Kgaolo ya Masomeamabedithataro
“Lo Ipele ka Bosaengkae Mo go Se ke Se Bopang”
1. Moaposetoloi Petere o ne a kwala mafoko afe a a kgothatsang, mme go ka bodiwa potso efe?
A TSHIAMOLOLO le pogo di tla tsamaya di fela? Dingwaga di feta 1 900 tse di fetileng moaposetoloi Petere o ne a kwala mafoko ano a a kgothatsang: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Petere, mmogo le batlhanka ba bangwe ba bantsi ba ba ikanyegang ba Modimo go ralala makgolokgolo a dingwaga, ba ne ba tlhoafaletse letsatsi le legolo le ka lone tlolomolao, kgatelelo le thubakanyo di neng di tla fela mme di tseelwe sebaka ke tshiamo. A re ka tlhomamisa gore tsholofetso eno e tla diragadiwa?
2. Ke moporofeti ofe yo o neng a buile ka “magodimo a masha le lefatshe le lesha,” mme boporofeti joo jwa bogologolo bo diragadiwa ka makgetlho afe?
2 Ee ruri! Fa Petere a ne a bua ka “magodimo a masha le lefatshe le lesha,” o ne a sa bue ka sengwe se sesha. Dingwaga di ka nna 800 pelenyana, Jehofa o ne a dirisitse moporofeti Isaia go bolela mafoko a a tshwanang le ao. Tsholofetso eo ya pelenyana e ne ya diragadiwa ka tsela e potlana ka 537 B.C.E. fa Bajuda ba ne ba gololwa mo botshwarong jwa Babelona, gore ba kgone go boela kwa nagagaeng ya bone. Mme boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa ka tsela e kgolwane gompieno, e bile re tlhoafaletse go bona bo diragadiwa ka tsela e e kgatlhang le go feta mo lefatsheng le lesha la Modimo le le tlang. Ee ruri, boporofeti jo bo nametsang jo bo newang ka Isaia bo re bontsha maoko a masego a Modimo a a rulaganyeditseng batho ba ba mo ratang.
Jehofa o Laletsa “Batho ba ba Tlhogoethata”
3. Re arabelwa potso efe mo go Isaia kgaolo 65?
3 Gakologelwa gore mo go Isaia 63:15–64:12 go na le thapelo ya ga Isaia ya boporofeti e e rapelelwang batshwarwa ba Bajuda ba ba kwa Babelona. Jaaka mafoko a ga Isaia a bontsha, Bajuda ba le bantsi ga ba obamele Jehofa ka moya otlhe, mme bangwe ba ikwatlhaile e bile ba retologetse kwa go ene. A jaanong Jehofa o tla busa setšhaba seno ka ntlha ya masalela ao a a ikwatlhaileng? Re fitlhela karabo mo go Isaia kgaolo 65. Mme pele Jehofa a bolela tsholofetso ya go golola ba ba seng kae ba ba ikanyegang, o tlhalosa katlholo e e tla diragalelang bontsi jo bo se nang tumelo.
4. (a) Ke bomang ba ba tla batlang Jehofa, go farologana le batho ba gagwe ba ba tsuologang? (b) Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa Isaia 65:1, 2 jang?
4 Jehofa o itshoketse botsuolodi jo bo sa feleng jwa batho ba gagwe. Le fa go ntse jalo, nako e etla e ka yone a tla ba tlogelelang baba ba bone a bo a amogela batho ba sele. Jehofa o bolela jaana ka Isaia: “Ke itetlile gore ke batliwe ke batho ba ba neng ba sa botsa ka ga me. Ke itetlile gore ke bonwe ke batho ba ba neng ba sa mpatla. Ke rile, ‘Ke fano, ke fano!’ mo setšhabeng se se neng se sa bitse leina la me.” (Isaia 65:1) Ke ntlha e e utlwisang botlhoko ka batho ba Jehofa a dirileng kgolagano le bone gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba tla tla kwa go Jehofa fa Juda yo o tlhogoethata ene a tla gana go dira jalo jaaka setšhaba. Isaia ga se ene fela moporofeti yo o bolelelang pele gore kgabagare Modimo o tla tlhopha batho ba pele ba neng ba sa itsewe. (Hosea 1:10; 2:23) Moaposetoloi Paulo o ne a nopola Isaia 65:1, 2 mo go Septuagint go supa gore batho ba ditšhaba ba ne ba tla nna le “tshiamo e e nnang gone ka ntlha ya tumelo” le mororo ba ba tshotsweng e le Bajuda bone ba ne ba gana go dira jalo.—Baroma 9:30; 10:20, 21.
5, 6. (a) Jehofa o bontshitse keletso efe e e tswang pelong, mme batho ba gagwe ba e tsibogetse jang? (b) Re ka ithuta eng mo tseleng e Jehofa a neng a dirisana le Juda ka yone?
5 Jehofa o tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a tla letla batho ba gagwe ba boga: “Ke otlololetse batho ba ba tlhogoethata diatla tsa me letsatsi lotlhe, ba ba tsamayang mo tseleng e e sa siamang, ba latela dikakanyo tsa bone.” (Isaia 65:2) Go otlolola diatla go supa go laletsa kana go ikuela. Jehofa o otlolotse diatla tsa gagwe, e seng ka nakwana fela, mme letsatsi lotlhe. O eletsa ka pelo yotlhe gore Juda a boele kwa go ene. Mme setšhaba seno se se tlhogoethata ga se a tsibogela taletso eo.
