Kgaolo ya Lesome
Tsholofetso ya Kgosana ya Kagiso
1. Batho ba ntse ba diragalelwa ke eng fa e sa le ka motlha wa ga Kaine?
NGWANA wa ntlha wa motho o ne a tsholwa dingwaga di ka nna dikete di le thataro tse di fetileng. Leina la gagwe e ne e le Kaine, mme go tsholwa ga gagwe go ne go kgethegile tota. Batsadi ba gagwe, le fa e le baengele, le fa e le ene Mmopi, ba ne ba ise ba ko ba bone ngwana wa motho. Losea lono lo lo neng lo sa tswa go tsholwa lo kabo lo tliseditse losika lwa batho lo lo atlhotsweng tsholofelo. A bo go ne go kgoba marapo jang ne fa e re a se na go gola a bo a nna mmolai! (1 Johane 3:12) Fa e sa le ka nako eo batho ba bone dipolao tse dingwe tse dintsintsi. Batho ga ba tshedisane ka kagiso e bile ga ba na kagiso le Modimo jaana, ka gonne ba sekametse mo go direng bosula.—Genesise 6:5; Isaia 48:22.
2, 3. Jesu Keresete o ne a dira gore go nne le ditebelelo dife, mme re tshwanetse ra dira eng gore re amogele masego ao?
2 Dingwaga di ka nna dikete tse nnè morago ga go tsholwa ga ga Kaine, go ne ga tsholwa ngwana yo mongwe. Leina la gagwe e ne e le Jesu, mme le ene go tsholwa ga gagwe go ne go kgethegile tota. O ne a tsholwa ke kgarebane, ka maatla a moya o o boitshepo—ke ene fela a tshotsweng jalo mo hisitoring. Ka nako ya fa a tsholwa, baengele ba ba itumetseng ba le bantsintsi ba ne ba opelela Modimo dipako, ba re: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong jo bo kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.” (Luke 2:13, 14) Jesu ga a ka a nna mmolai, mme o ne a bulela batho tsela ya gore ba nne mo kagisong le Modimo mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 3:16; 1 Bakorintha 15:55.
3 Isaia o ne a porofeta gore Jesu o ne a tla bidiwa “Kgosana ya Kagiso.” (Isaia 9:6) O ne a tla ntshetsa batho botshelo jwa gagwe, ka jalo a dira gore batho ba kgone go itshwarelwa maleo. (Isaia 53:11) Gompieno, go nna le kagiso le Modimo le go itshwarelwa maleo go ka amogelwa ka go nna le tumelo mo go Jesu Keresete. Mme masego a a ntseng jalo ga a itlele fela. (Bakolosa 1:21-23) Batho ba ba a batlang ba tshwanetse ba ithuta go obamela Jehofa Modimo. (1 Petere 3:11; bapisa Bahebera 5:8, 9.) Mo motlheng wa ga Isaia, Iseraele le Juda ba dira se se farologaneng gotlhelele.
Go ya Kwa Badimoneng
4, 5. Dilo di eme jang mo motlheng wa ga Isaia, mme bangwe ba leba kwa go mang?
4 Ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga bone, batho ba motlha wa ga Isaia ba mo seemong se se swabisang sa boitsholo, molete wa mmatota wa lefifi la semoya. Le jone bogosi jwa borwa jwa Juda, kwa tempele ya Modimo e leng teng, ga bo na kagiso. Ka ntlha ya go sa ikanyege ga bone, batho ba Juda ba tshosediwa ke go tlhaselwa ke Baasiria, mme go sa ntse go tla dinako tse di thata. Ba kopa thuso kwa go mang? Ka maswabi, ba le bantsi ba ya kwa go Satane, e seng kwa go Jehofa. Nnyaa, ga ba kope Satane ka leina. Go na le moo, jaaka Kgosi Saulo wa bogologolo, ba dirisa tirisabadimo, ba batla tharabololo ya mathata a bone ka go leka go buisana le baswi.—1 Samuele 28:1-20.
