Kgaolo ya Boraro
‘A re Tlhamalatseng Dilo’
1, 2. Jehofa o tshwantsha baeteledipele le batho ba Jerusalema le Juda le bomang, mme ke ka ntlha yang fa seno se utlwala?
BANNI ba Jerusalema ba ka tswa ba ikutlwa ba batla go ipua tshiamo fa ba sena go utlwa ba kgalwa jaaka go begilwe mo go Isaia 1:1-9. Kwantle ga pelaelo ba ka rata go supa ka boikgogomoso ditlhabelo tsotlhe tse ba di isetsang Jehofa. Le fa go ntse jalo, temana 10 go ya go temana 15 di re naya karabo ya ga Jehofa e e fedisang maikutlo a a ntseng jalo. E simolola jaana: “Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona babusaesi ba Sodoma. Sekegelang molao wa Modimo wa rona tsebe, lona batho ba Gomora.”—Isaia 1:10.
2 Metse ya Sodoma le Gomora e ne ya senngwa e seng fela ka ntlha ya mekgwa ya yone e e sokameng ya tlhakanelodikobo mme le ka ntlha ya botlhogoethata le boikgodiso jwa yone. (Genesise 18:20, 21; 19:4, 5, 23-25; Esekiele 16:49, 50) Bareetsi ba ga Isaia ba tshwanetse ba bo ba gamaregile fa ba utlwa ba tshwantshiwa le batho ba metse eo e e hutsegileng.a Mme Jehofa o bona batho ba gagwe fela jaaka ba ntse, le Isaia ga a tlhofofatse molaetsa wa Modimo gore a ba ‘tsikitle ditsebe.’—2 Timotheo 4:3.
3. Jehofa o kaya eng fa a re o “lapisitswe” ke ditlhabelo tsa batho, mme ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
3 Ela tlhoko kafa Jehofa a ikutlwang ka gone ka kobamelo ya batho ba gagwe ya seomodiro. “‘Ditlhabelo tsa lona tse dintsintsi di na le mosola wa eng mo go nna?’ go bua Jehofa. ‘Ke lapisitswe ke ditshupelo tse di fisiwang di feletse tsa diphelefu le mafura a diphologolo tse di fepilweng sentle; mme ga ke a itumedisiwa ke madi a dipowana le dikwanyana tse ditonanyana le diphoko.’” (Isaia 1:11) Batho ba lebetse gore Jehofa ga a ikaega ka ditlhabelo tsa bone. (Pesalema 50:8-13) Ga a tlhoke sepe se batho ba ka se mo fang. Ka jalo fa e le gore batho bano ba akanya gore ba direla Jehofa molemo mongwe ka go isa ditshupelo tsa bone tse di sa dirweng ka pelo yotlhe, ba dirile phoso. Jehofa o dirisa sekapuo se se nang le bokao tota. Polelwana e e reng “ke lapisitswe ke” e ranola polelwana e gape e ka rayang “ke kgotshe thata” kana “ke tlapetswe ke dijo.” A o itse gore go utlwalega jang fa o kgotshe dijo thata mo e leng gore go di bona fela go a go tena? Jehofa o ne a ikutlwa jalo ka ditshupelo tseo—di ne di mo tena tota!
4. Isaia 1:12 e senola jang gore go nna teng ga batho kwa tempeleng kwa Jerusalema e ne e le ga lefela?
4 Jehofa o tswelela jaana: “Fa lo nnela go tla go bona sefatlhego sa me, ke mang yo o batlileng seno mo seatleng sa lona, gore lo gatake malwapa a me?” (Isaia 1:12) A ga se molao wa ga Jehofa ka boene o o batlang gore batho ba ‘tle go bona sefatlhego sa gagwe,’ ke gore, ba nne teng kwa tempeleng ya gagwe kwa Jerusalema? (Ekesodo 34:23, 24) Ee, mme ba tla teng e le seomodiro fela, ba dira kobamelo e e itshekileng ka tlwaelo fela, e se ka maitlhomo a a siameng. Mo go Jehofa, maeto a bone a mantsintsi ba ya kwa malwapeng a gagwe a tshwana le go ‘gataka’ fela, ga a dire sepe fa e se go onatsa boalo fela.
5. Dingwe tsa ditiro tsa kobamelo tse di dirwang ke Bajuda ke dife, mme ke ka ntlha yang fa di setse di le “mokgweleo” mo go Jehofa?