6 A bo mafoko a ga Jehofa a re naya thuto e e molemo jang ne! O batla gore re mo atamele ka gonne ke Modimo yo o atamelesegang. (Jakobe 4:8) Mafoko ano gape a re bontsha gore Jehofa o ikokobeditse. (Pesalema 113:5, 6) Aitsane, o tswelela pele go otlolola diatla tsa gagwe ka tsela ya tshwantshetso, a laletsa batho ba gagwe gore ba boe le mororo botlhogoethata jwa bone bo mo ‘utlwisitse botlhoko.’ (Pesalema 78:40, 41) Kgabagare o ba tlogelela baba ba bone, e le fa a sena go nna a ba kopa ka makgolokgolo a dingwaga. Le teng, ga a gane bangwe ba bone ba ba ikokobeditseng.
7, 8. Batho ba ga Jehofa ba ba tlhogoethata ba ile ba mo rumola ka ditsela dife?
7 Bajuda ba ba tlhogoethata ba ile ba rumola Jehofa gangwe le gape ka boitshwaro jwa bone jo bo tlhabisang ditlhong. Jehofa o tlhalosa ditiro tsa bone tse di bosula jaana: “Setšhaba se se bopilweng ka ba ba nkgopisang fa pele ga sefatlhego sa me ka metlha, ba ntsha setlhabelo mo ditshingwaneng e bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo godimo ga ditena, ba ba nnang mo mafelong a go fitlhela, bao gape ba lalang bosigo mo matlwaneng a tebelo, ba ja nama ya kolobe, le moro wa dilo tse di leswe o le mo dijaneng tsa bone; ba ba reng, ‘Nna foo. O se ka wa nkatamela, gonne ruri ke tla fetisetsa boitshepo mo go wena.’ Bano ke mosi mo marobeng a dinko tsa me, molelo o o tukang letsatsi lotlhe.” (Isaia 65:3-5) Batho bano ba ba bonalang e kete ba ineetse mo tumelong ba kgopisa Jehofa ‘fa pele ga sefatlhego sa gagwe’—polelwana e e ka kayang go talela le go tlhoka tlotlo. Ga ba itshwenye le ka go fitlha makgapha a ba a dirang. A ga go makgapha bogolo jang go dira maleo fa pele ga Ene yo o tshwanetseng go ka bo a tlotliwa le go ikobelwa?
8 Tota baleofi bano ba ba iponang ba siame ba raya Bajuda ba bangwe ba re: ‘Nnela kgakala, gonne ke boitshepo go go feta.’ A boitimokanyo! Batho bano ba ba “ineetseng mo tumelong” ba ntsha ditlhabelo le maswalo a a fisiwang ba a ntshetsa medimo ya maaka, e Molao wa Modimo o e kgalang. (Ekesodo 20:2-6) Ba ntse mo mafelong a go fitlhela, e leng se se dirang gore go ya ka Molao ba bo ba itshekologile. (Dipalo 19:14-16) Ba ja nama ya kolobe, dijo tse di itshekologileng.a (Lefitiko 11:7) Le fa go ntse jalo ditiro tsa bone tsa bodumedi di dira gore ba ikutlwe ba le boitshepo go feta Bajuda ba bangwe, e bile ba batla gore batho ba bangwe ba nnele kgakala le bone gore bano ba se ka ba itshepisiwa, jaaka go ka tualo, kgotsa ba ntlafadiwa fela ke go dirisana le bone. Le fa go ntse jalo, Modimo yo o batlang “boineelo jo bo feletseng” ga a lebe dilo ka tsela e e ntseng jalo gotlhelele!—Duteronome 4:24.
9. Jehofa o leba jang baleofi ba ba iponang ba siame?
9 Mo boemong jwa gore Jehofa a tseye gore batho bano ba ba iponang ba siame ba boitshepo, a re: “Bano ke mosi mo marobeng a dinko tsa me.” Lefoko la Sehebera le le kayang “dinko” kgotsa “maroba a dinko” gantsi le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso go kaya kgalefo. Mosi le one o amanngwa le bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa. (Duteronome 29:20) Kobamelo e e makgapha ya medingwana e batho ba gagwe ba wetseng mo go yone e tsositse bogale jwa ga Jehofa jo bo tukang.
10. Jehofa o tla duela batho ba ba kwa Juda jang ka ntlha ya maleo a bone?
10 Jehofa ka tshiamiso ya gagwe a ka se letle gore baleofi bano ba ka boomo ba tswelele fela ba sa otlhaiwe. Isaia o kwala jaana: “‘Bona! go kwadilwe fa pele ga me. Ga nkitla ke nna fela, mme ke tla ntsha maduo; e bile ke tla ntshetsa maduo mo sehubeng sa bone, a ditlolo tsa bone le a ditlolo tsa borraabonemogologolwane ka nako e le nngwe,’ go buile Jehofa. ‘Ka gonne ba kuisitse mosi wa setlhabelo mo dithabeng, mme ba nkgobile mo dithoteng, le nna ke tla lekanya dituelo tsa bone la ntlha mo sehubeng sa bone.’” (Isaia 65:6, 7) Bajuda bano ba tlhapaditse Jehofa ka go dirisa bodumedi jwa maaka. Ba dirile gore kobamelo ya Modimo wa boammaaruri e lebege e tshwana fela le ya ditšhaba tse di ba dikologileng. Jehofa o tla tsenya maduo “a ditlolo tsa bone” go akaretsa kobamelo ya medingwana le tirisabadimo “mo sehubeng sa bone.” Polelwana e e reng ‘sehuba’ go bonala e lebisitse go momeno o o mo seaparong se se aparwang fa godimo o o neng o dira kgetsana e barekisi ba ka tshelang selekanyo se se rileng sa se ba se rekisang mo go yone. (Luke 6:38) Mo Bajudeng ba batlhanogi, bokao jwa seno bo phepafetse—Jehofa o tla ba lekanyetsa “maduo” a bone, kgotsa kotlhao. Modimo wa tshiamiso o tla batla tefetso. (Pesalema 79:12; Jeremia 32:18) E re ka Jehofa a sa fetoge, re ka tlhomamisa gore ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, o tla lekanyetsa kotlhao ka tsela e e tshwanang mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo.—Malaki 3:6.
