Kgaolo ya Lesomerobongwe
Jehofa o Itshepolola Boikgogomoso Jwa Ture
1, 2. (a) Motse wa Ture wa bogologolo e ne e le motse o o ntseng jang? (b) Isaia o ne a porofeta eng malebana le Ture?
O NE a le “bontle jo bo feletseng” e bile a na le “dikhumo tsa mefuta yotlhe” di le dintsintsi. (Esekiele 27:4, 12, An American Translation) Dikepe tsa gagwe tse dintsintsi di ne di ralala lewatle di ya kwa mafelong a a kwa kgakala. O ne a ‘galalela thata mo pelong ya lewatle le le atlhameng,’ mme o ne a “humisa dikgosi tsa lefatshe” ka ‘dilo tsa gagwe tse di tlhatlhwakgolo.’ (Esekiele 27:25, 33) Ke kafa Ture a neng a le ka gone mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E.—motse wa Fonekia mo ntlheng ya botlhaba jwa Mediterranean.
2 Le fa go ntse jalo, Ture o ne a le gaufi le go senngwa. Dingwaga di ka nna 100 pele Esekiele a mo tlhalosa, moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore seitshegeletso seno sa Fonekia se ne se tla wa le gore ba ba ikaegileng ka ene ba ne ba tla hutsafala. Gape Isaia o ne a bolelela pele gore morago ga nakwana Modimo o ne a tla lebisa tlhokomelo ya gagwe mo motseng ono, a o naya khumo gape. Mafoko a moporofeti a ne a diragadiwa jang? Mme re ka ithuta eng mo go sotlhe se se diragaletseng Ture? Go tlhaloganya ka botlalo se se mo diragaletseng le gore ke ka ntlha yang fa dilo tse di ntseng jalo di ne di diragala go tla nonotsha tumelo ya rona mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe.
“Bokolelang, Lona Dikepe Tsa Tareshishe!”
3, 4. (a) Tareshishe e ne e le kae, mme Ture le Tareshishe di ne di amana jang? (b) Ke ka ntlha yang fa batsamaisadikepe ba ba gwebang le Tareshishe ba tla nna le lebaka la go ‘bokolela’?
3 Ka setlhogo se se reng, “Polelo ya Ture,” Isaia o bolela jaana: “Bokolelang, lona dikepe tsa Tareshishe! gonne e thopilwe gore e se ka ya nna boemakepe, gore e se ka ya nna lefelo le go tsenwang mo go lone.” (Isaia 23:1a) Go dumelwa gore Tareshishe e ne e le karolo ya Spain, kgakala le Ture kwa botlhaba jwa Mediterranean.a Le fa go ntse jalo, Bafonekia e ne e le batsamaisadikepe ba ba nang le bokgoni, le dikepe tsa bone di ne di le dikgolo e bile di siametse go tsamaya mo lewatleng. Borahisitori bangwe ba dumela gore Bafonekia e ne e le bone batho ba ntlha go lemoga gore ngwedi o tsamaisana le dithaete tsa lewatle le go dirisa bolepadinaledi go ba thusa go tsamaisa sekepe. Ka jalo sekgala se seleele sa go tswa kwa Ture go ya kwa Tareshishe e ne e se bothata mo go bone.
4 Mo motlheng wa ga Isaia, Tareshishe e e kwa kgakala ke borekisetso jo bogolo jwa Ture, gongwe e le yone e e thusitseng gore e hume mo karolong nngwe ya hisitori ya yone. Spain e na le meepo e e neng e tletse selefera, tshipi le dimetale tse dingwe. (Bapisa Jeremia 10:9; Esekiele 27:12.) “Dikepe tsa Tareshishe,” tse e tshwanetseng ya bo e le dikepe tse di tswang kwa Ture di gweba le Tareshishe, di tla nna le lebaka le le utlwalang la go ‘bokolela,’ di hutsafalela go senngwa ga boemakepe jwa legae la tsone.
5. Batsamaisadikepe ba ba tswang kwa Tareshishe ba tla utlwela jang ka go wa ga Ture?
5 Batsamaisadikepe ba ba kwa lewatleng ba tla utlwela jang ka go wa ga Ture? Isaia o araba jaana: “Di senoletswe seno go tswa kwa lefatsheng la Kitime.” (Isaia 23:1b) ‘Lefatshe la Kitime’ le tshwanetse la bo le kaya setlhaketlhake sa Kupero, se se ka nnang dikilometara di le 100 kwa bophirima jwa lotshitshi lwa Fonekia. Ke gone fa dikepe tse di yang botlhaba di tswa kwa Tareshishe di emang teng la bofelo pele di goroga kwa Ture. Ka gone, fa batsamaisadikepe ba ema kwa Kupero ba tla utlwalela gore boemakepe jwa bone jo ba bo ratang thata jwa legae la bone bo fentswe. A bo seo se tla ba tshosa jang ne! E re ka ba tla bo ba hutsafetse, ba tla ‘bokolela’ ba kotlomane.
