Kgaolo ya Lesomepedi
O se Ka wa Boifa Moasiria
1, 2. (a) Ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, ke ka ntlha yang fa go ne go lebega Jona a na le lebaka le le utlwalang la go okaoka go amogela thomo ya gore a ye go rerela Baasiria? (b) Baninife ba ne ba itshwara jang ka molaetsa wa ga Jona?
MO GARE ga lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E., moporofeti wa Mohebera e bong Jona, morwa Amitai, o ne a tsena kwa Ninife, motsemogolo wa Mmusomogolo wa Asiria. O ne a tshwanetse go isa molaetsa wa botlhokwa. Jehofa o ne a mmoleletse jaana: “Nanoga, ya kwa Ninife motse o mogolo, mme o bolele teng gore bosula jwa bone bo tlile fa pele ga me.”—Jona 1:2, 3.
2 Fa Jona a sena go romiwa lantlha, o ne a tshabela go sele, go ela kwa Tareshishe. Ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, Jona o ne a na le lebaka le le utlwalang la go okaoka. Baasiria e ne e le setšhaba se se setlhogo. Ela tlhoko kafa kgosi nngwe ya Asiria e neng ya dirisana ka gone le baba ba yone: “Ke ne ka kgaola matsogo le maoto a badiredi . . . Batshwarwa ba le bantsi mo go bone ke ne ka ba fisa ka molelo, mme ba le bantsi ke ne ka ba tsaya e le batshwarwa ba ba tshelang. Ba bangwe ke ne ka ba kgaola diatla le menwana, mme ba bangwe ka ba kgaola dinko.” Le fa go ntse jalo, fa kgabagare Jona a isa molaetsa wa ga Jehofa, Baninife ba ne ba ikotlhaela maleo a bone mme Jehofa a itshwarela motse ka nako eo.—Jona 3:3-10; Mathaio 12:41.
Jehofa o Tsaya “Thobane”
3. Tsela e Baiseraele ba itshwarang ka yone fa ba tlhagisiwa ke baporofeti ba ga Jehofa e farologana jang le tsela e Baninife ba itshwarang ka yone?
3 A Baiseraele, ba le bone ba neng ba rerelwa ke Jona, ba tsaya kgato? (2 Dikgosi 14:25) Nnyaa. Ba fularela kobamelo e e itshekileng. Ee, e bile ba “ikobela masomosomo otlhe a magodimo le go direla Baale.” Mo godimo ga moo, “ba dira gore bomorwaabone le bomorwadiabone ba ralale molelo le go dira boitseanape le go batla ditshupo, mme ba nna ba ithekisetsa go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, go mo kgopisa.” (2 Dikgosi 17:16, 17) Baiseraele ga ba tshwane le Baninife ka gonne bone ga ba tseye kgato fa Jehofa a romela baporofeti gore ba ba tlhagise. Ka jalo Jehofa o ititeile sehuba go tsaya dikgato tse di gagametseng go feta pele.
4, 5. (a) Go tewang fa go twe “Moasiria,” mme Jehofa o tla mo dirisa jang jaaka “thobane”? (b) Samarea o wa leng?
4 Fa Jona a se na go etela Ninife, go tsaya nakonyana kgatelelo ya Baasiria e fokotsegile.a Le fa go ntse jalo, kwa tshimologong ya lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., Asiria o itshupa gape a nonofile mo go tsa bosole, mme Jehofa o mo dirisa ka tsela e e gakgamatsang. Moporofeti Isaia o isa tlhagiso e e tswang kwa go Jehofa e ya kwa bogosing jwa Iseraele jo bo kwa bokone: “Aha, Moasiria, thobane ya bogale jwa me, le thobane e e mo seatleng sa bone gore ke atlhole! Ke tla mo romela kgatlhanong le setšhaba sa motlhanogi, mme ke tla mo naya taolo gore a nne kgatlhanong le setšhaba sa tšhakgalo ya me, gore go tsewe thopo e ntsi le kgapo e ntsi le go se dira lefelo la go gatakwa jaaka mmopa wa mo mebileng.”—Isaia 10:5, 6.