“Ka Ntlha ya Batlhanka ba Me”
11. Jehofa o bontsha jang gore o tla boloka masalela a a ikanyegang?
11 A Jehofa o tla bontsha batho ba gagwe ba ba ikanyegang kutlwelobotlhoko? Isaia o tlhalosa jaana: “Jehofa o buile jaana: ‘Fela jaaka beine e ntšha e fitlhelwa mo lesitlheng mongwe a bo a re, “O se ka wa e senya, ka gonne go na le tshegofatso mo go yone,” ke tla dira fela jalo ka ntlha ya batlhanka ba me gore ke se ka ka senya mongwe le mongwe. Mme ke tla ntsha bana mo go Jakobe le moruaboswa wa dithaba tsa me mo go Juda; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla e rua, le batlhanka ba me ba tla aga gone.’” (Isaia 65:8, 9) Fa Jehofa a tshwantsha batho ba gagwe le lesitlha la mofine, o dirisa setshwantsho se ba ka se tlhaloganyang motlhofo. Mofine o montsi mo nageng eno, mme beine e e dirilweng ka mofine ke selo se se molemo mo bathong. (Pesalema 104:15) Go ka tswa go buiwa ka lesitlha le mo go lone go nang le mefine e e siameng mme e seng yotlhe. Kgotsa ntlha e ka tswa e le gore lesitlha lengwe le siame, mme masitlha a mangwe ga a butswa kgotsa a bodile. Le fa seemo e ka tswa e le sefe, motlhokomedi wa mofine a ka se ka a senya mofine o o siameng. Ka gone Jehofa o tlhomamisetsa batho ba gagwe gore a ka se senye setšhaba sotlhesotlhe mme o tla falotsa masalela a a ikanyegang. O bolela gore masalela ano a a amogelwang a tla rua “dithaba” tsa gagwe, ke gore Jerusalema le naga ya Juda, naga e e dithaba e Jehofa a neng a bolela fa e le ya gagwe.
12. Masalela a a ikanyegang a tla tlelwa ke masego afe?
12 Masalela ano a a ikanyegang a tla nna le masego afe? Jehofa o tlhalosa jaana: “Sharona o tla nna mafulo a dinku le lebala le le kwa tlase la Akore le tla nna lefelo la dikgomo la boikhutso, la batho ba me ba ba tla bong ba mpatlile.” (Isaia 65:10) Matsomane a na le seabe sa botlhokwa mo matshelong a Bajuda ba le bantsi, mme naga e e lekaneng ya mafulo e thusa go dira gore go nne le katlego ka dinako tsa kagiso. Jehofa o umaka mafelo a mabedi a a kwa thokothoko a naga go bontsha kafa go tla bong go na le kagiso le katlego ka teng. Kwa bophirima Lebala la Sharona, le le itsegeng ka bontle jwa lone le go ungwa ga lone, le iphaphatha le Lotshitshi lwa Mediterranean. Mokgatšha wa Akore ke karolo ya molelwane o o kwa bokonebotlhaba wa naga. (Joshua 15:7) Mo nakong e e tlang ya botshwaro, dikarolo tseno di tla bo di swafetse, mmogo le naga e nngwe yotlhe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o solofetsa gore fa ba boa kwa botshwarong e tla nna mafelo a mantle a mafulo gore a dirisiwe ke masalela a a boang.—Isaia 35:2; Hosea 2:15.
Go Ikanya “Modimo wa Masego”
13, 14. Ke ditlwaelo dife tse di bontshang gore batho ba Modimo ba mo latlhile, mme ba tla diragalelwa ke eng ka ntlha ya seno?
13 Jaanong boporofeti jwa ga Isaia bo retologela gape mo bathong ba ba latlhileng Jehofa mme ba tswelela pele mo kobamelong ya medingwana. Jwa re: “Lona lo ba ba tlogelang Jehofa, ba ba lebalang thaba ya me e e boitshepo, ba ba rulaganyetsang modimo wa Masego tafole le ba ba tlaletsang modimo wa Bokamoso beine e e tlhakantsweng.” (Isaia 65:11) Ka go rulaganya tafole ya dijo le dino fa pele ga “modimo wa Masego” le “modimo wa Bokamoso,” Bajuda bano ba ba boelang morago ba wetse mo mekgweng ya kobamelo ya medingwana ya ditšhaba tsa boheitane.b Go tla diragala eng ka batho bape ba ba tsenang fela ka tlhogo ba ikanya medingwana eno?