5 Bangwe e bile ba rotloetsa mokgwa o. Isaia o bua ka botlhanogi jo bo ntseng jalo fa a re: “Fa ba ka lo raya ba re: ‘Botsang ba ba buang le meya kgotsa ba ba nang le moya wa go bolelela pele ba ba tswirinyang e bile ba buela kwa tlase,’ a setšhaba sepe ga se a tshwanela go botsa Modimo wa sone? A go tshwanetse ga bodiwa batho ba ba suleng go bolediwa batho ba ba tshelang?” (Isaia 8:19) Batho ba ba buang le meya ba ka tsietsa batho, ba ‘tswirinya e bile ba buela kwa tlase.’ Motho yo o tshelang yo o reng o bua le baswi a ka dira medumo e e ntseng jalo a dira gore go lebege e kete e dirwa ke meya ya baswi. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe badimona ba ka nna le seabe ka namana mme ba itira motho yo o suleng, jaaka go lebega go ne ga diragala fa Saulo a ne a bua le moloi wa kwa Enedore.—1 Samuele 28:8-19.
6. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ba tseneng mo tirisabadimong ba le molato thata?
6 Seno sotlhe se ntse se diragala kwa Juda le fa Jehofa a ileditse mokgwa wa tirisabadimo. Mo Molaong wa ga Moshe, ke molato o motho a ka o atlholelwang ka loso. (Lefitiko 19:31; 20:6, 27; Duteronome 18:9-12) Ke ka ntlha yang fa setšhaba se e leng thuo ya ga Jehofa e e kgethegileng se dira molato o o masisi jaana? Ka gonne ba furaletse Molao wa ga Jehofa le kgakololo ya gagwe mme ba setse ba ‘kgwaraladitswe ke maatla a a tsietsang a boleo.’ (Bahebera 3:13) “Pelo ya bone ga e utlwe sepe fela jaaka mafura,” mme ba tlhobogane le Modimo wa bone.—Pesalema 119:70.a
7. Batho ba le bantsi gompieno ba etsa Baiseraele ba motlha wa ga Isaia jang, mme batho ba ba ntseng jalo ba ba sa ikwatlhayeng ba tla nna le isagwe e e ntseng jang?
7 Ba tshwanetse ba bo ba akanya jaana, ‘Molao wa ga Jehofa o thusa ka eng ka e le fa re tloga re tlhaselwa ke Baasiria?’ Ba batla tharabololo e e motlhofo ya ka bonako ya bothata jwa bone mme ga ba a iketleeletsa go emela Jehofa gore a diragatse thato ya gagwe. Le mo motlheng wa rona, batho ba le bantsi ba tlhokomologa molao wa ga Jehofa mme ba batla batho ba ba buang le meya, ba dirisa dihorosekoupo, ba bo ba lebe kwa mefuteng e mengwe ya masaitseweng go rarabolola mathata a bone. Le fa go ntse jalo, fela jaaka go kopa thuso ga batshedi mo baswing go ne go se na tlhaloganyo morago koo, go ntse go se na tlhaloganyo le gompieno. Batho bape fela ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba sa ikwatlhaye ba tla nna le isagwe e e tshwanang le ya “babolai le bagokafadi le . . . baobamedi ba medingwana le baaki botlhe.” Ga ba na tsholofelo epe ya go tshela mo isagweng.—Tshenolo 21:8.
‘Molao le Bosupi’ Tsa Modimo
8. “Molao” le “bosupi” ke eng tse gompieno re tshwanetseng ra ya kwa go tsone go bona kaelo?
8 Molao wa ga Jehofa o o iletsang tirisabadimo, mmogo le melao ya gagwe e mengwe, e a itsege mo Juda. E kwadilwe gore e nne e le teng. Gompieno Lefoko la gagwe le le kwadilweng le teng le feletse. Ke Baebele, e e sa tsholang tshobokanyo ya melao le ditekanyetso tsa Modimo fela mme e tshotse le pego ya ditsela tse Modimo a neng a dirisana le batho ba gagwe ka tsone. Pego ya Baebele ya tsela e Jehofa a neng a dirisana le bone ka yone ke bosupi, kana sesupo, se se re rutang kaga botho le dinonofo tsa ga Jehofa. Mo boemong jwa go buisana le baswi, Baiseraele ba tshwanetse ba ka bo ba batla kaelo kae? Isaia o araba jaana: “Kwa molaong le kwa bosuping!” (Isaia 8:20a) Ee, batho ba ba batlang go newa lesedi la boammaaruri ba tshwanetse ba ya kwa Lefokong la Modimo le le kwadilweng.
