Kgaolo ya Masomeamabeditharo
“Leina le Lesha”
1. Mo go Isaia kgaolo 62 go kwadilwe ka kgothatso efe?
KGOTHATSO, kgomotso, tsholofelo ya go busediwa gae—ke sone se Bajuda ba ba kgobegileng marapo kwa Babelona ba se tlhokang. Go setse go fetile masome a dingwaga fa e sa le go senngwa Jerusalema le tempele ya yone. Juda, e e leng sekgala sa dikilometara di le 800 go tswa kwa Babelona e swafetse, mme go lebega e kete Jehofa o lebetse Bajuda. Ke eng se se ka tokafatsang seemo sa bone? Ditsholofetso tsa ga Jehofa tsa gore o tla ba busetsa gae a bo a ba letle gore ba tsosolose kobamelo e e itshekileng. Ka nako eo ditlhaloso tse di jaaka “tlogetsweng gotlhelele” le “kgakgabetse” di tla tseelwa maemo ke maina a a bontshang go amogelwa ke Modimo. (Isaia 62:4; Sekarea 2:12) Kgaolo 62 ya Isaia e tletse ka ditsholofetso tseno. Le fa go ntse jalo, fela jaaka dipolelelopele tse dingwe tsa tsosoloso, kgaolo eno e bua ka dilo tsa le e leng morago ga kgololo ya Bajuda mo botshwarong kwa Babelona. Fa Isaia kgaolo 62 e diragadiwa ka tsela e kgolwane e re tlhomamisetsa gore poloko ya setšhaba sa ga Jehofa sa semoya, “Iseraele wa Modimo,” ruri e tla diragala.—Bagalatia 6:16.
Jehofa ga a Nne Fela
2. Jehofa o boa gape a bontsha go amogela Siona jang?
2 Babelona o fenngwa ka 539 B.C.E. Morago ga moo, Kgosi Kurose wa Peresia o ntsha taelo e e dirang gore Bajuda ba ba boifang Modimo ba kgone go boela kwa Jerusalema mme ba tsosolose kobamelo ya ga Jehofa. (Esera 1:2-4) Ka 537 B.C.E., Bajuda ba ntlha ba ba boang ba setse ba le kwa nagagaeng ya bone. Jehofa o boa gape o bontsha go amogela Jerusalema, jaaka go bontshiwa ke tsela e e lorato e boporofeti jwa gagwe bo bolelwang ka yone: “Ka ntlha ya Siona ga nkitla ke didimala, mme ka ntlha ya Jerusalema ga nkitla ke nna fela go fitlha tshiamo ya gagwe e tswa jaaka phatsimo, le poloko ya gagwe jaaka serumola se se tukang sa molelo.”—Isaia 62:1.
3. (a) Ke ka ntlha yang fa kgabagare Jehofa a latlha Siona wa mo lefatsheng, mme o tseelwa sebaka ke mang? (b) Batho ba tlogela eng, le gone leng, mme re tshela mo motlheng ofe gompieno?
3 Ka 537 B.C.E., Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go tsosolosa Siona, kgotsa Jerusalema. Banni ba koo ba ne ba bolokwa ke ene mme tshiamo ya bone e ne e bonala sentle. Le fa go ntse jalo, moragonyana ba ile ba boa gape ba tlogela kobamelo e e itshekileng. Kgabagare, ba ne ba se ka ba amogela Jesu jaaka Mesia, mme la bofelo Jehofa o ne a ba latlha gore e se tlhole e nna setšhaba sa gagwe se se tlhophilweng. (Mathaio 21:43; 23:38; Johane 1:9-13) Jehofa o ne a dira gore go tsalwe setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo.” Setšhaba seno se sesha se ne sa nna batho ba gagwe ba ba kgethegileng, mme mo lekgolong la ntlha la dingwaga, maloko a sone a ne a rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo mo lefatsheng lotlhe le le neng le itsiwe ka nako eo. (Bagalatia 6:16; Bakolosa 1:23) Ka maswabi, fa baaposetoloi ba sena go tlhokafala, batho ba ne ba tlogela bodumedi jwa boammaaruri. Ka ntlha ya seo, go ne ga nna le Bokeresete jwa botlhanogi, jaaka bo fitlhelwa mo go Labokeresete gompieno. (Mathaio 13:24-30, 36-43; Ditiro 20:29, 30) Ka makgolo a dingwaga, Labokeresete o ne a letleletswe go tlisa kgobo e kgolo mo leineng la ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, kgabagare ka 1914, “ngwaga wa kamogelo” wa ga Jehofa o ne wa simologa, mmogo le tiragatso e kgolwane ya karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia.—Isaia 61:2.
