Go Ithuta Mo go Ba Lelapa la Gaabo Jesu la mo Lefatsheng
K E ENG se o se itseng ka ba lelapa la gaabo Jesu ba ba gaufi ba a neng a tshela le bone mo dingwageng tsa ntlha tse 30 tsa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, go fitlha a kolobediwa? Ke eng se dipego tsa Diefangele di se re bolelelang? Ke eng se re ka se ithutang ka go sekaseka ba lelapa la gaabo? Dikarabo tsa dipotso tseo di ka go solegela molemo.
A Jesu o tsholetswe mo lelapeng la bahumi? Josefa, rraagwe yo a mo godisitseng, e ne e le mmetli. Seo se ne se tlhoka gore a dire ka natla, mme gantsi o ne a tshwanelwa ke go rema ditlhare gore a bone dikgong. Fa batsadi ba ga Jesu ba mo lefatsheng ba ne ba ya Jerusalema malatsi a le 40 pele ga a tsholwa, ba ne ba isa setlhabelo sa tshupelo se se neng se batlega go ya ka Molao. A ba ne ba isa pheleu mmogo le leeba kgotsa le lephoi, jaaka Molao o ne o batla? Nnyaa. Go lebega ba ne ba ka se kgone go reka ditshupelo tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, Molao o ne o diretse bahumanegi thulaganyo e nngwe. Go tsamaisana le thulaganyo eo, Josefa le Marea ba ne ba isa “maeba a mabedi kgotsa maphoi a mannye a mabedi.” Go bo lelapa leo le ne la tlhopha go isa diphologolo tse di sa tureng go bontsha gore le ne le humanegile.—Luke 2:22-24; Lefitiko 12:6, 8.
O kgona go bona gore Jesu Keresete, Mmusi wa batho botlhe wa mo isagweng, o ne a tsholetswe mo lelapeng le le humanegileng, mo bathong ba ba kgaratlhang gore fela ba bone dilo tsa botlhokwa mo botshelong. O ne a gola a nna mmetli, fela jaaka rraagwe yo o mo godisitseng. (Mathaio 13:55; Mareko 6:3) “Le fa [Jesu] a ne a humile” e le sebopiwa se se maatla sa moya kwa legodimong, Baebele ya re o ne a “humanega” ka ntlha ya rona. O ne a tsaya boemo jo bo kwa tlase e le motho mme a golela mo lelapeng la batho fela. (2 Bakorintha 8:9; Bafilipi 2:5-9; Bahebera 2:9) Jesu ga a tsholelwa mo lelapeng le le humileng, mme seno se ka tswa se ne se dira gore batho ba bangwe ba ikutlwe ba phuthologile fa ba na le ene. Ba ne ba sa kgorelediwe ke maemo a gagwe. Ba ne ba mo tseela kwa godimo ka ntlha ya dithuto tsa gagwe, ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe tse di tlhomologileng le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang. (Mathaio 7:28, 29; 9:19-33; 11:28, 29) Re kgona go bona botlhale jwa ga Jehofa Modimo fa a ne a dira gore Jesu a tsholelwe mo lelapeng la batho fela.
Jaanong a re sekasekeng maloko a lelapa la gaabo Jesu mme re bone se re ka se ithutang mo go bone.
Josefa E ne E le Monna yo o Siameng
Fa Josefa a ne a lemoga gore kgarebe e a neng a e beeleditse e ne e imile “pele ga ba tshwaraganngwa,” o tshwanetse a bo a ile a fuduega maikutlo thata ka gonne a rata Marea mme kafa letlhakoreng le lengwe a sa rate gore go ka nna ga lebega e kete o dirile boaka. Go ne go lebega e kete o tseetswe tshwanelo ya gagwe ka e ne e le ene a neng a tlile go nna monna wa gagwe mo isagweng. Mo metlheng eo, fa monna a beeleditse mosadi, o ne a tsewa fela jaaka mosadi wa gagwe. Fa Josefa a sena go akanya ka kgang eno, o ne a swetsa ka gore a tlhale Marea mo sephiring gore a tle a se ka a kgobotlediwa jaaka seaka.—Mathaio 1:18; Duteronome 22:23, 24.
Moengele o ne a tla mo go Josefa mo torong mme a re: “O se ka wa tshaba go isa Marea mosadi wa gago gae, gonne boimana jwa gagwe ke jwa moya o o boitshepo. O tla tshola morwa, mme o tshwanetse go mo raya leina o re Jesu, gonne o tla boloka batho ba gagabo mo maleong a bone.” Fa Josefa a sena go newa kaelo eo ya bomodimo o ne a e latela mme a tsamaya le Marea kwa gae.—Mathaio 1:20-24.
