Lefoko la ga Jehofa le a Tshela
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—I
“KE TLA roma mang, mme ke mang yo o tla re elang?” Isaia morwa Amosi o ne a tsibogela taletso eno ya ga Jehofa Modimo jaana: “Ke fano! Roma nna.” (Isaia 1:1; 6:8) Ka nako eo, o ne a amogela kabelo ya go nna moporofeti. Ditiro tsa boporofeti tsa ga Isaia di kwadilwe mo bukeng ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe.
Buka eno ya Isaia e e kwadilweng ke moporofeti yono ka boene, e akaretsa ditiragalo tsa dingwaga di ka nna 46, go tloga ka 778 B.C.E. go fitlha mo e ka nang morago ga 732 B.C.E. Le fa buka eno e tshwere dipolelelopele ka ga Juda, Iseraele le ditšhaba tse di mabapi, setlhogo sa yone se segolo ga se kaga katlholo. Go na le moo, se kaga ‘poloko e e tswang mo go Jehofa Modimo.’ (Isaia 25:9) Leina Isaia ka bolone, totatota le kaya “Poloko ya ga Jehofa.” Setlhogo seno se tla sekaseka dintlhakgolo tsa Isaia 1:1–35:10.
“GO TLA BOA MASALELA FELA”
Baebele ga e re bolelele gore a molaetsa wa boporofeti o o kwadilweng mo dikgaolong tsa ntlha tse tlhano tsa buka ya Isaia o ile wa itsisiwe pele ga Isaia a tlhomiwa go nna moporofeti kana morago ga moo. (Isaia 6:6-9) Le fa go ntse jalo, se re se itseng ke gore Juda le Jerusalema di lwala semoyeng “go tloga mo patong ya lonao go ya go fitlha kwa tlhogong.” (Isaia 1:6) Kobamelo ya medingwana e aname. Baeteledipele ba tletse tsietso. Basadi ba simolotse go ikgogomosa. Batho ga ba direle Modimo wa boammaaruri ka tsela e e tshwanetseng. Isaia o laelwa go ya go bua “gangwe le gape” le batho ba ba sa tlhaloganyeng le ba ba sa batleng kitso epe.
Juda e lebane le matshosetsi a go tlhaselwa ke matsholo a a itirileng seoposengwe a Iseraele le Siria. Jehofa o dirisa Isaia le bana ba gagwe jaaka “ditshupo le dikgakgamatso” go tlhomamisetsa Juda gore kgolagano ya Siria le Iseraele e ka se atlege. (Isaia 8:18) Le fa go ntse jalo, kagiso e e nnelang ruri e tla nna gone fela ka puso ya “Kgosana ya Kagiso.” (Isaia 9:6, 7) Gape Jehofa o tla atlhola Asiria, setšhaba se a se dirisang jaaka “thobane ya bogale jwa [gagwe].” Kgabagare Juda e tla isiwa botshwarong, mme gone “go tla boa masalela fela.” (Isaia 10:5, 21, 22) Tshiamiso ya boammaaruri e tla nna gone mo pusong ya yo e leng ‘kalana ya sesana sa ga Jese’ ka tsela ya tshwantshetso.—Isaia 11:1.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
1:8, 9—Ke ka tsela efe morwadia Siona a tlogelwang jaaka “loobo mo tshimong ya mofine, jaaka ntlwana ya bolebedi mo tshimong ya dikomokomore”? Seno se kaya gore ka nako ya fa Baasiria ba gapa Jerusalema, Jerusalema e tla bonala e sa sireletsega gotlhelele e tshwana fela le loobo mo tshimong ya mofine kana e tshwana le ntlwana ya bolebedi e e ka wang motlhofo mo tshimong ya dikomokomore. Le fa go ntse jalo Jehofa o mo tswa thuso mme ka gone ga a mo letle go nna jaaka Sodoma le Gomora.
1:18—Ke eng se se kaiwang ke mafoko a a reng: “Tlang jaanong, mme re tlhamalatseng dilo fa gare ga rona”? Ano ga se mafoko a go laletsa batho gore ba tle go tlotliwe kgang e le gore go dumalanwe ka sengwe. Go na le moo, temana eno e bua ka kgang ya gore go nnelwe tsheko e mo go yone Moatlhodi yo o siameng, Jehofa, a nayang Iseraele tshono ya go fetoga le go intlafatsa.
6:8a—Ke eng fa mo temaneng eno go dirisiwa maemedi a a jaaka “ke” le “re”? Leemedi “ke” le emela Jehofa Modimo. Leemedi la bontsi e bong “re” le bontsha gore go na le mongwe gape yo o nang le Jehofa. Motho yono ga go pelaelo gore ke ‘morwawe yo o tsetsweng a le esi.’—Johane 1:14; 3:16.