6. Tlhalosa kafa Ture le Sidona di amanang ka gone.
6 Batho ba lotshitshi lwa lewatle la Fonekia le bone ba tla kotlomana. Moporofeti a re: “Didimalang, lona banni ba lefatshe le le fa losing lwa lewatle. Bagwebi ba Sidona, ba ba kgabaganyang lewatle—ba go tladitse. Mme peo ya Shihore e ntse e le mo metsing a mantsi, thobo ya Nile, lotseno lwa gagwe; mme ya nna poelo ya ditšhaba.” (Isaia 23:2, 3) “Banni ba lefatshe le le fa losing lwa lewatle”—baagelani ba Ture—ba tla didimala ba akabetse thata fa Ture a wa ka tsela e e setlhogo. “Bagwebi ba Sidona” ba ba ‘tladitseng’ banni bano, ba ba humisa, ke bomang? Ture pele e ne e le kolone ya motse wa Sidona o o fa lotshitshing lwa lewatle, dikilometara di le 35 fela go ya kwa bokone. Mo mading a gagwe a tshipi, Sidona o itlhalosa e le mmaagwe Ture. Le fa Ture e feta Sidona ka khumo, e sa ntse e le “morwadia Sidona,” mme banni ba teng ba sa ntse ba ipitsa Basidona. (Isaia 23:12) Ka gone, polelwana e e reng “bagwebi ba Sidona” e tshwanetse ya bo e bua ka batho ba Ture ba e leng bagwebi.
7. Bagwebi ba kwa Sidona ba anamisitse khumo jang?
7 Bagwebi ba ba humileng ba Sidona ba ralala Lewatle la Mediterranean ba le mo kgwebong. Ba isa kwa mafelong a le mantsi, peo, kana dijo tsa ditlhaka tsa Shihore, karolo e e kwa botlhaba thata ya Noka ya Nile mo maanwaneng a Egepeto. (Bapisa Jeremia 2:18.) “Thobo ya Nile” gape e akaretsa dijo tse dingwe tse di tlhagisiwang ke Egepeto. Go gweba ka dithoto tse di ntseng jalo le go di ananya go tlisa lotseno lo lontsi mo bagwebing bano ba ba tsamayang ka lewatle mmogo le mo ditšhabeng tse ba gwebang le tsone. Bagwebi ba Sidona ba tlisetsa Ture madi a mantsi. Eleruri ba tla hutsafalela go fedisiwa ga gagwe!
8. Go senngwa ga Ture go tla ama Sidona jang?
8 Go tswa foo Isaia o bua le Sidona ka mafoko ano: “Tlhajwa ke ditlhong, wena Sidona; ka gonne lewatle, wena kago e e thata ya lewatle, le rile: ‘Ga ke ise ke nne le ditlhabi tsa pelegi, e bile ga ke ise ke belege, le fa e le go godisa makau, le go godisa makgarebane.’” (Isaia 23:4) Fa Ture a sena go senngwa, lotshitshi lwa lewatle fa motse o kileng wa bo o eme teng lo tla lebega lo omeletse e bile lo swafetse. Lewatle le tla lebega e kete le lela ka ntlha ya tlalelo, jaaka mmè yo o latlhegetsweng ke bana yo o utlwileng botlhoko thata mo e leng gore jaanong o latola gore ga a ise a ko a nne le bana. Sidona o tla tlhabisiwa ditlhong ke se se diragalelang morwadie.
9. Khutsafalo ya batho fa Ture a sena go wa e tla tshwana le go akabala morago ga ditiragalo dife tse dingwe?
9 Ee, dikgang tsa go senngwa ga Ture di tla baka kutlobotlhoko e e anameng. Isaia a re: “Fela jaaka fa go ne go begwa malebana le Egepeto, batho ba tla nna mo ditlhabing tse di botlhoko thata fela jalo fa go begwa ka Ture.” (Isaia 23:5) Botlhoko jwa ba ba hutsafetseng bo tla tshwana le jo bo bakwang ke pego kaga Egepeto. Moporofeti o raya pego efe? A ka tswa a raya go diragadiwa ga “polelo kgatlhanong le Egepeto” e a e buileng pelenyana.b (Isaia 19:1-25) Kana gongwe moporofeti o kaya pego ya go senngwa ga masole a ga Faro ka letsatsi la ga Moshe, mo go neng ga baka kgakgamatso e kgolo. (Ekesodo 15:4, 5, 14-16; Joshua 2:9-11) Legale, ba ba utlwang pego ya go senngwa ga Ture ba tla nna mo ditlhabing tse di botlhoko. Ba kopiwa gore ba tshabele kwa Tareshishe e e kwa kgakala gape ba laelwa jaana gore ba bontshe kutlobotlhoko ya bone ka modumo: “Kgabaganyetsang kwa Tareshishe; bokolelang, lona banni ba lefatshe le le fa losing lwa lewatle.”—Isaia 23:6.