Ka go dira tshwetso eo, monna yoo yo o siameng le yo o ikanyegang o ne a nna le seabe mo go diragadiweng ga mafoko a Jehofa a neng a a buile ka moporofeti Isaia: “Bona! Morweetsana o tla ima, mme o tshola ngwana wa mosimane, mme ruri o tla mo raya leina a re Imanuele.” (Isaia 7:14) Eleruri Josefa e ne e le monna yo o ratang dilo tsa semoya yo o neng a anaanela tshiamelo ya go nna rraagwe Mesia yo a mo godisitseng, le fa ngwana yono wa ntlha wa ga Marea e ne e tla bo e se wa gagwe.
Josefa ga a ka a tlhakanela dikobo le Marea go fitlha Marea a tshola morwawe. (Mathaio 1:25) Mo banyalaning bano ba basha, go ka tswa go ne go le thata go ithiba gore ba se ka ba tlhakanela dikobo, mme go lebega ba ne ba sa batle gore go se ka ga itsiwe gore sentlentle Rraagwe ngwana ke mang. A bo seo e le sekai se se molemo jang sa boikgapo! Josefa o ne a baya dilo tsa semoya kwa pele ga dikeletso tsa gagwe tsa tlholego.
Josefa o ne a kaelwa ke baengele gore a godise jang morwa yono ka makgetlho a le manè. Mo makgetlhong a mararo o ne a kaelwa gore a godisetse ngwana kae. Go ne go le botlhokwa gore a se ka a senya nako mme a dire jaaka a ne a laelwa gore ngwana a tshele. Mo makgetlhong otlhe, Josefa o ne a tsaya kgato ka bonako, la ntlha a isa ngwana kwa Egepeto mme go tswa foo a mmusetsa kwa Iseraele. Seno se ne sa sireletsa Jesu gore a se a ka a bolawa fa Herode a ne a gaila masea a basimanyana. Gape go nna kutlo ga ga Josefa go ne ga felela ka gore boporofeti jo bo amanang le Mesia bo diragadiwe.—Mathaio 2:13-23.
Josefa o ne a ruta Jesu tiro gore a kgone go itlamela. Ka jalo, Jesu o ne a sa itsiwe fela e le “morwa mmetli wa dikgong” mme gape o ne a itsiwe e le “mmetli wa dikgong.” (Mathaio 13:55; Mareko 6:3) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore Jesu o ne a ‘lekilwe ka ditsela tsotlhe jaaka rona.’ Kwantle ga pelaelo seno se ne se tla akaretsa go dira ka natla go thusa go tlamela lelapa.—Bahebera 4:15.
La bofelo, mo pegong ya bofelo e Josefa a umakiwang mo go yone mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, re bona bosupi jwa gore o ne a ineetse mo kobamelong ya boammaaruri. Josefa o ne a isa ba lelapa la gagwe kwa Jerusalema go ya Tlolaganyong. Go ne go tshwanetse ga ya banna fela, mme Josefa o ne a tlwaetse go tsaya ba lelapa la gagwe a ba isa Jerusalema “ngwaga le ngwaga.” O ne a tsaya matsapa a magolo, ka gonne ba ne ba tsamaya dikilometara di ka nna 100 ba tswa Nasaretha ba ya Jerusalema. Le fa go ntse jalo, ka nako ya tiragalo e go kwadilweng ka yone mo Dikwalong, Jesu o ne a kgaogana le setlhopha. O ne a fitlhelwa kwa tempeleng a reeditse baruti ba Molao e bile a ba botsa dipotso. Le fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12 fela, o ne a itshupa a le botlhale thata e bile a na le kitso e ntsi ka Lefoko la Modimo. Mo tiragalong eno, re bona gore batsadi ba ga Jesu ba tshwanetse ba bo ba ne ba mo rutile sentle, ba mo godisa go nna mosimane yo o ratang dilo tsa semoya. (Luke 2:41-50) Go lebega Josefa a ne a swa lobakanyana morago ga seno, ka gonne ga a umakiwe gope mo dipegong tsa moragonyana mo Dikwalong.
Ee, Josefa e ne e le monna yo o siameng yo o neng a tlhokometse lelapa la gagwe sentle, ka dilo tsa semoya le tsa senama. A wena, jaaka Josefa, o baya dilo tsa semoya kwa pele mo botshelong jwa gago fa o lemoga se e leng thato ya Modimo ka rona gompieno? (1 Timotheo 2:4, 5) A o utlwa se Modimo a se buang jaaka se kwadilwe mo Lefokong la Modimo, mme ka go dira jalo o bontsha boineelo jo bo tshwanang le jwa ga Josefa? A o ruta bana ba gago gore ba tlotle ka dilo tsa semoya fa ba na le ba bangwe?
