Kgaolo ya Masomeamabedinnè
Jehofa o Itirela Leina le Lentle
1, 2. (a) Bakeresete ba kgatlhegela eng thata mo ‘letsatsing la ga Jehofa’ le le tlang? (b) Lebaka le le botlhokwa la go tla ga letsatsi la ga Jehofa ke lefe?
MO DINGWAGENG di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng Bakeresete ba ntse ba “letetse e bile [ba] ntse [ba] akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.” (2 Petere 3:12; Tito 2:13) Go a utlwala go bo ba tlhoafaletse go tla ga letsatsi leo. Aitsane, mo letsatsing leo ba tla simolola go gololwa mo tshenyong e e bakilweng ke bosaitekanelang. (Baroma 8:22) Gape ka lone dikgatelelo tse ba nang le tsone ‘mo dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ di tla fela.—2 Timotheo 3:1.
2 Le fa go ntse jalo, e re ntswa letsatsi la ga Jehofa le tla tlisetsa basiami kgololo, “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu” bone le tla ba tlisetsa tshenyego. (2 Bathesalonika 1:7, 8) Kgang eno e masisi. A ruri Modimo o tla senya baikepi e le fela gore a golole batho ba gagwe mo maemong a a botlhoko? Kgaolo ya bo63 ya Isaia e bontsha gore go na le lebaka le le botlhokwa go feta leo, e leng, go itshepisiwa ga leina la Modimo.
Go Gwanta ga Motlhabani yo o Fenyang
3, 4. (a) Maemo e ne e le afe pele ga boporofeti jwa Isaia kgaolo 63? (b) Isaia o bona mang a gwantela ntlheng ya Jerusalema, mme bakanoki bangwe ba ile ba re yono ke mang?
3 Mo go Isaia kgaolo 62 re badile ka ga go gololwa ga Bajuda mo botshwarong kwa Babelona le go busediwa ga bone kwa nagagaeng ya bone. Go a utlwala gore go bo go ka bodiwa potso eno: A masalela a a buseditsweng gae a Bajuda a tla tlhoka go boifa gore a tla tlhaselwa gape ke ditšhaba tse dingwe tse e leng baba? Ponatshegelo ya ga Isaia e dira gore ba wele dibete tota. Boporofeti jono bo simolola jaana: “Ke mang yono yo o tswang kwa Edoma, yo o nang le diaparo tsa mebala e e tsabakelang go tswa kwa Bosera, yono yo o tlotlegang mo diaparong tsa gagwe, a gwanta ka maatla a gagwe a magolo?”—Isaia 63:1a.
4 Isaia o bona motlhabani, a le matlhagatlhaga e bile a itumetse, a gwantela ntlheng ya Jerusalema. Diaparo tsa gagwe tse dintlentle di bontsha gore ke wa maemo a a kwa godimodimo. O tswa kwa ntlheng ya motse o o tlhomologileng go e feta yotlhe ya Edoma, e leng Bosera, se se bontshang gore o fentse naga eo ya mmaba ka phenyo e kgolo. Motlhabani yono e ka tswa e le mang? Bakanoki bangwe ba mo tsaya e le Jesu Keresete. Ba bangwe ba dumela gore ke moeteledipele wa sesole wa Bajuda e bong Judas Maccabaeus. Le fa go ntse jalo, motlhabani yono ka boene o bontsha gore ke mang fa a araba potso e e fa godimo ka go re: “Ke nna, Yo o buang ka tshiamo, Yo o nang le maatla a mantsi a go boloka.”—Isaia 63:1b.