5 Ga go gakgamatse go bo jaanong Jehofa a dirisa mafoko a a bogale le go gaisa! “Tlogelang go tlisa ditshupelo tse di oketsegileng tse di se nang mosola tsa dijo tsa ditlhaka. Maswalo—ke sengwe se se makgapha mo go nna. Ngwedi yo mosha le sabata, go bidiwa ga kopano—ga ke na go itshokela go dirisiwa ga maatla a masaitseweng mmogo le kopano e e masisi. Moya wa me o tlhoile dikgwedi tsa lona tse disha le dipaka tsa lona tsa meletlo. Mo go nna di fetogile mokgweleo; ke lapisitswe ke go di sikara.” (Isaia 1:13, 14) Ditshupelo tsa dijo tsa ditlhaka, maswalo, Bosabata, le dikopano tse di masisi tsotlhe ke karolo ya Molao wa Modimo mo Iseraele. Fa e le ‘dikgwedi tse disha,’ Molao o bolela fela gore di ketekwe, mme go setse go na le dingwao tse di siameng tse di amanang le go di keteka. (Dipalo 10:10; 28:11) Ngwedi yo mosha o tsewa jaaka sabata wa kgwedi le kgwedi, fa batho ba ne ba tlogela tiro ba bo ba kokoana gore ba tle ba rutwe ke baporofeti le baperesiti. (2 Dikgosi 4:23; Esekiele 46:3; Amose 8:5) Mekete e e ntseng jalo ga e phoso. Bothata ke go e direla matlho a batho fela. Mo godimo ga moo, Bajuda jaanong ba dirisa “maatla a masaitseweng,” mekgwa ya go dirisana le meya, mme kafa letlhakoreng le lengwe ba tshegetsa Molao wa Modimo ka tsela ya seomodiro fela.b Ka gone, ditiro tsa bone tsa go obamela Jehofa ke “mokgweleo” mo go ene.
6. Jehofa o ‘lapile’ ka tsela efe?
6 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ka ikutlwa jang a ‘lapile’? Kana gone, o na le “bogolo jwa maatla a a boitshegang . . . Ga a lape le fa e le go felelwa ke nonofo.” (Isaia 40:26, 28) Jehofa o dirisa sekapuo se se tlhalosang sentle gore re kgone go tlhaloganya maikutlo a gagwe. A o kile wa sikara morwalo o o bokete ka lobaka lo loleele mo e leng gore o ne wa lapa thata wa ba wa eletsa go ipona fela o setse o o rotse? Jehofa o ikutlwa fela jalo ka ditiro tsa kobamelo tsa batho ba gagwe tsa boitimokanyi.
7. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tlogetse go reetsa dithapelo tsa batho ba gagwe?
7 Jaanong Jehofa o bua ka ditiro tsa kobamelo tse di masisi le tse di mo amang thata go di feta tsotlhe. “Fa lo otlolola diatla tsa lona, ke lo fitlhela matlho a me. Le fa lo dira dithapelo tse dintsi, ga ke a reetsa; diatla tsa lona di tletse tshololo ya madi.” (Isaia 1:15) Go otlolola diatla, go tsholetsa matsogo diatla di lebile kwa godimo, go supa kopo. Mo go Jehofa, go dira jalo ga go tlhole go na le bokao, gonne diatla tsa batho bano di tletse tshololo ya madi. Thubakanyo e aname mo lefatsheng. Go gatelelwa ga ba ba bokoa go atile. Gore batho bano ba ba tlhapatsang, ba ba pelotshetlha ba bo ba rapela Jehofa ba kopa masego a gagwe go a kgopisa. Ga go gane Jehofa a re, “Ga ke a reetsa”!
8. Labokeresete o dira phoso efe gompieno, mme Bakeresete bangwe ba wela mo serung se se tshwanang ka tsela efe?
8 Mo motlheng wa rona, Labokeresete le ene o paletswe ke go dira gore a amogelwe ke Modimo ka go boaboeletsa dithapelo tse di sa utlwaleng a sa kgaotse le ka “ditiro” tse dingwe tsa gagwe tsa bodumedi. (Mathaio 7:21-23) Go botlhokwa thata gore re se ka ra wela mo serung se se tshwanang. Gangwe le gape, Mokeresete o wela mo mokgweng wa go dira boleo jo bo masisi, a bo a ipha mabaka a gore fa fela a fitlha se a se dirang mme a bo a dira ka natla mo phuthegong ya Bokeresete, ka tsela nngwe ditiro tsa gagwe di tla bipa boleo jwa gagwe. Ditiro tse di ntseng jalo tsa seomodiro ga di itumedise Jehofa. Bolwetse jwa semoya bo na le kalafi e le nngwe fela, jaaka ditemana tse di latelang tsa Isaia di bontsha.
Kalafi ya Bolwetse Jwa Semoya
9, 10. Bophepa bo botlhokwa go le kana kang mo kobamelong ya rona go Jehofa?
9 Jehofa, Modimo yo o pelotlhomogi, jaanong o bua ka tsela e e botsalano, e e gogelang. “Itlhapiseng; iphepafatseng; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; kgaotsang go dira bosula. Ithuteng go dira molemo; batlang tshiamiso; siamisang mogateledi; atlholelang mosimane yo o se nang rre; sekang kgang ya motlholagadi.” (Isaia 1:16, 17) Fano re bona mogolagang wa ditaelo tse robongwe. Tsa ntlha tse nnè di amana le dilo tse di tshwanetseng tsa tlogelwa ka gonne di akaretsa go tlosiwa ga boleo; tsa bofelo tse tlhano di amana le ditiro tse di tshwanetseng go dirwa tse di felelang ka gore motho a segofadiwe ke Jehofa.