4, 5. (a) Siona le bana ba gagwe ba tshwantshetsa mang gompieno? (b) Jehofa o dirisitse Siona jang go dira “poloko ya gagwe jaaka serumola se se tukang sa molelo”?
4 Gompieno tsholofetso ya ga Jehofa ya go tsosolosa Siona e diragaditswe mo phuthegong ya gagwe ya selegodimo, “Jerusalema o o kwa godimo,” jaaka e emelwa mo lefatsheng ke bana ba gagwe, Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. (Bagalatia 4:26) Phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo e direla jaaka mothusi yo o ineetseng—yo o ntshitseng matlho dinameng, yo o lorato, yo o tlhagafetseng. A bo e ne e le nako e e itumedisang jang ne ka 1914 fa a tshola Bogosi jwa ga Mesia! (Tshenolo 12:1-5) Fa e sa le ka 1919 segolobogolo, bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba ntse ba rerela ditšhaba kaga tshiamo ya gagwe le poloko ya gagwe. Jaaka Isaia a boleletse pele, bana bano ba bonesitse lesedi mo lefifing jaaka lebone, ba phatsimisa lesedi la bone.—Mathaio 5:15, 16; Bafilipi 2:15.
5 Jehofa o kgatlhegela baobamedi ba gagwe thata mme a ka se ka a ikhutsa kgotsa a nna fela, go fitlha a diragatsa dilo tsotlhe tse a di solofeditseng Siona le bana ba gagwe. Ba ba setseng ba batlodiwa mmogo le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” le bone ba gana go didimala fela. (Johane 10:16) Ba bua tota fa ba ntse ba bontsha batho tsela e e yosi fela e e isang kwa polokong.—Baroma 10:10.
“Leina le Lesha” le le Newang ke Jehofa
6. Jehofa o ikaeletse eng ka Siona?
6 Jehofa o ikaeletse eng ka Siona, “mosadi” wa gagwe wa selegodimo yo o tshwantshediwang ke Jerusalema wa bogologolo? O bolela jaana: “Ruri ditšhaba di tla bona tshiamo ya gago, wena mosadi, le dikgosi tsotlhe kgalalelo ya gago. Mme o tla bidiwa ka leina le lesha, le molomo wa ga Jehofa o tla le tlhophang.” (Isaia 62:2) Fa Baiseraele ba ntse ba dira ka tshiamo, ditšhaba di patelesega go lebelela ka tlhoafalo. Tota le dikgosi di patelesega go dumela gore Jehofa o dirisa Jerusalema le gore puso epe e ba e dirisang ga se ya sepe fa e bapisiwa le Bogosi jwa ga Jehofa.—Isaia 49:23.
7. Leina le lesha la Siona le supa eng?
7 Jaanong Jehofa o tlhomamisa seemo se sesha sa Siona ka go mo naya leina le lesha. Leina le lesha leo le supa gore bana ba Siona ba ba mo lefatsheng ba segofaditswe e bile ba a tlotliwa fa e sa le ka 537 B.C.E.a Seo se bontsha gore Jehofa o dumela fa Siona e le wa gagwe. Gompieno, Iseraele wa Modimo o itumelela go ratiwa ke Jehofa ka tsela eno, mme ba dinku tse dingwe ba itumela le bone.