14 Jehofa o ba tlhagisa jaana ka tlhamalalo: “Ke tla lo laolela tšhaka, mme lotlhe lo tla ikobela gore lo bolawe setlhogo; ka gonne ke ne ka bitsa, mme ga lo a ka lwa araba; ke ne ka bua, mme ga lo a ka lwa reetsa; mme lo ne lwa nna lwa dira se se bosula mo matlhong a me, lwa tlhopha selo se se sa intumedisang.” (Isaia 65:12) Jehofa o dirisa lone leina la modimo wa Bokamoso, kgotsa wa Taolelo jaaka le ntse mo Sehebereng sa ntlhantlha, go bontsha gore ba ba obamelang modimo yono wa maaka ba tla ‘laolelwa tšhaka,’ ke gore, go senngwa. Jehofa ga a bolo go lopa batho bano gangwe le gape gore ba ikwatlhaye a dirisa baporofeti ba gagwe, mme ba mo tlhokomologile e bile ka botlhogoethata ba tlhophile go dira se ba itseng se le bosula mo matlhong a gagwe. A bo ba bontsha go nyatsa Modimo jang ne! E le go diragatsa tlhagiso ya Modimo, setšhaba se tla bona masetlapelo a magolo ka 607 B.C.E. fa Jehofa a letla Bababelona gore ba senye Jerusalema le tempele ya yone. Ka nako eo, “modimo wa Masego” o tla palelwa ke go sireletsa baobamedi ba one ba ba kwa Juda le Jerusalema.—2 Ditiragalo 36:17.
15. Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba utlwa tlhagiso e e fitlhelwang mo go Isaia 65:11, 12 jang?
15 Gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba utlwa tlhagiso e e fitlhelwang mo go Isaia 65:11, 12. Ga ba dumele mo ‘Masegong,’ jaaka e kete ke maatla mangwe a a sa tlwaelegang a a kgonang go direla batho melemo mengwe. Ba tila mefuta yotlhe ya go betšha ka gonne ba sa batle go senyaka dithoto tsa bone ba leka go itumedisa “modimo wa Masego.” Ba a itse gore batho ba ba ineelang mo modimong ono kgabagare ba tla latlhegelwa ke sengwe le sengwe, gonne Jehofa o raya batho ba ba ntseng jalo a re: “Ke tla lo laolela tšhaka.”
“Bonang! Batlhanka Ba me Ba Tla Ipela”
16. Jehofa o tla segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka ditsela dife, mme go tla diragala eng ka ba ba mo latlhileng?
16 Fa boporofeti bo kgalemela batho ba ba latlhileng Jehofa, bo tlhalosa dikabelo tse di sa tshwaneng tse di tla tlelang batho ba ba obamelang Modimo ka bopeloephepa le ba ba dirang jalo ka boitimokanyo: “Ka gone Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: ‘Bonang! Batlhanka ba me ba tla ja, mme lona lo tla tshwarwa ke tlala. Bonang! Batlhanka ba me ba tla nwa, mme lona lo tla tshwarwa ke lenyora. Bonang! Batlhanka ba me ba tla ipela, mme lona lo tla tlhajwa ke ditlhong. Bonang! Batlhanka ba me ba tla goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo, mme lona lo tla lela ka ntlha ya botlhoko jwa pelo mme lo tla bokolela ka ntlha ya go hutsafala thata ga moya.’” (Isaia 65:13, 14) Jehofa o tla segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla goa ka dipelo tse di tletseng boipelo. Go ja, go nwa le go ipela ke mafoko a a bontshang gore Jehofa o tla diragatsa dilo tse di tlhokwang ke baobamedi ba gagwe ka botlalo. Go farologana le seo, batho ba ba tlhophileng go latlha Jehofa ba tla tshwarwa ke tlala le go nyorwa semoyeng. Dilo tse ba di tlhokang ga di kitla di diragadiwa. Ba tla goa le go bokolela ka ntlha ya tlalelo e e tla ba tlelang.
17. Ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo gompieno ba na le lebaka le le utlwalang la gore ba goe ka boipelo?
17 Mafoko a ga Jehofa a tlhalosa sentle seemo sa semoya gompieno sa batho ba ba ipolelang fela gore ba direla Modimo. Fa dimilione tsa Labokeresete di tlaletswe, baobamedi ba ga Jehofa bone ba goa ka boipelo. Mme ba na le lebaka le le utlwalang la go ipela. Ba fepiwa sentle semoyeng. Jehofa o ba naya dijo tse di lekaneng tsa semoya ka dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le ka dikokoano tsa Bokeresete. Eleruri, boammaaruri jo bo agang le ditsholofetso tse di gomotsang tsa Lefoko la Modimo di re naya “seemo se se molemo sa pelo”!
18. Go tla sala eng sa batho ba ba latlhileng Jehofa, mme go dirisiwa ga leina la bone mo maikanong go ka tswa go kaya eng?
18 Jehofa o tswelela pele go bua le batho ba ba mo latlhileng: “Ruri lo tla bolokela leina la lona go nna ikano ya batho ba me ba ba tlhophilweng, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla lo bolaya ka bongwe ka bongwe, mme batlhanka ba gagwe o tla ba bitsa ka leina le lengwe; gore ope fela yo o itshegofatsang mo lefatsheng a itshegofatse ka Modimo wa tumelo, mme ope fela yo o ikanang mo lefatsheng a ikane ka Modimo wa tumelo; ka gonne matshwenyego a pele a tla bo a lebetswe le ka gonne a tla bo a fitlhetswe matlho a me.” (Isaia 65:15, 16) Selo fela se se tla salang sa batho ba ba latlhileng Jehofa ke leina la bone, le le tla dirisiwang fela fa go dirwa maikano kana phutso. Seno se ka bolela gore batho ba ba batlang go ipofa ka tsela e e masisi ka maikano tota ba tla re: ‘Fa nka se diragatse tsholofetso eno, a ke diragalelwe ke kotlhao e batlhanogi bale ba e amogetseng.’ Go ka nna gape ga raya gore leina la bone le tla dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso, jaaka Sodoma le Gomora, e le tshwantshetso ya kotlhao ya Modimo mo baikeping.