6:11—Isaia o ne a kaya eng fa a ne a botsa jaana: “Ka lobaka lo lo kae, Jehofa?” Isaia o ne a sa botse gore o ne a tla tshwanelwa ke go bolela molaetsa wa ga Jehofa ka lobaka lo lo kae mo bathong ba ba sa o tsibogeleng. Go na le moo, o ne a batla go itse gore batho bano ba ne ba tla tswelela ba lwala semoyeng ka lobaka lo lo kae ba tlontlolola leina la Modimo.
7:3, 4—Ke eng fa Jehofa a ile a boloka Kgosi Ahase yo o boikepo? Dikgosi tsa Siria le Iseraele di ne di loga leano la go tlosa Kgosi Ahase wa Juda mo setulong sa bogosi mme mo boemong jwa gagwe ba tlhome mmusi yo bone ba neng ba tla mo goga ka nko, e bong morwa wa ga Tabeele—monna yo e neng e se wa lotso lwa ga Dafide. Leano leno le le boikepo le ne le tla felela ka gore le kgoreletse kgolagano ya Bogosi e e neng e dirilwe le Dafide. Jehofa o ne a boloka Ahase e le gore a ke a sireletse losika lo “Kgosana ya Kagiso” e e solofeditsweng e neng e tla tswa mo go lone.—Isaia 9:6.
7:8—Eferaime o ne a “tšhwetlakanngwa” jang mo dingwageng tse 65? Go thopiwa ga batho ba bogosi jwa ditso tse di lesome le go agiwa ga naga eo ke batswakwa go ne ga simologa “mo metlheng ya ga Peka kgosi ya Iseraele,” ka bonako fela morago ga Isaia a sena go bua boporofeti jono. (2 Dikgosi 15:29) Go ile ga tswelela lobaka lo loleele morago ga moo go fitlha mo metlheng ya ga Kgosi Esare-hadone wa Asiria, morwa le motlhatlhami wa ga Senakaribe. (2 Dikgosi 17:6; Esera 4:1, 2; Isaia 37:37, 38) Go nna Asiria e fudusa batho jalo go tswa le go tsena kwa Samarea go bonala go ile ga direga ka dingwaga di le 65 jaaka go umakilwe mo go Isaia 7:8.
11:1, 10—Go ka tla jang gore Jesu Keresete a nne “kalana mo sesaneng sa ga Jese”? (Baroma 15:12) Jesu o ne a “tswa kalana mo sesaneng sa ga Jese” ka tsela ya senama. E ne e le kokomana ya ga Jese ka morwa Jese e bong Dafide. (Mathaio 1:1-6; Luke 3:23-32) Le fa go ntse jalo, go newa maatla a bogosi ga ga Jesu go ama kamano ya gagwe le borraagwemogolo. Ka go bo Jesu a neilwe maatla le taolo ya go naya batho ba ba kutlo botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, o nna “Rara wa Bosakhutleng” wa bone. (Isaia 9:6) Ka gone, gape ke “modi” wa borraagwemogolo, go akaretsa le Jese.
Se re Ithutang Sone:
1:3. Go gana go tshela go ya ka se Mmopi wa rona a se batlang go tshwana le go nna le kitso e e fetwang ke ya poo kana esele. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ithuta go nna le moya wa go anaanela sotlhe se Jehofa a re diretseng sone go tla re thusa go tila go itshwara ka tsela e e se nang tlhaloganyo le go mo tlogela.
1:11-13. Mekete ya bodumedi ya boitimokanyi le dithapelo tsa teng tsa seomodiro ke dilo tse di lapisang mo go Jehofa. Ditiro le dithapelo tsa rona di tshwanetse tsa tlhotlhelediwa ke go nna le maitlhomo a a siameng.
1:25-27; 2:2; 4:2, 3. Go isiwa botshwarong ga Juda le go kgakgabadiwa ga motse oo go ne go tla fela fa masalela a a ikwatlhaileng a ne a boela kwa Jerusalema le go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri. Jehofa o kutlwelo botlhoko mo baleofing ba ba ikwatlhayang.
2:2-4. Go nna ga rona le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa go thusa batho ba ditšhaba di le dintsi go ithuta ditsela tsa kagiso le go tshedisana ka kagiso.
4:4. Jehofa o tla tlosa kana go tlhatswa leswe lotlhe la boitshwaro le molato wa madi.