8. Jehofa o tlotlile Siona ka ditsela dife?
8 Fa Jehofa a sena go naya Siona leina le lesha, jaanong o solofetsa jaana: “O tla nna serwalo sa bontle mo seatleng sa ga Jehofa, le sethathelela tlhogo sa segosi mo seatleng sa Modimo wa gago.” (Isaia 62:3) Jehofa o tsholeditse mosadi wa gagwe wa tshwantshetso, Siona wa selegodimo, gore a lebelelwe, a anaanelwe. (Pesalema 48:2; 50:2) Serwalo sa bontle le “sethathelela tlhogo sa segosi” di bontsha gore o apere tlotlo le taolo. (Sekarea 9:16) Iseraele wa Modimo o emela Siona wa selegodimo, kgotsa “Jerusalema o o kwa godimo,” mme ke tiro e e gakgamatsang ya seatla sa Modimo—maatla a gagwe ao a a dirisang. (Bagalatia 4:26) Ka thuso ya ga Jehofa, setšhaba seo sa semoya se itiretse rekoto e e tlhomologileng ya bothokgami le boineelo. Batho ba le dimilionemilione, go akaretsa batlodiwa mmogo le dinku tse dingwe, ba nonotshiwa gore ba bontshe tumelo le lorato lo logolo. Fa batlodiwa ba setse ba neilwe tuelo ya bone e e galalelang ya selegodimo, ka Puso ya ga Keresete ya Mileniamo, ba tla dirisiwa thata ke Jehofa go naya popo e e fegelwang botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 8:21, 22; Tshenolo 22:2.
‘Jehofa o Itumedisitswe ke Wena’
9. Tlhalosa phetogo ya Siona.
9 Go newa leina le lesha ke karolo ya phetogo e e itumedisang ya Siona wa selegodimo jaaka a tshwantshediwa ke bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Re bala jaana: “Ga go kitla go tlhola go twe o mosadi yo o tlogetsweng gotlhelele; mme lefatshe la gago ga go kitla go tlhola go twe le kgakgabetse; mme wena o tla bidiwa Boitumelo Jwa me Bo mo Go Ene, mme lefatshe la gago le tla bidiwa Yo o Nang le Mong Jaaka Mosadi. Gonne Jehofa o tla bo a itumedisitswe ke wena, mme lefatshe la gago le tla nna le mong jaaka mosadi.” (Isaia 62:4) Siona wa mo lefatsheng o ntse a kgakgabetse fa e sa le a senngwa ka 607 B.C.E. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Jehofa a mo tlhomamisetsa gore naga ya gagwe e tla tsosolosiwa e bo e nniwe gape. Siona yo o kileng a bo a swafetse ga a kitla a tlhola a nna mosadi yo o tlogetsweng gotlhelele, le naga ya gagwe e ka se tlhole e nna e swafetse. Go tsosolosiwa ga Jerusalema ka 537 B.C.E. go mo tlisetsa seemo se sesha, go fapaana gotlhelele le seemo sa gagwe sa pele sa fa a ne a le matlotla. Jehofa o bolela gore Siona o tla bidiwa “Boitumelo Jwa me Bo mo Go Ene,” mme lefatshe la gagwe, “Yo o Nang le Mong Jaaka Mosadi.”—Isaia 54:1, 5, 6; 66:8; Jeremia 23:5-8; 30:17; Bagalatia 4:27-31.
10. (a) Iseraele wa Modimo o ne a fetolwa jang? (b) “Lefatshe” la Iseraele wa Modimo ke eng?
10 Go simologa ka 1919 Iseraele wa Modimo o ne a nna le phetogo e e tshwanang le eo. Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, go ne go lebega e kete Modimo o latlhile Bakeresete ba ba tloditsweng. Mme ka 1919 seemo sa bone sa go amogelwa se ne sa tsosolosiwa le tsela ya bone ya kobamelo ya itshekisiwa. Seno se ne sa ama dithuto tsa bone, dithulaganyo tsa bone le tiro ya bone. Iseraele wa Modimo o ne a tla mo ‘lefatsheng’ la gagwe, naga ya gagwe ya semoya kgotsa boremelelo jwa tiro ya gagwe.—Isaia 66:7, 8, 20-22.