9. A go nopola Baebele gangwe le gape go ka solegela baleofi ba ba sa ikotlhayeng molemo ka tsela nngwe?
9 Baiseraele bangwe ba ba tsenelang tirisabadimo ba ka tswa ba bolela gore ba tlotla Lefoko la Modimo le le kwadilweng. Mme maiphako a a ntseng jalo ga a utlwale e bile ke a boitimokanyi. Isaia a re: “Ruri ba tla nna ba bua se se tsamaisanang le polelo eno seo se se kitlang se nna le lesedi la bosa.” (Isaia 8:20b) Isaia fano o bua ka polelo efe? Gongwe e e reng: “Kwa molaong le kwa bosuping!” Gongwe Baiseraele bangwe ba batlhanogi ba umaka Lefoko la Modimo, fela jaaka batlhanogi le ba bangwe gompieno ba ka nopola Dikwalo. Mme seo ke mafoko fela. Go nopola Dikwalo go ka se ka ga tlisa ‘lesedi lepe la bosa,’ kana go sedimosediwa ke Jehofa, fa motho a sa dire thato ya ga Jehofa a bo a latlha ditiro tse di leswe.b
“Leuba, e Seng la Dijo”
10. Batho ba Juda ba boga jang ka ntlha ya go gana Jehofa?
10 Go sa utlwe Jehofa go felela ka lefifi la mogopolo. (Baefeso 4:17, 18) Ka tsela ya semoya, batho ba Juda ba foufetse, ga ba tlhaloganye. (1 Bakorintha 2:14) Isaia o tlhalosa boemo jwa bone jaana: “Mongwe le mongwe o tla feta go ralala naga a le mo pitlaganong e bile a tshwerwe ke tlala.” (Isaia 8:21a) Ka ntlha ya go sa ikanyege ga setšhaba—bogolo jang ka nako ya fa go ne go busa Kgosi Ahase—Juda jaaka setšhaba se se ipusang se mo kotsing ya gore se se ka sa falola. Setšhaba seno se dikologilwe ke baba. Masole a Asiria a tlhasela metse ya Juda ka go latelana ga yone. Mmaba o swafatsa naga e e ungwang, a dira gore dijo di se ka tsa bonwa motlhofo. Ba le bantsi ba ‘mo pitlaganong e bile ba tshwerwe ke tlala.’ Mme setšhaba se mo tlaleng ya mofuta o mongwe gape. Masome a dingwaga pelenyana Amose o ne a porofeta jaana: “‘Bonang! Metlha e etla,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme ke tla romela leuba mo lefatsheng, leuba, e seng la dijo, le lenyora, e seng la metsi, mme la go utlwa mafoko a ga Jehofa.’” (Amose 8:11) Jaanong Juda e aparetswe ke leuba le le ntseng jalo la semoya!
11. A Juda e tla ithuta sengwe mo kotlhaong e e e newang?
11 A Juda e tla ithuta sengwe mme e boele kwa go Jehofa? A batho ba yone ba tla tlogela tirisabadimo le kobamelo ya medingwana mme ba boele “kwa molaong le kwa bosuping”? Jehofa o kgona go bonela pele tsela e ba tla arabelang ka yone: “Go tla diragala gore ka gonne a tshwerwe ke tlala mme a ikgakaditse, ruri o tla hutsa kgosi ya gagwe le Modimo wa gagwe mme ruri o tla tlhodumela kwa godimo.” (Isaia 8:21b) Ee, batho ba le bantsi ba tla pega kgosi ya bone ya motho molato gore o ba tsentse mo seemong seno. Bangwe e bile ka boeleele ba tla pega Jehofa molato ka ntlha ya masetlapelo a bone! (Bapisa Jeremia 44:15-18.) Gompieno, batho ba le bantsi ba itshwara ka tsela e e tshwanang, ba pega Modimo molato ka ntlha ya masetlapelo a a bakwang ke boikepo jwa batho.
12. (a) Go latlha Modimo go gogetse Juda kwa go eng? (b) Go bodiwa dipotso dife tsa botlhokwa?