19. Batlhanka ba Modimo ba tla bidiwa jang ka leina le lengwe, mme ke ka ntlha yang fa ba tla tshepa Modimo wa boikanyegi? (Bona le ntlhanyana e e kwa tlase.)
19 A bo batlhanka ba Modimo bone ba tla diragalelwa ke se se farologaneng jang ne! Ba tla bidiwa ka leina le lengwe. Seo se bontsha go itumela le go tlotlwa mo ba tla nnang le gone fa ba boetse kwa nagagaeng ya bone. Ga ba ne ba batla go segofadiwa ke modimo ope wa maaka kgotsa go ikana ka modingwana ope o o sa tsheleng. Go na le moo, fa ba itshegofatsa kgotsa ba ikana, ba tla dira jalo ka Modimo wa boikanyegi. (Isaia 65:16, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Banni ba naga eno ba tla nna le lebaka la go tshepa Modimo ka pelo yotlhe, gonne o tla bo a itshupile gore o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe.c E re ka Bajuda ba tla bo ba sireletsegile mo nagagaeng ya bone, go ise go ye kae ba tla lebala mathata a bone a pele.
“Ke Bopa Magodimo a Masha le Lefatshe le Lesha”
20. Tsholofetso ya ga Jehofa ya “magodimo a masha le lefatshe le lesha” e ne ya diragadiwa jang ka 537 B.C.E.?
20 Jaanong Jehofa o tlhalosa tsholofetso ya gagwe ya go tsosolosa masalela a a ikwatlhayang fa a sena go boa kwa botshwarong jwa Babelona. Jehofa o bolela jaana a dirisa Isaia: “Bona, ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isaia 65:17) Tsholofetso ya ga Jehofa ya tsosoloso ruri e tla diragadiwa, ka jalo o bua ka tsosoloso eo ya nako e e tlang jaaka e kete e setse e diragala. Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa la ntlha ka 537 B.C.E. fa masalela a Bajuda a ne a busediwa kwa Jerusalema. “Magodimo a masha” e ne e le eng ka nako eo? Puso ya ga Serubabele a tshegediwa ke Moperesiti yo Mogolo Joshua mme e busa go tswa kwa Jerusalema. Masalela a a busitsweng a Bajuda a ne a bopa “lefatshe le lesha,” setšhaba se se phepafaditsweng se se neng se ineela mo pusong eo e bile se thusa go tlhoma kobamelo e e itshekileng sesha mo nageng eo. (Esera 5:1, 2) Boipelo jwa go busediwa gae bo ne jwa ba lebatsa pogo epe fela e e fetileng; e bile mathata a nako e e fetileng a ne a sa tlhole a gakologelwa.—Pesalema 126:1, 2.
21. Ke magodimo afe a masha a a ileng a nna teng ka 1914?
21 Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Petere o ne a boeletsa boporofeti jwa ga Isaia a bo a bontsha gore bo ne bo tla diragadiwa gape mo isagweng. Moaposetoloi o ne a kwala jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Ka 1914 magodimo a masha a a neng a sa bolo go letwa a ne a nna teng. Bogosi jwa ga Mesia jo bo simologileng ka ngwaga oo bo busa bo le kwa legodimong ka bolone, mme Jehofa o bo neile taolo mo lefatsheng lotlhe. (Pesalema 2:6-8) Puso eno ya Bogosi, e e kaelwang ke Keresete le babusimmogo le ene ba ba 144 000, ke magodimo a masha.—Tshenolo 14:1.
22. Ke bomang ba e tla bong e le lefatshe le lesha, mme batho ba baakanyediwa jang le gone jaanong gore ba nne motheo wa thulaganyo eo?
22 Mme go tweng ka lefatshe le lesha? Fela jaaka fa mafoko ano a ne a diragadiwa bogologolo, lefatshe le lesha e tla bo e le batho ba ba ikobelang puso e ntšha ya selegodimo ka go rata. Tota le gone jaanong, dimilione tsa batho ba ba nang le tshekamelo e e siameng ba ikobela puso eno e bile ba leka go latela melao ya yone e e mo Baebeleng. Batho bano ba tswa mo ditšhabeng tsotlhe, ke ba dipuo le ditso tsotlhe, mme ba dira mmogo go direla Kgosi e e busang Jesu Keresete. (Mika 4:1-4) Fa tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo e sena go feta, setlhopha seno se tla bopa motheo wa lefatshe le lesha le kgabagare le tla nnang setšhaba sa lefatshe lotlhe sa batho ba ba boifang Modimo ba ba ruang karolo e e mo lefatsheng ya Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 25:34.
23. Re fitlhela tshedimosetso efe mo bukeng ya Tshenolo malebana le “magodimo a masha le lefatshe le lesha,” mme boporofeti jono bo tla diragadiwa jang?
23 Buka ya Tshenolo e tlhalosa ponatshegelo e e bonweng ke moaposetoloi Johane ya letsatsi la ga Jehofa le le tlang, fa tsamaiso eno ya dilo e tla bo e fedisiwa. Morago ga moo, Satane o tla tsenngwa mo moleteng. (Tshenolo 19:11–20:3) Morago ga go naya tlhaloso eo, Johane o boeletsa mafoko a boporofeti a ga Isaia, a kwala jaana: “Ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha.” Ditemana tse di latelang tsa pego ya ponatshegelo eno e e galalelang di bua ka nako ya fa Jehofa Modimo a tla bo a fetola maemo a lefatshe leno gotlhelele gore e nne a a itumedisang. (Tshenolo 21:1, 3-5) Go phepafetse gore tsholofetso ya ga Isaia ya “magodimo a masha le lefatshe le lesha” e tla diragadiwa ka tsela e e molemolemo mo lefatsheng la Modimo le lesha! Mo magodimong a e leng puso e ntšha, setšhaba se sesha sa mo lefatsheng se tla nna le paradaise ya semoya mmogo le ya senama. Tsholofetso eno e gomotsa tota ya gore “dilo tsa pele [malwetse, go boga le mathata a mangwe a batho ba nang le one] ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” Le fa e le eng se re ka se gakologelwang ka nako eo ga se kitla se re utlwisa botlhoko thata, jaaka batho ba le bantsi ba le mo kutlobotlhokong jaana gompieno.