11. Bajuda ba tsaya mmaabone jang go nna mosadi?
11 Fa Jehofa a gatelela gape boemo jo bosha jwa go amogelwa ga batho ba gagwe, o bolela jaana: “Fela jaaka lekau le dira gore kgarebane e nne mosadi wa lone, bomorwao ba tla go tsaya gore o nne mosadi wa bone. Le jaaka monyadi a itumela ka ntlha ya monyadiwa, Modimo wa gago o tla itumela fela jalo ka ntlha ya gago.” (Isaia 62:5) Bajuda, ‘bomorwa’ Siona ba ka tsaya jang mmaabone go nna mosadi? Ka tsela ya gore bomorwa Siona ba ba boang ba ba golotsweng kwa botshwarong jwa Babelona ba gapa motse wa bone o mogolo wa pele ba bo ba nna mo go one gape. Fa seo se diragala, Siona ga a tlhole a swafetse mme o tletse ka barwa.—Jeremia 3:14.
12. (a) Jehofa o ile a dira jang gore go phepafale gore Bakeresete ba ba tloditsweng ke karolo ya phuthego e e nyalaneng le ene? (b) Go dirisana ga ga Jehofa le batho ba gagwe go re fa sekao sa maemo a a kwa godimo sa lenyalo jang gompieno? (Bona lebokose le le mo tsebe 342.)
12 Ka tsela e e tshwanang, fa e sa le ka 1919 bana ba Siona wa selegodimo ba ile ba gapa lefatshe la bone, naga ya bone ya semoya, e leina la yone la boporofeti e leng “Yo o Nang le Mong Jaaka Mosadi.” Tiro ya bone ya Bokeresete mo nageng eo e dirile gore go bonale gore Bakeresete bano ba ba tloditsweng ke “batho ba leina la [ga Jehofa].” (Ditiro 15:14) Go tlisa ga bone maungo a Bogosi le go bolela leina la ga Jehofa go dirile gore go bonale sentle gore Jehofa o rata Bakeresete bano. O dirile gore go bonale gore ke karolo ya phuthego e e dirisanang le ene ka kutlwano e e ka se kang ya fela. Fa Jehofa a ne a tlotsa Bakeresete bano ka moya o o boitshepo, a ba golola mo botshwarong jwa semoya, le go ba dirisa go rera ka tsholofelo ya Bogosi mo bathong botlhe, seo se ne se bontsha gore o ba itumelela jaaka monyadi a itumelela monyadiwa.—Jeremia 32:41.
“Lo se Ka Lwa Didimala”
13, 14. (a) Mo metlheng ya bogologolo, Jerusalema o fetoga jang motse o o sireletsang? (b) Mo metlheng ya segompieno, Siona o ile a nna jang “pako mo lefatsheng”?
13 Leina le lesha la tshwantshetso le Jehofa a le nayang batho ba gagwe le dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile. Ba itse gore o a ba amogela le gore ke mong wa bone. Jaanong Jehofa o bua le batho ba gagwe a dirisa setshwantsho se sele, a bua jaaka e kete o bua le motse o o thekeleditsweng ka lobota: “Ke tlhomile balebeledi mo dipoteng tsa gago, wena Jerusalema. Letsatsi lotlhe le bosigo jotlhe, ka metlha, a ba se ka ba nna ba didimetse fela. Lona ba lo umakang Jehofa, lo se ka lwa didimala, le gone lo se ka lwa mo naya tidimalo epe go fitlha a tlhomamisa ka thata, ee, go fitlha a baya Jerusalema jaaka pako mo lefatsheng.” (Isaia 62:6, 7) Ka nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng fa masalela a a ikanyegang a sena go boa kwa Babelona, Jerusalema ruri o nna “pako mo lefatsheng”—motse o o nang le dipota o o sireletsang banni ba one. Motshegare le bosigo, balebeledi ba ba mo dipoteng tseno ba ntshitse matlho dinameng go tlhomamisa gore motse o sireletsegile le go fetisetsa melaetsa ya tlhagiso kwa banning ba one.—Nehemia 6:15; 7:3; Isaia 52:8.
