Kgaolo ya Bonè
Ntlo ya ga Jehofa e a Tsholediwa
1, 2. Ke mafoko afe a a kwadilweng ka go gabiwa mo loboteng kwa patlelong ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, mme a tswa kae?
“BA TLA thula ditšhaka tsa bone go nna magale a megoma. Le marumo a bone go nna dikgoge tse di pomang: setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba tšhaka. Le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.” Mafoko ano a kwadilwe ka go gabiwa mo loboteng kwa patlelong ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa New York City. Go ne ga feta masome a dingwaga go sa bolelwe gore mafoko a a nopotsweng ao a tswa kae. E re ka boikaelelo jwa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e le go leka go dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe, go ne ga nna motlhofo go konela ka gore mafoko a a nopotsweng ano a tlile ka bathei ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, ka 1945.
2 Le fa go ntse jalo, ka 1975, leina la Isaia le ne la gabiwa kafa tlase ga mafoko a a nopotsweng ano. Ke gone go neng ga bonala sentle gore mafoko ano ga se a segompieno. Tota a ne a kwalwa e le boporofeti dingwaga di feta 2 700 tse di fetileng mo go se jaanong e leng kgaolo ya bobedi ya buka ya Isaia. Ka dingwaga di le diketekete batho ba ba ratang kagiso ba ntse ba ipotsa gore dilo tse Isaia a di boleletseng pele di tla diragala jang le gone leng. Ga go tlhole go tlhokega go ipotsa. Gompieno re iponela ka matlho boporofeti jono jwa bogologolo bo diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang.
3. Ditšhaba tse di thulang ditšhaka tsa tsone magale a megoma ke bomang?
3 Ditšhaba tse di thulang ditšhaka tsa tsone magale a megoma ke bomang? Kwantle ga pelaelo, ga se ditšhaba tsa segompieno le dipuso tsa bopolotiki. Go fitlha jaanong ditšhaba tseno di dirile ditšhaka, kana dibetsa, di di direla go lwa mmogo le go dira gore go nne le “kagiso” di dirisa dikgoka. E bile tota, gantsi ditšhaba di ntse di thula magale a megoma ya tsone go nna ditšhaka! Boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa mo baemeding ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe, batho ba ba obamelang Jehofa, “Modimo wa kagiso.”—Bafilipi 4:9.
Ditšhaba Tse di Ologelang Kwa Kobamelong e e Itshekileng
4, 5. Ditemana tse di kwa tshimologong tsa Isaia kgaolo 2 di bolelela pele eng, mme ke eng se se gatelelang gore mafoko ao a ka ikanngwa?
4 Isaia kgaolo 2 e simolola ka mafoko ano: “Selo se Isaia morwa Amosi a neng a se bona mo ponatshegelong mabapi le Juda le Jerusalema: Mme go tla diragala gore go ela kwa bofelong jwa metlha thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlhomamisiwe thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, eleruri e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota; mme ditšhaba tsotlhe di tla ologela kwa go yone.”—Isaia 2:1, 2.
5 Ela tlhoko gore se Isaia a se bolelelang pele ga se phopholetso fela. Isaia o laelwa gore a kwale ditiragalo tse di ‘tla diragalang’—kwantle ga pelaelo. Sengwe le sengwe se Jehofa a se ikaelelang ‘ruri se a atlega.’ (Isaia 55:11) Go bonala gore Modimo o ne a gatelela kafa tsholofetso ya gagwe e ka ikanngwang ka teng ka go tlhotlheletsa moporofeti Mika, yo o neng a tshela mo metlheng ya ga Isaia, gore a kwale mo bukeng ya gagwe boporofeti jo bo tshwanang le jo bo kwadilweng mo go Isaia 2:2-4.—Mika 4:1-3.
6. Boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwa leng?
6 Boporofeti jwa ga Isaia bo tla diragadiwa leng? “Go ela kwa bofelong jwa metlha.” New International Version e balega jaana: “Mo metlheng ya bofelo.” Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di ne tsa bolelela pele ditiragalo tse di neng di tla tshwaya nako eno. Dingwe tsa tsone ke dintwa, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa malwetse, ditlhaelo tsa dijo, le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.”a (2 Timotheo 3:1-5; Luke 21:10, 11) Go diragadiwa ga dipolelelopele tse di ntseng jalo go fa bosupi jo bontsi jwa gore re tshela “go ela kwa bofelong jwa metlha,” metlha ya bofelo ya tsamaiso ya jaanong ya lefatshe ya dilo. Ka jalo, go a utlwala gore re ka lebelela go bona dilo tse Isaia a di boleletseng pele di diragadiwa mo motlheng wa rona.
Thaba E go Ka Obamelwang mo go Yone
7. Isaia o dira setshwantsho sefe sa boporofeti?
7 Isaia o dirisa mafoko a se kae go dira setshwantsho se se utlwalang sentle sa boporofeti. Re bona thaba e e goletseng kwa godimo, go na le ntlo e e galalelang kwa godimo ga yone, tempele ya ga Jehofa. Thaba eno e feta dithaba le dithota tse di e dikologileng. Le fa go ntse jalo, ga e fe kgopolo ya gore go na le bosula jo bo tlang le gone ga e tshose; e a gogela. Batho ba ditšhaba tsotlhe ba eletsa go tlhatlogela kwa thabeng ya ntlo ya ga Jehofa; ba ologela kwa go yone. Go motlhofo go bona seno ka leitlho la mogopolo, mme se kaya eng?
8. (a) Dithota le dithaba di amana le eng mo motlheng wa ga Isaia? (b) Go ologela ga ditšhaba kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa’ go tshwantshetsa eng?
8 Mo motlheng wa ga Isaia dithota le dithaba gantsi di amana le kobamelo. Ka sekai, ke mafelo a kobamelo ya medimo ya disetwa le mafelo a a boitshepo a medimo ya maaka. (Duteronome 12:2; Jeremia 3:6) Le fa go ntse jalo, setlhoa sa Thaba ya Moria kwa Jerusalema se kgabisitswe ke ntlo, kana tempele ya ga Jehofa. Baiseraele ba ba ikanyegang ba tsaya mosepele go ya Jerusalema gararo ka ngwaga ba bo ba palama Thaba ya Moria go ya go obamela Modimo wa boammaaruri. (Duteronome 16:16) Ka jalo go ologela ga ditšhaba kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa’ go tshwantshetsa go phuthegela ga ditšhaba di le dintsi kwa kobamelong ya boammaaruri.
9. “Thaba ya ntlo ya ga Jehofa” e emela eng?
9 Gone ke boammaaruri, gompieno batho ba Modimo ga ba phuthegele kwa thabeng ya mmatota e e nang le tempele ya maje. Tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema e ne ya senngwa ke masole a Roma ka 70 C.E. Kwantle ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a bontsha ka phepafalo gore tempele e e kwa Jerusalema le motlaagana o o neng o tlile pele ga yone, e ne e le tsa tshwantshetso. Di ne di tshwantshetsa sengwe sa mmatota se segolwane sa semoya, “mogope wa boammaaruri, o Jehofa a o tlhomileng, e seng motho.” (Bahebera 8:2) Mogope oo wa semoya ke thulaganyo ya go ya kwa go Jehofa go mo obamela e e theilweng mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete. (Bahebera 9:2-10, 23) Go dumalana le seno, “thaba ya ntlo ya ga Jehofa” e e umakilweng mo go Isaia 2:2 e tshwantshetsa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa e e tlotlometseng mo motlheng wa rona. Ba ba amogelang kobamelo e e itshekileng ga ba kokoane kwa lefelong lepe fela mo lefatsheng; ba kokoana ka go utlwana mo kobamelong.
Go Tsholediwa ga Kobamelo e e Itshekileng
10, 11. Kobamelo ya ga Jehofa e tsholeditswe jang mo motlheng wa rona?