5. Motlhabani yo o bonwang ke Isaia ke mang, mme ke eng fa o araba jalo?
5 Kwantle ga pelaelo motlhabani yono ke Jehofa Modimo ka boene. Mo ditemaneng tse dingwe o tlhalosiwa a na le “bogolo jwa maatla a a boitshegang” e bile a ‘bua se se siameng.’ (Isaia 40:26; 45:19, 23) Diaparo tse dintlentle tsa motlhabani yono di re gopotsa mafoko a mopesalema: “Wena Jehofa Modimo wa me, o itshupile o le mogolo thata. O apere thata le bontlentle.” (Pesalema 104:1) Le fa Jehofa e le Modimo yo o lorato, Baebele e bontsha gore o nna motlhabani fa go tlhokega.—Isaia 34:2; 1 Johane 4:16.
6. Ke eng fa Jehofa a tswa kwa ntweng kwa Edoma?
6 Le fa go ntse jalo, ke eng fa Jehofa a tswa kwa ntweng kwa Edoma? Baedoma, ba ba sa ntseng ba tshwere letlhoo le le sa leng le simologile ka rraabonemogologolwane, Esau, ga ba bolo go nna baba ba batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone. (Genesise 25:24-34; Dipalo 20:14-21) Tsela e Edoma a neng a tlhoile Juda thata ka yone e ne ya bonala segolobogolo ka nako ya go swafadiwa ga Jerusalema fa Baedoma ba ne ba rotloetsa masole a Babelona. (Pesalema 137:7) Jehofa o leba letlhoo le le ntseng jalo e le go direla ene ka namana molato. Ke sone se a neng a ititaya sehuba gore o tla kgatikanya tšhaka ya gagwe ya go ipusolosetsa mo Edoma!—Isaia 34:5-15; Jeremia 49:7-22.
7. (a) Boporofeti jo bo kgatlhanong le Edoma bo ne jwa diragadiwa jang la ntlha? (b) Edoma e tshwantshetsa eng?
7 Ka jalo ponatshegelo ya ga Isaia e kgothatsa Bajuda ba ba boelang kwa Jerusalema fela thata. E ba tlhomamisetsa gore ba tla nna ba sireletsegile mo legaeng la bone le lesha. Ee ruri, mo metlheng ya ga moporofeti Malaki, Modimo o ne a dira “dithaba tsa [Edoma] kgakgabalo le boswa jwa gagwe go nna jwa bophokoje ba kwa nageng.” (Malaki 1:3) A mme seno he se kaya gore boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo diragaditswe jotlhe mo motlheng wa ga Malaki? Nnyaa, gonne le fa Edoma e ne e swafetse, e ne e ikaeletse go aga sesha mafelo a yone a a swafetseng, mme Malaki o ne a tswelela ka go bitsa Edoma “karolo ya naga ya boikepo” le “batho ba Jehofa a ba atlhotseng ka bosakhutleng.”a (Malaki 1:4, 5) Le fa go ntse jalo, mo boporofeting, Edoma ga se ditlogolwana tsa ga Esau fela. E tshwantshetsa ditšhaba tsotlhe tse di itshupang e le baba ba baobamedi ba ga Jehofa. Ditšhaba tsa Labokeresete di ntse di di goga kwa pele thata mo ntlheng eno. Go tla diragala eng ka Edoma yono wa motlha wa gompieno?
Segatisetso sa Beine
8, 9. (a) Motlhabani yo o bonwang ke Isaia o ntse a dira eng? (b) Segatisetso sa beine sa tshwantshetso se gatakwa leng le gone jang?
8 Isaia o botsa motlhabani yono yo o boang jaana: “Ke ka ntlha yang fa diaparo tsa gago di le dikhibidu, diaparo tsa gago di tshwana le tsa mongwe yo o gatang mo segatisetsong sa beine?” Jehofa o araba jaana: “Ke gatile bogatisetso jwa beine ke le nosi, go se na motho go tswa kwa ditšhabeng yo o nang le nna. Mme ke ne ka nna ka ba gata ka bogale jwa me, ka nna ka ba gataka ka tšararego ya me. Mme madi a bone a a tsapogang a ne a nna a kgatšhegela diaparo tsa me, mme ke kgotletse diaparo tsa me tsotlhe.”—Isaia 63:2, 3.