14 Mo metlheng ya gompieno Jehofa o dirisitse balebeledi ba gagwe ba ba tloditsweng go bontsha batho ba ba pelonolo tsela e e isang kwa go gololweng mo botshwarong jwa bodumedi jwa maaka. Batho bano ba lalediwa go tla mo teng ga phuthego ya gagwe, mo ba sirelediwang teng gore ba se kgotlelwe ke leswe la semoya, ditlhotlheletso tse di maswe le dilo tse Jehofa a sa di rateng. (Jeremia 33:9; Sefania 3:19) Selo sa botlhokwa mo tshireletsong eo ke seabe sa setlhopha sa molebeledi, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” se se nayang ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’ (Mathaio 24:45-47) “Boidiidi jo bogolo” le jone bo dirisana le setlhopha sa molebeledi mme bo na le seabe se segolo mo go direng Siona “pako mo lefatsheng.”—Tshenolo 7:9.
15. Setlhopha sa molebeledi le ditsala tsa bone ba direla Jehofa ka metlha jang?
15 Tiro ya setlhopha sa molebeledi le ditsala tsa bone e sa ntse e tsweletse! Moya wa bone wa go dira ka pelo yotlhe o bontshiwa ke go dira ka tlhoafalo ga dimilione tsa batho ba ba ikanyegang ba ba tshegediwang ke balebedi ba ba etang le basadi ba bone; baithaopi mo magaeng a a farologaneng a Bethele le mo dikagong tsa Basupi ba ga Jehofa tse go gatisiwang dibuka mo go tsone; barongwa; babulatsela ba ba kgethegileng, ba ka metlha le ba nakwana. Mo godimo ga moo, ba dira ka natla go aga Diholo tse disha tsa Bogosi, go etela balwetse, go thusa batho ba ba lebaneng le maemo a a bokete a tsa kalafi, le go isa dithuso ka nako e e tshwanetseng mo bathong ba ba wetsweng ke masetlapelo le dikotsi. Ba le bantsi ba batho bano ba ba intshang setlhabelo gantsi ba dira “motshegare le bosigo” ka mmatota!—Tshenolo 7:14, 15.
16. Batlhanka ba ga Jehofa ‘ga ba mo neye tidimalo epe’ ka tsela efe?
16 Batlhanka ba ga Jehofa ba kgothadiwa gore ba rapele ba sa kgaotse, ba kope Modimo gore “thato ya [gagwe] e diragale le mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10; 1 Bathesalonika 5:17) Ba gakololwa jaana: “Lo se ka lwa . . . naya [Jehofa] tidimalo epe” go fitlha dikeletso le ditsholofelo malebana le go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri di diragadiwa. Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa go rapela ka metlha, a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba “[goele] kwa [Modimong] motshegare le bosigo.”—Luke 18:1-8.
Go Direla Modimo go Tla Duelwa
17, 18. (a) Banni ba Siona ba ka lebelela go ipelela maungo a tiro ya bone jang? (b) Batho ba ga Jehofa gompieno ba ipelela maungo a tiro ya bone jang?