10 Moporofeti o bolela gore “thaba ya ntlo ya ga Jehofa,” kana kobamelo e e itshekileng, e ne e tla “tlhomamisiwa ka thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba” e bo e “tsholelediwa kwa godimo ga dithota.” Lobaka lo loleele pele ga motlha wa ga Isaia, Kgosi Dafide o ne a tlisa letlole la kgolagano kwa godimo kwa Thabeng ya Siona kwa Jerusalema, e e neng e le bogodimo jwa dimetara di le 760 go feta bogodimo jwa lewatle. Letlole le ne la nna foo go fitlha le fudusediwa kwa tempeleng e e feditsweng kwa Thabeng ya Moria. (2 Samuele 5:7; 6:14-19; 2 Ditiragalo 3:1; 5:1-10) Ka gone, mo motlheng wa ga Isaia letlole le le boitshepo le ne le setse le tsholeditswe tota mme le beilwe kwa tempeleng, mo lefelong le le kwa godimo go feta dithota tse dingwe tse dintsi tse di dikologileng tse di dirisediwang kobamelo ya maaka.
11 Gone ke boammaaruri, ka tsela ya semoya, kobamelo ya ga Jehofa ga e bolo go nna e le ya maemo a a kwa godimo go feta ditiro tsa bodumedi tsa batho ba ba direlang medimo ya maaka. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa rona, Jehofa o tsholeleditse kobamelo ya gagwe kwa godimo kwa legodimong, kwa godimo ga mefuta yotlhe ya kobamelo e e seng phepa, ee, kwa godimo thata ga “dithota” le “ditlhoa tsa dithaba” tsotlhe. Jang? Segolobogolo ka go phutha ba ba batlang go mo obamela ka “moya le boammaaruri.”—Johane 4:23.
12. “Barwa ba bogosi” ke bomang, mme go phuthilwe bomang?
12 Keresete Jesu o ne a bua ka ‘bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo’ e le nako ya thobo fa baengele ba phutha “barwa ba bogosi”—ba ba nang le tsholofelo ya go busa le Jesu mo kgalalelong ya selegodimo. (Mathaio 13:36-43) Fa e sa le ka 1919, Jehofa o neile “ba ba setseng” ba barwa bano tshiamelo ya go thusana le baengele mo tirong ya thobo. (Tshenolo 12:17) Ka gone, sa ntlha fela, go phuthiwa “barwa ba bogosi,” bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng. Go tswa foo ba kopanela mo tirong e nngwe ya go phutha.
13. Jehofa o segofaditse masalela a a tloditsweng jang?
13 Mo nakong eno ya thobo, Jehofa o ntse a tswelela pele a thusa masalela a a tloditsweng gore a tlhaloganye Lefoko la gagwe, Baebele le go le diragatsa. Seno le sone se thusitse gore kobamelo e e itshekileng e tsholediwe. Le fa ‘lefifi le bipa lefatshe, le letobo le lentshontsho le bipa ditlhopha tsa ditšhaba,’ batlodiwa ba ‘phatsima jaaka masedi’ mo bathong, e re ka ba phepafaditswe le go itshekisiwa ke Jehofa. (Isaia 60:2; Bafilipi 2:15) E re ka ‘ba tletse ka kitso e e boammaaruri ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya,’ batho bano ba ba tloditsweng ka moya ba “phatsima thata fela jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabone.”—Bakolosa 1:9; Mathaio 13:43.
14, 15. Mo godimo ga go phuthiwa ga “barwa ba bogosi,” go ile ga phuthiwa bomang gape, mme go ne ga bolelelwa pele jang ke Hagai?
14 Mo godimo ga moo, ba bangwe ba ologetse kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa.’ Batho bano ba Jesu a ba bitsang “dinku tse dingwe” tsa gagwe, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Johane 10:16; Tshenolo 21:3, 4) Go simolola ka bo1930, ba ne ba tla ka dikete, ba tloga ba tla ka dikete di le makgolokgolo, mme jaanong ba tla ka dimilione! Mo ponatshegelong e e neng ya newa moaposetoloi Johane, ba tlhalosiwa e le “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.”—Tshenolo 7:9.