O Itumela “go Tloga Metlheng ya Gagwe ya Bogologolo”
10-12. Tlhalosa kafa Ture e neng e humile ka teng, e le ya bogologolo, e bile e na le tlhotlheletso ka teng.
10 Ture ke motse wa bogologolo, jaaka Isaia a re gopotsa fa a botsa jaana: “A ono ke motse wa lona o o neng o itumetse go tloga metlheng ya bogologolo, go tloga metlheng ya gagwe ya bogologolo?” (Isaia 23:7a) Hisitori ya go huma ga Ture e fitlha le kwa morago kwa mo motlheng wa ga Joshua. (Joshua 19:29) Mo dingwageng tse di ntseng di feta, Ture e setse e itsege ka go dira dilo tsa tshipi, dilwana tsa galase, le sefetolammala sa bobududu jo bo mokgona. Diaparo tsa kwa Ture tse di bobududu jo bo mokgona di bitsa madi a mantsi thata mme matsela a a turang a kwa Ture a rekwa thata ke batho ba maemo. (Bapisa Esekiele 27:7, 24.) Gape Ture ke lefelo la kgwebo la ditlhopha tsa bagwebi ba ba sa tsamayeng ka lewatle e bile ke lefelo le legolo la go reka mo dinageng tse dingwe le go di rekisetsa.
11 Mo godimo ga moo, motse ono o nonofile mo go tsa tlhabano. L. Sprague de Camp o kwala jaana: “Le fa gone e ne e se baratantwa go le kalo—e le borrakgwebo, e se masole—Bafonekia ba ne ba femela metse ya bone ka bopelokgale le botlhogoethata jwa go feteletsa dilo. Ka ntlha ya dinonofo tseno, mmogo le go nonofa ga bone mo sesoleng sa mo metsing, Bature ba ne ba kgona go emelana le masole a Asiria, a e neng e le one a nonofileng thata ka nako eo.”
12 Eleruri Ture o dira gore a itsege mo karolong ya Mediterranean. “Dinao tsa gagwe di kile tsa bo di mo isa kgakala go ya go aga e le moeng.” (Isaia 23:7b) Bafonekia ba tsaya mesepele go ya kwa mafelong a a kwa kgakala, ba tlhoma mafelo a kgwebo le mafelo a dikepe di ka emang mo go one a ka dinako tse dingwe a neng a gola a nna dikolone. Ka sekai, Carthage, e e mo lotshitshing lwa bokone jwa Afrika, ke kolone ya Ture. Fa nako e ntse e ya, e tla feta Ture e bo e itepatepanya le Roma gore e tlhotlheletse karolo ya Mediterranean.
Boikgogomoso Jwa Gagwe bo Tla Itshepololwa
13. Ke ka ntlha yang fa go bodiwa potso ya gore ke mang yo o nang le sebete sa go bolela katlholo kgatlhanong le Ture?
13 Ka ntlha ya bogologolo jwa Ture le khumo ya yone, potso e e latelang e a tshwanela: “Ke mang yo o ntshitseng tshwetso eno kgatlhanong le Ture, yo o rwesang dirwalo, yo bagwebi ba gagwe e neng e le dikgosana, yo bagwebi ba gagwe e neng e le batlotlegi ba lefatshe?” (Isaia 23:8) Ke mang yo o nang le sebete sa go bua kgatlhanong le motse o o tlhomileng batho ba ba nonofileng mo maemong a a kwa godimo a taolo mo dikoloneng tsa one le mo mafelong a mangwe—mme ka jalo a nna “yo o rwesang dirwalo”? Ke mang yo o nang le sebete sa go bua kgatlhanong le toropokgolo e bagwebi ba yone e leng dikgosana le e borrakgwebo ba yone e leng batlotlegi? Maurice Chehab, yo pele e neng e le mokaedi wa dilo tsa bogologolo kwa National Museum ya Beirut, kwa Lebanon, o ne a re: “Go tloga mo lekgolong la borobongwe go ya go la borataro la dingwaga B.C., Ture o ne a nna a ntse a na le maemo a botlhokwa a a neng a itsege kwa Lontone kwa tshimologong ya lekgolo la bosomaamabedi la dingwaga.” Ka jalo ke mang yo o nang le sebete sa go bua kgatlhanong le motse ono?