9 Mafoko ano a a buang puo phaa a tlhalosa go bolawa ga batho ba bantsi. Ebu, tota le diaparo tsa Modimo tse dintle di mathegetswe, jaaka diaparo tsa motho yo o gatang segatisetso sa beine! Segatisetso sa beine ke setshwantsho se se tshwanelang sentle boemo jwa go tlhoka kgoro ya botso jo baba ba ga Jehofa Modimo ba iphitlhelang ba le mo go jone fa a tsaya kgato ya go ba senya. Segatisetso seno sa beine sa tshwantshetso se tla gatakwa leng? Polelelopele ya ga Joele le ya ga moaposetoloi Johane le tsone di bua ka segatisetso sa beine sa tshwantshetso. Segatisetso sa beine sa dipolelelopele tseo se tla gatakwa fa Jehofa a gataka baba ba gagwe a ba senya ka Haramagedona. (Joele 3:13; Tshenolo 14:18-20; 16:16) Segatisetso sa beine sa boporofeti jwa ga Isaia se bua ka yone nako eo.
10. Ke eng fa Jehofa a re o gatile segatisetso sa beine a le nosi?
10 Mme gone, ke eng fa Jehofa a re o gatile segatisetso seno sa beine a le nosi, go se na ope yo o nang le ene go tswa kwa ditšhabeng? A Jesu Keresete, jaaka moemedi wa Modimo, ga a ne a etelela pele mo go gateng segatisetso seno sa beine? (Tshenolo 19:11-16) Ee, mme Jehofa o bua ka batho, e seng dibopiwa tsa moya. O raya gore ga go na motho ope yo o ka kgonang tiro ya go fedisa balatedi ba ga Satane mo lefatsheng. (Isaia 59:15, 16) Ke gone fela gore Modimo Mothatayotlhe a nne a ba gate ka bogale jwa gagwe, go fitlha ba kgemethilwe gotlhelele.
11. (a) Ke eng fa Jehofa a tlisa “letsatsi la pusoloso”? (b) Mo metlheng ya bogologolo “ba ba rekolotsweng” e ne e le bomang, mme gompieno ke bomang?
11 Jehofa o tswelela pele go tlhalosa gore ke eng fa a dira tiro eno ka boene, a re: “Letsatsi la pusoloso le mo pelong ya me, le ngwaga wa batho ba me ba ba rekolotsweng o gorogile.” (Isaia 63:4)b Jehofa ke ene fela a nang le tshwanelo ya go ipusolosetsa mo bathong ba ba utlwisang batho ba gagwe botlhoko. (Duteronome 32:35) Mo metlheng ya bogologolo, “ba ba rekolotsweng” e ne e le Bajuda ba ba ileng ba bogisiwa ke Bababelona. (Isaia 35:10; 43:1; 48:20) Mo metlheng ya gompieno ke masalela a a tloditsweng. (Tshenolo 12:17) Jaaka batho ba seemo sa bone ba bogologolo, ba rekolotswe mo botshwarong jwa bodumedi. Mme fela jaaka Bajuda bao, batlodiwa, mmogo le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe,” ba ile ba bogisiwa le go ganediwa. (Johane 10:16) Ka jalo boporofeti jwa ga Isaia bo tlhomamisetsa Bakeresete gompieno gore ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, O tla tsaya kgato go ba thusa.
12, 13. (a) Jehofa ga a na mothusi ka tsela efe? (b) Lebogo la ga Jehofa le tlisa poloko jang, mme tšararego ya gagwe e mo tshegetsa jang?