17 Leina le lesha le Jehofa a le nayang batho ba gagwe le ba tlhomamisetsa gore maiteko a bone ga se a lefela. “Jehofa o ikanne ka seatla sa gagwe sa moja le ka lebogo la gagwe le le nonofileng: ‘Ga nkitla ke tlhola ke naya baba ba gago dijo tsa ditlhaka go nna dijo tsa bone, le fa e le batswakwa ga ba kitla ba nwa beine ya gago e ntšha, e o e diretseng ka natla. Mme bone ba ba di phuthang ba tla di ja, mme ruri ba tla baka Jehofa; mme ba ba e phuthang ba tla e nwa mo malwapeng a me a a boitshepo.’” (Isaia 62:8, 9) Seatla sa ga Jehofa sa moja le lebogo la gagwe le le nonofileng di tshwantshetsa maatla le nonofo ya gagwe. (Duteronome 32:40; Esekiele 20:50) Go ikana ga gagwe ka tsone go bontsha gore o iketleeditse go fetola seemo sa Siona. Ka 607 B.C.E., Jehofa o letla baba ba Siona go mo thukutha le go thopa dithoto tsa gagwe. (Duteronome 28:33, 51) Mme jaanong, dilwana tsa Siona di tla itumelelwa fela ke ba ba nang le tshwanelo ya tsone.—Duteronome 14:22-27.
18 Fa tsholofetso eno e diragadiwa mo motlheng wa gompieno, batho ba ga Jehofa ba ba busitsweng ba atlega tota semoyeng. Ba itumelela maungo a tiro ya bone ka botlalo—palo e e oketsegileng ya barutwa ba Bakeresete le dijo tse dintsi tsa semoya. (Isaia 55:1, 2; 65:14) E re ka batho ba ga Jehofa ba ikanyega, ga a letle baba ba bone ba kgoreletsa katlego ya bone ya semoya kgotsa ba ba amoga matswela a tirelo ya bone e e dirwang ka moya otlhe. Ga go tiro epe e e direlwang Jehofa e e se nang mosola.—Malaki 3:10-12; Bahebera 6:10.
19, 20. (a) Bajuda ba bulelwa jang tsela ya gore ba boele kwa Jerusalema? (b) Mo metlheng ya gompieno batho ba ba pelonolo ba buletswe tsela jang gore ba tsene mo phuthegong ya ga Jehofa?
19 Leina le lesha gape le dira gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba kgatlhegele phuthego ya ga Jehofa. Bontsintsi jwa batho bo phuthegela kwa go yone, mme ba nna ba buletswe tsela. Boporofeti jwa ga Isaia bo bolela jaana: “Tswelang kwa ntle, tswelang kwa ntle ka dikgoro. Bulelang batho tsela. Koaganyang, koaganyang tsela e kgolo. Tlosang maje mo go yone. Tsholeletsang ditšhaba sesupo.” (Isaia 62:10) Fa boporofeti jono bo diragadiwa la ntlha, pitso eno e tshwanetse ya bo e lebisitse kwa go tsweng ka dikgoro tsa metse ya Babelonia gore ba boele kwa Jerusalema. Batho ba ba boang ba tshwanetse ba tlosa maje mo tseleng le go dira gore mosepele o nne motlhofo le go tsholetsa sesupo se se bontshang tsela.—Isaia 11:12.
20 Fa e sa le ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba tlhaoletswe tirelo ya Modimo mme ba tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo.’ (Isaia 35:8) E ne e le bone ba ntlha go tsamaya mo tseleng e kgolo ya semoya ba tswa mo Babelona o Mogolo. (Isaia 40:3; 48:20) Modimo o ne a ba naya tshiamelo ya go etelela pele mo go boleleng ditiro tsa gagwe tse dikgolo le mo go bontsheng ba bangwe tsela e e yang kwa tseleng e kgolo. Go tlosa maje mo go yone—go tlosa dikgoreletsi—go ne go tla solegela bone thata molemo. (Isaia 57:14) Ba ne ba tlhoka go bona maikaelelo le dithuto tsa Modimo sentle. Ditumelo tsa maaka ke maje a a kgopang mo tseleng ya botshelo, mme Lefoko la ga Jehofa le ntse “jaaka noto ya go thula e e thubaganyang lefika le legolo.” Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba e dirisa go thuba maje a a kgopang a a neng a ka kgopa batho ba ba batlang go direla Jehofa.—Jeremia 23:29.