14. Ke mang yo o bolelang katlholo kgatlhanong le Ture, mme ka ntlha yang?
14 Karabo e e tlhotlheleditsweng e tla baka kakabalo mo Ture. Isaia a re: “Jehofa wa masomosomo o ntshitse tshwetso eno, gore a itshepolole boikgogomoso jwa bontle jotlhe, a tshware batlotlegi botlhe ba lefatshe ka lenyatso.” (Isaia 23:9) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a bolela katlholo kgatlhanong le motse ono o o humileng, wa bogologolo? A ke ka gonne banni ba one ke baobamedi ba modimo wa maaka Baale? A ke ka ntlha ya kamano e Ture a nang le yone le Jesebele—morwadia Kgosi Ethabaale wa Sidona, go akaretsa Ture—yo o neng a nyalwa ke Kgosi Ahabe wa Iseraele mme a bolaya baporofeti ba ga Jehofa ka bontsi? (1 Dikgosi 16:29, 31; 18:4, 13, 19) Karabo ya dipotso tseno ka bobedi ke nnyaa. Ture o atlholwa ka ntlha ya boikgogomoso jwa gagwe—o ikhumisitse ka ditšhaba tse dingwe, go akaretsa Baiseraele. Mo lekgolong la borobongwe la dingwaga B.C.E., Jehofa o ne a dirisa moporofeti Joele go raya Ture le metse e mengwe a re: “Bomorwa Juda le bomorwa Jerusalema lo ba rekiseditse barwa ba Bagerika, ka boikaelelo jwa go ba tlosetsa kgakala le karolo ya bone ya naga.” (Joele 3:6) A Modimo a ka tlodisa Ture matlho a mo tlogela fela a tshwara batho ba kgolagano ya gagwe jaaka e kete ke dilwana fela tse di rekisiwang?
15. Ture o tla itshwara jang fa Jerusalema a wela mo diatleng tsa ga Nebukadenesare?
15 Le fa go ka feta dingwaga di le lekgolo, Ture ga a kitla a fetoga. Fa masole a ga Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a senya Jerusalema ka 607 B.C.E., Ture o tla itumela jaana: “Aha! [Jerusalema] o robagantswe, dikgoro tsa ditšhaba! Go tla retologelwa kwa go nna. Ke tla tlala—o swafaditswe.” (Esekiele 26:2) Ture o tla itumela, a lebeletse gore o tla solegelwa molemo ke go senngwa ga Jerusalema. E re ka motsemogolo wa Judea o sa tlhole o gaisana le ene, o tla solofela gore a nne le kgwebo e e oketsegileng. Batho ba ba ipolelang gore ke “batlotlegi,” Jehofa o tla ba tshwara ka lenyatso, ba ba emang le baba ba batho ba gagwe ka boikgogomoso.
16, 17. Go tla diragalang ka banni ba Ture fa motse o wa? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
16 Isaia o tswelela pele a bolela go kgala Ture ga ga Jehofa: “Kgabaganya lefatshe la gago jaaka Noka ya Nile, wena morwadia Tareshishe. Ga go tlhole go na le lefelo la go direla dikepe. O otlololetse seatla sa gagwe mo godimo ga lewatle; o dirile gore magosi a fuduege. Jehofa ka boene o ntshitse taolo kgatlhanong le Fonikia, gore a nyeletse dikago tsa gagwe tse di thata. Mme a re: ‘O se ka wa tlhola o itumela gape, wena yo o gateletsweng, morwadia Sidona wa kgarebane. Nanoga, kgabaganyetsa kwa Kitime. Le gone koo ga o na go bona boikhutso.’”—Isaia 23:10-12.
17 Ke ka ntlha yang fa Ture a bidiwa “morwadia Tareshishe”? Gongwe ke ka gonne fa Ture a sena go fenngwa, Tareshishe e tla nna one motse o o nonofileng mo go e mebedi eno.c Banni ba Ture yo o sentsweng ba tla gasama jaaka noka e e tlhatsang, dipota tsa yone di thubegile mme metsi a yone a penologela mo mabaleng otlhe a a fa gaufi. Molaetsa wa ga Isaia o o yang go “morwadia Tareshishe” o gatelela kafa se se tla diragalelang Ture se tla bong se boitshega ka teng. Jehofa ka boene o otlolola seatla sa gagwe a bo a ntsha taelo. Ga go na ope yo o ka fetolang tsela e dilo di felelang ka yone.