10 Go tlhapa le bophepa ga di bolo go nna dilo tse di botlhokwa mo kobamelong e e itshekileng. (Ekesodo 19:10, 11; 30:20; 2 Bakorintha 7:1) Mme Jehofa o batla gore go phepafatsa go tsenele kwa teng, mo tengteng ga pelo ya baobamedi ba gagwe. Sa botlhokwatlhokwa ke bophepa jwa boitsholo le jwa semoya, mme ke sone se Jehofa a buang ka sone. Ditaelo tsa ntlha tse pedi mo temaneng ya bo16 ga se poeletso fela. Moithuti mongwe wa thutapuo ya Sehebera o akantsha gore ya ntlha, “itlhapiseng,” e bua ka kgato ya ntlha ya go iphepafatsa, mme ya bobedi “iphepafatseng,” e bua ka maiteko a a tswelelang pele a go dira gore motho a tswelele a le phepa jalo.
11. Gore re lwantshe boleo, ke eng se re tshwanetseng go se dira, mme ke eng se le ka motlha re sa tshwanelang go se dira?
11 Ga re kake ra fitlhela Jehofa sepe. (Jobe 34:22; Diane 15:3; Bahebera 4:13) Ka jalo taelo ya gagwe e e reng, “Tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me,” e ka raya selo se le sengwe fela—gore ba tlogele go dira bosula. Seo ga se reye go leka go bipa maleo a a masisi, ka gonne go dira jalo ke boleo ka bogone. Diane 28:13 e tlhagisa jaana: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.”
12. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ‘ithuta go dira molemo’? (b) Bagolwane segolobogolo ba ka dirisa jang dikaelo tsa gore ba ‘batle tshiamiso’ le go ‘siamisa mogateledi’?
12 Re ka ithuta go le gontsi mo ditirong tse di siameng tse Jehofa a di laelang mo temaneng ya bo17 ya Isaia kgaolo 1. Ela tlhoko gore ga a re fela “dirang molemo” mme a re “ithuteng go dira molemo.” Gore motho a tlhaloganye se se molemo mo matlhong a Modimo a bo a batle go se dira go tlhoka thuto ya motho ka namana ya Lefoko la Modimo. Mo godimo ga moo, Jehofa ga a re fela “diragatsang tshiamiso” mme a re “batlang tshiamiso.” Tota le bagolwane ba ba nang le maitemogelo ba tlhoka go batlisisa thata mo Lefokong la Modimo gore ba bone tsela ya tshiamiso mo dikgannyeng dingwe tse di raraaneng. Gape ba na le boikarabelo jwa go ‘siamisa mogateledi,’ jaaka Jehofa a laela morago ga foo. Ditaelo tseno di botlhokwa mo badiseng ba Bakeresete gompieno, gonne ba batla go sireletsa letsomane mo ‘diphiring tse di gatelelang.’—Ditiro 20:28-30.
13. Rona gompieno re ka dirisa jang ditaelo tse di malebana le mosimane yo o se nang rre le motlholagadi?
13 Ditaelo tse pedi tsa bofelo di ama bangwe ba batho ba Modimo ba ba ka tlhaselwang motlhofo—masiela le batlholagadi. Lefatshe le iketleeditse tota go ja batho ba ba ntseng jalo ntsoma; ga go a tshwanela go nna jalo mo bathong ba Modimo. Bagolwane ba ba lorato ba ‘atlholela’ basimane le basetsana ba ba se nang borre mo phuthegong, ba ba thusa go amogela tshiamiso le tshireletso mo lefatsheng le le batlang go ba ja ntsoma le go ba senya. Bagolwane ba ‘seka kgang’ ya motlholagadi kana, jaaka lefoko la Sehebera gape le ka kaya, ba a mo “sokolela.” Eleruri, Bakeresete botlhe ba batla go nna motswedi wa botshabelo, kgomotso le tshiamiso mo batlhoking ba ba mo gare ga rona ka gonne ba tlhwatlhwakgolo mo go Jehofa.—Mika 6:8; Jakobe 1:27.
14. Ke molaetsa ofe o o siameng o o bolelwang mo go Isaia 1:16, 17?
14 A bo Jehofa a fetisa molaetsa o o gagametseng, mme o siame jang ne ka ditaelo tseno tse robongwe! Ka dinako tse dingwe batho ba ba dirang boleo ba ipolelela gore tota ga ba kgone go dira se se siameng. Megopolo e e ntseng jalo e kgoba marapo. Mo godimo ga moo, e phoso. Jehofa o a itse—e bile o batla re itse—gore ka thuso ya Gagwe, moleofi ope fela a ka tlogela tsela ya gagwe ya go leofa, a fetoge, a bo a dira tshiamo mo boemong jwa moo.