5 A bo seo se isa Baiseraele kwa tlase jang ne! Modimo o dirisa setšhaba sa boheitane—“Moasiria”—e le “thobane” go ba otlhaya. Ka 742 B.C.E., Kgosi ya Moasiria e bong Shalemanesere V o dikanyetsa Samarea, motsemogolo wa setšhaba se se tlhanogileng sa Iseraele. A le kwa lefelong la gagwe le le maleba mo thoteng e e bogodimo jwa dimetara di ka nna 90, Samarea o koba mmaba ka dingwaga di ka nna tharo. Mme ga go na leano lepe la motho le le ka kganelang boikaelelo jwa Modimo. Samarea e wa ka 740 B.C.E., e gatakiwa ke Asiria.—2 Dikgosi 18:10.
6. Moasiria o dira se se fetang se Jehofa a se gopotseng ka tsela efe?
6 Le fa Jehofa a ba dirisa go otlhaya batho ba gagwe, Baasiria ka bobone ga ba tseye Jehofa tsia. Ke gone ka moo a tswelelang pele a re: “Le fa [Moasiria] a ka tswa a sa nna jalo, o tla ikutlwa a rata; le fa pelo ya gagwe e ka tswa e sa nna jalo, o tla loga leano, ka gonne go nyeletsa go mo pelong ya gagwe, le go kgaola ditšhaba di le dintsi.” (Isaia 10:7) Jehofa o ikaelela gore Moasiria a nne sedirisiwa mo seatleng sa Modimo. Mme Moasiria o rata go nna sengwe se sele. Pelo ya gagwe e mo rotloetsa gore a loge leano la sengwe se segolwane—go fenya lefatshe le le neng le itsege ka nako eo!
7. (a) Tlhalosa polelwana e e reng “A dikgosana tsa me ga se dikgosi ka nako e le nngwe?” (b) Batho ba ba latlhang Jehofa gompieno ba tshwanetse ba ela eng tlhoko?
7 Metse e le mentsi e e seng ya Baiseraele e e neng ya fenngwa ke Moasiria e ne e ntse e busiwa ke dikgosi pele. Batho bano ba e kileng ya ne e le dikgosi jaanong ba tshwanetse go ineela mo kgosing ya Asiria e le dikgosana tse di kafa tlase ga gagwe, mo e leng gore a ka ikgantsha jaana ka boammaaruri: “A dikgosana tsa me gape ga se dikgosi ka nako e le nngwe?” (Isaia 10:8) Medimo ya maaka ya metse e megolo ya ditšhaba e ne e sa kgone go falotsa baobamedi ba yone gore ba se ka ba senngwa. Medimo e e neng e obamelwa ke banni ba Samarea e e jaaka Baale, Moleke, le dinamane tsa gouta, ga e kitla e sireletsa motsemogolo oo. Samarea ga a na tshwanelo ya go lebelela gore Jehofa a mo thuse, ka gonne o ile a mo latlha. A bape fela ba ba latlhang Jehofa gompieno ba ele tlhoko ditlamorago tse di botlhoko tsa Samarea! Moasiria a ka ikgantsha sentle jaana kaga Samarea le metse e mengwe eo a e fentseng: “A Kaleno ga a tshwane fela le Karakemishe? A Hamathe ga a tshwane fela le Arepade? A Samarea ga a tshwane fela le Damaseko?” (Isaia 10:9) Moasiria o fitlhela ba tshwana botlhe fela—ke thopo e a ka e tsayang.
8, 9. Ke ka ntlha yang fa Moasiria a feteletsa dilo mo maikaelelong a gagwe a go gapa Jerusalema?