21, 22. Jehofa o tlhometse batho ba ba tlogelang bodumedi jwa maaka sesupo sefe, mme re itse jang?
21 Ka 537 B.C.E., Jerusalema e ne ya nna sesupo se se neng se bitsa masalela a Bajuda gore ba boe ba tle go aga tempele sesha. (Isaia 49:22) Ka 1919 fa batlodiwa ba masalela ba ne ba gololwa mo bokgobeng jwa bodumedi jwa maaka, ga ba a ka ba kailakaila fela. Ba ne ba itse kwa ba yang teng, gonne Jehofa o ne a ba tlhometse sesupo. Sesupo sefe? Sone sesupo se se boleletsweng pele mo go Isaia 11:10 e e balegang jaana: “Go tla diragala mo letsatsing leo gore go tla nna le modi wa ga Jese o o tla bong o eme jaaka sesupo sa ditšhaba.” Moaposetoloi Paulo o dirisa mafoko ano mo go Jesu. (Baroma 15:8, 12) Ee, sesupo ke Keresete Jesu, yo o busang e le Kgosi kwa Thabeng ya Siona ya selegodimo!—Bahebera 12:22; Tshenolo 14:1.
22 Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le dinku tse dingwe ba phuthelwa gaufi le Jesu Keresete gore ba tle go nna le seabe mo kobamelong e e kopanyang ya Modimo Mogodimodimo. Puso ya gagwe e tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe e bile e segofatsa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe. A leno ga se lebaka le le utlwalang la gore mongwe le mongwe wa rona a kopanele mo go mo tlotlomatseng ka go mmaka?
“Poloko ya Gago e Etla”!
23, 24. Batho ba ba nang le tumelo mo Modimong ba tlisediwa poloko jang?
23 Leina le lesha le Jehofa a le nayang phuthego ya gagwe ya sekamosadi le amana le poloko e e sa feleng ya bana ba gagwe. Isaia o kwala jaana: “Bona! Jehofa o dirile gore go utlwiwe go fitlha kwa karolong e e kgakala thata ya lefatshe: ‘Rayang morwadia Siona lo re, “Bona! Poloko ya gago e etla. Bona! Maduo ao a a nayang a na le ene, le dituelo tse a di duelang di fa pele ga gagwe.”’” (Isaia 62:11) Poloko e ne ya tlela Bajuda fa Babelona a ne a wa ba bo ba boela kwa nagagaeng ya bone. Mme mafoko ano a lebisitse go sengwe se segolwane. Polelo ya ga Jehofa e re gopotsa boporofeti jwa ga Sekarea malebana le Jerusalema: “Ipele thata, wena morwadia Siona. Goa ka phenyo, wena morwadia Jerusalema. Bona! Kgosi ya gago ka boyone e tla kwa go wena. E tshiamo, ee, e bolokilwe; e boikokobetso, e palame esele, phologolo e e godileng sentle e leng ngwana wa esele e namagadi.”—Sekarea 9:9.
24 Dingwaga di le tharo le sephatlo Jesu a sena go kolobediwa ka metsi a bo a tlodiwa ka moya wa Modimo, o ne a tsena mo Jerusalema a palame esele mme a phepafatsa tempele ya koo. (Mathaio 21:1-5; Johane 12:14-16) Gompieno, Jesu Keresete ke ene a tlisang poloko go tswa kwa go Jehofa a e tlisetsa botlhe ba ba nang le tumelo mo Modimong. Fa e sa le Jesu a bewa bogosi ka 1914, gape ke Moatlhodi le Modiragatsakatlholo yo o tlhomilweng wa ga Jehofa. Ka 1918, dingwaga di le tharo le sephatlo a sena go bewa bogosi, o ne a phepafatsa tempele ya ga Jehofa ya semoya, jaaka e emelwa mo lefatsheng ke phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Malaki 3:1-5) Go tlhomiwa ga gagwe jaaka sesupo go ne ga tshwaya tshimologo ya go phuthiwa mo gogolo ga batho ba Modimo ba tswa mo lefatsheng lotlhe, ba tshegetsa Bogosi jwa ga Mesia. Fela jaaka mo tiragalong ya bogologolo, “poloko” e ne ya tlela Iseraele wa Modimo fa ba ne ba gololwa mo Babelona o Mogolo ka 1919. “Maduo” kgotsa “dituelo” tse di tla tlelang ba ba dirang mo thobong e e tlhokang go intsha setlhabelo e ka nna go tshela kwa legodimong ba sa swe kgotsa go tshelela ruri mo lefatsheng. Botlhe ba ba nnang ba ikanyega ba ka tlhomamisa gore “tiro ya [bone e ba] e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng.”—1 Bakorintha 15:58.