12 A go hutsa Modimo go tla tlisetsa banni ba Juda kagiso? Nnyaa. Isaia o bolelela pele jaana: “O tla leba mo lefatsheng, mme bonang! matshwenyego le lefifi, phifalo, dinako tse di thata le letobo le le se nang phatsimo.” (Isaia 8:22) Fa ba se na go tsholeletsa matlho a bone kwa legodimong gore ba pege Modimo molato, ba leba gape mo lefatsheng, kwa isagweng ya bone ya lefela. Go tlogela Modimo ga bone go bakile masetlapelo. (Diane 19:3) Le fa go ntse jalo, go tweng ka ditsholofetso tse Modimo a di diretseng Aborahame, Isake le Jakobe? (Genesise 22:15-18; 28:14, 15) A Jehofa o tla palelwa ke go diragatsa tsholofetso ya gagwe? A Baasiria kana masole a mangwe a tla fedisa losika lwa segosi lo lo solofeditsweng Juda le Dafide? (Genesise 49:8-10; 2 Samuele 7:11-16) A Baiseraele ba tla atlholelwa lefifi ka bosakhutleng?
Naga e e ‘Tshwerweng ka Lenyatso’
13. “Galalea wa ditšhaba” ke eng, mme e ‘tshwarwa ka lenyatso’ ka tsela efe?
13 Jaanong Isaia o umaka e se ka tlhamalalo nngwe ya ditiragalo tsa masetlapelo tse di masisi go feta tsotlhe tse di kileng tsa tlela ditlogolwana tsa ga Aborahame: “Phifalo e ka se ka ya nna jaaka fa lefatshe le ne le le mo pitlaganong, jaaka mo nakong ya pele fa motho a ne a tshwara lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetali ka lenyatso le fa moragonyana motho a ne a dira gore le tlotlwe—tsela e e fa lewatleng, mo kgaolong ya Joredane, Galalea wa ditšhaba.” (Isaia 9:1) Galalea ke naga e e mo bogosing jwa bokone jwa Iseraele. Mo boporofeting jwa ga Isaia e akaretsa “lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetali” le “tsela e e fa lewatleng,” tsela ya bogologolo e e neng e tsamaya fa Lewatleng la Galalea e ya kwa Lewatleng la Mediterranean. Mo motlheng wa ga Isaia, kgaolo eno e bidiwa “Galalea wa ditšhaba,” gongwe ka gonne metse ya gone e le mentsi e nniwa ke batho ba e seng Baiseraele.c Naga eno e ‘tshwarwa ka lenyatso’ jang? Baasiria ba baheitane ba a e fenya, ba tsaya Baiseraele ba ba isa botshwarwa, ba bo ba dira gore kgaolo eno yotlhe e nniwe ke baheitane, ba e seng ditlogolwana tsa ga Aborahame. Ka jalo, bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome bo a phimoga mo hisitoring ba sa tlhole ba nna setšhaba se se ikemetseng!—2 Dikgosi 17:5, 6, 18, 23, 24.
14. “Phifalo” ya Juda e tla nna botoka mo go ya bogosi jwa ditso tse di lesome jang?
14 Juda le yone e gateletswe ke Baasiria. A e tla tsena mo ‘phifalong’ e e nnelang ruri jaaka bogosi jwa ditso tse di lesome jo bo neng bo emelwa ke Sebulone le Nafetali? Nnyaa. “Moragonyana,” Jehofa o tla tlisa masego mo kgaolong ya bogosi jwa borwa ya Juda le e leng mo nageng e pele e neng e busiwa ke bogosi jwa bokone. Jang?
15, 16. (a) Maemo a tla fetogela ‘dikgaolo tsa Sebulone le Nafetali’ ka nako efe ya “moragonyana”? (b) Naga e e neng ya tshwarwa ka lenyatso e tlotliwa jang?
15 Moaposetoloi Mathaio o araba potso eno mo pegong ya gagwe e e tlhotlheleditsweng ya bodiredi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng. Fa Mathaio o tlhalosa malatsi a kwa tshimologong ya bodiredi joo, a re: “Fa [Jesu] a sena go tloga kwa Nasaretha, a tla mme a aga mo Kaperenama go bapa le lewatle mo dikgaolong tsa Sebulone le Nafetali, gore go tle go diragadiwe se se neng sa buiwa ka Isaia moporofeti, a re: ‘Wena lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetali, go bapa le tsela ya lewatle, kwa moseja ga Joredane, Galalea wa ditšhaba! batho ba ba ntseng mo lefifing ba ne ba bona lesedi le legolo, mme fa e le ka ba ba ntseng mo lefatsheng la moriti wa loso, lesedi le ne la ba tlhabela.’”—Mathaio 4:13-16.