Kopo e e Kutlwelobotlhoko, e e Tshiamo
15. Polelwana e e reng ‘a re tlhamalatseng dilo fa gare ga rona’ ka dinako tse dingwe ga e tlhaloganngwe sentle jang, mme tota e kaya eng?
15 Jaanong Jehofa o bua ka tsela e e lorato le e e kutlwelobotlhoko le go feta pele. “‘Tlang jaanong, mme re tlhamalatseng dilo fa gare ga rona,’ go bua Jehofa. ‘Le fa maleo a lona a ka nna jaaka bohibidu jo bo letlhololo, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko; le fa a ka bo a le mahibidu jaaka letsela le le bohibidu jo bo mokgona, a tla nna jaaka boboa.’” (Isaia 1:18) Gantsi taletso e e simololang temana eno e ntle ga e tlhaloganngwe sentle. Ka sekai, The New English Bible ya re, “A re ngangisaneng”—jaaka e kete matlhakore oomabedi a tshwanetse go ineela gore a dumalane. E seng jalo! Jehofa ga a na molato, bogolo jang mo ditirisanong tsa gagwe le batho bano ba ba tsuololang, ba baitimokanyi. (Duteronome 32:4, 5) Temana eno ga e bue ka puisano ya go beelana mabaka ya batho ba ba lekanang, mme e bua ka kgotla ya go tlhomamisa tshiamiso. Go ntse jaaka e kete Jehofa fano o gwetlha Iseraele gore a ye kgotlatshekelong.
16, 17. Re itse jang gore Jehofa o iketleeditse go itshwarela le eleng maleo a a masisi?
16 Seo e ka tswa e le mogopolo o o tshosang, mme Jehofa ke Moatlhodi yo o pelotlhomogi le yo o kutlwelobotlhoko go ba feta botlhe. Ga go na ope yo o ka itshwarelang ka selekanyo se a itshwarelang ka sone. (Pesalema 86:5) Ke ene fela a ka tsayang maleo a Iseraele a a ntseng “jaaka bohibidu jo bo letlhololo” a a tlosa, a a dira gore a nne “masweu fela jaaka kapoko.” Ga go na maiteko ape a motho, le fa e le mofuta ope wa ditiro, ditlhabelo, kana dithapelo tse di ka tlosang selabe sa boleo. Go itshwarelwa ke Jehofa ke gone fela go ka tlhatswang boleo. Modimo o itshwarela go ya ka maemo ao ene a a tlhomang, ao a akaretsang gore go bo go na le boikwatlhao jwa mmatota, jo bo tswang mo pelong.
17 Boammaaruri jono bo botlhokwa thata mo e leng gore Jehofa o bo boeletsa ka tsela ya poko—maleo a a “bohibidu jo bo mokgona” a tla nna fela jaaka boboa jo bosha, jo bo sa fetolwang mmala, jo bosweu. Jehofa o batla re itse gore ruri o itshwarela batho maleo, tota le a a masisi thata, fa fela a bona re ikwatlhaya tota. Ba ba fitlhelang go le thata go dumela gore seno se ka diragala ka bone ba tla bo ba dira sentle fa ba akanya ka dikai tse di jaaka Manase. O ne a leofa mo go maswe—dingwaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, o ne a ikwatlhaya mme a itshwarelwa. (2 Ditiragalo 33:9-16) Jehofa o batla gore rotlhe, go akaretsa le ba ba dirileng maleo a a masisi, re itse gore ga go ise go nne thari gore re ka ‘tlhamalatsa dilo’ le ene.
18. Jehofa o neela batho ba gagwe ba batsuolodi gore ba ka itlhophela eng?
18 Jehofa o gakolola batho ba gagwe gore ba ka itlhophela. “Fa lo bontsha go rata mme lo reetsa, lo tla ja molemo wa lefatshe. Fa lo gana mme lo tsuologa, lo tla jewa ka tšhaka; gonne molomo wa ga Jehofa o go buile.” (Isaia 1:19, 20) Fano Jehofa o bua thata ka kgang e e malebana le maikutlo, mme o gatelela ntlha ya gagwe a dirisa sekapuo se sengwe se se tlhalosang dilo sentle. Juda a ka tlhopha mo go seno: Gore a je kana a jewe. Fa ba na le boikutlo jwa go iketleetsa go reetsa Jehofa le go mo utlwa, ba tla ja maungo a a molemo a lefatshe. Le fa go ntse jalo, fa ba tswelela ka boikutlo jwa bone jwa botsuolodi, ba tla jewa—ke tšhaka ya baba ba bone! Go lebega go le thata go akanya gore setšhaba se ka tlhopha tšhaka ya baba ba sone go na le boutlwelobotlhoko le letlotlo la Modimo yo o itshwarelang. Mme go ntse fela jalo ka Jerusalema, jaaka ditemana tse di latelang tsa Isaia di bontsha.