15 Moporofeti Hagai o ne a bolelela pele go tla ga boidiidi jono jo bogolo. O ne a kwala jaana: “Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘E tla re go ise go ye kae—mo lobakeng lo lo khutshwanyane—ke reketlise magodimo le lefatshe le lewatle le lefatshe le le omeletseng. Mme ke tla reketlisa ditšhaba tsotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe [batho ba ba ikopanyang le Bakeresete ba ba tloditsweng mo kobamelong e e itshekileng] di tla tsena; mme ke tla tlatsa ntlo eno ka kgalalelo,’ go buile Jehofa wa masomosomo.” (Hagai 2:6, 7) Go nna teng ga “boidiidi jo bogolo” jono jo bo sa ntseng bo gola le balekane ba bone ba ba tloditsweng go godisa, ee, go galaletsa, kobamelo e e itshekileng mo ntlong ya ga Jehofa. Ga go ise go ke go begwe palo e kgolo jaana pele ya batho ba ba kopaneng mo kobamelong ya Modimo wa boammaaruri, mme seno se tlisa kgalalelo go Jehofa le Kgosi ya gagwe e e beilweng bogosi e bong Jesu Keresete. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Go na le mokgabo wa kgosi mo bathong ba bantsintsi.”—Diane 14:28.
Kobamelo e Batho ba e Tseelang Kwa Godimo mo Botshelong Jwa Bone
16-18. Batho bangwe ba dirile diphetogo dife gore ba obamele Jehofa ka tsela e a e amogelang?
16 Jehofa ke ene fela a tshwanelwang ke tlotlo ka ntlha ya go tsholetsa kobamelo e e itshekileng mo motlheng wa rona. Le fa go ntse jalo, ba ba tlang mo go ene ba na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong eno. Fela jaaka go tlhokega maiteko go palama thaba, go tlhokega maiteko fela jalo go ithuta melao ya Modimo ya tshiamo le go tshela go dumalana le yone. Jaaka Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batlhanka ba Modimo gompieno ba tlogetse ditsela tsa botshelo le ditlwaelo tse di sa dumalaneng le kobamelo ya boammaaruri. Bagokafadi, baobamedi ba medimo ya disetwa, baakafadi, magodu, batho ba ba bogagaru, matagwa, le ba bangwe ba fetotse ditsela tsa bone mme ‘ba tlhapisitswe ba nna phepa’ mo matlhong a Modimo.—1 Bakorintha 6:9-11.
17 Sekai se se tlwaelegileng ke se se ileng sa diragalela morweetsana mongwe, yo o neng a kwala jaana: “Ke kile ka latlhega e bile ke se na tsholofelo. Ke ne ke tshela botshelo jwa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo le botagwa. Ke ne ke na le malwetse a tlhakanelodikobo. Gape ke ne ke rekisa diokobatsi e bile ke sa kgathalele sepe fela.” Fa a sena go ithuta Baebele, o ne a dira diphetogo tse dikgolo gore a tsamaisane le melao ya Modimo. Jaanong a re: “Ke na le kagiso ya mogopolo, ke a itlotla, ke na le tsholofelo ka isagwe, ke na le lelapa la mmatota, mme segolobogolo, ke na le kamano le Rraarona, Jehofa.”
18 Tota le fa ba setse ba amogelwa ke Jehofa, botlhe ba tshwanetse ba tswelela pele ba tsholetsa kobamelo e e itshekileng ka go e tseela kwa godimo mo matshelong a bone. Dingwaga di le diketekete tse di fetileng, Jehofa o ne a dirisa Isaia go bontsha gore o ne a na le tsholofelo ya gore gompieno go tla bo go na le bontsintsi jwa batho ba ba eletsang go dira kobamelo ya gagwe selo sa botlhokwatlhokwa mo matshelong a bone. A o mongwe wa bone?
Batho ba ba Rutiwang Tsela ya ga Jehofa
19, 20. Batho ba Modimo ba rutiwa eng, mme kae?
19 Isaia o re bolelela sengwe gape ka batho ba ba amogelang kobamelo e e itshekileng gompieno. A re: “Ditšhaba di le dintsi di tla ya di re: ‘Tlang, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.’ Gonne molao o tla tswa mo Siona, le lefoko la ga Jehofa kwa Jerusalema.”—Isaia 2:3.