16 Ee, nako ya “moragonyana” e e boleletsweng pele ke Isaia ke nako ya bodiredi jwa ga Keresete mo lefatsheng. Bogolo jwa nako e Jesu a e tshetseng mo lefatsheng o ne a le kwa Galalea. O ne a simolola bodiredi jwa gagwe kwa kgaolong ya Galalea mme a simolola go itsise jaana: “Bogosi jwa magodimo bo atametse.” (Mathaio 4:17) Kwa Galalea o ne a rera Thero ya gagwe e e itsegeng thata ya mo Thabeng, a tlhopha baaposetoloi ba gagwe, a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha, mme a bonala mo balateding ba ka nna 500 fa a sena go tsosiwa. (Mathaio 5:1–7:27; 28:16-20; Mareko 3:13, 14; Johane 2:8-11; 1 Bakorintha 15:6) Ka tsela eno Jesu o ne a diragatsa boporofeti jwa ga Isaia ka go tlotla “lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetali.” Gone ke boammaaruri, bodiredi jwa ga Jesu bo ne bo sa felele fela mo bathong ba Galalea. Ka go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe, Jesu o ne a ‘dira gore go tlotlwe’ setšhaba sotlhe sa Iseraele, go akaretsa le Juda.
“Lesedi le Legolo”
17. “Lesedi le legolo” le phatsima jang kwa Galalea?
17 Le fa go ntse jalo, go tweng ka “lesedi le legolo” kwa Galalea le le umakwang ke Mathaio? Polelwana eno le yone e ne e nopolwa mo boporofeting jwa ga Isaia. Isaia o ne a kwala jaana: “Batho ba ba neng ba tsamaya mo lefifing ba bone lesedi le legolo. Mme ba ba nnang mo lefatsheng la moriti o montsho, lesedi le ba phatsimetse.” (Isaia 9:2) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., lesedi la boammaaruri le ne le sirilwe ke maaka a boheitane. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda le bone ba ne ba okeditse bothata ka go tshwarelela mo ngwaong ya bone ya bodumedi e ba neng ba “dirile lefoko la Modimo lefela” ka yone. (Mathaio 15:6) Ba ba ikokobeditseng ba ne ba gateletswe e bile ba akabetse, ba latetse “bagogi ba ba foufetseng.” (Mathaio 23:2-4, 16) Fa Mesia Jesu a ne a tla, matlho a batho ba le bantsi ba ba ikokobeditseng a ne a bulwa ka tsela e e gakgamatsang. (Johane 1:9, 12) Tiro ya ga Jesu fa a le mo lefatsheng le masego a setlhabelo sa gagwe a tlhalosiwa sentle mo boporofeting jwa ga Isaia e le “lesedi le legolo.”—Johane 8:12.
18, 19. Ba ba neng ba tsibogela lesedi ba ne ba na le lebaka lefe la go itumela thata?
18 Ba ba ileng ba tsibogela lesedi leno ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la gore ba itumele. Isaia o ne a tswelela jaana: “O dirile gore setšhaba se nne le batho ba bantsi; o se diretse boipelo jo bogolo. Ba ipedile fa pele ga gago jaaka go ipela ka nako ya thobo, jaaka ba ba ipelang fa ba kgaoganya thopo.” (Isaia 9:3) Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ne ba tla kwa go Jesu ka ntlha ya tiro ya gagwe le ya balatedi ba gagwe ya go rera, ba bontsha gore ba rata go obamela Jehofa ka moya le ka boammaaruri. (Johane 4:24) Batho ba le bantsintsi ba ne ba amogela Bokeresete, dingwaga tse nnè di ise di wele. Ka letsatsi la Pentekosete 33 C.E. go ne ga kolobediwa ba le dikete di le tharo. Nakwana fela morago ga moo, “palo ya banna ya nna dikete di ka nna tlhano.” (Ditiro 2:41; 4:4) Fa barutwa ba ntse ba bontsha lesedi ka tlhoafalo, “palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata mo Jerusalema; mme boidiidi jo bogolo jwa baperesiti jwa simolola go utlwa tumelo.”—Ditiro 6:7.
19 Jaaka batho ba ba itumelelang thobo e kgolo kana ba ba itumelelang go arolelwa thopo e e tlhwatlhwakgolo morago ga phenyo e kgolo ya sesole, balatedi ba ga Jesu ba ne ba itumelela koketsego. (Ditiro 2:46, 47) Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a dira gore lesedi le phatsime mo ditšhabeng. (Ditiro 14:27) Ka jalo batho ba ditso tsotlhe ba ne ba itumelela gore ba ne ba bulegetswe ke tsela ya go ya kwa go Jehofa.—Ditiro 13:48.