24. Ke eng fa Jehofa a tla ipelela go tsosolosiwa ga Jerusalema, mme ke eng se se se kitlang se tlhola se utlwiwa mo mebileng ya motse oo?
24 Boporofeti jwa ga Isaia bo tswelela jaana: ‘Itumeleng, lo ipele ka bosaengkae mo go se ke se bopang. Gonne bona, ke dira Jerusalema sengwe se se ipedisang le batho ba gagwe sengwe se se itumedisang. Ke tla ipela mo Jerusalema ke bo ke itumele ka ntlha ya batho ba me; mme ga go kitla go tlhola go utlwiwa modumo wa go lela mo go ene le fa e le modumo wa go goa ka khutsafalo.’ (Isaia 65:18, 19) Ga se Bajuda fela ba ba tla ipelelang gore ba buseditswe kwa nagagaeng ya bone mme le Modimo ka boene o tla ipela, ka gonne o tla dira Jerusalema montle—gore a boe a nne lefelo la kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng. Modumo wa go lela ka ntlha ya masetlapelo, o o neng wa utlwiwa mo mebileng ya motse oo masome a dingwaga pelenyana, ga o ne o tlhola o utlwiwa.
25, 26.(a) Mo motlheng wa rona, Jehofa o dira jang gore Jerusalema e nne “sengwe se se ipedisang”? (b) Jehofa o tla dirisa Jerusalema yo Mosha jang, mme ke ka ntlha yang fa re ka ipela gompieno?
25 Le gompieno Jehofa o dira ‘Jerusalema sengwe se se ipedisang.’ Jang? Jaaka re setse re bone, magodimo a masha a a nnileng gone ka 1914 kgabagare a tla akaretsa babusimmogo ba le 144 000 ba ba nnang le seabe mo pusong ya selegodimo. Bano ba tlhalosiwa ka tsela ya boporofeti e le ‘Jerusalema yo Mosha.’ (Tshenolo 21:2) Modimo o bua ka Jerusalema yo Mosha fa a re: “Bona, ke dira Jerusalema sengwe se se ipedisang le batho ba gagwe sengwe se se itumedisang.” Modimo o tla dirisa Jerusalema yo Mosha go tlisa masego a magolo mo bathong ba ba kutlo. Ga go kitla go tlhola go utlwiwa modumo wa go lela kgotsa go goa ka khutsafalo, gonne Jehofa o tla kgotsofatsa “dikopo tsa pelo ya [rona].”—Pesalema 37:3, 4.
26 Eleruri, go na le mabaka a a utlwalang a gore re ipele gompieno! Go ise go ye kae Jehofa o tla itshepisa leina la gagwe le le galalelang ka go senya baganetsi botlhe. (Pesalema 83:17, 18) Go tswa foo magodimo a masha a tla bo a laola ka botlalo. A bo ano e le mabaka a a molemo jang ne a gore re ipele le go itumela ka bosakhutleng ka se Modimo a se bopang!
Tsholofetso ya Isagwe e e Sireletsegileng
27. Isaia o tlhalosa jang tshireletsego e Bajuda ba ba boang ba tla nnang le yone kwa nagagaeng ya bone?
27 Fa mafoko ano a diragadiwa la ntlha, Bajuda ba ba boang ba tla tshela jang kafa tlase ga magodimo a masha? Jehofa a re: “Ga go kitla go tlhola go nna le losea lo lo anyang lwa malatsi a sekae mo lefelong leo, le fa e le motsofe yo o sa wetseng malatsi a gagwe; gonne motho o tla swa e le mosimanyana, le fa a na le dingwaga di le lekgolo; mme fa e le moleofi, o tla hutsiwa le fa a na le dingwaga di le lekgolo.” (Isaia 65:20) A tlhaloso e ntle jang ne ya tshireletsego e batshwarwa ba ba boang ba tla nnang nayo mo nagagaeng ya bone e e tsosolositsweng! Ga go ne go swa ngwana yo o sa tswang go tsholwa yo o malatsi mannye fela. E bile ga go kitla go swa le fa e le monna yo mogolwane yo o iseng a nne le lobaka lo lo tletseng lwa botshelo.d A bo mafoko a ga Isaia a kgothatsa Bajuda jang ne ba ba tla boelang kwa Juda! E re ka ba sireletsegile mo nageng ya bone, ga ba tlhoke go tshwenyega gore baba ba tla phamola masea a bone kgotsa ba tla bolaya banna ba bone.