Marea E ne E le Motlhanka yo o Pelotshweu wa Modimo
Marea, mmaagwe Jesu, e ne e le motlhanka yo o molemo thata wa Modimo. Fa moengele Gabariele a ne a mmolelela gore o tlile go tshola ngwana, o ne a gakgametse. Ka gonne e ne e le kgarebane, o ne a ise a “tlhakanele dikobo le monna.” Fa a ne a utlwa gore ngwana yoo o ne a tla tsholwa ka moya o o boitshepo, o ne a amogela molaetsa oo ka boikokobetso, a re: “Bona! Lelata la ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.” (Luke 1:30-38) O ne a tseela tshiamelo eno ya semoya kwa godimo thata mo e leng gore o ne a ikemiseditse go lebana le mathata mangwe le mangwe a a neng a ka nna teng ka ntlha ya tshwetso e a e dirileng.
Eleruri, go amogela taelo eo go ne ga fetola botshelo jotlhe jwa gagwe jaaka mosadi. Fa a ne a ya Jerusalema go ya go itshekisiwa, monna mongwe yo mogolwane yo o neng a siame, e bong Simeone o ne a mo raya a re: “Tšhaka e telele e tla phunyelediwa mo moyeng wa gago ka bowena.” (Luke 2:25-35) Go lebega a ne a bua ka tsela e Marea a tla ikutlwang ka yone fa a bona Jesu a sa ratwe ke batho ba bantsi mme la bofelo a kokotelwa mo koteng ya tlhokofatso.
Fa Jesu a gola, Marea o ne a nna a gakologetswe se se neng se direga mo botshelong jwa ga Jesu, “a dira ditshwetso mo pelong ya gagwe.” (Luke 2:19, 51) Jaaka Josefa, Marea e ne e le motho yo o ratang dilo tsa semoya mme a tsaya ditiragalo le mafoko a a diragatsang boporofeti a le botlhokwa. O tshwanetse a bo a ile a se ka a lebala mafoko ano a a neng a a boleletswe ke moengele Gabariele: “Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Ruri o ne a tsaya masisi tshiamelo ya go nna mmaagwe Mesia wa mo lefatsheng.
Go bonala gape gore Marea o ne a rata dilo tsa semoya ka nako ya fa a ne a kopana le Elisabetha, mongwe wa losika lwa gagwe yo le ene a neng a imile ka kgakgamatso. Fa Marea a ne a mmona, o ne a baka Jehofa mme a senola gore o rata Lefoko la Modimo. O ne a bua mafoko a a tshwanang le a thapelo ya ga Hana e e kwadilweng mo go 1 Samuele kgaolo 2 mme a tsenya le dintlha tse dingwe tse di tswang mo ditemaneng tse dingwe mo Dikwalong Tsa Sehebera. Kitso e e ntseng jalo ya Dikwalo e ne e bontsha gore o ne a tshwanelega go nna mmè yo o ineetseng le yo o boifang Modimo. O ne a dirisana sentle le Josefa gore ba otle morwawe semoyeng.—Genesise 30:13; 1 Samuele 2:1-10; Malaki 3:12; Luke 1:46-55.
Marea o ne a na le tumelo e kgolo mo go morwawe jaaka Mesia, mme tumelo eo ga e a ka ya fokotsega le fa Jesu a sena go swa. Ka bonako fela fa Jesu a sena go tsosiwa, Marea e ne e le mongwe wa barutwa ba ba ikanyegang ba ba neng ba kopana go ya go rapela mmogo le baaposetoloi. (Ditiro 1:13, 14) O ne a nna a ikanyega, le fa a ne a utlwa botlhoko jo bo ngomolang pelo fa a ne a bona morwawe yo a mo ratang a swela mo koteng ya tlhokofatso.
Ke eng se se ka go solegelang molemo ka go ithuta ka botshelo jwa ga Marea? A o amogela tshiamelo ya go direla Modimo le fa o tshwanelwa ke go tsaya matsapa a magolo? A o amegile ka bomasisi jwa tshiamelo eno gompieno? A o nna o akantse ka se Jesu a neng a se bolelela pele mme o se bapisa le se se diregang gompieno, ‘o dira ditshwetso mo pelong ya gago’? (Mathaio, kgaolo 24 le 25; Mareko, kgaolo 13; Luke, kgaolo 21) A o etsa Marea ka go itse Lefoko la Modimo sentle, o le dirisa ka metlha fa o tlotla? A o tla nna o na le tumelo mo go Jesu le fa o ka utlwa botlhoko jo bo ngomolang pelo ka ntlha ya go nna molatedi wa gagwe?