25.Batho ba ga Jehofa ba tlhomamisediwa eng?
25 A bo phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo e na le tebelelo e e itumedisang jang ne, yone mmogo le baemedi ba yone ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng, le botlhe ba ba kopanelang le bone ka tlhoafalo! (Duteronome 26:19) Isaia o ne a porofeta jaana: “Ruri batho ba tla ba bitsa batho ba ba boitshepo, ba ba rekolotsweng ke Jehofa; mme wena o tla bidiwa Yo o Batliwang, Motse o o Sa Tlogelwang Gotlhelele.” (Isaia 62:12) Ka nako nngwe “Jerusalema o o kwa godimo,” yo o emelwang ke Iseraele wa Modimo, o ne a ikutlwa a latlhegile. Ga a kitla a tlhola a ikutlwa jalo gape. Jehofa o tla tlhokomela batho ba gagwe ka bosakhutleng a ba sireleditse, a ba amogela ka metlha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo boporofeting jwa Baebele “leina le lesha” le ka supa maemo kgotsa tshiamelo e ntšha.—Tshenolo 2:17; 3:12.
[Lebokoso mo go tsebe 342]
Sekao sa Maemo a a Kwa Godimo sa Lenyalo
Fa batho ba nyalana, ba na le se bone ba se lebeletseng ka kgolagano ya lenyalo. Mme Modimo ene o lebeletse dilo dife? Ke ene a simolotseng thulaganyo ya lenyalo. O ne a ikaeletse eng ka lone?
Sengwe se se supang kafa Modimo a le lebang ka teng ke tsela e a neng a dirisana ka yone le setšhaba sa Iseraele. Isaia o tshwantsha kamano eno le lenyalo. (Isaia 62:1-5) Ela tlhoko se Jehofa Modimo jaaka “monna” a se direlang “monyadiwa” wa gagwe. O a mo sireletsa le go mo galaletsa. (Isaia 62:6, 7, 12) O a mo tlotla le go mo tseela kwa godimo. (Isaia 62:3, 8, 9) Mme o a mo rata, jaaka go bontshiwa ke maina a masha ao a mo nayang one.—Isaia 62:4, 5, 12.
Fela jaaka Isaia a ne a tshwantsha kamano ya ga Jehofa le Iseraele le kamano ya monna le mosadi Paulo le ene mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika o tshwantsha kamano ya monna le mosadi le kamano ya ga Keresete le phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng.—Baefeso 5:21-27.
Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore mo manyalong a bone ba etse kamano e e fa gare ga Jesu le phuthego. Go ka se nne le lorato lo lo fetang lo Jehofa a lo bontshang Iseraele le lo Keresete a lo bontshang phuthego. Dikamano tseo tsa tshwantshetso di naya Bakeresete ba ba nyalaneng sekao sa maemo a a kwa godimo sa lenyalo le le atlegileng le le le itumetseng.—Baefeso 5:28-33.
[Setshwantsho mo go tsebe 339]
Jehofa o tla bitsa Siona wa selegodimo ka leina le lesha
[Ditshwantsho mo go tsebe 347]
Mo metlheng ya segompieno setlhopha sa ga Jehofa sa molebeledi ga se a didimala fela