, letlhogela la go jala ga me, tiro ya diatla tsa me, gore ke ntlafadiwe.” (Isaia 60:21) Fa Iseraele wa tlholego a boela gae a tswa Babelona, ba ile ba “rua lefatshe.” Mme ka nako eo “ka bosakhutleng” o ile a felela ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. fa masole a Roma a ne a senya Jerusalema le naga ya Bajuda. Ka 1919 masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng a ne a tswa mo botshwarong jwa semoya mme a rua naga ya semoya. (Isaia 66:8) Naga eno, kana lefelo la boremelelo jwa tiro, e na le katlego ya semoya ya sekaparadaise e e se kitlang e fela. Go farologana le Iseraele wa bogologolo, Iseraele wa semoya jaaka setlhopha ga a kitla a nna yo o sa ikanyegeng. Mo godimo ga moo, boporofeti jwa ga Isaia bo tla diragadiwa le ka tsela e e bonalang fa lefatshe le nna paradaise ya mmatota e e nang le ‘letlotlo la kagiso.’ Foo basiami ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tla rua lefatshe ka bosakhutleng.—Pesalema 37:11, 29.
29, 30.“Yo monnye” o nnile “sekete” jang?
29 Kwa bokhutlong jwa Isaia kgaolo 60, go na le tsholofetso eno e e masisi, e Jehofa a e tlhomamisang ka leina la gagwe. A re: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” (Isaia 60:22) Fa batlodiwa ba ba phatlaletseng ba ne ba boela mo tirong ka 1919, ba ne ba le “yo monnye.”e Mme palo ya bone e ne ya oketsega fa Baiseraele ba ba setseng ba semoya ba tlisiwa. Mme koketsego e ne ya nna kgolo thata fa go ne go phuthiwa ba boidiidi jo bogolo.
30 Go ise go ye kae, kagiso le tshiamo tse di neng di le mo gare ga batho ba Modimo di ne tsa gogela batho ba ba dipelo di ikanyegang ba le bantsi mo e leng gore “yo mmotlana” o ne a gola ka mmatota go nna “setšhaba se se thata.” Gone jaanong se na le batho ba bantsi go feta dinaga dingwe tsa lefatshe tse di ipusang. Go phepafetse gore Jehofa, ka Jesu Keresete, o ile a kaela tiro ya Bogosi e bile o e akofisitse. A bo go itumedisa jang ne go bona bodumedi jwa boammaaruri bo anama mo lefatsheng lotlhe le go nna le seabe mo go bo anamiseng! Ee, go a itumedisa go lemoga gore koketsego eno e galaletsa Jehofa, yo o neng a bolelela dilo tseno pele bogologolo tala.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tareshishe e tshwanetse ya bo e ne e le mo go se jaanong se bidiwang Spain. Le fa go ntse jalo, go ya ka dibuka dingwe, polelwana e e reng “dikepe tsa Tareshishe” e lebisitse go mofuta oo wa dikepe—“dikepe tse di tsamayang mo mawatleng a magolo tse di nang le dipinagare tse di telele”—tse di neng di “kgona go ya kwa Tareshishe,” ka mafoko a mangwe, dikepe tse go neng go tsewa gore di ka tshwanela go tsaya mesepele e meleele go ya kwa maemakepeng a a kgakala.—1 Dikgosi 22:48.
b Le fa go ne go na le Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ba neng ba kopanela le Iseraele wa Modimo pele ga 1930, palo ya bone e ne ya simolola go oketsega thata ka bo1930.
c Mo metlheng eo, diphuthego di ne di bidiwa mephato.
d Moaposetoloi Johane o dirisa mafoko a a tshwanang go tlhalosa “Jerusalema yo mosha,” e leng ba ba 144 000 ba le mo kgalalelong ya bone ya selegodimo. (Tshenolo 3:12; 21:10, 22-26) Seno se a tshwanela ka gonne “Jerusalema yo mosha” o emela maloko otlhe a Iseraele wa Modimo fa ba sena go amogela tuelo ya bone ya selegodimo, ba kopana le Jesu Keresete go nna karolo ya konokono ya “mosadi” wa Modimo, “Jerusalema o o kwa godimo.”—Bagalatia 4:26.
e Ka 1918 palokakaretso ya ba ba neng ba nna le seabe mo go rereng lefoko kgwedi le kgwedi e ne e le kwa tlase ga 4 000.
[Setshwantsho mo go tsebe 305]
“Mosadi” o laelwa gore a ‘tsoge’
[Setshwantsho mo go tsebe 312, 313]
“Dikepe tsa Tareshishe” di rwele merwalo ya tsone e e leng baobamedi ba ga Jehofa