12 Jehofa o tswelela jaana: “Ke ne ka nna ka leba, mme go ne go se na mothusi; ka simolola go itshupa ke akabetse, mme go ne go se na ope yo o ntshegetsang. Ka jalo lebogo la me le ne la nnaya poloko, le tšararego ya me e ne ya ntshegetsa. Ka nna ka gataka ditšhaba ka bogale jwa me, mme ka dira gore ba tagwe ke tšararego ya me mme ka folosetsa madi a bone a a tsapogang mo lefatsheng.”—Isaia 63:5, 6.
13 Ga go mothusi ope wa motho yo o ka reng o tshwanelwa ke go tlotlomalediwa letsatsi le legolo la ga Jehofa la pusoloso. E bile Jehofa ga a tlhoke tshegetso ya motho ope gore a dire thato ya gagwe.c Lebogo la gagwe la nonofo e e maatla a a seng kana ka sepe le ka kgona tiro eo. (Pesalema 44:3; 98:1; Jeremia 27:5) Mo godimo ga moo, tšararego ya gagwe e a mo tshegetsa. Jang? Ka gonne tšararego ya Modimo ga se boikutlo fela jo bo sa laolegeng mme ke bogale jo bo siameng. E re ka Jehofa ka metlha a tsaya kgato go ya ka melaometheo e e siameng, bogale jwa gagwe bo a mo tshegetsa le go mo rotloetsa jaaka a ‘folosetsa madi a a tsapogang’ a baba ba gagwe “mo lefatsheng,” a ba tlhabisa ditlhong le go ba fenya.—Pesalema 75:8; Isaia 25:10; 26:5.
Bopelonomi jo bo Lorato Jwa Modimo
14. Jaanong Isaia o naya dikgakololo dife tse di tshwanelang?
14 Mo metlheng e e fetileng, Bajuda ba ile ba itlhaganelela go felelwa ke kanaanelo ya dilo tse Jehofa a neng a di ba direla. Go a tshwanela he, go bo Isaia a ba gakolola gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a dira dilo tseo. Isaia o bolela jaana: “Ke tla umaka bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo lorato, dipako tsa ga Jehofa, go ya ka sotlhe se Jehofa a se re diretseng, le eleng bogolo jwa molemo mo ntlong ya Iseraele jo a bo ba neileng go ya ka mautlwelobotlhoko le kafa letlotlong la bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato. Mme a tswelela a re: ‘Eleruri ke batho ba me, barwa ba ba se kitlang ba nna maaka.’ Ka jalo o ne a nna Mmoloki mo go bone. Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata. Mme morongwa wa gagwe ka namana o ne a ba boloka. O ne a ba rekolola mo loratong lwa gagwe le mo bopelotlhomoging jwa gagwe, mme a ba tsholetsa a bo a ba tshola malatsi otlhe a bogologolo.”—Isaia 63:7-9.
15. Jehofa o ne a bontsha bana ba ga Aborahame kwa Egepeto bopelonomi jwa lorato jang mme o ne a direlang jalo?
15 A bo Jehofa a bontsha sekao se sentle jang ne sa go bontsha bopelonomi jwa lorato, kgotsa lorato lwa boikanyegi! (Pesalema 36:7; 62:12) Jehofa o ne a nna le kamano e e lorato le Aborahame. (Mika 7:20) O ne a solofetsa tlhogo eno ya lotso gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di ne di tla itshegofatsa ka losika lwa gagwe kgotsa bana ba gagwe. (Genesise 22:17, 18) Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso eo, a bontsha ntlo ya Iseraele bomolemo jo bogolo. Tiro nngwe e e tlhomologileng e a neng a e dira ya boikanyegi e ne e le go golola bana ba ga Aborahame mo bokgobeng kwa Egepeto.—Ekesodo 14:30.
16. (a) Jehofa o ne a leba dilo jang fa a ne a dira kgolagano ya gagwe le Iseraele? (b) Modimo o dirisana jang le batho ba gagwe?