28. Re ithuta eng mo mafokong a ga Jehofa kaga botshelo mo lefatsheng le lesha mo Bogosing jwa gagwe?
28 Mafoko a ga Jehofa a re bolelela eng kaga botshelo mo lefatsheng le lesha le le tlang? Mo Bogosing jwa Modimo, ngwana mongwe le mongwe o tla lebelela go nna le isagwe e e sireletsegileng. Ga go ne go tlhola go swa monna yo o boifang Modimo a sa ntse a le mo nakong e e monate thata ya botshelo jwa gagwe. Go farologana le seo, batho ba ba kutlo ba tla sireletsega, ba kgona go ipelela botshelo. Go tweng ka bape fela ba ba tlhophang go tsuologela Modimo? Batho ba ba ntseng jalo ba tla latlhegelwa ke tshiamelo ya go tshela. Tota le fa moleofi yo o tsuologang a le “dingwaga di le lekgolo,” o tla swa. Ka nako eo o tla bo a le “mosimanyana” fa a bapisiwa le se a ka bong a nnile sone—monna yo o tshelelang ruri.
29. (a) Batho ba Modimo ba ba kutlo ba tla ipelela eng mo nageng e e tsosolositsweng ya Juda? (b) Ke eng fa ditlhare e le setshwantsho se se tshwanelang sa botshelo jo boleele? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
29 Jehofa o tswelela jaana ka tlhaloso ya gagwe ya maemo a a tla bong a le teng mo nageng e e tsosolositsweng ya Juda: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.” (Isaia 65:21, 22) Fa batho ba Modimo ba ba kutlo ba sena go boela kwa nageng ya Juda e e swafetseng, e kwantle ga pelaelo e se nang matlo le fa e le mefine, ba tla ipelela go nna mo magaeng a bone le go ja maungo a masimo a bone a mofine. Modimo o tla segofatsa tiro ya bone, mme ba tla tshela nako e telele—jaaka malatsi a setlhare a ntse—e ka yone ba tla ipelelang maungo a ditiro tsa bone.e
30. Batlhanka ba ga Jehofa ba ipelela seemo sefe se se itumedisang gompieno, mme ba tla itumelela eng mo lefatsheng le lesha?
30 Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa le mo motlheng wa rona. Batho ba ga Jehofa ba ile ba tswa kwa botshwarong jwa semoya ka 1919 mme ba simolola go tsosolosa “naga” ya bone, kgotsa boremelelo jwa tiro le kobamelo ya bone. Ba ne ba tlhoma diphuthego ba bo ba dira gore di ungwe semoyeng. Seo se feletse ka gore le jaanong batho ba ga Jehofa ba nne le paradaise ya semoya le kagiso e e tswang kwa Modimong. Re ka tlhomamisa gore kagiso e e ntseng jalo e tla tswelela pele go fitlha kwa Paradaiseng ya mmatota. Re ka se kgone go itse sotlhe se Jehofa a tla se diragatsang ka dipelo le diatla tse di ratang tsa baobamedi ba gagwe mo lefatsheng le lesha. A bo go tla nna monate jang ne go aga legae la gago o bo o nna mo go lone! Fa go setse go busa Bogosi, go tla aga go na le tiro e e kgotsofatsang. A bo go tla itumedisa jang ne gore ka dinako tsotlhe o “bone molemo” ka ntlha ya maungo a tiro ya gago! (Moreri 3:13) A re tla nna le nako e e lekaneng go itumelela tiro ya diatla tsa rona ka botlalo? Ee ruri! Malatsi a botshelo jo bo sa feleng jwa batho ba ba ikanyegang a tla nna “jaaka malatsi a setlhare”—dikete tsa dingwaga, le go feta!
31, 32. (a) Batshwarwa ba ba boang ba tla itumelela masego afe? (b) Mo lefatsheng le lesha, batho ba ba ikanyegang ba tla nna le tebelelo efe?
31 Jehofa o tlhalosa masego a mangwe a a tla itumelelwang ke batshwarwa ba ba boang: “Ga ba kitla ba direla ka natla lefela, le fa e le go tsholela pheretlhego; ka gonne ke bana ba ba bopilweng ka basegofadiwa ba ga Jehofa, mmogo le ditlogolwana tsa bone.” (Isaia 65:23) Bajuda bao ba ba busitsweng ba tla bo ba segofaditswe ke Jehofa, ka jalo ga ba ne ba direla lefela. Batsadi ga ba kitla ba tshola bana fela gore ba tle go swa ba sa le bannye. Batho bano ba e neng e le batshwarwa ga ba kitla ba itumelela masego a tsosoloso ba le bosi; ba tla bo ba na le bana ba bone. Modimo o tlhoafaletse go diragatsa dilo tse batho ba gagwe ba di tlhokang mo e leng gore o solofetsa jaana: “Go tla diragala gore ba ise ba tlhaeletse, nna ke tla araba; fa ba sa ntse ba bua, nna ke tla utlwa.”—Isaia 65:24.
32 Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tseno jang mo lefatsheng le lesha le le tlang? Re tla tshwanelwa ke go leta gore re tle re bone. Jehofa ga a tlhalosa sengwe le sengwe, mme re ka tlhomamisa gore batho ba ba ikanyegang ga ba kitla ba tlhola ba “direla ka natla lefela.” Boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba falotseng Haramagedona le bana bape ba ba ka ba tsholang ba tla nna le tebelelo ya go tshela botshelo jo boleele tota le jo bo kgotsofatsang—botshelo jo bo sa khutleng! Batho ba ba boang ba sena go tsosiwa e bile ba tlhopha go tshela tumalanong le ditekanyetso tsa Modimo le bone ba tla itumela mo lefatsheng le lesha. Jehofa o tla utlwa a bo a tsibogele dilo tse ba di tlhokang, e bile a di bonela pele. Eleruri, Jehofa o tla bula seatla sa gagwe a bo a kgotsofatsa “keletso ya setshedi sengwe le sengwe” e e tshwanetseng.—Pesalema 145:16.