5:11-13. Fa motho a sa ithibe kana a se tekatekano fa a tlhopha boitapoloso go tshwana fela le go se dire dilo go ya ka kitso.—Baroma 13:13.
5:21-23. Bagolwane ba Bakeresete kana balebedi ba tshwanetse go tila go nna “botlhale mo matlhong a bone.” Gape ba tshwanetse go nna tekatekano mo “go nweng beine” mme ba tshwanetse go tila go nna le tlhaolele.
11:3a. Sekao le dithuto tsa ga Jesu di bontsha gore batho ba ba boifang Jehofa ba nna le boipelo.
“JEHOFA O TLA BONTSHA JAKOBE KUTLWELOBOTLHOKO”
Dikgaolo 13 go ya go 23 di bua ka dikatlholo tse di tla tlelang ditšhaba. Le fa go ntse jalo, “Jehofa o tla bontsha Jakobe kutlwelobotlhoko” ka go letla ditso tsotlhe tsa Iseraele go boela gae. (Isaia 14:1) Molaetsa o o kaga go kgakgabadiwa ga Juda mo go kgaolo 24 go ya go 27 o tsamaisana le tsholofetso ya gore e tla tsosolosiwa. Jehofa o ile a bontsha kgalefo ya gagwe mo ‘matagweng a Eferaime [Iseraele]’ ka ntlha ya go dira kgolagano le Siria gape o ile a bontsha go galefela “moperesiti le moporofeti” wa Juda ka ntlha ya go batla go dira kgolagano le Asiria. (Isaia 28:1, 7) Go bolelwa molaetsa wa tatlhego kgatlhanong le “Ariele [Jerusalema]” ka ntlha ya go ‘bolola go ya kwa Egepeto’ go ya go batla tshireletso. (Isaia 29:1; 30:1, 2) Le fa go ntse jalo, go bolelelwa pele gore batho ba ba bontshang go dumela mo go Jehofa ba tla bona poloko.
Jaaka ‘tawana e e seriri e duma ka ntlha ya se e se tsomang,’ Jehofa le ene o tla sireletsa “Thaba ya Siona” jalo. (Isaia 31:4) Gape go na le tsholofetso eno: “Bona! Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo.” (Isaia 32:1) Le mororo matshosetsi a Asiria mo go Juda a baka gore le e leng “barongwa ba kagiso” ba lele mo go botlhoko, Jehofa o solofetsa gore o tla fodisa batho ba gagwe, a ba ‘itshwarela tlolo ya bone.’ (Isaia 33:7, 22-24) “Jehofa o galefetse ditšhaba tsotlhe, e bile o shakgaletse masole otlhe a tsone.” (Isaia 34:2) Juda a ka se nnele ruri a kgakgabetse. “Naga le kgaolo e e se nang metsi di tla itumela, le lebala le le sekaka le tla ipela le bo le ntsha dithunya jaaka saferone.”—Isaia 35:1.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
13:17—Ke ka tsela efe Bameda ba ileng ba kaya selefera e se sepe le go se natefelelwe ke gouta? Bameda le Baperesia ba ne ba tsaya kgalalelo e ba e bonang ka go gapa metse e mengwe e le botlhokwa go feta dithoto tsa ntwa tse ba di gapileng. Go ne go ntse jalo le mo kgannyeng ya ga Kurose, yo o neng a abela batshwarwa ba ba neng ba boa dijana tsa gouta le selefera tse Nebukadenesare a neng a di tsere mo tempeleng ya ga Jehofa.
14:1, 2—Batho ba ga Jehofa ba ile ba nna jang “batshwari ba batho bao ba ba dirileng batshwarwa” le go “laola ba ba neng ba ba gatelela go dira”? Seno se ne sa diragadiwa mo kgannyeng ya batho ba ba jaaka Daniele, yo o neng a na le maemo a a kwa godimo kwa Babelona mo pusong ya Bameda le Baperesia; Esethere, yo o neng a nna mohumagadi wa Peresia; le Moredekai, yo o neng a tlhomiwa go nna molaodi yo mogolo mo Mmusomogolong wa Peresia.
20:2-5—A Isaia o ile a tsamaya a sa apara gotlhelele ka dingwaga tse tharo? Go ka direga gore Isaia o ile a apola seaparo sa gagwe sa kwa ntle fela mme a tsamaya “a apere lotsatsa.”—1 Samuel 19:24, mokwalo o o kwa tlase mo NW.
21:1—Ke kgaolo efe e e bidiwang “naga ya lewatle”? Le mororo Babelona e ne e se gaufi le lewatle lepe la mmatota, e bidiwa ka tsela eo. E bidiwa jalo ka gonne dinoka tsa Yuferatese le Tigris di ne di tle di tlhatsetse metsi a tsone mo kgaolong eo ngwaga le ngwaga fa di tletse, mme seo se ne se dira gore go nne le “lewatle” la metsi a a kgobokanelang foo.