Pina ya Khutsafalo ka Motse o o Ratiwang
19, 20. (a) Jehofa o bontsha jang kafa a ikutlwang a tsieditswe ka teng? (b) ‘Tshiamo e ile ya nna mo Jerusalema’ ka tsela efe?
19 Mo go Isaia 1:21-23 re bona ka botlalo kafa Jerusalema a neng a le bosula ka teng ka nako eno. Jaanong Isaia o simolola leboko le le tlhotlheleditsweng a le kwala jaaka pina ya khutsafalo kana selelo: “A bo motse o o ikanyegang o fetogile seaka! O ne o tletse tshiamiso; tshiamo e kile ya bo e nna mo go one, mme jaanong go nna babolai.”—Isaia 1:21.
20 A bo motse, Jerusalema, o ole! Pele e ne e le mosadi yo o ikanyegang, jaanong o fetogile seaka. Ke eng se se neng se ka tlhalosa go feta seo kafa Jehofa a ikutlwang a tsieditswe e bile a swabisitswe ka teng? “Tshiamo e kile ya bo e nna mo” motseng ono. Leng? Ebu, le eleng pele Iseraele a nna teng, bogologolo mo motlheng wa ga Aborahame, motse ono o ne o bidiwa Salema. O ne o busiwa ke monna yo e neng e le kgosi e bile e le moperesiti. Leina la gagwe, Melekisedeke, le kaya “Kgosi ya Tshiamo,” mme go bonala gore le ne le mo tshwanela sentle. (Bahebera 7:2; Genesise 14:18-20) Dingwaga di ka nna 1 000 morago ga ga Melekisedeke, fa go ne go busa Dafide le Solomone, Jerusalema o ne a siame go feta le fa e le leng. “Tshiamo e kile ya bo e nna mo go one,” bogolo jang fa dikgosi tsa one di ne di tlhomela batho sekao ka go tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Isaia, dinako tse di ntseng jalo ga di tlhole di le teng.
21, 22. Manyelo le bojalwa jo bo tlhaolositsweng di kaya eng, mme ke eng fa baeteledipele ba Juda ba tshwanelwa ke tlhaloso e e ntseng jalo?
21 Go lebega gore baeteledipele ba batho ke bone bothata jo bogolo. Isaia o tswelela pele ka selelo sa gagwe: “Selefera ya gago e fetogile manyelo. Bojalwa jwa gago jwa korong bo tlhaolositswe ka metsi. Dikgosana tsa gago di tlhogoethata e bile ke balekane ba magodu. Mongwe le mongwe wa bone ke morati wa pipamolomo le yo o lelekisang dineo. Ga ba atlholele mosimane yo o se nang rre; le eleng kgetsi ya molao ya motlholagadi ga ba e amogele.” (Isaia 1:22, 23) Dikapuo tse pedi tse di tlhalosang dilo sentle di latelana ka bofefo di dira gore moreetsi a letele se se latelang. Mothudi fa a le mo leubelong la gagwe o okola manyelo mo selefereng e e nyerologileng a bo a a latlha. Dikgosana le baatlhodi ba Iseraele ba tshwana le manyelo, e seng selefera. Ba tshwanetse go latlhiwa. Ga ba na mosola ope fela jaaka bojalwa jo bo tlhaolositsweng ka metsi e bile bo tswapogile. Senō se se ntseng jalo se tshwanelwa fela ke go tshololwa!
22 Temana 23 e bontsha gore ke ka ntlha yang fa baeteledipele bano ba tshwanelwa ke go tlhalosiwa jalo. Molao wa ga Moshe o ne o tlotlomatsa batho ba Modimo, o ba tlhaola mo ditšhabeng tse dingwe. Ka sekai, o ne o dira jalo ka go laela gore go sirelediwe masiela le batlholagadi. (Ekesodo 22:22-24) Mme mo motlheng wa ga Isaia, mosimane yo o se nang rre ga a na tsholofelo epe ya go atlholelwa sentle. Fa e le motlholagadi ene, ga a kgone go bona ope yo bogolo a ka reetsang kgang ya gagwe, re sa bue sepe ka go leka go mo thusa. Nnyaa, baatlhodi bano le baeteledipele ba tshwaregile thata ka go ipatlela dilo tsa bone—ba batla dipipamolomo, ba batlana le dimpho, e bile ke balekane ba magodu, gongwe ba sireletsa dinokwane fa ba ba tlhaselwang bone ba boga. Se se maswe le go feta, ba “tlhogoethata,” kana ba kgwaraletse, mo tseleng ya bone ya go dira bosula. A seemo se se tlhomolang pelo!