“Jaaka mo Motlheng wa Midiana”
20. (a) Bamidiana ba ne ba itshupa e le baba ba Iseraele ka ditsela dife, mme Jehofa o ne a fedisa matshosetsi a ba neng ba a tlisa jang? (b) Jesu o tla fedisa matshosetsi a a bakwang ke baba ba batho ba Modimo jang mo “motlheng wa Midiana” o o sa ntseng o tla?
20 Diphelelo tsa tiro ya ga Mesia di nnela ruri, jaaka re tla bona mo mafokong a a latelang a ga Isaia: “Jokwe ya morwalo wa bone le thobane e e mo magetleng a bone, lore lwa yo o ba gatelelang go dira, o di tšhwetlakantse jaaka mo motlheng wa Midiana.” (Isaia 9:4) Makgolo a dingwaga pele ga motlha wa ga Isaia, Bamidiana ba ne ba loga leano le Bamoaba gore ba gogele Iseraele mo boleong. (Dipalo 25:1-9, 14-18; 31:15, 16) Moragonyana, Bamidiana ba ne ba tlhorontsha Baiseraele ka go tlhasela le go thopa metse ya bone le masimo a bone ka dingwaga di le supa. (Baatlhodi 6:1-6) Mme go tswa foo, Jehofa o ne a fenya masole a Midiana, a dirisa Gidione motlhanka wa gagwe. Morago ga ‘motlha oo wa Midiana,’ ga go na bosupi jwa gore batho ba ga Jehofa ba ile ba tlhola ba tshwenngwa ke Bamidiana gape. (Baatlhodi 6:7-16; 8:28) Mo isagweng e e fa gaufi, Jesu Keresete, Gidione yo mogolwane, o tla bolaya baba ba motlha wa gompieno ba batho ba ga Jehofa. (Tshenolo 17:14; 19:11-21) Go tswa foo, “jaaka mo motlheng wa Midiana,” go tla nna le phenyo e e feletseng e e nnelang ruri ka maatla a ga Jehofa, e seng ka bonatla jwa batho. (Baatlhodi 7:2-22) Batho ba Modimo ga ba kitla ba tlhola ba boga gape ba gateletswe!
21. Boporofeti jwa ga Isaia bo supa eng ka se se tla diragalang ka dintwa mo isagweng?
21 Ditiro tse di supang maatla a Modimo ga di galaletse ntwa. Jesu yo o tsositsweng ke Kgosana ya Kagiso, mme o tla tlisa kagiso e e nnelang ruri ka go nyeletsa baba ba gagwe. Jaanong Isaia o bolela gore dilwana tsa sesole di sentswe gotlhelele ka molelo: “Setlhako sengwe le sengwe sa yo o gatang a kitisela le seaparo se se pitikilweng mo mading e ne ya nna tse di tla fisiwang jaaka dijo tsa molelo.” (Isaia 9:5) Go roroma mo go bakwang ke mosito wa dirifi tsa masole a a gwantang ga go kitla go tlhola go utlwiwa gape. Diaparo tse di tletseng madi tsa masole a bontwadumela ga di kitla di tlhola di bonwa. Ntwa e tla bo e sa tlhole e le teng!—Pesalema 46:9.
“Mogakolodi yo o Gakgamatsang”
22. Jesu o newa leina lefe la boporofeti le le dikarolo dintsi mo bukeng ya Isaia?
22 Ka nako ya fa a ne a tsholwa ka kgakgamatso, yo o neng a tsholwa go nna Mesia o ne a fiwa leina, Jesu, le le kayang “Jehofa ke Poloko.” Mme o na le maina a mangwe, maina a boporofeti a a supang seabe sa gagwe se segolo le maemo a gagwe a a kwa godimo. Leina lengwe la one ke Imanuele, le le kayang “Modimo O na Le Rona.” (Isaia 7:14, ntlhanyana e e kwa tlase mo NW) Jaanong Isaia o tlhalosa leina le lengwe la boporofeti: “Re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane; mme go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe. Mme o tla tewa leina go twe Mogakolodi yo o Gakgamatsang, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.” (Isaia 9:6) Ela tlhoko bokao jo bogolo jwa leina leno la boporofeti le le dikarolo dintsi.