18. Ke ka ntlha yang fa Ture a bidiwa “morwadia Sidona wa kgarebane,” mme seemo sa gagwe se tla fetoga jang?
18 Gape Isaia o bitsa Ture a re ke “morwadia Sidona wa kgarebane,” a bontsha gore ga a ise a ko a gapiwe pele a bo a thopiwa ke bafenyi ba dinaga di sele mme o sa ntse a itumelela go nna a sa gapiwa. (Bapisa 2 Dikgosi 19:21; Isaia 47:1; Jeremia 46:11.) Le fa go ntse jalo, jaanong o tlile go senngwa, mme bangwe ba banni ba gagwe ba tla kgabaganyetsa kwa koloning ya Fonekia e leng Kitime e le batshabi. Le fa go ntse jalo, e re ka ba tla bo ba sa tlhole ba na le maatla mo go tsa ikonomi, ga ba kitla ba bona boiketlo koo.
Bakaladia ba Tla mo Thopa
19, 20. Ke mang yo go porofetiwang gore o tla fenya Ture, mme boporofeti joo bo diragadiwa jang?
19 Ke mmuso ofe wa bopolotiki o o tla diragatsang katlholo ya ga Jehofa mo Ture? Isaia o bolela jaana: “Bona! Lefatshe la Bakaladia. Se ke sone setšhaba—Asiria ga e a ka ya nna sone—ba e thaetse banni ba mo sekakeng. Ba tlhomile ditora tsa bone tsa go tlhasela; ba thukuthile ditora tsa gagwe tsa bonno; mongwe o mo dirile marope a a wang. Bokolelang, lona dikepe tsa Tareshishe, gonne kago ya lona e e thata e thopilwe.” (Isaia 23:13, 14) Bakaladia—e seng Baasiria—ba tla fenya Ture. Ba tla aga ditora tsa bone tsa go tlhasela, ba ripitle mafelo a bonno a Ture, mme ba dire lefelo leo le e leng kago ya phemelo ya dikepe tsa Tareshishe mokoa wa marope.
20 Fela jaaka boporofeti bo boletse, fela fa Jerusalema e sena go wa, Ture o tsuologela Babelona mme Nebukadenesare o dikanyetsa motse. E re ka Ture a dumela gore a ka se tsenelelwe, ga a ineele. Fa ba ntse ba dikanyeditswe, ditlhogo tsa masole a Babelona di ‘dirwa lefatla’ ke go gotlhiwa ke ditlhoro tsa bone tsa phemelo mme magetla a bone a “kgobotswe” ke go sikara dilwana tse di dirisiwang go aga dikago tsa phemelo. (Esekiele 29:18) Tlhaselo eno e bakela Nebukadenesare ditshenyegelo. Motse wa Ture o o mo karolong e kgolo ya naga o a senngwa, mme le fa go ntse jalo thopo ya one e mo tswa diatleng. Bontsi jwa matlotlo a Ture a fuduseditswe kwa setlhaketlhakeng se sebotlana se se batlileng se nna sekgala sa kilometara e le nngwe go tswa fa lotshitshing. E re ka kgosi ya Bakaladia e se na dikepe, ga e kgone go gapa setlhaketlhake seno. Morago ga dingwaga di le 13, Ture o a ineela mme o tla falola a bo a bona go diragadiwa ga dipolelelopele tse dingwe.
“O Tla Boela Kwa Tuelong ya Gagwe”
21. Ture o ‘lebetswe’ jang, mme ka lobaka lo lokae?
21 Isaia o tswelela go bolelela pele: “Go tla diragala gore mo letsatsing leo Ture a lebalwe dingwaga di le masome a supa, fela jaaka malatsi a kgosi e le nngwe.” (Isaia 23:15a) Fa motse o o mo karolong e kgolo ya naga o sena go senngwa ke Bababelona, motse wa Ture wa setlhaketlhake o tla ‘lebalwa.’ Fela jaaka boporofeti bo boletse, ka lobaka lwa “kgosi e le nngwe”—Mmusomogolo wa Babelona—motse wa setlhaketlhake wa Ture e tla bo e se motse wa botlhokwa mo go tsa madi. Jehofa o dirisa Jeremia go umaka Ture mo gare ga ditšhaba tse di tla tlhaolwang gore di nwe beine ya bogale jwa Gagwe. A re: “Ditšhaba tseno di tla tshwanelwa ke go direla kgosi ya Babelona dingwaga di le masome a supa.” (Jeremia 25:8-17, 22, 27) Ke boammaaruri, motse wa setlhaketlhake wa Ture ga o nne mo taolong ya Babelona dingwaga di le 70 tse di tletseng, e re ka Mmusomogolo wa Babelona o wa ka 539 B.C.E. Go bonala fa dingwaga tse 70 di emela lobaka lo loleele thata lwa go busa ga Babelonia fa losika lwa Babelona lwa segosi lo ikgantsha ka gore lo tsholeleditse setulo sa lone sa segosi le “kwa godimo ga dinaledi tsa Modimo” tota. (Isaia 14:13) Ditšhaba tse di farologaneng di nna mo taolong eo ka dinako tse di farologaneng. Mme kwa bofelong jwa dingwaga tse 70, taolo eo e tla phutlhama. Go tswa foo go tla diragala eng ka Ture?