Jehofa o Tla Itshekisa Batho ba Gagwe
23. Jehofa o ikutlwa jang ka baganetsi ba gagwe?
23 Jehofa ga a ne a itshokela ruri tsela eno e go sa dirisiweng thata sentle ka yone. Isaia o tswelela jaana: “Ka jalo go bua Morena wa boammaaruri, Jehofa wa masomosomo, Yo o Maatla wa Iseraele, a re: ‘Aha! Ke tla ikimolola baganetsi ba me, e bile ke tla ipusolosetsa mo babeng ba me.’” (Isaia 1:24) Jehofa o bidiwa ka ditsela tse tharo fano, mme seo se bontsha gore o tshwanetswe ke borena e bile o na le maatla a magolo. Lelatlhelwa la “Aha!” le tshwanetse la bo le bontsha gore kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa jaanong e tswakane le go iketleetsa go diragatsa bogale jwa gagwe. Ruri go na le lebaka la go dira jalo.
24. Jehofa o ikaelela go itshekisa batho ba gagwe jang?
24 Batho ba ga Jehofa ka bobone ba itirile baba ba gagwe. Ruri ba tshwanelwa ke pusoloso ya Modimo. Jehofa o tla ba “ikimolola,” kana a ba tlose mo go ene. A seno se kaya gore o tla nyeletsa batho ba leina la gagwe go ya goile? Nnyaa, gonne Jehofa o tswelela pele a re: “Ke tla busetsa seatla sa me morago mo go wena, le gone ke tla nyerolosa manyelo a gago jaaka e kete ke ka llae, e bile ke tla tlosa matlakala otlhe a gago.” (Isaia 1:25) Jaanong Jehofa o dirisa go itshekisa e le setshwantsho. Mo metlheng ya bogologolo gantsi motho yo o itshekisang o ne a tsenya llae go thusa go farologanya manyelo le metale o o tlhwatlhwakgolo. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa, yo o sa tseyeng batho ba gagwe ba le boikepo gotlhelele, o tla ‘ba otlhaya ka selekanyo se se tshwanetseng.’ Mo go bone o tla tlosa “matlakala” fela—batho ba ba tlhogoethata, ba ba sa eletsegeng, ba ba ganang go ithuta le go utlwa.c (Jeremia 46:28) Isaia ka mafoko ano o nna le tshiamelo ya go kwala hisitori e ise e diragale.
25. (a) Jehofa o ne a itshekisa batho ba gagwe jang ka 607 B.C.E.? (b) Jehofa o ne a itshekisa batho ba gagwe leng mo metlheng ya gompieno?
25 Gone Jehofa o ne a itshekisa batho ba gagwe, a tlosa manyelo a e leng baeteledipele ba ba bosula le batsuolodi ba bangwe. Ka 607 B.C.E., lobaka lo loleele morago ga motlha wa ga Isaia, Jerusalema o ne a senngwa mme banni ba teng ba isiwa botshwarwa kwa Babelona dingwaga di le 70. Ka ditsela dingwe seno se tshwana le kgato e Modimo a neng a e tsaya moragonyana thata. Boporofeti jo bo mo go Malaki 3:1-5, jo bo kwadilweng nako e telele morago ga botshwarwa jwa Babelona, bo ne bo bontsha gore Modimo o ne a tla boa gape a dira tiro ya go itshekisa. Bo ne bo bua ka nako e Jehofa Modimo a neng a tla tla mo tempeleng ya gagwe ya semoya ka yone a na le “morongwa [wa gagwe] wa kgolagano,” Jesu Keresete. Seno go bonala se diragetse kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I. Jehofa o ne a sekaseka botlhe ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete, a tlhaola ba boammaaruri mo go ba maaka. Ga felela ka eng?
26-28. (a) Isaia 1:26 e ne ya diragadiwa jang lantlha? (b) Boporofeti jono bo diragaditswe jang mo motlheng wa rona? (c) Boporofeti jono bo ka solegela bagolwane molemo jang gompieno?
26 Jehofa o araba jaana: “Ke tla go busetsa baatlhodi gape jaaka lantlha, le bagakolodi jaaka kwa tshimologong. Morago ga moo o tla bidiwa Motse wa Tshiamo, Motse o o Ikanyegang. Siona o tla gololwa ka tshiamiso, mme batho ba gagwe ba ba boang, ba tla gololwa ka tshiamo.” (Isaia 1:26, 27) Jerusalema wa bogologolo o ne a bona tiragatso ya ntlha ya boporofeti jono. Fa batshwarwa ba sena go boela kwa motseng wa bone o o rategang ka 537 B.C.E., go ne ga boa gape ga nna le baatlhodi ba ba ikanyegang le bagakolodi ba ba tshwanang le ba nako e e fetileng. Moporofeti Hagai le moporofeti Sekarea, moperesiti Joshua, mokwadi Esera, le mmusi Serubabele botlhe ba ne ba kaela masalela a a ikanyegang a a boang gore a tsamaye mo ditselaneng tsa Modimo. Le fa go ntse jalo, go diragetse tiragatso e e botlhokwa le go feta mo lekgolong la bo20 la dingwaga.