20 Jehofa ga a tlogele batho ba gagwe ba kgarakgatshega jaaka dinku tse di latlhegileng. Ka Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, o ba naya “molao” wa gagwe le “lefoko” la gagwe gore ba ithute ditsela tsa gagwe. Kitso eno e dira gore ba kgone go “tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.” Ka dipelo tse di tletseng kanaanelo e bile e le tumalanong le kaelo ya Modimo, ba buisana kaga ditsela tsa ga Jehofa. Ba kokoana mmogo kwa dikopanong tse dikgolo le ka ditlhopha tse dinnye—kwa Diholong Tsa Bogosi le kwa malapeng—gore ba reetse le go ithuta ditsela tsa Modimo. (Duteronome 31:12, 13) Ka jalo ba etsa sekao sa Bakeresete ba pele, ba ba neng ba kopana mmogo go kgothatsana le go tlhotlheletsana gore ba gole mo “loratong le mo ditirong tse di molemo.”—Bahebera 10:24, 25.
21. Batlhanka ba ga Jehofa ba nna le seabe mo tirong efe?
21 Ba laletsa ba bangwe gore ba ‘tlhatlogele’ kwa kobamelong e e kwa godimo ya ga Jehofa Modimo. A bo seno se dumalana sentle jang ne le taelo e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe pele fela a tlhatlogela kwa legodimong! O ne a ba raya a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Ka thuso ya Modimo, Basupi ba ga Jehofa ka kutlo ba tsamaya mo lefatsheng lotlhe, ba ruta batho le go ba dira barutwa, ba ba kolobetsa.
Ditšhaka di Nna Magale a Megoma
22, 23. Isaia 2:4 e bolelela pele eng, mme modiredimogolo mongwe wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne a reng ka gone?
22 Jaanong re tla mo temaneng e e latelang, e bontlhanngwe jwa yone bo kwadilweng ka go gabiwa mo loboteng kwa patlelong ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Isaia o kwala jaana: “Ruri o tla atlhola mo gare ga ditšhaba a ba a tlhamalatsa dilo malebana le ditšhaba di le dintsi. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:4.
23 Go atlega mo go direng jalo e ka se nne kgetsi e potlana. Federico Mayor, motsamaisimogolo wa United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization, o kile a re: “Makgapha otlhe a ntwa, a re a bonang malatsing ano ka didirisiwa tse di reediwang e bile di lebelelwa, ga go bonale a kgona go emisa go tswelela pele ga didirisiwa tse di boitshegang tsa ntwa tse di tlhomilweng tsa ba tsa tlhokomelwa ka makgolo a le mantsi a dingwaga. Dikokomana tsa gompieno di na le tiro e e batlileng e ka se kgonege e e tswang mo Baebeleng ya go ‘thula ditšhaka tsa bone go nna magale a megoma’ le go fetoga go tswa mo go nneng batho ba ba ratang ntwa—e leng mokgwa o o sa leng o nna gone go tswa bogologolo—mme di nne batho ba ba ratang kagiso. Fa go ka atlegwa mo go seno, e tla bo e le kgato e e molemolemo le e ntle go gaisa tsotlhe e ‘batho ba lefatshe lotlhe’ ba ka e tsayang, e bile e tla bo e le boswa jo bo molemo go gaisa jotlhe jo bo ka tlogelelwang ditlogolwana tsa rona.”
24, 25. Mafoko a ga Isaia a diragadiwa mo go bomang, mme ka tsela efe?
24 Ditšhaba ka botsone ga di kitla di fitlhelela mokgele ono o o kwa godimodimo. O kgakala thata gore di ka o fitlhelela. Mafoko a ga Isaia a diragadiwa ke batho ba ba tswang mo ditšhabeng di le dintsi, ba ba kopaneng mo kobamelong e e itshekileng. Jehofa o ‘tlhamaladitse dilo’ le bone. O rutile batho ba gagwe gore ba tshedisane ka kagiso. Eleruri, mo lefatsheng le le kgaoganeng le le le tletseng dintwa, ka tsela ya tshwantshetso ba thudile “ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.” Jang?
25 Selo sa ntlha ke gore, ga ba tseye letlhakore mo dintweng tsa ditšhaba. Nakwana fela pele ga loso lwa ga Jesu, banna ba ba neng ba tlhometse ka dibetsa ba ne ba tla go mo tshwara. E rile Petere a kgatikanya tšhaka gore a femele Mong wa gagwe, Jesu o ne a mo raya a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Fa e sa le ka nako eo, balatedi ba ga Jesu ba ba tsamayang mo dikgatong tsa gagwe ba thudile ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma mme ga ba tseye dibetsa go bolaya bengkabone kana go tshegetsa dintwa ka ditsela tse dingwe. Ba ‘latelela go nna le kagiso le batho botlhe.’—Bahebera 12:14.