22, 23. Ture o tla diragalelwa ke eng fa a tswa mo taolong ya Babelona?
22 Isaia o tswelela jaana: “Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le masome a supa Ture o tla diragalelwa jaaka mo pineng ya seaka: ‘Tsaya harepa, tsamayatsamaya go dikologa motse, wena seaka se se lebetsweng. Dira bojotlhe jwa gago fa o letsa megala; ntsifatsa dipina tsa gago gore o tle o gopolwe.’ Mme go tla diragala kwa bokhutlong jwa dingwaga di le masome a supa gore Jehofa a lebise tlhokomelo ya gagwe kwa Ture, mme Ture o tla boela kwa tuelong ya gagwe a bo a dire boaka le magosi otlhe a lefatshe mo godimo ga lefatshe.”—Isaia 23:15b-17.
23 Morago ga go wa ga Babelona ka 539 B.C.E., Fonekia o laolwa ke Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia. Kgosi ya Peresia, Kurose yo Mogolo, ke mmusi yo o amogelang megopolo e e farologaneng. Mo pusong eno e ntšha, Ture o tla boa a dira ditiro tsa gagwe tsa pele mme a leke thata go dira gore a itsiwe gape e le lefelo le legolo la kgwebo mo lefatsheng lotlhe—fela jaaka seaka se se ithekisang se se lebetsweng e bile se latlhilwe ke bao ba akafalang le sone e bile se leka go gogela ba basha ka go tsamaya mo motseng se letsa harepa ya sone le go opela dipina tsa sone. A Ture o tla atlega? Ee, Jehofa o tla mo thusa go atlega. Fa nako e ntse e ya, motse ono wa setlhaketlhake o tla huma thata mo eleng gore go ela kwa lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., moporofeti Sekarea o tla re: “Ture a simolola go ikagela lorako lwa phemelo, le go koaganya selefera jaaka lorole le gouta jaaka loraga lwa mo mebileng.”—Sekarea 9:3.
‘Poelo ya Gagwe e Tla Nna Sengwe se se Boitshepo’
24, 25. (a) Poelo ya Ture e nna sengwe se se boitshepo mo go Jehofa jang? (b) Le fa Ture a ne a thusa batho ba Modimo, Jehofa o tlhotlheletsa gore go bolelwe boporofeti bofe kaga gagwe?
24 A bo mafoko a a latelang a boporofeti a gakgamatsa jang ne! “Poelo ya gagwe le tuelo ya gagwe di tla nna sengwe se se boitshepo mo go Jehofa. Ga e kitla e bolokwa, le fa e le go bewa, ka gonne tuelo ya gagwe e tla nna ya ba ba nnang fa pele ga ga Jehofa, gore ba je ba kgore ba bo ba apare diaparo tse dintle.” (Isaia 23:18) Poelo ya ga Ture ya dilo tse di bonalang e nna sengwe se se boitshepo jang? Jehofa o rulaganya dilo gore di dirisiwe go dumalana le thato ya gagwe—gore batho ba gagwe ba je ba kgore ba bo ba apare. Seno se diragala morago ga Baiseraele ba sena go boa kwa botshwarong jwa Babelona. Batho ba Ture ba ba thusa ka go ba naya logong lwa mosedara gore ba age tempele sesha. Gape ba simolola go gweba sesha le motse wa Jerusalema.—Esera 3:7; Nehemia 13:16.
25 Le fa go ntse jalo, Jehofa o tlhotlheletsa gore go dirwe polelelopele e nngwe gape kgatlhanong le Ture. Sekarea o porofeta jaana kaga motse wa setlhaketlhake o jaanong o humileng: “Bona! Jehofa ka boene o tla mo gapela thuo ya gagwe, e bile o tla itaya mophato wa gagwe wa sesole a o latlhela mo lewatleng; mme o tla lailwa mo molelong.” (Sekarea 9:4) Seno se diragadiwa ka July 332 B.C.E. fa Alexander yo Mogolo a senya mohumagadi yo o ikgodisang yoo wa lewatle.
Tila go Rata Dilo Tse di Bonalang le Boikgodiso
26. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a kgala Ture?