23, 24. (a) Jesu ke “Mogakolodi yo o Gakgamatsang” ka tsela efe? (b) Bagakolodi ba Bakeresete ba ka etsa sekai sa ga Jesu jang gompieno?
23 Mogakolodi ke motho yo o nayang kaelo, kana kgakololo. Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng o ne a naya batho kgakololo e e molemo. Fa re bala mo Baebeleng re utlwa gore “boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” (Mathaio 7:28) Ke Mogakolodi yo o botlhale le yo o kutlwelobotlhoko, yo o tlhaloganyang motho ka tsela e e sa tshwaneng le epe. Kgakololo ya gagwe ga e akaretse dikgalemo kana kotlhao fela. Go le gantsi, e a bo e le tao le kgakololo e e lorato. Kgakololo ya ga Jesu e molemo ka gonne ka metlha e siame, e nepile, e bile ga e na diphoso. Fa e latelwa, e naya botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 6:68.
24 Kgakololo ya ga Jesu ga e tswe fela mo tlhaloganyong ya gagwe e e botlhale. Go na le moo, a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Jehofa Modimo ke ene Motswedi wa botlhale jwa ga Jesu, fela jaaka go ne go ntse ka jwa ga Solomone. (1 Dikgosi 3:7-14; Mathaio 12:42) Sekao sa ga Jesu se tshwanetse sa tlhotlheletsa barutisi le bagakolodi mo phuthegong ya Bokeresete gore ka metlha ba theye thuto ya bone mo Lefokong la Modimo.—Diane 21:30.
“Modimo Mothata” le “Rre wa Bosakhutleng”
25. Leina “Modimo Mothata” le re bolelela eng kaga Jesu wa selegodimo?
25 Jesu gape ke “Modimo Mothata” le “Rre wa Bosakhutleng.” Seno ga se bolele gore o tsaya taolo le maemo ka dikgoka mo go Jehofa, yo e leng ‘Modimo Rraarona.’ (2 Bakorintha 1:2) “[Jesu o ne] a se ka a akanyetsa go itseela, e leng, go lekana le Modimo.” (Bafilipi 2:6) O bidiwa Modimo Mothata, e seng Modimo Mothatayotlhe. Jesu ga a ise a ko a itseye e le Modimo Mothatayotlhe, gonne o ne a bua ka Rraagwe a re ke “Modimo yo o esi wa boammaaruri,” ke gore, Modimo yo o esi yo o tshwanetseng go obamelwa. (Johane 17:3; Tshenolo 4:11) Mo Dikwalong, lefoko “modimo” le ka kaya “yo o maatla” kana “yo o nonofileng.” (Ekesodo 12:12; Pesalema 8:5; 2 Bakorintha 4:4) Pele Jesu a tla mo lefatsheng, e ne e le “modimo,” “a tshela a le mo sebopegong sa Modimo.” Fa a sena go tsosiwa, o ne a boela mo maemong a magolo go feta ao, kwa magodimong. (Johane 1:1; Bafilipi 2:6-11) Mo godimo ga moo, leina “modimo” le na le bokao jo bongwe gape. Baatlhodi kwa Iseraele ba ne ba bidiwa “medimo”—nako nngwe ba bidiwa jalo ke Jesu ka boene. (Pesalema 82:6; Johane 10:35) Jesu ke Moatlhodi yo o tlhomilweng ke Jehofa, yo o “laoletsweng go atlhola batshedi le baswi.” (2 Timotheo 4:1; Johane 5:30) Go phepafetse gore go a tshwanela gore a bo a bidiwa Modimo Mothata.
26. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ka bidiwa “Rre wa Bosakhutleng”?
26 Sereto sa “Rre wa Bosakhutleng” se lebisitse go maatla le taolo ya Kgosi ya Bomesia ya go naya batho tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. (Johane 11:25, 26) Boswa jo bo tswang kwa motsading wa rona wa ntlha, Adame, e ne e le loso. Jesu, Adame wa bofelo, “o ne a nna moya o o nayang botshelo.” (1 Bakorintha 15:22, 45; Baroma 5:12, 18) E re ka Jesu, Rre wa Bosakhutleng, a tla tshelela ruri, batho ba ba kutlo ba tla itumelela melemo ya gore a nne rraabone ka bosakhutleng.—Baroma 6:9.
“Kgosana ya Kagiso”
27, 28. Babusiwa ba “Kgosana ya Kagiso” ba solegelwa molemo ka ditsela tse di molemo jang gone jaanong le mo isagweng?