8 Le fa go ntse jalo, Moasiria o a fetelela mo boikgantshong jwa gagwe. A re: “Motlhang seatla sa me se fitlhile kwa magosing a modimo o o se nang mosola o ditshwantsho tsa one tse di betlilweng di fetang tse di kwa Jerusalema le kwa Samarea, a ga e kitla e nna gore fela jaaka ke tla bo ke dirile Samarea le medimo ya gagwe e e se nang mosola, ke tla dira Jerusalema le medingwana ya gagwe fela jalo?” (Isaia 10:10, 11) Magosi a a setseng a fentswe ke Moasiria a ne a na le medingwana e mentsi thata go feta Jerusalema le fa e le Samarea. O akanya jaana, ‘Ke eng se se tla nthibelang gore ke se ka ka dira Jerusalema se ke se dirileng Samarea?’
9 Moikgantshi! Jehofa ga a kitla a mo letla gore a tseye Jerusalema. Ke boammaaruri, Juda ga a ka a tshegetsa kobamelo ya boammaaruri a sa dire diphoso. (2 Dikgosi 16:7-9; 2 Ditiragalo 28:24) Jehofa o tlhagisitse gore ka lebaka la go bo Juda a sa ikanyega, o tla boga thata fa Asiria e tlhasela. Mme Jerusalema o tla falola. (Isaia 1:7, 8) Fa Moasiria a tlhasela, Hesekia ke kgosi kwa Jerusalema. Hesekia ga a tshwane le rraagwe e bong Ahase. E bile tota, mo kgweding ya ntlha fela ya puso ya gagwe, Hesekia o bula dikgoro tsa tempele sesha a bo a busetsa kobamelo e e itshekileng!—2 Ditiragalo 29:3-5.
10. Jehofa o solofetsa eng malebana le Moasiria?
10 Ka jalo Jehofa ga a tshegetse tlhaselo e Asiria a e ikaeletseng mo Jerusalema. Jehofa o solofetsa gore o tla dira gore mmusomogolo oo wa lefatshe o o se nang maitseo o ikarabele: “Go tla diragala gore fa Jehofa a khutlisa tiro ya gagwe yotlhe kwa Thabeng ya Siona le kwa Jerusalema, ke tla dira gore go ikarabelwe maungo a go tlhoka maitseo ga pelo ya kgosi ya Asiria le boikgodiso jwa go ipega ga matlho a gagwe.”—Isaia 10:12.
Go Fetela Kwa Juda le Jerusalema!
11. Ke ka ntlha yang fa Moasiria a akanya gore go tla nna motlhofo go tlhasela Jerusalema?
11 Dingwaga di le robedi bogosi jwa bokone bo se na go wa ka 740 B.C.E., kgosi e ntšha ya Moasiria, Senakeribe, o gwantela Jerusalema. Isaia o tlhalosa leano la boikgantsho la ga Senakeribe ka tsela ya poko jaana: “Ke tla tlosa melelwane ya ditšhaba, le dilo tsa bone tse di bolokilweng ke tla di thopa, mme ke tla folosa banni fela jaaka yo o maatla. Mme seatla sa me se tla fitlhelela dikhumo tsa ditšhaba fela jaaka e kete ke sentlhaga; mme fela jaaka fa motho a phutha mae a a tlogetsweng, nna ke tla phutha lefatshe lotlhe, mme ruri go tla bo go se na ope yo o phaphasedisang diphuka tsa gagwe kgotsa yo o bulang molomo wa gagwe kgotsa yo o tswirinyang.” (Isaia 10:13, 14) Senakeribe o akanya gore ka gonne metse e mengwe e ole mme Samarea ga a tlhole a le teng, go tla nna motlhofo go tlhasela Jerusalema! Motse o ka nna wa leka go lwa ka maatla a e seng a sepe, mme banni ba one ba tla fenngwa ka bofefo, dithoto tsa bone di tsewe fela jaaka mae a tsewa mo sentlhageng se se tlogetsweng.