27 Ka 1919, batho ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ne ba kgabaganya motlha wa go lekwa. Ba ne ba gololwa mo bokgobeng jwa semoya mo go Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Pharologanyo fa gare ga masalela ao a a ikanyegang a batlodiwa le baruti ba batlhanogi ba Labokeresete e ne ya bonala sentle. Modimo o ne a boa gape a segofatsa batho ba gagwe, ‘a ba busetsa baatlhodi le bagakolodi’—banna ba ba ikanyegang ba ba gakololang batho ba Modimo go ya ka Lefoko la gagwe e seng go ya ka dingwao tsa batho. Banna ba ba ntseng jalo ba le diketekete ba teng gompieno mo gare ga “letsomanyane” le le ntseng le fokotsega le dimilione tse di ntseng di oketsega tsa balekane ba bone ba “dinku tse dingwe.”—Luke 12:32; Johane 10:16; Isaia 32:1, 2; 60:17; 61:3, 4.
28 Bagolwane ba nna ba gopotse gore ka dinako tse dingwe, ba dira jaaka “baatlhodi” mo phuthegong gore ba e boloke e le phepa mo boitsholong le mo semoyeng le go gakolola ba ba dirang diphoso. Ba amegile thata ka go dira dilo ka tsela ya Modimo, ba etsa tsela ya gagwe e e lekalekaneng ya go dira dilo ka tshiamiso le ka kutlwelobotlhoko. Le fa go ntse jalo, mo mabakeng a mantsi ba direla jaaka “bagakolodi.” Gone ke boammaaruri gore, seno se farologane thata le go nna dikgosana kana bagateledi, mme ba leka ka natla yotlhe gore le ka motlha ba se ka ba lebega ba “rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo.”—1 Petere 5:3.
29, 30. (a) Jehofa o bolela eng ka batho ba ba ganang go solegelwa molemo ke go itshekisiwa? (b) Batho ba “tlhabiwa ke ditlhong” ka ntlha ya ditlhare le ditshingwana tsa bone ka tsela efe?
29 Go tweng ka “manyelo” a a umakilweng mo boporofeting jwa ga Isaia? Go diragalang ka ba ba ganang go solegelwa molemo ke thulaganyo ya Modimo ya go itshekisa? Isaia o tswelela pele jaana: “Mme go thubagana ga batlhanogi le ga ba ba nang le boleo go tla nna ka nako e le nngwe fela, mme ba ba tlogelang Jehofa ba tla fedisiwa. Gonne ba tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya ditlhare tse di thata tse lo neng lo di eletsa, mme lo tla swabisiwa ka ntlha ya ditshingwana tse lo di tlhophileng.” (Isaia 1:28, 29) Ba ba tsuologelang Jehofa le go mo leofela, ba tlhokomologa melaetsa ya tlhagiso ya baporofeti ba gagwe go fitlha go setse go le thari, ruri ba a “thubagana” mme ba a “fedisiwa.” Seno se diragala ka 607 B.C.E. Le fa go ntse jalo, go umakiwa jaana ga ditlhare le ditshingwana go kaya eng?
30 Bajudea ba na le bothata jo bo sa feleng jwa kobamelo ya medimo ya disetwa. Ditlhare, ditshingwana, le dikgwa gantsi di dirisiwa mo mekgweng ya bone e e bosula. Ka sekai, baobamedi ba ga Baale le molekane wa gagwe, Ashetorethe, ba dumela gore ka paka ya fa go se na pula, medimo eno e mebedi e sule e bile e fitlhilwe. E le go ba rotloetsa gore ba tsoge ba tlhakanele dikobo, mme ka jalo ba ungwise lefatshe, baobamedi bano ba medimo ya disetwa ba a kokoana mme ba dira ditiro tse di sa tlwaelegang tsa tlhakanelodikobo kafa tlase ga ditlhare tse di “boitshepo” mo dikgweng kana mo ditshingwaneng. Fa dipula di nela lefatshe le bo le ungwa, go tlotlwa medimo ya maaka ka ntlha ya seo; baobamedi ba medimo ya disetwa ba ikutlwa ba tlhomamisediwa ditumelobotlhodi tsa bone. Mme fa Jehofa a fedisa baobamedi bano ba medimo ya disetwa ba batsuolodi ka go ba senya, ga go na medimo epe ya disetwa e e ba sireletsang. Batsuolodi bano ba “tlhabiwa ke ditlhong” ka ntlha ya ditlhare le ditshingwana tseno tse di se nang thuso.