24:13-16—Bajuda ba ne ba tla nna jang “mo ditšhabeng, jaaka go phothiwa ga setlhare sa motlhware, jaaka mo go ka ronopiwang fa go fulwa ga morara go khutlile”? Fela jaaka maungo mangwe a tle a sale mo setlhareng fa maungo a sena go fulwa, ke batho ba se kae fela ba ba tla falolang go senngwa ga Jerusalema le Juda. Bafalodi bape fela ba ba fudusiwang, e ka ne e le go isiwa kwa “kgaolong ya lesedi [kwa Babelona kwa Botlhaba]” kana kwa “ditlhaketlhakeng tsa lewatle [la Mediterranean],” ba tla galaletsa Jehofa.
24:21—Ke bomang ba e leng ‘masole a bogodimo’ le ‘dikgosi tsa mo lefatsheng’? Fa go twe ‘masole a bogodimo’ go ka tswa go buiwa ka dibopiwa tse di boikepo tsa moya. ‘Dikgosi tsa mo lefatsheng’ tsone e tshwanetse ya bo e le babusi ba mo lefatsheng, ba badimona ba nang le maatla a go ba tlhotlheletsa.—1 Johane 5:19.
25:7—“Sebipo se se bipileng ditšhaba tsotlhe, le mologo o o logagantsweng mo ditšhabeng tsotlhe” ke eng? Papiso eno e re tlhokomedisa baba ba babedi ba bagolo ba batho—boleo le loso.
Se re Ithutang Sone:
13:20-22; 14:22, 23; 21:1-9. Ka metlha lefoko la ga Jehofa la boporofeti le a diragala, fela jaaka go ile ga direga mo kgannyeng ya Babelona.
17:7, 8. Le fa bontsi jwa Baiseraele ba ile ba se ka ba reetsa, batho bangwe ba ile ba senka thuso kwa go Jehofa. Ka tsela e e tshwanang, batho bangwe ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba tsibogela molaetsa wa Bogosi.
28:1-6. Iseraele e tla gapiwa ke Asiria, mme gone Modimo o tla dira gore batho bangwe ba ba ikanyegang ba falole. Dikatlholo tsa ga Jehofa ga di tlogele batho ba ba siameng ba se na tsholofelo.
28:23-29. Jehofa o tlhamalatsa batho ba ba ikanyegang go ya ka se ba se tlhokang le go ya ka maemo a bone.
30:15. Poloko e e tswang mo go Jehofa e re tlhoka gore re bontshe tumelo ka go “ikhutsa,” kana go tila go senka poloko go tswa mo maanong a batho. Ka go ‘nna re sa tshwenyege’ kana go nna pelokgale, gape re bontsha gore re ikanya Jehofa gore o tla kgona go re sireletsa.
30:20, 21. Re ‘bona’ Jehofa le go ‘utlwa’ lentswe la gagwe la poloko ka go sekegela tsebe se a re laelang sone ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Baebele, le ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”—Mathaio 24:45.
Boporofeti Jwa ga Isaia bo Nonotsha Tsela e re Ikanyang Lefoko la Modimo ka Yone
A bo re lebogela molaetsa wa Modimo o o mo bukeng ya Isaia thata jang ne! Dipolelelopele tse di setseng di diragaditswe di nonotsha go ikanya ga rona gore ‘lefoko le le tswang mo molomong wa ga Jehofa ga le kitla le boela kwa go ene le se na matswela.’—Isaia 55:11.
Go tweng ka dipolelelopele tse di kaga Mesia, tse di jaaka tse di mo go Isaia 9:7 le 11:1-5, 10? A ga di nonotshe tumelo ya rona mo dithulaganyong tsa ga Jehofa tsa go re boloka? Buka eno gape e na le dipolelelopele tse tiragatso e kgolo ya tsone e diregang mo motlheng wa rona kana tse di tla tlogang di direga. (Isaia 2:2-4; 11:6-9; 25:6-8; 32:1, 2) Ee ruri, buka ya Isaia e oketsa bosupi jwa gore “lefoko la Modimo le a tshela”!—Bahebera 4:12.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Isaia le bana ba gagwe ba ne ba ntse jaaka “ditshupo le dikgakgamatso mo Iseraele”
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Jerusalema e ne e ntse “jaaka loobo mo tshimong ya mofine”
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Batho ba ditšhaba ba thusiwa jang go “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma”?