12. Jehofa o bontsha gore tsela e e tshwanetseng ya go leba dilo ke efe malebana le maikgantsho a Moasiria?
12 Le fa go ntse jalo, Senakeribe o lebala sengwe. Samarea wa motlhanogi o ne a tshwanelwa ke kotlhao e a e neilweng. Le fa go ntse jalo, e re ka Jerusalema e busiwa ke Kgosi Hesekia, jaanong e buile gape e itsetsepetse mo kobamelong e e itshekileng. Ope fela yo o batlang go kgoma Jerusalema o tla tshwanelwa ke go akanya pele ka Jehofa! Isaia o botsa jaana a galefile: “A selepe se tla ikgodisetsa yo o remang ka sone, kgotsa shaga e tla ikgodisetsa yo o e isang kwa morago le kwa pele, jaaka e kete lore lo ne lo isa kwa morago le kwa pele ba ba lo tsholeletsang kwa godimo, jaaka e kete thobane e ne ya tsholeletsa kwa godimo yo eseng logong?” (Isaia 10:15) Mmusomogolo wa Asiria ke sedirisiwa fela mo seatleng sa ga Jehofa, fela jaaka selepe, shaga, lore kana thobane e ka dirisiwa ke mmetli, moshagi, kana modisa. Jaanong thobane e ka leka jang go itlotlomaletsa yo o e dirisang!
13. Tlhalosa gore bano ke bomang mme go diragala eng ka bone, (a) “ba ba nonneng.” (b) ‘mefero le ditlhatshana tsa mitlwa.’ (c) “kgalalelo ya sekgwa sa gagwe.”
13 Go tla diragala eng ka Moasiria? “Morena wa boammaaruri, Jehofa wa masomosomo, o tla nna a romelela ba gagwe ba ba nonneng bolwetse jo bo senyang, mme kafa tlase ga kgalalelo ya gagwe go tuka go tla tswelela go tuka jaaka go tuka ga molelo. Mme Lesedi la Iseraele le tla nna molelo, le Moitshepi wa gagwe kgabo ya molelo; mme e tla tuka e bo e laile mefero ya gagwe le ditlhatshana tsa gagwe tse di mitlwa ka letsatsi le le lengwe fela. Mme kgalalelo ya sekgwa sa gagwe le ya tshingwana ya gagwe ya maungo O tla e fedisa, le eleng go tswa moyeng go ya fela kwa nameng, mme go tla nna jaaka go fela ga yo o bobolang. Mme ditlhare tse dingwe tsotlhe tsa sekgwa sa gagwe—di tla nna palo e e leng gore le mosimanyana fela o tla kgona go di kwala.” (Isaia 10:16-19) Ee, Jehofa o tla seta “thobane” eo ya Moasiria gore e lekanele! “Ba ba nonneng” ba masole a Asiria, masole a gagwe a dinatla, ba tla tlhaselwa ke “bolwetse jo bo senyang.” Ga ba kitla ba lebega ba nonofile go le kalo! Fela jaaka mefero le ditlhatshana tse dintsi tsa mitlwa, masole a gagwe a tla fisiwa ke Lesedi la Iseraele, Jehofa Modimo. Mme “kgalalelo ya sekgwa sa gagwe,” badiredibagolo ba gagwe ba masole, ba tla fela. Fa Jehofa a se na go fetsa ka Moasiria, go tla sala badiredibagolo ba se kae fela mo e leng gore mosimanyana fela o tla kgona go ba bala ka menwana ya gagwe!—Bona gape le Isaia 10:33, 34.
14. Tlhalosa kafa Moasiria a tsamayang ka teng mo lefatsheng la Juda ka 732 B.C.E.
14 Le fa go ntse jalo, Bajuda ba ba nnang kwa Jerusalema ka 732 B.C.E. ba tshwanetse ba bo ba fitlhela go le thata go dumela gore Moasiria o tla fenngwa. Masole a mantsi a Asiria a ntse a atamela a sa lebe morago. Reetsa lenaane la metse ya kwa Juda e e oleng: “O tlile mo Aiatha . . . Migerone . . . Mikemashe . . . Geba . . . Rama . . . Gibea ya ga Saulo . . . Galime . . . Laisha . . . Anathothe . . . Matemena . . . Gebime . . . Nobe.” (Isaia 10:28-32a)b La bofelo batlhasedi ba fitlha kwa Lakishe, dikilometara di le 50 fela go tswa kwa Jerusalema. Go ise go ye kae mophato o mogolo wa masole a Asiria o tshosetsa motse. “O kgatikanyetsa seatla sa gagwe ka go tshosetsa kwa thabeng ya ga morwadia Siona, thota ya Jerusalema.” (Isaia 10:32b) Moasiria a ka thibelwa ke eng?