Bomorwarraagwe Jesu—Motho a ka Fetoga
Go lebega bomonnawe Jesu ba sa ka ba bontsha tumelo mo go Jesu go fitlha morago ga loso lwa gagwe. Gongwe leno ke lone lebaka la go bo ba ne ba seyo fa a ne a swela mo koteng ya tlhokofatso le go bo a ne a tshwanelwa ke go kopa moaposetoloi Johane gore a sale a tlhokometse mmaagwe. Ba gaabo Jesu ba ne ba bontsha gore ga ba mo tlotle, ka ba kile ba bua ka lekgetlho lengwe gore Jesu o ne a “latlhegetswe ke tlhaloganyo.” (Mareko 3:21) E re ka go ne go na le bangwe mo lelapeng la gaabo Jesu ba ba neng ba sa dumele, batho ba gompieno ba nang le batho ba ba sa dumeleng mo malapeng a bone ba ka tlhomamisega gore Jesu o tlhaloganya kafa ba ikutlwang ka teng fa ba losika ba ba sotla ka ntlha ya tumelo ya bone.
Le fa go ntse jalo, go lebega bomorwarraagwe Jesu ba ne ba simolola go bontsha tumelo mo go ene morago ga tsogo ya gagwe. Ba ne ba le mo setlhopheng se se neng sa kopana kwa Jerusalema pele ga Pentekosete ya 33 C.E. mme ba rapela ka tlhoafalo mmogo le baaposetoloi. (Ditiro 1:14) Go bonala sentle gore tsogo ya ga Jesu e ne ya ba tlhotlheletsa gore ba fetoge, mme ba felela e le barutwa ba gagwe. Le ka motlha ga re a tshwanela go tlhoboga ba masika a rona ba ba sa dumeleng dilo tse re di dumelang.
Dikwalo tsa re Jakobe, morwarraagwe Jesu ka motsadi a le mongwe, yo Jesu a neng a iponatsa mo go ene, o ne a na le seabe sa botlhokwa mo phuthegong ya Bokeresete. O ne a kwalela Bakeresete mmogo le ene lekwalo le le tlhotlheleditsweng ke Modimo, a ba kgothaletsa gore ba boloke tumelo ya bone. (Ditiro 15:6-29; 1 Bakorintha 15:7; Bagalatia 1:18, 19; 2:9; Jakobe 1:1) Morwarraagwe Jesu yo mongwe ka motsadi a le mongwe, e bong Jude, o ne a kwala lekwalo le le tlhotlheleditsweng a kgothatsa badumedimmogo le ene gore ba lwele tumelo ka thata. (Jude 1) Re tlhokomela gore Jakobe le Jude mo dikwalong tsa bone ga ba a ka ba dirisa lebaka la go bo ba amana le Jesu ka losika gore Bakeresete mmogo le bone ba dumele. Re ka ithuta thuto e e molemo tota ya boikokobetso mo go bone!
Dilo tse dingwe tse re di ithutang mo go ba lelapa la gaabo Jesu ke dife? Eleruri re ithuta ka boineelo jo re ka bo bontshang ka mekgwa e e tshwanang le eno: (1) Ineele ka boikanyego mo thatong ya Modimo e a e boletseng mme o lebane le diteko tsotlhe tse di nnang teng ka ntlha ya go dira jalo. (2) Baya dilo tsa semoya kwa pele, le fa seo se raya gore o itime dilo dingwe. (3) Ruta bana ba gago go ya ka se Dikwalo di se buang. (4) O se ka wa tlhoboga ba lelapa ba ba sa dumeleng se o se dumelang. (5) O se ka wa ikgantsha ka kamano epe e o ka tswang o na le yone le batho ba ba tlhageletseng mo phuthegong ya Bokeresete. Ee, go ithuta ka ba lelapa la gaabo Jesu go dira gore re atamalane le ene mme go dira gore re leboge Jehofa ka go bo a ile a tlhopha lelapa fela la maemo a a kwa tlase gore le godise Jesu fa a ne a sa ntse a le ngwana.
[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]
Josefa o ne a tsaya Marea gore e nne mosadi wa gagwe mme a nna le seabe mo go diragadiweng ga boporofeti jwa ga Mesia
[Ditshwantsho mo go tsebe 6]
Josefa le Marea ba ne ba ruta bana ba bone dilo tsa semoya le botlhokwa jwa go bereka
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Le fa bomonnawe Jesu ba godiseditswe mo lelapeng le le ratang dilo tsa semoya, ga ba a ka ba bontsha tumelo mo go ene go fitlha morago ga loso lwa gagwe
[Ditshwantsho mo go tsebe 8]
Bomorwarraagwe Jesu ka motsadi a le mongwe, Jakobe le Jude, ba ne ba kgothatsa Bakeresete mmogo le bone