16 Morago ga Khuduga, Jehofa o ne a tlisa Iseraele kwa Thabeng ya Sinai mme a solofetsa jaana: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng . . . Mme lo tla nna bogosi jwa baperesiti mo go nna le setšhaba se se boitshepo.” (Ekesodo 19:5, 6) A Jehofa o ne a tsietsa ka go solofetsa jaana? Nnyaa, gonne Isaia o senola gore Jehofa o ne a ipolelela a re: “Eleruri ke batho ba me, barwa ba ba se kitlang ba nna maaka.” Mokanoki mongwe o akgela jaana: “‘Eleruri’ yono ga a buiwe e le taelo ya bolaodi kgotsa go bonela dilo pele: ke tsholofelo le tshepo ya lorato.” Ee, Jehofa o dirile kgolagano ya gagwe ka bopeloephepa, a batla ka pelo yotlhe gore batho ba gagwe ba atlege. Le mororo go ne go le pepenene gore ba dira diphoso, o ne a bontsha gore o a ba tshepa. A bo go le molemo jang ne go obamela Modimo yo o ikanyang baobamedi ba gagwe jalo! Gompieno bagolwane ba nonotsha batho ba ba beilweng mo tlhokomelong ya bone tota fa le bone ba bontsha gore ba tshepa bomolemo jwa batho ba Modimo.—2 Bathesalonika 3:4; Bahebera 6:9, 10.
17. (a) Jehofa o ile a naya bosupi bofe jwa gore o rata Baiseraele? (b) Gompieno re ka nna le tsholofelo efe?
17 Le fa go ntse jalo, mopesalema o bolela jaana malebana le Baiseraele: “Ba ne ba lebala Modimo Mmoloki wa bone, Modiri wa dilo tse dikgolo kwa Egepeto.” (Pesalema 106:21) Gantsi boikutlo jwa bone jwa go sa utlwe, go nna thamoethata bo ne bo ba tsenya mo mathateng. (Duteronome 9:6) A Jehofa o ne a tlogela go ba bontsha bopelonomi jwa lorato? Mo boemong jwa seo, Isaia o bolela gore “mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.” A bo Jehofa a le kutlwelobotlhoko jang ne! Jaaka rre ope fela yo o lorato, go ne go utlwisa Modimo botlhoko go bona bana ba gagwe ba boga, le fa ba ne ba boga ka ntlha ya boeleele jwa bone. Jaaka go ne go boleletswe pele e bile e le bosupi jwa lorato lwa gagwe, o ne a romela “morongwa wa gagwe ka namana,” yo e tshwanetseng ya bo e ne e le Jesu pele a nna motho, gore a ba etelele pele go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng. (Ekesodo 23:20) Ka gone Jehofa o ne a tsholetsa setšhaba, a se tshola “fela jaaka motho a tshola morwawe.” (Duteronome 1:31; Pesalema 106:10) Gompieno re ka tlhomamisa gore fela jalo Jehofa o a itse fa re boga le gore o re utlwela botlhoko fa re le mo dipharagobeng. Re ka ‘latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo go ene ka tsholofelo, ka gonne o a re kgathalela.’—1 Petere 5:7.
Modimo o Nna Mmaba
18. Ke eng fa Jehofa a ile a nna mmaba wa batho ba gagwe?
18 Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga re a tshwanela go tsaya bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo motlhofo. Isaia o tswelela jaana: “Bone ba ne ba tsuologa mme ba utlwisa moya wa gagwe o o boitshepo botlhoko. Jaanong o ne a fetoga mmaba wa bone; ene o ne a lwa le bone.” (Isaia 63:10) Jehofa o ne a tlhagisa gore le fa e le Modimo yo o kutlwelobotlhoko le pelontle, ga a “kitla a golola mo kotlhaong ka gope.” (Ekesodo 34:6, 7) Baiseraele ba ne ba dira gore ba tshwanelwe ke kotlhao ka go nnela go tsuologa. Moshe o ne a ba gakolola jaana: “O se ka wa lebala kafa o galefisitseng Jehofa Modimo wa gago ka gone kwa nageng. Go simolola ka letsatsi le o duleng kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go fitlha lo tla mo lefelong leno lo ntse lo itshwara ka go tsuologela Jehofa.” (Duteronome 9:7) Ka go gana ditiro tse dintle tsa moya wa Modimo, ba ile ba o utlwisa botlhoko kgotsa ba o hutsafatsa. (Baefeso 4:30) Ba pateleditse Jehofa gore a nne mmaba wa bone.—Lefitiko 26:17; Duteronome 28:63.