15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa Kgosi Hesekia a tlhoka tumelo e e nonofileng? (b) Ke lebaka lefe le le utlwalang la gore Hesekia a dumele gore Jehofa o tla mo thusa?
15 Kgosi Hesekia kwa legaeng la gagwe la segosi kwa motsemogolong o tsenwa ke letshogo. O ikgagola diaparo a bo a apara letsela la kgetsi. (Isaia 37:1) O romela banna kwa go moporofeti Isaia go ya go boletsa Juda mo go Jehofa. Ka bonako fela ba tla ka karabo ya ga Jehofa: “O se ka wa boifa . . . eleruri ke tla femela motse ono.” (Isaia 37:6, 35) Le fa go ntse jalo, Baasiria ba a tshosa e bile ba itshepa tota.
16 Tumelo ke yone e tla tshegetsang Kgosi Hesekia mo mathateng ano. Tumelo ke “pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) E akaretsa go leba ka kwa ga dilo tse di bonalang sentle. Mme tumelo e theilwe mo kitsong. Hesekia o tshwanetse a bo a gakologelwa gore e ne e rile pelenyana Jehofa a bua mafoko ano a a gomotsang: “Lo se ka lwa boifa, lona batho ba me ba lo nnang kwa Siona, ka ntlha ya Moasiria . . . Ka lobakanyana fela—katlholo e tla bo e khutlile, le bogale jwa me, fa ba ntse ba fela. Mme ruri Jehofa wa masomosomo o tla mo kgatikanyetsa seme jaaka fa go ne go fenngwa Midiana kwa lefikeng la Orebe; mme lore lwa gagwe lo tla nna mo lewatleng, mme ruri o tla lo tsholetsa ka tsela e a neng a dira ka yone ka Egepeto.” (Isaia 10:24-26)c Ee, batho ba Modimo ba kile ba nna mo maemong a a boima. Bagologolwane ba ga Hesekia ba ne ba lebega ba fetwa thata ke masole a Baegepeto kwa Lewatleng le Lehibidu. Makgolo a dingwaga pele ga foo, Gidione o ne a lebega a fekeeditswe tota fa Midiana le Amaleka ba ne ba tlhasela Iseraele. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a golola batho ba gagwe ka makgetlho ao a mabedi.—Ekesodo 14:7-9, 13, 28; Baatlhodi 6:33; 7:21, 22.
17. Jokwe ya Moasiria e “robegile” ka tsela efe, mme ka ntlha yang?
17 A Jehofa o tla boa a dira se a se dirileng ka makgetlo ao a a fetileng? Ee. Jehofa o solofetsa jaana: “Go tla diragala mo letsatsing leo gore morwalo wa gagwe o tloge mo legetleng la gago, le jokwe ya gagwe mo thamong ya gago, mme jokwe e tla robega ka ntlha ya leokwane.” (Isaia 10:27) Jokwe ya Moasiria e tla tlosiwa mo legetleng le mo thamong ya batho ba kgolagano ya Modimo. Eleruri, jokwe eo e tla “robega”—mme ruri e robegile! Mo bosigong bo le bongwe fela, moengele wa ga Jehofa o bolaya Baasiria ba le 185 000. Baasiria ba tlogela go ba tshosetsa mme ba tsamaela ruri go tswa mo lefatsheng la Juda. (2 Dikgosi 19:35, 36) Ka ntlha yang? “Ka ntlha ya leokwane.” Seno se ka tswa se lebisitse mo leokwaneng le le neng la dirisiwa go tlotsa Hesekia go nna kgosi ya losika lwa ga Dafide. Ka jalo, Jehofa o diragatsa tsholofetso ya gagwe: “Eleruri ke tla femela motse ono gore ke o boloke ka ntlha ya me le ka ntlha ya ga Dafide motlhanka wa me.”—2 Dikgosi 19:34.