27 Kwantle ga botshelo jo bo sa khutleng, motho gape o tlhoka kagiso, kagiso le Modimo le kagiso le batho ba bangwe. Tota le gompieno, batho ba ba ineelang gore ba busiwe ke “Kgosana ya Kagiso” ba ‘thudile ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.’ (Isaia 2:2-4) Ga ba tlhoe batho ba bangwe ka ntlha ya go farologana le bone ka tsa bopolotiki, naga, setso, kana tsa ikonomi. Ba utlwana mo kobamelong ya Modimo yo o esi wa boammaaruri, Jehofa, mme ba leka go nna le kagiso le baagisani ba bone, mo teng le kwantle ga phuthego.—Bagalatia 6:10; Baefeso 4:2, 3; 2 Timotheo 2:24.
28 Mo nakong e Modimo a e beileng, Keresete o tla tlhoma kagiso mo lefatsheng e e tla bong e le ya lefatshe lotlhe, e e tlhomameng, e e nnelang ruri. (Ditiro 1:7) “Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela, mo setulong sa bogosi sa ga Dafide le mo bogosing jwa gagwe gore bo tlhomamisiwe thata le go bo tshegetsa ka tshiamiso le ka tshiamo, go tloga jaanong go ya bosakhutleng.” (Isaia 9:7a) Fa Jesu a dirisa thata ya gagwe jaaka Kgosana ya Kagiso, ga a kitla a dirisa mekgwa ya go gatelela. Babusiwa ba gagwe ga ba kitla ba amogiwa kgololesego ya bone ya go itirela ditshwetso ba laolwa ka go gatelelwa. Go na le moo, sotlhe se a tla se diragatsang e tla bo e le “ka tshiamiso le ka tshiamo.” A phetogo e e molemo!
29. Re tshwanetse ra dira eng fa re batla go itumelela masego a kagiso e e sa feleng?
29 E re ka leina la ga Jesu la boporofeti le na le bokao jo bontle, konelo ya ga Isaia ya karolo eno ya boporofeti ruri e a kgatlha. O kwala jaana: “Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.” (Isaia 9:7b) Ee, Jehofa o dira ka tlhoafalo. Ga a dire sepe e se ka pelo yotlhe. Re ka tlhomamisega gore sengwe le sengwe se a se solofetsang, o tla se diragatsa ka botlalo. Ka jalo he, fa go na le ope yo o eletsang go itumelela kagiso e e sa feleng, a a direle Jehofa ka pelo yotlhe. Jaaka Jehofa Modimo le Jesu, Kgosana ya Kagiso, a batlhanka botlhe ba Modimo ba ‘tlhoafalele ditiro tse di molemo.’—Tito 2:14.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Batho ba le bantsi ba dumela gore Pesalema 119 e ne ya kwalwa ke Hesekia pele a nna kgosi. Fa go ntse jalo, e tshwanetse ya bo e kwadilwe fa Isaia a ntse a porofeta.
b Mafoko “polelo eno” a a mo go Isaia 8:20 a ka tswa a bua ka polelwana e e buang ka tirisabadimo, e e nopotsweng mo go Isaia 8:19. Fa go ntse jalo, Isaia o bolela gore batho ba ba rotloetsang tirisabadimo mo Juda ba tla tswelela pele ba rotloetsa ba bangwe gore ba buisane le batho ba ba buang le meya mme ka jalo ga ba kitla ba sedimosediwa ke Jehofa.
c Bangwe ba ile ba akantsha gore metse e e 20 ya Galalea e Kgosi Solomone a neng a e fa Hirame kgosi ya Ture e tshwanetse ya bo e ne e nniwa ke batho ba e seng Baiseraele.—1 Dikgosi 9:10-13.
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 122]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Korasina
Kaperenama
Bethesaida
Lebala la Genesareta
Lewatle la Galalea
Magadana
Tiberias
Noka
ya Joredane
GADARA
Gadara
[Ditshwantsho mo go tsebe 119]
Go tsholwa ga ga Kaine le Jesu go ne go kgethegile tota. Ke fela gore ga ga Jesu go nnile le matswela a a itumedisang
[Setshwantsho mo go tsebe 121]
Go tla nna le leuba le le maswe go feta go tshwarwa ke tlala ya senkgwe le go nyorelwa metsi
[Setshwantsho mo go tsebe 127]
Jesu e ne e le lesedi mo lefatsheng