Go Latelela Ditsela Tsa Kagiso
26, 27. Batho ba Modimo ba ‘senka kagiso mme ba e latelele’ ka tsela efe? Ntsha sekai.
26 Kagiso ya batho ba Modimo ga e akaretse go gana go nna le seabe mo ntweng fela. Le fa ba fitlhelwa mo dinageng di feta 230 e bile e le batho ba dipuo le ditso tse dintsintsi, ba tshedisana ka kagiso. Mo go bone re fitlhela tiragatso ya motlha wa gompieno ya mafoko a ga Jesu, yo o neng a raya barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Gompieno Bakeresete ke “badirakagiso.” (Mathaio 5:9, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Ba ‘senka kagiso mme ba e latelele.’ (1 Petere 3:11) Ba tshegediwa ke Jehofa, “Modimo yo o nayang kagiso.”—Baroma 15:33.
27 Go na le dikai tse di gakgamatsang tsa batho ba ba ithutileng go nna badirakagiso. Lekawana lengwe le kwala jaana ka botshelo jwa lone jwa pele: “Go diragalelwa ke dilo tse di botlhoko go ne ga nthuta go iphemela. Go ne ga dira gore ke nne bosula le gore ke se ka ka rata botshelo. Ke ne ke tlhola ke lole fela. Letsatsi le letsatsi ke ne ke lwa le ngwana mongwe wa baagisani, ka dinako tse dingwe re lwa ka mabole, ka dinako tse dingwe re lwa ka matlapa kana mabotlele. Ke godile ke le dikgoka tota.” Le fa go ntse jalo, kgabagare o ne a dumela fa a lalediwa go ya kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa.’ O ne a ithuta ditsela tsa Modimo, mme a nna motlhanka yo o ratang kagiso wa Modimo.
28. Bakeresete ba ka dira eng go latelela kagiso?
28 Bontsi jwa batlhanka ba ga Jehofa ga ba a gola ba le dikgoka jalo. Le fa go ntse jalo, tota le mo dilong tse dinnye fela—ditiro tsa bopelontle, go itshwarela, le kutlwelobotlhoko—ba leka go dira gore ba nne mo kagisong le batho ba bangwe. Le fa ba sa itekanela, ba leka go dirisa kgakololo ya Baebele ya gore ba ‘tswelele ba itshokelana e bile ba itshwarelana ba gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.’—Bakolosa 3:13.
Isagwe ya Kagiso
29, 30. Go na le tebelelo efe malebana le lefatshe?
29 Jehofa o dirile sengwe se se gakgamatsang mo nakong eno e e ‘elang kwa bofelong jwa metlha.’ O kokoantse batho ba ba batlang go mo direla go tswa mo ditšhabeng tsotlhe. O ba rutile go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe, ditsela tsa kagiso. Bano ke bone ba tla falolang ‘pitlagano e kgolo’ e e tlang mme ba fetele mo lefatsheng le lesha le le nang le kagiso le mo go lone ntwa e tla fedisediwang ruri.—Tshenolo 7:14.
30 Ditšhaka—dibetsa—di tla bo di sa tlhole di le teng. Mopesalema o ne a kwala jaana kaga motlha oo: “Tlang, lona batho, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, kafa a beileng ditiragalo tse di akabatsang ka teng mo lefatsheng. O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.” (Pesalema 46:8, 9) Ka ntlha ya tebelelo e e ntseng jalo, kgothatso e e latelang ya ga Isaia e a tshwanela gompieno fela jaaka e ne e tshwanela fa a ne a e kwala: “Lona banna ba ntlo ya ga Jakobe, tlang re tsamayeng mo leseding la ga Jehofa.” (Isaia 2:5) Ee, a lesedi la ga Jehofa le bonese tselana ya rona gone jaanong, mme re tla tsamaya mo tseleng ya gagwe ka bosakhutleng.—Mika 4:5.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, kgaolo 11, “Eno ke Metlha ya Bofelo!,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.