18. (a) A boporofeti jwa ga Isaia bo na le ditiragatso tse di fetang e le nngwe? Tlhalosa. (b) Ke mokgatlho ofe gompieno o o tshwanang le Samarea wa bogologolo?
18 Pego ya ga Isaia e e tlhalosiwang mo kgaolong eno e bua ka ditiragalo tsa kwa Juda tsa dingwaga di feta 2 700 tse di fetileng. Mme ditiragalo tseo di botlhokwa thata gompieno. (Baroma 15:4) A seno se kaya gore batsayakarolo ba bagolo mo polelong eno e e kgatlhang—banni ba Samarea le Jerusalema mmogo le Baasiria—ba na le bao ba ba tshwantshetsang gompieno? Ee, se kaya seo. Fela jaaka Samarea yo o obamelang medingwana, Labokeresete gompieno o iphaka fa a obamela Jehofa, mme ke motlhanogi yo o feletseng. Mo bukeng ya gagwe ya An Essay on the Development of Christian Doctrine, Mokadinale John Henry Newman wa Katoliki ya Roma o dumela gore dilo tse Labokeresete a ntseng a di dirisa ka makgolo a dingwaga, tse di jaaka maswalo, dikhantlele, metsi a a boitshepo, diaparo tsa seperesiti, le ditshwantsho, “tsotlhe di simologile mo boheitaneng.” Jehofa ga a itumelele kobamelo ya Labokeresete e e theilweng mo boheitaneng fela jaaka a ne a sa itumelele kobamelo ya medingwana ya Samarea.
19. Labokeresete o tlhagisitswe kaga eng, mme ke mang?
19 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhagisa Labokeresete ka dingwaga di le dintsi kafa Jehofa a sa itumeleng ka teng. Ka sekai, ka 1955 puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Labokeresete Kana Bokeresete—Ke Efe e e Leng ‘Lesedi la Lefatshe’?” e ne ya newa mo lefatsheng lotlhe. Puo eno e ne ya tlhalosa ka phepafalo kafa Labokeresete a fapogileng ka teng mo thutong ya boammaaruri ya Bokeresete le mo mekgweng ya jone. Morago ga moo, dikhopi tsa puo eno e e bogale di ne tsa romelelwa baruti kwa dinageng di le dintsi. Labokeresete jaaka mokgatlho, o paletswe ke go tsaya tlhagiso eo tsia. O dira gore Jehofa a mo otlhaye ka “thobane.”
20. (a) Ke eng se se tla nnang jaaka Moasiria wa motlha wa gompieno, mme se tla dirisiwa jang jaaka thobane? (b) Labokeresete o tla otlhaiwa go le kana kang?
20 Jehofa o tla dirisa mang go otlhaya Labokeresete yo o tsuologang? Karabo re e fitlhela mo go kgaolo 17 ya Tshenolo. Mo go yone re bolelelwa ka seaka, “Babelona o Mogolo,” se se emelang ditumelo tsotlhe tsa lefatshe tsa maaka, go akaretsa Labokeresete. Seaka se palame sebatana sa naga se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se se nang le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome. (Tshenolo 17:3, 5, 7-12) Sebatana sa naga se emela lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.d Fela jaaka Moasiria wa bogologolo a ne a senya Samarea, sebatana sa naga sa mmala o o bohibidu jo bo letlhololo ‘se tla tlhoa seaka mme se tla se senyetsa ruri se bo se se dira se se sa ikategang, mme se tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama se di fetsa se ba se se ja ka molelo mo go feletseng.’ (Tshenolo 17:16) Ka gone Moasiria wa segompieno (ditšhaba tse di ikgolagantseng le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng) o tla nna setlhogo mo go Labokeresete mme o tla mo senya.
21, 22. Ke mang yo o tla tlhotlheletsang sebatana sa naga gore se tlhasele batho ba Modimo?