19, 20. Bajuda ba gakologelwa dilo dife, mme ka ntlha yang?
19 Fa Bajuda ba le mo mathateng, bangwe ba bone ba tlhotlheletsega go tlhatlhanya ka dilo tsa nako e e fetileng. Isaia a re: “Mongwe a simolola go gakologelwa malatsi a bogologolo, Moshe motlhanka wa gagwe: ‘O kae Yo o ba tlhatlositseng mo lewatleng le badisa ba letsomane la gagwe? O kae Yo o tsentseng moya wa Gagwe o o boitshepo mo go ene? Ene Yo o dirang gore lebogo la Gagwe le lentle le ye mo seatleng sa ga Moshe sa moja; Ene Yo o kgaoganyang metsi fa pele ga bone gore a itirele leina le le nnang ka bosakhutleng; Ene Yo o dirang gore ba tsamaye mo metsing a a bilogang, gore ba bo ba sa ka ba kgopiwa jaaka pitse mo nageng? Fela jaaka fa sebatana se fologela mo lebaleng la mokgatšha, moya wa ga Jehofa o ne wa dira gore ba ikhutse.’”—Isaia 63:11-14a.d
20 Ee, e re ka ba utlwa ditlamorago tsa go tlhoka kutlo, Bajuda ba eletsa metlha ya fa Jehofa e ne e le Mogolodi wa bone e se mmaba wa bone. Ba gakologelwa kafa “badisa” ba bone, Moshe le Arone ba neng ba ba etelela pele ka gone ba sireletsegile go ralala Lewatle le Lehibidu. (Pesalema 77:20; Isaia 51:10) Ba gakologelwa nako e ka yone ba neng ba sa utlwise moya wa Modimo botlhoko mme o ba etelela pele ka kaelo ya ga Moshe le banna ba bangwe ba bagolwane ba ba tlhomilweng ka moya. (Dipalo 11:16, 17) Gape ba gopola ba bona ‘lebogo la ga Jehofa le lentle’ la maatla le dirisiwa go ba thusa ka Moshe! Fa nako e ntse e ya, Modimo o ne a ba ntsha mo nageng e kgolo le e e boifisang mme a ba isa kwa nageng e e elang mashi le dinotshi—lefelo la boikhutso. (Duteronome 1:19; Joshua 5:6; 22:4) Le fa go ntse jalo, gone jaanong Baiseraele ba boga ka gonne ba sa tlhole ba amogelwa ke Modimo!
‘O Itirela Leina le Lentle’
21. (a) Iseraele o ka bo a nnile le tshiamelo efe e kgolo malebana le leina la Modimo? (b) Lebaka la Modimo la konokono la go golola ditlogolwana tsa ga Aborahame kwa Egepeto e ne e le lefe?