33. Fa Bajuda ba boela kwa nagagaeng ya bone, diphologolo di tla bo di le mo kagisong ka tsela efe?
33 Kagiso le tshireletsego tse di solofeditsweng e tla nna tsa selekanyo se se kana kang? Jehofa o konela karolo eno ya boporofeti jaana: “‘Phiri le kwanyana di tla fula mmogo, le tau e tla ja lotlhaka fela jaaka poo; mme fa e le noga, dijo tsa yone e tla nna lorole. Ga di kitla di gobatsa le fa e le go senya ka gope mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo,’ go buile Jehofa.” (Isaia 65:25) Fa masalela a a ikanyegang a Bajuda a boela kwa nagagaeng ya one, a tla bo a tlhokometswe ke Jehofa. Tota tau e tla ja lotlhaka jaaka poo, gonne tau ga e kitla e gobatsa Bajuda kgotsa diruiwa tsa bone. Tsholofetso eno ke ya leruri, gonne e konela ka mafoko a a reng, “go buile Jehofa.” Mme lefoko la gagwe ka metlha le a diragala!—Isaia 55:10, 11.
34. Mafoko a ga Jehofa a diragadiwa jang ka tsela e e kgatlhang gompieno le mo lefatsheng le lesha?
34 Mafoko a ga Jehofa a diragadiwa ka tsela e e kgatlhang mo baobameding ba boammaaruri gompieno. Fa e sa le ka 1919, Modimo o ile a segofatsa naga ya semoya ya batho ba gagwe, a e fetola paradaise ya semoya. Ba ba tlang mo paradaiseng eno ya semoya ba dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone. (Baefeso 4:22-24) Ka thuso ya moya wa Modimo, batho ba ba kileng ba bo ba na le botho jwa bobatana—ba gongwe ba neng ba ja batho ba bangwe ntsoma kgotsa go ba tlhasela—ba gatela pele ka go latlha mekgwa e e sa rategeng. Ka ntlha ya seo, ba ipelela kagiso le kutlwano mo kobamelong le badumedi ka bone. Masego a gompieno batho ba ga Jehofa ba nang le one mo paradaiseng ya bone ya semoya a tla fetela mo Paradaiseng ya mmatota, koo kagiso e e tla bong e rena mo bathong e tla tsamaisanang le go nna le kagiso le diphologolo. Re ka tlhomamisega gore ka nako ya Modimo e e tshwanetseng, taelo e a neng a e neela batho kwa tshimologong e tla diragadiwa sentle: “Lo [fenye lefatshe], mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.”—Genesise 1:28.
35. Ke eng fa re na le mabaka a a utlwalang a go ‘ipela ka bosaengkae’?
35 A bo re leboga jang ne ka tsholofetso ya ga Jehofa ya go bopa “magodimo a masha le lefatshe le lesha”! Tsholofetso eo e ne ya diragadiwa ka 537 B.C.E. mme e diragadiwa gape gompieno. Ditsela tseno tse pedi tse e diragadiwang ka tsone di lebisa kwa isagweng e e galalelang ya batho ba ba utlwang. Jehofa ka bopelonomi o dirisitse boporofeti jwa ga Isaia go re naya maoko a seo a se rulaganyetsang batho ba ba mo ratang. Eleruri, re na le mabaka a utlwalang a go tsaya mafoko ano a ga Jehofa tsia: “Lo ipele ka bosaengkae mo go se ke se bopang”!—Isaia 65:18.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Batho ba le bantsi ba akanya gore baleofi bano ba ne ba le kwa mafelong a go fitlhela ba leka go bua le baswi. Go ja ga bone nama ya kolobe go ka tswa go ne go amana le kobamelo ya medingwana.
b Fa moranodi wa Baebele e bong Jerome (yo o tshotsweng mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E.) a akgela ka temana eno, o bolela ka ngwao ya bogologolo e e neng e latelwa ke baobamedi ba medingwana mo letsatsing la bofelo la kgwedi ya bofelo ya ngwaga wa bone. O ne a kwala jaana: “Ba ne ba baakanya tafole e mo go yone go beilweng mefuta e e farologaneng ya dijo le senwelo se se kopantsweng le beine e e botshe go tlhomamisa gore go nne le masego gore naga e bo e ba ungwetse sentle mo ngwageng o o fetileng kgotsa mo go o o tlang.”
c Go ya ka Isaia 65:16 mo mokwalong wa Sehebera sa Masora, Jehofa ke “Modimo wa Amen.” “Amen” o kaya gore “a go nne jalo,” kgotsa “eleruri,” mme ke go tlhomamisa kgotsa go tiisetsa gore sengwe se boammaaruri kgotsa ruri se tla diragala. Ka go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tsotlhe, Jehofa o bontsha gore se a se buang ke boammaaruri.
d The Jerusalem Bible e ranola Isaia 65:20 jaana: “Ga go kitla go tlhola go fitlhelwa losea lo lo tshelang malatsi a sekae fela, kgotsa monnamogolo yo o sa tsheleng go fitlha kwa bowelong jwa malatsi a gagwe.”
e Ditlhare di tshwantshetsa botshelo jo boleele sentle, ka gonne ke dingwe tsa ditshedi tse di tshelang lobaka go feta tse dingwe tsotlhe tse di itsiweng. Ka sekai, setlhare sa motlhware se tlhagisa maungo ka dingwaga di le makgolokgolo mme se ka tshela dingwaga di ka nna sekete.
[Setshwantsho mo go tsebe 389]
Mo lefatsheng le lesha la Modimo, re tla nna le nako e e lekaneng ya go ipelela tiro ya diatla tsa rona