26 Jehofa o ne a kgalela Ture boikgodiso jwa gagwe, e leng mokgwa o a sa o rateng. “Matlho a a ikgodisang” ke one a umakwang lantlha mo dilong tse supa tse Jehofa a di tlhoileng. (Diane 6:16-19) Paulo o ne a amanya boikgodiso le Satane Diabolo, mme tsela e Esekiele a tlhalosang Ture yo o ikgodisang ka yone e na le dintlha tse di tlhalosang Satane ka boene. (Esekiele 28:13-15; 1 Timotheo 3:6) Ke ka ntlha yang fa Ture a ne a ikgodisa? Esekiele o bolela jaana fa a bua le Ture: “Pelo ya gago ya simolola go nna mabela ka ntlha ya khumo ya gago.” (Esekiele 28:5) Motse ono o ne o ineetse mo kgwebong le mo go kokoanyeng madi. Go atlega ga Ture mo go seno go ne ga mo dira gore a ikgodise mo go maswe. Jehofa o ne a dirisa Esekiele go raya “moeteledipele wa Ture” a re: “Pelo ya gago e mabela, mme o nna o re, ‘Ke modimo. Ke ipeile mo setulong sa modimo.’”—Esekiele 28:2.
27, 28. Batho ba ka wela mo seraing sefe, mme Jesu o ne a tshwantsha seno jang?
27 Ditšhaba di ka simolola go nna le boikgodiso le go sa lebe khumo ka tsela e e tshwanetseng—batho le bone fela jalo. Jesu o ne a bolela setshwantsho se se neng se bontsha kafa seru seno se ka nnang bofitlha ka teng. O ne a bua ka monna yo o humileng yo masimo a gagwe a neng a ungwa thata. E re ka monna yono a ne a itumetse, o ne a rulaganya go aga dikago tse dikgolwane tsa polokelo ya dikungwa tsa gagwe mme a solofela go itumelela go tshela botshelo jo botelele jwa letlepu. Mme seo ga se a ka sa diragala. Modimo o ne a mo raya a re: “Wena yo o seng tekatekano, mo bosigong jono ba batla moya wa gago ka kgang mo go wena. Ke mang, he, yo o tla tsayang dilo tse o di bolokileng?” Ee, monna yoo o ne a swa, mme khumo ya gagwe ga e a ka ya mo thusa ka sepe.—Luke 12:16-20.
28 Jesu o ne a konela setshwantsho seno, a re: “Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.” (Luke 12:21) Go huma ka bogone go ne go se phoso, le go nna le thobo e ntsi e ne e se boleo. Phoso ya monna yono e ne e le go dira gore dilo tseno e nne tsone tsa konokono mo botshelong jwa gagwe. O ne a ikantse dikhumo tsa gagwe fela. Fa a akanya ka isagwe, o ne a sa akanye ka Jehofa Modimo.
29, 30. Jakobe o ne a tlhagisa jang kgatlhanong le motho go ikaega ka ene ka nosi?
29 Jakobe o ne a dirisa mafoko a a tlhamaletseng go bua ntlha e e tshwanang. O ne a re: “Heelang tlheng, lona ba lo reng: ‘Gompieno kgotsa ka moso re tla tsaya loeto re ya motseng ono, re tla nna ngwaga gone, mme re tla tshwarega mo kgwebong re bo re dira dipoelo,’ mme lo sa itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso. Gonne lo mouwane o o bonalang ka lobakanyana mme go tswa foo o bo o nyelela. Mo boemong jwa moo, lo tshwanetse lwa re: ‘Fa Jehofa a rata, re tla tshela re bo gape re dira seno kgotsa sele.’” (Jakobe 4:13-15) Go tswa foo, Jakobe o ne a bontsha kafa khumo le boikgodiso di amanang ka teng fa a tswelela, a re: “Lo ikgogomosa mo maikgantshong a lona a go ipega. Go ikgogomosa gotlhe mo go ntseng jalo go boikepo.”—Jakobe 4:16.
30 Le fano gape, go dira kgwebo ga se boleo. Boleo ke boikgodiso, go ikgantsha, le go itshepa mo go ka bakwang ke go bapala khumo. Ka botlhale, seane sengwe sa bogologolo se ne sa re: “O se ka wa nnaya lehuma le fa e le dikhumo.” Lehuma le ka dira gore botshelo bo nne bokete thata. Mme dikhumo di ka tlhotlheletsa motho go “latola [Modimo a bo a] re: ‘Jehofa ke mang?’”—Diane 30:8, 9.