21 Le fa go ntse jalo, dithoto tse di latlhegetseng Baiseraele ga se tsa sepe fa di bapisiwa le tshiamelo e ba e latlhileng ya go nna le seabe mo go galaletseng leina la Modimo. Moshe o ne a solofetsa Baiseraele jaana: “Jehofa o tla go itlhomela jaaka setšhaba se se boitshepo, fela jaaka a ne a go ikanela, ka gonne o tswelela o boloka ditaelo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, mme o tsamaile mo ditseleng tsa gagwe. Mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshwanelwa ke go bona gore leina la ga Jehofa le bidiwa mo go wena, mme ruri di tla go boifa.” (Duteronome 28:9, 10) Fa Jehofa a ne a sireletsa ditlogolwana tsa ga Aborahame, a ba golola mo bokgobeng kwa Egepeto, o ne a sa dire jalo fela gore a dire gore botshelo bo nne motlhofo le gore bo ba natefele. O ne a direla sengwe se se botlhokwa le go feta—leina la gagwe. Ee, o ne a tlhomamisa gore leina la gagwe ‘le bolelwa mo lefatsheng lotlhe.’ (Ekesodo 9:15, 16) Mme fa Modimo a ne a bontsha bopelotlhomogi morago ga botsuolodi jwa Iseraele kwa nageng, lebaka la gagwe la go dira jalo e ne e se kgang ya go tseega maikutlo fela. Jehofa ka boene o ne a re: “Ke ne ka tsaya kgato ka ntlha ya leina la me gore le se ka la itshepololwa fa pele ga matlho a ditšhaba.”—Esekiele 20:8-10.
22. (a) Mo isagweng, ke ka ntlha yang fa Modimo a tla boa a lwela batho ba gagwe? (b) Lorato lo re ratang leina la Modimo ka lone lo ama ditiro tsa rona jang?
22 Go tswa foo Isaia o konela boporofeti jono ka tsela e e maatla tota! A re: “Ka gone o ne wa etelela batho ba gago pele gore o itirele leina le lentle.” (Isaia 63:14b) Jaanong go bonala sentle gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a lwela batho ba gagwe ka thata. Ke gore a tle a itirele leina le lentle. Ka gone boporofeti jwa ga Isaia ke kgopotso e e maatla ya gore go sikara leina la ga Jehofa ke tshiamelo e e boitshegang e bile ke boikarabelo jo bogolo. Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba rata leina la ga Jehofa go feta matshelo a bone. (Isaia 56:6; Bahebera 6:10) Ba gana go dira sepe fela se se ka tlisetsang leina le le boitshepo leo kgobo. Ba tsibogela lorato lwa Modimo lwa boikanyegi ka go nna ba ikanyega mo go ene. Mme ka gonne ba rata leina le lentle la ga Jehofa, ba tlhoafaletse letsatsi le ka lone a tla gatakang baba ba gagwe mo segatisetsong sa beine sa bogale jwa gagwe—e seng fela ka gonne ba tla solegelwa molemo mme ka gonne seo se tla galaletsa leina la Modimo yo ba mo ratang.—Mathaio 6:9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bo-Herode ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. e ne e le Baedoma.
b Polelwana e e reng “ngwaga wa batho ba me ba ba rekolotsweng” e ka tswa e lebisitse go nako e e tshwanang le ya polelwana e e reng “letsatsi la pusoloso.” Ela tlhoko kafa mafoko a a tsamaisanang le ano a dirisiwang a bapile ka teng mo go Isaia 34:8.
c Jehofa o akabadiwa ke gore ga go na ope yo o neng a tla go mo tshegetsa. Eleruri go ka bonala go akabatsa gore dingwaga di ka nna 2 000 morago ga loso lwa ga Jesu, batho ba ba nang le thata mo lefatsheng ba sa ntse ba ganetsa thato ya Modimo.—Pesalema 2:2-12; Isaia 59:16.
d Temana eno gape e ne e ka simolola jaana: “A simolola go gakologelwa.” (Isaia 63:11, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore Jehofa ke ene a gakologelwang. Mafoko a a latelang a bontsha maikutlo a batho ba Modimo e seng a ga Jehofa ka boene. Ka gone Soncino Books of the Bible e ranola mafoko ano e re: “Mme batho ba Gagwe ba gakologelwa malatsi a bogologolo.”
[Setshwantsho mo go tsebe 359]
Jehofa o ne a lebeletse se se molemo mo bathong ba gagwe