21 A Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla nyelediwa le Babelona o Mogolo? Nnyaa. Modimo o a ba amogela. Kobamelo e e itshekileng e tla sala. Le fa go ntse jalo, sebatana sa naga se se senyang Babelona o Mogolo gape se leba ntlheng ya batho ba ga Jehofa ka bopelotshetlha. Ka go dira jalo, sebatana ga se diragatse kgopolo ya Modimo, mme se diragatsa kgopolo ya mongwe o sele. Mang? Satane Diabolo.
22 Jehofa o senola leano la ga Satane la boikgogomoso: “Go tla diragala mo letsatsing leo gore dilo di tla tla mo pelong ya gago [Satane], mme ruri o tla akanya leano le le utlwisang botlhoko; mme o tla re: ‘Ke tla . . . tsena mo go ba ba se nang matshwenyego, ba ba ntseng ka polokesego, botlhe ba ntse ba se na lobota [lo lo sireletsang] . . . ’ E tla bo e le gore ke bone thopo e kgolo le gore ke gape mo gogolo.” (Esekiele 38:10-12) Satane o tla akanya jaana, ‘Ee, ke eng fa ke sa tlhotlheletse ditšhaba gore di tlhasele Basupi ba ga Jehofa? Ba ka tlhaselwa motlhofo, ga ba a sireletsega, e bile ga ba tseye letlhakore lepe la bopolotiki. Ga ba kitla ba ikemela ka gope. A bo go tla nna motlhofo jang ne go ba tsaya jaaka mae a ka tsewa mo sentlhageng se se sa sirelediwang!’
23. Ke ka ntlha yang fa Moasiria wa motlha wa gompieno a se kitla a kgona go dira batho ba Modimo se a se dirang Labokeresete?
23 Mme itlhokomeleng, lona ditšhaba! Lemogang gore fa lo kgoma batho ba ga Jehofa lo tla tshwanelwa ke go akanya ka Modimo ka boene! Jehofa o rata batho ba gagwe, mme ruri o tla ba lwela fela jaaka a ile a lwela Jerusalema mo metlheng ya ga Hesekia. Fa Moasiria wa segompieno a leka go nyeletsa batlhanka ba ga Jehofa, tota o tla bo a tlhabana le Jehofa Modimo le Kwana, Jesu Keresete. Ke tlhabano e Moasiria a ka se kang a e fenya. “Kwana o tla [ba] fenya,” Baebele ya rialo, “ka gonne ke Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi.” (Tshenolo 17:14; bapisa Mathaio 25:40.) Jaaka Moasiria wa bogologolo, sebatana sa naga sa mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se tla ‘ya tshenyegong.’ Ga se kitla se tlhola se boifiwa.—Tshenolo 17:11.
24. (a) Bakeresete ba boammaaruri ba ititeile sehuba gore ba tla dira eng go ipaakanyetsa isagwe? (b) Isaia o leba jang kwa pelepele? (Bona lebokoso le le mo go tsebe 155.)
24 Bakeresete ba boammaaruri ba ka leba isagwe ba sa boife sepe fa ba boloka kamano ya bone le Jehofa e nonofile le fa ba dira gore go dira thato ya gagwe e nne sone se ba amegileng thata ka sone mo botshelong. (Mathaio 6:33) Fa ba dira jalo, ga ba tlhoke go “[boifa] sepe se se bosula.” (Pesalema 23:4) Ka matlho a bone a tumelo, ba tla bona seatla sa Modimo se se nonofileng se tsholeleditswe kwa godimo, e seng gore se ba otlhaye, mme e le gore se ba sireletse mo babeng ba gagwe. Mme ditsebe tsa bone di tla utlwa mafoko ano a a kgothatsang: “Lo se ka lwa boifa.”—Isaia 10:24.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 203.
b Isaia 10:28-32 e tlhalosiwa pele ga Isaia 10:20-27 gore dintlha di utlwale sentle.
c Go bona tlhaloso ya Isaia 10:20-23, bona “Isaia o Leba Kwa Pelepele,” mo go tsebe 155.