31. Mokeresete o tla bo a dira sentle fa a ipotsa dipotso dife?
31 Re tshela mo lefatsheng le mo go lone batho ba le bantsi ba ineeletseng go nna bogagapa le bopelotshetlha. Ka ntlha ya seemo se se leng teng sa tsa kgwebo, khumo e tsewa e le botlhokwa thata. Ka gone, Mokeresete o tla bo a dira sentle fa a itshekatsheka gore a tlhomamise gore ga a wele mo go sone serai se se neng sa tshwaetsa motse wa kgwebo wa Ture. A o senya nako e ntsi thata ya gagwe le maatla a batla dilo tse di bonalang, mo e leng gore tota ke motlhanka wa dikhumo? (Mathaio 6:24) A o fufegela batho bangwe ba ba ka tswang ba na le dilwana tse dintsi kana tse di botoka go feta tse a nang natso? (Bagalatia 5:26) Fa e le gore o humile, a ka boikgodiso o ikutlwa a tshwanelwa ke go tsewa tsia go feta ba bangwe kana go nna le ditshiamelo go feta ba bangwe? (Bapisa Jakobe 2:1-9.) Fa e le gore ga a huma, a o ‘ikemiseditse go huma’ ka tsela le fa e ka nna efe fela? (1 Timotheo 6:9) A o tshwaregile thata mo go tsa kgwebo mo e leng gore o tlogela karolo e potlana fela ya botshelo jwa gagwe gore a direle Modimo ka yone? (2 Timotheo 2:4) A o tsenelela thata mo go batleng dikhumo mo e leng gore o tlhokomologa melaometheo ya Bokeresete mo ditirong tsa gagwe tsa kgwebo?—1 Timotheo 6:10.
32. Johane o ne a naya tlhagiso efe, mme re ka e dirisa jang?
32 Le fa seemo sa rona sa itsholelo e ka tswa e le sefe, ka metlha Bogosi bo tshwanetse jwa tla pele mo matshelong a rona. Go botlhokwa gore le ka motlha re se ka ra lebala mafoko a ga moaposetoloi Johane: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene.” (1 Johane 2:15) Ke boammaaruri, re tshwanetse ra dirisa dithulaganyo tsa lefatshe tsa ikonomi go itshedisa. (2 Bathesalonika 3:10) Ka gone, re ‘dirisa lefatshe’—mme ga re le dirise “ka botlalo.” (1 Bakorintha 7:31) Fa re rata dilo tse di bonalang ka tsela e e feteletseng—dilo tse di mo lefatsheng—ga re tlhole re rata Jehofa. Go tlhoafalela “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong” ga go tsamaisane le go dira thato ya Modimo.d Mme go dira thato ya Modimo ke gone go isang botshelong jo bo sa khutleng.—1 Johane 2:16, 17.
33. Bakeresete ba ka tila jang serai se se neng sa tshwara Ture?
33 Serai sa go rata dilo tse di bonalang go feta dilo tsotlhe se ne sa tshwara Ture. O ne a atlegile mo dilong tse di bonalang, a nna boikgodiso thata, mme a otlhaelwa boikgodiso jwa gagwe. Sekai sa gagwe ke tlhagiso mo ditšhabeng le mo bathong gompieno. A bo go le botoka jang ne go latela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo! O rotloetsa Bakeresete gore “ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.”—1 Timotheo 6:17.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bakanoki bangwe ba ile ba amanya Tareshishe le Sardinia, setlhaketlhake sengwe kwa bophirima jwa Mediterranean. Sardinia le yone e ne e le kgakala le Ture.
b Bona Kgaolo 15, ditsebe 200-207, tsa buka eno.
c Kwantle ga moo, “morwadia Tareshishe” a ka tswa a lebisitse go banni ba Tareshishe. Buka nngwe ya re: “Jaanong banni ba Tareshishe ba gololesegile gore ba ka tsamaya ba bo ba tsamaisa kgwebo ba gololesegile jaaka Nile fa e elela mo dintlheng tsotlhe.” Le fa go ntse jalo, se se gatelelwang ke diphelelo tse di botlhoko tsa go wa ga Ture.
d “Go bontsha ka mabela” ke thanolo ya lefoko la Segerika e leng a·la·zo·niʹa, le le tlhalosiwang e le “boikgodiso jo bo se nang tlotlo le jo bo lolea jo bo tshepang gore dilo tsa selefatshe di tla itsetsepela.”—The New Thayer’s Greek-English Lexicon.
[Mmapa mo go tsebe 256]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
YUROPA
SPAIN (Lefelo le TARESHISHE e ka tswang e ne e le mo go lone)
LEWATLE LA MEDITERRANEAN
SARDINIA
KUPERO
ASIA
SIDONA
TURE
AFRIKA
EGEPETO
[Setshwantsho mo go tsebe 250]
Ture o ne a tla ineela mo go Babelona, e seng Asiria
[Setshwantsho mo go tsebe 256]
Ledi le le nang le setshwantsho sa ga Melkart, modimo wa konokono kwa Ture
[Setshwantsho mo go tsebe 256]
Setshwantsho sa sekepe sa kwa Fonekia