31. Baobamedi ba medimo ya disetwa ba lebana le eng se se maswe go feta ditlhong?
31 Le fa go ntse jalo, Bajudea ba ba obamelang medimo ya disetwa bone ba lebanwe ke sengwe se se maswe go feta ditlhong. Fa jaanong Jehofa a fetola setshwantsho, o tshwantsha moobamedi wa medimo ya disetwa ka boene le setlhare. “Lo tla nna jaaka setlhare se segolo se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di swabang, le jaaka tshingwana e e se nang metsi.” (Isaia 1:30) Setshwantsho seno se tshwanela tlelaemete ya Botlhabagare e e mogote e bile e omile. Ga go na setlhare sepe kgotsa tshingwana e e ka tshelang lobaka lo loleele e se na metsi a a nnang a tla mo go yone ka metlha. Fa di setse di omeletse, dimela tseno di ka tshwara molelo motlhofo fela. Ka jalo, setshwantsho se se mo temaneng ya bo31 se tsena sentle.
32. (a) “Motho yo o matlhagatlhaga” yo go buiwang ka ene mo temaneng ya bo31 ke mang? (b) O tla nna “leodi” jang, ke “tlhase” efe e e tla mo tlhosetsang, mme seo se felela ka eng?
32 “Motho yo o matlhagatlhaga ruri o tla nna leodi, le leungo la tiro ya gagwe e tla nna tlhase; mme ka bobedi jwa tsone di tla tuka ka nako e le nngwe fela, go se na yo o ka timang.” (Isaia 1:31) “Motho yo o matlhagatlhaga” yono ke mang? Polelwana ya Sehebera e naya kgopolo ya go nna maatla le go huma. E tshwanetse ya bo e bua ka molatedi wa medimo ya maaka yo o humileng e bile a itshepile. Mo motlheng wa ga Isaia, jaaka mo motlheng wa rona, batho ba ba latlhang Jehofa le kobamelo ya gagwe e e itshekileng ba bantsi. Bangwe ba bone e bile ba lebega ba atlega. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tlhagisa gore batho bano ba tla nna jaaka “leodi,” ditlhale tsa leloba tse di omeletseng tse di bokoa mo e leng gore, fela fa di utlwa molelo di a sasamologa, jaaka go ka tualo. (Baatlhodi 16:8, 9) Matswela a tiro ya moobamedi wa medimo ya disetwa—e ka tswa e le medimo ya gagwe ya disetwa, khumo ya gagwe, kana sengwe le sengwe fela se a se obamelang mo boemong jwa ga Jehofa—a tla tshwana le “tlhase” e e tlhosetsang. Tlhase mmogo le leodi di tla lailwa, di komediwa, ke molelo o go se nang ope yo o ka o timang. Ga go na maatla ape mo lobopong a a ka fetolang dikatlholo tse di siameng tsa ga Jehofa.
33. (a) Ke jang gape ditlhagiso tsa Modimo tsa katlholo e e tlang di bontshang boutlwelobotlhoko jwa gagwe? (b) Jaanong Jehofa o naya batho sebaka sefe, mme seno se ama mongwe le mongwe wa rona jang?
33 A molaetsa ono wa bofelo o dumalana le molaetsa wa boutlwelobotlhoko le boitshwarelo o o mo temaneng ya bo18? Ee thata! Jehofa o dirile gore ditlhagiso tse di ntseng jalo di kwalwe di bo di bolelwe ke batlhanka ba gagwe ka gonne o kutlwelobotlhoko. Kana gone, “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Ke tshiamelo ya Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri gompieno gore a bolele melaetsa ya Modimo ya tlhagiso mo bathong gore ba ba ikwatlhayang ba tle ba solegelwe molemo ke boitshwarelo jwa gagwe jwa bopelotshweu mme ba tshelele ruri. A bo Jehofa a le pelonomi jang ne gore a bo a file batho nako ya gore ba “tlhamalatse dilo” le ene pele go nna thari!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go ya ka tshedimosetso ya bogologolo ya Bajuda, Kgosi Manase yo o boikepo o ne a dira gore Isaia a bolawe, a fatoganngwe. (Bapisa Bahebera 11:37.) Gore Isaia a tle a atlholelwe loso jaana, buka nngwe e bolela gore moporofeti mongwe wa maaka o ne a mo latofatsa jaana: “O biditse Jerusalema Sodoma, mme dikgosana tsa Juda le Jerusalema o boletse fa e le batho ba Gomora.”
b Lefoko la Sehebera la “maatla a masaitseweng” gape le tlhalosiwa e le “se se botlhoko,” “se se sa tlwaelegang,” le “se se phoso.” Go ya ka Theological Dictionary of the Old Testament, baporofeti ba Bahebera ba ne ba dirisa lefoko leno go kgala “bosula jo bo bakwang ke go sa dirise maatla sentle.”
c Mafoko a a reng “ke tla busetsa seatla sa me morago mo go wena” a raya gore Jehofa o tla tlogela go tshegetsa batho ba gagwe, a bo a ba otlhaya.