d Tshedimosetso e e oketsegileng kaga gore seaka le sebatana sa naga se se mmala o bohibidu jo bo letlhololo ke bomang e mo go kgaolo 34 le 35 tsa buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 155, 156]
ISAIA O LEBA KWA PELEPELE
Kgaolo ya bo10 ya Isaia e bua thata ka tsela e Jehofa a tla dirisang tlhaselo ya Asiria ka yone go diragatsa katlholo mo Iseraele le ka tsholofetso ya gagwe ya go femela Jerusalema. E re ka ditemana 20 go ya go 23 di le mo gare mo boporofeting jono, go ka bolelwa gore ka kakaretso di diragadiwa ka nako e le nngwe. (Bapisa Isaia 1:7-9.) Le fa go ntse jalo, tsela e mafoko a beilweng ka yone e supa gore ditemana tseno di dira segolobogolo mo dinakong tsa moragonyana fa Jerusalema le yone e ne e tla tshwanela go lebana le matswela a maleo a banni ba yone.
Kgosi Ahase o leka go nna le tshireletsego ka go kopa thuso kwa go Asiria. Moporofeti Isaia o bolelela pele gore ka nako nngwe mo isagweng, bafalodi ba ntlo ya Iseraele ga ba kitla ba tlhola ba dira boeleele jo bo ntseng jalo. Isaia 10:20 e bolela gore ba tla “itshegetsa ka Jehofa, Moitshepi wa Iseraele, ka boammaaruri.” Le fa go ntse jalo, temana ya 21 e bontsha gore ke palo e nnye fela e e tla dirang jalo: “Go tla boa masalela fela.” Seno se re gopotsa morwa Isaia e bong Sheare-jashube, yo o leng sesupo mo Iseraele le yo leina la gagwe le kayang “Go Tla Boa Masalela Fela.” (Isaia 7:3) Temana 22 ya kgaolo 10 e tlhagisa gore go tla “phediso” e go dirilweng tshwetso ka yone. Phediso eo e tla bo e siame ka gonne ke kotlhao e e tshwanetseng mo setšhabeng sa batsuolodi. Ka ntlha ya seo, mo setšhabeng se se nang le batho ba bantsintsi e bile se “tshwana le moshawa wa lewatle,” go tla boa masalela fela. Temana ya 23 e tlhagisa gore phediso eno e e tlang e tla ama lefatshe lotlhe. Jerusalema ga a ne a falola jaanong.
Ditemana tseno di tlhalosa sentle se se diragetseng ka 607 B.C.E. fa Jehofa a ne a dirisa Mmusomogolo wa Babelona jaaka “thobane” ya gagwe. Naga eo yotlhe, go akaretsa Jerusalema, e ne ya fenngwa ke motlhasedi. Bajuda ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona dingwaga di le 70. Le fa go ntse jalo, morago ga moo bangwe—le fa e ne e le “masalela fela”—ba ne ba boela go ya go tlhoma kobamelo ya boammaaruri sesha kwa Jerusalema.
Boporofeti jo bo mo go Isaia 10:20-23 bo ne jwa diragadiwa gape mo lekgolong la ntlha la dingwaga, jaaka go bontshitswe mo go Baroma 9:27, 28. (Bapisa Isaia 1:9; Baroma 9:29.) Paulo o tlhalosa gore ka tsela ya semoya, “masalela” a Bajuda a ne a ‘boela’ kwa go Jehofa ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., fela jaaka Bajuda ba sekae ba ba ikanyegang ba ne ba nna balatedi ba ga Jesu Keresete mme ba simolola go obamela Jehofa “ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Moragonyana Baditšhaba ba ba dumelang ba ne ba kopanela le bone, ba bopa setšhaba sa semoya, “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Mafoko a Isaia 10:20 a ne a diragadiwa ka nako eno: Setšhaba se se ineetseng mo go Jehofa ga se a ka ‘sa tlhola’ se mo tlogela se ya go kopa thuso mo bathong.
[Setshwantsho mo go tsebe 147]
Senakeribe o akanya gore go phutha ditšhaba go motlhofo fela jaaka go phutha mae mo sentlhageng